Nna o Akantse Gore Dinako Di Potlakile
TSELA e le nngwe fela e e tlhomameng, e e amogelwang ke Modimo e re ka tswelelang pele re direla Jehofa ka moya otlhe ka yone ke efe? Ke go nna re akantse thata gore dinako di potlakile. Go direla Modimo ka moya otlhe go kaya go mo direla ka borona jotlhe, gape go tlhoka go diragatsa ka tlhoafalo e bile e le ka mo go feletseng dilo tsotlhe tse a reng re di dire.
Moperofeti Moshe o ne a gatelela kafa seno se tlhokegang ka gone fa a ne a laela setšhaba sa Iseraele jaana: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo ya gago yotlhe fela.” (Duteronome 6:5) Makgolo a dingwaga moragonyana taolo yone eo e ne ya buiwa gape ke Keresete Jesu: “O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.” (Mathaio 22:37) Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka sone seo se se tlhokegang fa a ne a bolelela Baefeso gore ba dire “thato ya Modimo ka moya otlhe,” le fa a ne a kgothatsa Bakolosa jaana: “Le fa e ka bo e le eng se lo se dirang, lo se dire ka pelo yotlhe, jaaka e ka bo e le go direla Morena, e seng batho.”—Baefeso 6:6, NW; Bakolosa 3:23.
Lefa go ntse jalo, go bokete go direla Modimo ka pelo le moya fa e le gore ga re bone go potlakile kana fa e le gore ga re tlhole re bona go potlakile thata jaaka pele—kana ga re tlhole re bona go potlakile gotlhelele. Gompieno, re tshela mo nakong e e potlakileng thata go feta nako epe fela e sele mo hisitoring ya motho.
Dipaka Dingwe Tsa Potlako
Mo metlheng ya pele ga Bokeresete go ne go na le dipaka tse dintsi tsa potlako. Motlha wa ga Noa le lobaka lwa fa Sotoma le Gomora di tla tloga di senngwa ruri e ne e le metlha ya potlako tota. (2 Petere 2:5, 6; Juta 7) Kwantle ga pelaelo go ne go na le ditiro tse dintsi tse di neng di dirwa ka potlako mo dingwageng tsa pele ga Morwalela. Lefa Noa le lelapa la gagwe ba ne ba sa itse gore totatota Morwalela o ne o tla simolola leng, “poifo ya Modimo” e ba neng ba na le yone e ne e tla dira gore ba se ka ba goga dinao.—Bahebere 11:7.
Ka tsela e e tshwanang, pele ga Sotoma le Gomora di senngwa, baengele ba ne “ba akofisa Lote” ba mo raya ba re: “Tshaba o iphedise.” (Genesise 19:15, 17) Ee, le ka nako eo, go potlaka go ne ga boloka matshelo a batho ba ba siameng. Makgolo a dingwaga moragonyana batshwarwa ba Bajuta kwa Babilone ba ne ba kgothadiwa jaana: “Tsamayang, tsamayang, lo tswe gone, lo se ka lwa ama sepe se se itshekologileng; tlogang, lo tswe mo gare ga gone.” (Isaia 52:11) Ka 537 B.C.E., batshwarwa ba ka nna 200 000 ba ne ba itlhaganelela go tswa mo Babilone ka gonne ba ne ba utlwa taolo eo e e potlakileng ya boperofeti.
Go akanya ka gore dinako di potlakile mo mabakeng ao otlhe go ne ga dira gore batho ba ba neng ba dumela gore ba tshela mo metlheng e e potlakileng ba direle ka moya otlhe.
Go Potlaka mo Metlheng ya Bokeresete
Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika le tsone di umaka go potlaka kgapetsakgapetsa. “Itiseng,” “lo lebelele,” “disang,” “nnang fela lo iketleeditse”—mafoko ano otlhe a dirisitswe ke Keresete Jesu go dira gore balatedi ba gagwe ba nne ba ntse ba akantse ka tsela e e tshwanetseng gore dinako di potlakile. (Mathaio 24:42-44; Mareko 13:32-37) Mo godimo ga moo, ditshwantsho tsa gagwe malebana le makgarebane a a lesome, motlhanka yo o bosula, ditalenta le go kgaoganngwa ga dinku le dipodi, tsotlhe di dira gore motho a nne a lebile kwa pele e bile di rotloetsa gore motho a nne le mogopolo wa gore dinako di potlakile.—Mathaio 25:1, 14, 15, 32, 33.
Jesu ga a ka a bua kaga go potlaka fela mme gape o ne a bontsha gore mafoko a gagwe ke a mmatota ka go dira a potlakile. Ka lekgetlho lengwe o ne a bolelela boidiidi jwa batho jaana fa ba ne ba leka go mo tshwara: “Ke na le go rerela le metse e mengwe Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo, gonne ke romilwe go dira jalo.” (Luke 4:42, 43) Mo godimo ga moo, o ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe gore ba rapele Morena wa thobo gore a romele badiri ba ba oketsegileng mo thobong ya Gagwe ka gonne “thobo e kgolo ruri, mme barobi ba a tlhaela.” (Mathaio 9:37, 38) Kopo e e ntseng jalo ya thapelo go Modimo ruri e bontsha go potlaka.
A go Ne go Sa Tlhokege go Potlaka Jalo?
Bangwe ba ka botsa potso eno e e nang le tlhaloganyo, Ke ka ntlha yang fa go ne go tlhokega go potlaka ka nako eo fa e le gore “sepitla se segolo” se se neng se boleletswe pele se ne se tla tla morago ga makgolokgolo a dingwaga?—Mathaio 24:21.
Re ka tlhomamisa gore e ne e se leano fela leo Jesu a neng a le dirisa gore balatedi ba gagwe ba nne ba tshwaregile mo tirong ya go rera le go ruta. Nnyaa, tota kgakololo ya ga Keresete malebana le go potlaka e dirilwe ka gonne a ne a rata barutwa ba gagwe, gape a tlhaloganya sentle tsela e Jehofa a lebang nako ka yone. Ee, Keresete Jesu o ne a itse gore ba ne ba tlhoka go potlaka gore ba diragatse thato ya ga Jehofa kafa boikaelelong jwa Modimo. Mo godimo ga moo, o ne a itse gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla solegelwa molemo semoyeng fa ba ne ba ka nna ba akantse kafa tiro e potlakileng ka gone go fitlha a boa.
Jesu Keresete o ne a bontshitse sentle gore go ne go na le tiro ya go neela bosupi mo lefatsheng lotlhe e e neng e tshwanetse go dirwa mo nakong e khutshwane. (Mathaio 24:14; Mareko 13:10) Fa tiro e ntse e tsamaya ke gone go ileng ga senolwa dikgato tse di farologaneng tsa kabelo eno. Mme lefa go ntse jalo kgato nngwe le nngwe e ne e tlhoka go dirwa ka potlako. Jesu o ne a bontsha kafa kabelo eno e neng e tla tsamaya kgato ka kgato ka teng fa a re: “Lo tlaa nna basupi ba me mo Jerusalema, le mo lefatsheng lotlhe la Jutea le la Samaria, go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe.” (Ditiro 1:8) Mme ke gone kafa tiro eno e diragetseng ka teng go tla go fitlha jaanong. Fa nako e ntse e ya, go ile ga nna le dilo tse di gakgamatsang batlhanka ba Modimo, mme seo sa dira gore go tlhokege gore tsela e dilo di tlhaloganngwang ka yone e fetolwe ka dinako tse dingwe.
Go potlaka ga Bakeresete go diragaditse boikaelelo jwa ga Jehofa. Go thusitse barutwa ba ga Keresete gore ba dire kabelo ya bone kgato ka kgato go ya ka thulaganyo ya ga Jehofa e e senang diphoso. Ka jalo gompieno, fa re leba kwa morago dingwaga di ka nna 2 000, re tlhaloganya thulaganyo eo ya Modimo ka botlalo le go feta.
Potlako ya Bakeresete e thusitse barutwa gore ba neele bosupi ka botlalo kwa Jerusalema, Jutea, Samaria, le kwa Bajuteng ba ba neng ba gasagasame pele ga 36 C.E. fa go neela Baiseraele tlhokomelo e e kgethegileng go ne go fela. (Daniele 9:27; Ditiro 2:46, 47) Ka tsela e e tshwanang, go potlaka ga Bakeresete go thusitse phuthego ya bogologolo gore e tlhagise Bajuta botlhe ka phepafalo gore tsamaiso ya bone e ne e tla tloga e fela. (Luke 19:43, 44; Bakolosa 1:5, 6, 23) Mme fa e sena go fela go sa lebelelwa ka 70 C.E., go potlaka go ne ga thusa basupi ba ga Keresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga go bolelela batho ba le bantsi ka tsholofelo ya selegodimo botenegi, jo bo neng bo boleletswe pele bo ise bo tlise lefifi la jone le le kotsi. (2 Bathesalonika 2:3; 2 Timotheo 4:2) Go tswa foo, fela jaaka Keresete Jesu a ne a boleletse pele, Bakeresete ba sekae ba ba tshwanang le mabele ba ne ba nna ba ntse ba na le tsholofelo ya Bogosi go ralala makgolo a dingwaga a Metlha ya Lefifi. (Mathaio 13:28-30) Kgabagare, ka nako e a neng a e beile, Jehofa o ne a tlhoma phuthego e e tlhagafetseng ya motlha wa gompieno, e e neng e rotloediwa ke molaetsa wa gagwe o o potlakileng wa go atlholwa ga ba ba tshelang mo kokomaneng eno ya bofelo.—Mathaio 24:34.
Jaaka Daniele wa bogologolo, Basupi ba ba ikanyegang ba Modimo ba mo metlheng eno le ka motlha ba ne ba ka se ka ba botsa Jehofa ba re: “O dirang?” (Daniele 4:35) Ba tlhomamisa gore Jehofa o itse tota se se tlhokegang gore tiro ya gagwe e dirwe ka nako. Ka jalo mo boemong jwa gore ba belaele tsela e Jehofa a rulaganyang dilo ka yone, ba itumelela gore Modimo o ba neile sebaka sa gore ba dire mmogo le ene mo dinakong tseno tsa botlhokwatlhokwa.—1 Bakorinthe 3:9.
Kgothatso e Nngwe ya Gore re Potlake
Lebaka le lengwe le le dirang gore re potlake ke gore ga re kgone go supa ka tlhomamo letsatsi le ura eo sepitla se segolo se tla simologang ka tshoganetso ka yone. Keresete Jesu o ne a tlhomamisa gore ga go na ope mo lefatsheng yo o itseng letsatsi le ura e e beilweng ya gore tiragalo eo ya botlhokwatlhokwa e simologe. (Mathaio 24:36) Ka lekgetlho le lengwe o ne a raya baaposetoloi ba gagwe ba ba neng ba gakaletse go itse a re: “Ga se ga lona go itse metlha kgotsa dipaka, tse Rara o di ipeetseng mo thateng ya gagwe.” (Ditiro 1:7) Ee, go phepafetse sentle gore dilo di tla felela jang, mme lefa go ntse jalo tota ga se ga rona go itse dilo tsotlhe.
Moaposetoloi Paulo o ne a akanya sentle malebana le go potlaka. Gongwe o ne a gopotse mafoko a ga Jesu fa a ne a kwalela Bathesalonika ka ga go nna gone ga ga Keresete: “Ka ga metlha le dipaka, bagaetsho, ga go batlwe gore lo ka kwalelwa sengwe.” (1 Bathesalonika 5:1) O kwadile lokwalo lono dingwaga di ka nna 17 morago ga fa Jesu a sena go re: “Lo tlaa nna basupi ba me . . . go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe.” (Ditiro 1:8) Ka nako eo go ne go ka se ka ga kwalwa sepe se se oketsegileng ka gonne go ne go sa senolwa sepe go feta foo. Lefa go ntse jalo ba ne ba ka tlhomamisa gore letsatsi la ga Jehofa ruri le ne le tla tla “jaaka legodu bosigo” fa Bakeresete bone ba tla bo ba santse ba rera ka potlako.—1 Bathesalonika 5:2.
E re ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le mafoko ano mo mogopolong, ga go lebege ba ne ba ka akanya gore letsatsi la ga Jehofa le santse le tla tsaya makgolo a dingwaga gore le tle. Ke boammaaruri, ba ne ba itse ditshwantsho tsa ga Jesu ka ga kgosi e e neng ya ya kwa lefatsheng le le kgakala le kaga monna yo o neng a ya kwa lefatsheng le sele. Gape ba ne ba itse gore ditshwantsho di ne di bontsha gore “kgabagare,” (NW) kgosi e ne e tla boa, le gore monna yo o tsereng loeto o ne a tla boa “go sena go feta lobaka lo loleele.” Mme lefa go ntse jalo kwantle ga pelaelo ba ne ba ipotsa dipotso tse di jaaka, “Kgabagare” ke leng? Le gone “go sena go feta lobaka lo loleele” go kaya eng? A ke dingwaga tse di lesome? Dingwaga tse di masome a mabedi? Dingwaga tse di masome a matlhano? Kana go feta foo? (Luke 19:12, 15; Mathaio 25:14, 19) Ba ne ba tla nna ba ntse ba gopotse mafoko a ga Jesu: “Le lona etleetsegang; gonne Morwa Motho o tla ka nako e lo sa e gopoleng.”—Luke 12:40.
Matswela a a Siameng a go Potlaka
Ee, moya wa go potlaka o o neng o tlhotlheleditswe ke Modimo o ne o kgothatsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga sentle, o ba thusa gore ba nne ba tshwaregile mo tirong ya botlhokwa go gaisa tsotlhe ya go rera le go ruta. O santse o re kgothatsa ka ditsela di le dintsi le gompieno. O dira gore re se ka ra tlhoka kgatlhego kana ra ‘lapa go dira se se molemo.’ (Bagalatia 6:9) O re sireletsa gore re se ka ra tsenelela thata mo lefatsheng le mo go rateng dithoto ga lone mo go kotsi. O dira gore re nne re akantse ka “botshelo jo e leng botshelo ruri.” (1 Timotheo 6:19) Morena Jesu o ne a bolela gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla nna jaaka “dinku mo gare ga diphiri,” mme o ne a itse gore re tlhoka go nna re ititeile sehuba, re tlhomame mo mogopolong gore re kgone go lwantsha lefatshe. Ee, go nna re akantse ka gore dinako di potlakile jaaka Bakeresete go re babaletse e bile go re sireleditse.—Mathaio 10:16.
Jehofa Modimo ka botlhale jwa gagwe jo bo ka se lekanngweng le sepe ka metlha o neela batlhanka ba gagwe tshedimosetso e e lekaneng gore ba nne ba ntse ba akantse gore dinako di potlakile. O re tlhomamiseditse ka bopelonomi gore re mo “metlheng ya bofelo” ya tsamaiso e e boikepo eno ya dilo. (2 Timotheo 3:1) Re nna re gakololwa kgapetsakgapetsa gore re tshwanetse go phatsima jaaka masedi go fitlha kokomane e re tshelang mo go yone e feta ka sepitla se segolo konelo ya sone e le Haramagetone.—Bafilipi 2:15; Tshenolo 7:14; 16:14, 16.
Ee, go akanya ka tsela ya bomodimo gore dinako di potlakile ke karolo ya go direla Jehofa ka moya otlhe. Go thibela maiteko a ga Diabolo e bile go thusa go a fenya fa a leka go dira gore batlhanka ba Modimo ba ‘lape ba bo ba ngodiege mo meweng ya bone.’ (Bahebere 12:3) Go ineela ka moya otlhe go tla dira gore batlhanka ba ga Jehofa ba mo obamele ka bosakhutleng, mme gone jaanong, mo metlheng eno ya pele ga Haramagetone, go nna re akantse thata ka gore dinako di potlakile ke karolo ya botlhokwa thata ya go ineela ka moya otlhe.
E kete Jehofa Modimo wa rona a ka re thusa rotlhe gore re nne re ntse re akantse gore dinako di potlakile fa re ntse re boeletsa mafoko a ga moaposetoloi Johane: “A go nne jalo: Tlaa, Morena Jesu.”—Tshenolo 22:20.