Kgaolo 19
Go Gola Mmogo mo Loratong
FA BAAPOSETOLOI ba ga Jesu Keresete ba ne ba kwalela Bakeresete ba bangwe, ba ne ba ba bolelela kafa go leng botlhokwa ka teng gore ba se ka ba nna le kitso e ntsi fela mme gore go botlhokwa gore lorato lwa bone lo gole. Ba ne ba tshwanetse go dira seno ka go bo Modimo ka boone o ba bontshitse lorato le ka ntlha ya lorato lwa go intsha setlhabelo lwa ga Keresete, ene yo ba neng ba leka go tsamaya mo dikgatong tsa gagwe. (Yoh. 13:34, 35; Baef. 4:15, 16; 5:1, 2; Bafil. 1:9; 1 Yoh. 4:7-10) E ne e le bakaulengwe, ebile lorato lwa bone lo ne lo nonofa fela thata fa ba ne ba ntse ba thusana.
Ka nako ya fa leuba le ne le dira gore bakaulengwe ba kwa Judea ba sotlege, Bakeresete ba kwa Siria le ba kwa Greece ba ne ba ba abela dingwe tsa dilo tse ba nang natso go ba thusa. (Dit. 11:27-30; Bar. 15:26) Ka nako ya fa bangwe ba ne ba bogisiwa, Bakeresete ba bangwe ba ne ba amega thata, mme ba ne ba ba thusa.—1 Bakor. 12:26; Baheb. 13:3.
Ke boammaaruri gore, batho botlhe ba kgona go bontsha ba bangwe lorato, ebile batho ba bangwe ba eseng Bakeresete ba dira ditiro tsa bopelotlhomogi go thusa batho. Lefa go ntse jalo batho ba kwa Roma ba ne ba lemoga gore lorato loo Bakeresete ba neng ba na nalo le ne le farologane. Tertullian, yo e neng e le ramolao kwa Roma, o ne a tsopola mafoko a batho ba kwa Roma ba neng ba a bua ka Bakeresete, a re: “‘Bonang,’ ba bolela jalo, ‘gore ba ratana jang . . . le kafa mongwe le mongwe o iketleeditseng go swela ba bangwe ka teng’” (Apology, XXXIX, 7) John Hurst, mo bukeng ya gagwe ya History of the Christian Church (Bolumo I, tsebe 146), o bega gore ka nako ya fa go ne go na le leroborobo la bolwetsi batho ba kwa Carthage le ba kwa Alexandria ya bogologolo, ba ne ba leleka ba ba lwalang mme ba apola ba ba neng ba swa dilo dipe fela tse di ka tswang e le tsa boleng. Go farologana le seo, o bega gore, Bakeresete ba kwa mafelong ao ba ne ba abela ba bangwe dilo tse ba nang le tsone, ba oka ba ba lwalang, ebile ba fitlha ba ba suleng.
A Basupi ba ga Jehofa ba mo metlheng ya segompieno ba dira ditiro tse di ntseng jalo tse di supang gore ba amega ka batho ba bangwe? Fa e le gore go ntse jalo, a dilo tseno di dirwa ke batho ba sekae fela, kana a phuthego yotlhe e ba rotloetsa le go ba tshegetsa gore ba dire jalo?
Thuso E E Lorato mo Diphuthegong
Mo Basuping ba ga Jehofa, go tlhokomela masiela le batlholagadi mo phuthegong mmogo le go tlhokomela mongwe le mongwe yo o ikanyegang, yo o ka tlelwang ke mahutsana, go lejwa e le selo se ba tshwanetseng go se dira mo kobamelong ya bone. (Yak. 1:27; 2:15-17; 1 Yoh. 3:17, 18) Dipuso tsa selefatshe ka kakaretso di aga dikokelo, matlo a batsofe, le go rulaganyetsa go thusa ba ba sa boneng ditiro, mme Basupi ba ga Jehofa ba tshegetsa dithulaganyo tseno ka go duela makgetho ka metlha. Lefa go ntse jalo, ka go itse gore ke Bogosi jwa Modimo fela jo bo ka rarabololelang mathata a batho ruri, Basupi ba ga Jehofa ba intsha setlhabelo le go dirisa nako, nonofo, le madi a bone segolobogolo go ruta ba bangwe kaga seno. Eno ke tiro e go senang puso epe ya motho e e ka e dirang.
Mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa tse di fetang 69 000 lefatshe ka bophara, fa bangwe ba tlhoka go tlamelwa ka tsela e e kgethegileng ka ntlha ya bogodi le bolwetsi gantsi batho bano ba tlhokomelwa ke bangwe kwa thoko. Jaaka fa 1 Timotheo 5:4, 8 e bontsha, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse a tlamela lelapa la gagwe. Bana, ditlogolwana, kana ba losika ba ba gaufi ba supa lorato lwa Bokeresete ka go thusa ba ba tsofetseng le ba ba koafetseng mo mmeleng ka dilo tse ba di tlhokang. Diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa ga di amoge batho boikarabelo jwa go tlamela malapa jaaka ba tshwanetse. Lefa go ntse jalo, fa go sena maloko a lelapa a a gaufi, kana fa bao maikarabelo e leng a bone ba sa kgone go a dira, ba bangwe mo phuthegong ba thusa ka lorato. Koo go tlhokegang teng, phuthego yotlhe e ka dira gore go thusiwe mokaulengwe kana kgaitsadi yo o tlhokang yo a sa bolong go dira ka boikanyegi.—1 Tim. 5:3-10.
Go tlamela ka dilo tse di tlhokegang tseno ga go tlogelwe fela. Kwa Sekolong sa Bodihedi sa Bogosi, se bagolwane ba ileng ba ya kwa go sone gangwe le gape fa e sale ka 1959, go ile ga tlotliwa ka tsela e e kgethegileng ka maikarabelo a bone mo Modimong jaaka badisa ba letsomane. (Baheb. 13:1, 16) Ga se gore ba ne ba ntse ba sa ele selo seno tlhoko. Ka sekai, ka 1911, Phuthego ya Oldham ya kwa Lancashire kwa Engelane, e ne ya tlamela ba ba neng ba na le mathata a a masisi a madi. Lefa go ntse jalo, fa e sale go tloga ka nako eo phuthego ya lefatshe lotlhe e godile, palo ya ba ba nang le mathata a a masisi e oketsegile, mme Basupi ba ga Jehofa ba simolotse go tlhaloganya le eleng go feta seo Bibela e supang gore ba tshwanetse go se dira mo maemong a a ntseng jalo. Mo dingwageng tsa bosheng jaana diphuthego tsotlhe di ile tsa tlotla kwa dipokanong tsa tsone ka maikarabelo a Mokeresete mongwe le mongwe mo go ba ba tlhokang go direlwa dilo dingwe tse di kgethegileng ba ba leng mo gare ga bone—batsofe, ba ba bokoa mo mmeleng, malapa a a nang le motsadi a le mongwe, le ba ba nang le mathata a madi.a
Basupi ga ba supe go amega ga bone ka ba bangwe ka go ba raya fela ba re, “Lo thuthahalè, lo kgorè.” Ba bontsha fa ba kgatlhegela ba bangwe ka lorato. (Yak. 2:15, 16) Ela tlhoko dikai di le mmalwa.
Ka nako ya fa mosadi mongwe yo mmotlana wa kwa Sweden, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, a ne a tshwarwa ke bolwetsi jwa meningitis ka nako ya fa a ne a etetse kwa Greece ka 1986, o ne a iponela ka matlho gore go ntse jang go nna le bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete mo dinageng tse dintsi. Rraagwe o ne a bolelelwa a le kwa Sweden. O ne a ikgolaganya ka bonako le mogolwane wa phuthego nngwe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Sweden mme ene o ne a mo thusa gore a ikgolaganye le Mosupi mongwe kwa Greece. Ditsala tse disha tsa Mosupi yono yo mmotlana tsa kwa Greece di ne tsa mo tlhokomela sentle go fitlha a boela kwa gae kwa Sweden dibeke di le tharo moragonyana.
Ka tsela e e tshwanang, fa Mosupi mongwe yo o godileng, yo e neng e le moswagadi kwa Wallaceburg, kwa Ontario, kwa Canada, a ne a tlhoka thuso, lelapa lengwe le a neng a le thusitse semoyeng le ne la supa gore le anaanela seo ka go mo tsaya gore e nne karolo ya lelapa la bone. Dingwaga di le mmalwa moragonyana fa ba ne ba fudugela kwa Barry’s Bay, o ne a fuduga le bone. O ne a nna le bone mme ba ne ba mo tlamela ka lorato ka dingwaga di le 19, go fitlha a swa ka 1990.
Kwa New York City, banyalani bangwe ba Basupi ba ne ba tlhokomela monna mongwe yo o neng a setse a godile yo o neng a tla kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi, ka dingwaga di le 15, go fitlha a swa ka 1986. Ka nako ya fa a sena go swa mohama, ba ne ba mo ela lebenkeleng, ba mo phepafaletsa, ba mo apeela le go mo tlhatswetsa. Ba ne ba mo tshwere jaaka ekete e ne e le rraabo.
Batho ba thusiwa ka dilo tsa mefuta e mengwe tse ba di tlhokang ka lorato. Banyalani bangwe ba Basupi ba kwa United States ba ne ba rekisitse ntlo ya bone mme ba fudugetse kwa Montana go ya go thusa phuthego ya koo. Lefa go ntse jalo, morago ga lobakanyana mokaulengwe o ne a tshwarwa ke bolwetsi jo bo botlhoko, o ne a tswa kwa tirong mme madi a bone a ne a fela. Ba ne ba tlile go tshela jang? Mokaulengwe o ne a kopa Jehofa ka thapelo gore a mo thuse. Fa a ne a fetsa go rapela, Mosupi mongwe o ne a kokota mo kgorong. Ba ne ba tsamaya mmogo go ya go nwa tee golo gongwe. Fa mokaulengwe a boa koo, o ne a fitlhela tafole ya gagwe ya boapelo e tletse ka dijo. Mo godimo ga dijo tseno go ne go na le enfelopo e e nang le madi le lokwalonyana lo lo reng: “Go tswa go bakaulengwe le bokgaitsadi ba lona, ba ba lo ratang thata.” Phuthego e ne e lemogile gore ba tlhoka eng, mme botlhe ba ne ba ba tlamela ka dilo tseo. Lorato lo ba neng ba lo bontshitswe le ile la dira gore monna yono le mosadi wa gagwe ba lele le go leboga Jehofa, yoo sekao sa gagwe se neng se tlhotlheletsa batlhanka ba gagwe.
Tsela e Basupi ba ga Jehofa ba abelang batho ba ba amegang ka bone dilo tse ba di tlhokang ka yone e itsege thata. Ka dinako tse dingwe, batsietsi ba ile ba dirisa seno gore ba iponele molemo. Ka gone Basupi ba ile ba tshwanelwa ke gore ba nne kelotlhoko, mme kafa letlhakoreng le lengwe ba ntse ba thusa ba ba tshwanelang go thusiwa.
Fa Ntwa E Tlogela Batho Ba Humanegile
Ntwa e ne ya tlogela batho ba humanegile mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe. Mekgatlho ya thuso ya namolo e leka go thusa, lefa go ntse jalo gantsi mekgatlho eno e bonya thata. Basupi ba ga Jehofa ga ba tseye gore tiro e e dirwang ke mekgatlho eno e ba rola maikarabelo a go thusa bakaulengwe ba bone ba Bakeresete ba ba leng mo mafelong ao. Fa ba utlwela gore bakaulengwe ba bone ba tlhoka thuso, ga ba ‘ikitse go ba tlhomogela pelo’ mme go na le moo ba itlhaganelela go dira gotlhe go ba ka go kgonang go ba thusa.—1 Yoh. 3:17, 18.
Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, le eleng mo dinageng tse di neng di humanegile thata, Basupi ba ba neng ba nna kwa dipolaseng ba ba neng ba santse ba na le dijonyana ba ne ba di kgaogana le bakaulengwe ba bone ba ba kwa metsemegolong. Kwa Netherlands seno se ne sa dirwa kafa tlase ga maemo a a kotsi ka go bo Ba-Nazi ba ne ba thibetse seno. Ka nako nngwe fa a ne a le mo letsholong leo la go thusa, Gerrit Böhmermann o ne a eteletse pele setlhopha sengwe sa bakaulengwe ba kgweetsa dibaesekele tse di rwalang dithoto tse di neng di na le dijo tse di neng di khurumeditswe ka diseile. Ka bonako fela ba ne ba fitlha fa go phuruphudiwang dilwana teng kwa motsemogolong wa Alkmaar. “Go ne go se sepe seo re neng re ka se dira fa e se go ikanya Jehofa fela,” go ne ga rialo Gerrit. Kwantle ga go fokotsa lobelo thata, o ne a tlhaeletsa modiredi yoo wa puso jaana: “Wo ist Amsterdam?” (Ke tsela efe e e yang Amsterdam?) Modiredi yono o ne a ema fa thoko ga tsela mme a supa kwa pele a ntse a tlhaeletsa a re: “Geradeaus!” (Tlhamalala fela ka tsela eno!) “Danke schön!” (Ke a leboga!) Gerrit o ne a rialo jaaka fa setlhopha sotlhe sa dibaesekele se ne se kgabaganya ka lobelo lo logolo fa gare ga boidiidi jwa batho jo bo neng bo lebile bo gakgametse. Ka nako nngwe Basupi ba ne ba kgona go romelela bakaulengwe ba bone ba kwa Amsterdam ditapole di tletse mokoro.
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba supa moya ono gone mo dikampeng tsa pogisetso kwa Yuropa. Fa a ne a latlhetswe mo kampeng ya pogisetso gaufi le Amersfoort, kwa Netherlands, lekawana lengwe la dingwaga tse 17 le ne la bopama gore le be le sale le le marapo fela. Lefa go ntse jalo dingwaga morago ga foo o ne a ise a lebale gore Mosupi mongwe go tswa kwa kampeng e nngwe ya pogisetso o ne a mo naya borotho ba se na go patelediwa go itshidila mmele mo puleng go fitlha bosigogare. Mme kwa kampeng ya pogisetso ya Mauthausen kwa Austria, Mosupi mongwe yo tiro ya gagwe e neng e mo tlhoka gore a tsamaye go tswa mo karolong e nngwe ya kampa go ya kwa go e nngwe gantsi o ne a baya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka go tsaya dijo tseo Basupi ba neng ba di sadisa mo dijong tsa bone tse dinnye a di isetsa Basupi ba bangwe ba ba neng ba tingwa dijo.
Morago ga ntwa Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba tswa kwa dikgolegelong tsa kwa Jeremane le kwa dikampeng tsa pogisetso ba ne ba sena sepe fa e se diaparo tsa kgolegelo tse ba neng ba di apere. Dithoto tsa ba bantsi ba ba neng ba sa latlhelwa mo kgolegelong di ne di sentswe. Dijo, diaparo, le lookwane di ne di tlhaela mo dikarolong tse dintsi tsa Yuropa. Basupi ba ga Jehofa ba dinaga tseno ba ne ba rulaganya ka bonako gore dipokano tsa phuthego di tshwarwe gape mme ba ne ba simolola go thusa ba bangwe semoyeng ka go ba bolelela mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Lefa go ntse jalo bone ka bobone ba ne ba tlhoka go thusiwa ka ditsela dingwe. Bontsi jwa bone bo ne bo le bokoa thata ka ntlha ya tlala mo ba neng ba idibala fa dipokano di tsene.
Basupi ba ne ba ise ba ko ba lebane le seemo seno se se neng se ama batho ba bantsi jaana. Lefa go ntse jalo, mo go yone kgwedi e ntwa e neng ya fela ka yone semmuso mo kgaolong ya Pacific, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwara kopano e e kgethegileng kwa Cleveland, kwa Ohio, e go neng ga tlotliwa kwa go yone gore go tshwanetse ga dirwa eng go thusa bakaulengwe ba Bakeresete mo dinageng tse di kgautlhantsweng ke ntwa tseo le gore seo se ne se ka dirwa jang. Puo e e amang maikutlo e e neng e re “Mpho ya Gagwe E E Seng Kana ka Sepe,” e e neng ya neelwa ke F. W. Franz, e ne ya tlhagisa kgakololo ya Dikwalo e eleruri e neng e tshwanela seemo seo.b
Mo lobakeng lwa dibeke di le mmalwa, fela fa batho ba sena go letliwa gore ba ka tsaya maeto, N. H. Knorr, mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, le M. G. Henschel ba ne ba leba kwa Yuropa go ya go iponela ka matlho gore go ne go ntse jang. Go ne go setse go simolotswe ka dithulaganyo tsa go thusa le pele ba tsamaya.
Switzerland le Sweden di ne tsa romela pele. Tse dingwe di ne tsa latela go tswa kwa Canada, United States, le dinaga tse dingwe. Lefa gone palo ya Basupi ba kwa dinageng tse di neng di kgona go thusa ka nako eo e ne e le 85 000 fela, ba ne ba romelela Basupi ba kwa Austria, Belgium, Bulgaria, China, Czechoslovakia, Denmark, Engelane, Finland, Fora, Jeremane, Greece, Hungary, Italy, Netherlands, Norway, Philippines, Poland, le Romania, dijo le diaparo. Seo ga ba a ka ba se dira gangwe fela. Ba ne ba nna ba romela dilwana tsa go thusa ka lobaka lwa dingwaga di le pedi le sephatlo. Fa gare ga January 1946 le August 1948, ba ne ba romela dikilogerama di le 479 114 tsa diaparo, dipara tsa ditlhako di le 124 110, le dikilogerama di le 326 081 tsa dijo e le dimpho tse ba di nayang Basupi ba bangwe. Ga go na madi ape a a neng a dirisiwa go duelela ditshenyegelo tsa fa go ntse go rulaganyediwa seno. Baithaopi ba ba sa duelweng ba ne ba tlhopha dilo tseno le go di paka. Madi otlhe a a neng a ntshiwa a ne a dirisiwa go thusa batho bao a neng a ntshediwa go ba thusa.
Gone mme, go thusa batshabi mmogo le ba ntwa e neng e ba tlogetse ba humanegile ga go a ka ga felela ka bo1940. Go ile ga nna le makgolokgolo a dintwa fa esale ka 1945. Mme Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nna ba ntse ba tswelela ba supa fa ba amega tota ka lorato. Seno se ne sa dirwa ka nako ya ntwa ya Biafra kwa Nigeria le morago ga yone, go tloga ka 1967 fitlha ka 1970. Go ne ga ntshiwa thuso e e tshwanang kwa Mozambique ka bo1980.
Liberia le yone e ne ya nna le tlala ka ntlha ya ntwa e e neng ya simologa ka 1989. Fa batho ba ntse ba tshaba, kompone ya Watch Tower kwa Monrovia e ne e tletse ka makgolokgolo a batshabi. Dijo dipe fela tse di neng di le teng, mmogo le metsi a a neng a tswa mo sedibeng, a ne a newa Basupi mmogo le baagisani ba bone ba eseng Basupi. Morago ga foo fa maemo a ne a letla, Basupi ba kwa Sierra Leone le Côte d’Ivoire kwa Afrika Bophirima, le ba kwa Netherlands le Italy kwa Yuropa, le kwa United States ba ne ba romela dilwana go thusa.
Gape, ka 1990, fa ntwa ya kwa Lebanona e sena go tlogela dikarolo tsa Beirut di ntse jaaka ekete di iteilwe ke thoromo ya lefatshe, bagolwane ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhoma komiti ya tshoganetso go thusa bakaulengwe kafa ba neng ba tlhoka ka teng. Go ne go sa tlhokege gore ba bitse baithaopi; letsatsi lengwe le lengwe go ne go na le ba le bantsi ba ba neng ba ithaopela go thusa.
Ka nako ya fa dipolotiki le maemo a ikonomi a Yuropa a ne a tsositse tlhakatlhakano, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Austria, Czechoslovakia, Hungary, le Yugoslavia ba ne ba romelela bakaulengwe ba bone ba Bakeresete ba kwa Romania ditone di le 70 tsa dilwana ka 1990.
Seno se ne sa latelwa ke ditiro tse dintsi tsa go thusa kwa Yuropa Botlhaba. Setlhopha Se Se Laolang se ne sa kopa lekala la Mokgatlho wa Watch Tower kwa Denmark gore le rulaganyetse go thusa Basupi ba ba neng ba tlhoka thuso ba kwa Ukraine. Diphuthego di ne tsa itsisiwe kaga seno mme di ne di iketleeditse go thusa. Ka December 18, 1991, dillori tse dikgolo tse tlhano le tse pedi tse dipotlana tse di neng di kgweediwa ke baithaopi ba Basupi di ne tsa goroga kwa Lviv ka ditone di le 22 tsa dilo tse ba neng ba di tlhoka—tse di supang gore bakaulengwe ba bone ba Bakeresete ba amega ka bone ka tsela e e lorato. Go ya go tsena mo go 1992, Basupi ba kwa Austria ba ne ba romela dilo—dijo le diaparo tse di fetang ditone di le 100. Go ne ga romelwa dilwana tse dingwe tse dintsinyana go tswa kwa Basuping ba kwa Netherlands—la ntlha e ne e le ditone di le 26 tsa dijo, morago go ne ga latela setlhopha sa dillori tse dikgolo di le 11 di rwele diaparo, mme moragonyana go ne ga tlisiwa dijo tse dingwe gonne di ne di tlhokega. Ba ba neng ba abelwa dilo tseno ba ne ba leboga Modimo mme ba ne ba leba kwa go ene gore a ba thuse gore ba dirise dilo tseno ka botlhale. Ba ne ba kopana ba rapela pele ba folosa dilo tse di mo dilloring ba bo ba rapela gape fa ba fetsa. Basupi ba kwa Italy, Finland, Sweden, le Switzerland ba ne ba romela dilo tse dingwe gape tse dintsi go thusa. Ka nako ya fa dilo tsotlhe tseno di ne di diragala, tlhakatlhakano e e neng e le kwa direpaboloking tseo pele di neng di bopa Yugoslavia e ne ya dira gore go tlhokege gore go romelwe dilo koo. Go ne ga romelwa dijo, diaparo, le melemo kwa mafelong ao. Ka nako e e tshwanang, Basupi ba ba neng ba nna kwa metsemegolong ba ne ba iketleeditse go naya ba matlo a bone a neng a sentswe bonno.
Ka dinako tse dingwe batho ba ba nnang kwa mafelong a a kwa kgakala a a kwa thoko ba tlhoka thuso, mme go se ke go itse ope. Go ne go ntse jalo ka malapa a le 35 a Basupi ba ga Jehofa kwa Guatemala. Metse ya bone e ne e ile ya tlhaselwa ke makgotla a a neng a lwa. Fa kwa bofelong ba ne ba kgona go boela gae ka 1989, ba ne ba tlhoka thuso ya go ka aga matlo a bone sesha. Go oketsa mo godimo ga thuso e puso e neng e e naya batshabi ba ba ba neng ba boetse gae, ofisi ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower e ne ya tlhoma komiti ka bonako go thusa malapa ano a Basupi, mme Basupi ba bangwe ba ba ka nnang 500 go tswa kwa diphuthegong tse 50 ba ne ba ithaopela go ba thusa go aga matlo a bone sesha.
Go na le maemo a mangwe gape a le one a dirang gore batho ba tlhoke go thusiwa go tswa mo maemong a ba neng ba sa kgone go a thibela. Dithoromo tsa lefatshe, dikgwanyape, le merwalela ke dilo tse di diragalang kgapetsakgapetsa. Go fopholediwa gore, ka palogare, lefatshe le itewa ke dikotsi tse dikgolo tsa masetlapelo tsa tlholego di feta 25 ngwaga le ngwaga.
Nako ya Fa Maatla a Tlholego A Senya Thata
Fa maemo a tshoganyetso a a amang Basupi ba ga Jehofa a tlhaga ka ntlha ya dikotsi dingwe tsa masetlapelo, go tsewa dikgato ka bonako go thusa kafa go tlhokegang ka teng. Bagolwane ba mafelo ao ba ile ba lemoga gore fa ba le mo maemong a a ntseng jalo, ba tshwanetse go leka thata go ikgolaganya le mongwe le mongwe mo phuthegong. Ofisi ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower e e okametseng tiro ya Bogosi ya lefelo leo e sekaseka maemo e bo e itsitse ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ka seo. Fa go tlhokega thuso e ntsi mme batho ba lefelo leo ba sa kgone go thusa ka mo go lekaneng, go dirwa dithulaganyo tse dingwe ka kelotlhoko, ka dinako tse dingwe go akarediwa le dinaga tse dingwe. Maikaelelo a seno ga se go leka go tlhatlosa maemo a botshelo a ba ba nang le mathata bano mme ke go ba thusa fela gore ba bone dilo tse ba di tlhokang tse ba tlholang ba di dirisa.
Ka dinako tse dingwe go utlwa fela pego ya kotsi nngwe ya masetlapelo mo thelebisheneng go tlhotlheletsa Basupi ba bantsi go leletsa bagolwane ba ba ikarabelelang ba lefelo leo mogala ba bolela gore ba batla go thusa le go ntsha madi kana dilwana. Ba bangwe ba ka romela madi kwa ofising ya lekala kana kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe gore a dirisediwe go thusa. Ba itse gore go tlhokega thuso, mme ba batla go thusa. Koo go tlhokegang dilo tse dintsi teng, Mokgatlho wa Watch Tower o ka itsise bakaulengwe ba karolo e e rileng gore ba thuse kafa ba ka kgonang ka teng. Go tlhongwa komiti ya thuso ya namolo gore e kgone go kaela dilo mo lefelong la kotsi eo ya masetlapelo.
Ke gone ka moo, ka nako ya fa karolo e kgolo ya Managua, kwa Nicaragua, e ne e sentswe ke thoromo e kgolo ya lefatshe ka December 1972, balebedi ba diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa ba kwa kgaolong eo ba neng ba kopana mo lobakeng lwa diura di sekae fela go rulaganya se ba tla se dirang. Go ne ga sekasekiwa maemo a Mosupi mongwe le mongwe mo motsemogolong oo go bona gore a botlhe ba siame. Dilwana tsa go thusa di ne tsa goroga mo go lone letsatsi leo go tswa kwa diphuthegong tse di gaufi; mme ka bonako tse dingwe di ne tsa tla di tswa kwa Costa Rica, Honduras, le El Salvador. Go ne ga tlhongwa mafelo a le lesome le bone ka kwa ntle ga Managua go naya batho dilwana tseno tse ba thusiwang ka tsone. Madi le dilwana tse dingwe tse di tswang kwa Basuping mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe di ne tsa fetisediwa kwa Nicaragua ke ntlokgolo ya meraferafe ya Mokgatlho wa Watch Tower. Dijo le ditlamelwana tse dingwe (go akaretsa dikerese, mekgwaro, le disepa) di ne tsa kgaoganngwa malapa go ya ka bogolo jwa one, mme lelapa lengwe le lengwe le tlamelwa ka dilwana tse di neng di tla ba tshwarelela malatsi a le supa. Fa tiro e ntse e tsweletse, go ne ga fepiwa batho ba ka nna 5 000—Basupi, malapa a bone, le ba losika ba ba neng ba nna nabo. Tiro eno ya go thusa ya namolo e ne ya tswelela ka dikgwedi di le lesome. Fa ba sena go bona se se neng se diragala, mekgatlho ya puso le mokgatlho wa Sefapaano Se Sehibidu le yone e ne ya simolola go fa batho dijo, ditente, le dilwana tse dingwe.
Fa go thunya ga lekgwamolelo go ne go pateletsa batho ba le 10 000 gore ba fuduge kwa Setlhaketlhakeng sa Izu-Oshima, gaufi le lobopo lwa Japane ka 1986, diketswana tse di neng di rwele batshabi bano di ne tsa kopana le Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba senka bakaulengwe ba bone ba semoya ka matlho a mahibidu. Mongwe wa batshabi bano o ne a re: “Fa re ne re tswa kwa Oshima, rona ka borona re ne re sa itse gore re ya kae.” Sengwe le sengwe se ne sa diragala ka bonako. “Lefa go ntse jalo, fa re fologa sekepe, re ne ra bona letshwao le le reng, ‘Basupi ba ga Jehofa.’ . . . Mosadi wa me o ne a itsheka dikeledi jaaka fa re ne re bona bakaulengwe ba rona ba tlile go re kgatlhantsha fa bogorogelong.” Fa ba sena go bona kafa batshabi ba e neng e le Basupi ba neng ba tlhokometswe ka teng, ka nako ya fa ba goroga le morago ga foo, batho ba pele ba neng ba sa ba rate ba ne ba re: “Lo dirile sentle go ngaparela bodumedi jo.”
Basupi ba leka ka ditsela tsotlhe go thusa ka bonako jo ba ka kgonang ka jone kwa dikarolong tse di wetsweng ke dikotsi tsa masetlapelo. Ka 1970, fa Peru e ne e itewa ke thoromo ya lefatshe e e fetang tsotlhe tse di kileng tsa itaya koo, madi a go thusa a ne a romelwa ka bonako go tswa kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe kwa New York, mme go ne ga latela ditone di le 15 tsa diaparo. Lefa go ntse jalo, le e leng pele dilo tseo di goroga, mo lobakeng lwa diura di sekae fela fa go sena go bulelwa gore go ka tsamaiwa gape, Basupi ba ne ba ba rwalela dilwana ka dikoloi kwa dikarolong tse metsemegolo le metsana ya teng e neng e sentswe. Mo malatsing le mo dibekeng tse di neng tsa latela, ba ne ba tswelela pele ba tlamela ditlhopha tse di farologaneng tse di nnang kwa godimo ga Andes ka dilo tsa senama le tsa semoya. Mme, ka 1980, fa dikarolo tsa Italy di ne di sena go itewa ke thoromo ya lefatshe mo maitseboeng a November 23, llori ya ntlha e e neng e rometswe ke Basupi e ne ya goroga mo kgaolong eo letsatsi le le latelang. Ka bonakonyana fela ba ne ba tlhoma boapeelo jo eleng jwa bone, joo bokgaitsadi ba neng ba apaya dijo mo go jone go fepa batho letsatsi le letsatsi. Mongwe yo o neng a etse tiro eno ya go thusa tlhoko kwa setlhaketlhakeng seno sa Caribbean o ne a akgela jaana: “Basupi ba ile ba tsaya kgato ka bonako go gaisa puso.” Gongwe ka dinako tse dingwe go ntse jalo, mme gone Basupi ba ga Jehofa eleruri ba anaanela thuso ya badiredi ba puso ba ba thusang go fitlhelela mafelo a a wetsweng ke dikotsi ka bonako.
Ka nako ya fa go ne go le leuba kwa Angola ka 1990, go ne ga utlwalelwa gore Basupi ba koo ba ne ba tlhoka dijo le diaparo. Lefa go ntse jalo, e ne e le bothata jo bo seng kana ka sepe go fitlha kwa go bone, gonne Basupi ba ga Jehofa ba ne ba na le dingwaga tse dintsi ba ntse ba thibetswe kwa nageng eo. Lefa go ntse jalo, bakaulengwe ba bone ba Bakeresete ba kwa Afrika Borwa ba ne ba tlatsa llori ka dilwana tsa ditone di le 25. Fa ba le mo tseleng, ba ne ba fapogela kwa ntlong ya baemedi ba Angola mme ba ne ba newa tetla ya go tshela molelwane. Ba ne ba tshwanelwa ke gore ba kgabaganye mafelo a le 30 a masole a a thibileng tsela go phuruphutsha batho, mme mo lefelong leo borogo jwa lone bo neng bo thubegile, ba ne ba tshwanelwa ke go tshela noka e e neng e penologa ka borogwana jo bo sa nonofang go le kalo jo bo neng bo agilwe mo boemong jwa jo bo senyegileng. Lefa go ntse jalo, dithoto tsotlhe di ne tsa rwalelwa kwa di neng di ya gone ka pabalesego.
Ka dinako tsa dikotsi tsa masetlapelo, go dirwa go le gontsi go feta fela go romela dilwana kwa kgaolong eo. Ka nako ya fa go thunya le molelo di ne di laila karolo nngwe ya Mexico City ka 1984, Basupi ba ne ba goroga ka bonako go tla go thusa. Lefa go ntse jalo ba ne ba sa kgone go bona Basupi ba bantsi ba lefelo leo, ka jalo bagolwane ba ne ba rulaganya letsholo la go batla mongwe le mongwe wa bone. Bangwe ba ne ba setse ba fudugetse kwa mafelong a mangwe. Lefa go ntse jalo, bagolwane ba ne ba ba tswa letsholo la go ba batla go fitlha ba ba bona botlhe. Ba ne ba thusiwa kafa ba neng ba tlhoka ka teng. Mo kgannyeng ya kgaitsadi mongwe yo o neng a swetswe ke monna le morwawe, thuso e e ntseng jalo e ne ya akaretsa gore go duelelwe ditshenyegelo tsa phitlho le go tlamela kgaitsadi yono le bana ba gagwe ba ba setseng, ka dilo tsa senama le tsa semoya.
Gangwe le gape, go tlhokega go le gontsi go feta melemo, dijo le diaparo. Ka 1989 kgwanyape e ne ya senya matlo a le 117 a Basupi kwa Guadeloupe ya bo ya senya matlo a batho bangwe gape ba le 300. Basupi ba ga Jehofa ba kwa Martinique ba ne ba ba thusa; moragonyana Basupi ba kwa Fora ba ne ba romela ditone tse di fetang 100 tsa didirisiwa tsa go aga jaaka dimpho go ba thusa. Fa Mosupi mongwe wa kwa setlhaketlhakeng sa St. Croix yo ntlo ya gagwe e neng e senyegile, a ne a bolelela batho ba a dirang le bone gore Basupi ba kwa Puerto Rico ba ne ba tla go tla go thusa, ba ne ba re: “Ga ba kitla ba go direla sepe. O montsho ga o Mo-Spain jaaka bone.” Abo batho ba a neng a dira nabo bao ba ne ba gakgamala jang ne go bona a na le ntlo e ntšha! Fa thoromo ya lefatshe e sena go itaya kwa Costa Rica ka 1991, Basupi ba mo lefelong leo le baithaopi ba meraferafe ba ne ba thusa Basupi ba bangwe mo kgaolong eo e e tlhagetsweng ke kotsi ya masetlapelo. Ba ne ba aga matlo a le 31 sesha le Diholo tsa Bogosi di le 5 ba bo ba baakanya tse dingwe ba sa lebelela tuelo epe. Batho ba ba neng ba lebile ba ne ba re: ‘Ditlhopha tse dingwe di bua fela ka lorato; mme lona lo a lo bontsha.’
Tsela e e matsetseleko e Basupi ba ga Jehofa ba dirang ka yone fa ba thusa jalo e ile ya gakgamatsa batho ba ba ba bonang. Ka 1986, kwa California, kwa U.S.A., lobota lwa Noka ya Yuba le ne la thubega mme metsi a teng a a neng a phothosela a ne a pateletsa batho ba le diketekete tse di masomesome go tswa mo matlong a bone. Bagolwane ba Bakeresete ba mo lefelong leo ba ne ba ikgolaganya le ntlokgolo kwa New York, mme go ne ga tlhongwa komiti ya thuso ya namolo. Ka bonako fela fa metsi a sena go ngotlega, go ne go setse go na le makgolokgolo a baithaopi a a neng a setse a ipaakanyeditse go dira. Pele mekgatlho ya selefatshe ya thuso ya namolo e simolola go dira, matlo a Basupi a ne a setse a tlhabolotswe. Ke eng fa ba ne ba kgona go dira ka bonako jaana?
Selo se segolo ke go bo Basupi ba iketleetsa go ithaopa ka bonako ba sa batle tuelo epe, mmogo le go ntsha meneelo ya dilo tse di tlhokegang. Se sengwe ke gore ba ne ba setse ba na le maitemogelo a go rulaganya dilo le go dira mmogo, gonne ba dira seno ka metlha fa ba baakanyetsa dikopano tsa bone le fa ba aga Diholo tse disha tsa Bogosi. Selo se sengwe sa botlhokwa ke gore ba ile ba akanya thata ka se Bibela e se bolelang fa e re, “A go ratana ga lona go tukè.”—1 Pet. 4:8.
Meneelo e e dirwang go thusa ka dilo tseno tse di tlhokegang gantsi e tswa mo bathong ba bone ka bobone ba nang le go le gonnye fela. Go ntse fela jaaka makwalo a a tlang le yone gantsi a tle a re: ‘Mpho eno e potlana, lefa go le jalo re amegile ka bokgaitsadi le bakaulengwe ba rona ka dipelo tsotlhe tsa rona.’ ‘Ke eletsa ekete ke ne nka kgona go romela se se fetang seno, lefa go ntse jalo ke eletsa go abela ba bangwe se Jehofa a ntetlileng go nna le sone.’ Go ntse fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Makedonia, ba ne ba kopa ka tlhoafalo gore ba newe tshiamelo ya go nna le seabe mo go tlameleng ba ba tlhokang thuso ka dilo tse ba di tlhokang tsa botshelo. (2 Bakor. 8:1-4) Ka nako ya fa Ba-Korea ba feta 200 000 ba ne ba setse ba sena matlo ka ntlha ya morwalela ka 1984, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Repaboliking ya Korea ba ne ba tlamela bakaulengwe ba bone ka bopelotshweu mo ofisi ya lekala e neng ya tshwanela go itsise gore go ne go sa tlhole go tlhokega thuso.
Ba ba bonang seno ba kgona go lemoga sentle gore Basupi ba tlhotlhelediwa ke sengwe se se fetang fela gore ba ikutlwa ba tshwanetse go thusa kana gone go tlhomoga pelo fela jaaka batho. Ba rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete thata.
Mo godimo ga go tlamela ka dilo tsa senama tse di tlhokegang, Basupi ba ga Jehofa ba tlamela bakaulengwe ba bone ba mafelo a a wetsweng ke dikotsi tsa masetlapelo segolo thata ka dilo tsa semoya tse ba di tlhokang. Go dirwa dithulaganyo ka bonako jo bo ka kgonegang gore dipokano tsa phuthego di boe di tshwarwe gape. Ka 1986, kwa Greece, seno se ne sa tlhoka gore go agiwe tente e kgolo ka kwantle ga motsemogolo wa Kalamata go e dirisa jaaka Holo ya Bogosi, le tse dingwe tse dipotlana mo mafelong a a farologaneng go dirisediwa go tshwara dipokano tsa fa gare ga beke tsa Thuto ya Buka ya Phuthego. Ka tsela e e tshwanang, fa ba ba neng ba amilwe ke go gosomana ga seretse kwa Armero, kwa Colombia, ba sena go thusiwa ka dilo tse ba di tlhokang tsa senama ka 1985, madi a a neng a setse a ne a dirisediwa go agela diphuthego tse tharo tsa mo lefelong leo Diholo tsa Bogosi tse disha.
Tota le eleng ka nako ya fa go santse go tshwaraganwe le tiro e e ntseng jalo ya go aga, Basupi ba ga Jehofa ba tswelela pele go kgothatsa ba bangwe ka go araba dipotso tsa bone tsa gore boikaelelo wa botshelo ke eng, lebaka la go bo go nna le dikotsi tsa masetlapelo le loso, le gore ba ka solofela eng mo isagweng, ka go ba naya dikarabo tse di kgotsofatsang tse di tswang mo Lefokong la Modimo.
Maiteko a Basupi a go thusa ga a dirwe ka gonne ba batla go tlamela motho mongwe le mongwe mo lefelong la kotsi ya masetlapelo ka dilo tse a di tlhokang. Go dumalana le Bagalatia 6:10, ba direla segolobogolo ‘ba e leng ba ntlo ya tumelo.’ Go ntse go le jalo, ba itumelela go thusa batho ba bangwe fa ba kgona. Ka sekai, ba ile ba dira seno fa ba ne ba tlamela batho ba ba neng ba amilwe ke thoromo ya lefatshe kwa Italy. Fa ba ne ba thusa ba ba neng ba amilwe ke morwalela le kgwanyape kwa United States, ba ile ba phepafatsa ba bo ba baakanya matlo a baagisani ba Basupi ba ba neng ba le mo tlalelong. Fa ba ne ba bodiwa gore ke eng fa ba ne ba thusa batho ba ba sa ba itseng ka bopelonomi jalo, ba ne ba araba bonolo fela gore ke ka gonne ba rata baagisani ba bone. (Math. 22:39) Fa kgwanyape e sena go senya kwa borwa jwa Florida, kwa U.S.A., ka 1992, tsela e Basupi ba neng ba rulagantse ka yone go thusa e ne e itsege sentle mo dikhampani dingwe tsa kgwebo le batho bangwe ba e neng e se Basupi mme ba batla go ntsha meneelo ba neng ba e ntsha ba e naya Basupi. Ba ne ba itse gore dimpho tse ba di ntshitseng di ne di sa tle go kgobelegana fela foo, kana di rekisiwa go bona morokotso, mme gore di ne di tlile go thusa batho ba ba senyeditsweng ke sefefo bao, e le Basupi kana e se Basupi. Go iketleetsa ga bone go thusa batho ba e neng e se Basupi ka nako ya dikotsi tsa masetlapelo go ne ga anaanelwa thata kwa Davao del Norte, kwa Philippines, mo eleng gore badiredi ba toropo ba ne ba bolela ka gone.
Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba ratwe ke mongwe le mongwe. Nako le nako ba a bogisiwa. Seemo seno, le sone, se dira gore ba tshegetse Bakeresete ba bangwe thata ka bopelotshweu ka lorato.
Fa Ba Bogisiwa Botlhoko
Moaposetoloi Paulo o ne a tshwantsha phuthego ya Bokeresete le mmele wa motho a bo a bolela jaana: “Ditokololō di tlè di chwanè mo go tlamèlaneñ. Me kgotsa ha tokololō e ñwe e utlwa botlhoko, ditokololō cotlhe di utlwe botlhoko naeō.” (1 Bakor. 12:25, 26) Eo ke tsela e Basupi ba ga Jehofa ba ikutlwang ka yone fa ba utlwela gore bakaulengwe ba bone ba Bakeresete ba a bogisiwa.
Kwa Jeremane ka nako ya Ba-Nazi, mmuso o ne wa gatelela Basupi ba ga Jehofa mo go maswe tota. Go ne go na le Basupi ba le 20 000 fela kwa Jeremane ka nako eo, e le setlhotshwana fela se sennye se Hitler a neng a se ila. Go ne go tlhokega gore ba nne seoposengwe. Ka October 7, 1934, phuthego nngwe le nngwe ya Basupi ba ga Jehofa go ralala Jeremane yotlhe e ne ya kopana mo sephiring, ba rapela mmogo, ba bo ba romelela puso lekwalo le le neng le bolela gore ba ititeile sehuba go tswelela pele ba direla Jehofa. Go tswa foo bontsi jwa ba ba neng ba le teng ba ne ba tswa ka bopelokgale ba ya go neela baagisani ba bone bosupi kaga leina la ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe. Mo go lone letsatsi leo, Basupi ba ga Jehofa go ralala lefatshe lotlhe le bone ba ne ba kopana mo diphuthegong tsa bone, mme morago ga go rapela, ba ne ba romelela mmuso wa ga Hitler dithelekerama ba ema bakaulengwe ba bone ba Bakeresete nokeng.
Ka 1948, fa go sena go senolwa gore baruti ke bone ba neng ba tlhotlheletsa gore Basupi ba ga Jehofa ba kwa Greece ba bogisiwe, poresidente wa kwa Greece le ditona tse di farologaneng tsa puso di ne tsa amogela makwalo a le diketekete a Basupi ba ga Jehofa ba buelela bakaulengwe ba bone ba Bakeresete. A ne a tswa kwa Philippines, Australia, Amerika Bokone le Borwa, le kwa mafelong a mangwe.
Ka 1961 fa Tsogang! e ne e senola mekgwa e Basupi ba kwa Spain ba neng ba sotliwa ka yone e e tshwanang fela le ya fa go ne go otlhaiwa baikeodi, badiredi ba puso ya koo ba ne ba amogela makwalo a mantsintsi a dingongorego. Badiredi ba puso ba ne ba tshoga fa ba ne ba lemoga gore batho go ralala lefatshe lotlhe ba ne ba itse sentle se ba neng ba se dira, mme ka ntlha ya seno, lefa gone pogiso e ne ya nna ya tswelela pele, bangwe ba mapodisi ba ne ba se ka ba tlhola ba tshwara Basupi thata. Le kwa dinageng tse di farologaneng mo Afrika, badiredi ba teng ba puso ba ile ba nna ba tshwenngwa ke Basupi go tswa dikarolong tse dintsi tsa lefatshe ka nako ya fa ba ne ba utlwa gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete ba ne ba bogisiwa setlhogo.
Fa puso e sa dire diphetogo dipe mo go seno, Basupi ba ba bogisiwang ga ba lebalwe. Dipuso dingwe di ile tsa kwalelwa makwalo a mantsi a boikuelo le a dingongorego gonne di ile tsa nna tsa tswelela go bogisetsa batho bodumedi ka dingwaga tse dintsi. Go ne ga nna jalo ka Argentina. Ka nako nngwe ka 1959, Mokwaledi wa Lefapha la Merero ya Dinaga Di Sele le ya Sedumedi o ne a tseela mongwe wa bakaulengwe ba rona kwa phaposing nngwe e e neng e na le diraka di le mmalwa tsa dibuka tse di neng di tletse makwalo a mantsi a a tswang mo lefatsheng lotlhe. O ne a gakgamaditswe ke go bo motho mongwe go tswa kgakalakgakala kwa Fiji a ne a kwadile a ikuela gore batho ba lesiwe go obamela ka kgololesego kwa Argentina.
Mo makgetlong a mangwe babusi ba ile ba ba naya kgololesego e e oketsegileng fa ba sena go lemoga gore lefatshe lotlhe le ne le itse se ba neng ba se dira le gore go ne go na le ba le bantsi ba ba neng ba tshwenyega eletota. Go ne go ntse fela jalo kwa Liberia ka 1963. Masole a puso a ile a tlhasela ba ba neng ba tlile kopanong kwa Gbarnga. Poresidente wa kwa Liberia o ne a amogela makwalo a mantsintsi a dingongorego go tswa mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, mme le U.S. State Department e ne ya tsena mo kgannyeng gonne moagi mongwe wa U.S. a ne a amega. Kgabagare Poresidente Tubman o ne a romela molaetsa ka tekelekerafa kwa ntlokgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower a bolela gore o eletsa gore Basupi ba ga Jehofa ba romele baemedi go tla go bua ka kgang eo. Ba le babedi ba baemedi bao—Milton Henschel le John Charuk—ba ne ba setse ba kile ba ya kwa Gbarnga. Mr. Tubman o ne a ba itsise gore selo se se diragetseng koo e ne e le “matlhabisa ditlhong tota” a bo a re: “Ke maswabi tota go bo selo seno se ile sa diragala.”
Fa ba sena go buisana jalo, go ne ga ntshiwa Molao o o neng o itsise “batho botlhe ba naga eo gore Basupi ba ga Jehofa ba tla gololwa le go newa tshiamelo ya go dira tiro ya bone ya borongwa le go obamela mo karolong nngwe le nngwe ya naga eo ba sa tshwenngwe ke ope. Molao o tla ba sireletsa o bo o sireletsa le dithoto tsa bone le go tlhomamisa gore ba obamela Modimo ka kgololesego go ya kafa digakolodi tsa bone di ba laelang ka gone, ba ntse ba ikobela molao wa Repaboliki ka go tlotla folaga ya naga ka go ema tsi fa e tsholediwa le fa e folosiwa kwa dikokoanong tse di kgethegileng.” Lefa go ntse jalo ba ne ba sa lebelelwa gore ba e dumedise, gonne seo se ne se tla bo se le kgatlhanong le digakolodi tsa bone jaaka Bakeresete.
Lefa go ntse jalo, go tla go fitlha ka 1992, puso ya Malawi e ne e ise e umake sepe se se tshwanang le seo sa semolao, le mororo Basupi ba sa tlhole ba bogisiwa thata. Basupi ba ga Jehofa ba koo ba ile ba bogisediwa bodumedi ka tsela e e setlhogo tota mo hisitoring ya Afrika. Ba ne ba bogisiwa setlhogo jalo mo nageng eo ka 1967; lekgetlo le lengwe e ne e le kwa tshimologong ya bo1970. Makwalo a le diketekete tse di masomesome a ne a kwalwa ka ntlha ya bone go tswa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Go ne ga letswa megala. Ga romela le dithelekerama. Batho ba bantsi ba maemo a a kwa godimo ba ile ba tlhotlhelediwa ke kutlwelobotlhoko gore le bone ba bue.
Ba ne ba bogisiwa setlhogo tota mo Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 19 000 le bana ba bone ba neng ba sia ba tlola molelwane ba ya kwa Zambia ka 1972. Diphuthego tse di fa gaufi tsa Basupi kwa Zambia di ne ka bonako fela tsa kgobokanyetsa bakaulengwe bano ba bone dijo le dikobo. Madi le dilwana tse dingwe tse di neng di ntshitswe ke Basupi ba ga Jehofa go tswa kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe a ne a romelwa kwa diofising tsa makala a Watch Tower mme di ne tsa fetisediwa kwa batshabing bao ke ofisi ya ntlokgolo kwa New York. Go ne ga tla dilo tse dintsi go feta selekanyo go tlamela batshabi kwa kampeng ya kwa Sinda Misale. Jaaka fa dikgang di ne di ntse di anama le kampa gore go ne go gorogile dillori di rwele dijo, diaparo, le disaile tse ba neng ba ka itshireletsa ka tsone, bakaulengwe ba kwa Malawi ba ne ba se ka ba kgona go ba kganela go lela ka boitumelo fa ba ne ba bona sesupo seno sa gore bakaulengwe ba bone ba Bakeresete ba a ba rata.
Lefa go tshwerwe Basupi ba bakae, ba bangwe ga ba ba tlogele fela, le eleng lefa seo se ba baya mo kotsing. Ka nako ya fa ba ne ba thibetswe kwa Argentina, Basupi bangwe ba bane ba ne ba isetsa setlhopha sa Basupi ba ba neng ba tswaletswe ka diura di le 45 dijo le diaparo, mme le bone ba ne ba tshwarwa. Ka 1989, e ne ya re fa mosadi wa molebedi mongwe yo o etang kwa Burundi a ne a utlwa kafa bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete ba sotlegang ka teng o ne a leka go ba isetsa dijo kwa kgolegelong. Mme o ne a tshwarwa a bo a tswalelwa mo kgolegelong dibeke tse pedi gonne mapodisi a ne a batla go tshwara monna wa gagwe.
Lefa ba ntse ba dira kafa ba ka kgonang ka teng, lorato lo Basupi ba ga Jehofa ba ratang bakaulengwe ba bone ba Bakeresete ka lone lo ba tlhotlheletsa gore ba tsholetse mantswe a bone ba ba rapelele mo Modimong. Ga ba rapelele gore Modimo o khutlise dintwa le go tlhaela ga dijo ka bonako, gonne Jesu Keresete o ne a bolelela pele gore dilo tse di tla nna teng mo motlheng ono wa rona. (Math. 24:7) Ebile ga ba rapele Modimo gore o kganele dipogiso tsotlhe, gonne Bibela e bua ka phepafalo fela gore Bakeresete ba boammaaruri ba tla bogisiwa. (Yoh. 15:20; 2 Tim. 3:12) Lefa go ntse jalo ba rapela ka tlhoafalo gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete ba nonotshiwe gore ba kgone go ema ba nonofile mo tumelong fa ba lebane le mathata ape fela a a ka ba tlelang. (Bapisa Bakolosa 4:12.) Dipego tse di bontshang kafa ba nonofileng semoyeng ka teng di naya bosupi jo bontsi tota jwa gore dithapelo tseo tsa bone di ile tsa arabiwa.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona Tora ya Tebelo, March 1, 1981, ditsebe 21-6 (September 15, 1980, ka Seesemane); October 15, 1986, ditsebe 10-21; June 1, 1987, ditsebe 4-18; July 15, 1988, ditsebe 21-3; March 1, 1990, ditsebe 20-2.
b Bona Tora ya Tebelo (ka Seesemane), ya December 1, 1945, ditsebe 355-63.
[Mafoko a a mo go tsebe 305]
Dilo ga di tlogelelwe fela mo makgetlong a go tlhokegang dilo tse di kgethegileng
[Mafoko a a mo go tsebe 307]
Thuso e e nnang teng ka ntlha ya go amega ka tsela e e lorato ka ba bangwe
[Mafoko a a mo go tsebe 308]
Go tlamela ka dilo tse dintsi tse di tlhokegang gore bangwe ba thusiwe
[Mafoko a a mo go tsebe 312]
Letsholo la go batla Mosupi mongwe le mongwe mo lefelong la kotsi ya masetlapelo
[Mafoko a a mo go tsebe 315]
Go direla le batho ba eseng Basupi molemo
[Mafoko a a mo go tsebe 317]
Ba lela ka boitumelo ka ntlha ya lorato lo ba lo bontshiwang ke bakaulengwe ba bone ba Bakeresete
[Lebokoso mo go tsebe 309]
“Eleruri Lo A Ratana”
Fa a sena go bona baithaopi ba Basupi kwa Lebanona e e neng e kgautlhantswe ke ntwa ba baakantse ntlo e e neng e sentswe mo go tlhomolang pelo ya mongwe wa bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete, moagisani o ne a patelesega go mmotsa jaana: “Lorato lo lo kanakana lo, lo tswa kae? Lo batho ba ba ntseng jang?” Mme mosadi mongwe wa Momoseleme, yo o neng a ntse a lebile fa ntlo ya Mosupi e ntse e phepafadiwa le go baakanngwa, o ne a akgela jaana: “Eleruri lo a ratana. Bodumedi jwa lona ke jwa boammaaruri.”
[Lebokoso mo go tsebe 316]
Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba Boammaaruri
“Arkansas Gazette” e ne ya bolela jaana kaga batshabi ba Ba-Cuba ba Basupi kwa Fort Chaffee, kwa Arkansas: “E ne ya nna bone ba ntlha go tsenngwa mo matlong a bone a masha gonne ‘bakaulengwe le bokgaitsadi’ ba bone ba Baamerika—Basupi ba bangwe ba ga Jehofa—ba ne ba ba thusa. . . . Fa Basupi ba bitsa ditsala tsa bone tsa semoya tsa naga epe fela ba re ‘bakaulengwe le bokgaitsadi,’ e a bo e le bone tota.” —Tokololo ya April 19, 1981.
[Ditshwantsho mo go tsebe 306]
Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, ba ne ba romelela Basupi ba bangwe ba kwa dinageng tse 18 ba ba neng ba tlhoka thuso dilwana
United States
Switzerland
[Ditshwantsho mo go tsebe 310]
Ka 1990, Basupi ba dinaga tse di fa gaufi ba ne ba dira ba le seoposengwe go thusa badumedi ba bangwe kwa Romania
[Ditshwantsho mo go tsebe 311]
Basupi ba ba neng ba falola thoromo ya lefatshe kwa Peru ba ne ba aga motse wa bone wa botshabelo mme ba ne ba thusana
Dilwana tsa thuso ya namolo tse di neng tsa lerwe ke Basupi ba bangwe (fa tlase) e ne e le tsa ntlha go fitlha kwa kgaolong eo
[Ditshwantsho mo go tsebe 313]
Tiro ya go thusa gantsi e akaretsa go nna le didirisiwa tsa go aga mmogo le baithaopi gore Basupi ba bangwe ba thusiwe go aga matlo a bone sesha
Guatemala
Panama
Mexico
[Setshwantsho mo go tsebe 314]
Tiro ya Basupi ya go thusa gantsi e akaretsa go aga ba bangwe semoyeng. Go ne ga tlhomiwa ditente ka bonako gore go tshwarwe dipokano kwa Kalamata, kwa Greece, mmogo le ka kwantle ga motsemogolo ono