O ne a Tshwanetse go Itse
Mosetsana wa dingwaga tse 15 go tswa kwa Mobile, kwa Alabama, o kwala jaana: “Fa to ne to golola buka Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo eAtametse! ke ne ka itse gore ke ne ke tla tloga ke a bala mo nakong a khutshwane.
“Bosigo bongwe fa ke ne ke sa kgone go robala, ke ne ka tsaya buka eno mme ka lebelela ditshwantsho fela. Ke ne ka fitlhela ditshwantsho tse di neng tsa nkgatlha thata mo ditsebeng tsa 75, 78, le 86. Ke ne ke sa itse gore di kaya eng, mme ke ne ke tshwanetsego itse. Ke ne ke ka seka ka simolola fa gare ka go bo ke ne ke sa kake ka tlhaloganya sepe. Jalo ke ne ka bala kgaolo ya ntlha gone bosigo joo.
“Ke ne ka bala kgaolo e e latelang mo bosigong jo bo latelang mme ka iphitlhela ke sa kgone go a tlogela. Jalo ke ne ka tswelela pele go bala le e e latelang.
“Eno ke nngwe ya dibuka tse di kgatlhisang tota tse nkileng ka di bala! Jaanong ke dirile gore ke bale kgaolo a le nngwe bosigo bongwe le bongwe. Ka dinako tse dingwe ke bala go fitlha ka nako ya bongwe mo mosong! . . . Ke eletsa ekete basha le bone ba ka bala buka eno.”
Re tlhomamisega gore le wena o tla itumelela dilo tse o tla di ithutang mo go TshenolōKonelo ya Yone e e Molemolemo eAtametse!Buka eno ya khabara e e thata a lekana le tsebe ya makasine ono ka bogolo. E na le tlhatlhobo ya temana ka temana ya buka yotlhe ya Bibela ya Tshenolō, a tlhalosa diponatshegelo tsa yone tse dintsi le ditshwantsho tsa yone ka phepafalo. Otora buka eno gompieno. Ke R6 fela, poso a dueletswe.
Tswee-tswee nthomelelang buka ya ditsebe tse 320 Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo a Atametse! Ke romela R6.