Se Tlhome Mogopolo mo Dilong Tse o di Bonang!
GO BONA sentle mo matlhong ke selo se se mosola. Tota e bile, batho ba le bantsi ba ka bolela gore dilo di sekae tse ba nang le tsone di botlhokwa thata go gaisa go bona. Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba na le mofuta mongwe wa go bona o moaposetoloi Paulo a neng a bua ka one gore o botlhokwa thata go gaisa go bona sentle mo matlhong. Paulo o ne a kwala jaana: “[Ga re] lebe dilo tse di bonalang, mme e le dilo tse di sa bonaleng.” (2 Bakorinthe 4:18) Tota e tshwanetse ya bo e le mofuta o o kgethegileng wa go bona o o dirang gore motho a bone dilo tse di sa bonaleng! Re ka nna ra re ke go bona mo go itekanetseng ga semoya.
Ke ka Ntlha Yang fa go Tlhokega?
Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhoka tota gore ba nne le mofuta ono wa go bona ga semoya. Ba ne ba dira bodiredi jwa bone jwa Bokeresete ba kopane le mathata. Paulo o ne a bolela ka tsela eno: “Re a pitlelelwa ka ntlha tsotlhe, le fa go ntse jalo ga re a pitlagana; re a akabadiwa, le fa go ntse jalo e be e se mo go re tlhobosang. Re a khukhelwa, le fa go ntse jalo ga re a latlhwa; re thubanyediwa fa fatshe, le fa go ntse jalo ga re a senyega.”—2 Bakorinthe 4:8, 9.
Go sa kgathalesege maemo ao, barutwa ba ba ikanyegang ba ne ba ema ba nitame. Ba ne ba ka bolela jaaka Paulo a ne a dira ba na le tumelo e e nonofileng mo Modimong: “Ga re ngodiege. Le fa motho wa rona wa ka fa ntle a onala, le fa go ntse jalo motho wa rona wa ka fa teng o a ba a ntse a šafadiwa ka letsatsi le letsatsi.” Lefa go ntse jalo, ke eng se se neng se dira gore ba shafadiwe letsatsi le letsatsi? Paulo o tswelela pele ka go bolela jaana: “Gonne pitlagano ya rona e e motlhofo, e e emeng ka lobakanyana lwa gompieno fela, e re direla segolo se segolo se se feteletseng, sa bokete jo bo sa khutleng jwa kgalalelo; ka re sa lebe dilo tse di bonalang, mme e le dilo tse di sa bonaleng; gonne dilo tse di bonalang ke tsa lobaka lono fela; mme dilo tse di sa bonaleng ke tsa bosaengkae.”—2 Bakorinthe 4:16-18.
Paulo o ne a kgothatsa bakaulengwekaene ba semoya gore ba se ka ba lesa mathata, matshwenyego, dipogiso—ditlalelo tsa mofuta ope fela—gore di ba sire go bona tuelo e e molemolemo e ba e beetsweng kwa pele. Ba tshwanetse go lesa go tlhoma mogopolo mo maemong a ba leng mo go one gompieno, ba tlhome matlho a bone mo phelelong e e itumedisang ya tsela ya Bokeresete. Seo ke sone se se neng sa ba thusa gore ba shafatse boikaelelo jwa bone letsatsi le letsatsi jwa gore ba gatele pele mo ntweng eno. Bakeresete le bone gompieno ba tlhoka go nna le pono e e ntseng jalo e e siameng ya semoya.
Leba Ditlalelo Tsa Gompieno e le Tsa Nakwana!
Letsatsi le letsatsi re bona dilo tse re neng re ka se rate go di bona, re rata kana re sa rate. Kwantle ga pelaelo fa re latlhela leitlho mo seiponeng re bona dilabe tse re sa di batleng le mabadi a a mo mmeleng, e le dilo tse di supang gore ga re a itekanela mo mmeleng. Fa re leba mo seiponeng sa Lefoko la Modimo, re bona diphoso tsa semoya le makoa, a a mo go rona le mo go ba bangwe. (Jakobe 1:22-25) Mme fa re leba mo pampiring ya dikgang ya letsatsi le letsatsi kana mo thelebisheneng re bontshiwa ka bofefo, dipego tsa tshiamololo, bosetlhogo le matlhotlhapelo, tse di re hutsafatsang.
Satane o rata gore re kgobege marapo ka ntlha ya dilo tse re di bonang kana re fapoge re bo re simolola go reketla mo tumelong. Re ka thibela seno jang go diragala? Re tshwanetse go latela sekao se se neng sa tlhomiwa ke Jesu Keresete, jaaka moaposetoloi Petere a ne a se buelela fa a ne a re: “Gonne lo bileditswe gone moo; gonne Keresete le ene o bogile botlhoko mo boemong jwa lona, a lo tlogelela sekao, gore lo tsamaye mo dikgatong tsa gagwe.” (1 Petere 2:21) Mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa Mokeresete, Jesu e ne e le sekao se se itekanetseng.
Petere segolobogolo o ne a umaka gore Jesu o ne a boga, fa a ne a tlhalosa Jesu e le sekao sa rona. Eleruri fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a boga tota. E re ka e ne e le “motho yo e leng tlhogo ya tiro” ya ga Jehofa yo o neng a le teng fa batho ba ne ba simolola go bopiwa, o ne a itse tota se Modimo a neng a ikaeletse gore batho ba nne sone. (Diane 8:30, 31) Mme gone jaanong o ne a bona ka boene gore boleo le go sa itekanela go dirile batho gore ba nne ka tsela efe. Letsatsi le letsatsi o ne a bona e bile a tshwanelwa ke go itshokela go sa itekanelang ga batho le makoa a bone. Seo se tshwanetse sa bo se ne se mo tshwenya.—Mathaio 9:36; Mareko 6:34.
Kwantle ga go bona ditlalelo tsa ba bangwe, Jesu le ene di ne di mo diragalela. (Bahebere 5:7, 8) Mme o ne a dirisa pono e e itekanetseng ya semoya gore a se tlhome mogopolo mo go tsone gore a bone tuelo ya gore a godisediwe mo botshelong jwa go sa swe ka ntlha ya bothokgami jwa gagwe. Go tswa foo o ne a tla nna le tshiamelo ya go ntsha batho ba ba tlhokofadiwang mo boemong jo bo tlhabisang ditlhong, e le Kgosi, Mesia, a ba busetse gape kwa boitekanelong jo Jehofa a neng a ikaeletse gore bo nne teng kwa tshimologong. Go tlhoma leitlho la gagwe mo ditebelelong tseno tsa mo isagweng tse di sa bonaleng go ne ga mo thusa gore a nne a itumeletse tirelo ya Modimo go sa kgathalesege ditlalelo tse di neng di mo diragalela letsatsi le letsatsi. Morago ga moo Paulo o ne a kwala jaana: “Yo e rileng ka boitumelo jo o bo beetsweng pele a itshokela mokgoro, a nyatsa ditlhong, mme a dula ka fa ntlheng ya letsogo le legolo la setulo sa Modimo sa bogosi.”—Bahebere 12:2.
Jesu ga a ka a lesa matshwenyego le diteko go mo kgoba marapo, go mo faposa mo tseleng, kana go mo tshikinya tumelo. Fela jaaka barutwa ba gagwe, re tshwanetse go latela thata sekao sa gagwe sa maemo a a kwa godimo.—Mathaio 16:24.
Tlhoma Mogopolo mo Dilong Tse di sa Bonaleng Tse di sa Khutleng!
Gape Paulo o ne a re tlhalosetsa tsela fa a ne a bolela ka se se neng sa thusa Jesu gore a itshoke, fa a ne a kwala jaana: “A re sianeng ka bopelotelele tshiano e re e beilweng pele, re ntse re lebile kwa go Jesu, mosimolodi le mowetsi wa tumelo ya rona.” (Bahebere 12:1, 2) Ee, gore re siane mo tseleng ya Bokeresete sentle le ka boitumelo, re tshwanetse go lesa go tlhoma mogopolo mo dilong tse di fela fa pele ga rona gompieno. Mme re ‘nna re lebile’ kwa go Jesu jang, mme seo se tla re solegela molemo ofe?
Ka sekai, ka 1914, Jesu o ne a tlhomiwa go nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, mme o busa a le kwa legodimong. Ke boammaaruri gore dilo tseno tsotlhe ga re di bone ka matlho. Lefa go ntse jalo, fa re ‘nna re lebile’ kwa go Jesu, pono ya rona ya semoya e tla re thusa go lemoga gore jaanong o ipaakanyeditse go tsaya kgato ya go fedisa tsamaiso ya gompieno ya dilo e e bosula le go tsenya Satane le lesomo la gagwe la badimona mo dikgoleng koo ba ka sekang ba dira sepe teng. Fa re leba gape, pono ya rona ya semoya e tla re bontsha lefatshe le lesha le le molemolemo le go tla bong “go [se] ketla go tlhola go le loso; le gone [go se] ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”—Tshenolo 19:11-16; 20:1-3; 21:4.
Ka gone he, mo boemong jwa gore re imelwe ke ditlalelo tsa nakwana tse re ka nnang ra kopana le tsone letsatsi le letsatsi, ke eng re sa tlhome matlho mo dilong tse di sa khutleng? Ka matlho a tumelo, ke eng re sa lese go tlhoma mogopolo mo bolwetseng le mo bohuleng jo bo mo lefatsheng leno le le leswe gore re bone paradaise e e tletseng batho ba ba itekanetseng, ba ba itumetseng le ba ba amegang ka ba bangwe? Ke eng re sa lese go tlhoma mogopolo mo makoeng a rona, a mo mmeleng mmogo le a semoya, mme re ipone re gololesegile mo go one ka bosakhutleng ka molemo wa setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete? Ke eng re sa lese go tlhoma mogopolo mo dikganyaolong tsa batho tse di dirilweng ke ntwa, bokebekwa le thubakanyo mme re bone batho ba ba sa tswang go tsosiwa mo losong ba rutiwa gore Jehofa o kagiso e bile o siame?
Gape, go ‘nna o lebile’ kwa go Jesu go ne go tla raya le go tlhoma matlho a rona a semoya mo go se Bogosi bo setseng bo se diretse batho ba Modimo mo lefatsheng, le fa jone bo sa bonale: kutlwano, kagiso, lorato, lorato lwa bakaulengwe le go gatela pele semoyeng. Mosadi mongwe wa Mokeresete kwa Jeremane, fa a se na go bona bidio ya United by Divine Teaching, o ne a kwala jaana: “Bidio eno e tla nthusa thata gore ke nne ke gakologetswe gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba bantsi jaana ba ba mo lefatsheng lotlhe mo nakong eno ba direla Jehofa ka boikanyegi—mme ba dira jalo go sa kgathalesege gore batho ba a ba thibela. A bo go utlwana ga rona ga bakaulengwe go le botlhokwatlhokwa jang ne mo lefatsheng la thubakanyo le letlhoo!”
A le wena o “bona” Jehofa, Jesu, baengele ba ba ikanyegang le dimilione tsa Bakeresetekawena ba go eme nokeng? Fa go le jalo, o ka se tshwenyege thata ke “tlalelo ya tsamaiso eno ya dilo” (NW) e e ka go kgobang marapo gore o tlogele le go go dira gore o “ungologe” mo tirelong ya Bokeresete. (Mathaio 13:22) Ka jalo ‘nna o lebile’ kwa go Jesu ka go tlhoma matlho a gago a semoya mo Bogosing jwa Modimo jo bo tlhomilweng le masego a jone, a gone jaanong le a mo nakong e e tlang.
Leka go Tshela Gore o Bone Se se Sa Bonaleng!
Fa re bona pharologanyo e kgolo fa gare ga lefatshe le lesha le le nnetseng ruri la Modimo le lefatshe la bogologolo le le nyelelang la gompieno, re tshwanetse go tlhotlheletsega gore re itshware ka tsela e re tla tsewang re tshwanela go tshela gore re tle re bone ka matlho dilo tse re ka di bonang fela ka matlho a tumelo gompieno. Matshutitshuti a batho ba ba tsositsweng mo losong ba ka se dumele motlhofo se ba tla bong ba se bona ka matlho fa ba tsosiwa gore ba bone lefatshe la paradaise le le siameng le le farologaneng thata le lefatshe le ba neng ba le bona pele ba swa. A bo re tla itumela jang ne go bo re tshela go ba dumedisa le go ba tlhalosetsa se Modimo o se dirileng!—Bapisa Joele 2:21-27.
Ee, a bo pono e e siameng ya semoya e le botlhokwatlhokwa jang ne, mme a bo go le botlhokwa jang ne gore re nne re bona fela thata! Re ka dira seno ka go ithuta Baebele ka metlha, go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, go bolelela ba bangwe tsholofelo ya rona e e tswang mo Baebeleng, mme mo godimo ga dilo tsotlhe, go rapela Modimo gore o re kaele. Seno se tla dira gore ka pono ya rona ya semoya re bone fela thata le gone sentle, e re thusa go kgona gore re se tlhome mogopolo mo dilong tse re di bonang!