LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 4/1 ts. 21-26
  • Dikatlholo tsa Modimo Di Tshwanetse go Bolelwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikatlholo tsa Modimo Di Tshwanetse go Bolelwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlhotlheletso le Karabelo
  • Jeremia wa Segompieno o Senola La-Bodumedi
  • Go Tlhagisiwa ga La-Bodumedi yo o Kgaoganyang
  • Go Senolwa ga La-Bodumedi
  • Tiro ya Jeremia e Tloga e Wediwa
  • Go Senolwa ga La-Bodumedi Jaaka Moetleetsi wa Kobamelo ya Maaka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Jeremia—Moperofeti yo o sa Rategeng wa Dikatlholo tsa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • “Ga ke Kgone go Nna ke Didimetse”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • “O ba Reye Lefoko Leno”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 4/1 ts. 21-26

Dikatlholo tsa Modimo Di Tshwanetse go Bolelwa

“U nanogè, u bue nabō cotlhe tse ke di gu laolèlañ, u se ka ua tseañwa ke bōne.”—YEREMIA 1:17.

1. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ‘phatsimisa lesedi ja bone’ jang mo Jeremane wa Bonazi?

“GO BOGISIWA ga Basupi ba ga Jehofa mo Bogosing jwa Matlhotlhapelo [jwa Jeremane wa Bonazi] ke sengwe sa dilo tse di ba diragaletseng gareng ga diteko tse dingwe tse di ba wetseng mo botshelong jwa bone.” (Holocaust Studies Annual, Volume II—The Churches’ Response to the Holocaust) Daily News ya Afrika Borwa ya July 15, 1939, le yone e ne ya tlhalosa jaana ka Basupi ba Jeremane: “Banna bano ba Bakeresete le basadi ba ema ba tlhomame mo tumelong ya bone, ba tshwana le lobone lo lo sekeng lo tima, seo se neng se utlwisa Kgosi ya Munich [Adolf Hitler] botlhoko ebile e le bosupi jo bo tshelang jwa gore ke setshedi se se swang.” Mafoko ano a re gakolola gore Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ba ne ba tla nna “lesedi ya lehatshe” le gore ba ne ba tla tshwanelwa ke go phatsimisa lesedi ja bone fa pele ga lefatshe, go sa kgathalesege gore se se ne se ba lopa eng.—Mathaio 5:11, 12, 14-16.

2, 3. Ke sekao sefe sa go rera kwantle ga poifo seo se neng sa diragala mo Sri Lanka?

2 Pego e nngwe, e e tswang kwa Sri Lanka koo go nang le ntwa e e boitshegang ya dirukutlhi, e bolela ka Mosupi mongwe yo mmotlana wa mo-Tamil, ebong David Gunaratnam, yo o neng a dira fela jaaka Jeremia ka go rerela balaodi ba sesole kwantle ga poifo. O ne a phuthaganelwa ke makawana a mangwe go mmotsa. Pego e tlhalosa jaana: “Basimegi le banna ba bangwe ba ne ba kgatlhwa thata ke kafa monna yoo a neng a lebega a rutegile ka teng, mme go feta seo, ke bopelo-e-phepa jwa gagwe jo bo sa belaesegeng, segolo-bogolo fa a ne a re ‘Fa ke ka kopana le bape bao go tweng ke dirukutlhi, ke tla ba rerela one mafoko ano le bone.’”

3 Bosigo jone joo o ne a utswiwa ke dirukutlhi mo legaeng la gagwe, ba ba neng ba mmona molato wa gore o dirisana ka boferefere le masole. O ne a gatelela gore o ne a le moitlhaodi le gore o ne a rera molaetsa wa Bogosi jwa Modimo fela. “Ke dira tiro ya Modimo mme ke tla tswelela ke ntse ke e dira. Ke rerela mongwe le mongwe yo o reetsang kwantle ga go kgetholola.” Mosupi yono yo o pelokgale o ne a thuntshiwa a ba a bolawa ke dirukutlhi tseo, a tlogela motlholagadi le ngwananyana wa mosimane.—Bapisa Ditihō 7:51-60.

4. Ke pogiso efe eo e dumeletsweng ke baruti go Basupi ba ga Jehofa eo e neng ya diragala mo nageng ya Latin America?

4 Go tswa nageng nngwe ya Latin America, koo go bogisiwa ga Basupi ba ga Jehofa go letleletsweng teng le go mpampediwa ke baruti bangwe ba Katoliki le ba kereke ya Presbyterian, go tla pego eno: “Go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le batlhano ba ba neng ba tshwerwe ke masole ao . . . Ba ne ba itewa gangwe le gape ba bo ba tlhaolwe mo go ba bangwe ba sa fiwe dijo. Mosimegi wa sepolotiki yo o neng e le mookamedi wa tsa thuto mo setlhopheng sa rona o ne a ba otlhaya ka ntlha ya gore ba ne ba rerela masole a mangwe. O ne a re gareng ga diingaodi tsotlhe tsa bodumedi, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba le kotsi go ba gaisa botlhe.”

Tlhotlheletso le Karabelo

5. Jaaka mo kgannyeng ya ga Jeremia, gantsi ke eng seo se tlhotlheletsang pogiso ya Basupi?

5 Ee, fela jaaka Jeremia a ne a bogisiwa ke babusi ba bodumedi le ba bopolotiki ba motlha wa gagwe, jalo Basupi ba ga Jehofa ba ganediwa lefatshe ka bophara ke yone mefuta eno ya batho. Ke eng se se ba tlhotlheletsang gore ba dire jalo? Lemororo Basupi e le setlhopha se se kagiso le se se utlwang molao go gaisa batho bape fela, baba ba bone ba tsaya fa Lefoko la Modimo le le kotsi, ka gonne ba tenegela le go gana molaetsa wa bone kaga Bogosi jwa Modimo. Go rera ga bone le go latela melao-metheo kwantle ga go ineela go senola bogagapa le boferefere jwa mapolotiki, bagwebi, le bodumedi, tseo di leng karolo ya tsamaiso ya ga Satane.—Yohane 15:18, 19; 1 Yohane 5:19.

6. Basupi ba ga Jehofa ba itshwere jang malebana le pogiso?

6 Lefa go le jalo, go sa kgathalesege go latlhelwa mo kgolegelong, go itewa, le eleng loso, Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba ile ba itshwara jaaka Jeremia wa bogologolo. Fa ba ntse ba bontsha lorato le botlhale, ba tswelela ba rerela merafe dikatlholo tse di sa rategeng tsa Modimo. (2 Timotheo 2:23-26) Ba itse gore ba tshwanetse go utlwa Modimo jaaka Mmusi wa bone go na le batho. (Ditihō 4:19, 20; 5:29) Ba elatlhoko kgakololo ya ga Paulo go Bakeresete ba Bahebera, ebong, go dira thato ya Modimo ka metlha. Ke gone ba tla bonang tiragatso ya tsholofetso ya bone, ebong botshelo jo bo sa khutleng. Jalo, fela jaaka Paulo le Jeremia, re tshwanetse go kgona go bua re re: “Me ga re ba bōnè ba ba ikgogonèlañ kwa tatlhegoñ; me re ba bōne ba ba nañ le tumèlō e e isañ polokoñ ea mōea.”—Bahebera 10:35-39.

Jeremia wa Segompieno o Senola La-Bodumedi

7. Basupi mo lekgolong la bo-20 la dingwaga ba latetse sekao sa baperofeti ba ba ikanyegang ba ga Jehofa bao ba neng ba rometswe kwa Iseraele le Juda jang?

7 Fela jaaka Jehofa a ne a ntse a romela baperofeti kwa Iseraele le Juda, o romile Basupi ba gagwe go nna ba bolela katlholo ya gagwe e e tlang. (Yeremia 7:25, 26; 25:4, 8, 9) Segolo-bogolo fa e sale ka ngwaga o go neng ga nna le tsosoloso ya semoya wa 1919, masalela a a tloditsweng a barwarraa Keresete ba ne ba bolela dikatlholo tsa Modimo kwantle ga poifo, melaetsa e e maatla ya masetlapelo, go La-Bodumedi. (Bapisa Yeremia 11:9-13.) Mo ngwageng oo makasine wa The Golden Age o ne wa gololwa. Go kgabaganya dingwaga gammogo le ka maina a one a a neng a nna a fetolwa, ebong Consolation (1937) le Awake! (1946), o senotse maaka a tumelo ya La-Bodumedi le Bokeresete jwa gagwe jwa maaka.

8, 9. (a) Ke ka ntlhayang fa dikereke di ne tsa latofadiwa ka 1922? (b) Go ne ga bolelelwa pele masetlapelo afe kaga bone?

8 Ka sekai, The Golden Age ya October 11, 1922, e ne ya latofatsa bodumedi jwa maaka ka mafoko ano: “Maiteko otlhe a diphuthego tsa dikereke tse di farologaneng, baruti ba tsone, baeteledipele ba tsone, le baemanokeng ba tsone, a go boloka le go tlhoma sesha thulaganyo ya dilo mo lefatsheng . . . a tshwanetse go retela, ka gonne ga di bope karolo epe ya bogosi jwa ga Mesia. Gore phapaanong le seno, ka Ntwa ya Lefatshe [I] baruti ba makoko a a farologaneng a dikereke tseno a ne a seka a ikanyega go Morena Jesu Keresete mo go seno, gore ba ne ba ikgolaganya le bagwebi ba bagolo le mapolotiki a maemo a a kwa godimo ka tsela e e sa siamang go tsweledisa Ntwa ya Lefatshe.”

9 Kgalo e ne ya tswelela: “Gape ba ne ba itatola Morena le bogosi jwa gagwe ba bo ba bontsha go sa ikanyegeng ga bone ka go ikgolaganya le phuthego ya ga Satane ka go rata ga bone ba bo ba itsise lefatshe ka bopelokgale gore Lekgotla la Kgolagano ya Merafe ke pontsho ya sepolotiki ya Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.” Kwa bokhutlong, go ne ga tla molaetsa wa “masetlapelo,” kana katlholo: “Jaanong merafe ya lefatshe e tloga e diragalelwa, e ba e wela ke, go ya ka mafoko a ga Keresete Jesu, tiragalo e e boitshegang ya ‘sepitla seo se iseng se ko se nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go tla nakong eno, nnyaa, le gone go se kitla go tlhola go nna jalo gope.’”

10. Ke tatofatso efe e e neng ya dirwa ka 1926?

10 Boemo jwa ga Jeremia bo ne jwa tlhalosediwa pele mo dikgatisong tse dingwe, tse di jaaka makasine wa Tora ya Tebelo, dibukana, le dibuka. Ka sekai, ka 1926 buka ya Deliverance e ne e na le molaetsa o o maatla o o neng o senola dithuto tse di timetsang tsa La-Bodumedi. Mo tsebeng 203 e tlhalosa jaana: “Dithuto tsa maaka di ne di rutwa motlhofo fela [mo go La-Bodumedi wa botenegi] mme tsa tseela boammaaruri sebaka. Gareng ga tseno go ne go le dithuto tsa motheo tsa tharo-nngwe, mme ebile di santse di le gone, go sa sweng ga meya yotlhe, go bogisiwa ka bosakhutleng ga baikepi, tshwanelo ya bomodimo ya baruti le tshwanelo ya bomodimo ya dikgosi ya go busa. Fa nako e ntse e tsamaya Maria, mmaagwe ngwana Jesu, o ne a dirwa modimo; mme batho ba ne ba batla go mo obamela jaaka Mma-Modimo.”

Go Tlhagisiwa ga La-Bodumedi yo o Kgaoganyang

11, 12. (a) Boemo jwa go sa itlhaole jwa baruti bo ne jwa senolwa jang? (b) Ke tlhagiso efe e e neng ya neelwa ke ba setlhopha sa Jeremia?

11 Yone kgatiso eo e ne ya senola go tsenelela ga baruti mo dintweng, ka go re: “Baruti ba ditsamaiso tse di farologaneng tseno tsa bolegodimo ba segofatsa masole ao a bolodiwang ke makgamu a bagwebi le a sepolotiki, mme ba segofatsa masole ano ka botlalo go sa kgathalesege gore ba lwa mo matlhakoreng afe. Baruti botlhe ba itshema gore ba rapela Modimo o le mongwe fela go segofatsa masole a a tlhabanang mo matlhakoreng oo-mabedi.” (Bapisa Yeremia 7:31.) Go tswa foo go ne ga bolelwa katlholo e e neng e tloga e diragala: “Makgotla ano otlhe a a bopang karolo e e bonalang ya phuthego ya ga Satane a kgobokanngwa mmogo a bo a phuthelwa ntweng e kgolo ya Hara–Magedona.”—Tshenolō 16:14-16.

12 Fela jaaka mo motlheng wa ga Jeremia, fa baeteledipele ba ne ba re ba bolokesegile ebile ba agisantse le Modimo, “jalo baeteledipele bano ba dikereke ba ne ba ithaya ba re ba bolokesegile, gore ba tlhoka fela go bidiwa ka leina la ga Keresete, fa bone ba tswelela go tshamekela mo diatleng tsa ga Satane. Ba itlhokomolosa boemo jwa mmatota ka go iphoufatsa gammogo le go foufatsa ba bangwe.” (Deliverance, tsebe 270) Go ikaketsa ga bone go ne ga senolwa ke Baithuti ba ba tlhagafetseng bao ba Bibela, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo.—Mathaio 7:21-23.

13. Ke tiragalo efe e e neng ya diragala ka 1931, mme ke ka ntlhayang fa e ne e tshwanela?

13 Fa nako e ntse e tsamaya, go tshwana ga Baithuti ba Bibela le Jeremia go ne ga tlhaloganyesega le eleng go feta, fa, ka 1931, kwa kopanong ya Columbus, Ohio, U.S.A., go ne go itsisiwe gore leina le le tswang mo Bibeleng la setlhopha seno sa Bakeresete ba ba pelokgale e tshwanetse go nna “Basupi ba ga Jehofa.” (Isaia 43:10-12) Leina leo le ne la lemotshega mo lekgolong la bo-8 la dingwaga B.C.E. fa Jehofa a ne a le dirisa mo go Iseraele. Jalo, dingwaga di ka nna lekgolo moragonyana, fa Jeremia a ne a direla jaaka moperofeti, gape o ne a le mosupi wa ga Jehofa. (Yeremia 16:21) Ka go tshwana, fa Jesu a ne a tla mo lefatsheng jaaka Mojuda, o ne a le mosupi wa ga Rraagwe, ebong Jehofa. (Yohane 17:25, 26; Tshenolō 1:5; 3:14) Jalo, go ne go tshwanela gore ka nako e e leng ya Modimo, batho ba gagwe e re labofelo ba tshwanelegele go bidiwa ka leina jeno je le kgethilweng ka tsela ya bomodimo—ebong la “Basupi ba ga Jehofa.”—Yohane 17:6, 11, 12.

Go Senolwa ga La-Bodumedi

14. La-Bodumedi o senotswe jang mo dingwageng tse di fetang 70 tse di fetileng?

14 Mo dingwageng tse di masome a a supang tse di fetileng, gammogo le go bolela tsholofelo e e galalelang ya Bogosi jo bo tlogang bo busa jwa ga Jehofa, Basupi ba ga Jehofa ba nnile ba anamisa go dikologa lefatshe melaetsa e le mentsintsi e e farologaneng ya tatofatso le katlholo. Mo dikgatisong tse di dimilione tse di makgolo-kgolo tse di sa okaokeng, tse di opang kgomo lonaka tsa Bibela, ba senotse La-Bodumedi jaaka tlhotlheletso e e maatla thata mo seakeng sa bodumedi, “Babelona o mogolo,” yo o boletsweng go Tshenolō dikgaolo 17 le 18. (Bona “Babylon the Great Has Fallen!” God’s Kingdom Rules!, ditsebe 576-615, e e gatisitsweng ka 1963 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.)

15. La-Bodumedi o ne a senolwa jang ka 1955?

15 Ka 1955 Basupi ba ga Jehofa ba ne ba aba dimilione tsa dikaelo tsa bukana e e reng Christendom or Christianity—Which One Is “the Light of the World”? Diketekete tsa tsone di ne tsa neelwa baruti ba La-Bodumedi ka namana. Mme bukana eo e ne e ba bolelela eng? Ka mokgwa o tota o tshwanang le wa ga Jeremia, e ne ya tlhalosa jaana: “Go sa kgathalesege melemo eo e mo tsholeditseng mo itsholelong, mo mogopolong le mo go tsa sesole, La-Bodumedi ga a itshupa a le ‘lesedi ja lefatshe.’ Ka ntlha yang? . . . Ga a rere le fa e le go dirisa Bokeresete [jwa Bibela].” Go tswa foo e ne ya tsosa potso e e reng: “A go senolwa ga bodumedi jwa maaka ke pogiso go maloko a jone? A ga se botlhogoethata jo bo sa nyalaneng le tsela ya Bokeresete?”

16. A Basupi ba ne ba nna tlhogoethata fa ba ne ba senola La-Bodumedi? Tlhalosa.

16 Karabo e ne ya nna: “Nnyaa; eseng jalo go tla bo go raya gore Jesu Keresete e ne e le mmogisi yo o tlhogoethata wa Bajuda, . . . le gore baperofeti botlhe ba ga Jehofa ba motlha wa bogologolo [go akareletsa le Jeremia] pele ga ga Jesu e ne e le babogisi le batho ba ba tlhogoethata, ka gonne botlhe ba ne ba senola bodumedi jwa maaka jwa Bajuda ba batenegi le jwa merafe ya baheitane.” Tota-tota, gore Bakeresete ba boammaaruri ba nne “lesedi ya lehatshe,” he “lehihi” ja semoya le tshwanetse go apolwa. (2 Bakorintha 6:14-17) Seno ga se ree gore go tlhaselwa batho ka bongwe mme, go na le moo, go tlhaselwa tsamaiso eo e ba dirileng makgoba. Ka gone, Jehofa o ne a laela Jeremia jaana: “U ikōkwaèlè lothèka, u nanogè, u buè nabō cotlhe tse ke di go laolèlañ, u se ka ua tseañwa ke bōnè, . . . Ba tla tlhabana nau; me ga ba ketla ba gu henya: gonne ke na nau, go bua Yehofa, go gu golola.”—Yeremia 1:17, 19.

Tiro ya Jeremia e Tloga e Wediwa

17, 18. (a) Basupi ba ga Jehofa ba tsweledisitse tiro ya bone ya Jeremia jang mo dingwageng tsa bosheng? (b) Ke kgakololo efe e e neetsweng ba ba pelo tse di ikanyegang?

17 A Basupi ba ga Jehofa ba repisitse go bolela katlholo ya Modimo? Ka boammaaruri, re tshela mo motlheng o go nyatsa bodumedi jo bongwe go tsewang e se selo se se sa tshwanelang. Lefa go le jalo, dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa di ntse di bolelela La-Bodumedi molaetsa o o tshwanang wa katlholo jaaka ka metlha. Ka sekai, mo dingwageng tse nne tse di fetileng Basupi ba ga Jehofa ba gatisitse dikaelo di le dimilione tse 32 tsa buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, ka dipuo di le 76. Kgatiso eno e fa dikarabo tsa dipotso tse dintsi tsa gompieno, tse di etsang “Go Diragalang fa Motho Aa Swa?” “Ke Eng Fa Modimo o Dumeletse Boikepo?” le “Ditsela tsa Go Tlhaola Bodumedi jwa Boammaaruri.” Mme gape e neela tlhagiso e e phepafetseng mabapi le mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka.

18 Mo go kgaolo 25, ya setlhogo se se reng “A O Eme le Lefatshe la ga Satane, Kana le Tsamaiso e Ntšha ya Modimo?” e tlhalosa jaana: “Mo Bibeleng bodumedi jwa maaka bo tshwantshiwa le seaka se segolo se se bidiwang ‘Babelona o Mogolo.’ . . . Mme ebile go tlhomamisitswe gore go ralala ditiragalo tsotlhe bodumedi bo ntse bo itswakantse le dipolotiki, gantsi bo bolelela mebuso gore e direng.” Jalo, buka eno e akantsha gore go tsewe tsela efe? E botsa jaana: “A o batla go nna wa lefatshe la ga Satane? Kana A o eme le tsamaiso e ntšha ya Modimo? Fa o eme le tsamaiso e ntšha ya Modimo, o tla kgaogana le lefatshe, go akareletsa le bodumedi jwa lona jwa maaka. O tla reetsa taolo e e reng: ‘Cwañ mo go èna, [Babelona o mogolo], lona batho ba me.’ (Tshenolō 18:4)”

19. O ka bontsha jang gore Jeremia wa segompieno gaa a didimadiwa le eleng mo nakong eno?

19 One molaetsa ono o o maatla wa go kgaoganya le wa katlholo o utlwala sentle mo bukeng ya Polokesego mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō,” e e gatisitsweng ka 1986 (dikaelo di le dimilione tse thataro ka dipuo di le 25). E senola baruti ba La-Bodumedi gore ba ne ba ‘tlhotlheletsa makawana go tsenelela tlhabano’ ya Ntwa ya Lefatshe I. E tswelela ka go re: “La-Bodumedi o ntse a tsweletse jaaka mmaba wa Modimo Mogodimodimo go tla nako kgolo ke eno. Eleruri ga a na tshireletso ya bomodimo, mme ka lone lebaka leno le le botlhokwa go nna gone ga gagwe ke mo go ntseng go sa bolokesega.” (Bona ditsebe 30-2.) Jeremia wa segompieno o ka se didimadiwe! Lefa baruti le bapolotiki ba dira maiteko a go kgoreletsa go rerwa ga dikatlholo tsa Modimo, basupi ba gagwe ba ba ikanyegang ba gatelapele, ba ikemiseditse go wetsa tiro ya tlhagiso.—Yeremia 18:18.

20. Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba tla tswelela ba itsise merafe dikatlholo tsa ga Jehofa?

20 Mme ke ka ntlhayang fa tiro eno e tshwanetse go wediwa? Ka gonne Jehofa, Molaodi Mogolo yo o tshelang wa lobopo, o na le go ikarabedisa merafe le bodumedi jwa bone. Fela jaaka Jehofa a ne a botsa Juda yo o leferefere le Jerusalema, jalo potso eo e dira ka tsela e e tshwanang go La-Bodumedi gompieno: “A ga nketla ke kgopololèla dilō tse? go bua Yehofa: me mōea oa me ga o ketla o itehetsa mo morahiñ o o nntseñ yana?” Jalo, Basupi ba ga Jehofa ba tla nna ba tswelela ba etela batho ba merafe ka molaetsa o o tlhabang bontsi jwa bone jaaka katlholo e e sa rategeng mme e le mafoko a a molemo a a itumedisang go ba palo e potlana—mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.—Yeremia 5:9, 29; 9:9; Ditihō 8:4, 12.

21. Go sa kgathalesege masetlapelo a a boleletsweng pele, bao ba arabelang go tiro ya Jeremia ba na le tsholofelo efe e kgolo? (Pesalema 37:9, 11, 18, 19, 28, 29)

21 Lefa gantsi Jeremia a nnile a bidiwa ‘mmoledi wa masetlapelo,’ gape go boammaaruri gore molaetsa wa gagwe o ne o naya Bajuda marang a tsholofelo. (Yeremia 23:5, 6; 31:16, 17) Ka tsela e e tshwanang, fa Basupi ba ga Jehofa ba itsise kaga “sepitla se segolo” se se tlogang se diragala, ka katlholo ya Modimo ya Hara–Magedona, gape ba bolela masego a “magodimo a masha le lehatshe je lesha” seo se tla felelang ka go tsosolosiwa ga tshiamiso le Paradaise mo polaneteng eno, gammogo le botshelo jo bosakhutleng. (Mathaio 24:21, 22; Tshenolō 16:16; 21:1-4) Jalo, jaanong ke nako ya go utlwa molaetsa wa katlholo wa ga Jehofa le go tsenya seatla mo go wediweng ga tiro e kgolo ya Jeremia.—Bapisa Yeremia 38:7-13.

A O A Gakologelwa?

◻ Fela jaaka Jeremia, Basupi ba ga Jehofa ba bogisiwa jang?

◻ Ke ka ntlhayang fa Basupi ba sa kgaotse go rera?

◻ Tiro ya Jeremia e oketsegile go le kanakang?

◻ Ke dikao dife tsa bosheng tse di bontshang gore kgalo ga e a fetoga?

◻ Lefa go bolelwa molaetsa wa masetlapelo, gape go bolelwa le tsholofelo efe?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Morago ga nako, Maria o ne a dirwa modimo wa disetwa mme batho ba ne ba simolola go mo tlotla jaaka “Mma-Modimo”

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ka 1931 baithuti ba Bibela ba ne ba amogela leina “Basupi ba ga Jehofa” kwa kopanong ya bone kwa Columbus, Ohio

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba latela sekao sa ga Jeremia

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela