‘Nnang lo Tshware Banna ba ba Ntseng Jalo Jaaka ba ba Rategang’
“Tlotlang banna ba ba ntseng jalo.”—1 BAKORINTHA 16:18, NW.
1. Ke banna ba mofuta ofe bao Paulo a neng a ba tlotla segolo-bogolo, mme o ne a kwala jang kaga Mokeresete mongwe wa go nna jalo?
BANNA bao moaposetoloi Paulo a neng a ba rata segolo-bogolo e ne e le bao ba neng ba iketleeleditse go direla Jehofa le bakaulengwe ba bone ka nonofo ya bone ba sa sadisa sepe kwa morago. Paulo o ne a kwala ka modiri-mmogo le ene mongwe yo o neng a ntse jalo, a re: “Mo amogeleñ mo Moreneñ ka boitumèlō yotlhe; me lo tlotlè eo o nntseñ yalo: Gonne o na a nna gauhi le go shwa ka ntlha ea tihō ea ga Keresete, a tlhokomologa botshelō yoa gagwè.”—Bafilipi 2:29, 30.
2. Ke bomang bao re tshwanetseng go ba akanyetsa ka mo go kgethegileng, mme ka ntlhayang?
2 Gompieno, mo diphuthegong tse di fetang 55 000 tsa Basupi ba ga Jehofa, go na le banna ba Bakeresete ba le bantsi ba ba molemo bao re tshwanetseng go ba anaanela segolo-bogolo ka baka la go direla bakaulengwe ba bone ka natla. Fa Paulo a ne a bontsha gore re tshwanetse go tlotla banna ba go nna jalo, o ne a tlhalosa jaana: “Rea lo rapèla ba ga echo, gore lo itse ba ba dihañ mo go lona, ba ba lo busañ mo Moreneñ, me ba lo tlhagisa; Le gore lo ba tlotlè thata thata mo loratoñ ka ntlha ea tihō ea bōnè. Lo nnè kagisanyo.”—1 Bathesalonia 5:12, 13.
3. (a) Ke eng seo se tla re thusang go agisana le ba bangwe? (b) Bagolwane ba tshwanetse go tlhoma sekao mo ntlheng efe?
3 Go anaanela bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ka mo go tshwanetseng, segolo-bogolo bagolwane bao ba dirang ka natla, kwantle ga pelaelo ke ntlha ya botlhokwa mo go tshedisaneng ka kagiso mo diphuthegong tsa rona. Mo go sena, fela jaaka ma dikarolong tsotlhe tsa go tshela ga Mokeresete, bagolwane ba tshwanetse go nna “dikaō mo lecomaneñ.” (1 Petere 5:2, 3) Lefa go ntse jalo, lemororo bagolwane ka tshwanelo ba ka lebelela go anaanelwa ke bakaulengwe ka baka la go dira ka natla ga bone, gape ba tshwanetse go tlhoma sekao ka go tlotlana ka tshwanelo.
‘Go Bontshana Tlotlo’
4, 5. (a) Ke eng seo se bontshang gore moaposetoloi Paulo o ne a anaanela go dira ka natla ga bagolwane? (b) 0 ne a kwalela Bakeresete ba Roma eng, mme ke ka ntlha yang fa mafoko a gagwe a dira segolo-bogolo mo bagolwaneng?
4 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhoma sekao se se molemo mo go seno. Jaaka re bone ma setlhogong se se fetileng, o ne a leba dilo tse di molemo mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba gagwe. Mme gaa ka a kgothaletsa Bakeresete go rata le go tlotla bagolwane ba ba dirang ka natla fela mme gape o ne a bontsha kanaanelo go bano ka namana. Kwantle ga pelaelo o ne a rata banna ba go nna jalo.—Bapisa Bafilipi 2:19-25, 29; Bakolosa 4:12, 13; Tito 1:4, 5.
5 Mo lokwalong lwa gagwe go Bakeresete ba Roma, Paulo o ne a kwala jaana: “Mo go rateñ bakauleñwe lo nnè lo ratanè ka loratō lo lo pepetletsañ; mo tlotloñ, a moñwe a beè eo moñwe kwa pele; Mo tlhōahaloñ lo se ka loa nna bochwakga; lo nnè lo tukè mo moeeñ; lo dihèlè Morèna [Jehofa].” (Baroma 12:10, 11) Eleruri, mafoko ana a lebisitse thata-thata go bagolwane ba Bakeresete. Bone, mo Bakereseteng botlhe, ba tshwanetse go etelela pele ka go tlotlana.
6. (a) Ke eng seo bagolwane ba tshwanetseng go tila go se dira, mme ka ntlhayang? (b) Bagolwane ba ka kgothaletsa phuthego jang gore e tshepe setlhopha sotlhe sa bagolwane?
6 Bagolwane ba tshwanetse go nna kelotlhoko segolo-bogolo gore ba seka ba akgela ka balebedi-ka-bone ka go ba gobolola. Ga gona mogolwane ope yo o nang le dinonofo tsotlhe tsa Bokeresete ka botlalo jwa tsone, ka gonne botlhe ga baa itekanela. Ba bangwe ba tsaya sekgele mo dinonofong tse di rileng, mme ba na le bokoa mo go tse dingwe. Fa bagolwane ba na le lorato lwa bokaulengwe lo lo tshwanetseng le go ratana ka go pepetletsana, ba tla tlhokomologa makoa a ba bangwe. Fa ba tlotla le bakaulengwe, ba tla supa bokgoni jwa bagolwane-ka-bone. Ka go etelela pele ka go tlotlana jalo, ba tla kgothaletsa phuthego gore e tshephe setlhopha sa bagolwane ka kakaretso.
Go Dirisana Mmogo Jaaka Setlhopha
7. Ke eng seo se tla thusang bagolwane go dirisana mmogo ka kutlwano, mme ba tla bontsha sena jang?
7 Morago ga a sena go bua ka ‘dineo mo bathong’ tseo Keresete a neng a di abetse phuthego ya gagwe mo lefatsheng e le gore a tle a baakanyetse bakaulengwe tiro ya bodihedi, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mo loratoñ, re bè re golèlè èna mo diloñ cotlhe, èna eo e leñ tlhōgō, eboñ Keresete.” (Baefesia 4:7-15) Go lemoga gore Keresete ke Tlhogo e e tlhagafetseng ya phuthego le gore bagolwane ba tshwanetse go ikobela seatla sa gagwe se segolo sa bolaodi, ke ntlha eo e bopaganyang setlhopha sengwe le sengwe sa bagolwane. (Baefesia 1:22; Bakolosa 1:18; Tshenolō 1:16, 20; 2:1) Ba tla senka kaelo ya gagwe ka thuso ya moya o o boitshepo, melao-metheo ya Bibela, le ketelelopele eo ba e newang ke Setlhopha se se Laolang sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.”—Mathaio 24:45-47; Ditihō 15:2, 28; 16:4, 5.
8. Ke eng seo bagolwane botlhe ba tshwanetseng go se gakologelwa, mme ba ka bontsha go tlotlana jang?
8 Bagolwane ba tla lemoga gore Keresete, ka thuso ya moya o o boitshepo, o ka kaela mogopolo wa mogolwane ope fela mo setlhopheng sa bagolwane go ntsha molao-motheo wa Bibela oo ba o tlhokang go dirisana le seemo sepe fela kana go dira tshwetso epe fela ya botlhokwa. (Ditihō 15:6-15) Ga go na mogolwane ope yo moya o leng mo go ene a le nosi fela mo setlhopheng seo. Bagolwane ba tla bontsha go tlotlana ka go reetsa ka kelotlhoko ope fela wa setlhopha sa bone yo o tlhalosang molao-motheo wa Bibela wa kgang e e tshwerweng kana taolo eo e tswang kwa Setlhopheng se se Laolang.
9. (a) Ke dinonofo dife tse di tla thusang molebedi go tila go gatelela bagolwane-ka-ene? (b) Mogolwane o tla itshupa a le “bonōlō” jang, mme setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga se ne sa tlhoma sekao jang mo ntlheng eno?
9 Tekatekano, bonolo, le boikokobetso tsa Bokeresete di tla thibela mogolwane ope fela go leka go rena mo bakaulengweng ba gagwe a ba a ba susumetsa mogopolo wa gagwe. (Diane 11:2; Bakolosa 3:12) Molebedi wa Mokeresete o ka nna a bo a na le dipono tse di nonofileng le tsa bopelo-e-phepa kaga kgang e e rileng. Mme fa a bona gore bagolwane ka ene ba na le mabaka a Dikwalo le a bolegodimo a go bo ba sa dumalane le ene, o tla ‘itsaya jaaka yo mmotlana’ a ba a supe fa a le “bonōlō” ka go ineela mo ponong ya ba le bantsi.a (Luke 9:48; 1 Timotheo 3:3) O tla latela sekao se se molemo seo se neng sa tlhomiwa ke setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga, bao, morago ga puisano ya Dikwalo, ebile ba eteletswe pele ke Keresete ka moya o o boitshepo, ba neng ba ‘dumalana botlhe.’—Ditihō 15:25.
10. (a) Ke eng seo se supang gore go tlhomiwa ga setlhopha sa bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe ke thulaganyo e e theilweng mo Bibeleng? (b) Buka ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi Jwa Rona e tlhalosa jang mesola ya thulaganyo eno?
10 Go kgethiwa ga setlhopha sa bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe gore se etelele pele go thailwe mo sekaong seo se neng sa tlhomiwa ke phuthego ya ntlha ya Bakeresete. (Bafilipi 1:1; 1 Timotheo 4:14; Tito 1:5; bapisa mokwalo o o kwa tlase wa lefoko “bagolwane” mo go Tito 1:5 mo go The Jerusalem Bible.) Fa buka ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi Jwa Rona (tsebe 37), e sobokanya botlhale jwa thulaganyo eno, e tlhalosa jaana: “Bagolwane bangwe ba tla nna ba ba tlhomologileng thata mo nonofong e nngwe go gaisa e nngwe, fa gone ba bangwe mo setlhopheng ba ka nna kwa pele mo dinonofong tseo ba bangwe ba ka neng ba le bokoa mo go tsone. Phelelo he e tla nna gore, ka kakaretso, mo teng ga sone, setlhopha se tla nna le dinonofo tse dintle tseo di tlhokafalang gore go diragadiwe botlhogo jo bo tshwanetseng mo phu thegong ya Modimo.”
Go Tlotlana Gareng ga Ditlhopha tsa Bagolwane
11, 12. (a) Ke ka ntlhayang fa setlhopha sa bagolwane se ka fitlhelela mo gontsi go na le fa maloko a sone a ne a dira ka bongwe ka bongwe? (b) Keresete Jesu le moaposetoloi Paulo ba ne ba dirisana le ditlhopha tsa bagolwane ka tsela e e ntseng jalo jang, mme go ne ga ntshiwa kgakololo efe?
11 Ka gone, setlhopha sa bagolwane ke mmele go ya kafa Dikwalong 00 otlhe o emelang se se fetang dikarolo tsa one tsotlhe. Fa ba kopana ba bo ba rapelela kaelo ya ga Jehofa ka Keresete ka moya o o boitshepo, ba kgona go dira diphetso tseo ba ka bong ba sa di fitlhelela fa go ne go builwe le bone motho-ka-bongwe. Fa bagolwane ba phuthega mmogo, dinonofo tsa bone tse di farologaneng di tsena tirisong mme di tlhagise diphelelo tse di supang gore Keresete ke ene a laolang dikgang.—Bapisa Mathaio 18:19, 20.
12 Gore Keresete o ne a dirisana le ditlhopha tsa bagolwane jalo go supiwa ke melaetsa eo a neng a e romelela “dinaledi tse shupa,” kana “baengele ba diphuthègō tse shupa” tsa Asia Minor. (Tshenolō 1:11, 20) Molaetsa wa ntlha wa eo o ne wa romelelwa phuthego ya kwa Efeso ka ‘moengele’ wa yone, kana setlhopha sa balebedi ba ba tloditsweng. Dingwaga di ka nna 40 pelenyana, moaposetoloi Paulo o ne a dira gore setlhopha sa bagolwane sa Efeso se tsamaye le ene ba ye kwa pokanong e e kgethegileng kwa Mileto. O ne a ba gakolola go ikelatlhoko le go disa phuthego.—Ditihō 20:17, 28.
13. Ke ka ntlhayang fa bagolwane ba tshwanetse go ela tlhoko moya 00 ba o bontshang mo setlhopheng seo ba leng mo go sone sa bagolwane le mo tirisanong ya setlhopha sa bone le ditlhopha tse dingwe tsa bagolwane?
13 Ditlhopha tsa bagolwane di tshwanetse go ela tlhoko go nna le moya o o molemo, le boikutlo jo bo tlhamaletseng segolo-bogolo gareng ga bone le ma gare ga phuthego ya bone. (Ditihō 20:30) Fela jaaka Mokeresete ka bongwe a bontsha moya o o rileng, ka mo go tshwanang ditlhopha tsa bagolwane le diphuthego tsotlhe ba ka tlhagolela moya o o rileng. (Bafilipi 4:23; 2 Timotheo 4:22; Filemone 25) Fa gongwe go diragala gore bagolwane bao mo phuthegong ya bone ba bontshanang tlotlo ba bontshe go se goge mmogo le setlhopha se sengwe sa bagolwane. Mo metseng eo diphuthego di le mmalwa di kopanelang mo holong e le nngwe fela, ka dinako tse dingwe go nna le go sa dumalane gareng ga ditlhopha tsa bagolwane ka dithulaganyo tsa dipokano, melelwane ya ditshimo, didirisiwa tsa Holo ya Bogosi, jalo le jalo. Melao-metheo e e tshwanang ya bori, bonolo, boikokobetso, le boiphapaanyo eo e laolang bagolwane ba ba mo teng ga setlhopha sengwe le sengwe sa bagolwane e tshwanetse go laola dikamano gareng ga ditlhopha tsa bagolwane. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola jaana: “A dilō cotlhe di dihèlwè kagèlèlō.”—1 Bakorintha 14:26.
Tlotlo e e Tshwanetseng go Balebedi ba ba Etang
14. Ke bagolwane ba maemo afe a mangwe bao ba tshwanetseng go tshwarwa ka tsela e e rategang?
14 Thulaganyo e nngwe eo e thailweng mo Bibeleng eo e dirwang gareng ga diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa ke go etelwa ga bone ka metlha ke bagolwane ba ba etang, bao ba bidiwang balebedi ba potologo kana ba kgaolo. (Ditihō 15:36; 16:4, 5) Bano ke “bagolwane ba ba laolañ sentlè,” ka go tlhomologa. Fela jaaka bagolwane ba bangwe, ba tshwanetse go ‘kaiwa ba tshwanelwa ke tlotlo sebedi, bogolo ba ba dirang ka natla mo lefokong le mo go ruteng.’—1 Timotheo 5:17.
15. Moaposetoloi Johane o ne a ntsha kgakololo efe malebana le baefangele ba ba etang?
15 Mo lokwalong lwa ga moaposetoloi Johane lwa boraro, o ne a kgala Dioterefese ka go bo a ne a ile a gana go ‘amogela bakaulengwe ka tlotlo.’ (Temana 10, NW) Bakaulengwe bano e ne e le Bakeresete ba ba etang bao ba neng ba bolotse “ka ntlha ea Leina [la ga Jehofa].” (Temana 7) Go bonala ba ne ba romilwe jaaka baefangele go ya go rera mafoko a a molemo le go aga diphuthego mo ditoropong tseo ba neng ba di etela. Johane o ne a ile a laola gore bareri bano ba ba etang bao ba neng ba dira ka natla ba ne ba tshwanetse go ‘tsamaisediwa pele mo loetong lwa bone ka mokgwa o o tshwanetseng Modimo.’ (Temana 6) Moaposetoloi yoo o ne a oketsa ka go re: “Ke gōna, re chwanetse go gorosa ka pula ba ba nntseñ yalo, gore re tlè re nnè badihi mmōgō le boamarure.” (Temana 8) Ba ne ba tshwanetse go amogelwa ka tlotlo.
16. Bakeresete botlhe gompieno ba ka latela sekao sa ga Gaio jang sa “tihō ea boikañō” eo a neng a e direla baefangele ba lekgolo la ntlha la dingwaga, mme ke ka ntlhayang fa sena se tshwanela?
16 Ka mo go tshwanang gompieno, balebedi ba ba etang bao ba romelwang ke Setlhopha se se Laolang go ya go rera mafoko a a molemo le go thusa diphuthego ba tshwanetse go amogelwa ka pula le ka tlotlo. Bakaulengwe bano le basadi ba bone (fa ba nyetse, ereka bontsi jwa bone ba nyetse) ba ile ba ikemisetsa go tlogela go nna mo lefelong le le lengwe fela. Ba eta go tswa kwa lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe, gant si ba ikaegile ka go tshola baeng ga bak‹1.ulengwe go bona dijo le lefelo la go robala. Johane o ne a kwalela Gaio, yoo ka lorato o neng a amogela baefangele ba ba etang mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., jaana: “Moratwa, u diha tihō ea boikañō mo go señwe le señwe se use dihèlañ ba e leñ bakauleñwe, e bile e le baeñ.” (3 Yohane 5) Ka go tshwana gompieno, bao ba etang ‘ka ntlha ya Leina la ga Jehofa’ ba tshwanelwa ke go tseelwa kwa godimo le go bontshiwa lorato le tlotlo.
17. Bagolwane ba phuthego ba tshwanetse go hontsha jang tlotlo e e tshwanetseng go baemedi ba ba etang ba Setlhopha se se Laolang
17 Bagolwane, segolo-bogolo, ba tshwanetse go bontsha baemedi bano ba ba etang ba Setlhopha se se Laolang tlotlo e e tshwanetseng. Ba romelwa kwa diphuthegong ka ntlha ya dinonofo tsa bone tsa semoya le boitemogelo jwa bone, joo gantsi bo leng bogolwane go feta jwa bontsi jwa bagolwane ba lefelo leo. Bangwe ba balebedi ba ba etang bano ba ka nna ba tswa ba le babotlana ka dingwaga mo bagolwaneng ba diphuthego tseo ba di etelang. Mme seo ga se lebaka la botlhokwa la go sa ba neele tlotlo e e tshwanetseng. Ba ka nna ba bona fa go tlhokafala gore ba gakolole bagolwane ba lefelo leo gore ba seka ba potlakela go hakela mokaulengwe yo o rileng go nna motlhanka wa bodihedi kana mogolwane, ba gakologelwa tlhagiso ya ga Paulo go Timotheo. (1 Timotheo 5:22) Lemororo molebedi yo o etang a tshwanetse go akanyetsa mabaka ao a ntshiwang ke bagolwane ba lefelo leo ka tshwanelo, bagolwane ba tshwanetse go ikemisetsa go mo reetsa le go solegelwa molemo ke boitemogelo jwa gagwe jo bogolo. Ee, ba tshwanetse go ‘tshwara banna ba go nna jalo jaaka ba ba rategang.’—Bafilipi 2:29, NW.
“Tlotlang Banna ba ba Ntseng Jalo”
18, 19. (a) Paulo o ne a bontsha jang kanaanelo mo badiring ka ene? (b) Ke sekao sefe se se bontshang gore Paulo o ne a sa tshole bakaulengwe ba gagwe ka pelo?
18 Mo lokwalong lwa gagwe lwa ntlha go Bakorintha, Paulo o ne a kwala jaana: “Me kea lo rapèla ba ga echo, loa ba itse ba ntlo ea ga Setefanase, ha e le mabucwa pele a lehatshe ya Akaia, me e le ba ba inetseñ go dihèla baitshepi, Ka re, le lona lo iñōtlèlè ba ba nntseñ yalo, le mo go moñwe le moñwe eo o thusañ, le eo o dihañ mo tihoñ. Me ke itumèlèla go tla ga Setefanase, le Foretunato, le Akaiko: gonne se se neñ se tlhōkahala ntlheñ ea lona ba se tladitse. Gonne ba lapolositse mōea oa me le oa lona: me ka re, [tlotlang, NW] le ba ba nntseñ yalo.”—1 Bakorintha 16:15-18.
19 Abo Paulo a ne a na le boikutlo jo bo molemo, jwa bopelotshweu jang ne go bakaulengwe ba gagwe, bangwe ba bao ba neng ba sa itsege thata. Mme Paulo o ne a ba rata ka gonne ba ne ba ‘thusana’ ebile ba ‘dira tiro’ ka natla mo maitekong a bone a go direla baitshepi. Gape Paulo o ne a tlhoma sekao se se tlotlegang sa go lebala dilo tse di fetileng. Lemororo Johane Mareko a ne a mo swabisa mo loetong lwa gagwe lwa ntlha lwa borongwa, morago Paulo o ne a mmua molemo ka mo go itumedisang go phuthego ya Kolosa. (Ditihō 13:13; 15:37, 38; Bakolosa 4:10) Fa a ne a le botshwarwa kwa Roma, Paulo o ne a kopa gore go tliwe le Mareko, gonne, jaaka a ne a bolela, “[Mareko] o molemō mo go nna mo go diheleñ.” (2 Timotheo 4:11) Ga go supege go tsholana ka pelo gope ga boeleele foo!
20. Bakeresete ka kakaretso, segolo-bogolo bagolwane, ba tshwanetse go bontsha jang gore ba anaanela balebedi ba ba ikanyegang le gore ba ‘tshwara banna ba go nna jalo jaaka ba ba rategang’?
20 Gompieno, gareng ga batho ba Modimo, go na le balebedi ba le bantsi bao ba ineetseng bao, jaaka Setefanase, ba direlang bakaulengwe ba bone. Go boammaruri gore ba na le diphoso le ditlhaelo tsa bone. Lefa go le jalo, ba ‘thusana’ le “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” le Setlhopha se se Laolang sa gagwe, ba bile ba ‘dira’ ka natla mo tirong ya go rera le mo go thuseng bakaulengwe ba bone. Re tshwanetse go ‘nna re ikobela batho ba mofuta oo,’ re ba anaanela ka baka la dinonofo tsa bone, re sa ba batle ditlhaelo. Bagolwane ba tshwanetse go tlhoma sekao mo go bontsheng bagolwane-ka-bone kanaanelo le tlotlo tse di tshwanetseng. Bagolwane ba tshwanetse go dirisana mmogo ka moya wa lorato le kutlwano. Botlhe ba tla lemoga molemo wa bakaulengwe bano ba ba ikanyegang ba bo ba ‘nna ba tshwara banna ba go nna jalo jaaka ba ba rategang.’—Bafilipi 2:29.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mokwalo o o kwa tlase wa New World Translation Reference Bible o supa gore lefoko “bonōlō” mo go 1 Timotheo 3:3 le ranola lereo la Segerika leo tota-tota le rayang “go ineela.”
Dintlha tsa Poeletso
◻ Ke banna ba motuta ote bao Paulo a neng a ba tshwara ka tsela e e rategang segolo-bogolo, mme ke bomang bao ba tshwanelwang ke gore re ba akanyetse ka mo go kgethegileng gompieno?
◻ Bagolwane ba tshwanetse go bontsha jang gore baa tlotlana?
◻ Ke ka ntlhayang ta setlhopha sa bagolwane se ka titlhelela mo gontsi go gaisa ta maloko a sone a dira ka bongwe ka bongwe?
◻ Setlhopha sa bagolwane se ka bontsha gore se tlotla setlhopha se sengwe sa bagolwane mo dikarolong dite?
◻ Ke balebedi ba maemo ate bao ba tshwanelwang go tshwarwa ka tsela e e rategang segolo-bogolo, mme tlotlo eno e e tShwanetseng e ka bontshiwa jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Bagolwane ba tshwanetse go itshupa ba anaanelana ka tsela e e tshwanetseng
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Bontsha balebedi ba ba etang lorato le tlotlo