LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 4/1 ts. 16-21
  • “Bakang Jehofa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Bakang Jehofa”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bonang Kgosi Mesia!
  • “Bokhutlo” bo Tla Jang?
  • Nako ya go Baka Jah
  • Bakang Jah ka Ntlha ya Dikatlholo Tsa Gagwe!
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Bakang Kgosi ya bosaenkae!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Kgololo ka Nako ya Go Senolwa Ga Ga Jesu Keresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Phediso ya Lefatshe e e Boleletsweng Pele E Tla Tla Leng?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 4/1 ts. 16-21

“Bakang Jehofa”

“A dilo tsotlhe fela tse di nang le mowa di bake Jehofa.”—PESALEMA 150:6.

1, 2. (a) Bokeresete jwa boammaaruri bo ne jwa ata go le kana kang mo lekgolong la ntlha la dingwaga? (b) Baaposetoloi ba ne ba tlhagisitse jang pele ga nako? (c) Botenegi bo ne jwa gola jang?

JESU o ne a phutha barutwa ba gagwe go nna phuthego ya Bokeresete, e e neng ya gola thata mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Lefa ba ne ba ganediwa mo go botlhoko ke batho ba bodumedi, ‘mafoko a a molemo a ne a rerelwa lobopo lotlhe tlase ga legodimo.’ (Bakolosa 1:23) Mme fa baaposetoloi ba ga Jesu Keresete ba sena go tlhokafala, Satane ka boferefere o ne a tlhotlheletsa gore go nne le botenegi.

2 Baaposetoloi ba ne ba tlhagisitse ka seno go sale pele. Ka sekai, Paulo o ne a raya bagolwane ba kwa Efeso a re: “Lo itise, lo bo lo dise letsomane lotlhe, le Mowa o o Boitshepo o lo dirileng baokami ba lone, gore lo otle phuthego ya Modimo e o e rekileng ka madi a [Morwa, NW] one. Ke a itse fa e tlaa re ke sena go tsamaya, go tlaa tsena mo go lona diphiri tse di setlhogo, tse di sa rekegeleng letsomane; le mo go lona ka losi, go tlaa tsoga banna ba ba buang dilo tse di sokameng, go tla ba itshadisa barutwa morago.” (Ditiro 20:28-30; bona gape le 2 Petere 2:1-3; 1 Johane 2:18, 19.) Ka gone, mo lekgolong la bonè la dingwaga, Bakeresete ba batenegi ba ne ba simolola go dirisana le Mmusomogolo wa Roma. Morago ga makgolo a sekae a dingwaga, Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma, o o neng o dirisana mmogo le mopapa wa Roma, o ne wa simolola go busa setlhopha se segolo sa batho. Fa go ntse go ya, setlhopha sa Diphetogo tsa Boporotesetanta se ne sa nna kgatlhanong le tsela e Kereke ya Katoliki e neng e tseneletse thata ka yone mo boikepong, lefa go ntse jalo, se ne sa palelwa ke go busetsa batho kwa Bokereseteng jwa boammaaruri.

3. (a) Mafoko a a molemo a ne a rerelwa popo yotlhe leng le gone jang? (b) Ka 1914 go ne ga diragala eng se se neng se ntse se lebeletswe go ya ka ditsholofetso tsa Baebele?

3 Mme legale, fa lekgolo la bo19 la dingwaga le tloga le fela, setlhopha sa baithuti ba ba peloephepa ba Baebele se ne se tshwaregile gape ka go rera le go itsise ‘lobopo lotlhe tlase ga legodimo tsholofelo ya mafoko a a molemo.’ Go ya kafa setlhopha seno se neng se ithutile boporofeti jwa Baebele ka teng, se ne sa kgona go bolela dingwaga di feta 30 pele ga 1914 gore ngwaga ono o ne o tla tshwaya bokhutlo jwa “metlha ya Baditšhaba,” lobaka lwa “metlha e supa,” kana dingwaga tse 2 520 tse di simologileng ka 607 B.C.E., fa Jerusalema e ne e ripitliwa. (Luke 21:24; Daniele 4:16) Fela jaaka ba ne ba solofetse, dikgang tsa batho mo lefatsheng di ne tsa fetoga thata ka 1914. Le kwa legodimong go ne ga direga ditiragalo tsa botlhokwa thata. Ka nako eo, Kgosi ya bosaenkae e ne ya tlhoma Kgosi e e busang le ene e bong Jesu Keresete mo setulong sa bogosi kwa legodimong, a mmaakanyetsa go tla go nyeletsa boikepo jotlhe mo lefatsheng le go tlisa Paradaise gape.—Pesalema 2:6, 8, 9; 110:1, 2, 5.

Bonang Kgosi Mesia!

4. Jesu o ne a tshela jang go dumalana le bokao jwa leina la gagwe Mikaele?

4 Ka 1914, Kgosi eno e e leng Mesia e bong Jesu e ne ya simolola go tsaya kgato. Mo Baebeleng gape o bidiwa Mikaele, ke gore, “Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?,” ka gonne o tlhoafaletse go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa. Jaaka go kwadilwe mo go Tshenolo 12:7-12, moaposetoloi Johane mo ponatshegelong o ne a tlhalosa se se neng se tla direga: “Mme ga nna ntwa mo legodimong; Mikaele le baengele ba gagwe ba bololela kgogela, ba ya go tlhabana nayo. Kgogela ya tlhabana e na le baengele ba yone; mme ba se ka ba fenya, le gone ba se ka ba tlhola ba nna le bonno mo legodimong. Mme kgogela e kgolo, noga ya bogologolo ya piriganngwa, yone e e bidiwang Diabolo le Satane, motsietsi wa lefatshe lotlhe; ya piriganyediwa koo kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase nayo.” Ba ne ba piriganngwa ruri!

5, 6. (a) Morago ga 1914, go ne ga bolelwa eng se se kgatlhang go tswa kwa legodimong? (b) Mathaio 24:3-13 e dumalana jang le seno?

5 Go tswa foo lentswe le legolo thata kwa legodimong le ne la re: “Gompieno go tsile poloka, le thata, le bogosi jwa Modimo wa rona, le taolo ya ga Keresete wa one; gonne mopateletsi wa bakaulengwe ba rona, yo o ntseng a ba pateletsa fa pele ga Modimo wa rona motshegare le bosigo, o piriganyeditswe kwa tlase. Ba [Bakeresete ba ba ikanyegang] mo fenya ka ntlha ya madi a ga Kwana [Keresete Jesu], le ka ntlha ya lefoko la tshupo ya bone; ba se ka ba rekegela botshelo jwa bone le go ya kwa losong.” Seno se kaya go gololwa ga babolokabothokgami ba ba ileng ba dumela mo setlhabelong se se tlhwatlhwakgolo sa thekololo sa ga Jesu.—Diane 10:2; 2 Petere 2:9.

6 Lentswe le legolo kwa legodimong le ne la tswelela pele le bolela jaana: “Ke gone a lo ke lo itumeleng, lona magodimo, le lona ba lo agileng mo go one. A bo go latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.” ‘Tatlhego’ e e neng ya porofetiwa jalo malebana le lefatshe leno e ne ya diragadiwa ka go nna teng ga dintwa tsa lefatshe, mauba, dikgogodi, dithoromo tsa lefatshe le tlolomolao e e ileng ya aparela lefatshe mo lekgolong leno la dingwaga. Jaaka fa Mathaio 24:3-13 e bolela, Jesu o ne a bolelela pele gore dilo tseno di ne di tla nna bontlhanngwe jwa ‘sesupo sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.’ Fa e sale ka 1914, batho mo lefatsheng ba ile ba welwa ke tatlhego e e iseng e ko e nne teng mo hisitoring yotlhe ya motho, fela jaaka fa boporofeti bo ile jwa bolelela pele.

7. Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba rera ka potlako?

7 Mo motlheng ono wa tatlhego e e bosulasula, a batho ba ka solofela sengwe ka isagwe? Ee, go ntse jalo, ka gonne Mathaio 12:21 e bolela jaana kaga Jesu: “Baditšhaba ba tlaa solofela mo leineng la gagwe”! Maemo a a setlang pelo a a diragalelang ditšhaba ga se fela ‘sesupo sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo’ mme gape ke ‘sesupo sa go nna gone ga ga Jesu’ e le Kgosi ya Bogosi jwa ga Mesia. Malebana le Bogosi joo, Jesu o tswelela pele ka go re: “Mafoko a a Molemo a, a bogosi, a tlaa rerwa mo lefatsheng lotlhe, go nna tshupo mo merafeng yotlhe; foo ke gone bokhutlo bo tlaa tlang.” (Mathaio 24:14) Ke setlhopha sefe sa batho gompieno mo lefatsheng, seo e leng sone fela se rerang ka tsholofelo e e molemolemo ya gore Bogosi jwa Modimo bo tla busa? Basupi ba ga Jehofa! Ba rera ba potlakile phatlalatsa le ka ntlo le ntlo gore Bogosi jwa Modimo jwa tshiamo le kagiso bo tloga bo tsaya marapo mo dikgannyeng tsa lefatshe. A o nna le seabe mo bodireding jono? Ga go na tshiamelo epe e e gaisang eo!—2 Timotheo 4:2, 5.

“Bokhutlo” bo Tla Jang?

8, 9. (a) Katlholo e ne ya simologa jang “mo ntlong ya Modimo”? (b) Labokeresete o tlodile Lefoko la Modimo jang?

8 Batho ba mo nakong ya katlholo. Mo go 1 Petere 4:17 re bolelelwa gore katlholo e simolotse “mo ntlong ya Modimo”—go atlholwa ga mekgatlho ya batho e e ipolelang gore ke ya Bokeresete mo go ntseng go bonala fa e sale ka ‘metlha ya bofelo’ e ne e simologa ka go ganyaolwa ga batho ka Ntwa ya Lefatshe I ka 1914-18. Labokeresete o dirile jang mo katlholong eno? Ebu, akanya kafa dikereke di ntseng di tshegetsa dintwa tsa lefatshe ka teng fa e sale ka 1914. A baruti ga ba a tshasegelwa ke “madi a bahumanegi ba ba se nang molato” a batho ba ba neng ba ba rerela gore ba ye ntweng?—Jeremia 2:34.

9 Go ya ka Mathaio 26:52, Jesu o ne a re: “Botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tlaa nyelela ka tšhaka.” A bo seno se nnile boammaaruri jang ne mo dintweng tsa lekgolo leno la dingwaga! Baruti ba ile ba rotloetsa makawana gore a gatlampole makawana a mangwe, le eleng a bodumedi jwa bone tota—Bakatoliki ba bolaya Bakatoliki le Baporotesetanta ba bolaya Baporotesetanta. Bosetšhaba bo ile jwa tlotlomadiwa go gaisa go rata Modimo le Keresete. Bosheng jaana, mo ditšhabeng dingwe tsa Afrika, bomorafe bo ile jwa tsewa bo le botlhokwa go gaisa melaometheo ya Baebele. Kwa Rwanda, koo bontsi jwa baagi ba teng e leng Bakatoliki, mo e ka nnang batho ba le halofo ya milione ba ne ba ganyaolwa mo dintweng tsa semorafe. Mopapa o ne a dumela jaana mo pampiring ya dikgang ya Vatican L’Osservatore Romano: “Seno ke go gaila morafe ka tlhamalalo, mme ka maswabi, tota le Bakatoliki ba na le seabe mo go gone.”—Bapisa Isaia 59:2, 3; Mika 4:3, 5.

10. Jehofa o tla diragatsa katlholo efe mo bodumeding jwa maaka?

10 Kgosi ya bosaenkae e leba jang bodumedi jo bo rotloeletsang batho gore ba ganyaolane kgotsa jo bo sa reng sepe fa maloko a jone a bolaana? Tshenolo 18:21, 24 e re bolelela seno ka Babilone o Mogolo e leng tsamaiso yotlhe ya bodumedi jwa maaka mo lefatsheng: “Moengele mongwe yo o thata a tsaya lentswe, e kete lolwala lo logolo, a lo thabuetsa mo lewatleng, a re: ‘Babilone, motse o mogolo o tlaa piriganngwa jalo ka piriganyo e kgolo, mme ga o ketla o tlhola o bonwa gope. Mme ga fitlhelwa madi a baperofeti, le a baitshepi mo go one, le a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.’”

11. Go ntse go diragala dilo dife tse di bosula mo go Labokeresete?

11 Go ntse go diragala dilo tse di maswe tota mo go Labokeresete, fela jaaka boporofeti jwa Baebele bo ne bo boletse. (Bapisa Jeremia 5:30, 31; 23:14.) Ka ntlha ya go letlelela sengwe le sengwe ga baruti, matsomane a bone a na le maitsholo a a maswe tota. Kwa United States, setšhaba se go tweng ke sa Bokeresete, mo e ka nnang halofo ya manyalo otlhe a teng a felela ka tlhalo. Go ima ga bana ba dingwaga tsa bolesome le bosotoma go dirwa thata ke maloko a dikereke. Baruti ba sotla bana ba bannye ka go tlhakanela dikobo le bone—mme ga ba dire jalo ka sewelo fela. Go ile ga bolelwa gore madi ao dikgotlatshekelo di a batlang mo Kerekeng ya Katoliki kwa United States go duelela ditshenyegelo tsa ditsheko tse di amang ditiro tseno, e ka nna didolara di le dimilione di le sekete (diranta di le dimilione tse 3 600) mo dingwageng di le lesome fela. Labokeresete o tlhokomologile tlhagiso ya ga moaposetoloi Paulo e e fitlhelwang mo go 1 Bakorinthe 6:9, 10: “Kgotsa a ga lo itse fa ba ba sa siamang ba se ketla ba rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsietsega; go le baakafadi, go le baobamedi ba medimo ya disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basotoma, go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.”

12. (a) Kgosi ya bosaenkae e tla tsaya kgato jang kgatlhanong le Babilone o Mogolo? (b) Go farologana le Labokeresete, batho ba Modimo ba tla opela dipina tsa “Haleluja” ka lebaka lefe?

12 Mo bogautshwaneng, Kgosi ya bosaenkae e bong Jehofa, a dirisa Ramasole wa gagwe wa selegodimo, Jesu Keresete, o tla tlisa sepitla se segolo. Sa ntlha, Labokeresete le dikarolo tse dingwe tsotlhe tsa Babilone o Mogolo di tla tlisediwa katlholo ya ga Jehofa. (Tshenolo 17:16, 17) Ba itshupile ba sa tshwanele poloko e Jehofa a e tlisitseng ka thekololo ya setlhabelo sa ga Jesu. Ba nyaditse leina la Modimo le le boitshepo. (Bapisa Esekiele 39:7.) A bo go tshegisa jang ne go bo ba opela dipina tsa “Haleluja” mo dikagong tsa bone tse dikgolo tsa bodumedi tsa madi a mantsi! Ba tlosa leina le legolo la ga Jehofa mo dithanolong tsa bone tsa Baebele mme e kete ba lebala gore “Haleluja” e bolela gore “Bakang Jah”—“Jah” e le khutshwafatso ya leina “Jehofa.” Tshenolo 19:1-6 e bega ka tsela e e tshwanelang dipina tsa “Haleluja” tse di tla tlogang di opelwa go itumelelwa gore Modimo o diragaditse katlholo mo go Babilone o Mogolo.

13, 14. (a) Go diragala ditiragalo dife tsa botlhokwa morago ga foo? (b) Batho ba ba boifang Modimo ba nna le diphelelo dife tse di itumedisang?

13 Go tswa foo Jesu o tla bo a “tla” go bolela le go diragatsa katlholo mo ditšhabeng le mo ditlhopheng tsa batho. Ene ka nosi o ne a porofeta jaana: “E tlaa re Morwa Motho [Keresete Jesu] a tla ka kgalalelo ya gagwe, a na le baengele botlhe, foo o tlaa dula mo setulong sa gagwe [sa katlholo] sa bogosi sa kgalalelo. Merafe yotlhe [mo lefatsheng] e tlaa phuthelwa fa pele ga gagwe. Mme o tlaa ba kgaoganya, bangwe mo go ba bangwe, jaaka modisa a tle a kgaoganye dinku le dipodi; dinku o tlaa di baya ka fa letsogong le legolo, mme dipodi ka fa go la molema. Foo Kgosi e tlaa raya ba ba ka fa tsogong la yone le legolo, e re: ‘Tlang, lona basegofadiwa ba ga Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe.’” (Mathaio 25:31-34) Temana 46 e tswelela pele ka go anela gore setlhopha sa dipodi se “tlaa ya mo petsong e e sa khutleng; mme basiami ba tlaa ya mo botshelong jo bo sa khutleng.”

14 Buka ya Baebele ya Tshenolo e tlhalosa kafa “Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena,” e bong Morena wa rona wa selegodimo, Jesu Keresete, a tla lwang ka teng ka nako eo kwa Haramagetone, a nyeletsa tsamaiso ya ga Satane ya dipolotiki le ya kgwebo. Ka gone, Keresete o tla bo a goromeditse “bogale jwa tšhakgalo ya Modimo Mothatayotlhe” mo lefatsheng lotlhe le le laolwang ke Satane. E re ka ‘dilo tsa pele di tla bo di fetela ruri,’ batho ba ba boifang Modimo ba tla tsenngwa mo lefatsheng le lesha le le galalelang koo Modimo ‘o tla phimolang dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.’—Tshenolo 19:11-16; 21:3-5.

Nako ya go Baka Jah

15, 16. (a) Ke eng fa go le botlhokwa gore re tseye tsia lefoko la ga Jehofa la boporofeti? (b) Baporofeti le baaposetoloi ba supa eng se re tshwanetseng go se dira gore re bolokwe, mme seno se ka kaya eng ka matshutitshuti a batho gompieno?

15 Letsatsi leo la go diragatsa katlholo le gaufi! Ka gone, go molemo gore re tseye tsia mafoko a boporofeti a Kgosi ya bosaenkae. Batho ba ba santseng ba timeditswe ke dithuto le dingwao tsa bodumedi jwa maaka ba tshwanetse go reetsa lentswe le le tswang legodimong le le reng: “Tswang mo go ene lona batho ba me, gore lo se tlhakanele nae dibe tsa gagwe, le gore lo se bone dipetso tsa gagwe.” Mme ba tshwanetse ba tshabela kae? Go ka nna le boammaaruri bo le bongwe fela, ka jalo bodumedi jwa boammaaruri bo bongwe fela. (Tshenolo 18:4; Johane 8:31, 32; 14:6; 17:3) Gore re bone botshelo jo bo sa khutleng, re tshwanetse go senka bodumedi joo re bo re obamela Modimo wa jone. Baebele e re kaela kwa go ene mo go Pesalema 83:18, e e balegang jaana: “Wena wesi; yo leina la gago e leng Jehofa, o le Mogodimodimo, o okame lefatshe lotlhe.”

16 Lefa go ntse jalo, re tlhoka go dira se se fetang go itse leina la Kgosi ya bosaenkae fela. Re tlhoka go ithuta Baebele le go itse kaga dinonofo tsa gagwe tse di molemo le maikaelelo a gagwe. Go tswa foo re tlhoka go dira thato ya gagwe mo nakong eno, jaaka go bontshitswe mo go Baroma 10:9-13. Moaposetoloi Paulo o ne a nopola baporofeti ba ba tlhotlheleditsweng a bo a konela ka go re: “Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.” (Joele 2:32; Sefania 3:9) O tla bolokwa? Ee, ka gonne matshutitshuti a batho ao gompieno a bontshang tumelo mo thulaganyong ya ga Jehofa ya thekololo ka Keresete a tla falodisiwa mo sepitleng se segolo se se tlang, fa go tla bo go diragadiwa katlholo mo lefatsheng le le bosula la ga Satane.—Tshenolo 7:9, 10, 14.

17. Ke tsholofelo efe e e molemolemo e e tshwanetseng go re rotloetsa gore gone jaanong re kopanele mo go opeleng sefela sa ga Moshe le sa ga Kwana?

17 Thato ya Modimo ke eng ka batho ba ba solofelang gore ba tla falola? Ke gore le gone jaanong re kopanele mo go opeleng sefela sa ga Moshe le sa ga Kwana, re baka Kgosi ya bosaenkae re ntse re solofetse phenyo ya gagwe. Re dira seno ka go bolelela ba bangwe ka maikaelelo a gagwe a mantle. Fa re ntse re gatela pele re tlhaloganya Baebele, re neela matshelo a rona go Kgosi ya bosaenkae. Seo se tla baka gore re tshele ka bosaenkae mo thulaganyong e e tlhalosiwang ke Kgosi eno e e nonofileng, mo go Isaia 65:17, 18: “Gonne, bonang, ke tlhola magodimo a maša [Bogosi jwa ga Jesu Mesia], le lefatshe le leša [mokgatlho o mosha wa batho ba ba siameng]; mme dilo tsa pele ga di ketla di gakologelwa, le fa e le go tla mo mogopolong. Lona lo ipele, lo itumele ka bosakhutleng mo go se ke se tlholang.”

18, 19. (a) Mafoko a ga Dafite a Pesalema 145 a tshwanetse a re rotloetsa go dira eng? (b) Ke eng se re ka solofelang ka go tlhatswega pelo gore Jehofa o tla se dira?

18 Mopesalema Dafite o ne a tlhalosa Kgosi ya bosaenkae ka mafoko ano: “Jehofa o mogolo, mme o na le go bakwa thata; bogolo jwa gagwe ga bo na phukutso.” (Pesalema 145:3) Bogolo jwa gagwe bo ka se hukudiwe fela jaaka lefaufau le bosaenkae di ka se hukudiwe kwa di felelang teng! (Baroma 11:33) Fa re ntse re oketsa kitso kaga Mmopi wa rona le kaga thekololo e a e re baakanyeditseng ka Morwawe, Keresete Jesu, re tla batla go baka Kgosi ya rona ya bosaenkae le go feta pele. Re tla batla go dira jaaka Pesalema 145:11-13 e tlhalosa: “Ba tlaa bua ka ga kgalalelo ya bogosi jwa gago, ba bua ka ga thata ya gago; go itsise bana ba batho ditiro tsa gagwe tsa bonatla, le kgalalelo ya borena jwa bogosi jwa gagwe. Bogosi jwa gago ke bogosi jo bo se nang bokhutlo, le puso ya gago e eme go ya ditshikatshikeng tsotlhe.”

19 Re ka solofela ka go tlhatswega pelo gore Modimo wa rona o tla diragatsa mafoko ano: “O huporolola seatla sa gago, o kgorise keletso ya ditshedi tsotlhe fela.” Kgosi ya bosaenkae e tla re etelela pele ka lorato go kgabaganya bokhutlo jwa metlha eno ya bofelo, ka gonne Dafite o re tlhomamisetsa jaana: “Jehofa o boloka botlhe ba ba mo ratang; mme baikepi botlhe o tlaa ba senya.”—Pesalema 145:16, 20.

20. O tsaya kgato efe ka taletso ya Kgosi ya bosaenkae, jaaka e tlhalositswe mo dipesalemeng tsa bofelo tse tlhano?

20 Nngwe le nngwe ya dipesalema tse tlhano tse di konelang mo Baebeleng di simolola ka taletso ya “Haleluja” di bo di tswale ka yone. Ka jalo, Pesalema 146 e re laletsa jaana: “Bakang Jehofa, baka Jehofa, wena mowa wa me. Ke tlaa nna ke baka Jehofa ke sa ntse ke tshedile; ke tlaa opelela Modimo wa me dipako ka ke sa ntse ke leyo.” A o tla diragatsa taletso eo? Ruri o tshwanetse wa batla go mmaka! E kete o ka nna mongwe wa batho ba ba tlhalosiwang jaana mo go Pesalema 148:12, 13: “Makau a na le basetsana; banna bagolo le banyana; a ba bake leina la ga Jehofa; gonne leina la gagwe ke lone losi le le goletsegileng; kgalalelo ya gagwe e godimo ga lefatshe le legodimo.” E kete re ka tsibogela ka pelo yotlhe taletso e e reng: “Bakang Jehofa.” A re bakeng Kgosi ya bosaenkae re le seoposengwe!

O Akgela Jang?

◻ Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba tlhagisa ka eng go sale pele?

◻ Go simologa ka 1914 go tserwe dikgato dife tsa makgaolakgang?

◻ Jehofa o tla tloga a diragatsa dikatlholo dife?

◻ Ke eng fa eno e le nako ya botlhokwa thata ya go baka Kgosi ya bosaenkae?

[Lebokoso mo go tsebe 19]

Motlha ono wa khuduego ya Masetlapelo

Batho ba le bantsi ba ile ba dumela gore kwa tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga go ne ga simologa motlha wa khuduego. Ka sekai, mo ketapeleng ya buka ya Pandaemonium, e e kwadilweng ke leloko la Senete ya U.S. e bong Daniel Patrick Moynihan, e e gatisitsweng ka 1993, kakgelo nngwe kaga “masetlapelo a 1914” e balega jaana: “Ntwa e ne ya tla mme lefatshe la fetoga—gotlhelele. Gompieno go na le dinaga di le robedi fela mo lefatsheng tse di neng di le teng ka 1914 mme mofuta wa puso ya tsone o sa fetolwa ke thubakanyo fa e sale ka nako eo. . . . Fa e le ka dinaga tse dingwe tse di ka nnang 170 tsa nako eno, dingwe tsa tsone di tlhamilwe bosheng thata mo di neng di ka se ka tsa nna le khuduego e ntsi ya bosheng jaana.” Eleruri, motlha wa fa e sale ka 1914 o ntse o nna le masetlapelo a mantsintsi!

Buka e nngwe e le yone e gatisitsweng ka 1993 ke ya Out of Control—Global Turmoil on the Eve of the Twenty-First Century. Mokwadi wa yone ke Zbigniew Brzezinski, yo o kileng a etelela pele U.S. National Security Council. O kwala jaana: “Fa lekgolo la bosomaamabedi la dingwaga le ne le simologa, dikakgelo di le dintsi di ne di le baka gore ke lone tshimologo tota ya Motlha wa go Akanya. . . . Go farologana le se se neng se solofetswe, lekgolo la bomasomaamabedi la dingwaga le ne la nna lekgolo la dingwaga le le neng le tletse dipolaano le dikilano thata, lekgolo la dingwaga la bopolotiki jo bo jesang dijo tsa ditoro fela le la dipolao tse di boitshegang. Bosetlhogo bo ne jwa rulaganngwa ka selekanyo se se iseng se ko se nne pele, dipolao di ne tsa rulaganngwa ka dipalo tse dikgolo thata. Pharologanyo fa gare ga go dira molemo mo go neng go solofetswe ke ba saense le bosula jo tota bo neng jwa diragala bo dirwa ke ba bopolotiki e a boitshega. Dipolao ga di ise di ko di aname mo lefatsheng lotlhe jaana mo nakong e e fetileng, ga di ise di ko di fedise batho ba le bantsi thata jaana, batho ga ba ise ba ko ba nyelediwe ka maiteko a a kanakana go direlwa mekgele ya boikgodiso e e senang tlhaloganyo jaana.” A bo seo se le boammaaruri jang ne!

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Mikaele o ne a piriganyetsa Satane le badimona ba gagwe mo lefatsheng fa Bogosi bo se na go tlhomiwa ka 1914

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela