-
A Re Tlhoka Bibela?Tora ya Tebelo—1993 | May 1
-
-
A Re Tlhoka Bibela?
OXANA, yo e leng mohumagatsana wa Morashia, o ne a itumedisiwa thata ke go bona morekisi wa mo mebileng wa dibuka kwa Moscow a rekisa le Bibela. Mopati wa gagwe ebong John, yo o neng a tswa kwa nageng e kwa go yone Dibibela di neng di tletsetletse gone o ne a kgatlhiwa ke boipelo jwa ga Oxana. O ipolela jaana a re, “Nna—ke le motho yo o sa dumeleng mo Modimong—ke ne ka batla go mo e rekela.” Le mororo kwa tshimologong Oxana a ne a e gana, e ne ya re kgabagare a amogela mpho eno ya ga John.
Batho ba le bantsi fela jaaka Oxana ba na le keletso e e seng kana ka sepe ya gore ba nne le Bibela. Go ntse jalo segolobogolo kwa dinageng tse go ileng ga feta dingwaga tse dintsi e ntse e kganetswe kwa go tsone. Ka sekai, bagatisi ba makasine ono ba dira ka natla go lepalepana le palo e kgolo e e batlegang ya Dibibela kwa diripaboliking tseo pele e neng e le tsa Soviet, mmogo le kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Ke la ntlha mo go ba le bantsi go nna le sebaka sa go sekaseka Bibela ka kelotlhoko—mme ba le bantsi ba kgatlhiwa ke molaetsa wa yone o o maatla.
Baganetsi Le Babelaedi
Go farologana le seno, bogolo jang kwa Yuropa bokone, Bibela ga e tseelwe tlhogong mme e bewa fela mo kobotlong ya dibuka gore e koelelwe ke lerole. Bangwe ba re: “Ke hisitori e e sa tlholeng e dira!” ba bo ba oketsa ka go re, “E ne e kwaletswe batho ba bogologolo. Ga e amane ka gope le batho ba segompieno.” Tota le baruti ba ba itsegeng thata ba ile ba bua phatlalatsa mafoko a a nyenyefatsang Bibela. Go begwa mo pampiring ya dikgang ya Afrika Borwa ya The Star fa mobishopomogolo wa Anglican ebong Desmond Tutu a ile a bua mafoko a a reng: “Go na le dikarolo dingwe tsa Bibela tse ka dinako tse dingwe di senang mosola.” Dikakgelo tse di tshwanang le tseno di ile tsa dira gore batho ba le bantsi ba ipotse gore ba tshwanetse go leba Bibela e le masisi go le kana kang.
Go Tlhokega Kaelo
Baganetsi mmogo le badumedi baa bona gore lefatshe le tlhoka tharabololo ya mmatota go feta lefa e le leng pele. Mo bukeng ya gagwe ya Future Shock, Alvin Toffler o ne a kwala jaana, “Fa batho ba ka seke ba ithute ka bonako go laola lobelo loo diphetogo tsa dilo tse di amang bone ka namana mmogo le tse di amang setšhaba sotlhe di diragalang ka lone, re tla iphitlhela re le mo dipharagobeng . . . tse di seng kana ka sepe.” O ne a tlhagisa jalo dingwaga tse di fetang 20 tse
-
-
“Ke Hano, Roma Nna”Tora ya Tebelo—1993 | May 1
-
-
1Go Boela Gape kwa Australia
Ka yone nako eo, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe kwa Australia. Lefa go ntse jalo, ka bonako fela thibelo e ne ya tlosiwa mme kgabagare ke ne ka lalediwa gape go ya go direla kwa ofising ya lekala. Moragonyana ka 1947, ke ne ka nyala Betty Moss, yo o neng a ntse a direla kwa lekaleng la Mokgatlho kwa Australia. Rraagwe Betty le mmaagwe ba ne ba bula tsela, mme ba ne ba mo kgothatsa ene mmogo le morwarraagwe e leng Bill gore ba dire bobulatsela tsela ya bone ya botshelo. Betty o ne a simolola go bula tsela ka letsatsi le a neng a tlogela sekolo ka lone, a na le dingwaga tse 14. Ke ne ka bona gore re ka dirisana sentle nna le ene, ereka totatota le ene a ne a reile Jehofa a re, “Ke hano, roma nna.”
Morago ga sebaka sa ngwaga re ntse re nyalane, ke ne ka lalediwa tiro ya go potologa, ke etela diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa. Go direla kwa metseng ya magae e e neng e le kwa thoko ya Australia e ne e le kgwetlho tota. Merwalela ya metsi nako le nako e ne e dira gore go nne le mathata a mosepele, segolo jang mo ditseleng tse di relelang tsa seloko. Megote ya selemo e ne e tlhatlogela kwa dikiriing di le 43 tsa Celsius o le kafa tlase ga moriti. Ereka re ne re nna mo ditenteng tsa seile, ka nako ya selemo se se mogote thata, re ne re fitlhela go le mogote ka selekanyo se se thata go itshokelwa le mariga a teng a ne a le bogale thata.
Go ne go itumedisa go direla jaaka molebedi wa kgaolo ka nako ya fa go ne go na le dikgaolo di le pedi fela kwa Australia. Donald MacLean o ne a direla mo kgaolong e nngwe, fa nna ke ne ke direla mo go e nngwe. Ka jalo, re ne re refosana ka dikgaolo. E nna boitumelo jo bogolo fa re bala ka ga diphuthego tse di leng teng gone jaanong kwa mafelong ao re kileng ra bo re direla kwa go one. Tota peo ya boammaaruri jwa Bibela e tlhogile ebile e ungwile!
Go Boela kwa Dilo Di Simologileng Teng
Ka 1961, ke ne ka nna le tshiamelo ya go tsena tlelase ya ntlha ya sekolo sa borongwa sa Gileade morago ga fa se sena go fudugela kwa Brooklyn, kwa New York. Mo nakong e e fetileng ke ne ke tle ke amogele ditaletso tsa go ya kwa sekolong seo mme ke ne ke sa kgone go di amogela ka ntlha ya mathata a botsogo. Kwa bofelong jwa khoso ya dikgwedi di le lesome, ke ne ka lalediwa go tsaya kabelo ya go direla kwa New Zealand.
Ka jalo, fa e sale go tloga ka January 1962, nna le Betty re ne re ntse re le gone mono mo New Zealand, e leng nngwe ya mafatshe a a kwa tlase mo kgolokweng. Gantsi e tsewa jaaka nngwe ya ditlhaketlhake tse dintle thata tsa Pacific. Mabapi le dikgang tsa bolegodimo, e ne e ntse e le boitumelo go direla mo tirong ya potologo mmogo le ya kgaolo. Mo dingwageng di le 14 tse di fetileng, fa e sale go tloga ka April 1979, re ntse re direla mo ofising ya lekala ya New Zealand.
Gone jaanong nna mmogo le Betty re mo bogareng jwa dingwaga tsa rona tsa bo-70, ka bobedi jwa rona re na le dingwaga di le 116 re ntse re sa kgaotse mo tirelong ya Bogosi ya nako e e tletseng. Betty o simolotse go bula tsela ka January 1933, mme nna ka April 1937. Bontsi jwa dilo tse di re dirang gore re itumele ke fa re leba bana ba rona ba semoya le ditlogolwana ba dira se re neng re se dira fa re ne re le basha, jaaka, go tsaya tsia kgakololo e e mo go Moreri 12:1 e e reng: “U bo u gakologèlwè Mmopi oa gago mo metlheñ ea bokau yoa gago.”
Abo e nnile tshiamelo e e molemo jang ne go senya botshelo jwa rona jotlhe re rera ka mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le go dira barutwa, jaaka Morena wa rona Jesu Keresete a re laetse! (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Ke boitumelo jo bogolo mo go rona ka ntlha ya gore re ile ra arabela taletso ya Modimo jaaka moperofeti Isaia a ne a bua bogologolotala a re: “Ke hano, roma nna.”
-