LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Go Rera ka Boitshoko mo Nageng ya Dikgapetla le Molelo
    Tora ya Tebelo—1993 | September 15
    • ntse ba rera mafoko a a molemo mo tshimong eno, ba solofetse thata gore Jehofa o tla dira gore dilo di gole.—1 Bakorintha 3:6.

      Ba Lebeletse Thata Gore Ba Tla Oketsega

      Balemi ba Iceland ba ile ba kgona go jala maungo a mantsi le merogo, mmogo le dijalo tse dingwe mo matlong a a gotediwang ka maatla a tlholego le mabone a a itiretsweng. Basupi le bone ka tsela e e tshwanang, ba ile ba bona maungo a a itumedisang mo tshimong eno ya Iceland, ka go bo ba ne ba tshotse boammaaruri jwa semoya, ba rotloetsa batho ka bonolo le ka lorato e bile ba segofadiwa ka moya wa ga Jehofa o o boitshepo.

      Mo ngwageng ono Segopotso sa loso lwa ga Keresete se ne sa tliwa ke batho ba le 542, mme go tshwarwa dithuto tsa magae tsa Bibela di ka nna 200. Mo godimo ga go tsaya kgato e e siameng fa ba kgothalediwa go dira ditshimo tse di sa abiwang re tlhomamisa gore batho botlhe ba sekadinku ba ba leng mo setlhaketlhakeng se segolo seno ba tla utlwa lentswe la Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete. (Yohane 10:14-16) A bo seo e le maungo a a itumedisang jang ne mo barering ba ba ikanyegang bao ba Bogosi ba ba ileng ba nna pelotelele ba bo ba itshoka mo go rereng mafoko a a molemo mo nageng eo ya dikgapetla le molelo mo dingwageng tse 64 tse di fetileng!

  • Itshoke mo Tirelong ya Bobulatsela
    Tora ya Tebelo—1993 | September 15
    • Itshoke mo Tirelong ya Bobulatsela

      GO NA le Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 4 500 000 ba ba rerang mafoko a a molemo mo lefatsheng lotlhe. Mo go bone go na le babulatsela ba ba fetang 600 000, kana bareri ba Bogosi ba nako e e tletseng. Bao ba leng mo lesomong le legolo leno la babulatsela ke batho ba dingwaga tse di tlogang go tsa bolesome go ya go ba ba setseng ba tlogetse tiro ka ntlha ya bogolo ba ba leng mo dingwageng tsa bo90. Ke batho ba mefuta yotlhe le ba maemo otlhe a botshelo.

      Ga go belaetse gore, bareri botlhe bano ba nako e e tletseng ba batla go atlega mo bodiheding jwa bobulatsela. Ba bantsi ba eletsa go bo dira tiro ya botshelo botlhe. Ba bangwe ba na le mabaka a a ba kgoreletsang go dira jalo. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ile ba kgona go tswelela e le babulatsela le mororo ba na le mathata a madi, a botsogo, a go kgobega marapo, e bile ba na le mathata a mangwe gape. Ka jalo, bareri ba nako e e tletseng ba ka kgona go itshokela mathata ao jang mme ba tswelela pele ba itshokile mo tirelong ya bobulatsela?

      Go Lebana le Mathata a Madi

      Ka kakaretso fela, fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a dira, babulatsela ba dira ditiro dingwe tsa go itshedisa gore ba duelele ditshenyegelo tsa bone. (1 Bathesalonia 2:9) Ba lebana le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo thata tsa dijo, diaparo, bonno, le dipagangwa, mo mafelong a mantsi mo lefatsheng. Gantsi go bokete gore ba bone tiro ya boitshediso e e sa tseyeng nako yotlhe. Fa e le teng, o fitlhela tiro e e ntseng jalo e ba duela madi a a kwa tlase thata, e sa kgone go duelela inshorense ya kalafi.

      Fa re ‘batla bogosi jwa Modimo pele le tshiamo ya gagwe,’ re ka dumela gore Jehofa o tla re naya dilo tsa senama tse re di tlhokang. Ka gone, babulatsela ga ba a tshwanela go ‘tlhobaelela ka moso’ fa ba na le mathata a madi. (Mathaio 6:25-34) Fa ba ntse ba leka ka tlhoafalo go rarabolola mathata ao, ga ba ne ba tshwenyega thata fa tumelo ya bone mo go Jehofa e nonofile.

      Fa motho a na le mathata a madi, gongwe a ka fokotsa ditshenyegelo tsa gagwe. Fa a fetola tsela e a dirisang madi ka yone, a ka nna a kgona go bona dilo tse dingwe tse a di tlhokang, eseng tse a ka tswang a di batla mme a sa di tlhoke. Babulatsela ba bangwe ba nna le Bakeresete ba bangwe mo foleteng gore ba kgone go fokotsa ditshenyegelo. Ka dinako tse dingwe batsadi ba nna le bana ba bone mahala fela kana ba duela madi a a kwa tlase gore ba ba thuse gore ba kgone go bula tsela. Batho ba bangwe ba naya babulatsela dijo mmogo le madi a go pagama. Lefa go ntse jalo, babulatsela ga ba kitla ba batla go nna mokgweleo mo go ba bangwe, ka go bo Dikwalo di ba rwesa boikarabelo jwa gore bone ka bobone ba itlamele.—2 Bathesalonia 3:10-12.

      Madi a dipagangwa a ka fokodiwa ka go tshwaraganela ditshenyegelo le babulatsela ba bangwe. Fa babulatsela ba babedi ba na le dikoloi, ba ka nna ba rera mmogo mo lefelong le le lengwe, ba dirisa koloi e le nngwe go fokotsa ditshenyegelo tsa go dirisa dikoloi tse pedi. Babulatsela ba ba senang dikoloi ba ka dira le ba ba nang le tsone mme ba ba thusa go duela ditshenyegelo. Madi a dipagangwa a ka fokodiwa gape ke go dira ditshimo tse di fa gaufi tse go ka iwang fela ka dinao kwa go tsone. Kwa dinageng tse dintsi babulatsela ba dirisa dipagangwa tsa botlhe tse madi a tsone a leng kwa tlase.

      Newton Cantwell le mosadi wa gagwe ke bangwe ba batho ba ba neng ba fenya mathata a go tlhoka madi mme ba nna ba itshokile mo tirelong ya bobulatsela. Ba ne ba rekisa polasi ya bone mme ba simolola go bula tsela le bana ba barataro mo go ba ba supa ba bone ka 1932, ka nako ya Khumanego E Kgolo. “Go ise go e kae ke fa re setse re dirisitse madi otlhe a re neng ra a bona fa re ne re rekisa polasi—bontsi jwa one bo jelwe ke go duela dingaka,” Mokaulengwe Cantwell o ne a kwala jalo. “Re santse re gakologelwa gore fa re ne re fudugela kwa kabelong ya rona ya bobedi, re ne re na le madi fela a a ka duelelang rente ya dibeke tse pedi kwa pele, re na le [R15] fela. Lefa go ntse jalo, re ne re itse gore Jehofa o ne a tla re tlamela fa re ka nna ra dira thata mo tirelong ya gagwe. . . . Re ne ra ithuta go somarela ka ditsela tse di farologaneng. Fa re ne re fudugela mo tshimong e ntšha re ne re tlhalosetsa ba ba rekisang peterolo gore re ne re na le dikoloi di le tharo tse re neng re di dirisa ka metlha mo tirong ya rona ya Bokeresete. Seno gantsi se ne se felela ka gore re bone peterole ka madinyana a a kwa tlase. Barwa ba rona ba ne ba ithuta go baakanya dikoloi, mme seo se ne sa re bolokela madi a go di baakanya kwa karatšheng.” Ka jalo boorraCantwell ba ne ba kgona go fenya mathata a madi mme ba itshokela tirelo ya nako e e tletseng. Mokaulengwe Cantwell o ne a santse a le mo lenaaneng la babulatsela fa a ne a tlhokafala a na le dingwaga di le 103.

      Go Batla Tiro E E Seng ya Nako Yotlhe

      Babulatsela ba bantsi ba itlamela ka madi a ba a bonang mo ditirong tse eseng tsa nako yotlhe. Paulo o ne a dira ditente le badumedi ba bangwe ebong Akwila le Peresila gore a kgone go itlamela mo bodiheding fa a ne a le kwa Korintha. (Ditihō 18:1-11) Gompieno, bakaulengwe ba semoya gantsi ba itumelela go naya babulatsela tiro e e seng ya nako yotlhe. Babulatsela ba bangwe ba kgona go bona tiro e e ntseng jalo ka batho ba ba batlelang batho ditiro tse eseng tsa nako yotlhe. Go tlhokega gore motho a dumele mo Modimong, a bo a mo rapele ka tlhoafalo gore a mo kaele fa a dira tshwetso ya go hirwa.—Diane 15:29.

      “Fa ke sena go bona nonofo morago ga go akanyetsa seno ka thapelo,” go ne ga bolela jalo mmulatsela mongwe, “ke ne ka bolelela molebeledi wa tiro gore tiro ya me ya bodihedi e ne e le boikarabelo jwa me ka namana jo bo masisi tota mme ke ne nka se ka ka kgona go dira ka nako e e tletseng. Laboraro o o latelang ke ne ka bodiwa gore a ke ne ke sa batle go e dira mme eseng ka nako yotlhe. Ke ne ka dumela ka boitumelo.” O se ka wa bo wa nyatsa maatla a thapelo, mme dira go ya kafa o rapelang ka teng.

      Babulatsela ba ka bona go le botoka go bolelela batho ba ba tlileng go ba hira gore boikaelelo jwa bone jwa go batla tiro e e sa tseyeng nako yotlhe ke gore fela ba kgone go itlamela mo bodiheding. Ba ka nna ba umaka matsatsi kana diura tse ba ka kgonang go dira tiro eo ka tsone mo bekeng. Bokgaitsadi bangwe ba e leng bana ba motho ba ne ba kgona go dira tiro ya nako e e tletseng mmogo mo femeng nngwe ya boramolao, mongwe le mongwe wa bone o ne a dira matsatsi a mabedi le sephatlo. Ba ne ba kgona go itlamela jaaka babulatsela go fitlha ba ya kwa Sekolong sa Bibela sa Watchtower sa Gileade mme ba romelwa go ya go dira jaaka barongwa.

      Go na le ditiro tse di farologaneng tse di sa ganweng ke Dikwalo tse di ka bonwang fa motho a bua le badumedi ba bangwe le batho fela kana ka go leba makwalodikgang. Boikokobetso bo a thusa, ka go bo bo ka dira gore mmulatsela a se ka a tlhophatlhopha ditiro thata. (Bapisa Yakobe 4:10.) Ba ka nna ba tlhoka go dira tiro ya boitshediso e batho bangwe ba e lebang e le ya maemo a a kwa tlase gore ba kgone go tswelela ba bula tsela. Fa o ka dumela tiro e e ntseng jalo mme e le gore o batla e nngwe e e farologaneng, o ka nna wa e fetola kwa morago.

      Go Sa Itekanelang Sentle mo Mmeleng le go Kgobega Marapo

      Bangwe ba ka nna ba tshwanela go tlogela tirelo ya bobulatesela ka ntlha ya mathata a botsogo. Lefa go ntse jalo, fa babulatsela ba sa itlhaganelele go bo tlogela ka ntlha ya seno, ba ka nna ba fitlhela gore bolwetsi jono bo ka alafiwa kana botsogo jwa bone bo ka tokafala mo ba ka tswelelang ba ntse ba bula tsela. Ba bantsi ba kgona go bula tsela lefa gone ba lwala gonne ba kgona go bona kalafi, ba ja dijo tse di ba siametseng, ba ikhutsa ka tsela e e lekaneng e bile ba itshidila mmele. Molebedi mongwe yo o etang o ne a bona kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o tshwerweng ke arthritis mo a neng a tlhoka gore a tshegediwe fa a tsamaya ka ntlo le ntlo mo bodiheding. (Ditihō 20:20) Lefa go le jalo ene le monna wa gagwe ba ne ba tshwara dithuto tsa legae tsa Bibela di le 33 e bile ba setse ba thusitse batho ba le 83 go amogela boammaaruri jwa Modimo. Fa nako e ntse e tsamaya, botsogo jwa gagwe bo ne jwa tokafala, mme o ne a ya kwa Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela dingwaga di le 11 morago ga foo.

      Go kgobega marapo go ka dira gore bangwe ba tlogele bodihedi jwa bobulatsela. (Diane 24:10) Mmulatsela mongwe o ne a bolelela molebedi yo o etang jaana: “Ke ile go tlogela bobulatsela. . . . Ke na le melato e e batlang go duelwa.” O ne a tlhoka digalase tsa matlho tse di jang diranta di le 60. “A o tlile go tlogela bobulatsela gonne o tlhoka [diranta di le 60]?” molebedi o ne a mmotsa jalo. Mmulatsela yono o ne a akantshiwa gore a dire kwa polasing ya kofi e e mo lefelong leo letsatsi le le lengwe fela, a bone diranta di le 60, a reke digalase tseo, mme a tswelele a bula tsela. Fa go ntse go buiwa le ene go ne ga bonala gore bothata jwa gagwe jo bogolo e ne e le go kgobega marapo ka ntlha ya madi a mantsi a a a duetseng go baakanya koloi ya gagwe. Mmulatsela o ne a akantshiwa gore a fokotse ditshenyegelo ka gore a kgweeletse bokgakala jwa dikilometara di sekae fela ka letsatsi mme a se ka a tsamaela kwa kgakala. Gape o ne a gakololwa gore a itshole a nonofile semoyeng. Mmulatsela o ne a dirisa kgakololo eno mme dikgwedi tse thataro morago ga foo o ne a bilediwa go ya kwa Sekolong sa Gileade. Fa a sena go aloga o ne a romelwa kwa nageng e nngwe koo a neng a dira teng ka dingwaga tse dintsi a ikanyega go fitlha a swa. Ee, re ka bona masego a magolo fa re sa ineele fa re kgobega marapo mme re nna re gakologetswe gore Jehofa o na le rona.

      Tseela Tshiamelo ya Gago ya Tirelo kwa Godimo

      Paulo o ne a tsaya tirelo ya gagwe jaaka khumo, le mororo a ne a lekwa, jaaka ka dinako tsa fa a ne a tlhoka dilo dingwe le fa a ne a tlhoka dijo. (2 Bakorintha 4:7; 6:3-6) Batlhanka ba bantsi ba ga Jehofa mo Afrika, Asia, Yuropa Botlhaba, le kwa mafelong a mangwe gompieno ba ile ba nna ba tshwareletse mo tshiamelong eno ya bobulatsela le mororo ba ne ba lebane le mathata e bile ba bogisiwa. Ka gone, fa ba ne ba lekwa, ba ne ba leka go itshokela go nna mo tshiamelong eno ya tirelo, gore Jehofa a tle a bakwe.

      Babulatsela ba bantsi ba ne ba kgona go tsena mo tirong ya go rera ka nako e e tletseng fela ka gonne ba ne ba tlhofofatsa tsela e ba tshelang ka yone. Fela jaaka Paulo, ba ne ba ithiba gore ba se ka ba gogelwa ke dikhumo mme ba ithuta go kgotsofalela go nna le “diyō le diaparō.” Ba tshwanetse gore ba kgotsofalele go nna fela le dilo tse ba di tlhokang gore ba kgone go itshoka mo tirelong ya bobulatsela. (1 Timotheo 6:8) Re tla itumela fa re tseela kwa godimo ditshiamelo tseno tse re di filweng ke Modimo, re di tsaya di le botlhokwa go feta dilo tsa senama tse re nang le tsone.

      Ka sekai: Anton Koerber o ne a bona tshiamelo ya go buelela dilo tse di direlwang Bogosi kwa badireding ba puso kwa Washington, D.C. O ne a dira jaaka mmulatsela ka lobakanyana mme e ne e le molebedi yo o etang ka bo1950. Bangwe ba batho ba a neng a kile a bo a tlhakanetse kgwebo le bone ba ne ba kile ba tla kwa go ene ba mmolelela kafa a ka bonang dimilione tse tharo tsa diranta ka teng. Lefa go ntse jalo, o ne a tla tshwanela gore a dirise nako yotlhe ya gagwe mo kgwebong ka lobaka lwa ngwaga gore a a bone. O ne a bolela jaana fa a sena go rapelela gore a kaelwe le gore a dire dilo ka botlhale: “Ga ke kgone go tlogela ditshiamelo tse di molemo tsa me tsa go direla Jehofa lefa e le ka ngwaga fela, lefa nka newa madi a a kana kang mo lefatsheng. Go direla bakaulengwe ba me fano mo Washington go botlhokwa thata mo go nna, e bile ke itse gore Jehofa o tla ntshegofatsa ka ntlha ya seno. Ga ke belaele gore ke tla kgona go kokoanya [diranta di le dimilione di le tharo], mme fa ngwaga o fela ke ntse ke tshela botshelo jo bo ntseng jalo, semoya sa me, kana bone botsogo jwa me bo tla bo bo ntse jang?” Ka gone, o ne a gana tiro eo. Go tseela ditshiamelo tsa bone kwa godimo go ile ga thusa batho ba bantsi gore ba kgone go itshokela tirelo ya bobulatsela.

      A bo babulatsela ba itumelela go segofadiwa jang ne! Go itumedisa tota go senya diura tse dintsi o bolela gore Jehofa ke kgosi e e galalelang. (Pesalema 145:11-13) Nako e ntsi e babulatsela ba e dirisang mo bodiheding e ba kgonisa gore ba itumelele go gomotsa semoyeng ba ba humanegileng le ba ba gateletsweng, ba ba lwalang kana ba ba hutsafetseng, le ba bangwe ba ba tshwenyegileng le ba ba batlang go nna le sengwe se se tlhomameng se ba ka se solofelang. Ka gone, fa maemo a rona a re letla gore re ka tsena mo tirelong ya nako e e tletseng, eleruri re tla itumelela masego a mantsi. “Tshegōhacō ea ga Yehofa ea humisa.” (Diane 10:22) Mme thuso eno le go segofadiwa ka tsela eno ke tsone tse di thusang bareri ba bantsi ba Bogosi gore ba itshoke mo tirelong ya bobulatsela ba itumetse.

  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo—1993 | September 15
    • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

      Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana mo go Baroma 9:3: “Ke ne ke ka eletsa gore nna ka nosi ka bo ke lomolocwe le Keresete, ka ntlha ea ba ga echo ba e leñ ba losika loa me kaha nameñ.” A o ne a raya gore o ne a tla ntshetsa Bajuda ba bangwe botshelo jwa gagwe setlhabelo?

      Jesu o ne a tlhoma sekao se se di fetang tsotlhe sa lorato. O ne a iketleeditse go ntshetsa batho ba ba ratang go dira boleo moya wa gagwe, kana botshelo jwa gagwe. Mo bodiheding jwa gagwe jwa phatlalatsa, o ne a ineela go direla batho ba morafe waabo—Bajuda—gore go tle go nne le ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka teng ba ba neng ba tla solegelwa molemo ke setlhabelo sa gagwe sa thekololo. (Mareko 6:30-34) Go sa batle go reetsa le go ganetsa ga bone molaetsa wa poloko ga go a ka ga koafatsa kafa Jesu a neng a amega ka lorato ka teng ka batho bao ba Bajuda. (Mathaio 23:37) E bile o ne a re tlogelela ‘sekao, gore re tsamaye mo dikgatong tsa gagwe.’—1 Petere 2:21.

      A batho ba ba sa itekanelang ba ka kgona go etsa sekao sa ga Jesu sa lorato? Ee, e bile moaposetoloi Paulo o supa seno sentle. O ne a amegile thata ka Bajuda ba bangwe, gonne a ne a ba rata, mo a neng a bolela gore ene ka boene o ne a “lomolocwe le Keresete” ka ntlha ya bone.

      Paulo fano o ne a dirisa pheteletso, gore a kgone go tlhalosa se a neng a se bolela. Jesu o ne a dirisa pheteletso ka tsela e e tshwanang mo go Mathaio 5:18, fa a ne a bolela jaana: “Go tsamaea legodimo le heta le lehatshe, ga go ketla go heta yoda ñwe hèla, leha e le lonakanyana loñwe hèla mo molaoñ gopè, dilō cotlhe di tle di tsamaee di dihale pele.” Jesu o ne a itse gore legodimo le lefatshe ga di kake tsa feta. Fela jaaka Paulo le ene a ne a ka se ka a hutsiwa, kana gone gore Bajuda botlhe e nne Bakeresete. Mme se Paulo a neng a se bolela fano e ne e le gore o ne a tla dira sengwe le sengwe go thusa Bajuda gore ba dire gore Modimo o kgone go ba boloka ka Jesu Keresete. Ga go gakgamatse go bo moaposetoloi a ne a kgona go kgothatsa Bakeresete jaana: “Nnañ baetsi ba me, yaka le nna ke le moetsi oa ga Keresete.”—1 Bakorintha 11:1.

      Bakeresete le bone gompieno ba tshwanetse go amega ka ba ba sa dumeleng fela jaaka Jesu le Paulo ba ne ba dira. Ga re a tshwanela go letla go tlhoka kgatlhego ga batho kana go ganediwa ke batho fa re le mo tshimong go koafatsa lorato lwa rona mo baagisaning ba rona le gore go koafatse go tlhoafalela ga rona go ba thusa go ithuta tsela ya go bolokiwa.—Mathaio 22:39.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela