Buka ya Bibela ya bo 31—Obadia
Mokwadi: Obadia
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 607 B.C.E.
1. Ke eng se se bontshang gore molaetsa ke one o o botlhokwa, e seng morongwa wa one?
MO DITEMANENG fela tse 21, buka eno ya Obadia, e khutshwane go di feta tsotlhe mo Dikwalong tsa Sehebera, e bolela katlholo ya Modimo eo e neng ya fedisa morafe mme gape e bolelelapele ka phenyo ya Bogosi jwa Modimo e e tlang. Mafoko a a mo tshimologong a bua fela ka go re: “Pōnatshègèlō ea ga Obadia.” Gore o tsetswe leng le gone kae, gore e ne e le wa lotso lofe, botshelo jwa gagwe ka kakaretso—ga go na sepe sa dilo tseno se se bolelwang ka ene. Ka phepafalo, go tlhalosa mo gontsintsi kaga moperofeti ga se selo sa botlhokwa mo go kalo; molaetsa ke one o o botlhokwa, mme ruri go ntse jalo, ka go bo fela jaaka Obadia ka boene a bolela, ke “mahoko a a cwañ mo go Yehofa.”
2. Boperofeti jwa ga Obadia bo itebagantse le naga efe thatathata, mme ke eng seo se neng se dira gore banni ba yone ba ikutlwe ba bolokesegile?
2 Mafoko ano a itebagantse thatathata le Edoma. Lefatshe la Edoma, le gape le bidiwang Thaba ya Seira, ke naga e e makhubu le dithaba ya dinokana tse di boteng, e e mo borwa, go simolola mo Lewatleng je le Suleng go bapa le Araba. Mo dikgaolong tse dingwe, dithaba tse di kafa botlhaba jwa Araba di boleele jwa dimetara di le 1 700. Kgaolo ya Temana e ne e itsege ka batho ba yone ba ba botlhale le ba ba pelokgale. Sebopego sa naga ya lefatshe la Edoma, seo se neng se na le mafelo a a sireletsang a tlholego, se ne se dira gore banni ba gone ba ikutlwe ba bolokesegile le go nna motlotlo.a
3. A Baedoma ba ne ba itsaya jaaka bomorwarraa Iseraele?
3 Baedoma e ne e le ditlogolwana tsa ga Esau, morwarraa Jakobe. Leina la ga Jakobe le ne la fetolwa go nna Iseraele, mme ka jalo Baedoma e ne e le losika lo lo gautshwane thatathata le Baiseraele; mo e leng gore ba ne ba tsewa jaaka ‘bomorwarraamotho.’ (Dute. 23:7) Lefa go le jalo boitshwaro jwa Edoma bo ne bo sa supe le eseng gore ke bomorwarraamotho ka losika. Ka bokhutshwane fela pele ga Baiseraele ba tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso, Moshe o ne a romela batho kwa kgosing ya Edoma go mo kopa tetla ya gore ba ralale lefatshe la gagwe, mme ka go supa bobaba, Baedoma ba ne ba gana ka bomo fela mme ba supa seo le ka go ba lwantsha. (Dipa. 20:14-21) Lemororo ba ne ba fentswe ke Dafide, e ne ya re moragonyana ba ikopanya le Baamona le Bamoaba go lwa kgatlhanong le Juda mo metlheng ya ga Jehoshafate, ba tsogologela morwa Jehoshafate yo go tweng Kgosi Jehorame, ba tshwara magolegwa a Baiseraele go tswa kwa Gasa le Ture, mme ba tlhasela Juda mo metlheng ya ga Kgosi Ahase go ya go tsaya batshwarwa ba bangwe gape.—2 Ditih. 20:1, 2, 22, 23; 2 Dikg. 8:20-22; Amose 1:6, 9; 2 Ditih. 28:17.
4. (a) Ke tiro efe e e bosulasula eo ka phepafalo e neng ya dira gore Obadia a bue mafoko a a kgalang Edoma? (b) Ke bosupi bofe jo bo re akantshang gore 607 B.C.E. e tshwanetse ya bo e le ene letlha leo buka eno e kwadilweng ka lone?
4 Bobaba jono bo ne jwa ya magoletsa ka 607 B.C.E. fa Jerusalema a ne a senngwa ke masomosomo a Bababelona. Baedoma ga baa ka ba lebelela fela ka go rata se se diragalang mme gape ba ne ba tlhotlheletsa batlhasedi go dira tshwafatso e e feletseng. Ba ne ba tlhaeletsa ba re, “O rutleñ, o rutleleñ le go hitlha kwa motheoñ oa ōna.” (Pes. 137:7) Fa bola jwa go kgaogana thopo bo ne bo latlhelwa, ba ne ba nna gareng ga bao ba tla bonang seabe mo thopong; mme gape e ne ya re fa batshabi ba Bajuda ba ne ba re ba leka go tshaba mo lefatsheng leo, ba ne ba ba thibela ditsela mme ba ba busetsa kwa babeng ba bone. Ke bosetlhogo jono jo bo neng jwa diragala ka nako ya tshenyego ya Jerusalema jo go bonalang e le jone bo dirileng gore Obadia a kwale mafoko ano a a kgalang, mme kwantle ga pelaelo o ne a a kwala ka nako eo ditiro tse di bosula tsa Edoma di neng di santse di gakologelwa sentle. (Obadia 11, 14) Ereka go bonala gore Edoma ka boene o ne a gapiwa le go thopiwa ke Nebukadenesare morago ga dingwaga tse tlhano fela fa Jerusalema a sena go senngwa, buka eno e tshwanetse ya bo e ile ya kwalwa pelenyana ga moo; go akantshiwa gore 607 B.C.E. e tshwanetse ya bo e le letlha le le tshwanetseng.
5. (a) Ke eng seo se supang gore rekoto ya ga Obadia ke ya boammaaruri ebile ke ya mmatota? (b) Obadia o ne a itshupa jang fa e le moperofeti wa boammaaruri, mme ke ka ntlhayang fa leina la gagwe e le le le tshwanetseng?
5 Polelelopele ya ga Obadia kgatlhanong le Edoma e ne ya diragadiwa—yotlheyotlhe fela! Fa e tla go konelwa, polelelopele eo e tlhalosa jaana: “Ba ntlo ea ga Esau ba tla nna dirite, ba tla hisa mo gare ga bōnè, ba tla ba laila: me ga go ketla go diha le opè eo o tla salèlañ ntlo ea ga Esau; gonne Yehofa o go buile.” (Tem. 18) Edoma o ne a dirisa tšhaka ka metlha yotlhe mme o ne a bolawa ka tšhaka, mme ga go na lefa e le sesupo sepe sa masalela a gagwe se se setseng. Ka jalo go na le bosupi jwa gore rekoto eno ke ya boammaaruri ebile ke ya mmatota. Go ne go na le bosupi jo bo tletseng jwa gore Obadia e ne e le moperofeti wa boammaaruri: O ne a bua mo leineng la ga Jehofa, polelelopele ya gagwe e ne e e fa Jehofa kgalaletso, mme e ne ya diragadiwa fela jaaka ditiragalo tse di neng tsa latela di ne tsa bontsha. Leina la gagwe tota kafa tshwanelong le raya gore “Motlhanka wa ga Jehofa.”
SEO SE LENG MO GO OBADIA
6. Jehofa o bua jang ka Edoma, mme o tla mo folosa kae?
6 Go atlholwa ga Edoma (Dit. 1-16). Ka taolo e e tswang mo go Jehofa, Obadia o bolela ponatshegelo ya gagwe. Merafe e kgothalediwa go ya go tlhabana le Edoma. “Nanogañ, a re nanogeñ re eeñ go tlhabana naè,” Modimo o ntsha taolo. Go tswa foo, fa a lebisitse mafoko a gagwe kwa go Edoma ka sebele, o tlhalosa boemo jwa gagwe. Edoma ke moratshwana fela o mmotlana mo merafeng yotlhe mme ebile o a nyatsega, lefa go le jalo o boikgodiso. O ithaya a re o bolokesegile ka go bo a itshubeletse fa gare ga mafika a a godileng, a tlhomamisa tota gore ga go ope yo o ka mo folosang. Lefa go le jalo, Jehofa o bolela gore lefa bonno jwa gagwe bo ne bo ka tswa bo le kwa godimo jaaka jwa ntswi, lefa a ne a ka ya go aga sentlhaga sa gagwe fa gare ga dinaledi ka botsone, o tla mo swatola gone koo. O tshwanetswe ke katlholo.—Tem. 1.
7. Edoma o tla thukuthiwa ka selekanyo se se kana kang?
7 Ke eng seo se tla mo diragalelang? Fa e le gore magodu a ne a ka utswela Edoma, a ne a tla tsaya fela se ba se tlhokang. Le eleng bahudi ba mofine ba ne ba tla tlogela maronopo mangwe. Mme seo se neng se tla diragalela bomorwa Esau ke se se bosula go feta seno. Letlotlo la bone le ne le tla thukuthiwa gotlhelele. Edoma o ne a tla tsogologelwa ke tse e leng ditsala tsa gagwe tota. Bone ba e neng e le ditsala tsa gagwe tse dikgolo ba ne ba tla mo tshwara ka lotloa jaaka e ka bo e le seeleele. Banna ba gagwe ba ba neng ba itsege ka botlhale le batlhabani ba gagwe ba ba neng ba itsege ka boganka ba ne ba se kitla ba mo thusa ka sepe mo motlheng wa gagwe wa masetlapelo.
8. Ke ka ntlhayang fa go otlhaiwa ga ga Edoma go le botlhoko jaana?
8 Mme ke ka ntlhayang fa a ne a tla tlisediwa kotlhao eno e e botlhoko? Ke ka ntlha ya bosetlhogo jo bomorwa Edoma ba neng ba bo direla bomorwa Jakobe, bao e neng e le bomorwarraabone! Ba ne ba ipelela go wa ga Jerusalema mme ba bo ba thusa batlhasedi mo go kgaoganeng thopo. Ka go bua mafoko a a bogale a a kgalang, jaaka ekete Obadia o ne a iponela ka matlho ditiro tse di bosula, Edoma o tewa go twe: O ne o sa tshwanela go ipela fa morwarrago a le mo mathateng. O ne o sa tshwanela go thibela botlhe ba ba reng baa tshaba mme wa ba busetsa kwa mmabeng wa bone. Letsatsi la bogale jwa ga Jehofa le atametse, mme o tlile go sekisiwa. O tlile go direlwa fela jaaka o dirile.
9. Ke tsosoloso efe e e bolelelwang pele?
9 Go tsosolosiwa ga ntlo ya ga Jakobe (Dit. 17-21). Phapaanong le seno sotlhe, ntlo ya ga Jakobe e tla tsosolosiwa. Go na le batho ba ba tla boelang kwa Thabeng ya Siona. Ba tla nyeletsa ntlo ya ga Esau fela jaaka molelo o o ja tlhaga. Ba tla tsaya lefatshe le le kafa borwa, la Negebe, le naga e e dithaba ya Esau le ya Shefela; kwa bokone ba tla gapa lefatshe la Eferaime le la Samaria, le kgaolo yotlhe go ya go fitlha kwa Sarefata; kafa botlhabatsatsi ba tla gapa kgaolo ya Gileada. Edoma yo o boikgogomoso o tshwanetse go nyelela, Jakobe ene o tshwanetse go tsosolosiwa, mme “bogosi e tla nna yoa ga Yehofa.”—Tem. 21.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
10. Ke dipolelelopele dife tse dingwe tseo di neng tsa bolelelapele go senngwa ga Edoma, mme ke ka ntlhayang fa go tla bo go le mosola thata go tlhokomela seo di se buang fela jaaka re dira ka Obadia?
10 Fa a ntsha bosupi jwa gore molaetsa ono wa katlholo ruri o tla diragadiwa kgatlhanong le Edoma, Jehofa o ne a dira gore baperofeti ba bangwe ba gagwe ba bue mafoko a a tshwanang. Dingwe tsa dipolelo tse di tlhomologileng mo go tseno ke tse di kwadilweng mo go Yoele 3:19; Amose 1:11, 12; Isaia 34:5-7; Yeremia 49:7-22; Esekiele 25:12-14; 35:2-15. Kwantle ga pelaelo dipolelo tse di neng tsa buiwa kwa pelenyana di ne di bua ka bobaba jo bo neng bo supilwe mo metlheng e e fetileng, fa tse di builweng moragonyana ka phepafalo e ne e le dikatlholo tse di neng di lebagantswe le Edoma ka ntlha ya boitshwaro jwa gagwe jo bo ka se keng bo itshwarelwe, jo bo umakilweng ke Obadia, ka nako ya fa Bababelona ba ne ba gapa Jerusalema. Tumelo ya rona mo nonofong ya ga Jehofa ya go bolela dipolelelopele e tla nonotshiwa ke fa re tlhatlhoba kafa masetlapelo a a neng a boleletswepele a neng a diragalela Edoma ka gone. Mme ebile, go tla dira gore re ikanye Jehofa jaaka Modimo yo ka metlha yotlhe a diragatsang dilo tsotlhe tse a di rulagantseng.—Isa. 46:9-11.
11, 12. (a) Go ne ga tla jang gore “ba ba neñ ba le kagishō” le Edoma ba tle go mo tlhasela? (b) Dilo di ne tsa tlhatlologana jang gore Edoma a ‘kgaolwe ka bosakhutleng’?
11 Obadia o ne a boleletsepele gore “banna botlhe ba kgōlaganō” le Edoma, botlhe “ba ba neñ ba le kagishō” le ene, ba ne ba tla mo fenya. (Obadia 7) Kagiso e Babelona a neng a e dira le Edoma e ne ya seka ya tsaya lobaka. Mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., masole a Babelona a a neng a eteletswepele ke Kgosi Nabonidase a ne a fenya Edoma.b Lefa go le jalo, lekgolo la dingwaga morago ga fa Nabonidase a sena go tlhasela lefatshe leo, Edoma yo o neng a ititeile sehuba o ne a santse a solofela gore o tla nonofa gape, mme Malaki 1:4 o bua jaana ka ene: “Ereka bo oo ra Edoma ba re, Re humanegisicwe, me re tla boea, re tla aga mahelō a a senyegileñ; Yehofa oa mashomōshomō o bua yana, a re, Ba tla aga, me nna ke tla rutla.” Lemororo Edoma a ne a leka go inonotsha gape, mo lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E. Ba-Nabatea ba ne ba tsere lefatshe leo gotlhelele. Ka ntlha ya go bo ba ne ba latlhetswe ka kwa ntle ga lefatshe la bone, Baedoma ba ne ba aga mo kgaolong e e mo borwa jwa Judea, eo e neng ya tloga ya bidiwa Idumea. Le ka motlha ba ne ba seka ba kgona go fenya lefatshe la Seira.
12 Go ya kafa Josephus a boletseng ka teng, mo lekgolong la dingwaga la bobedi B.C.E. Baedoma ba ba neng ba setse ba ne ba gapiwa ke kgosi ya Mojuda John Hyrcanus I, ba ne ba patelediwa go rupa, mme ka bonya ka bonya ba nna babusiwa ba puso ya Bajuda ya molaodi yono wa Mojuda. Morago ga fa Roma a sena go senya Jerusalema ka 70 C.E., ba ne ba seka ba tlhola ba utlwalelwa gope mo ditiragalong.c Go ne ga nna fela jaaka Obadia a ne a boleletsepele a re: “U tla kgaolwa ka bosakhutleñ. . . . Me ga go ketla go diha le opè eo o tla salèlañ ntlo ea ga Esawe.”—Obadia 10, 18.
13. Ke eng seo se neng sa diragalela Bajuda, mme seo se le phapaanong le se se neng sa diragalela Baedoma?
13 Phapaanong le tshwafatso eo e neng ya tlela Edoma, Bajuda ba ne ba busediwa nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E. ba eteletswepele ke Serubabele, mme ba fitlha ba aga tempele sesha mo Jerusalema mme ba nna ka boiketlo mo lefatsheng.
14. (a) Ke tlhagiso efe e re ka e bonang mo tiragalong e e maswe e e neng ya diragalela Edoma? (b) Ke eng seo batho botlhe ba tshwanetseng go se bua, fela jaaka Obadia, mme ka ntlhayang?
14 Abo go phepafetse jang ne gore boikgogomoso le boikgodiso di gogela kwa masetlapelong! Ekete botlhe ba ba itsholetsang ebile ka bopelompe ba ipelela mathata a a tlelang batlhanka ba Modimo ba ka ithuta sengwe mo tiragalong e e maswe e e neng ya tlhagela Edoma. A ba bue fela jaaka Obadia, gore “bogosi e tla nna yoa ga Yehofa.” Botlhe ba ba lwantshang Jehofa le batho ba gagwe ba tla tlosediwa ruriruri, mme Bogosi jo bo tlotlegang jwa ga Jehofa le puso ya bosaengkae di tla nnela ruri!—Tem. 21.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 679.
b Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 682.
c Jewish Antiquities, XIII, 257, 258 (ix, 1); XV, 253, 254 (vii, 9).