Kgaolo 4
Jesu Keresete—Selotlele Sa Kitso Ya Modimo
1, 2. Ditumelo tsa lefatshe di ile tsa senya selotlele sa kitso ya Modimo jang?
O EME fa mojako, o senka selotlele sa go bula. Go tsididi e bile go lefifi, mme o itlhaganeletse go tsena mo teng—mme selotlele ga se bule. E lebega e le sone, lefa go ntse jalo lloko ga e bulege. A bo seo se dira gore o tlalelwe jang ne! O leba dilotlele tsa gago gape. A o dirisa se se tshwanetseng? A go na le motho mongwe yo o robileng selotlele sa gago?
2 Seno ke setshwantsho se se tshwantshang sentle tlhakatlhakano e bodumedi jwa lefatshe bo e dirileng malebana le kitso ya Modimo. Totatota, batho ba le bantsi ba sentse selotlele se se e bulang gore re e tlhaloganye—Jesu Keresete. Ditumelo tse dingwe di tlositse selotlele seno, ka go itlhokomolosa Jesu gotlhelele. Tse dingwe di sokamisitse seabe sa ga Jesu, di mo obamela jaaka Modimo Mothatayotlhe. Lefa go ntse jalo, ga re kake ra itse Modimo sentle fa re sa tlhaloganye motho yo mogolo, Jesu Keresete.
3. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ka bidiwa selotlele sa kitso ya Modimo?
3 O ka nna wa bo o gakologelwa gore Jesu o ne a re: “Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Jesu o ne a sa ipelafatse fa a ne a bolela jalo. Dikwalo di gatelela gore re tlhoka go itse Keresete ka tlhomamo. (Baefeso 4:13; Bakolosa 2:2; 2 Petere 1:8; 2:20) Moaposetoloi Petere o ne a akgela jaana: “[Jesu Keresete] ke ene yo baperofeti botlhe ba supang ka ga gagwe.” (Ditiro 10:43) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a kwala jaana: ‘Lohumo lotlhe lwa botlhale le lwa kitso lo fitlhilwe mo go [Jesu].’ (Bakolosa 2:3) Paulo o ne a bolela gape gore ditsholofetso tsotlhe tsa ga Jehofa di tla diragala ka ntlha ya ga Jesu. (2 Bakorinthe 1:20) Ka jalo Jesu Keresete ke selotlele sa go itse Modimo. Re tshwanetse go itse kafa Jesu a ntseng ka teng le seabe sa gagwe mo thulaganyong ya Modimo ka tsela e e tlhamaletseng. Mme lefa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa balatedi ba ga Jesu ba mo leba a le botlhokwa thata fa go tla mo boikaelelong jwa Modimo?
MESIA YO O SOLOFEDITSWENG
4, 5. Ke eng se se neng se solofetswe ka Mesia, mme barutwa ba ga Jesu ba ne ba mo leba jang?
4 Go tloga fela mo metlheng ya monna yo o ikanyegang Abele, batlhanka ba Modimo ba ne ba sa bolo go letela Losika lo Jehofa Modimo a neng a le solofeditse ka boene. (Genesise 3:15; 4:1-8; Bahebere 11:4) Go ne go setse go senotswe gore Losika lo ne lo tla dira boikaelelo jwa Modimo ka go nna Mesia, seo se kayang “Motlodiwa.” O ne a tla “khutlisa maleo,” e bile kgalalelo ya Bogosi jwa gagwe e ne ya bolelelwa pele mo dipesalemeng. (Daniele 9:24-26; Pesalema 72:1-20) Ke mang yo a neng a tla itshupa e le Mesia?
5 Akanya fela kafa Mojuta mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Anterea a neng a kgatlhega ka teng fa a ne a reeditse Jesu wa Nasaretha. Anterea o ne a sianela kwa go morwarraagwe Simone Petere a bo a mo raya a re: “Re bonye Mesia.” (Johane 1:41) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlhatswegile pelo gore e ne e le Mesia yo o solofeditsweng. (Mathaio 16:16) E bile Bakeresete ba boammaaruri ga ba bolo go nna ba iketleeditse go swela selo se ba se dumelang sa gore eleruri Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng, kana Keresete. Ba ne ba na le bosupi bofe? A re sekasekeng ditsela tse tharo tse di supang seno.
BOSUPI JWA GORE JESU E NE E LE MESIA
6. (a) Losika lo lo Solofeditsweng lo ne lo tla tsalwa mo lotsong lofe, mme re itse jang gore Jesu o ne a tsalwa mo lotsong loo? (b) Ke ka ntlha yang fa go ne go tla nna bokete gore ope fela yo o tshedileng morago ga 70 C.E. a tlhomamisetse batho gore ke Mesia?
6 Losika lo Jesu a tsetsweng mo go lone ke motheo wa go bona gore ke Mesia yo o Solofeditsweng. Jehofa o ne a reile motlhanka wa Gagwe Aberahame a re Losika lo lo Solofeditsweng lo ne lo tla tsalwa mo losikeng lwa gagwe. Isake, morwa Aberahame, Jakobe, morwa Isake, Juta morwa Jakobe, ba ne ba solofediwa ka tsela e e tshwanang. (Genesise 22:18; 26:2-5; 28:12-15; 49:10) Losika lo Mesia a neng a tswa mo go lone lo ne lwa supiwa ka tlhamalalo dingwaga tse di makgolokgolo moragonyana fa Kgosi Dafite a ne a bolelelwa gore Yono o ne a tla tsalwa mo losikeng lwa gagwe. (Pesalema 132:11; Isaia 11:1, 10) Dipego tsa Diefangele tsa ga Mathaio le Luke di tlhomamisa gore Jesu o ne a tsalwa mo losikeng loo. (Mathaio 1:1-16; Luke 3:23-38) Le mororo Jesu a ne a na le baba ba le bantsi ba ba bogale, ga go ope wa bone yo a neng a ganetsa gore o ne a tsholetswe mo losikeng loo lo lo neng lo itsiwe sentle. (Mathaio 21:9, 15) Go phepafetse he gore, ga go kake ga ganelwa gore o tswa mo losikeng loo. Lefa go ntse jalo, direkoto tsa masika a Bajuta di ne tsa senngwa fa Baroma ba ne ba gapa Jerusalema ka 70 C.E. Mo metlheng ya morago, ga go ope yo a neng a ipolela gore ke Mesia yo o solofeditsweng yo a neng a kgona go ntsha bosupi.
7. (a) Tsela ya bobedi e e supang gore Jesu e ne e le Mesia ke efe? (b) Mika 5:2 e ne ya diragadiwa jang mo go Jesu?
7 Boperofeti jo bo diragetseng ke tsela ya bobedi e e supang seno. Boperofeti jo bontsi jwa Dikwalo tsa Sehebera bo tlhalosa dikarolo tse di farologaneng tsa botshelo jwa ga Mesia. Mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., moperofeti Mika o ne a bolelela pele gore mmusi yo mogolo yono o ne a tla tsalelwa kwa motsaneng o monnye wa Bethelehema. Go na le metsana e le mebedi kwa Iseraele e e neng e bidiwa Bethelehema, mme boperofeti jono bo ne jwa supa gore ke ofe mo go yone fa bo re: Bethelehema Eferatha, koo Kgosi Dafite a neng a tsaletswe teng. (Mika 5:2) Batsadi ba ga Jesu, Josefe le Maria, ba ne ba nna kwa Nasaretha, mo e ka nnang dikilometara di le 150 kwa bokone jwa Bethelehema. Lefa go ntse jalo, e ne ya re fa Maria a santse a le moimana, mmusi wa Roma Kaesare Aguseto a laela gore batho botlhe ba ye go ikwadisa kwa metseng e ba neng ba tsaletswe kwa go yone.a Ka jalo Josefe o ne a tshwanela go tsamaya le mosadi wa gagwe yo o moimana kwa Bethelehema koo Jesu a neng a tsalelwa teng.—Luke 2:1-7.
8. (a) “Dibeke” tse 69 di ne tsa simologa leng le ka tiragalo efe? (b) “Dibeke” tse 69 di ne di le boleele jo bo kana kang, mme go ne ga diragala eng fa di ne di khutla?
8 Mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., moperofeti Daniele o ne a bolelela pele gore “yo o tloditsweng e bong kgosana” o ne a tla tla “dibeke” di le 69 fa go sena go tswa taolo ya go tsosolosa Jerusalema le go e aga sesha. (Daniele 9:24, 25) Nngwe le nngwe ya “dibeke” tseno e ne e le boleele jwa dingwaga di le supa.b Go ya ka Baebele le hisitori ya lefatshe, taolo ya go aga Jerusalema sesha e ne ya ntshiwa ka 455 B.C.E. (Nehemia 2:1-8) Ka jalo Mesia o ne a tlile go tla dingwaga di le 483 (69 ga 7) morago ga 455 B.C.E. Seno se re fitlhisa mo go 29 C.E., one ngwaga o Jehofa a neng a tlotsa Jesu ka moya o o boitshepo ka one. Jalo he, Jesu o ne a nna “Keresete” (se se kayang “Motlodiwa”), kana Mesia.—Luke 3:15, 16, 21, 22.
9. (a) Pesalema 2:2 e ne ya diragadiwa jang? (b) Boperofeti jo bongwe jo bo neng jwa diragadiwa ke Jesu e ne e le bofe? (Bona tšhate.)
9 Gone mme Jesu o ne a sa tsewe ke mongwe le mongwe jaaka Mesia yo o solofeditsweng, e bile le Dikwalo di ne di boleletse seno pele. Jaaka go kwadilwe mo go Pesalema 2:2, Kgosi Dafite o ne a tlhotlheleditswe ke Modimo go bolelela pele jaana: “Dikgosi tsa lefatshe di a ikemisa, le balaodi ba logisanya maano, ka ga Jehofa, le ka Motlodiwa wa gagwe.” Boperofeti jono bo ne bo kaya gore baeteledipele ba ba tswang mo dinageng tse dintsi ba ne ba tla kopana go tla go lwa le Motlodiwa wa ga Jehofa, kana Mesia. Mme go ne ga nna fela jalo. Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuta, Kgosi Herote, le mmusi wa Moroma Ponto Pilato botlhe ba ne ba nna le seabe mo go bolayeng Jesu. Ba e neng e kile ya bo e le baba pele, Herote le Pilato, ba ne ba nna ditsala tota go tloga ka nako eo. (Mathaio 27:1, 2; Luke 23:10-12; Ditiro 4:25-28) Go bona bosupi jo bo oketsegileng jwa gore Jesu e ne e le Mesia, tsweetswee bona tšhate e e tsamayang le seno ya setlhogo se se reng “Bongwe Jwa Boperofeti jo bo Tlhomologileng Kaga Mesia.”
10. Jehofa o ne a supa ka ditsela dife gore Jesu e ne e le Motlodiwa yo a mo solofeditseng?
10 Bosupi jwa ga Jehofa Modimo ke jwa boraro jo bo supang gore Jesu ke Mesia. Jehofa o ne a romela baengele gore ba itsise batho gore Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng. (Luke 2:10-14) Tota e bile, fa Jesu a ne a santse a tshela mo lefatsheng, Jehofa o ne a bolela ka boene go tswa kwa legodimong, gore o itumelela Jesu. (Mathaio 3:16, 17; 17:1-5) Jehofa Modimo o ne a naya Jesu nonofo ya go dira dikgakgamatso. Nngwe le nngwe ya tsone e ne e le bosupi jo bongwe jwa gore Jesu e ne e le Mesia, ka go bo Modimo o ne o ka se ka wa naya motsietsi nonofo ya go dira dikgakgamatso. Gape Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go tlhotlheletsa dipego tsa Efangele, mo go neng ga dira gore bosupi jwa gore Jesu ke Mesia e nne karolo ya Baebele, buka e e ranotsweng thata le e e anamisitsweng thata mo hisitoring.—Johane 4:25, 26.
11. Go na le bosupi jo bo kana kang jwa gore Jesu e ne e le Mesia?
11 Dikarolo tseno tsotlhe tsa bosupi di akaretsa makgolokgolo a dintlha a a supang gore Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng. Go phepafetse he gore, Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba mo leba sentle jaaka yo “baperofeti botlhe ba supang ka ga gagwe” le yoo a tshotseng selotlele sa go itse Modimo. (Ditiro 10:43) Mme lefa go ntse jalo, go na le go le gontsi go go ka ithutiwang ka Jesu Keresete go na le ntlha fela ya gore e ne e le Mesia. O ne a tswa kae? O ne a ntse jang?
BOTSHELO JWA GA JESU PELE A NNA MOTHO
12, 13. (a) Re itse jang gore Jesu o ne a kile a tshela kwa legodimong pele a tla mo lefatsheng? (b) “Lefoko” ke mang, mme o ne a dira eng pele a nna motho?
12 Botshelo jwa ga Jesu bo ka kgaoganngwa ka dikgato di le tharo. Ya ntlha e ne ya simolola bogologolo pele a tsalwa le go swa. Mika 5:2 e ne ya bolela gore Mesia o sale a nna teng “bogologolo, e bong ka go se nang tshimologo.” Jesu le ene o ne a bolela ka phepafalo fela gore o ne a tswa “kwa godimo,” ke gore kwa legodimong. (Johane 8:23; 16:28) O tshedile lobaka lo lo kana kang kwa legodimong pele a tla mo lefatsheng?
13 Jesu o ne a bidiwa ‘Morwa yo o tsetsweng a le esi’ wa Modimo gonne Jehofa o ne a mmopa ka boene ka tlhamalalo. (Johane 3:16) Jaaka “motsalwapele mo lobopong lotlhe,” morago ga foo Modimo o ne wa dirisa Jesu go bopa dilo tsotlhe tse dingwe. (Bakolosa 1:15; Tshenolo 3:14) Johane 1:1 e bolela gore “Lefoko” (Jesu pele a nna motho) o ne a na le Modimo “mo tshimologong.” Ka jalo, Lefoko o ne a na le Jehofa fa go ne go tlholwa “legodimo le lefatshe.” Modimo o ne o bua le Lefoko fa O ne o re: “A re direng motho mo setshwanong sa rona.” (Genesise 1:1, 26) Ka tsela e e tshwanang, Lefoko e tshwanetse ya bo e ne e le “tlhogo ya tiro,” e Modimo o e ratang e e tlhalosiwang mo go Diane 8:22-31 jaaka botlhale, a na le Jehofa fa a ne a dira dilo tsotlhe. Fa Jehofa a sena go mo tlhola, Lefoko o ne a nna metlha e mentsi le Modimo kwa legodimong pele a tla go tshela jaaka motho mo lefatsheng.
14. Ke eng fa Jesu a bidiwa “setshwano sa Modimo o o sa bonweng”?
14 Ga go gakgamatse go bo Bakolosa 1:15 e bitsa Jesu “setshwano sa Modimo o o sa bonweng”! Morwa yo o boikobo yono o ne a tshwana sentle le Rraagwe, Jehofa, ka go bo a ne a atamalane le ene ka dingwaga tse di ka se kang tsa balwa. Leno ke lebaka le lengwe la go bo Jesu e le selotlele sa kitso ya Modimo e e nayang botshelo. Sengwe le sengwe se Jesu a neng a se dira fa a le mo lefatsheng ke sone se Jehofa a ka bong a se dirile. Ka gone, go itse Jesu gape go oketsa se re se itseng ka Jehofa. (Johane 8:28; 14:8-10) Go phepafetse he, gore go botlhokwa thata go ithuta go le gontsi kaga Jesu Keresete.
BOTSHELO JWA GA JESU MO LEFATSHENG
15. Go ne ga diragala jang gore Jesu a bo a tle a tsalwe e le lesea le le itekanetseng?
15 Karolo ya bobedi ya botshelo jwa ga Jesu ke fa a ne a le mo lefatsheng. O ne a ineela fela fa Modimo o ne o tlosa botshelo jwa gagwe kwa legodimong o bo tsenya mo popelong ya lekgarejwane le le ikanyegang la Mojuta Maria. Moya o o boitshepo o o nonofileng wa ga Jehofa, kana maatla a gagwe a a dirang, o ne wa “tshutifalela” Maria, o mo dira gore a ithwale mme e re morago a tsale lesea le le itekanetseng. (Luke 1:34, 35) Jesu ga a ka a rua bosaitekanelang gonne botshelo jwa gagwe bo ne bo tswa mo Motsweding o o itekanetseng. O ne a golela mo ntlong e e seng maphatsiphatsi jaaka morwa Josefe wa mmetli, mme e ne e le wa ntlha mo baneng ba le mmalwa ba lelapa la gagwe.—Isaia 7:14; Mathaio 1:22, 23; Mareko 6:3.
16, 17. (a) Jesu o ne a bona kae maatla a go dira dikgakgamatso, mme dingwe tsa tsone e ne e le dife? (b) Dingwe tsa dinonofo tse Jesu a neng a di supa ke dife?
16 Go ne go setse go bonala gore Jesu o ne a ineetse tota mo go Jehofa Modimo fa a na le dingwaga di le 12. (Luke 2:41-49) Fa a sena go gola le go simolola bodiredi fa a na le dingwaga di le 30, Jesu o ne a supa gape gore o rata batho ba bangwe fela thata. Fa moya o o boitshepo wa Modimo o sena go mo nonotsha gore a dire dikgakgamatso, o ne a supa kutlwelobotlhoko ka go fodisa balwetsi, ba ba tlhotsang, digole, difofu, bosusu, balepero. (Mathaio 8:2-4; 15:30) Jesu o ne a naya diketekete tsa batho ba ba bolailweng ke tlala dijo. (Mathaio 15:35-38) O ne a didimatsa setsuatsue se se neng se ka tlhagisetsa ditsala tsa gagwe kotsi. (Mareko 4:37-39) Tota e bile, o ne a tsosa le baswi. (Johane 11:43, 44) Dikgakgamatso tseno di a itsege mo hisitoring. Le bone baba ba ga Jesu ba ne ba dumela gore o ne a “dira ditshupo di le dintsi.”—Johane 11:47, 48.
17 Jesu o ne a tsamaya go ralala naga ya gaabo a ruta batho ka Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 4:17) Gape o ne a tlhoma sekao se segolo thata sa bopelotelele le tekatekano. Le ka nako ya fa barutwa ba gagwe ba ne ba mo swabisa, o ne a akgela jaana a ba utlwela botlhoko: “Mowa one o tlhaga, mme nama e bokoa.” (Mareko 14:37, 38) Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a le pelokgale e bile a bua fela a tlhamaletse le ba ba neng ba sa rate boammaaruri e bile ba gatelela batho ba ba neng ba sa kgone go iphemela mo go bone. (Mathaio 23:27-33) Mo godimo ga moo, o ne a etsa sekao sa ga Rraagwe sa lorato ka botlalo. Gape Jesu o ne a iketleeditse go swa gore batho ba ba sa itekanelang ba nne le tsholofelo ka isagwe. Ga go gakgamatse he go bo re ka bitsa Jesu selotlele sa kitso ya Modimo! Ee, ke selotlele se se tshelang! Mme ke ka ntlha yang fa re re ke selotlele se se tshelang? Seno se re fitlhisa mo karolong ya boraro ya botshelo jwa gagwe.
JESU GOMPIENO
18. Re tshwanetse go akanya Jesu Keresete jaaka eng gompieno?
18 Le mororo Baebele e bolela gore Jesu o ne a swa, gompieno o a tshela! E bile tota, makgolokgolo a batho ba ba neng ba tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. ba ne ba iponela ka matlho gore o ne a tsosiwa mo baswing. (1 Bakorinthe 15:3-8) Fela jaaka go ne go perofesitswe, morago ga foo o ne a ya go nna kafa letsogong le legolo la ga Rraagwe mme a emela go newa maatla a go nna kgosi kwa legodimong. (Pesalema 110:1; Bahebere 10:12, 13) Ka jalo re tshwanetse go akanya Jesu jaaka eng gompieno? A re tshwanetse go akanya gore ke lesea le le ka se kang la dira sepe le le mo bojelong? Kana jaaka monna yo o bogang fa a ntse a bolawa? Nnyaa. Ke Kgosi e e maatla, e e busang! Mme e tla re go ise go e kae, o tla supa gore o busa lefatshe leno la rona le le tletseng mathata.
19. Jesu o tlile go dira eng mo isagweng e e fa gaufi?
19 Mo go Tshenolo 19:11-15, Kgosi Jesu Keresete o tlhalosiwa ka phepafalo jaaka yo o tlang a na le maatla a magolo a tla go senya baikepi. A bo Mmusi yo o lorato yono wa selegodimo a tlhoafaletse jang ne go khutlisa pogo yotlhe e e tlhasetseng dimilione gompieno! E bile o tlhaga gape fela jalo go thusa ba ba lekang go etsa sekao se se itekanetseng se a se tlhomileng fa a santse a le mo lefatsheng. (1 Petere 2:21) O batla go ba boloka mo “ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo, Mothatayotlhe” e e ntseng e atamela ka bonako, e gantsi e bidiwang Haramagetone, gore ba kgone go tshelela ruri jaaka babusiwa ba selefatshe ba Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo.—Tshenolo 7:9, 14; 16:14, 16.
20. Jesu o tlile go direla batho eng mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga Tse di Sekete?
20 Mo Pusong ya Dingwaga Tse di Sekete ya kagiso e e boleletsweng pele ya ga Jesu, o tla direla batho botlhe dikgakgamatso. (Isaia 9:6, 7; 11:1-10; Tshenolo 20:6) Jesu o tla alafa malwetse otlhe mme o tla khutlisa loso. O tla tsosa batho ba le dimilione di le diketekete gore ba tle ba kgone go tshelela ruri mo lefatsheng. (Johane 5:28, 29) O tla kgatlhiwa thata ke go ithuta go le gontsi ka Bogosi jwa ga Mesia mo kgaolong e nngwe gape moragonyana. Tlhomamisa seno: Tota ga re kgone go akanya kafa re tlileng go tshela monate thata ka teng mo pusong ya Bogosi. A bo go le botlhokwa jang ne gore re itse Jesu Keresete botoka! Ee, go botlhokwa thata gore re se ka ra lebala Jesu, selotlele se se tshelang sa kitso ya Modimo e e isang botshelong jo bo sa khutleng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ikwadiso eno e ne e thusa Mmusomogolo wa Roma mo go duediseng makgetho. Ka gone, Aguseto, a sa itse, o ne a thusa gore boperofeti jo bo buang ka mmusi yoo a neng a tla dira gore “mokgethisi a ralale kgalalelo ya bogosi” bo diragale. Jone boperofeti joo bo ne jwa bolelela pele gore “kgosana ya kgolagano,” kana Mesia, e ne e tla “thujwa” mo metlheng ya mmusi yo a neng a tla tla morago ga yono. Jesu o ne a bolawa mo metlheng ya yo a neng a latela Aguseto e bong Tiberio.—Daniele 11:20-22.
b Bajuta ba bogologolo gantsi ba ne ba akanya ka dibeke tsa dingwaga. Ka sekai, fela jaaka letsatsi lengwe le lengwe la bosupa e ne e le letsatsi la Sabata, ngwaga e nngwe le e nngwe ya bosupa e ne e le ya Sabata.—Ekesodo 20:8-11; 23:10, 11.
TLHATLHOBA KITSO YA GAGO
Losika lo Jesu a tsetsweng mo go lone lo ne lo tlhomamisa jang gore ke Mesia?
Ke boperofeti bofe kaga Mesia jo bo diragaditsweng mo go Jesu?
Modimo o ile wa bontsha ka tlhamalalo jang gore Jesu e ne e le Motlodiwa wa gagwe?
Ke ka ntlha yang fa Jesu e le selotlele se se tshelang sa kitso ya Modimo?
[Tšhate mo go tsebe 37]
BONGWE JWA BOPEROFETI JO BO TLHOMOLOGILENG KAGA MESIA
BOPEROFETI TIRAGALO TIRAGATSO
FA A SANTSE A LE NGWANA
Isaia 7:14 Go tsalwa ke lekgarebane Mathaio 1:18-23
Jeremia 31:15 Go bolawa ga masea fa Mathaio 2:16-18
a sena go tsalwa
BODIREDI JWA GAGWE
Isaia 61:1, 2 O ne a romilwe ke Modimo Luke 4:18-21
Isaia 9:1, 2 Bodiredi jwa gagwe bo ne Mathaio 4:13-16
jwa sedifaletsa batho
Pesalema 69:9 Go tlhagafalela Johane 2:13-17
ntlo ya ga Jehofa
Isaia 53:1 Ga ba a ka ba dumela Johane 12:37, 38
mo go ene
Sekaria 9:9; Go tsena mo Jerusalema Mathaio 21:1-9
Pesalema 118:26 a pagame eselana ngwana
wa esela; a galalediwa
jaaka kgosi e e tlang
mo leineng la ga Jehofa
GO OKIWA LE LOSO LWA GAGWE
Pesalema 41:9; Go sa ikanyege ga Ditiro 1:15-20
109:8 moaposetoloia le mongwe;
o oka Jesu mme go tlhophiwa
yo mongwe
Sekaria 11:12 Go okiwa ka dipapetlana di Mathaio 26:14, 15
le 30 tsa selefera
Pesalema 27:12 Go dirisiwa ga basupi ba maaka Mathaio 26:59-61
kgatlhanong le ene
Pesalema 22:18 Diaparo tsa gagwe di Johane 19:23, 24
tshelelwa bola
Isaia 53:12 Go balelwa le baleofi Mathaio 27:38
Pesalema 22:7, 8 Go tlhapadiwa fa a Mareko 15:29-32
ntse a swa
Pesalema 69:21 Go newa mofine Mareko 15:23, 36
o tlhakantswe le mura
Isaia 53:5; Go tlhabiwa Johane 19:34, 37
Isaia 53:9 Go fitlhwa le bahumi Mathaio 27:57-60
Pesalema 16:8-11, mokwalo o o kwa tlase go NW Ditiro 2:25-32;
Go tsosiwa pele ga mmele 13:34-37
wa gagwe o senyega
[Setshwantsho mo go tsebe 35]
Modimo o ne wa naya Jesu nonofo ya go fodisa balwetse