LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jv kgao. 12 ts. 159-171
  • A Boidiidi Jo Bogolo Bo Tla Tshela kwa Legodimong? Kana mo Lefatsheng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Boidiidi Jo Bogolo Bo Tla Tshela kwa Legodimong? Kana mo Lefatsheng?
  • Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boikaelelo jwa Bone jwa go Rera Ke Bofe?
  • Go Tshelela Ruri ka Boitekanelo mo Lefatsheng
  • Ke Bomang Bao Ba Neng Ba Tla Tshelela Ruri mo Lefatsheng?
  • “Dinku” Kafa Letsogong Le Legolo la ga Keresete
  • Go Emela Kobamelo E E Itshekileng Re Nonofile
  • Ke Bomang “Boidiidi yo Bogolo”?
  • Tiro E E Tshwanetseng go Dirwa ka Potlako
  • Letsomane Le Le Lengwe Fela Kafa Tlase ga Modisa A Le Mongwe
  • ‘Bonang! Boidiidi jo Bogolo!’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Boidiidi jo Bogolo Jwa Batho ba Bantsintsi
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Boidiidi jo Bogolo Jwa Baobamedi ba Boammaaruri—Ba Tswa Kae?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • “Bona! Boidiidi jo Bogolo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
jv kgao. 12 ts. 159-171

Kgaolo 12

A Boidiidi Jo Bogolo Bo Tla Tshela kwa Legodimong? Kana mo Lefatsheng?

GO FAROLOGANA le maloko a ditumelo tsa Labokeresete, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa bo solofetse gore bo tla tshelela ruri, eseng kwa legodimong, mme mo lefatsheng. Ke ka ntlha yang fa go le jalo?

Go ne go ntse go sa nna jalo. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba solofetse gore e ne e tla re fa nako e ntse e tsamaya ba ne ba tla busa le Jesu Keresete jaaka dikgosi tsa selegodimo. (Math. 11:12, NW; Luke 22:28-30) Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a ba boleletse gore baruaboswa ba Bogosi e ne e tla nna “lecomanyane” fela. (Luke 12:32) Go ne go tla akarediwa bomang? Ba ne ba tla nna kae ka palo? Ga ba a ka ba itse sengwe le sengwe ka botlalo go fitlha moragonyana.

Ka Pentekosete ya 33 C.E., barutwa ba ga Jesu ba ntlha ba Bajuda ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo gore ba tle ba nne baruaboswa mmogo le Keresete. Ka ngwaga wa 36 C.E., tsela eo moya wa Modimo o neng o dira ka yone e ne ya dira gore go bonale ka phepafalo gore Baditšhaba ba ba sa rupisiwang le bone ba ne ba tla nna le seabe mo bosweng joo. (Dit. 15:7-9; Baef. 3:5, 6) Go ne ga feta dingwaga tse dingwe tse 60 moaposetoloi Johane a ise a senolelwe gore go ne go tla tsewa batho ba le 144 000 fela go tswa mo lefatsheng gore ba ye go busa mo Bogosing jwa selegodimo le Keresete.—Tshen. 7:4-8; 14:1-3.

Charles Taze Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba na le tsholofelo eo, fela jaaka bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ka nako eo go fitlha mo bogareng jwa bo1930. Gape ba ne ba itse go tswa mo go seo ba neng ba se ithuta mo Dikwalong gore, go tlodiwa ka moya o o boitshepo go ne go sa supe fela gore batho ba ne ba tla direla jaaka dikgosi le baperesiti le Keresete kwa legodimong mo isagweng mme gape go ne go supa gore ba ne ba na le tiro e e kgethegileng eo ba neng ba tshwanetse go e dira fa ba santse ba le mo nameng. (1 Pet. 1:3, 4; 2:9; Tshen. 20:6) Ke tiro efe eo? Ba ne ba itse Isaia 61:1 fela thata ebile ba ne ba tlhola ba e nopola, jaaka e re: “Mōea oa ga Yehofa Modimo o mo go nna; ka gonne Yehofa o ntloleditse go rèrèla ba ba pelonōlō mahoko a a molemō.”

Boikaelelo jwa Bone jwa go Rera Ke Bofe?

Le mororo palo ya bone e ne e le potlana, ba ne ba leka go bolelela mongwe le mongwe yo ba neng ba ka kgona go mmolelela boammaaruri kaga Modimo le boikaelelo jwa gagwe. Ba ne ba gatisa le go gasa dikgatiso di le dintsintsi tse di buang kaga mafoko a a molemo a kafa Modimo o baakanyeditseng ka gone gore batho ba bolokwe ka Keresete. Mme lefa go ntse jalo boikaelelo jwa bone tota e ne e se go dira gore batho botlhe bao ba neng ba ba rerela ba tsene mo bodumeding jwa bone. Jaanong he, ke ka ntlha yang fa ba ne ba ba rerela? Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya July 1889 e ne ya tlhalosa jaana: “Re baemedi ba gagwe [Jehofa] ba mo lefatsheng; go tlotlega ga leina la gagwe go tla tlotlomadiwa fa pele ga baba ba gagwe le fa pele ga bana ba gagwe ba bantsi ba ba tsieditsweng; thulaganyo ya gagwe e e galalelang e tla itsisiwe gongwe le gongwe e le kgatlhanong le maano otlhe a matlhajana a lefatshe ao batho ba lekang go a loga le ao ba sa bolong go leka go a loga.”

Go ne ga buiwa ka tsela e e kgethegileng kaga bao ba neng ba ipolela e le batho ba Morena, bao bontsi jwa bone e neng e le maloko a dikereke tsa Labokeresete. Boikaelelo jwa go rerela batho bano e ne e le bofe? Jaaka Mokaulengwe Russell a ne a tlhola a tlhalosa, keletso ya Baithuti ba ntlha ba Bibela e ne e se go gogela maloko a kereke kwa phuthegong e nngwe e sele mme e ne e le go ba thusa gore ba atamele Morena jaaka maloko a kereke e le nngwe fela ya boammaaruri. Lefa go ntse jalo, Baithuti ba Bibela ba ne ba itse gore, batho ba ba ntseng jalo ba ne ba tshwanetse go supa gore ba utlwa Tshenolō 18:4 ka go tswa mo go “Babelona,” eo ba neng ba tlhaloganya e itshupa e le kereke, dikereke tsa Labokeresete ka dithuto tsotlhe tsa tsone tse di sa tsweng mo dikwalong mmogo le makoko a tsone. Mo tokololong ya ntlhantlha ya Tora ya Tebelo (ka Seesemane) (July 1879), Mokaulengwe Russell o ne a bolela jaana: “Re tlhaloganya gore boikaelelo jwa go neela bosupi gone jaanong ke ‘Go tlhaola batho ba leina la One’—Kereke—bao ba kopanngwang le Keresete fa A tla, ba bo ba amogela leina la Gagwe. Tshen. iii. 12.”

Ba ne ba lemoga gore, ka nako eo, Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba ne ba “bilediwa” selo se se tshwanang. Eno e ne e le taletso ya gore ba nne maloko a monyadiwa wa ga Keresete, a kgabagare palo ya one e neng e tla nna 144 000. (Baef. 4:4; Tshen. 14:1-5) Ba ne ba leka go rotloetsa botlhe bao ba neng ba bolela gore ba dumela thekololo ya setlhabelo sa ga Keresete lefa ba ne ba ka tswa e le maloko a kereke kana e se one, gore ba anaanele “dipolèlō tsa . . . choloheco tse di tlhokègañ le tse dikgolo thata” tsa Modimo. (2 Pet. 1:4; Baef. 1:18) Ba ne ba leka go ba dira gore ba nne matlhagatlhaga gore ba dire dilo tseo letsomanyane la baruaboswa ba Bogosi le tshwanetseng go di dira. Fa a ne a kgothatsa botlhe ba ba ntseng jalo semoyeng, bao ba neng ba ba leba jaaka ba ba bopang ba “ntlo ea tumèlō” (ka gonne ba ne ba bolela gore ba na le tumelo mo thekololong), Mokaulengwe Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba leka ka tlhoafalo go aba dijo tsa semoya ‘ka dipaka tse e leng tsone’ ba dirisa makasine wa Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe tse di theilweng mo Bibeleng.—Bagal. 6:10; Math. 24:45, 46, KJ.

Lefa go ntse jalo, ba ne ba kgona go bona gore ga se botlhe bao ba neng ba ipolela gore ba “itlhaotse jaaka ba ba boitshepo” (kana, ‘gore ba ineetse ka botlalo mo Moreneng,’ jaaka fa ba ne ba tlhaloganya gore seo se kaya jalo) mme morago ga foo ba ne ba tswelela pele ba tshela botshelo jwa go intsha setlhabelo, ba dira gore go direla Morena e nne sone selo sa botlhokwatlhokwa mo botshelong. Lefa go ntse jalo, jaaka ba ne ba tlhalosa, Bakeresete ba ba neng ba itlhaotse jaaka ba ba boitshepo ba ne ba dumetse gore ba ne ba tla tlogela go itshelela fela jaaka batho go tswa fela mo go bone, ba solofela go bona boswa jwa selegodimo; go ne go sena go boela morago; fa ba ne ba sa amogele botshelo kwa lefelong la moya, ba ne ba tla lebana le loso lwa bobedi. (Baheb. 6:4-6; 10:26-29) Mme lefa go ntse jalo Bakeresete ba bantsi ba go neng go lebega ba itlhaotse jaaka ba ba boitshepo ba ne ba tsaya tsela e e motlhofo, ba palelwa go bontsha gore eleruri ba tlhoafetse mo tseleng ya Morena ebile ba sa batle go intsha setlhabelo. Lefa go ntse jalo, go lebega gore ba ne ba sa gane setlhabelo ebile ba ne ba tshela matshelo a a phepa. Go ne go tla diragala eng ka batho ba ba ntseng jalo?

Baithuti ba Bibela ba ne ba akanya ka dingwaga tse dintsi gore seno e ne e le sone setlhopha se se tlhalositsweng mo go Tshenolō 7:9, 14 (KJ), eo e umakang “bontsintsi jo bogolo” jo bo tswang mo pitlaganong e kgolo mme bo eme “fa pele ga setulo sa bogosi” sa Modimo le fa pele ga Kwana, Jesu Keresete. Ba ne ba akanya gore le mororo batho bano ba ne ba sa rate botshelo jwa go intsha setlhabelo, ba ne ba tla kopana le diteko tse di lekang tumelo tseo di neng di tla felela ka gore ba swe ka nako ya sepitla fa go sena go galalediwa ba bofelo ba monyadiwa wa ga Keresete. Ba ne ba dumela gore fa e le gore bano ba go neng go twe ke ba bontsintsi jo bogolo ba ne ba ka ikanyega ka nako eo, ba ne ba tla tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong—eseng go ya go busa jaaka dikgosi mme e le go ya go ema fa pele ga setulo sa bogosi. Go ne go akanngwa gore ba ne ba tla newa maemo ano a a seng kwa godimodimo ka gonne ba ne ba sa rate Morena ka lorato lo logolo ka mo go lekaneng, ka gonne ba ne ba sa supe ba tlhoafetse ka tsela e e lekaneng. Go ne go akanngwa gore bano e ne e le batho ba ba tsetsweng ka moya wa Modimo mme lefa go ntse jalo ba ne ba tlhokomologa go obamela Modimo, gongwe ba tswelela pele ba ngaparetse dikereke tsa Labokeresete.

Gape ba ne ba akanya gore gongwe—gongwe fela—“batlotlegi ba bogologolo” bao ba neng ba tla direla e le dikgosana mo lefatsheng ka nako ya mileniamo e ne e tla re morago ga lobaka loo, ba abelwe go ya go tshela kwa legodimong ka mokgwa mongwe. (Pes. 45:16) Ba ne ba akanya gore bape bao ba neng ba ka “ineela” morago ga fa baruaboswa ba Bogosi ba ba 144 000 ba sena go tlhophiwa botlhe labofelo mme e le pele nako ya go tsosolosiwa ga lefatshe e simologa le bone ba ne ba ka nna ba lebelela gore ba tla ya kwa legodimong. Seno ka tsela nngwe e ne e le pono e e tserweng mo go Labokeresete ya gore botlhe ba ne ba siametse go ya kwa legodimong. Mme lefa go ntse jalo go ne go na le sengwe se Baithuti ba Bibela ba neng se dumela se se tswang mo Dikwalong seo se neng se ba tlhaola mo go Labokeresete yotlhe. E ne e le eng?

Go Tshelela Ruri ka Boitekanelo mo Lefatsheng

Ba ne ba lemoga gore lefa go ne go tla tsewa batho ba sekae mo bathong gore ba bone botshelo jwa selegodimo, ba bangwe gape ba le bantsi ba ne ba tla fiwa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng, kafa tlase ga maemo a a tshwanang le ao a neng a le kwa Paradaiseng kwa Edena. Jesu o ne a rutile balatedi ba gagwe go rapela jaana: “Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” Gape o ne a rile: “Go segō ba ba pelonomi: gonne ba tla rua lehatshe.”—Math. 5:5; 6:10.

Go dumalana le seo, tšhatea eo e neng e gatisitswe gore e tsamaye mmogo le Tora ya Tebelo ya July-August 1881 (ka Seesemane) e ne ya bontsha gore go na le batho ba bantsi ba ba neng ba tla amogelwa ke Modimo ka nako ya Puso ya Mileniamo ya ga Keresete mme ba ne ba tla bopa “lefatshe la batho ba ba dirilweng gore ba itekanele sentle le go tshela ba itekanetse.” Tšhate eno e ne ya dirisiwa ka dingwaga di le dintsi go tsewa dipuo tseo di neng di neelwa ditlhopha tse dikgolo le tse dipotlana.

Batho ba mo lefatsheng ba ne ba tla iphitlhela ba tshela mo maemong afe ka nako ya mileniamo? Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya July 1, 1912, e ne ya tlhalosa jaana: “Modimo o ne wa naya batsadi ba rona ba ntlha Tshimo ya Edena, pele boleo bo nna teng mo lefatsheng. Fa re ntse re akanya ka seno, a megopolo ya rona e akanye ka isagwe, e kaelwa ke Lefoko la Modimo; mme ka leitlho la mogopolo re bone Paradaise e tsosolosiwa—eseng tshingwana fela, mme lefatshe lotlhe le ntlafaditswe, le dirilwe gore le ungwe, le tlhoke boleo, le itumele. Go tswa foo re gakologelwa tsholofetso e e tlhotlheleditsweng e re e itseng thata—‘Me [Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; mme ga go ketla go tlhōla go le losho, le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko,’ ka gonne dilo tsa pele tsa boleo le loso di tla bo di fetetse ruri, mme dilo tsotlhe di tla bo di dirilwe disha!—Tshen. 21:4, 5.”

Ke Bomang Bao Ba Neng Ba Tla Tshelela Ruri mo Lefatsheng?

Mokaulengwe Russell o ne a sa akanye ka gope gore Modimo o ne o letla batho gore ba itlhophele—ba ba batlang go tshela kwa legodimong le ba ba bonang ekete ba tla rata go tshela mo lefatsheng la paradaise. Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya September 15, 1905, e ne ya bolela jaana: “Maikutlo a rona kana dikeletso tsa rona ga se go bidiwa ga rona. Fa go ne go ntse jalo go ne go tla bo go raya gore re a ipitsa. Fa a bua kaga boperesiti jwa rona, Moaposetoloi o bolela jaana, ‘Ga go motho opè eo o inaeañ tlotlō e, ha e se mogañ o bidiwañ ke Modimo,’ (Baheb. 5:4), mme o tlhomamisa gore Modimo o re biditse eseng ka maikutlo a rona mme ka Lefokong la Modimo le o le senotseng.”

Fa e le kaga tshono ya go tshela mo paradaiseng e e tsosolositsweng mo lefatsheng, Baithuti ba Bibela ba ne ba dumela gore e ne e tla newa batho fela fa letsomanyane lotlhe le sena go amogela tuelo ya lone le fa motlha wa mileniamo o sena go simololwa ka botlalo. Ba ne ba tlhaloganya gore eo e ne e tla bo e le yone nako ya go “tsosolosiwa ga dilo tsotlhe,” jaaka fa e umakiwa mo go Ditihō 3:21. (KJ) Go tswa foo le baswi tota ba ne ba tla tsosiwa gore botlhe ba kgone go nna le seabe mo go seo ba neng ba se neetswe ka lorato. Bakaulengwe ba ne ba akanya gore batho botlhe (kwantle ga bao ba neng ba bileditswe go tshela kwa legodimong) e ne e tla re ka yone nako eo ba fiwe tshono ya gore ba itlhophele go tshela. Kafa ba neng ba e tlhaloganya ka gone, eo e ne e tlile go nna nako eo ka yone Keresete, a neng a tla tlhaola batho mo go ba bangwe, a le mo setulong sa gagwe sa bogosi sa selegodimo jaaka modisa a tlhaola dinku mo dipoding. (Math. 25:31-46) Bao ba neng ba utlwa e ka tswa ba ne ba tshotswe e le Bajuda kana e le Baditšhaba ba ne ba tla itshupa e le “dinku di sele” tsa Morena.—Yoh. 10:16.b

Fa Metlha ya Baditšhaba e sena go khutla, ba ne ba akanya gore nako ya go tsosolosa e ne e setse e le gaufi thata; ka jalo ba ne ba tlhaeletsa jaana go tloga ka 1918 go ya go fitlha ka 1925: “Dimilione tse di tshelang jaanong ga di ketla di tlhola di swa.” Ee, ba ne ba tlhaloganya gore batho ba ba neng ba tshela ka nako eo—batho ka kakaretso—ba ne ba na le tshono ya go falolela mo motlheng wa tsosoloso mme go tswa foo ba ne ba tla rutiwa kaga dilo tse Jehofa a di batlang mo bathong gore ba bone botshelo. Fa ba ne ba utlwa, ba ne ba tla itekanela semoyeng ka iketlo. Fa ba ne ba sa utlwe, e ne tla re fa nako e ntse e tsamaya ba nyelediwe.

Mo dingwageng tseo tsa kwa tshimologong, bakaulengwe ba ne ba sa itse sepe kaga gore molaetsa wa Bogosi o ne o tla rerwa thata le gore o ne o tla rerwa ka dingwaga tse dintsi tse o ileng wa rerwa ka tsone tseno. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba tswelela pele ba tlhatlhoba Dikwalo ba bo ba leka go tsaya kgato ka tiro eo di neng di supa gore Modimo o ne o re ba e dire.

“Dinku” Kafa Letsogong Le Legolo la ga Keresete

Kgato e ruri e neng e le ya botlhokwatlhokwa mo go tlhaloganyeng boikaelelo jwa ga Jehofa e ne e amana le setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi, se se mo go Mathaio 25:31-46. Jesu o ne a bolela jaana mo setshwantshong seno: “E tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi; Me dinku o tla di baea kaha lecogoñ ye legolo, me dipodi kaha go ya molèma.” Jaaka setshwantsho seno se tswelela pele se bontsha, “dinku” ke bao ba thusang ‘bomonnaa’ Keresete, ebile ba leka go ba thusa fa ba bogisiwa le fa ba le mo kgolegelong.

Go ne go sa bolo go nna go akanngwa gore setshwantsho seno se ne se dira mo motlheng wa mileniamo ka nako ya tsosoloso le gore katlholo ya bofelo eo go neng go buiwa ka yone mo setshwantshong seno e ne e le yone eo e neng e tla nna kwa bokhutlong jwa Mileniamo. Mme lefa go ntse jalo ka 1923 J. F. Rutherford, poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a neela puo e e neng e naya mabaka a go leba dilo ka tsela e sele kwa Los Angeles, kwa California. E ne ya gatisiwa moragonyana mo go one ngwaga oo mo tokololong ya October 15 ya Tora ya Tebelo (ka Seesemane).

Setlhogo seno fa se tlhalosa nako eo setshwantsho seno sa boperofeti se neng se tla diragadiwa ka yone, se ne sa bontsha gore Jesu o ne a e akaretsa fa a ne a araba kopo ya go batla go itse ‘sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo.’ (Math. 24:3) Setlhogo seo se ne sa tlhalosa lebaka la go bo “bonnake” ba go buiwang ka bone mo setshwantshong e ka se ka ya bo e le Bajuda ba nako ya fa dikwalo tsa Efangele di ne di kwalwa kana e ka se ka ya nna batho bao ba bontshang fa ba na le tumelo ka nako ya mileniamo mme e tshwanetse ya bo e le bao e leng baruaboswa le Keresete mo Bogosing jwa selegodimo, ka jalo ke gone ka moo setshwantsho seno se tshwanetseng sa diragadiwa ka nako ya fa bangwe ba baruaboswa mmogo le Keresete ba santse ba tshela mo nameng.—Bapisa Bahebera 2:10, 11.

Dilo tse di neng di diragalela bomorwarraagwe Keresete bao ba neng ba tloditswe ka nako ya fa ba ne ba leka go neela baruti le batho fela ba ba neng ba tsena dikereke tsa Labokeresete bosupi le tsone di ne di bontsha gore boperofeti jo bo akarediwang mo setshwantshong sa ga Jesu bo ne bo setse go diragaditswe. Ka tsela efe? Ka tsela e e seng botsalano e baruti ba bantsi le maloko a a nang le maemo a a kwa godimo mo dikerekeng ba neng ba itshwara ka yone—ba sa ba fe metsi a a lapolosang, e le ka mmatota kana ka tsela ya tshwantshetso; mme go na le moo, bangwe ba bone ba ne ba tlhotlheletsa digopa tsa batho gore di gagole diaparo tsa bakaulengwe le go ba itaya, kana ba ne ba laela badiredi ba puso gore ba ba tsenye mo kgolegelong. (Math. 25:41-43) Go farologana le seo, maloko a mantsi a dikereke a a ikokobetsang a ne a amogela molaetsa wa Bogosi ka boitumelo, ba lapolosa bao ba neng ba o tlisa, mme ba dira gotlhe kafa ba neng ba ka kgona ka teng go ba thusa le eleng fa batlodiwa ba ne ba golegilwe ka ntlha ya mafoko a a molemo.—Math. 25:34-36.

Baithuti ba Bibela ba ne ba akanya gore batho bao Jesu a neng a bua ka bone a re ke dinku ba ne ba santse ba le mo dikerekeng tsa Labokeresete. Ba ne ba akanya gore bano e ne e le batho ba ba neng ba sa ipolele gore ba ineetse mo Moreneng mme lefa go ntse jalo gone ba tlotla Jesu Keresete le batho ba gagwe fela thata. Lefa go ntse jalo, a ba ne ba ka tswelela pele ba le mo dikerekeng?

Go Emela Kobamelo E E Itshekileng Re Nonofile

Seno se ne sa sedifala fa re ithuta buka ya Bibela ya boperofeti ya Esekiele. Bolumo ya ntlha ya tse tharo tse di tlhalosang tsa setlhogo se se reng Vindication e ne ya gatisiwa ka 1931. E ne ya tlhalosa seo se kaiwang ke se Esekiele a neng a se kwala kaga bogale jwa ga Jehofa kgatlhanong le Juda le Jerusalema tsa botenegi. Le mororo batho ba Juda ba ne ba ipolela gore ba direla Modimo o o tshelang wa boammaaruri, ba ne ba dira ditiro tsa ditumelo tsa merafe e e ba dikologileng, ba isetsa medimo ya disetwa e e sa tsheleng maswalo, ba bo ba dira boaka ka go ikanya ditsala tsa bone tsa dipolotiki go na le go supa fa ba dumela mo go Jehofa. (Esek. 8:5-18; 16:26, 28, 29; 20:32) Ka go dira dilo tseno tsotlhe ba ne ba tshwana le Labokeresete tota; ka jalo, ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ne a tla diragatsa katlholo ya gagwe mo go Labokeresete fela jaaka a ne a dira mo go Juda le Jerusalema tse di neng di sa ikanyege. Mme lefa go ntse jalo kgaolo 9 ya Esekiele e bontsha gore go na le bangwe ba ba neng ba tla tshwaelwa go bolokiwa pele go diragadiwa katlholo ya bomodimo. Ke bomang bano?

Boperofeti bo bolela gore bao ba tshwaiwang e tla bo e le ba ba “hègèlwañ, le ba ba shonèlèlañ dilō cotlhe tse di makgapha tse di dihwañ” mo gare ga Labokeresete, kana setshwani sa Jerusalema. (Esek. 9:4) Jalo he, go a tlhomamisega gore ba ne ba ka se ka ba nna le seabe mo dilong tse di makgapha tseo ka bomo. Ka jalo bolumo ya ntlha ya Vindication e ne ya bolela gore ba ba nang le lotshwao ke batho ba ba ganang go nna karolo ya mekgatlho ya dikereke tsa Labokeresete mme ka tsela nngwe ba ema kafa letlhakoreng la Morena.

Tshedimosetso eno e ne ya latelwa ka 1932 ke tlhaloso ya rekoto ya Bibela kaga Jehu le Jonadabe le se e se kayang ka tsela ya boperofeti. Jehu o ne a romilwe ke Jehofa gore a nne kgosi ya bogosi jwa merafe e e lesome ya Iseraele le gore a diragatse katlholo ya ga Jehofa mo ntlong e e boikepo ya ga Ahabe le Jesebele. Fa Jehu a ne a le mo tseleng ya go ya kwa Samaria go ya go fedisa kobamelo ya ga Baale, Jehonadabe (Jonadabe), morwa Rekabe, o ne a ya go mo kgatlhantsha. Jehu o ne a botsa Jehonadabe a re: “A pelo ea gago e siame?” mme Jehonadabe o ne a araba ka go re: “E siame.” “Nneè lecōgō ya gago,” Jehu a mo laletsa jalo, mme a tsholeletsa Jehonadabe mo kareng ya gagwe. Go tswa foo Jehu o ne a mo kopa jaana: “Ea le nna, me u bōnè tlhōahalō ea me kaga Yehofa.” (2 Dikg. 10:15-28) Jehonadabe, le mororo e ne e se Moiseraele, o ne a dumalana le se Jehu a neng a se dira; o ne a itse gore Jehofa, Modimo wa boammaaruri o tshwanetse go obamelwa a nnosi fela. (Ekes. 20:4, 5) Makgolo a dingwaga morago ga foo, ditlogolwana tsa ga Jehonadabe di ne di santse di na le moya o Jehofa a o amogelang, ka jalo O ne a solofetsa jaana: “Yonadabe morwa Rekabe ga a ketla a tlhōka monna eo o tla èmañ ha pele ga me ka bosakhutleñ.” (Yer. 35:19) Ka jalo go ne ga tsoga potso eno, A mo lefatsheng gompieno go na le batho bao e seng Baiseraele ba semoya ba ba sa solofelang go ya go rua boswa jwa selegodimo mme lefa go ntse jalo ba tshwana le Jehonadabe?

Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya August 1, 1932, e ne ya tlhalosa jaana: “Jehonadabe o ne a emela kana a tshwantshetsa setlhopha sa batho ba ba mo lefatsheng gompieno . . . [bao] ba sa dumalaneng le phuthego ya ga Satane, ba ba emang kafa letlhakoreng la tshiamo, e le ba Morena a tla ba bolokang ka nako ya Hara-Magedona, a ba falotsa bothata joo, a bo a ba neela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Bano ba bopa setlhopha sa ‘dinku’ tseo di ratang batho ba Modimo ba ba tloditsweng, ka gonne ba itse gore batlodiwa ba Morena ba dira tiro ya Morena.” Bao ba bontshang moya o o ntseng jalo ba ne ba lalediwa gore ba nne le seabe mo go iseng molaetsa wa Bogosi kwa go ba bangwe fela jaaka batlodiwa ba ne ba dira.—Tshen. 22:17.

Go ne go na le bangwe (lefa e ne e le palo e potlana thata ka nako eo) bao ba neng ba kopanela le Basupi ba ga Jehofa bao ba neng ba lemoga gore moya wa Modimo o ne o sa dira gore ba nne le tsholofelo ya go ya go tshela kwa legodimong. Ba ne ba simolola go itsewe jaaka Bajonadabe, ka gonne, jaaka Jonadabe (Jehonadabe) wa bogologolo, ba ne ba go tsaya e le tshiamelo gore ba tsamaye le batlhanka ba ga Jehofa ba ba tloditsweng, mme ba ne ba itumelela go bo le bone ba na le seabe mo ditshiamelong tse Lefoko la Modimo le neng le di bolela. A batho ba ba ntseng jalo bao ba ba neng ba solofetse gore ba ne ba se kitla ba swa ba ne ba tla ntsifala pele ga Hara-Magedona? A go ne go ka kgonega gore ba bo ba tshware dimilione jaaka go ne go boletswe?

Ke Bomang “Boidiidi yo Bogolo”?

Fa go ne go itsisiwe ka dithulaganyo tse di neng di dirwa gore Basupi ba ga Jehofa ba nne le kopano kwa Washington, D.C., go tloga ka May 30 go ya go June 3, 1935, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya bolela jaana: “Go tla go fitlha jaanong ga se Bajonadabe ba le bantsi bao ba ileng ba nna le tshiamelo ya go nna teng mo kopanong, mme kopano ya kwa Washington e ka nna ya ba gomotsa fela thata le go ba solegela molemo.” Seo se ne sa nna boammaaruri.

Kwa kopanong eo go ne ga elwa tlhoko thata Tshenolō 7:9, 10, eo e balegang jaana: “Moragō ga dilō tse ka leba, me bōnañ, boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi, le ha pele ga Kwana, ba apere dikobō tse dichweu, me ba chotse makolane ka diatla; Me ba thèla loshalaba lo logolo, ba re, Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi le go Kwana.” Ke bomang bao ba bopang boidiidi jono jo bogolo kana “bontsintsi jo bogolo”?—KJ.

Go ne ga tsaya dingwaga di le dintsi, go fitlha le eleng ka 1935, go ntse go sa tsewe gore ke sone setlhopha sa dinku tse di mo setshwantshong sa ga Jesu sa dinku le dipodi. Jaaka fa go setse go bontshitswe, go ne go akanngwa gore e ne e le setlhopha sa bobedi sa selegodimo—e ne e le sa bobedi ka gonne ba ne ba kile ba tlhokomologa go obamela Modimo.

Lefa go ntse jalo, kgopolo eo e ne ya dira gore go tsoge dipotso tse di sa feleng. Dingwe tsa tsone di ne tsa tlotliwa kwa tshimologong ya 1935 mo dijong tsa motshegare kwa ntlokgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower. Bangwe ba bao ba neng ba bolela se ba neng ba se akanya ka nako eo ba ne ba akantsha gore bontsintsi jo bogolo e ne e le setlhopha sa mo lefatsheng. Grant Suiter, yo moragonyana a neng a nna leloko la Setlhopha Se Se Laolang, o ne a gakologelwa jaana: “Kwa thutong nngwe ya Bethele, eo e neng e tshwerwe ke Mokaulengwe T. J. Sullivan, ke ne ka botsa jaana: ‘Ereka ba bontsintsi jo bogolo ba bona botshelo jo bo sa khutleng, a bao ba bopang setlhopha seo ba boloka bothokgami?’ Go ne ga nna le dikakgelo tse dintsi mme ga se ka ga nna le karabo epe e e tlhomameng.” Ebu, ka Labotlhano, May 31, 1935, kwa kopanong ya kwa Washington, D.C., go ne ga neelwa karabo e e kgotsofatsang. Mokaulengwe Suiter o ne a ntse mo boalong jo bo kwa godimo a lebile boidiidi jwa batho go tswa kwa godimo, mme abo a ne a itumela jang ne fa puo e ntse e neelwa!

Moragonyana fela ga kopano, Tora ya Tebelo (ka Seesemane), mo ditokololong tsa yone tsa August 1 le 15, 1935, e ne ya gatisa seo se neng se boletswe mo puong eo. E ne ya tlhalosa gore ntlha ya botlhokwa malebana le go tlhaloganya dilo sentle ke go lemoga ntlha ya gore boikaelelo jwa ga Jehofa jwa konokono ga se gore batho ba bolokwe mme go na le moo ke gore leina la gagwe le tlotlomadiwe (kana jaaka gompieno re ka bolela, gore bolaodi jwa gagwe bo tlotlomadiwe). Ka jalo Jehofa o rata bao ba bolokang bothokgami; ga a duele bao ba dumelang gore ba tla dira thato ya gagwe mme go tswa foo ba bo ba lere kgobo mo leineng la gagwe ka go ineela mo phuthegong ya ga Diabolo. Botlhe bao ba ka amogelwang ke Modimo ba tshwanetse go ikanyega.

Tora ya Tebelo e ne ya bolela jaana e dumalana le seno: “Tshenolō 7:15 tota ke yone sekopololo se se thusang gore re lemoge gore ba bontsintsi jo bogolo ke bomang. . . . Tlhaloso eno e e mo go Tshenolō kaga bontsintsi jo bogolo ke ya gore ‘ba fa pele ga setulo sa Modimo sa bogosi, mme ba mo direla phatlalatsa’ . . . Ba a bona ebile ba tlhaloganya mafoko a ga Jesu, Kwana ya Modimo, ba bo ba a utlwa fa a ba raya a re: ‘O obamele Morena Modimo wa gago, ke ene fela yo o tla mo direlang’; mafoko ao a dirang mo dibopiweng tsotlhe tse Jehofa a di amogelang.” (Math. 4:10) Ka jalo, go tla bo go sa tshwanela go tlhalosa gore seo Bibela e se bolelang kaga bontsintsi jo bogolo, kana boidiidi jo bogolo, ke letloa le go namolwang ka lone batho bao ba neng ba ipolela gore ba rata Modimo mme lefa go ntse jalo ba kgwaraladitse dipelo fa go tliwa mo go direng thato ya one.

Ka jalo, a boidiidi jo bogolo ke setlhopha sa selegodimo? Tora ya Tebelo e ne ya bontsha gore tsela e dikwalo di rutang ka yone ga e tshegetse tshwetso e e ntseng jalo. Fa e le ka boemo jwa bone jwa go nna “ha pele ga setulō sa bogosi,” Mathaio 25:31, 32 e bolela gore merafe yotlhe e phuthelwa fa pele ga setulo sa bogosi sa ga Keresete, mme merafe eo e mo lefatsheng. Lefa go ntse jalo, ba boidiidi jo bogolo, ba “eme” fa pele ga setulo sa bogosi ka gonne ba amogelwa ke Ene yo o mo setulong sa bogosi.—Bapisa Yeremia 35:19.

Mme lefa go ntse jalo setlhopha se se ntseng jalo se ne se ka bonwa kae—batho “ba morahe moñwe le moñwe,” batho bao e neng e se karolo ya Iseraele wa semoya (o o tlhalositsweng pelenyana, mo go Tshenolō 7:4-8), batho bao ba neng ba dumela thekololo (ba tlhatswitse dikobo tsa bone mo mading a ga Kwana ka tsela ya tshwantshetso), batho ba ba neng ba amogela Keresete ka boitumelo jaaka Kgosi (ba tshotse makolane ka diatla, jaaka boidiidi jo bo neng jwa dumedisa Jesu jaaka Kgosi fa a ne a tsena mo Jerusalema), batho bao ruri ba neng ba itlisa fa pele ga setulo sa ga Jehofa sa bogosi go tla go mo direla? A go ne go na le setlhopha se se ntseng jalo sa batho mo lefatsheng?

Jehofa o ne a araba ka boene ka go diragatsa mafoko a gagwe a boperofeti. Webster Roe, yo o neng a le teng kwa kopanong ya kwa Washington, o ne a gakologelwa gore kwa setlhoeng sa puo ya gagwe, Mokaulengwe Rutherford o ne a kopa jaana: “Tsweetswee a botlhe ba ba solofetseng go tshelela ruri mo lefatsheng ba eme ka dinao.” Go ya ka Mokaulengwe Roe, “batho ba palo e e fetang sephatlo sa bao ba neng ba le teng ba ne ba ema ka dinao.” Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya August 15, 1935, e ne ya bolela jaana e dumalana le seo: “Jaanong re bona setlhopha se se tshwanelang sentle tlhaloso e e mo go Tshenolō kgaolo ya bosupa malebana le bontsintsi jo bogolo. Mo dingwageng di sekae tse di fetileng, le mo nakong ya fa ‘efangele eno ya bogosi e rerwa go nna tshupo’, go ile ga tla batho ba le bantsintsi (ebile ba santse ba tla) bao ba bolelang gore Morena Jesu ke Mmoloki wa bone mme Jehofa ke Modimo wa bone, yo ba mo obamelang ka moya le ka boammaaruri ebile ba mo direla ka boipelo. Bano gape ba bidiwa ‘Bajonadabe’. Ba tshwantshetsa seno ka go kolobediwa, ka go rialo ba supa gore . . . ba eme kafa letlhakoreng la ga Jehofa mme ba mo direla le Kgosi ya gagwe.”

Ka nako eo go ne ga bonwa gore ba boidiidi jo bogolo jwa Tshenolō 7:9, 10 ba balwa le “dinku di sele” tseo Jesu a neng a bua ka tsone (Yoh. 10:16); ke bone ba ba thusang ‘bomonnaa’ Keresete (Math. 25:33-40); ke bone batho ba ba tshwaetsweng phalolo ka gonne ba swabisiwa ke dilo tse di makgapha tse di dirwang mo go Labokeresete ebile ba a di tila (Esek. 9:4); ba tshwana le Jehonadabe, yo o neng a dirisana phatlalatsa le motlhanka yo o tloditsweng wa ga Jehofa fa a dira seo a neng a se romilwe ke Modimo (2 Dikg. 10:15, 16). Basupi ba ga Jehofa ba tlhaloganya gore bano ke batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo bao ba tla falolang Hara-Magedona ka tsholofelo ya gore ba tla tshelela ruri mo lefatsheng le le buseditsweng mo boemong jwa lone jwa Paradaise.

Tiro E E Tshwanetseng go Dirwa ka Potlako

Go tlhaloganya ga bone dikwalo tseno go ne ga nna le matswela a magolo mo tirong ya batlhanka ba ga Jehofa. Ba ne ba lemoga gore e ne e se bone ba neng ba tla tlhopha le go phutha maloko a boidiidi jo bogolo; e ne e se ga bone go bolelela batho gore a ba ne ba tshwanetse go nna le tsholofelo ya go ya legodimong kana ya go tshela mo lefatsheng. Morena o ne a tla kaela dilo kafa ene a batlang ka teng. Mme lefa go ntse jalo jaaka Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba na le boikarabelo jo bo masisi. Ba ne ba tla direla jaaka baboledi ba Lefoko la Modimo, ba bolelela ba bangwe boammaaruri jo A dirileng gore ba kgone go bo tlhaloganya, gore batho ba kgone go itse dilo tse Jehofa a di ba baakanyeditseng le gore ba nne le tshono ya go tsaya kgato ka go anaanela dilo tseno.

Mo godimo ga moo, ba ne ba lemoga gore tiro ya bone e ne e potlakile thata. Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya tlhalosa jaana mo motseletseleng wa ditlhogo tse di neng di re “Go Phutha Bontsintsi,” tseo di neng tsa gatisiwa ka 1936: “Dikwalo di tshegetsa thata tshwetso ya gore Jehofa o tla senya batho ba lefatshe ka Hara–Magedona, a falotsa fela bao ba utlwang melao ya gagwe ya gore ba eme le phuthego ya gagwe. Mo dinakong tse di fetileng batho ba le dimilionemilione ba ile ba swa ba ise ba ko ba utlwe sepesepe kaga Modimo le Keresete, mme bano ba tshwanetse gore ka nako e e tshwanetseng ba tsosiwe mo losong mme ba itsisiwe kaga boammaaruri, gore ba kgone go itlhophela. Lefa go ntse jalo, seemo ga se a nna jalo ka batho ba ba mo lefatsheng gone jaanong. . . . Batho ba bontsintsi jo bogolo ba tshwanetse go utlwa molaetsa ono wa efangele pele ga letsatsi la ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe eleng Hara–Magedona. Fa bontsintsi jo bogolo bo sa bolelelwe molaetsa wa boammaaruri gone jaanong, go tla bo go setse go le thari fa tiro ya go bolaya e simologa.”—Bona 2 Dikgosi 10:25; Esekiele 9:5-10; Sefania 2:1-3; Mathaio 24:21; 25:46.

Ka ntlha ya go tlhaloganya Dikwalo jaana, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nna matlhagatlhaga go gaisa mo tirong ya go neela bosupi. Leo Kallio, yo o neng a direla jaaka molebedi yo o etang moragonyana kwa Finland, o ne a re: “Ga ke gakologelwe le ka motlha nkile ka itumela le go tlhagafala ka tsela e e ntseng jalo, le gone ga ke gakologelwe nkile ka tabogisa baesekele ya me ka lobelo lo ke ne ke e tabogisa ka lone mo metlheng eo, fa ke ne ke itlhaganelela go ya go bolelela ba ba kgatlhegang mafoko a gore ba ne ba solofediwa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa ga Jehofa.”

Mo dingwageng tse tlhano tseo di ileng tsa latela, fa palo ya Basupi ba ga Jehofa e ne e ntse e gola, palo ya bao ba neng ba ja ditshwantshetso kwa Segopotsong sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Keresete e ne ya fokotsega ka iketlo. Lefa go ntse jalo, ba boidiidi jo bogolo ba ne ba sa tsene ka bofefo jaaka Mokaulengwe Rutherford a ne a solofetse. Nako nngwe o kile a bo a raya Fred Franz, yo o neng a nna poresidente wa bonè wa Mokgatlho a re: “Go lebega ekete ‘bontsintsi jo bogolo’ ga bo tle go nna bogolo go le kalo.” Mme lefa go ntse jalo fa e sale go tloga foo, palo ya Basupi ba ga Jehofa e ile ya oketsega ka bofefo ya tshwara dimilione, fa palo ya bao ba solofelang go rua boswa jwa selegodimo yone, ka kakaretso, e ile ya tswelela pele e ngotlega.

Letsomane Le Le Lengwe Fela Kafa Tlase ga Modisa A Le Mongwe

Setlhopha sa batlodiwa ga se gaisane ka gope le sa ba boidiidi jo bogolo. Bao ba solofetseng go ya kwa legodimong ga ba lebele kwa tlase bao ba lebeletseng ka pelo yotlhe gore ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng mo paradaiseng mo lefatsheng. Mongwe le mongwe o amogela ka diatla tsoopedi ditshiamelo tse Modimo o di mo nayang, a sa akanye gore boemo jwa gagwe bo dira gore ka tsela nngwe a nne botoka mo go yo mongwe kana gore e nne motho wa maemo a a kwa tlase fa a bapisiwa le ene. (Math. 11:11; 1 Bakor. 4:7) Jaaka Jesu a ne a bolelela pele, ditlhopha tseno tse pedi eleruri di fetogile “lecomane le le leñwe hèla,” di direla kafa tlase ga gagwe e le “modisa [wa bone] a le moñwe hèla.”—Yoh. 10:16.

Tsela eo bomonnaa Keresete ba ba tloditsweng ba ikutlwang ka yone ka ditsala tsa bone tsa boidiidi jo bogolo e tlhalosiwa sentle jaana mo bukeng ya Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”: “Fa esale ka Ntwa ya Lefatshe II, polelelopele ya ga Jesu ya ‘bofelo jwa tsamaiso ya dilo’ e a diragadiwa segolobogolo ka ntlha ya seabe seo ‘boidiidi jo bogolo’ jwa ‘dinku di sele’ bo se dirang. Phatsimo e e tswang mo diponeng tse di tshubilweng tsa masalela e ile ya phatsimisa matlho a dipelo tsa bone, mme ba ile ba thusiwa go bonesetsa ba bangwe ba ba santseng ba setse mo lefifing la lefatshe leno. . . . Ba ile ba nna balekane ba ba sa kgaoganeng le masalela a setlhopha sa monyadwi. . . . Ka gone, ‘boidiidi yo bogolo’ jwa merafe yotlhe le dipuo tsotlhe bo lebogiwa thata ka ntlha ya seabe se segolo thata seo ba ileng ba nna le sone mo go diragatseng polelelopele ya Monyadi e e mo go Mathaio 24:14!”

Lefa go ntse jalo, ka go nna le seabe ka kutlwano mo go boleleng dikgang tse di galalelang tsa Bogosi jwa Modimo, Basupi ba ga Jehofa, go akaretsa le ba boidiidi jo bogolo, batho ba ile ba lemoga gore ba na le sengwe gape mo godimo ga go neela bosupi ga bone ka matlhagatlhaga.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a “Chart of the Ages” eno e ne ya gatisiwa gape moragonyana mo bukeng ya The Divine Plan of the Ages.

b Zion’s Watch Tower, March 15, 1905, tsebe 88-91.

[Mafoko a a mo go tsebe 159]

Bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa bo solofetse go tshelela ruri mo lefatsheng

[Mafoko a a mo go tsebe 161]

Sengwe se ba neng ba se dumela seo se neng se ba tlhaola mo go Labokeresete yotlhe

[Mafoko a a mo go tsebe 164]

Nako ya gore go diragadiwe setshwantsho sa dinku le dipodi

[Mafoko a a mo go tsebe 165]

Ba ne ba simolola go itsiwe jaaka Bajonadabe

[Mafoko a a mo go tsebe 166]

Ka May 31, 1935, “bontsintsi jo bogolo” bo ne jwa tlhalosiwa ka phepafalo gore ke bomang

[Mafoko a a mo go tsebe 170]

Tsholofelo ya go ya legodimong kana ya go tshela mo lefatsheng—ke mang yo o kgonang go bolela gore motho o tshwanelwa ke efe?

[Lebokoso mo go tsebe 160]

Nako ya Go Tlhaloganya

Mo dingwageng tse di fetang 250 tse di fetileng, Sir Isaac Newton o ne a kwala setlhogo se se kgatlhang kaga go tlhaloganya boperofeti, go akaretsa le jo bo buang kaga “boidiidi yo bogolo” jwa Tshenolō 7:9, 10. Mo bukeng ya gagwe ya “Observations Upon the Prophecies of Daniel, and the Apocalypse of St. John,” eo e gatisitsweng ka 1733, o ne a bolela jaana: “Boperofeti jono jwa ga Daniele le jwa ga Johane ga bo a tshwanela go tlhaloganngwa go fitlha ka nako ya bokhutlo: mme lefa go ntse jalo bangwe ba tla perofesa ka jone ba le mo kutlobotlhokong le mo selelong ka lobaka lo loleele, mme le gone ba le mo lefifing, gore ba sokolole ba sekae. . . . Ka nako eo, go bolela Daniele, ba le bantsi ba tla ya kwa le kwa, mme kitso e tla ntsifadiwa. Ka gonne Efangele e tshwanetse ya rerwa mo merafeng yotlhe pele ga sepitla se segolo, le pele ga bokhutlo jwa lefatshe. Bontsintsi jo bo tshotseng makolane, joo bo tswang mo sepitleng seno se segolo, ga bo kake jwa nna jwa palo e e ka se kang ya balwa e e tla tswang mo merafeng yotlhe, fa ba sa dirwe gore ba nne jalo ka go rerwa ga Efangele pele se tla.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 168]

Lefatshe, Legae la Motho la Bosakhutleng

Boikaelelo jwa Modimo kwa tshimologong ka batho e ne e le bofe?

“Modimo oa ba segōhatsa; me Modimo oa ba raea, oa re, Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehats[h]e, lo le henyè; me lo laolè ditlhapi tsa lewatlè, le dinōnyane tsa loapi, le señwe le señwe se se tshedileñ se se tsamaeañ mo lehatshiñ.”—Gen. 1:28.

A boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe bo fetogile?

“Lehoko ya me . . . ga le ketla le boèla hèla mo go nna, me le tla dihahatsa se ke se ratañ, le tla segōhala mo seloñ se ke le isitseñ kwa go shōna.”—Isa. 55:11.

“Go bua yana Yehofa eo o tlhodileñ magodimo; ke èna Modimo; o o bopileñ lehatshe oa le diha; o no oa le tlhōmamisa, o no o se ka oa le tlhōlèla lehèla, oa le bopèla go uñwa: a re, Ke nna Yehofa; me ga go na opè o sele.”—Isa. 45:18.

“Ke gōna lo rapèlè, lo re yana: lo re, Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.”—Math. 6:9, 10.

“Gonne badiha boshula ba tla kgaolwa; me ba ba lebeletseñ mo go Yehofa, ba tla rua lehatshe. Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”—Pes. 37:9, 29.

Go tla bo go na le maemo afe mo lefatsheng fa Bogosi jwa Modimo bo busa?

“Rona, kaha poleloñ ea ōna ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.”—2 Pet. 3:13.

“Morahe ga o ketla o èkèla morahe o moñwe chaka, le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta ntwa gopè. Me moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa: gonne molomo oa ga Yehofa oa mashomōshomō o se buile.”—Mika 4:3, 4.

“Ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna: ba tla tlhōma masimo a mafine, ba ya mauñō a aōna. Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele: gonne yaka malatsi a setlhare a nntse, malatsi a batho ba me a tla nna yalo, me baitshenkedwi ba me ba tla ya tihō ea diatla tsa bōnè ka monate, ka lobaka lo lolele.”—Isa. 65:21, 22.

“Monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.”—Isa. 33:24.

“Modimo ka osi o tla nna nabō . . . Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshen. 21:3, 4; bona gape le Yohane 3:16.

“Morèna, emañ eo o se ketlañ a boiha a galaletsa leina ya gago? gonne o boitshèpō u le wesi: gonne merahe eotlhe e tla tla e ōbamèla ha pele ga gago; gonne ditihō tsa gago tsa tshiamō di bonadicwe.”—Tshen. 15:4.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 169]

Ba Ba Yang Legodimong

Go tla ya batho ba le kae kwa legodimong?

“Lecomanyane, se boiheñ; gonne Rra eno o natehèlwa ke go lo naea bo-gosi.”—Luke 12:32.

“Ka leba, me bōnañ, Kwana [Jesu Keresete] a bo a eme mo thabeñ ea Siona [ya selegodimo], a na le batho ba bothousanda ba ba lekgolo le ba mashomè manè le bonè, ba ba kwadilweñ leina ya gagwè, le leina ya ga Rragwè, mo diphatleñ tsa bōnè. Me ba ōpèla ekete sehela se sesha ha pele ga setulō sa bogosi, le ha pele ga ditshidi tse nnè le bagolwane: me go bo go se motho opè eo o ka ithutañ sehela seuō, ha e se ba ba bothousanda ba lekgolo le ba mashomè manè le bonè, eboñ ba ba cwañ go rèkwa mo lehatshiñ.”—Tshen. 14:1, 3.

A botlhe ba ba 144 000 ke Bajuda?

“Ga go kake ga nna Moyuda le Mogerika, ga go kake ga nna motlhanka le mogololwa, ga go kake ga nna monna le mosadi: gonne lotlhe lo motho a le moñwe hèla mo go Keresete Yesu. Me ha lo le ba ga Keresete, hoñ lo losika loa ga Aberahame, lo baruaboshwa kaha poleloñ ea choloheco.”—Bagal. 3:28, 29.

“Eo o leñ Moyuda ka bokahantlè hèla, e be e se èna; le go rupa mo go leñ kaha ntlè, eboñ mo nameñ hèla, e be e se gōna; Me Moyuda tōta ke eo e leñ èna mo teñ; le go rupa ke ga pelo, mo go emeñ mo moeeñ, e señ mo ditlhakeñ tsa lokwalō.”—Bar. 2:28, 29.

Ke ka ntlha yang fa Modimo o tseela ba bangwe kwa legodimong?

“Ba tla nna baperisiti ba Modimo le ba ga Keresete, me ba tla busa naè ka dinyaga di le makgolo a shomè.”—Tshen. 20:6.

[Lebokoso/Kerafa mo go tsebe 171]

Pego ya Segopotso

Mo dingwageng tse 25, palo ya batho ba ba neng ba nna teng kwa Segopotsong e ne e feta ya ba ba jang ka makgetlo a a fetang 100

[Kerafa]

(For fully formatted text, see publication)

Palo

Ya Bao Ba Neng Ba Ja

1 500 000

1 250 000

1 000 000

750 000

500 000

250 000

1935 1940 1945 1950 1955 1960

[Ditshwantsho mo go tsebe 167]

Go ne ga kolobediwa batho ba le 840 kwa kopanong kwa Washington, D.C.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela