Rera ka Bogosi
1 Mo go Bahebere 10:23, re rotloediwa go ‘tshegetsa boipolelo jwa tsholofelo ya rona ka thata.’ Tsholofelo ya rona e ka ga Bogosi jwa Modimo. Ka tlhamalalo Jesu o ne a laela gore mafoko a a molemo a Bogosi a tshwanetse go rerwa mo merafeng yotlhe. (Mar. 13:10) Re tshwanetse go nna re gakologetswe seno fa re le mo bodireding jwa rona.
2 Fa re kopana le batho, re leka go simolola puisano ka sengwe fela se se ba kgatlhang kana se ba amegileng ka sone. Gantsi re umaka dilo tseo ba di itseng sentle, jaaka bokebekwa jo bo leng gone mo tikologong, mathata a basha, ditlhobaelo tsa go itlamela, kana mathata a a tlhobaetsang mo dikgannyeng tsa lefatshe. E re ka batho ba bantsi ba tlhomile megopolo ya bone mo ‘ditlhodiegong tseno tsa botshelo,’ fa re ba bontsha gore re a amega e bile re a tlhaloganya, gantsi batho ba tla ntsha maikutlo a bone. (Luke 21:34) Seno se ka re bulela tsela ya go bua ka tsholofelo ya rona.
3 Lefa go ntse jalo, fa re sa tlhokomele, puisano e ka feleletsa fela e bua ka dilo tse di sa siamang mo eleng gore re bo re palelwa ke go fitlhelela seo re neng re se tletse—e leng go rera molaetsa wa Bogosi. Lefa gone re tlhalosetsa batho ka maemo a a bosula a a bakang go tlalelwa, mokgele wa rona ke go gogela tlhokomelo ya bone mo Bogosing, jo kwa bokhutlong bo tla rarabololang mathata otlhe a batho. Re na le tsholofelo e e molemo eleruri eo batho ba batlang go e utlwa ka tlhoafalo. Ka jalo, lefa gone re ka simolola ka go tlhalosa ntlha nngwe e e buang ka “dipaka tse di tlhokofatsang” tseno, re tshwanetse gore ka bonako fela re bo re tsena mo molaetseng wa rona o o botlhokwa, “mafoko a a molemo a a sa khutleng.” Ka tsela eno re tla swetsa bodiredi jwa rona ka botlalo.—2 Tim. 3:1; 4:5; Tshen. 14:6.