Phenyo ya Bofelo ya ga Mikaele, Kgosana E Kgolo
“E tla re mo motlheñ ouō go tla èma Mikaele, kgōsana e kgolo e e èmèlañ bana ba batho ba ga eno.”—DANIELE 12:1.
1. Babusi ba bantsi ba lefatshe ba ile ba ikutlwa jang kaga bolaodi jwa ga Jehofa, mme kgosi ya botsheka e ile ya tshwana fela le bone jang?
“YEHOFA e be e le mañ, ha ke ka reetsa lencwe ya gagwè ka lesa Baiseraela ba tsamaea?” (Ekesodo 5:2) Ano ke mafoko a Faro a neng a sotla ka one fa a ne a bua le Moshe. Faro o ne a gana go dumela gore Jehofa ke ene Modimo o o kwa godimodimo, mme a ititaya sehuba gore ga a ketla a golola Baiseraele mo bokgobeng. Babusi ba bangwe le bone ba ile ba nyatsa Jehofa fela jalo, mme dikgosi tsa boperofeti jwa ga Daniele le tsone di tshwana fela le tsone. (Isaia 36:13-20) Eleruri, kgosi ya botsheka e dirile se se fetang seo. Moengele a re: “E tla icholetsa, e itiha mogolo bogolo go medimo eotlhe, e tla bua dilō tse di gakgamatsañ kaga Modimo oa medimo: . . . Le gōna ga e ketla e tlhōkōmèla medimo ea borra eōna, leha e le keleco ea basadi, leha e le go tlhōkōmèla modimo opè: gonne e tla ikgodisa godimo ga botlhe.”—Daniele 11:36, 37.
2, 3. Kgosi ya botsheka e ile ya gana “medimo ea borra eōna” mme ya itlhophela go obamela “modimo” o mongwe ka tsela efe?
2 Kgosi ya botsheka e ne ya diragatsa mafoko ano a boperofeti, ya gana “medimo ea borra eōna” (kana, “medimo ya bagologolwane ba yone,” The New English Bible), e ka tswa e le medimo ya boheitane ya kwa Roma kana modimo wa Tharonngwe wa Labokeresete. Hitler o ne a dirisa Labokeresete go fitlhelela se a se batlang mme go bonala sentle gore o ne a ikaeletse go mo emisetsa ka kereke e ntšha, ya Bojeremane. Motlhatlhami wa gagwe o ne a tlhotlheletsa bolatolamodimo ka tlhamalalo. Ka jalo kgosi ya botsheka e ne e itirile modimo ka boyone, ‘e ikgodisitse godimo ga batho botlhe.’
3 Boperofeti joo bo tswelela pele jaana: “Me kwa ga eōna, e tla tlotla modimo oa dikagō tsa tlhabanèlō: me modimo moñwe o borra eōna ba ne ba sa o itse e tla o tlotla ka gouda le ka selefera, le ka mayana a a tlhokègañ le ka dilō tse di èlètsègañ.” (Daniele 11:38) E bile tota, kgosi ya botsheka e ne ya ikanya bosole jwa segompieno jwa tsa saense, “modimo oa dikagō tsa tlhabanèlō.” Mo nakong yotlhe ya bokhutlo, o ntse a batla poloko ka “modimo” ono, a o isetsa ditlhabelo ka khumo e kgolo mo sebesong sa one.
4. Kgosi ya botsheka e ile ya atlega jang?
4 “E tla dihèla [ka tsela e e mosola thata, NW] dikagō tsa tlhabanèlō tse di thata bogolo ka thushō ea modimo moñwe oa seeñ; leha e le mañ eo o ipolèlañ eōna, e tla mo godisa ka kgalalèlō: me e tla ba laodisa batho ba le bantsi, me e tla aba lehatshe ka tuèlō.” (Daniele 11:39) E ikantse “modimo moñwe oa seeñ” wa sesole, kgosi ya botsheka e ile ya dira ka “tsela e e mosola” tota, ya itshupa e le puso e e boifisang ya sesole mo “metlheñ ea bohèlō.” (2 Timotheo 3:1) Ba ba neng ba tshegetsa mogopolo wa gagwe ba ne ba atswiwa ka go tshegediwa mo go tsa polotiki, tsa madi, mme ka dinako tse dingwe le mo go tsa sesole.
“Mo Motlheñ oa Bokhutlō”
5, 6. Kgosi ya borwa e ile ya “ganèla” jang, mme kgosi ya botsheka e ile ya itshwara jang?
5 Daniele 11:40a e balega jaana: “E tla re mo motlheñ oa bokhutlō kgosi ea borwa e tla ganèla naeō.” Temana eno le e e e latelang di ntse di lejwa e le tse di tla diragadiwang mo isagweng ya rona. Lefa go ntse jalo, fa e le gore mafoko ‘motlha wa bokhutlo’ fano a kaya se se tshwanang le se se a kayang mo go Daniele 12:4, 9, re tshwanetse ra solofela gore mafoko ano a ka diragadiwa go ralala metlha ya bofelo. A kgosi ya borwa e ile ya “ganèla” le kgosi ya botsheka mo nakong eno? Ee, ruri. Morago ga ntwa ya ntlha ya lefatshe, tumelano e e neng e otlhaya ya kagiso ruri e ne e le go “ganèla,” go rumola. Fa kgosi ya borwa e sena go fenya ntwa ya bobedi ya lefatshe, e ne ya lebisa dibetsa tse di boifisang tsa nuklea kwa mmabeng wa yone ya ba ya bopa kgolagano e e nonofileng ya sesole kgatlhanong le ene, e e neng e bidiwa NATO. Fa dingwaga di ntse di feta, go “ganèla” ga gagwe go ne ga akaretsa go romela ditlhodi go dirisiwa maranyane a a raraaneng tota mmogo le go rumola ka ditherisano le ka sesole.
6 Kgosi ya botsheka e ne ya itshwara jang? “Kgosi ea botsheka e tla tla go tlhabana le eōna yaka secuacue, ka dikara, le ka bapalami ba dipitse; le ka dishepa di le dintsi; me e tla tsèna mo mahatshiñ, e tla harahara e ralala.” (Daniele 11:40b) Hisitori ya metlha ya bofelo e ile ya tlhomologa ka go anama ga taolo ya puso ya kgosi ya botsheka. Ka ntwa ya bobedi ya lefatshe, puso ya “kgosi” ya Bonasi e ne ya anama go tshela melelwane ya yone ya tsena le mo dinageng tse di e dikologileng. Morago ga ntwa eo, “kgosi” e e neng e e tlhatlhama e ne ya aga mmusomogolo wa yone kwa ntle ga melelwane ya yone. Ka nako ya fa Ntwa ya Molomo e ntse e tsweletse, kgosi ya botsheka e ne ya lwa le mmaba wa yone ka go tshegetsa letlhakore le lengwe mo dintweng le mo botsuoloding jwa dinaga tsa kwa Afrika, Asia, le Latin America. E ne ya bogisa Bakeresete ba boammaaruri, ya fokotsa tiro ya bone (mme gone ya se ka ya e emisa). Mme ditlhaselo tsa gagwe tsa bosole le ditlhotlheletso tsa bopolotiki di ne tsa dira gore a simolole go laola dinaga di le mmalwa. Seno se ntse fela jaaka moengele a ne a perofeta: “E bile e tla tsèna le mo lehatshiñ ye le galalèlañ [puso ya semoya ya batho ba Modimo], me mahatshe a le mantsi a tla ribegediwa.”—Daniele 11:41a.
7. Taolo ya kgosi ya botsheka e ne e se kitla e anamela kwa kae?
7 Lefa go ntse jalo, le mororo—go ya kafa mmaba wa gagwe a bonang ka teng—kgosi ya bokone e ntse e okame ka go boifisa ga yone, ga e ise e kgone go gapa lefatshe lotlhe. “Mahatshe a, a tla gololwa mo seatleñ sa eōna, eboñ Edoma, le Moaba, le ditlhōgō tsa bana ba Amona.” (Daniele 11:41b) Mo metlheng ya bogologolo, Edoma, Moaba, le Amona di ne di le felo gongwe fa gare ga Egepeto le Siria. Go ka tsewa gore di emela merafe le makgotla a gompieno kgosi ya botsheka e neng e ikaeletse go a gapa mme e sa kgona go a laola.
‘Egepeto Ga A Ketla A Falola’
8, 9. Tlhotlheletso ya kgosi ya botsheka e ile ya ama le kwa kae, gape e ne ya ama mmaba wa yone o mogolo jang?
8 Moengele o tswelela pele a re: “E tla ōtlōlōlèla mahatshe lecōgō ya eōna: le lehatshe ya Egepeto ga le ketla le halola. Me e tla nna le taolō mo dikhumoñ tsa gouda le selefera, le mo diloñ cotlhe tse di tlhokègañ tsa Egepeto: le Balebia le Baethiopia ba tla nna ha dikgatoñ tsa eōna.” (Daniele 11:42, 43) Le yone kgosi ya borwa tota, “Egepeto,” ga e a ka ya falola go angwa ke go anama ga puso ya kgosi ya botsheka. Ka sekai, e ne ya fenngwa tota kwa Vietnam. Mme re ka reng ka “Balebia le Baethiopia”? Baagelani bano ba Egepeto ba ka nna ba bo ba ne ba tshwantshetsa merafe e e agisaneng le “Egepeto” wa segompieno, fa re lebile mafelo ao a leng gone mo lefatsheng, e bile e le e e neng e a tle e latele kgosi ya botsheka, ‘e le mo dikgatong tsa yone.’
9 A kgosi ya botsheka e ile ya laola ‘dikhumo tsa Egepeto’? Gone, kwantle ga pelaelo ga e ise e fenye kgosi ya borwa, mme go tla go fitlha ka 1993 seemo sa lefatshe se ne se dira gore go lebege e kete ga e kitla e e fenya. Mme lefa go ntse jalo e ile ya tlhotlheletsa tsela e kgosi ya borwa e dirisang madi a yone ka yone. Ka ntlha ya go tshaba mmaba wa yone, kgosi ya borwa e ile ya dirisa madi a mantsi ngwaga le ngwaga gore e nne e na le sesole se se boifisang, masole, dikepe tsa ntwa, le difofane tsa ntwa. Ka jalo go ne go ka bolelwa gore kgosi ya botsheka e ile ya ‘nna le taolo,’ ya busa, tsela e kgosi ya borwa e dirisang khumo ya yone ka gone.
Letsholo la Bofelo la Kgosi ya Botsheka
10. Moengele o tlhalosa jang bokhutlo jwa kgotlhang fa gare ga dikgosi tseno tse pedi?
10 A kgotlhang e e fa gare ga dikgosi tseno tse pedi e tswelela fela ka bosakhutleng? Nnyaa. Moengele o ne a bolelela Daniele jaana: “Ditumedi tse di cwañ ntlheñ ea botlhabatsatsi le ntlheñ ea botsheka di tla e hudua [kgosi ya botsheka]: me e tla bolola ka cararègō e kgolo, e ea go senya le go tlosetsa rure batho ba le bantsi. Me e tla tlhōma megope ea ntlo ea eōna ea bogosi ha gare ga lewatlè le thaba e e boitshèpō e e galalèlañ; leha go nntse yalo e tla hitlha mo bokhutloñ yoa eōna, me go se opè eo o tla e thusañ.”—Daniele 11:44, 45.
11, 12. Ke ditiragalo dife tsa bosheng tsa bopolotiki tse di amang kgotlhang e e fa gare ga kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa, mme ke eng se re santseng re tla se tlhaloganya?
11 Ditiragalo tseno di santse di tla diragala mo isagweng, ka jalo re ka se ka ra bolela ka botlalo gore boperofeti jono bo tla diragadiwa jang. Bosheng jaana, maemo a bopolotiki a dikgosi tseno tse pedi a ile a fetoga. Go itaana ka noga e utlwa ga United States le dinaga tsa Yuropa Botlhaba go kokobetse. Mo godimo ga moo, Soviet Union e ne ya tlhatlhamololwa ka 1991 mme ga e tlhole e le gone.—Bona tokololo ya March 1, 1992, ya Tora ya Tebelo, ditsebe 4, 5.
12 Jaanong kgosi ya botsheka ke mang? A ke nngwe ya dinaga tse pele di neng di le karolo ya Soviet Union? A kana jaanong o fetoga go nna mongwe o sele fela, jaaka a kile a fetoga gantsinyana mo nakong e e fetileng? Ga re itse. Ke mang yo e tla bong e le kgosi ya botsheka fa Daniele 11:44, 45 e diragadiwa? A kgotlhang fa gare ga dikgosi tseno tse pedi e tla runya gape? Mme re ka reng ka mekoakoa ya nuklea e e santseng e le teng mo dinageng di le mmalwa? Dikarabo tsa dipotso tseno di tla bonala fela fa nako e ntse e tsamaya.
13, 14. Re itse eng kaga isagwe ya dikgosi tse pedi tseo?
13 Selo se le sengwe sone re a se itse. Mo bogautshwaneng, kgosi ya botsheka e tla tswa letsholo la go rumola le le tla bakwang ke gonne “ditumedi tse di cwañ ntlheñ ea botlhabatsatsi le ntlheñ ea botsheka di tla e hudua.” E tla re morago fela ga letsholo leno go tsene ‘bokhutlo’ jwa yone. Re ka ithuta mo go oketsegileng ka “ditumedi” tseno fa re tlhatlhoba boperofeti jo bongwe jwa Bibela.
14 Lefa go ntse jalo, selo sa ntlha, ela tlhoko gore ditiro tseno tse di dirwang ke kgosi ya botsheka ga go twe e di dira kgatlhanong le kgosi ya borwa. Mmaba wa yone o mogolo ga se ene a e tlisang bokhutlong jwa yone. Ka tsela e e tshwanang, kgosi ya borwa ga e senngwe ke kgosi ya botsheka. Kgosi ya borwa (e mo boperofeting jo bongwe e tshwantshiwang le lonaka lwa bofelo go tlhoga mo sebataneng) e senngwa ke Bogosi jwa Modimo “e señ ka lecōgō [la motho].” (Daniele 7:26; 8:25) E bile tota, dikgosi tsotlhe tsa lefatshe kgabagare di senngwa ke Bogosi jwa Modimo kwa ntweng ya Hara–Magedona, mme go bonala sentle gore seno ke sone se se diragalelang kgosi ya botsheka. (Daniele 2:44; 12:1; Tshenolō 16:14, 16) Daniele 11:44, 45 e tlhalosa ditiragalo tse di tlang pele ga yone ntwa eo ya bofelo. Ga go gakgamatse go bo kgosi ya botsheka ‘e se kitla e nna le mothusi’ fa e ya bokhutlong jwa yone!
15. Ke dipotso dife tsa botlhokwa tse di santseng di tla tlhalosiwa?
15 Ke boperofeti bofe jo bongwe he jo bo re fang lesedi kaga “ditumedi” tse di dirang gore kgosi ya botsheka e ‘senye batho ba le bantsi.’ Mme ke bomang ba “bantsi” ba e tla batlang go ba senya?
Tumedi go Tswa kwa Botlhaba
16. (a) Ke tiragalo efe e e tlhomologileng e e tshwanetseng ya diragala pele ga Hara–Magedona? (b) “Dikgosi tse di cwañ kwa botlhabatsatsi” ke bomang?
16 Pele ga ntwa ya bofelo, Hara–Magedona, mmaba o mogolo wa kobamelo ya boammaaruri o tshwanetse go senngwa—Babelona O Mogolo wa sekaseaka, mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolō 18:3-8) Go senngwa ga gagwe go tshwantshiwa ka go tshelwa ga mogotšana wa borataro wa tšhakgalo ya Modimo mo nokeng ya tshwantshetso ya Euferatese. Noka eo e a kgala “gore tsela e tlè e baakanyediwè dikgosi tse di cwañ kwa botlhabatsatsi.” (Tshenolō 16:12) Dikgosi tseno ke bomang? Ga se ope fa e se Jehofa Modimo le Jesu Keresete!a
17. (a) Bibela e re bolelela eng kaga go senngwa ga Babelona O Mogolo? (b) Tumedi e e “cwañ ntlheñ ea botlhabatsatsi” e ka nna ya bo e le eng?
17 Go senngwa ga Babelona O Mogolo go tlhalosiwa ka phepafalo mo lokwalong lwa Tshenolō: “Dinaka tse shomè tse u di bonyeñ [‘dikgosi’ tse di tla bong di busa ka nako ya bokhutlo], le shōna sebatana [sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo, se se emelang Lekgotla la Merafe E E Kopaneng], di tla ila seaka seuō, di tla se diha chwahaco le bosaikatèga, me di tla ya nama ea shōna, di se hisetsa rure ka molelō.” (Tshenolō 17:16) Eleruri, merafe e ‘ja nama thata’! (Daniele 7:5) Mme lefa go ntse jalo ke ka ntlha yang fa babusi, go akaretsa le kgosi ya botsheka, ba tla senya Babelona O Mogolo? Ka gonne ‘Modimo o gakolotse dipelo tsa bone gore di diragatse maikutlo a gagwe.’ (Tshenolō 17:17) Tumedi e e “cwañ ntlheñ ea botlhabatsatsi” e ka nna ya bo e raya tiro eno ya ga Jehofa, fa a gakolola baeteledipele ba batho ka tsela e a tla bong a batla ka yone gore ba senye seaka se segolo sa bodumedi.—Daniele 11:44.
Tumedi E E Tswang Ntlheng ya Botsheka
18. Kgosi ya botsheka e itebaganya le eng gape, mme seno se dira gore e tle bokhutlong e le fa kae?
18 Mme lefa go ntse jalo bogale jwa kgosi ya botsheka bo lebisitse kwa ntlheng e nngwe gape. Moengele o bolela gore o tla “tlhōma megope ea ntlo ea eōna ea bogosi ha gare ga lewatlè [le legolo, NW] le thaba e e boitshèpō e e galalèlañ.” (Daniele 11:45) Mo motlheng wa ga Daniele, lewatle le legolo e ne e le la Mediterranean, mme thaba e e boitshepo e ne e le Siona, e tempele ya Modimo e neng e le mo go yone pele. Ka jalo, fa boperofeti joo bo diragadiwa, kgosi e e shakgetseng ya botsheka e tswa letsholo ka sesole sa yone kgatlhanong le batho ba Modimo! Ka tsela ya semoya gompieno, fa go twe “ha gare ga lewatlè le thaba e e boitshèpō” go raya gore e mo bonnong jwa semoya jwa batlhanka ba Modimo ba ba tloditsweng, ba ba tswang mo ‘lewatleng’ la setho se se itomolotseng mme ba solofetse go tla go busa mo Thabeng ya Siona ya selegodimo le Jesu Keresete.—Isaia 57:20; Bahebera 12:22; Tshenolō 14:1.
19. Go ya kafa boperofeti jwa ga Esekiele bo bontshang ka gone, re ka tlhaloganya pego e e tlhotlheletsang Goga gore a tlhasele e le eng? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)
19 Esekiele, mongwe yo o tshedileng mo motlheng wa ga Daniele, le ene o ne a bolelela pele gore batho ba Modimo ba ne ba tla tlhaselwa “mo metlheñ ea bohèlō.” O ne a bolela gore letlhoo leno le ne le tla simololwa ke Goga wa Magoga, yo o emelang Satane Diabolo. (Esekiele 38:16) Goga o tswa kafa letlhakoreng lefe ka tshwantshetso? Jehofa o bolela jaana a dirisa Esekiele: “U tla cwa kwa heloñ ga gago, kwa dikhutloñ tsa ntlha ea botsheka.” (Esekiele 38:15) Ka jalo, tumedi e e tswang “ntlheñ ea botsheka” e ka nna ya bo e le megopolo e e anamisiwang ke Satane go tlhotlheletsa kgosi ya botsheka le dikgosi tse dingwe tsotlhe gore di tlhasele batho ba ga Jehofa.b—Bapisa Tshenolō 16:13, 14, 17:14.
20, 21. (a) Ke ka ntlha yang fa Goga a tla tlhotlheletsa merafe, go akaretsa le kgosi ya botsheka, gore e tlhasele batho ba Modimo? (b) A o tla atlega mo tlhaselong ya gagwe?
20 Goga o rulaganya tlhaselo eno e e dirwang ka maatla otlhe ka ntlha ya khumo ya “Iseraela oa Modimo,” yo a sa tlholeng a le karolo ya lefatshe la gagwe, ene mmogo le boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele. (Bagalatia 6:16; Yohane 10:16; 17:15, 16; 1 Yohane 5:19) Goga o dilola “batho ba ba cwañ go phuthwa kwa merahiñ, ba bapetse dikgomo le dithoto [tsa semoya].” (Esekiele 38:12; Tshenolō 5:9; 7:9) Go diragatsa mafoko ano, batho ba ga Jehofa gompieno ba atlega go feta nako epe pele. Jaanong ba obamela ka kgololesego kwa dinageng di le dintsi tse ba kileng ba ne ba thibetswe kwa go tsone kwa Yuropa, Afrika, le Asia. Fa gare ga 1987 le 1992, “dilō tse di elètsègañ” di feta milione kgakala di ne tsa tswa mo merafeng tsa ya kwa ntlung ya ga Jehofa ya kobamelo ya boammaaruri. Ba humile ebile ba mo kagisong semoyeng.—Hagai 2:7; Isaia 2:2-4; 2 Bakorintha 8:9.
21 Goga o leba boemo jwa semoya jwa Bakeresete jaaka ‘lefatshe la metsana e e sa agelweng dithako’ e e ka gapiwang motlhofo fela, mme ka jalo o dira boiteko jo bogolo gore a fedise sekgoreletsi seno sa gore a ka laola setho ka botlalo. (Esekiele 38:11) Mme lefa go ntse jalo o a palelwa. Fa dikgosi tsa lefatshe di tlhasela batho ba ga Jehofa, di tla ya kwa ‘bokhutlong jwa tsone.’ Jang?
Kgosi ya Boraro
22, 23. Fa Goga a tlhasela, ke mang yo o emelang batho ba Modimo, mme seo se felela ka eng?
22 Esekiele o bolela gore tlhaselo ya ga Goga ke sesupo sa gore Jehofa Modimo o tloga a emela batho ba gagwe mme a senya masole a ga Goga “mo dithabeñ tsa Iseraela.” (Esekiele 38:18; 39:4) Seno se re gopotsa se moengele a se bolelelang Daniele jaana: “E tla re mo motlheñ ouō go tla èma Mikaele, kgōsana e kgolo e e èmèlañ bana ba batho ba ga eno: me go tla nna motlha oa khuduègō, o e sa leñ ka go nna morahe le go tla mo go lōna lobaka louō go e se go ke go nne opè o o nntseñ yalo: me mo motlheñ ouō batho ba ga eno ba tla gololwa, moñwe le moñwe eo o tla hitlhèlwañ a kwadilwe mo lokwaloñ.”—Daniele 12:1.
23 Ka 1914, Jesu—Mikaele wa kwa legodimong wa motlhabani—o ne a nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo. (Tshenolō 11:15; 12:7-9) Fa esale ka nako eo, o ntse a ‘emetse bana ba batho ba ga bo Daniele.’ Lefa go ntse jalo, mo bogautshwaneng o tla “èma” mo leineng la ga Jehofa jaaka Kgosi ya Motlhabani e e ka se fenngweng, “a iteheca mo go ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Jesu.” (2 Bathesalonia 1:8) Merafe yotlhe ya lefatshe, go akaretsa dikgosi tsa boperofeti jwa ga Daniele, e tla “hutsahala.” (Mathaio 24:30) ‘Mikaele, kgosana e kgolo’ o tla ba senyetsa ruri ba ntse ba na le megopolo e e maswe mo dipelong tsa bone kaga ‘batho ba ga bo Daniele.’—Tshenolō 19:11-21.
24. Thuto eno kaga boperofeti jwa ga Daniele e tshwanetse go re ama jang?
24 A ga re eletse go bona phenyo e kgolo eo ya ga Mikaele le ya Modimo wa gagwe, Jehofa? Ka gonne phenyo eo e tla leretse Bakeresete ba boammaaruri “phalolo.” (Bapisa Malaki 4:1-3) Ka jalo, re lebeletse pele ka tlhagafalo kwa isagweng re ntse re gopotse mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a a reng: “Rèra lehoko; u tlhōahalè go le lobaka le go se lobaka.” (2 Timotheo 4:2) A re nneng re tshwere Lefoko la botshelo ka thata mme re batle dinku tsa ga Jehofa ka tlhoafalo go santse go le lobaka. Re mo karolong ya bofelo ya lobelo lwa botshelo. Tuelo e fela fa gaufi. E kete rotlhe re ka ititaya sehuba gore re tla itshoka go fitlha kwa bokhutlong mme ka jalo re nne gareng ga bao ba tla bolokwang.—Mathaio 24:13; Bahebera 12:1.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo e Atametse! e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ditsebe 229-30.
b Go seng jalo, tumedi e e tswang “ntlheñ ea botsheka” e ka nna ya bo e tswa kwa go Jehofa, ka ntlha ya mafoko ano a gagwe a a neng a a bolelela Goga: “Ke tla gu . . . tsenya dikōbè mo ditlhaeñ tsa gago, ke tla gu ntshetsa kwa ntlè.” “Ke tla gu . . . tlhatlosa kwa dikhutloñ tsa ntlha ea botsheka; ke tla gu lere mo dithabeñ tsa Iseraela.”—Esekiele 38:4; 39:2; bapisa Pesalema 48:2.
A O A Tlhaloganya?
◻ Kgosi ya borwa e ile ya ganela le kgosi ya botsheka jang go ralala motlha wa bokhutlo?
◻ Ke eng se re santseng re tla se ithuta kaga diphelelo tsa kgotlhang fa gare ga dikgosi tseno tse pedi?
◻ Ke dilo dife tse pedi tse di tla diragalang pele ga Hara–Magedona tse kwantle ga pelaelo di tla akaretsang kgosi ya botsheka?
◻ ‘Mikaele, kgosana e kgolo,’ o tla sireletsa batho ba Modimo jang?
◻ Re tshwanetse ra itshwara jang malebana le se re se ithutileng ka boperofeti jwa ga Daniele?
[Ditshwantsho mo go tsebe 19]
Kgosi ya botsheka e ile ya obamela modimo o o sa tshwaneng le medimo ya ba ba tlileng pele ga yone
[Motswedi wa Setshwantsho]
Top left and middle: UPI/Bettmann; bottom left: Reuters/Bettmann; bottom right: Jasmin/Gamma Liaison