A Ke Ka Nna Teng ka Nako ya Mokete wa go Laelana?
“Bosigo jwa mokete wa go laelana gantsi e a bo e le la ntlha batsadi ba gago ba go raya ba re, ‘Ratwi, ya go ipsena. Re tla go bona mo mosong.’”
“Ke gakologelwa nako nngwe e ke kileng ka nna teng mo mminong wa sekolo kwa go neng go na le babayaleitlho ba le babedi teng, mme ba ne ba se na sepe le bana.”
BANA ba tlelase ya gago ba sa le ba ntse ba bua ka yone ka dikgwedi di le dintsi. Ka tota ebile, mokete wa go laelanaa wa dikolo tse dikgolwane o tla gangwe fela mo botshelong. Mme ereka o tla bo o laelana le bana ba tlelase ya gago ba o sa leng o ba itsile ka dingwaga di le dintsi, ka tlholego fela o ka nna wa batla go nna teng. Mosetsana mongwe wa dingwaga tse di 18 a re, “Fa esale ka nako ya fa ke sa ntse ke le mo sekolong se se potlana, ke ntse ke eletsa go nna teng ka nako ya mokete wa go laelana.”
Mo dinageng tse dingwe mokete wa go laelana wa dikolo tse dikgolwane—eleng maitiso a a rulagantsweng pele ga kaloso go tswa mo dikolong tse dikgolwane—ke selo se setona fela thata mo basheng. Ga se fela gore ke maitiso a go kopana mmogo le go ja, mokete wa go laelana gape ke moletlo o o tswang kgakala o o tshwayang go aloga go tsena mo bogolong. Makasine wa Seventeen wa re: “Gantsi bosigo jwa mokete wa go laelana e a bo e le la ntlha batsadi ba gago ba go rayang ba re, ‘Ratwi, ya go ipsena. Re tla go bona mo mosong.ʼ Go lala ntle ga se fela gore go siame—mme gape ke seo o tshwanetseng go se dira.”
Legale ga se gore basha botlhe ba rulaganya go lala ntle ba tlhakatlhakanya. Go na le moo, bontsi bo a bo bo solofetse go ya go itumelela tiragalo e ntle ya go bontshiwa lorato—sebaka sa go nna Cinderella (mongwe yo o neng a sa itsege thata mme a bo a felela e le mmamoratwa) wa motlha ono kana go nna Prince Charming (lekolwanyane le le diragatsang ditsholofelo tsa moratiwa wa lone)! Darcey yo o dingwaga tse di 19 a re, “O ka re ke toro. Dialogane di fologa mo dikoloing tsa maratagolejwa tse ba di hirisitseng, ba itsaya dinepe, le go ikgantshetsa ditsala tsa bone. Ke nako ya gore le bone ba bonwe ke batho.”
Mo le gone go rategang thata le ntswa go sa tsabakele mo go kalo, ke mmino wa sekolo. Jamey yo o dingwaga di 15 a re, “Go botlhokwa gore gangwe le gape o dire moletlo fela go itumela.” Mme go sa kgathalesege gore tota se se gogelang ke eng, a ke go bina, dijo, kana kapari, bontsi jwa basha ba tsaya gore ba tshwanetse go nna mo meletlong eo. Se ba tshwenyegileng ka sone fela ke gore ba tla tsamaya le mang, ba tla apara eng, le gore ba tla bona kae madi a go duelela maitiso ao. Mme lefa go le jalo go na le dilo tse dingwe tse o ka tshwanelang ke go di tsaya tsia.
Go Leba Ka Kwa ga Maphatsiphatsi
Jesu Keresete le ene ka boene o ne a ya meletlong e e rulagantsweng sentle. (Bapisa Luke 5:29; Yohane 2:1, 2.) Mme lefa go le jalo Bibela e nyatsa “matago,” kana “meletlo e go se nang boithibo mo go yone.” (Bagalatia 5:21; Byington) Mo lekgolong la ntlha, meletlo ya boitlhapediso e mo go yone baheitane ba neng ba dira “ditiro tsa boitsholo jo bo sa siamang, bopepe, go nwa mofine go feta selekanyo, botlhapelwa, botagwa, le kobamelo ya medimo ya di setwa” ba sa iphitlhe e ne e tletsetletse. Ka jalo Bakeresete ba ne ba tlhagisiwa kgatlhanong le go tsenelela meletlo eo e e makgasa.—1 Petere 4:3, 4.
Jaanong go tweng ka mekete ya go laelana le mmino ya sekolo? Mengwe ya yone e ka nna ya bo e rulagantswe sentle le go okamelwa ka tshwanelo, mme ka jalo e nne e e laolesegang. Boitshwaro bope jo bo makgapha bo ka nna jwa kgorelediwa le go kgalemelelwa ka bofefo fela fa bo ka direga. Mme lefa go le jalo mo godimo ga go phatsima le go tsabakela ga meletlo e mentsi ya go laelana—fa e se bontsi jwa yone, e na le moya wa boitlhapediso.b Mosha mongwe o ne a bolelela Tsogang! jaana, “Boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le botagwa bo bontsi thata.” Molao o ka nna wa bo o sa letlelele bojalwa. Mme go ka nna ga bo go nowa thata mo matlwaneng a boithomelo, ditepisi, le kwa go bewang dikoloi teng.
Bibela e tlhagisa jaana: “Boyalwa yoa mofine ke moshotli, boyalwa yo bo loileñ ke phokelèlô.” (Diane 20:1) O bo o tlatsa seo ka mmino o o makgapha kana o o kgothaletsang boitsholo jo bo sa siamang, go bina mo go sa laolesegeng, dipone di tukela kwa tlase, le setlhopha sa basha bao ba ka nna ba bo ba sa ise gope melaometheo ya Bibela, mme o tla bo o na le motswako wa boitlhapediso. A o ka ikanya gore babayaleitlho ba tla laola seemo? E seng ka metlha. Mosha mongwe yo o bidiwang Charles o ne a bua puophaa jaana: “Babayaleitlho ga ba dire sepe.” A o a ba akela? Eseng go ya ka Darcey yo mmotlana, yo o bolelang jaana: “Ke gakologelwa nako nngwe ke ile mminong wa sekolo o go neng go na le babayaleitlho ba le babedi teng, mme ke raya gore ba ne ba se na sepe le bana.”
Go tshwanetse gore go dumelwe gore lefa e le babayaleitlho ba ba tlhaga ba ka nna ba go fitlhela go le thata go laola basha ba ba batlang go ‘ja monateʼ mo kamoreng ya mmino kana ya metshameko e e lefifi. Ka lebaka leo, toro ya go nna le maitiso a go bontshana lorato e ka nna ya fetoga matlhotlhapelo. Mosetsana mongwe yo mosha a re, “Go lowa fela thata.”
Maemo A A Ka Nnang A Tsala Mathata
Legale, ga se gore ke mekete yotlhe le mmino ya sekolo e e felelang ka thubakanyo. Lefa go le jalo, go na le kotsi ya gore o ka nna wa iphitlhela o le mo maemong a a ka nnang a felela a tsetse mathata. Mohumagatsana mongwe o gakologelwa jaana: “Fa o bina o kgomane Ie basimane, diatla tsa bone di simolola go tabogakaka le mmele wa gago. Ba solofela gore o se ka wa bo wa ngongorega!” A o ne o ka se ka wa tila bothata joo ka go itlhaola? Gongwe. Mme gantsi molomo o kgabaganya noka e tletse mo go seno.
A re re o ne o tsamaya o le nosi kana o na le setlhopha sa ditsala tsa gago. Mosha mongwe o re gakolola jaana: “Go na le basimane bangwe ba ba tlileng ba le bosi, mme ba leka go sala morago basetsana ba ba bontsi jo ba ka bo kgonang.” Gape go ka nna ga bo go na le palo e e utlwalang ya basetsana ba ba magalamasuke teng koo. Mosha yo o tsamayang a le nosi o ka nna a ipiletsa go lejwa ka tsela e a ka nnang a se ka a e rata.
Mo letlhakoreng le lengwe, go patiwa ke modumedi ka wena go ka nna ga baka tlhakatlhakano ka mokgwa mongwe. Ka gore tota, go ntshana go tsewa tsia thata ke Basupi ba ga Jehofa gompieno.c Mme le fa gone o tlhomamisa gore mopati wa gago ga a go kgatlhegele ka tsela epe, o ka tlhomamisa go ya bokgakaleng bofe gore o tla go sireletsa? Lora yo o dingwaga tse di 19 a re: “Ke eng se se tlileng go kgoreletsa ba bangwe go lo tsena ka bogare fa lo ntse lo bina—kana go go kopa gore o ntshane le bone? Ke eng se se ka nnang sa diragala go tswa foo?” Mowa wa ntwa, o o lo bayang mo seemong se se tlhabisang ditlhong o ka nna wa tsoga motlhofo fela.
Selo se se ka se kang sa itlhokomolosiwa gape, ke kotsi ya go itebala mme o bo o ya le monate. Ditsala tse di bosula di “bodisa mekgwa e mentle.” (1 Bakorintha 15:33, NW) Nick yo o dingwaga di 18 o dumela jaana: “Lefa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ka tsamaya mmogo, ba ka nna ka motlhofo fela ba raelesega go dira se se dirwang ke mongwe le mongwe.”
Morago ga Moletlo
Mme legale gone, gantsi bothata tota bo tsoga morago ga moletlo. Tanya yo mmotlana a re, “Bangwe ba ya kwa hoteleng kana kwa ntlong ya mongwe.” Yolanda o tlatsa jaana: “Go solofelwa gore o lale koo. Ke karolo ya mokgwa wa kafa go dirwang ka teng.” Diokobatsi, bojalwa, tlhakanelodikobo, le tsone di ka nna tsa nna karolo ya mokgwa wa mokete wa go laelana. Mme lefa go le jalo, moso o o latelang o ka nna wa tlogela mosha ka segakolodi se se utlwileng botlhoko, go inyatsa, le go tshogela gore gongwe o ithwele—kana gore o na le AIDS.
Ka jalo, gantsi mmino ya sekolo le mekete ya go laelana ga e nne sone se se solofetsweng mo go yone e leng go bontshiwa lorato le go agana mme go na le moo e fetoga meletlo e e makgapha ya boitlhapediso. Re gakololwa gore mo motlheng wa gagwe moperofeti Isaia o ne a bolela fa Modimo o ne o sa amogele dikokoano tse di neng di “tsènèlwa ke bosigo thata.” Mo meletlong eo go ne go na le bojalwa le mmino—“harepe le setinkane, morôpana le lohare.” A e ne e le go ja monate? Kwantle ga pelaelo. Mme Isaia o ne a kwala jaana ka batho ba ba neng ba ya moletlong: “Me ba bo ba sa tlhokomele tihō ea ga Yehofa, le gōna ga baa gopola go diha ga diatla tsa gagwè.”—Isaia 5:11, 12.
Ee, go ya moletlong le basha ba ba se nang sepe le se se buiwang ke Bibela go ka nna diphatsa. Gone ke boammaaruri gore, ga se meletlo yotlhe e e felelang ka boitlhapediso, mme le maemo a a farologana mo lefatsheng. Ka jalo wena le batsadi ba gago lo tla bona gore a go tshwanetse gore o nne teng. “Go thata,” go ne ga dumela jalo mosetsana mongwe, “ka gore mokete wa go laelana o a tsabakela, mme o raela fela thata. O nna o ntse o o emetse ngwaga yotlhe!”
Mme go buisana ka yone le batsadi ba gago kana le Mokeresete yo o godileng go ka go thusa go phepafalelwa ke dilo. Ela tlhoko gore: Ke mang yo o tla bong a le teng? Go tla bo go tlhokometswe ka tsela e e ntseng jang? A go tla bo go na le bojalwa? Go tla bo go letswa mmino wa mofuta mang? A go ile ga nna le mathata mo dingwageng tse di fetileng? Batho ba bangwe ba tla tseega jang fa ba go bona o le mo moletlong oo—bogolo jang Bakeresete ka wena? A go ya meletlong eo go ka kgopisa ba bangwe?—1 Bakorintha 10:23, 24, 32.
Ka ntlha ya mathata a a le teng mo mminong ya sekolo le mo meketeng ya go laelana, basha ba Bakeresete ba tla buisana le batsadi ba bone mme gongwe ba fetsa ka gore ba se ka ba e ya. A mme go aloga ga gago ga se selo se motho a ka se itumelelang? Ee gone! Lefa go le jalo, gone o ka senka tsela e e seng diphatsa ya go itumela, gongwe ka go itumela le Basupi ka wena. Ka sekai, lelapa la gago le ka nna la rulaganya gore go nne le kokoano kana gore go nne le moletlo wa sejonyana. Fa dikokoano tse di ntseng jalo di le bogolo jo bo lekaneng mme di rulagantswe sentle, ga se gantsi go nnang le mathata a magolo.d
Kokoano eo e ka nna ya se ka ya tsabakela le go phatsima jaaka mokete wa go laelana wa kwa sekolong. Mme lefa go le jalo e sa ntse e ka nna selo se se itumedisang—e se na diphatsa tse mokete wa go laelana kana mmino wa sekolo o ka di lereng. Mme mo godimo ga tsone tsotlhe, o tla bo o dumelana sentle le mafoko a ga Paulo mo go 1 Bakorintha 10:31: “Leha lo ya, leha lo nwa, leha e ka bo e le eñ se lo se dihañ, cotlhe hèla lo di dihèlè kgalaleco ea Modimo.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a “Ke maitiso a mmino a a rulaganyeditsweng tlelase ya sekolo se segolowane kana kholetšhe a ka tlwaelo a dirwang gaufi le, kana kwa bofelong jwa ngwaga wa sekolo.”—The American Heritage Dictionary of the English Language.
b “Boitlhapediso” bo tlhalosiwa jaaka go ja moletlo ka leratla le legolo.
c Bona kgaolo 30 ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang Le Tharabolobo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
d Bona setlhogo se se reng “Itumelele Melemo ya Dikokoano tsa go Itlosa Bodutu le Ditsala, Tila Dirai Tsa Gone” mo tokololong ya Tora ya Tebelo ya August 15, 1992.
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Babayaleitlho ba fitlhela go le thata go laola boitshwaro jwa botlhe ba ba le teng