Kopano ya Kgaolo ya “Babaki ba ba Itumetseng” ya 1995
1 Re na le mabaka a le makae a a dirang gore re itumele? Gongwe ke ba le mmalwa fela mo go rona ba ba kileng ba leka go a bala. Le mororo re tshela mo lefatsheng le le tlhakatlhakaneng le le sa tlhomamang, re na le mabaka a le mantsi a go itumela. Jaaka fa go ile ga itsisiwe mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 1, 1995, “Babaki ba ba Itumetseng” e tla bo e le setlhogo se se kgothatsang sa dikopano tsa kgaolo tsa 1995.
2 Re baka Jehofa ka go bo ke ene a re rutileng boammaaruri. (Isa. 54:13; Joh. 8:32) Le rona ka mo go tshwanang, re bolelela batho botlhe ba ba batlang pabalesego le boitumelo boammaaruri ka boitumelo. (Esek. 9:4; Dit. 20:35) Bokaulengwe jwa rona jwa Bokeresete le jone bo dira gore re itumele. Lelapa la semoya le le lorato le dira gore motho a kgotsofale a bo a itumele. Ano ke mangwe a mabaka a a dirang gore re nne le boitumelo jo bo dirang gore re bake Jehofa. Dipuo tsa kopano le dipontsho di tla neela mabaka a mangwe a a tswang mo Dikwalong a go bo re ka itumela mo metlheng e e bosula eno ya bofelo.
3 Kopano ya Malatsi a le Mararo: A o setse o dirile dithulaganyo le mothapi wa gago gore a go fe malatsi a gore o nne teng kwa kopanong ka malatsi oomararo? Kopano e e gaufi thata le wena ke efe? Tirelo ya Rona ya Bogosi ya May e na le lenaane la matlha le ditoropokgolo tse dikopano tsotlhe tse 30 tse di mo tshimong e e kafa tlase ga lekala la Afrika Borwa di tla tshwarelwang teng. Mo nakong eno mokwaledi wa phuthego ya lona o tshwanetse a bo a setse a lo file tshedimosetso e e amang phuthego ya lona. Mo godimo ga ya Seesemane, go tla bo go na le dikopano tse dingwe gape ka Seburu, Sekwanyama, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa le Sezulu le Puo ya Diatla.
4 Thulaganyo e tla simolola ka 9:40 a.m. mo letsatsing la ntlha mme e konele mo e ka nnang ka 3:50 p.m. mo letsatsing la bofelo. Ka letsatsi la bobedi le la boraro, thulaganyo e tla simolola ka 9:30 a.m. dikgoro di tla bulwa ka 8:00 a.m. Ke fela batho ba ba nang le dikabelo tsa ditiro tse di kgethegileng ba ba tla letlelelwang go tsena pele ga foo.
5 A o Tla bo o le Teng?: Re kgothadiwa gore re nne teng ka malatsi oomararo a kopano. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Jehofa o batla gore re nne teng. Gompieno tumelo ya rona le boitekanelo jwa rona jwa semoya di tlhasetswe fela thata. Paulo o ne a gakolola malebana le go sa “bakel[e] go phuthega ga rona” ka nako ya fa Bakeresete ba kwa Jutea ba ne ba gateletswe thata. (Baheb. 3:12, 13; 10:25) Bafilipi ba ne ba tshela “gare ga losika lo lo kgopo le logwadi.” Lefa go ntse jalo, e ne e le batho ba ba “bonalang mo go bone jaaka masedi mo lefatsheng.” (Bafil. 2:15) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete bano ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba farologane? Ke ka go bo ba ne ba latela ka kutlo tsela e moya o o boitshepo o neng o ba kaela ka yone gore ba kopanele mmogo gore ba ‘tlhotlheletsanye mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’—Baheb. 10:24.
6 Lefatshe le tla leka go re tlhotlheletsa ka tsela e e farologaneng, le dira gore re ngodiege go kopanela le bakaulengwe ba rona le go baka Jehofa. Mo selemong seno re kopiwa gore re ikobele moya wa ga Jehofa mme re itumelele malatsi oomararo a kopano. A re iketleeditse go nna teng le malapa a rona otlhe? Re tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona le lorato lwa rona ka metlha. Jehofa o re rulaganyeditse dikopano tsa ngwaga le ngwaga go re thusa go dira seno.
7 Boela Gae ka Letlotlo: O ka solegelwa molemo thata jang mo kopanong? Ka mafoko a le mmalwa fela karabo ke e e reng “tlhoma mogopolo felo go le gongwe.” Ga go motlhofo go dira seo mo gare ga batho ba segompieno ba ba fafamogang ba ba itlhaganetseng. Basha ba ba matlhagatlhaga ba go fitlhela go le thata go tlhoma mogopolo mo selong se le sengwe mme lefa go ntse jalo ke kgwetlho e rotlhe re lebaneng le yone fa re le mo kopanong. Re tla bona go le botoka go tlhoma mogopolo mo selong se le sengwe fa re rulaganya dilo go sa le gale. Ipotse jaana, ‘Setlhogo sa kopano sa reng?’ Tlhatlhanya ka sone! ‘Ke ka ntlha yang fa ke ya, mme ke tla bo ke dirang ka malatsi a mararo ano? A ke tla bo ke itlosa bodutu thata maitseboa, kana a ke rulagantse nako e e lekaneng ya go ikhutsa le go ikgakolola dintlhakgolo tsa kopano?’
8 Setlhogo sa Tora ya Tebelo ya July 15, 1984 se se reng “A O A Tlhatlhanya kana O Mo Torong Fela?” se ne sa neela dikakantsho di le mmalwa tsa kafa re ka solegelwang molemo ka teng kwa dipokanong mme e ne ya bolela jaana: “Go laya mogopolo ka gongwe ke lebaka le le botlhokwa bogolo.” Fa sebui se simolola go bua, gantsi re a bo re reeditse ka kelotlhoko, mme gongwe fa puo e ntse e tsweletse re letla megopolo ya rona “go itebala fela.” Re ka tila jang gore seno se se ka sa diragala?
9 Go molemo go boeletsa dikakantsho tse di kileng tsa neelwa mo nakong e e fetileng ka gonne di a dira. Fa go ka kgonega, leka go ikhutsa ka mo go lekaneng bosigo. Seno ga se motlhofo ka metlha ka gonne go ka nna ga bo go tlhokega gore o tseye mosepele, mme fa o nna kwa lefelong le le hirilweng, o ka nna wa se ka wa kgona go robala ka bonako kana wa ikhutsa ka tsela e o ikhutsang ka yone fa o le kwa gae. Gantsi fa o ka rulaganya dilo sentle o ka nna wa kgona go ikhutsa sentle.
10 Go kwala dintlha tse dikhutshwane ke sengwe se se ileng sa thusa gore motho a tlhome mogopolo mo selong se le sengwe. Fa o ka leka go kwala tshedimosetso e ntsi thata, o ka nna wa latlhegelwa ke dintlha dingwe tse di botlhokwa gotlhelele. Re akantsha gore, o kwale dintlha gore o tle o kgone go di bolelela motho yo o ithutang Baebele le ene kana yo o nnang fela mo ntlong tshobokanyo ya se se neng se le mo thulaganyong. Lefa gone o ka nna wa bo o sa akanya ka motho mongwe yo o rileng, go tla bo go ntse go le mosola gore o kwale dintlha mme morago ga kopano o ka nna wa bona tshono ya go tlhalosa dintlhakgolo tsa thulaganyo fa o neela ba lelapa ba ba sa dumeleng bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Fa o kwala dintlha mme o bolelela batho ba bangwe ka dilo tse o di utlwilweng o ka se ka wa latlhegelwa ke tshedimosetso eo ka bonako. Fa o bua ka sengwe go dira gore o se ka wa se lebala.
11 Le mororo go tla bo go sa tlhole go na le dijo dipe tse di baakanyeditsweng, go tla bo go santse go na le ditshenyegelo tse dintsi tsa go hira lefelo la kopano, leo gantsi le tlhokang madi a a oketsegileng go duelela didirisiwa tsa go godisa modumo, jalo le jalo. Ditshenyegelo tseno di duelelwa jang? Ka meneelo ya rona e re e ntshang ka go rata, e ka tswa e le ka go ntsha madi kana ka tšheke e madi a yone a tlang yang “Watch Tower Convention.” Seno se dumalana le Pesalema 96:8 le 2 Ditirafalo 31:12.
12 Babaki ba ba Itumetseng ba Tlotla Jehofa ka Boitshwaro jwa Bomodimo: Ngwaga e e fetileng kwa United States go ne ga amogelwa dikakgelo tse di kgothatsang le tse di siameng go tswa mo badiring ba hotele nngwe le mo bathapiweng ba lefelo lengwe la kopano. Manejara mongwe wa hotele o ne a bolela jaana: “Go a itumedisa ka metlha go fa Basupi marobalo ka gonne ba pelotelele mme ba dirisanammogo e bile ba tlhokomela bana ba bone sentle thata.” Mokaedi yo mongwe wa hotele o ne a re Basupi ba bonala e le batho ba ba itumetseng le ba ba nang le thulaganyo go gaisa ditlhopha tse dingwe. Le mororo kopano ya rona e ne e le yone e kgolo go feta tsotlhe tse di neng di tshwaretswe mo lefelong leo, o ne a re: “Go na le dingongorego di sekaenyana le mathatanyana a e seng a sepe fa go bapisiwa le ditlhophanyana tsa palonyana e e kwa tlase thata mo go bone.”
13 Mothapiwa yo mongwe wa hotele o ne a bolela gore mo kopanong nngwe e e neng e tshwerwe pele ga ya rona go ne ga nna le tshenyego e ntsi le bogodu, le mororo bathapiwa botlhe ba hotele ba ne ba le teng. Mme o ne a bolela jaana malebana le kopano ya rona: “Ga re tlhoke go itshwenya ka Basupi. . . . Fa ba le fa, re tlhoka fela motho a le mongwe go tlhokomela lefelo mme e le fela gore a baakanye mathata a a sa lebelelwang a metšhini.”
14 E kete dipego tsotlhe tse re di amogelang di ne di ka tshwana le tseo, mme ka maswabi ga go a nna jalo. Modulasetulo mongwe wa kopano o ne a bolela jaana: “Morago ga dithulaganyo, basha ba le bantsi ba dingwaga tsa bolesome ba kokoana ka ditlhopha tse dikgolo mo diphasiking tsa [hotele] bosigo thata, ba tshegela kwa godimo ba bile ba goa. Seno se tshwenya baeng ba bangwe . . . , ba go bonalang ba tenega. Bana ba bangwe ba tabogaka mo diphasiking, ba itaaganya mabati fa ba ntse ba ya kwa dikamoreng tsa ba bangwe mme ba buela kwa godimo mo dikamoreng.”
15 Bothata jo bongwe jo bo ntseng bo tsweletse ka dingwaga tse dintsi ke go bona bakaulengwe ba bantsi ba ntse ba tlotla mo diphasiking le kwa ntle ga holo ka nako ya fa thulaganyo e tsweletse. Kwa kopanong nngwe ngwaga e e fetileng, go ne ga bonwa lekwalo lengwe le tswa kwa mothong yo o ithutang Baebele mo lebokosong la moneelo. Le ne le balega jaana: “Ga ke ise ke ko ke gakgamadiwe le go tshosiwa jaana ke go utlwa modumo le batho ba bua ka nako ya fa dipuo di tsweletse . . . ga ke ise ke nne Mosupi, ke santse ke le fela motho yo o ithutang poifomodimo le tlotlo.” Kwantle ga pelaelo, ga go na ope wa rona yo o batlang go dira gore batho ba akanye gore ga re anaanele dilo tse Jehofa a re di direlang.
16 Re tshwanetse gore re ipotse jaana ka metlha yotlhe: ‘Ke emela mang, mme ke ka ntlha yang fa ke le mo kopanong eno?’ Bomoya jwa rona le poifomodimo ya rona di bonala mo puong ya rona le mo boitshwarong jwa rona le ka tsela e re anaanelang dilo tsa semoya ka yone. (Jak. 3:13; 1 Pet. 2:2, 3, 12) Go etswe tlhoko gore bakaulengwe ba ba ileng ba itshoka ka ntlha ya dithibelo ka dingwaga tse dintsi gantsi ba reetsa thata e bile ba tlotla dikopano thata, ba nna mo mannong a bone ka nako ya dipuo le ya dipontsho ba bo ba tlhoma megopolo mo go tsone.
17 Moaparo wa Gago le go Ipaakanya go Bua Sengwe ka Wena: Mo go 1 Samuele 16:7, re gakololwa gore “motho o leba bokafantle, mme Jehofa o leba pelo.” Ka jalo, gantsi batho ba re atlhola go ya ka tsela e re lebegang ka yone. Batho ba ela tlhoko thata moaparo le tsela e re ipaakanyang ka yone, segolobogolo fa re ya kopanong go ya go obamela le go rutiwa ka tsela ya go tshela ya Bokeresete. Fa e le gore o mosha yo o tsenang sekolo kana o dira tiro e e dirang gore o kopane thata le batho ba ba ratang mekgwa ya lefatshe, o ka nna wa fitlhela o ketefalelwa ke go apara ka tsela e e bori ya Bokeresete.
18 Ditsela tsa go apara le go ipaakanya di a farologana mo lefatsheng lotlhe. Go lebeletswe gore Bakeresete ba apare diaparo tse di bori tse di tshwanelang sentle. Ke mang yo o tshwanetseng go dira tshwetso ya gore ke dife? Batsadi ba tshwanetse go tlhomamisa gore bana ba bone ba dingwaga tsa bolesome ga ba apare jaaka basha ba lefatshe kwa sekolong. Go ile ga neelwa kaelo e e mosola go re thusa go dira ditshwetso tse di siameng mo kgannyeng e e amang maikutlo eno. Re lo kgothaletsa gore lo bale gape Tsogang! ya February 8, 1987, (ka Seesemane) ka setlhogo se se reng “Diaparo di Kayang mo go Wena?” Ke eng se se ileng sa tlhokomelwa kwa dikopanong dingwe tsa rona ngwaga e e fetileng?
19 Morago ga Kopano nngwe ya Kgaolo ya “Poifo ya Bomodimo,” re ne ra amogela pego eno: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tokafaditse thata tsela e ba aparang ka yone le e ba ipaakanyang ka yone, le boitshwaro jwa bone mo kopanong monongwaga. . . . Lefa go ntse jalo, go santse go na le maemo mangwe le mekgwa mengwe e e tlhokang go tokafadiwa.” Morago ga kopano e nngwe go ile ga begiwa gore go ne go santse go na le ba ba apereng diaparo tse di sa tshwanelang. Pego e ne ya bolela gore moaparo wa batho bangwe o ne wa kgopisa batho ba bangwe. Batho bangwe ba ba neng ba etile le bone ba ile ba ela tlhoko moaparo o o sa tshwanelang ono. Moaparo wa batho ba bangwe e ne e le o o senolang le o o tshwarang motho thata.
20 Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba apara diaparo tse di tshwanelang tse di tlotlegang fa ba le kwa lefelong la kopano. Lefa go ntse jalo, moragonyana fa ba le kwa dihoteleng kana kwa diresetšhurenteng, bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe, ba ne ba apare “dihempe tse di ntshang matsogo le magetla, dibokate tse di onetseng, marukgwana a makhutshwane thata, le . . . diaparo tsa feshene tse di sa tshwaneleng batho ba Modimo ba santse ba tsentse dibetšhe tsa bone.” Fa e le gore bagolwane ba tlhokometse gore bangwe ba rata go apara jalo ka nako ya fa ba iketlile fela, go tla nna molemo fa ba ka ba gakolola ka bonolo mme lefa go ntse jalo ba nitame pele ga kopano gore moaparo o o ntseng jalo ga o a tshwanela, segolobogolo mo bathong ba ba yang kopanong ya Bokeresete. Tsweetswee tlhalosetsang baithuti ba lona ba Baebele ba ba tla bong ba ya kopanong kaelo e e neetsweng fa godimo eno e e malebana le boitshwaro le moaparo.
21 Dihotele: Ngwaga nngwe le nngwe go dirwa maiteko a magolo go bona marobalo a a sa tureng gore ope a se ka a nna le mathata a madi. Tsweetswee lo se ka lwa lebala go nna pelotelele lo bile lo le bonolo fa lo dirisana le bathapiwa ba hotele. Re ka nna ra bo re lapile ka ntlha ya mosepele mme bone ba le bonya go re direla dilo, mme lefa go ntse jalo fa lo le pelotelele, ba tla ela seo tlhoko. Re tshwanetse re gakologelwe gape go ba fa madinyana a tebogo kafa go tshwanetseng.—Tsogang! ya June 22, 1986, (ka Seesemane).
22 Dikhamera le Didirisiwa Tsa go Rekota: Go a tshwanela gore re lo gakolole ka dikhamera le didirisiwa tsa go rekota. Tsweetswee gakologelwang gore, fa lo rulaganya go dirisa dikhamera, di-camcorder, kana sedirisiwa sepe fela sa go rekota, akanyetsang batho ba bangwe ba ba lo dikologileng. Go nna o ntse o emaema ka nako ya fa thulaganyo e tsweletse kana le e leng fa o rekota o ntse mo mannong a gago go ka nna ga itaya batho ba bangwe tsebe. Ga go na didirisiwa dipe tsa go rekota tse di tshwanetseng go golaganngwa le motlakase kana le didirisiwa tsa go godisa modumo, mme e bile didirisiwa tse di ntseng jalo ga di a tshwanela go thibela diphasiki kana mo go fetwang teng. Go sa kgathalesege gore a o batla go tsaya ditshwantsho kana go rekota dikarolo dingwe tsa thulaganyo ka camcorder kana ka setshamekadikhasete, eo ke kgang ya motho ka namana. Ditshwantsho le dikhasete tse di rekotilweng di ka dira gore motho a gakologelwe dilo tse di itumedisang fa a di lebelela ka nako nngwe morago ga foo. Didirisiwa tseo tsotlhe di tshwanetse go dirisiwa ka kelotlhoko, ka tsela e e se kitlang e itaya kana e kgoreletsa batho ba bangwe gore ba se ka ba solegela molemo mo thulaganyong. Fa o fitlha kwa gae, a o tla nna le nako ya go boeletsa dilo tse o di rekotileng? O ka nna wa fitlhela gore go kwala dintlha fela go tla lekana.
23 Manno: Kwa kopanong ya “Poifo ya Bomodimo” ya 1994, a o ile wa ela tlhoko gore maemo a ne a tokafaditse mo kgannyeng ya go boloka manno? Dilo di ne tsa tokafala go sekae, mme lefa go ntse jalo, re santse re tlhoka go tsaya kgopodiso eno tsia: MANNO A KA BOLOKELWA FELA BA LELAPA LA GAGO LE BAPE FELA BA BA KA TSWANG BA TSAMAYA LE WENA MO KOLOING. Re baeng ba Mokgatlho kwa lefelong la kopano. Madi a go hira holo a dueletswe ka meneelo e e ntshiwang ka go rata. A e tla bo e le go bontsha lorato le go akanyetsa batho ba bangwe fa o boloka manno a o sa tlhomamisegeng gore a a tla dirisiwa? Re maswabi go bo re se kitla re kgona go diragatsa dikopo tsa batho bangwe ba ba kopang go nna le mafelo mangwe a a kwa thoko kana dikamore tse di kwa thoko ka ntlha ya mathata mangwe a tikologo a a ntseng jaaka dilo tse di ilwang ke mmele.
24 Kopano nngwe le nngwe e tlamela batho ba ba tlhokang dilo tse di kgethegileng jaaka batsofe le digole. Tsweetswee o se ka wa nna mo dikarolong tseno fa e le gore ga o tshwanele go nna mo go tsone. Gape nna o ntshitse matlho dinameng go thusa batho bano go bona manno a bone fa go sena motho ope yo o ba tlhokometseng.
25 Go Nna le Dijo Tse o Tla di Jang mo Kopanong: Jaaka fa o itse Tirelo ya Rona ya Bogosi ya July 1995 e ne ya dira kitsiso eno: “Go tloga ka September 1995 kwa dikopanong tsa potologo le dikopano tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe le kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa ‘Babaki ba ba Itumetseng’ tse di tla tshwarwang kwa bofelong jwa ngwaga, ga go kitla go tlhola go apewa dijo. Mongwe le mongwe o tshwanetse gore a itlele ka dijo tsa gagwe le dino tsa gagwe.” Mme morago ga foo tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 1995, e ne ya tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go ile ga dirwa diphetogo tseno mme ya neela dikakantsho tse di molemo tse di bontshang gore mongwe le mongwe a ka dira jang go tlhokomela gore a itlele ka dijo le dino tse a tla di tlhokang kwa kopanong. Go tla nna molemo fa mongwe le mongwe a ka boeletsa dintlha tse di mo tsenyeletsong eo mme mo godimo ga moo a tlotle ka yone le motho yo a ithutang Baebele le ene fa ba ntse ba ipaakanyetsa go ya kopanong. Go botlhokwa gore batho ba ba ithutang Baebele ba bolelelwe gore batho botlhe ba ba yang kopanong ba tshwanetse gore ba itlele dijo tsa bone le dino tsa bone kwa kopanong. Mme gape re batla go lo gopotsa gore lo se ka lwa tla le ditofo tsa lona tsa gase le tsa parafini mo mafelong ano a lo robalang kwa go one kana kwa lefelong la kopano ka gonne mo mafelong oomabedi di ka baka kotsi ya molelo. Re kgothatsa botlhe go utlwa kopo eno ka peloyotlhe. Batlhokomedi ba lefelo la kopano le batho ba ba okametseng kwa marobalong a kwa sekolong ba tla tsaya dikgato tse di gagametseng malebana le seno.
26 Re rata go gatelela fela dintlha dingwe tse lo ka ratang go di gakologelwa malebana le dilo tse di akantshitsweng tse lo ka di itlelang ka nako ya boikhutso jwa thapama: dijonyana tsa motshegare tse di motlhofo tse di otlang mmele tse gantsi batho ba tsamayang ka tsone fa ba ya tirong ya boitshediso, tse di ntseng jaaka borotho, maungo a a swabisitsweng, manoko, dilo tse di bakilweng le maungo a a tlwaelegileng. Dino e ka nna kofi, dinotsididi, dijusi kana metsi a lebotlele, tse di mo senwelong se se sa thubegeng kana mo teng ga folaseke. Fa go tlhokega dikhulara tse dinnye, di siame fa e le gore di tla kgona go tsena kafa tlase ga setulo sa gago. Lefa go ntse jalo, ga go a tshwanela gore go tliwe ka dikhulara tse ditona tsa pikiniki tse di lekanang lelapa, dinotagi kana dinwelo tsa galase kwa lefelong la kopano. Go se nne ope yo o jang ka nako ya fa thulaganyo e ntse e tsweletse. E tla bo e se go bontsha tlotla malebana le dijo tsa semoya tse re di fiwang.
27 Tlhagiso e nngwe ke gore go se ka ga apewa gotlhelele mo ditlelaseng tsa sekolo fa e se fela fa go na le kitsinyana e go ka apeelwang mo go yone. Go botlhokwa gore re akanyetse kgang ya gore nako e re e filweng ya boikhutso jwa thapama ke ya gore re je dijonyana tse di motlhofo le gore re itumelele botsalano jwa puso ya Modimo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. E re ka re le batho ba ga Jehofa, re lemoga gore dijo tsa semoya di botlhokwa thata fa di bapisiwa le dilo tse dingwe mme re tshwanetse gore re dire dithulaganyo tsa rona go ya ka seo.
28 Kopano ya ntlha ya Kgaolo ya “Babaki ba ba Itumetseng” e tla simologa ka November 24, 1995. A o feditse go ipaakanyetsa mme a jaanong o setse o siametse go ya go itumelela malatsi a le mararo a bokopano jo bo itumedisang le jwa dilo tse di monate tsa semoya? Re rapela Jehofa ka pelo e e phepa gore a segofatse maiteko a lona a gore lo nne teng kwa kopanong ya selemo seno le bakaulengwe le bokgaitsadi ba lona jaaka fa re ntse re akantse kafa re ka nnang babaki ba ba itumetseng ba ga Jehofa ka gone.
[Box on page 6]
Dikgopodiso Tse di Malebana le Kopano ya Kgaolo
Kolobetso: Bayakolobetsong ba tshwanetse ba bo ba le mo ditulong tsa bone mo karolong e e supilweng gore ke ya bone pele ga thulaganyo ya mo mosong ya letsatsi la bobedi e simolola. Go ile ga lemogiwa gore bangwe ba apara diaparo tse di senang seriti le tse di sa tshwanelang tiragalo eno. Mongwe le mongwe yo o ipaakanyetsang go kolobediwa o tshwanetse go tla ka diaparo tsa go shapa tse di bori le toulo. Fa puo ya kolobetso e fela le fa sebui se sena go rapela, modulasetulo wa karolo eo ya thulaganyo o tla neela ba ba tlileng go kolobediwa dikaelo di sekae a bo a bolela pina e e tla opelwang. Morago ga mola wa bofelo, batlhokomedi ba tla kaela bayakolobetsong kwa ba tla kolobelediwang teng. E re ka go kolobediwa go supa gore motho o ineetse mo go Jehofa, ga go ne go dirwa kolobetso ya balekane e batho ba le babedi kana ba ba oketsegileng ba tlamparelanang kana ba tshwaranang ka diatla fa ba kolobediwa.
Dibetšhe: Tsweetswee kopela betšhe ya 1995 kwa kopanong le fa o ya le fa o boa go tswa kwa lefelong la kopano. Gantsi seno se dira gore re kgone go neela bosupi fa re ntse re le mo mosepeleng. O tshwanetse go reka betšhe ya gago le setshegetsi sa yone mo phuthegong ka gonne di tla bo di seyo kwa kopanong. Gakologelwa go tshola karata ya gago ya bosheng ya Advance Medical Directive/Release. Maloko a lelapa la Bethele le babulatsela ba tshwanetse go tshola dikarata tsa bone tsa boitshupo.
Marobalo: Re kopa tirisanommogo mo go mongwe le mongwe yo o tla fiwang marobalo a a rulagantsweng ke kopano. Bakwaledi ba diphuthego ba tshwanetse go tlhomamisa gore ba romela diforomo tsa Room Request kwa ateresereng e e tshwanetseng ya kopano ka bofefo jo bo ka kgonegang. Fa o sa tlhole o tla robala kwa marobalong a o a rulaganyeditsweng ke Lephata la Marobalo, o tshwanetse wa itsise ka bonako motho yo o neng a go amogetse kana hotele le Lephata la Marobalo la kopano gore bonno joo bo neelwe motho yo mongwe. Kwa dikopanong dingwe go ntse go nna thata go bonela bontsi jwa batho ba ba tlileng kopanong marobalo. Re a itse gore malapa a mantsi ga a na marobalo a a lekaneng, lefa go ntse jalo, re kopa malapa gore a bulele baeng ba ba tlileng kopanong dikgoro tsa bone.
Dikolotsana Tsa Bana (Diporeme): Mo mafelong a mantsi dikolotsana tsa bana di ka se ka tsa dirisiwa mo mafelong a batho botlhe ba kopanelang mo go one. Lephata la Molelo le akantsha gore di se ka tsa leriwa mo holong di bo di bewa mo diphasiking kana fa gare ga ditulo. E re ka batho ba tla kgotlagana thata fa ba le bantsi, dikolotsana tsa bana di ka nna kotsi thata e seng mo maseeng fela mme le mo bathong ba ba ka di kgopang. Ka jalo tsweetswee lo se ka lwa tla le tsone mo holong. Lefa go ntse jalo, ditulo tsa masea kana tse ba nnang mo go tsone mo koloing di a letlelelwa, e re ka di ka nna tsa bofelelwa mo ditulong tse di bapileng le batsadi. Re tla itumela fa lo ka dirisana mmogo le rona mo kgannyeng eno.
Tirelo ya Boithaopi: A o ka beela nako nngwe kwa thoko kwa kopanong gore o thuse kwa lephateng lengwe? Go direla bakaulengwe ba rona, lefa e ka nna ka diura di le mmalwa fela, go ka thusa thata e bile go ka dira gore ba kgotsofale. Fa e le gore o ka kgona go thusa, tsweetswee itlhagise kwa Lephateng la Tirelo ya Boithaopi kwa kopanong. Bana ba ba kafa tlase ga dingwaga tse 16 le bone ba ka thusa thata fa ba dira ba tlhokometswe ke motsadi kana mogolo mongwe yo o ka kgonang go ba tlhokomela sentle.
Tlhagiso: Re ka falola mathata a mantsi fa re ka nna re ntshitse matlho dinameng go bona dilo tse di ka tlhagisang mathata. Gantsi magodu le dinokwane ba tlhasela batho ba ba seng mo mafelong a ba a tlwaetseng. Tlhomamisa gore o lotlele koloi ya gago ka dinako tsotlhe mme le ka motlha o se ka wa tlogela sepe se bonala gore se raele motho go go thubela. Magodu le bakgothosi ba rata dikokoano tse dikgolo. Ga go botlhale go tlogela dilo dingwe tse di botlhokwa mo setulong sa gago. Ga o kake wa tlhomamisa gore batho botlhe ba ba gaufi le wena ke Bakeresete. Ke eng fa o ba raela? Go ile ga begiwa gore batho bangwe ba ba tswang kwa ntle ba ne ba leka go hepisa bana gore ba tsamaye le bone. DIRA GORE O BONE GORE BANA BA GAGO BA FA KAE KA DINAKO TSOTLHE.
Dithelebishene tse di leng teng mo mafelong mangwe gantsi di supa ditshwantsho tsa boitsholo jo bo maswe kana tse di tsosang dikeletso tsa tlhakanelodikobo. Nna kelotlhoko mme o se ka wa letla bana ba gago gore ba lebelele thelebishene go sena motho yo o ba tlhokometseng mo mafelong ano.
Tsweetswee o se ka wa founela baokamedi ba lefelo la kopano o batla tshedimosetso epe ka dilo tse di amang kopano. Fa bagolwane ba sa itse sepe, kwalela Komiti ya Kopano fa o sena go bona aterese mo mokwaleding wa phuthego.