LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/95 ts. 11
  • Re Tlhoka Phuthego

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Tlhoka Phuthego
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Phuthego e Bake Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • A Phuthego e Agiwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • O Botlhokwa mo Phuthegong ya ga Jehofa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Anaanela Seabe sa Gago mo Phuthegong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 10/95 ts. 11

Re Tlhoka Phuthego

1 Ka nako nngwe barwa ba ga Kora ba ne ba supa fa ba anaanela phuthego ya ga Jehofa ka go bolela jaana: “Letsatsi le le lengwe fela mo malwapeng a gago, le gaisa malatsi a a makgolo a le some.” (Pes. 84:10) Mo go bone go ne go sena sepe se lefatshe le neng le ka se ba naya fa ba go bapisa le seo. Fa e le gore le wena o ikutlwa jalo, o tshwanetse wa dira gore phuthego e nne selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gago.

2 Fa e sa le phuthego ya Bokeresete e simologa, e ne ya supa gore Jehofa o a e segofatsa. (Dit. 16:4, 5) Ga go na ope wa rona yo o tshwanetseng go bontsha go sa anaanele phuthego kana a ikutlwa fela gore ke tsela nngwe fela ya gore re kopane mmogo. Phuthego ya lefelo lengwe le lengwe ke koo Basupi ba ga Jehofa ba nonotshiwang gone. E dira gore re kopane mmogo ka kutlwano gore re tle re rutiwe ke Jehofa le gore re siamele tiro ya Bogosi.—Isa. 2:2.

3 Phuthego ya Bokeresete ke motswedi wa konokono o o re rutang boammaaruri. (1 Tim. 3:15) Balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go nna “bangwe fela botlhe”—ba le bangwe fela le Modimo, le Keresete e bile ba utlwana bone ka bobone. (Joh. 17:20, 21; bapisa Isaia 54:13.) Lefa re ka ya kae mo lefatsheng, bakaulengwe ba rona ba dumela dithuto tsa Baebele le melaometheo ya yone mme ba itshwara go dumalana le yone.

4 Re thapisitswe e bile re siametse tiro ya rona ya go dira barutwa. Tora ya Tebelo, Tsogang! le Tirelo ya Rona ya Bogosi di re fa tshedimosetso e e mosola kgwedi nngwe le nngwe go re thusa gore re simolole motlotlo wa Dikwalo. Dipokano di diretswe go re bontsha kafa re ka tsosang kgatlhego ka gone le kafa re ka dirang ka teng gore batho ba nne ba kgatlhega. Koketsego e re e bonang mo lefatsheng lotlhe e bontsha gore re engwe nokeng ke mongwe kwa legodimong mo tirong eno.—Math. 28:18-20.

5 Letsatsi le letsatsi re bona kgothatso e e re ‘tlhotlheletsang mo loratong le mo ditirong tse di molemo,’ ka phuthego. (Baheb. 10:24, 25) Re nonotshiwa gore re itshokele diteko ka boikanyegi. Balebedi ba ba lorato ba re thusa go fenya dikgatelelo le ditlhobaelo. (Mor. 4:9-12) Re fiwa kgakololo e re e tlhokang fa re le mo kotsing ya go fapoga. Ke mokgatlho ofe o mongwe gape o o tlhokomelang batho ba one ka tsela e e lorato jaana?—1 Bathes. 5:14.

6 Ke go rata ga ga Jehofa gore re nne re le gaufi le mokgatlho wa gagwe gore re nne re utlwana. (Joh. 10:16) Tsela e nngwe e phuthego e re thusang ka yone gore re nne re golagane le setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo ke ka go romela balebedi ba ba etang gore ba re kgothatse. Fa re latela kaelo e e lorato e re e fiwang go dira gore re atamalane mme seo se re thusa gore re nne re nonofile semoyeng.

7 Phuthego e botlhokwa thata go re thusa go falola. Re ka se ka ra kgona go direla Jehofa ka tsela e a e amogelang kwantle ga yone. Ka jalo he, a re nneng gaufi le se Jehofa a se re diretseng. E kete re ka dira tumalanong le mekgele ya yone mme re dirise kgakololo e re e amogelang koo ka botlalo. Ke ka tsela eno fela re ka bontshang gore phuthego e botlhokwa go le kana kang mo go rona.—Pes. 27:4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela