LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Thuto Mo Metlheng ya Bibela
    Tora ya Tebelo—1992 | November 1
    • di dira gore lefoko la Modimo le se ka la nna le bokao ka ntlha ya ngwao ya tsone le go ruta “dipolèlō tsa batho hèla.” (Mathaio 15:1, 6, 9) Ga go gakgamatse go bo Jesu lefa e le bontsi jwa balatedi ba gagwe ba ne ba sa rutiwa mo dikolong tsa borabi.—Yohane 7:14, 15; Ditihō 4:13; 22:3.

      20. Tshekatsheko eno ya thuto ya mo metlheng ya Bibela e re bontshitse eng, mme ke eng se se bontshang gore batlhanka ba ga Jehofa ba tlhoka thuto?

      20 Tshekatsheko eno ya thuto mo metlheng ya Bibela e bontshitse gore Jehofa ke Mokaedi yo o Molemolemo wa batho ba gagwe. Modimo o ne wa dirisa Moshe go rulaganya tsamaiso e e nang le matswela ya thuto kwa Iseraele. Mme lefa go ntse jalo morago ga nako e telele, go ne ga simologa tsamaiso ya thuto e e kwa godimo ya Sejuda eo e neng e ruta dilo tse di kgatlhanong le Lefoko la Modimo. Lefa Jesu a ne a sa tsena dikolo tse di ntseng jalo tsa Sejuda, mme gone e ne e le Morutisi yo o ka se keng a tshwantshiwa le ope. (Mathaio 7:28, 29; 23:8; Yohane 13:13) Gape o ne a roma balatedi ba gagwe gore ba rute, go ya go fitlha le kwa bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo. (Mathaio 28:19, 20) Gore ba dire seno, go ne go tla tlhokega gore ba bo ba le barutisi ba ba kgonang mme ka jalo go ne go tla tlhokega gore ba bo ba ithutile. Ka jalo Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse ba leba thuto jang gompieno? Potso eno e tla tlhatlhobiwa mo setlhogong se se latelang.

      Go leka Seo O Se Gopolang

      ◻ Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisa gore Jehofa o kgatlhegela thuto ya batlhanka ba gagwe?

      ◻ Tsamaiso ya thuto ya Baiseraele e ne e farologane le ya merafe e mengwe ka ditsela dife?

      ◻ Bana ba Baiseraele ba ne ba fiwa thuto e e ntseng jang?

      ◻ Go ne go dirisiwa mekgwa efe ya go ruta kwa Iseraele?

      ◻ Ke ka ntlha yang fa Jesu le barutwa ba gagwe ba sa ka ba tsena dikolo tsa Sejuda tsa thuto e e kwa godimo?

  • Thuto E E Nang le Boikaelelo
    Tora ya Tebelo—1992 | November 1
    • Thuto E E Nang le Boikaelelo

      “Ruta motho eo o siameñ, me o tla totahala mo thutoñ.”—DIANE 9:9.

      1. Jehofa o solofela eng mo batlhankeng ba gagwe malebana le kitso?

      JEHOFA ke “Modimo oa kicō.” (1 Samuele 2:3) O ruta batlhanka ba gagwe. Moshe o ne a bolelela pele gore merafe e e neng e le gone ka nako eo e ne e tla bolela jaana kaga Iseraele: “Rure morahe o mogolo o, ea bo e le chaba e e tlhalehileñ, e e tlhaloganyañ.” (Duteronome 4:6) Bakeresete ba boammaaruri le bone ba tshwanetse go nna le kitso fela jalo. Go tlhokega gore ba nne baithuti ba ba maatlametlo ba Lefoko la Modimo. Fa a ne a bontsha boikaelelo jwa thuto e e ntseng jalo, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “[Ga re khutle] go lo rapèlèla, le go lo lopèla, gore lo kè lo tladiwè ka kicō ea mo e leñ go rata ga gagwè, mo botlhaleñ yotlhe yoa semōea, le mo tlhalogañyoñ, gore lo tsamaeè mo go chwanetseñ Morèna, lo nntse lo kgatlha gotlhe, lo uñwa mo ditihoñ cotlhe tse di molemō, lo totahala mo kicoñ ea Modimo.”—Bakolosa 1:9, 10.

      2. (a) Ke eng se se tlhokegang gore motho a nne le kitso e e tlhomameng kaga Modimo? (b) Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ile sa reng ka kgang eno?

      2Go ithuta ka boikaelelo jwa go nna le kitso e e tlhomameng kaga Modimo le maikaelelo a gagwe go tlhoka gore bogolo motho a bo a na le thuto e potlana. Mme lefa go ntse jalo batho ba le bantsi bao ba ileng ba ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo ba nna mo dinageng tseo kwa go tsone ba nnileng le sebaka se se potlana fela kana ba sa nnang le sone gotlhelele sa gore ba nne le thuto e e lekaneng ya boitshediso. Ba ne ba na le bothata. Go rarabolola bothata jono, Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ne sa kaela ka dingwaga tse dintsi gore, koo go tlhokegang gone, go rulaganngwe gore go nne le dithuto tsa go ithuta go bala le go kwala mo diphuthegong. Dingwaga tse di fetang 30 tse di fetileng, pampiri ya dikgang ya kwa Brazil e go tweng Diário de Mogi e ne ya gatisa setlhogo se se reng “Basupi ba ga Jehofa Ba Lwantsha Go Sa Itse Go Bala le Go Kwala.” E ne ya bolela jaana: “Mokaedi yo o tshwanelegang o simolola go . . . ruta ba bangwe ka bopelotelele go bala le go kwala. . . . Baithuti, ka ntlha ya one maemo a a ba tlhotlheletsang jaaka badihedi ba Modimo, ba tshwanetse ba oketsa kitso e ba nang le yone ya loleme loo gore ba tle ba kgone go neela dipuo.” Batho ba le diketekete mo lefatsheng lotlhe ba ile ba thusiwa ka tsela e e ntseng jalo gore ba kgone go nna baithuti ba ba molemo ba Lefoko la Modimo. Ba ne ba ithuta thuto eno ya motheo ba na le boikaelelo jwa maemo a a kwa godimo.

      Bokgoni Jo Bo Tlhokegang Go Nna Badihedi Ba Ba Nang Le Matswela

      3, 4. (a) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba kgatlhegela thuto? (b) Boemo e ne e le bofe kwa Iseraele, mme ke thuto efe ya motheo eo e tlhokegang mo diphuthegong tsa rona gompieno?

      3 Bakeresete ba boammaaruri ba kgatlhegela thuto, e seng ka gonne ba kgatlhiwa ke yone fela, mme e le gore ba tle ba nne batlhanka ba ga Jehofa ba ba nang le matswela go gaisa. Keresete o ne a roma Bakeresete botlhe gore ba “dihè merahe eotlhe barutwa, . . . [ba] ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse [a di ba] laoletseñ.” (Mathaio 28:19, 20) Gore ba rute ba bangwe, ba tshwanetse gore ba ithute pele bone ka bobone, mme seno se tlhoka mekgwa e e molemo ya go ithuta. Ba tshwanetse gore ba bo ba kgona go tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko. (Ditihō 17:11) Gore ba diragatse thomo ya bone, ba tshwanetse gore gape ba bo ba itse go bala ka thelelo.—Bona Habakuke 2:2; 1 Timotheo 4:13.

      4 Jaaka fa re bone mo setlhogong se se fetileng, go a utlwala go dumela gore, ka kakaretso, le batho ba basha kwa Iseraele wa bogologolo ba ne ba itse go bala le go kwala. (Baatlhodi 8:14, NW; Isaia 10:19) Badihedi ba Bakeresete gompieno ba tshwanetse ba kwala dintlha ka bothakga fa ba ntse ba neela bosupi ntlo le ntlo. Ba kwala makwalo, ba tsaya dintlha kwa dipokanong, le go kwala ditlhaloso mo dibukeng tseo ba ithutang ka tsone. Gotlhe mo go tlhoka mokwalo o o bonalang sentle. Go boloka direkoto mo phuthegong ya Bokeresete go tlhoka bobotlana kitso ya motheo ya dipalo.

      Melemo ya Go Tsena Sekolo Sentle

      5. (a) Lefoko “sekolo” le tswa kae? (b) Basha ba tshwanetse ba sola lobaka lofe molemo?

      5 Ka mo go kgatlhang, lefoko “sekolo” le tswa mo lefokong la Segerika skho·leʹ, leo pele le neng le raya “boikhutso” kana go dirisa nako ya boikhutso go dira tiro nngwe ya botlhokwa, e e tshwanang le go ithuta. Moragonyana le ne la simolola go kaya lefelo leo go ithuta mo go ntseng jalo go neng go direlwa mo go lone. Seno se bontsha gore, ka nako nngwe, setlhopha sa batho ba ba kgonang—kwa Gerika le kwa dinageng tse dingwe tse dintsi—ke sone fela se neng se na le nako ya boikhutso eo ba neng ba ka ithuta ka yone. Ka kakaretso setlhopha sa batho ba ba berekang se ne se sa itse go bala le go kwala. Gompieno, mo dinageng ka bontsi bana le batho ba basha ba fiwa nako ya go ithuta. Kwantle ga pelaelo Basupi ba babotlana ba tshwanetse go sola lobaka molemo gore e nne batlhanka ba ba nang le kitso le ba ba nang le bokgoni ba ga Jehofa.—Baefesia 5:15, 16.

      6, 7. (a) Mengwe ya melemo ya go tsena sekolo ka mo go lekaneng ke efe? (b) Go ithuta puo e e seng ya ga lona go ka thusa ka ditsela dife? (c) Boemo ke bofe gompieno ka basha ba le bantsi fa ba fetsa sekolo?

      6 Kitso ya motheo ya hisitori, geography, saense, jalo le jalo e tla dira gore Basupi ba babotlana ba kgone go nna badihedi ba ba lekalekaneng. Go tsena sekolo ga go ne go ba ruta dithuto tse dintsi fela mme gape go tla ba ruta mokgwa wa go ithuta. Bakeresete ba boammaaruri ga ba tlogele go ithuta fa ba fetsa sekolo. Lefa go ntse jalo, seo go ithuta go tla ba solegelang molemo ka sone se tla laolwa ke gore ba bo ba itse gore go ithutiwa jang. Sekolo sa boitshediso le sa mo phuthegong ka bobedi jwa tsone di ka ba thusa go tlhagolela ditsela tseo ba kgonang go akanya ka tsone. (Diane 5:1, 2, NW) Fa ba bala ba tla kgona go lemoga se se botlhokwa, se se tlhokang gore ba se ele tlhoko le go se tshwara ka tlhogo.

      7 Ka sekai, go ithuta puo e sele ga go ketla go godisa bokgoni jwa go akanya jwa basha fela mme gape go tla dira gore ba tswe phuthego ya ga Jehofa thuso le go gaisa. Mo makaleng mangwe a Mokgatlho wa Watch Tower, bakaulengwe ba babotlana ba le mmalwa ba ile ba go fitlhela go le mosola gore ba bo ba itse go bua kana go kwala Seesemane ka thelelo. Mo godimo ga moo, badihedi botlhe ba Bakeresete ba tshwanetse go leka gore ba bue puo ya bone sentle. Mafoko a a molemo a Bogosi a tlhoka go bolelwa ka phepafalo, ebile e le ka mokgwa o o tshegetsang melao ya thutapuo. Dintlha di bontsha gore gompieno mo lefatsheng, basha ba le bantsi fa ba fetsa sekolo ba a bo ba santse ba na le bothata jwa go kwala le go bua sentle le go dira dipalo tse di motlhofotlhofo; le gone ba itse hisitori le geography go le gonnye fela.

      Thuto E E Lekaneng

      8. Ke dikwalo dife tseo di amang kgang ya thuto ya boitshediso le gore motho a kgone go itshedisa?

      8 Ka jalo, eno e lebega e le nako e e tshwanetseng ya gore re tlhatlhobe boikutlo jwa Mokeresete malebana le thuto ya boitshediso. Ke melaometheo efe ya Bibela e e amanang le kgang eno? Lantlha, mo dinageng di le dintsi go ineela kafa tlase ga “Kaesare” ka tshwanelo go tlhoka gore Bakeresete ba tsenye bana ba bone sekolo. (Mareko 12:17; Tito 3:1) Fa e le ka Basupi ba basha, fa ba dira tiro ya bone ya sekolo ba tshwanetse ba gakologelwa Bakolosa 3:23, eo e reng: “Leha e ka bo e le eñ se lo se dihañ, lo se dihè ka pelo eotlhe, yaka e ka bo e le go dihèla Morèna, e señ batho.” Molaomotheo wa bobedi o o akarediwang ke wa gore Bakeresete ba tshwanetse gore ba kgone go itshedisa, lefa e le badihedi ba babulatsela ba nako e e tletseng. (2 Bathesalonia 3:10-12) Fa monna a nyetse, o tshwanetse gore a kgone go tlhokomela mosadi wa gagwe sentle mmogo le bana bape ba ba ka tsholwang, a na le madinyana a mangwe kwa thoko ao a ka a fang ba ba tlhokang le go tshegetsa tiro ya go rera mo lefelong la ga bone le mo lefatsheng lotlhe.—Baefesia 4:28; 1 Timotheo 5:8.

      9, 10. (a) Ke eng se go lebegang se tlwaelegile mo dinageng di le dintsi? (b) Ke eng seo modihedi wa mmulatsela a ka se lebang e le tuelo e e lekaneng ya kgwedi?

      9 Mokeresete yo mosha o tlhoka thuto e e kana kang gore a kgone go tlotla melaometheo eno ya Bibela le go diragatsa dilo tseo a tlamegang go di dira jaaka Mokeresete? Seno se a farologana go ya ka dinaga. Lefa go ntse jalo, ka kakaretso go lebega gore mo dinageng di le dintsi gantsi thuto eo e tlhokegang gore motho a amogele dituelo tse di kgotsofatsang tsa kgwedi e feta ya mo dingwageng di sekae tse di fetileng. Dipego tse di amogetsweng kwa makaleng a Mokgatlho wa Watch Tower mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe di bontsha gore mo mafelong a le mantsi go bokete go bona ditiro tse di nang le dituelo tse di kgotsofatsang tsa kgwedi morago ga go bona thuto e potlana fela ya sekolo e e batliwang ke molao kana mo dinageng tse dingwe lefa motho a feditse sekolo se segolwane.

      10 Go tewa eng fa go twe “dituelo tse di kgotsofatsang tsa kgwedi” (decent wages)? Ga go tewe ditiro tse di duelang madi a mantsintsi. Webster’s Dictionary e tlhalosa gore lefoko “decent” fa le dirisiwa ka tsela eno le kaya “se se lekaneng, se se kgotsofatsang.” Ka sekai ke eng se go ka tweng se “lekane” mo go bao ba batlang go nna badihedi ba babulatsela ba mafoko a a molemo? Ka kakaretso batho ba ba ntseng jalo ba tlhoka tiro ya nakwana gore ba tile go rwesa bakaulengwe ba bone kana ba malapa a bone “morwalo o o boima.” (1 Bathesalonia 2:9, NW) Go ka twe dituelo tsa bone di “lekane,” kana di a “kgotsofatsa,” fa e le gore seo ba se amogelang se ba letla gore ba tshele sentle mme se ba tlogelela nako le nonofo tse di lekaneng go diragatsa bodihedi jwa bone jwa Bokeresete.

      11. Ke ka ntlha yang fa basha bangwe ba ile ba tlogela tirelo ya bobulatsela, mme go bodiwa potso efe?

      11 Gantsi seemo se nna jang gompieno? Go begilwe gore mo dinageng dingwe basha ba le bantsi ba ba neng ba na le maikaelelo a mantle ba ile ba tlogela sekolo ba sena go fetsa bobotlana jwa thuto jo bo batliwang go tswa foo ba bo ba ya go nna babulatsela. Ba ne ba sa itse tiro epe ya diatla ebile ba sena ditshwanelego dipe tsa tiro ya boitshediso. Fa ba ne ba sa thusiwe ke batsadi ba bone, ba ne ba tshwanelwa ke go batla tiro ya nakwana. Bangwe ba ile ba tshwanelwa ke gore ba amogele ditiro tseo di neng di ba tlhoka gore ba bereke diura tse di teleletelele gore ba kgone go nna le madi a a lekaneng. Ereka ba ne ba lapa thata mo mmeleng, ba ne ba tlogela bodihedi jwa bobulatsela. Basha ba ba ntseng jalo ba ka dira eng gore ba itshedise ba bo ba boele mo tirelong ya bobulatsela?

      Pono E E Lekalekaneng Kaga Thuto

      12. (a) Ke dipono dife tse pedi tse di feteletseng tse di malebana le thuto tseo Mokeresete a tshwanetseng go di tila? (b) Mo batlhankeng ba ba ineetseng ba ga Jehofa le mo baneng ba bone, thuto e tshwanetse ya direlwa boikaelelo bofe?

      12 Go nna le pono e e lekalekaneng kaga thuto go ka thusa. Mo basheng ba le bantsi ba lefatshe, thuto ke sesupo sa maemo, sengwe se se ba thusang gore ba amogelwe ke batho, sengwe se se dirang gore ba tshele botshelo jwa manobonobo jwa go nna le dilo tse di bonalang. Mo go ba bangwe, sekolo ke sengwe se motho a tshwanetseng go se tsena a bo a se fetse ka bonako jo bo ka kgonegang. Ga go epe ya dipono tseno eo e tshwanetseng Bakeresete ba boammaaruri. Jaanong ke eng se go ka tweng ke “pono e e lekalekaneng”? Bakeresete ba tshwanetse ba leba thuto jaaka thuso e ba fitlhelelang sengwe ka yone. Mo malatsing ano a bofelo, boikaelelo jwa bone ke gore ba direle Jehofa thata ebile e le ka mo go nang le matswela ka mo go ka kgonegang ka gone. Fa e le gore mo nageng e ba nnang mo go yone, thuto e potlana ya kwa sekolong, kana le eleng thuto e e kwa godimo e tla ba neela ditiro tse di duelang madi a a sa lekanang gore ba itshedise jaaka babulatsela, he go ka nna ga akanyediwa thuto kana thapiso e e oketsegileng. Seno se tla bo se dirwa ka mokgele o o kgethegileng wa tirelo ya nako e e tletseng.

      13. (a) Kgaitsadi mongwe kwa Philippines o ile a kgona jang gore a tswelele pele a le mo tirelong ya bobulatsela mme a ntse a diragatsa dilo tseo a tlamegang go di dira mo lelapeng? (b) Ke tlhagiso efe e e mo nakong?

      13 Bangwe ba ile ba tsena dikolo tsa thapiso tseo di ileng tsa dira gore ba kgone go bona ditiro tseo di ba letlang gore ba tsenele tirelo ya nako e e tletseng kana ba boele mo go yone. Kgaitsadi mongwe kwa Philippines e ne e le ene a tlamelang lelapa la gagabo, mme lefa go ntse jalo o ne a batla go bula tsela. Lekala la koo le bega jaana: “O ile a kgona go dira seno ka gonne o ile a nna le thuto e e oketsegileng gore a tshwanelege go nna mmalamatlotlo yo o nang le lokwalo lwa puso.” Pego yone eo ya lekala e ne ya bolela jaana: “Re na le batho ba le bantsinyana bao ba tsenang sekolo mme ba ntse ba kgona go rulaganya gore ba bule tsela. Ka kakaretso ba nna baboledi ba ba botoka ereka ba rata go ithuta, fa fela e le gore ga ba simolole go batla dilo tsa lefatshe mo go feteletseng.” Kakgelo ya bofelo e tshwanetse ya re dira gore re akanye. Fa go lebega go tlhokega gore go nniwe le thuto e e oketsegileng, boikaelelo jwa yone ga bo a tshwanela go lebalwa kana jwa fetoga go nna mokgele wa dilo tse di bonalang.

      14, 15. (a) Ke ka ntlha yang fa go sa tshwanela gore go tlhongwe melao e e gagametseng malebana le thuto? (b) Bakaulengwe bangwe ba ba nang le boikarabelo ba ile ba amogela thuto e e kana kang ya boitshediso, mme ke eng seo se ileng sa emisetsa seno?

      14 Mo dinageng di se kae, dikolo tse dikgolwane di neela thapiso ya tiro ya diatla eo e ka baakanyetsang mosha wa Mokeresete gore a kgone go bona tiro nngwe ya diatla fa a fetsa sekolo. Lefa e le gore ga go a nna jalo, mo dinageng dingwe basha ba ba dinatla ba ba nang le thuto ya sekolo ya motheo fela ba bona tiro ya nakwana e e dirang gore ba kgone go amogela madi a a lekaneng gore ba bule tsela. Ka jalo ga go a tshwanela go dirwa melao e e gagametseng ya gore go nniwe le thuto e e oketsegileng kana go se ka ga nniwa le yone.

      15 Batho ba le bantsi bao mo nakong eno ba direlang mo maemong a a nang le boikarabelo jaaka balebedi ba ba etang, kwa ntlongkgolo ya Mokgatlho, kana mo go lengwe la makala ba nnile le thuto ya motheo fela. Ba ne ba nna babulatsela ba ba ikanyegang, ba se ka le ka motlha ba emisa go ithuta, ba thapisiwa, mme ba neetswe maikarabelo a magolwane. Ga ba ikwatlhaele ditshwetso tseo ba di dirileng. Kafa letlhakoreng le lengwe, bangwe ba bankanaabone ba ne ba tlhopha go ya unibesithing mme ba wa semoyeng, ba laolwa ke dithuto tse di senyang tumelo le “botlhale yoa lehatshe yeno.”—1 Bakorintha 1:19-21; 3:19, 20; Bakolosa 2:8.

      Go Sekaseka Ditlamorago

      16. (a) Ke mang yo o dirang tshwetso ya gore a thuto e e oketsegileng e a tlhokega, mme ke eng se se tshwanetseng go nna se ntse se gakologetswe ka dinako tsotlhe? (b) Ke eng se se tshwanetseng go akanyediwa?

      16 Ke mang yo o dirang tshwetso ya gore a Mokeresete yo mosha o tshwanetse go bona thuto kana thapiso e e oketsegileng? Molaomotheo wa Bibela wa botlhogo o a dira fano. (1 Bakorintha 11:3; Baefesia 6:1) Mo motheong ono kwantle ga pelaelo batsadi ba tla batla go kaela bana ba bone go tlhopha tiro ya diatla kana tiro epe fela mme ka jalo le selekanyo sa thuto eo e tla tlhokegang. Mo dinageng di le dintsi motho o tshwanetse go tlhopha a santse a le mo sekolong se segolwane gore o tla tsaya thuto efe le gore o tla dira tiro efe. Eo ke yone nako e batsadi le basha ba Bakeresete ba tlhokang go batla kaelo ya ga Jehofa go dira tshwetso e e botlhale, ba akantse thata ka dilo tse di direlwang Bogosi. Batho ba basha ba na le ditshekamelo tse di farologaneng le bokgoni jo bo farologaneng. Batsadi ba ba botlhale ba tla akanyetsa dilo tseno. Tiro nngwe le nngwe e e dirwang ka boikanyegi e a tlotlega, e ka tswa e le tiro ya diatla kana ya ofisi. Lefa lefatshe le ka tswa le tseela tiro ya ofisi kwa godimo mme le tseela kwa tlase go dira ka natla ka diatla tsa gago, kwantle ga pelaelo Bibela ga e dire jalo. (Ditihō 18:3) Ka jalo fa batsadi le basha ba Bakeresete gompieno, morago ga go tlhatlhoba melemo le masula ka kelotlhoko le ka thapelo, ba dira tshwetso ya go tswelela le dithuto morago ga sekolo se segolwane kana go sa dire jalo, ba bangwe mo phuthegong ga ba a tshwanela go ba tshwaya phoso.

      17. Batsadi bangwe ba Basupi ba direla bana ba bone tshwetso efe?

      17 Fa batsadi ba Bakeresete ba dira tshwetso ya gore ba neele bana ba bone thuto e e oketsegileng morago ga sekolo se segolwane, ba na le tshwanelo ya gore ba dire jalo. Lobaka lo thuto eno e lo tsayang lo ka farologana go ya ka mofuta wa tiro ya diatla kana tiro epe e go tlhophilweng gore e tla dirwa. Ka ntlha ya mabaka a tsa itsholelo le gore bana ba bone ba kgone go tsenela tirelo ya nako e e tletseng ka bofefo ka mo go ka kgonegang ka gone, batsadi ba le bantsi ba Bakeresete ba ile ba ba tlhophela dithulaganyo tsa nako e khutshwane ya go ithuta kwa dikolong tsa tiro ya diatla kana tsa bothekiniki. Fa gongwe go ile ga tlhokega gore basha ba thapisiwe ba ntse ba dira mo tirong nngwe ya diatla mme lefa go ntse jalo ka metlha ba dira jalo ba na le mokgele wa go direla Jehofa botshelo jwa bone jotlhe.

      18. Fa go tswelelwa le dithuto tse dingwe, ke eng se se tshwanetseng go gakologelwa?

      18 Fa go tsewa dithuto tse di oketsegileng, kwantle ga pelaelo boikaelelo ga e a tshwanela go nna go gaisa batho botlhe mo go tsa sekolo kana go leka go fitlhelela tiro ya lefatshe ya botshelo jotlhe ya maemo a a kwa godimo. Dithuto di tshwanetse tsa tlhophiwa ka kelotlhoko. Makasine ono o gateletse kafa dithuto tse di kwa godimo di ka nnang kotsi ka gone, mme seo se a tshwanela ka gonne bontsi jwa dithuto tse di kwa godimo di kgatlhanong le “thutō e e itekanetseñ” ya Bibela. (Tito 2:1; 1 Timotheo 6:20, 21) Mo godimo ga moo, fa e sale ka bo 1960, dikolo di le dintsi tsa thuto e e kwa godimo di ile tsa fetoga madirelo a go sa utlwe molao le boitsholo jo bo sa siamang. “Motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” o ile a kgala go tsena mo tikologong e e ntseng jalo fela thata. (Mathaio 24:12, 45) Lefa go ntse jalo, gone go tshwanetse ga dumelwa gore mo malatsing ano basha ba kopana le tsone dikotsi tseno kwa dikolong tse dikgolwane le kwa dikholetšheng tsa bothekiniki le eleng kwa tirong tota.—1 Yohane 5:19.a

      19. (a) Bao ba dirang tshwetso ya go tsaya dithuto tse di oketsegileng ba tshwanetse ba tsaya dikgato dife tsa go itlhokomela? (b) Bangwe ba dirisitse thuto ya bone jang gore e ba solegele molemo?

      19 Fa go ka dirwa tshwetso ya go tswelela le dithuto tse di oketsegileng, Mosupi yo mmotlana o tla bo a dira sentle, fa e le gore go ka kgonega, gore a ithute a ntse a nna kwa gae, gore a kgone go tswelela pele le dithuto tsa Bokeresete jaaka a tlwaetse, a nne gone kwa dipokanong, a bo a dire tiro ya go rera. Go tswa kwa tshimologong o tshwanetse a tsaya boemo jo bo tshwanetseng ka melaometheo ya Bibela. Go tshwanetse ga gakologelwa gore Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo tsa Bahebera e ne e le ditshwarwa kwa motseng o ba neng ba gapetswe kwa go one fa ba ne ba patelediwa gore ba tseye dithuto tse di kwa godimo kwa Babelona, mme lefa go ntse jalo ba ne ba tswelela pele ba bolokile bothokgami jwa bone ka metlha. (Daniele, kgaolo 1) Le mororo ba baya dilo tsa semoya kwa pele, Basupi ba basha mo dinageng di le mmalwa ba ile ba dira dithuto dingwe gore di ba thuse go bona ditiro tsa nakwana tse di tshwanang le go bala matlotlo, go dira tiro ya diatla, go ruta, go ranola, go tlhalosa ka puo e nngwe fa motho a bua, kana ditiro tse dingwe tseo di ileng tsa ba tlamela ka mo go lekaneng mo tirong ya bone ya konokono ya botshelo jotlhe ya go bula tsela. (Mathaio 6:33) Basha bano ba le mmalwa e ne ya re morago ba nna balebedi ba ba etang kana baithaopi ba kwa Bethele.

      Batho Ba Ba Utlwanang, Ba Ba Rutegileng

      20. Ke pharologanyo efe e lefatshe le e dirang eo e seyong mo bathong ba ga Jehofa?

      20 Mo bathong ba ga Jehofa, lefa tiro ya motho e le ya mo ofising, tiro ya diatla, ya go lema, kana ya go direla batho ditiro dingwe, botlhe ba tlhoka go nna baithuti ba ba molemo ba Bibela ebile e le barutisi ba ba kgonang. Bokgoni jo botlhe ba nnang najo mo go baleng, mo go ithuteng, le mo go ruteng gantsi bo fedisa pharologanyo eo lefatshe le e dirang fa gare ga badiri ba ba dirang ka diatla le ba ba dirang mo ofising. Seno se felela ka gore go nne le kutlwano le go tlotlana tseo di bonwang thata mo badiring ba ba ithaopileng ba ba direlang kwa magaeng a Bethele le kwa mafelong a a agiwang a Mokgatlho wa Watch Tower, koo dinonofo tsa semoya e leng tsone tsa botlhokwatlhokwa mme di batliwa mo go botlhe. Fano, badiri ba ba nang le boitemogelo ba ofisi ba bereka mmogo ka boitumelo le badiri ba ba nang le bokgoni ba ba dirang ka diatla, botlhe ba bontshana lorato le kanaanelo.—Yohane 13:34, 35; Bafilipi 2:1-4.

      21. Maikaelelo a Bakeresete ba basha e tshwanetse ya nna afe?

      21 Batsadi, kaelang bana ba lona kwa mokgeleng wa gore e nne maloko a a nang le mosola a mokgatlho wa lefatshe le lesha! Bakeresete ba basha, dirisang sebaka se lo nang naso tsa go ithuta gore lo tle lo kgone go tshwarelela ka botlalo go gaisa mo ditshiamelong tse lo nang natso tsa go direla Jehofa! Jaaka ba ba rutilweng, ekete lotlhe lo ka itshupa lo le maloko a a tlhomeletseng sentle a mokgatlho wa bolegodimo jaanong le ka bosakhutleng mo ‘lefatsheng le lesha’ le Modimo o le solofeditseng.—2 Petere 3:13; Isaia 50:4; 54:13; 1 Bakorintha 2:13.

      [Ntlha e e kwa tlase]

      a Bona gape le The Watchtower ya September 1, 1975, ditsebe 542-4.

      Iteke Gore O Gakologelwa Go Le Kana Kang

      ◻ Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba kgatlhegela thuto?

      ◻ Bakeresete ba boammaaruri ba tla tila dipono dife tse di feteletseng kaga thuto?

      ◻ Ke dikotsi dife tsa thuto e e oketsegileng tseo di tshwanetseng tsa akanyediwa, mme go tshwanetse ga tsewa dikgato dife go itlhokomela?

      ◻ Ke pharologanyo efe e e dirwang ke lefatshe e e seyong mo bathong ba ga Jehofa?

      [Setshwantsho mo go tsebe 16]

      Ka go ithuta thata, Bakeresete ba basha ba ka nna maloko a a nang le mosola go gaisa a mokgatlho wa lefatshe le lesha

      [Setshwantsho mo go tsebe 19]

      Fa go tlhophiwa go tswelela le dithuto, seno se tshwanetse sa tlhotlhelediwa ke keletso ya go batla go direla Jehofa botoka

  • Monna Yo O Rutegileng
    Tora ya Tebelo—1992 | November 1
    • Monna Yo O Rutegileng

      “BA GA echo, a lo ko lo lebeñ go bidiwa ga lona, yaka go se bantsi ba ba botlhale kaha nameñ, go se bantsi ba ba nonohileñ, go se bantsi ba ba tlotlègañ, ba ba bidicweñ.” (1 Bakorintha 1:26) Go na le kotsi e e nnang gone fa motho a nwelelela thata mo botlhaleng jwa selefatshe kana a nna le maemo a a kwa godimo mo setšhabeng, fela jaaka mafoko ano a bontsha. Dilo tse di ntseng jalo di ka kgoreletsa motho gore a amogele mafoko a a molemo.—Diane 16:5; Mareko 10:25.

      Lefa go le jalo, mo motlheng wa ga Paulo bangwe ba bao ba neng ba le botlhale kafa nameng ba ne ba amogela boammaaruri, mme mongwe wa bano e ne e le Paulo ka namana. Paulo e ne e le moreri yo o matlhagatlhaga, o ne a rutegile sentle ebile go lebega a ne a tswa mo lelapeng la maemo a a kwa godimo. Ka gone o ne a bontsha gore batho ba ba atlanegetsweng ke dilo mo lefatsheng leno ba ka kgona go direla Jehofa fa fela ba le dipelodintle. Ba ka kgona le e leng go dirisa dikgono tsa bone tsa boitshediso mo tirelong ya ga Jehofa.—Luke 16:9.

      Motho wa kwa Tareso

      Paulo o ne a tsalelwa kwa Tareso, “motse o o señ mmōtlana,” jaaka a ne a o tlhalosa moragonyana. (Ditihō 21:39) Gongwe ke gone koo a neng a ithuta dipuo gone—segolobogolo kitso ya puo ya Segerika—eo e neng ya mo solegela molemo thata mo tirong ya gagwe ya borongwa. Botshelo jwa kwa Tareso bo ka ne bo ile jwa dira gore Paulo a se tlwaelane fela le ditsela tsa Sejuda mme gape a tlwaelane le ngwao ya Baditšhaba, e le boitemogelo jo a neng a bo dirisa mo dingwageng tse di neng tsa latela moragonyana e le moaposetoloi mo merafeng. O ne a itse tsela e a ka ba tlhalosetsang boammaaruri ka yone e le gore ba kgone go tlhaloganya. (1 Bakorintha 9:21) Ka sekai, akanya ka puo ya gagwe e a neng a e neela Baathena e e kwadilweng mo go Ditihō kgaolo 17. Mo go yone, o ne a kopanya ka botswerere ditshupiso tsa bodumedi jwa Baathena le e leng tsopolo nngwe e e neng e tswa go nngwe ya maboko a bone mme a di gokaganya le puo ya gagwe ya boammaaruri.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela