LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Basupi ba ga Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
    • go wena. (Tshen. 1:5) . . . Jesu e ne e le “moshupi eo o ikanyegañ” wa ga mang? (Yohane 5:43; 17:6) . . . Jesu o ne a tlhoma sekao gore re mo etse, a ga a dira jalo? . . . Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go itse Jesu gammogo le Rraagwe? (Yohane 17:3)’

  • Bibela
    Go Fetolana ka Dikwalo
    • Bibela

      Tlhaloso: Lefoko la ga Jehofa Modimo je le kwaletsweng setho. O ne a dirisa bakwadi ba batho ba ba ka nnang 40 ka lobaka lwa makgolo a dingwaga a le 16 go e kwala, mme Modimo ka boene o ne a kaela ka tlhagafalo go kwalwa ga yone ka moya wa gagwe o o boitshepo. Ka gone e tlhotlheleditswe ke Modimo. Karolo e kgolo ya pego e dirilwe ka mafoko a a builweng ke Jehofa ka tlhamalalo le ka ditlhaloso tse di tletseng ka dithuto le ditiro tsa ga Jesu Keresete, Morwa Modimo. Mo go tseno re fitlhela dipolelo tsa dipatlafalo tsa Modimo go batlhanka ba gagwe le seo a tla se dirang go wetsa boikaelelo jwa gagwe jo bogolo ka lefatshe. Go nonotsha kanaanelo ya rona ka dilo tseno, Jehofa gape o bolokile mo Bibeleng pego e e supang seo se tla diragalang fa batho ka bongwe le merafe ba reetsa Modimo mme ba dira tumalanong le boikaelelo jwa gagwe, ga mmogo le matswela ao a nnang gone fa ba itseela tsela ya bone. Ka pego eno e e ikanyegang ya ditso Jehofa o re tlwaelanya le ditirisanyo tsa gagwe le setho mme ka gone le botho jwa gagwe jo bo gakgamatsang.

      Mabaka a go akanyetsa Bibela

      Bibela ka boyone e re e tswa Modimong, Mmopi wa setho

      2 Tim. 3:16, 17: “Lokwalō loñwe lo loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalèmèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.”

      Tshen. 1:1: “Tshenolō ea ga Yesu Keresete, e Modimo o e mo neileñ, gore a e bōntshè batlhanka ba gagwè, eboñ ea dilō tse di tla akohañ di dihala.”

      2 Sam. 23:1, 2: “Dafide morwa Yese a bua, . . . Mōea oa ga Yehofa o no oa bua ka nna, lehoko ya gagwè le ne le le mo lolemeñ loa me.”

      Isa. 22:15: “Yehofa, Yehofa oa mashomōshomō, o bua yana.”

      Re ka lebelela gore molaetsa wa Modimo go setho sotlhe o nne gone go dikologa kgolokwe. Bibela, e le yotlhe kana bontlhanngwe jwa yone, e ile ya ranolelwa mo dipuong tse di batlileng di nna 1 800. Kanamiso ya yone e fitlhelela go dimilione. Go bolela jaana The World Book Encyclopedia: “Bibela ke buka e e badilweng fela thata mo ditsong. Ka gongwe ebile gape e le e e tlhotlheletso e kgolo thata. Dikaelo tse dintsi tsa Bibela di ile tsa abiwa go na le buka lefa e ka nna efe. Gape e ile ya ranolelwa makgetlo a le mantsi mo dipuong tse dintsi go na le buka epe fela.”—(1984), Bol. 2, ts. 219.

      Boperofeti jwa Bibela bo tlhalosa bokao jwa maemo a lefatshe

      Baetapele ba bantsi ba lefatshe ba dumela gore setho jaanong se mo losing lwa masetlapelo. Bibela e boleletse pele ka maemo ano bogologolo tala; e tlhalosa bokao jwa one le seo matswela a tla nnang sone. (2 Tim. 3:1-5; Luke 21:25-31) E re bolelela seo re tshwanetseng go se dira e le gore re tle re falole tshenyego ya lefatshe e e atamelang, ka sebaka sa go bona botshelo jo bo sa feleng tlaseng ga maemo a tshiamo mono mo lefatsheng.—Sefa. 2:3; Yoh. 17:3; Pes. 37:10, 11, 29.

      Bibela e re kgonisa go tlhaloganya boikaelelo jwa botshelo

      E araba dipotso tse di jaaka: Botshelo bo tswa kae? (Dit. 17:24-26) Ke goreng re le mono? A ke go tshela ka dingwaga di se kae, go bona se re ka se bonang mo botshelong, mme go tswa foo re bo re e swa?—Gen. 1:27, 28; Bar. 5:12; Yoh. 17:3; Pes. 37:11; Pes. 40:8.

      Bibela e bontsha kafa re ka nnang le tsone dilo tseo tota di elediwang thata ke barati ba tshiamo

      E re bolelela koo re ka bonang balekane ba ba phepa bao ka boammaaruri ba ratanang (Yoh. 13:35), seo se tla re neelang tlhomamisetso ya gore re tla nna le dijo tse di lekanetseng go rona le malapa a rona (Math. 6:31-33; Dia. 19:15; Baef. 4:28), kafa re ka itumelang ka teng go sa kgathalesege maemo a a bokete ao a re dikaganyeditseng.—Pes. 1:1, 2; 34:8; Luke 11:28; Dit. 20:35.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela