LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Lo Nne Lo Agelelane
    Tora ya Tebelo—1992 | August 15
    • jaaka Petere a boletse, ke gore, ba se ka ba ‘rena mo go bao e leng ba Modimo.’ (1 Petere 5:2, 3, NW) Fa ba ntse ba dira tiro eno ya bone e e lorato, go ka nna ga tsoga dipotso mo dikgannyeng tse mo go tsone motho a ratang se yo mongwe a sa se rateng. Gongwe go tlwaelegile mo lefelong leo gore motho a eme ka dinao fa a bala dirapa mo Thutong ya Tora ya Tebelo. Dithulaganyo tsa ditlhopha tsa tshimo le dilo tse dingwe tse dintsi tse di amang bodihedi di ka nna tsa dirwa ka mokgwa o o tlwaetsweng mo lefelong leo. Lefa go ntse jalo a go ne go ka tsosa tlhakatlhakano e e tla utlwisang ba bangwe botlhoko fa mongwe a ne a dira ka tsela e e farologaneng go le gonnye fela? Balebedi ba ba lorato ba eletsa gore “dilō cotlhe di dihwè sentlè hèla, le ka thulaganyō,” polelwana e e neng ya bolelwa ke Paulo fa a ne a bua ka dineo tsa go dira dikgakgamatso. Mme lefa go ntse jalo ditemana tse di bapileng le tseno di bontsha gore Paulo o ne a bolela thata kaga go ‘agelela phuthego.’ (1 Bakorintha 14:12, 40) Ga a ka a itshupa a rata thata go tlhoma melao e mentsi e e sa feleng, jaaka ekete se a neng a se batla thata e ne e le gore dilo di dirwe gotlhe fela ka go tshwana kana ka matsetseleko. O ne a kwala jaana: ‘Morena o re neetse [thata] ya go le agelela eseng go le rutlolola.’—2 Bakorintha 10:8.

      23. Ke ditsela dife tse dingwe tse re ka etsang sekao sa ga Paulo sa go agelela ba bangwe ka tsone?

      23 Ga go na pelaelo gore Paulo o ne a agelela ba bangwe ka go bua dilo tse di siameng le tse di kgothatsang. Go na le gore a tsalane fela le ditsala di sekae, o ne a dira maiteko a magolo go etela bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi, ba ba nonofileng semoyeng mmogo le bao ba neng ba tlhoka thata gore ba agelelwe. Mme o ne a gatelela thata lorato—go na le go tlhoma melao—ka go bo “loratō loa agèlèla.”—1 Bakorintha 8:1.

  • Itumelele Melemo ya Dikokoano tsa go Itlosa Bodutu le Ditsala, Tila Dirai tsa Gone
    Tora ya Tebelo—1992 | August 15
    • Itumelele Melemo ya Dikokoano tsa go Itlosa Bodutu le Ditsala, Tila Dirai tsa Gone

      “Ga go na sepè se se molemō mo mothuñ bogolo go go ya, le go nwa, le go yesa mōea oa gagwè molemō mo letsapeñ ya gagwè.”—MORERI 2:24.

      1. Tsela e Modimo o kaelang batho ka yone e ba thusa ka ditsela dife fa go tla mo boitlosobodutung?

      KAELO ya ga Jehofa e dira gore batlhanka ba gagwe ba bone melemo e mentsi. Re kgona go bona seno fa go tla mo karolong ya boitlosobodutu. Kaelo ya gagwe e thusa Bakeresete gore ba tile go nna le dikgopolo tse di feteletseng. Batho bangwe ba bodumedi bao ba ganelelang mo go reng motho a itlhokomele thatathata mo moaparong le mo boitshwarong, ba leba sepe fela se se jesang monate e le boleo. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba bantsi ba latelela menate le eleng lefa e thulana le melao le melaometheo ya ga Jehofa.—Baroma 1:24-27; 13:13, 14; Baefesia 4:17-19.

      2. Ke eng se se neng sa supa go sale gale kafa Modimo o lebang boitlosobodutu ka teng?

      2 Lefa go ntse jalo, go ntse jang ka batho ba Modimo? Bontsi jwa bao ba simololang go ithuta Bibela ba gakgamadiwa ke go itse gore Modimo tota o bopile batho ba kgona go itumelela botshelo. O ne a naya batsadi ba rona ba ntlha tiro go e dira—mme eseng seomodiro se se lapisang pelo seo e leng botshelo jwa batho ba bantsi ba ba sa itekanelang. (Genesise 1:28-30) Akanya ditsela tse dintsi tse di siametseng mmele tseo botlhe ba ba tshelang mo lefatsheng la paradaise ba ka di itumelelang. Akanya fela kafa ba tla itumelang ka teng go leba diphologolo tse di tlhaga tseo di tla bong di sa ba tshosetse ka gope le tse di farologaneng tsa mo gae tse di ka nnang karolo ya botshelo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi! Mme abo “setlhare señwe le señwe se se kgatlhañ mo matlhoñ, le se se molemō go jewa” se tla ba naya dijo jang ne!—Genesise 2:9; Moreri 2:24.

      3-5. (a) Boikaelelo jwa go itlosa bodutu ke bofe? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Modimo ga o a ka wa kganela Baiseraele gore ba je monate ka go dira dilo dingwe?

      3 Totatota, ditiro tse di ntseng jalo, di ka lejwa jaaka boitlosobodutu, joo bo tla bong boikaelelo jwa jone jwa mo Paradaiseng bo tla tshwanang fela le jwa jaanong: go lapolosa le go nonotsha maatla gape gore motho a kgone go dira ditiro tse di mosola. Go molemo thata fa e le gore boitlosobodutu bo fitlhelela dilo tseno. A seo se raya gore baobamedi ba boammaaruri ba ka dira gore ba nne le nako ya go itlosa bodutu mo matshelong a bone le eleng lefa ba ise ba tshele mo Paradaiseng? Ee. Insight on the Scriptures e bolela jaana kaga go itlosa bodutu ga batho ba ga Jehofa ba bogologolo:

      4 “Rekoto ya Bibela ga e tlotlomatse thata dilo tse Baiseraele ba neng ba itlosa bodutu ka tsone kana ba di dira fa ba feditse tiro ya bone. Lefa go ntse jalo, e bontsha gore di tshwanetse go lejwa di siame ebile di eletsega fa di dirwa go dumalana le melaometheo ya bodumedi ya morafe oo. Ditsela tse dikgolo tse go neng go itshidilwa mmele ka tsone e ne e le ka go tshameka diletswa tsa mmino, go opela, go bina, go tlotla, mmogo le metshameko e mengwe. Go tlhaba dithamalakane le go botsa dipotso tse di bokete go ne go tseelwa kwa godimo thata.—Baatlh. 14:12.”—Bolumo 1, tsebe 102.

      5 Fa Dafide a ne a tla a fentse, basadi ba Bahebera ba ne ba letsa meropana le ditinkane fa ba ntse ba keteka (ka Sehebera, sa·chaqʹ) jalo. (1 Samuele 18:6, 7) Lefoko leo la Sehebera totatota le kaya go “tshega,” ebile dithanolo tse dingwe di bolela kaga “basadi ba ba neng ba itumetse.” (Byington, Rotherham, The New English Bible) Fa Letlole le ne le fudusiwa, “Dafide le ba ntlo ea Iseraela botlhe ba [keteka, NW] ha pele ga Yehofa ka dileco diñwe le diñwe.” Mikale, mosadi wa ga Dafide, o ne a sa bone seno se siame, ka go bo o ne a le kgatlhanong le gore Dafide a nne le seabe mo ditirong tseo tsa go itlosa bodutu. (2 Samuele 6:5, 14-20) Modimo o ne o boleletse pele gore ba ba neng ba tla boa kwa botsharwa kwa Babelona ba ne ba tla dira ditiro tse di tshwanang tse di tlatsang boitumelo.—Yeremia 30:18, 19; 31:4; bapisa Pesalema 126:2.

      6. Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di re thusa jang mabapi le kafa re lebang boitlosobodutu ka teng?

      6 Le rona re tshwanetse go dira gore re nne le pono e e lekalekaneng ka boitlosobodutu. Ka sekai, a re a lemoga gore Jesu e ne e se motho yo o itimang dilo ka go feteletsa ka ntlha ya bodumedi? O ne a na le nako ya go ja dijo tse di lapolosang, jaaka fa Lefi a ne a dirile “modihō o mogolo.” Mme ka nako ya fa bao ba neng ba iteba ba siame thata ba ne ba kgala Jesu ka go bo a ja le go nwa, Jesu o ne a se ka a dumalana le dikgopolo tsa bone le ditsela tsa bone. (Luke 5:29-31; 7:33-36) Gakologelwa gape gore o ne a ya kwa lenyalong a bo a natetsha moletlo. (Yohane 2:1-10) Morwarraagwe Jesu wa ga mmaagwe ebong Jude o bolela gore Bakeresete ba ne ba na le ‘mediro ya dithato,’ go lebega e ne e le koo batho ba ba tlhokang ba neng ba kgona go ja le go itumelela go nna le ditsala, go iketlilwe.—Yude 12.

      Nako le Boemo jo Dikokoano tsa go Itlosa Bodutu le Ditsala Di Tshwanetseng tsa Bo Tsaya

      7. Lefoko la Modimo le kgothaletsa go lekalekanya dilo jang fa go tla mo boitlosobodutung?

      7 Moreri 10:19 e bolela sentle gore “modihō o dihèlwa ditshègō, le boyalwa yoa mofine bo itumedisa botshelō.” Seno ga se utlwale ekete boitlosobodutu bo ne bo le phoso kana bo sa siama, a ga go jalo? Lefa go ntse jalo yone buka eo e bolela jaana: “Señwe le señwe se na le motlha oa shōna, . . . motlha oa go lela, le motlha oa go tshèga; motlha oa go hutsahala, le motlha oa go bina.” (Moreri 3:1, 4) Ee, le mororo Bibela e sa kgale boitlosobodutu jo bo siameng, e a re tlhagisa. Nngwe ya tsone e re gakolola ka gore dikokoano tsa go itlosa bodutu le ditsala di laolwe di nne le nako e e tshwanetseng ebile di dirwe ka selekanyo se se tshwanetseng. Gape e re tlhagisa ka dikotsi tsa yone tse di fitlhegileng tseo di diragalang nako le nako kwa dikokoanong tse dikgolo tsa ditsala.—2 Timotheo 3:4.

      8, 9. Ke ka ntlha yang fa nako e re tshelang mo go yone mmogo le tiro e re e filweng ke Modimo di ama tsela e re itlosang bodutu ka yone?

      8 Re ne ra lemoga gore Bajuda ba ba neng ba boa go tswa kwa Babelona—bao ba neng ba na le tiro e ntsi go e dira—ba ne ba tla itapolosa ka boitumelo. Lefa go ntse jalo, Jeremia o ne a boletse pele ga foo gore o ne a ka se ka a ‘dula mo phuthegong ya ba ba dirang mokete, ebile a ka se ka a duduetsa.’ (Yeremia 15:17) O ne a romilwe ke Modimo gore a bolele molaetsa wa kotlhao e e neng e tla, ka jalo eo e ne e se nako e e tshwanetseng gore a ka dira mokete.

      9 Bakeresete gompieno ba romilwe go bolela molaetsa wa Modimo o o nayang tsholofelo mmogo le go bolela dikatlholo kgatlhanong le tsamaiso e e boikepo ya ga Satane. (Isaia 61:1-3; Ditihō 17:30, 31) Ka gone go tshwanetse ga bonala sentle gore ga re a tshwanela go letla boitlosobodutu go nna selo se segolo mo matshelong a rona. Re ka tshwantsha ntlha eno ka letswainyana kana seloki sengwe se se kgethegileng seo se natetshang dijo. A o ne o tla tshela seloki se se natetshang seno se le sentsi mo se fekeetsang tatso ya dijo? Nnyaa ruri. Go dumalana le mafoko a ga Jesu a a mo go Yohane 4:34 le Mathaio 6:33, re tshwanetse go amega thata kaga dijo tse e leng tsa rona eleng go dira thato ya Modimo. Ka jalo go itshidila mmele go tshwanetse ga nna jaaka seloki. Go tshwanetse ga lapolosa le go natetsha, eseng go re lapisa kana go re fekeetsa.

      10. Ke ka ntlha yang fa rotlhe re tlhoka go tlhatlhoba gape gore re senya nako e e kana kang mo boitlosobodutung?

      10 Lefa go ntse jalo ema o akanye: A batho ba bantsi ga ba kitla ba bolela gore nako le matsapa tseo ba di tseelang boitlosobodutu di lekanetse fela? Fa ba ne ba ikutlwa ka tsela e e farologaneng ba tshwanetse ba bo ba ne ba fetola. A seno ga se akantshe gore mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ema mme a itlhatlhobe ka bomasisi, a tlhoafetse go bona gore totatota boitlosobodutu bo tsaya maemo afe mo botshelong jwa gagwe? A bo ile ka bonya ka bonya jwa nna selo se segolo mo go rona? Ka sekai, a fela fa re tsena mo lapeng re setse re tobetsa thelebishene re sa itemoge? A re na le mokgwa wa go tlogelela boitlosobodutu nako e ntsi beke le beke, jaaka maitseboa mangwe le mangwe a Labotlhano kana a Matlhatso? A re ne re tla ikutlwa re swaba fa nako eo e ne e ka tla mme re le kwa gae re sa rulaganya go ya go itshidila mmele ka tsela epe? Dipotso tse dingwe gape tse pedi ke tseno: Letsatsi morago ga kokoano nngwe, a re fitlhela e le gore re itisitse go fitlha bosigo thata kana re tsamaile sekgala se seleele thata mo re lapileng, kana re sena maatla a go nna le seabe mo bodiheding jwa Bokeresete kana re sa kgone go dira sentle kwa tirong? Fa e le gore boitlosobodutu jwa rona nako le nako kana kgapetsakgapetsa bo felela jalo, a tota bo tshwanetse ebile a bo siame?—Bapisa Diane 26:17-19.

      11. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore re tlhatlhobe gape mofuta wa boitlosobodutu jwa rona?

      11 Go ka nna molemo gape go sekaseka le one mofuta wa boitlosobodutu jwa rona. Lebaka la go bo re le batlhanka ba Modimo ga le tlhomamise gore boitlosobodutu jwa rona bo a tshwanela. Ela tlhoko selo seno seo moaposetoloi Petere a neng a se kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng: “Gonne lobaka lo lo hetileñ lo chwanetse go bo ne ne lo lekanye loa go diha keleco ea Badichaba, le loa go tsamaea mo bopepeñ, le mo dithatoñ, le mo go nweñ boyalwa, le mo ditlhapeloñ, le mo ditagoñ, le mo ditiheloñ tse di makgapha tsa medimo ea disètwa.” (1 Petere 4:3) O ne a sa ba supe ka monwana, jaaka go ne go ka tualo, a latofatsa bakaulengwe ba gagwe gore ba ne ba dira dilo tse di dirwang ke batho ba lefatshe. Lefa go ntse jalo, Bakeresete (ba nako eo le ba jaanong) ba ne ba tshwanetse go ntsha matlho dinameng gonne motho a ka wela mo boitlosobodutung jo bo gobatsang motlhofo fela.—1 Petere 1:2; 2:1; 4:7; 2 Petere 2:13.

      Ntsha Matlho Dinameng Gore O Se Ka wa Wela mo Diraing

      12. Ke serai sa mofuta ofe seo 1 Petere 4:3 e buang thata ka sone?

      12 Ke mofuta ofe wa serai o re tshwanetseng go ntsha matlho dinameng gore re se ka ra wela mo go one? Aitsane, Petere o ne a umaka ‘go nwa bojalwa, ditlhapelo, le ditago.’ Mmegi mongwe wa dikgang tsa thelebishene wa Mojeremane o ne a tlhalosa gore mafoko a Segerika a a dirisitsweng “thata a ne a kaya go nwa le ditsala kwa moletlong.” Porofesa mongwe wa kwa Switzerland o ne a kwala ka gore ditiro tse di ntseng jalo di ne di dirwa thata bogologolo ka nako eo: “Seno fa se tlhalosiwa se tshwanetse sa bo se kaya dikokoano tse di rulagantsweng kana ditlhopha tsa batho tse di kokoanang ka metlha go tla go dira ditiro tse di tlhalositsweng tse di tlhabisang ditlhong.”

      13. Go dirisiwa ga dino tse di tagang kwa dikokoanong tsa ditsala go ile ga nna serai jang? (Isaia 5:11, 12)

      13 Ba le bantsi ba ile ba wela mo diraing ka go bo go ile ga nna le dino tsa tagi kwa dikokoanong tse dikgolo. Tota ga se gore Bibela e thibela dino tseo fa di dirisiwa sentle ka tekano. Bosupi jwa seno ke gore Jesu o ne a dira beine kwa moletlong mongwe wa lenyalo kwa Kana. Go tshwanetse ga bo go ne ga nowa ka selekanyo koo, ka go bo Jesu a ka bo a ile a ba bolelela seo Modimo o gakololang ka sone eleng gore motho ga a tshwanela go nna fa gare ga batho ba ba nwang thata. (Diane 23:20, 21) Mme akanyetsa ntlhanyana eno: Motsamaisi wa moletlo oo o ne a bolela gore kwa meletlong e mengwe go ne go ntshiwa beine e e monate pele “me e re batho ba sena go nwa thata, hoñ ba bèe yo bo señ monate” ba bo neye batho. (Yohane 2:10) Ka jalo Bajuda ba ne ba tlwaetse go tagwa fa ba le kwa meletlong ya manyalo koo beine e neng e tletse ebile e bonwa ke mongwe le mongwe.

      14. Bakeresete ba ba laleditseng ba bangwe ba ka tila jang serai seo se ka tlisiwang ke dino tse di tagang?

      14 Ka jalo, Bakeresete bangwe ba ile ba swetsa ka gore ba siele balalediwa beine, biri, le dino tse dingwe tsa tagi mme ba dira jalo fela fa e le bone ka namana ba tlileng go bona gore baeng ba bone ba newa eng kana ba nwa eng. Fa setlhopha seo se le setona mo motho yo o ba laleditseng a sa kgoneng go se laola, jaaka kwa meletlong ya manyalo ya Bajuda e e umakilweng, bojalwa jo bontsi bo ka nna serai se se kotsi. Go ka nna ga tswa go na le motho yo o kileng a lwa le bothata jwa go nwa mme a bo fentse. O ka lemoga gore go nna teng ga bojalwa ka kakaretso ebile bo sa lekanyediwe go ka mo raela gore a fetise mme seo sa sulafaletsa botlhe moletlo. Molebedi mongwe ebile e le rre kwa Jeremane o ne a akgela ka gore lelapa la gagwe le solegelwa molemo fa le kopana ka boitumelo le badumedi ba bangwe kwa dikokoanong tsa ditsala. Lefa go ntse jalo, o ne a oketsa ka gore go ne go bonala sentle gore mathata a ne a ka tsoga fa dibiri di ne di bonwa motlhofo.

      15. Go kokoana le ditsala go ka kgonwa go laolwa ka tshwanelo jang?

      15 Lenyalo la kwa Kana le ne le na le ‘molebalebi wa modiro.’ (Yohane 2:8) Seno ga se reye gore fa lelapa lengwe le laleditse setlhopha sa batho bangwe go tla go ja dijo kana go tla go kopana fela le tshwanetse go nna le molebalebi. Rre wa lelapa o tla nna le boikarabelo jwa go okamela tiragalo eo. Mme lefa go ntse jalo lefa setlhopha seo e le malapa a mabedi fela kana se le segolwane go feta foo, go tshwanetse ga phepafala gore go na le mongwe yo o tlhokometseng se se diragalang. Batsadi ba bantsi ba batlisisa gore a seno se tlile go dirwa fa morwaabone kana morwadiabone a laleditswe kwa kokoanong nngwe. Ba ikgolaganya le motho yo o ba laleditseng go botsa gore ke mang yo o tlileng go okamela tiragalo eo yotlhe, yo o tlileng go nna teng go fitlha e khutla. Batsadi ba Bakeresete ba ile ba fetola dithulaganyo tsa bone fela gore ba nne teng gore bannye le bagolo ba kgone go itumelela botsalano ka go tshwana.

      16. Ke dilo dife tse di tshwanetseng go akanyediwa fa go lekanyediwa bogolo jwa kokoano?

      16 Lekala la Mokgatlho wa Watch Tower la kwa Canada le kwala jaana: “Kgakololo ya gore go lekanyediwe bontsi jwa batho ba ba nnang teng mo dikokoanong tsa go itisa le ditsala e ile ya tlhaloganngwa ke bagolwane ba sekae gore e kaya gore motho o tlola kgakololo eno fa kokoano ya moletlo wa lenyalo e na le batho ba bantsi. Ba ile ba swetsa ka gore fa re gakololwa gore re dire gore dikokoano tsa rona fa re na le ditsala di nne dinnye, di le dikgolo ka tsela e di kgonwang go laolwa, go tla bo go le phoso gore go nne le batho ba le 200 kana ba le 300 kwa moletlong wa lenyalo.”a Go na le gore go gatelelwe palo nngwe e e tlhomiwang go ya kafa motho ka namana a akanyang ka teng, selo sa botlhokwa se se tshwanetseng go akanyediwa ke gore a e tlile go okamelwa sentle, eseng gore go tla nna le batho ba bakae. Selekanyo sa beine seo Jesu a neng a se dira se supa gore go ne go na le palo e kgolo tota ya bao ba neng ba le teng kwa moletlong oo wa lenyalo kwa Kana, mme lefa go ntse jalo go bonala gore o ne o okametswe sentle. Meletlo mengwe mo nakong eo ya bogologolo e ne e sa okamelwe sentle jalo; bontsi jwa batho ba ba neng ba nna teng kwa go yone e ka tswa e ne e le lebaka la go bo e ne e sa okamelwe sentle. Fa batho ba le bantsi, seno se gwetlha ka mo go oketsegileng gonne go motlhofo mo go ba ba bokoa, ba ba sekametseng thata mo go feteletseng, gore ba tlhagise tlhogo. Ba ka nna ba dira dilo dingwe tse di belaetsang kwa dikokoanong tse di sa okamelwang ke ope.—1 Bakorintha 10:6-8.

      17. Bakeresete ba ka supa jang gore ba lekalekanya dilo fa ba rulaganyetsa go nna le kokoano nngwe?

      17 Go okamela kokoano ka tsela e e molemo go akaretsa go e rulaganya le go e baakanyetsa. Seno ga se tlhoke gore go dirwe setlhogo sengwe se se kgatlhang gore e nne e e tlhomologileng kana e e ka se kang ya lebalwa mme lefa go ntse jalo e tlile go tshwana le meletlo ya selefatshe, jaaka meletlo eo go binwang kwa go yone go aperwe diaparo tse di kgethegileng kana moletlo o batho ba aparang diaparo tse di ba fitlhang gore ke bomang kana tse di matsabatsaba. A o ka akanya gore Baiseraele fa ba ne ba le kwa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng ba ne ba ka rulaganya moletlo koo botlhe ba neng ba tla apara jaaka baheitane ba kwa Egepeto kana ba naga nngwe? A ba ne ba tla rulaganya go bina ka tsela e e tsosang maikutlo kana ba letsa mmino wa modumo o o kwa godimo o o ka tswang o ratwa thata ke baheitane? Fa ba ne ba santse ba le kwa Thabeng ya Sinai, ba ile ba wela mo seraing sa go letsa mmino le go bina tse di jaaka tse di ka tswang di ne di ratiwa thata ka nako eo ebile di tletsetletse kwa Egepeto. Re itse kafa Modimo le motlhanka yo o godileng sentle wa gagwe Moshe ba neng ba leba boitlosobodutu joo ka teng. (Ekesodo 32:5, 6, 17-19) Ka gone, motho yo o laleditseng batho kana molebedi wa tiragalo epe fela o tshwanetse go akanyetsa gore go tla nna le mmino kana a go tla binwa; mme fa go ntse jalo, o tshwanetse go tlhomamisa gore o dumalana le melaometheo ya Bokeresete.—2 Bakorintha 6:3.

      18, 19. Ke dilo dife tse re di lemogang mo kgannyeng ya fa Jesu a ne a laleditswe kwa lenyalong, mme re ka di dirisa jang?

      18 Kwa bokhutlong, re gakologelwa gore ‘Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba laleleditswe lenyalo.’ (Yohane 2:2) Gone mme, Mokeresete a le mongwe kana lelapa lotlhe le ka nna la etela le lengwe fela gore ba ye go itumela mmogo le go agana. Mme lefa go ntse jalo, fa e le kokoano e e rulagantsweng ya ditsala, boitemogelo bo bontsha gore mathata a ka thibelwa fa go sekasekiwa gore ke bomang ba ba tlileng go nna teng. Mogolwane mongwe kwa Tennessee, kwa U.S.A., yoo a godisitseng barwa le barwadi bao ba leng mo bodiheding jwa nako e e tletseng o ne a gatelela kafa seno se leng botlhokwa ka teng. Pele ene le mosadi wa gagwe ba ne ba ka dumela go ya felo gongwe kwa ba laleditsweng teng, kana ba letla bana ba bone go ya koo, o ne a ikgolaganya le motho yo o ba laleditseng go tlhomamisa gore a batho ba ba tlileng go nna teng ke ba ba setseng ba tlhophilwe go sale gale. Lelapa la gagwe le ne la sirelediwa mo diraing tseo ba bangwe ba ileng ba wela mo go tsone kwa meletlong eo go ikelang mongwe le mongwe fela kwa go yone, ba ka tswa ba tlile go ja, kana e le pikiniki, kana e le go itshidila mmele jaaka go tshameka kgwele.

      19 Jesu o ne a kgala gore go lalediwe fela balosika, ditsala tsa bogologolo, kana ba motho a lekanang le bone ka dingwaga kana ka itsholelo. (Luke 14:12-14; bapisa Yobe 31:16-19; Ditihō 20:7-9.) Fa o tlhopha ka kelotlhoko gore o tlile go laletsa mang, go nna motlhofo go akaretsa Bakeresete ba dingwaga tse di sa tshwaneng le ba maemo a a sa tshwaneng. (Baroma 12:13; Bahebera 13:2) Ba sekae ba bone e ka nna ya nna ba ba bokoa semoyeng kana e le ba basha bao ba ka solegelwang molemo ke go kopana le Bakeresete ba ba godileng sentle.—Diane 27:17.

      Go Boloka Boitlosobodutu mo Boemong jwa Jone

      20, 21. Ke ka ntlha yang fa boitlosobodutu bo ka nna le boemo jo bo tshwanetseng mo matshelong a rona?

      20 Go a tshwanela tota mo go rona jaaka batho ba ba boifang Modimo gore re kgatlhegele tsela e re itlosang bodutu ka yone mme re amege thata ka gore a e siame le gore a re lekalekanya dilo sentle fa go tla mo nakong e re e senyang mo go jone. (Baefesia 2:1-4; 5:15-20) Mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa Moreri o ne a ikutlwa ka tsela eo: “Hoñ ka baka ditlhapèlō, ka gonne motho ga a na sepè se se molemō ha tlhatse ga letsatsi bogolo go go ya, le go nwa, le go tlhapèlwa: gonne mouō go tla sala naè mo letsapeñ ya gagwè ka metlha eotlhe ea botshelō yoa gagwè, yo Modimo o bo mo neileñ tlhatse ga letsatsi.” (Moreri 8:15) Dilo tse di ntseng jalo tse di itumedisang di ka lapolosa mmele mme tsa thusa go tlosa mathata le dilo tse di dirang gore motho a tlalelwe tse di tletsetletseng mo tsamaisong eno ya jaanong.

      21 Go tshwantsha, mmulatsela mongwe wa kwa Austria o ne a kwalela tsala ya gagwe ya bogologolo jaana: “Re ne re intshitse go le monate tota maloba. Re ne ra ya kwa letsheng lengwe le lennye gaufi le Ferlach re ka nna 50. Mokaulengwe B—— o ne a eteletse mokoloko ono pele ka llorinyana ya gagwe, a tshotse matshego a a besang a le mararo, ditulo tse di phuthiwang, ditafole le yone tafole ya go tshamekela thenese. Re ne ra itumelela seno thata. Kgaitsadi mongwe o ne a tshotse accordion, ka jalo re ne ra opela dipina tse dintsi tsa Bogosi. Bakaulengwe, ba bannye le ba bagolo, ba ne ba itumelela bokopano jono.” O gakologelwa dilo tse di monate tsa boitlosobodutu jo bo laolwang sentle jo go neng go sena dirai tse di tshwanang le go nwa thata kana boitsholo jo bo maswe.—Yakobe 3:17, 18.

      22. Ke ditlhagiso dife tse mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go nna a di akantse fa a itumelela boitlosobodutu bongwe?

      22 Paulo o ne a re kgothaletsa gore re se ka ra ineela go dira se se elediwang ke nama ya rona e e sa itekanelang, re se ka ra bo ra dira dithulaganyo tse di tla re bayang mo kotsing ya go raelwa. (Baroma 13:11-14) Seo se akaretsa fa go rulaganyediwa go itlosa bodutu le ditsala. Fa re dirisa kgakololo ya gagwe mo dilong tse di ntseng jalo, re tla kgona go tila maemo a a dirileng gore bangwe ba swe semoyeng. (Luke 21:34-36; 1 Timotheo 1:19) Go na le moo, re tla tlhopha ka botlhale boitlosobodutu jo bo siametseng mebele ya rona joo bo tla re thusang gore re boloke botsalano jwa rona le Modimo. Ka gone re tla solegelwa molemo ke go itlosa bodutu le ditsala goo re ka go lebang jaaka nngwe ya dimpho tse di molemo tsa Modimo.—Moreri 5:18.

      [Ntlha e e kwa tlase]

      a Tora ya Tebelo ya October 15, 1984, e ne e na le kgakololo e e molemo thata kaga manyalo le mekete ya manyalo. Bao ba tlileng go nyalana, mmogo le ba bangwe ba ba tlileng go ba thusa, ba ka solegelwa molemo thata fa ba boeletsa tshedimosetso eno pele ba dira dithulaganyo tsa lenyalo.

      Ke Eng Se Re Se Ithutileng?

      ◻ Ke pono efe e e siameng e re e bonang mo Bibeleng kaga go itumelela go itlosa bodutu le ditsala?

      ◻ Ke ka ntlha yang fa go tshwanetse ga akanyediwa kgang ya nako le gore boitlosobodutu joo ke jwa mofuta ofe?

      ◻ Ke dilo dife tse Mokeresete yo o laleditseng ba bangwe a ka di dirang go disa gore ba se ka ba wela mo diraing?

      ◻ Ke eng seo boitlosobodutu bo ka se fitlhelelang mo Bakereseteng fa bo siame ebile bo lekalekane?

      [Setshwantsho mo go tsebe 18]

      Motho yo o laleditseng ba bangwe kana yo o okametseng kokoano nngwe o na le boikarabelo jwa go tlhokomela gore balalediwa ga ba wele mo diraing

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela