Jehofa—Morati wa Tshiamo le Tshiamiso
MOSETSANYANA mongwe wa kwa Sarajevo o ipotsa lebaka la go bo bana ba motsemogolo wa gaabo ba boga thata jaana. “Ga re a dira sepe se se phoso. Ga re na molato,” o bolela jalo. Bommabana ba ba tshwenyegileng thata mo megopolong ba kwa Argentina ba ile ba ya kwa makopanelong a ditsela kwa Buenos Aires ka dingwaga tse di ka nnang 15 ba ngongoregela go nyamela ga bomorwaabone. Moafrika mongwe yo o bidiwang Emmanuel, yoo mmaagwe le bokgaitsadie ba bararo ba neng ba bolawa setlhogo fa go ne go na le ntwa ya semorafe, o bolela jaana a nonofile: “Mongwe le mongwe o tshwanetse a bona tuelo e e tshwanetseng . . . Re batla tshiamiso.”
Tshiamiso ke nngwe ya dinonofo tse dikgolo tsa ga Jehofa Modimo. “Ditsela tsa gagwe tsotlhe ke tshiamiso,” go bolela jalo Baebele. Eleruri, Jehofa “o rata tshiamo le tshiamiso.” (Duteronome 32:4; Pesalema 33:5) Gore re kgone go itse Modimo sentle, re tshwanetse go tlhaloganya tsela e a lebang tshiamiso ka yone le go ithuta go mo etsa.—Hosea 2:19, 20; Baefeso 5:1.
Kgopolo ya rona ka tshiamiso kwa ntle ga pelaelo e setse e tlhotlheleditswe ke se batho ba akanyang nonofo eno e le sone. Kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, gantsi tshiamiso e tshwantshiwa ka mosadi a thibilwe matlho a tshotse tšhaka le sekale. Tshiamiso ya batho e tshwanetse ya se ka ya tlhaola, ke gore e se ka ya leba khumo kana se motho a nonofileng go se dira. E tshwanetse go lekanya ka kelotlhoko ka sekale gore yo o latofadiwang o molato kana ga a na molato. Tshiamiso e tshwanetse go sireletsa ba ba senang molato ka tšhaka ya yone e bo e otlhaye ba ba molato ka yone.
Buka ya Right and Reason—Ethics in Theory and Practice e bolela gore “tshiamiso e amana thata le molao, maikarabelo, ditshwanelo le ditiro e bile e ntsha tuelo e lekalekanya kana e e naya ba ba tshwanetseng.” Lefa go ntse jalo, tshiamiso ya ga Jehofa e dira se se fetang seo. Re ka bona seno ka go akanyetsa ditiro le dinonofo tsa ga Jesu Keresete, yo a tshwanang thata le Rraagwe wa selegodimo.—Bahebere 1:3.
Mafoko ano a Isaia 42:3 a ne a dirisiwa mo go Jesu ke Mathaio, mokwadi wa Efangele, yo a neng a re: “Lotlhaka lo lo phitsegileng ga a ketla a lo roba, le lodi lo lo kukelang ga a ketla a lo tima; o tlaa ntsha tshiamiso.” Jesu o ne a bolelela batho ba ba neng ba tshwana le letlhaka le le tšhwatlegileng le le neng le obegile e bile le gatakilwe molaetsa o o gomotsang. Ba ne ba tshwana le mogala wa lobone o o bonyabonyang jaaka e kete maatla a bone a botshelo a tloga a fela. Go na le gore a tšhwatle ka tsela ya tshwantshetso matlhaka a a gatilweng kana a time mabone a a bonyabonyang, Jesu o ne a tlhomogela ba ba tlhasetsweng bao pelo, a bo a ba ruta le go ba fodisa le go ba bolelela tshiamiso ya ga Jehofa Modimo ka botlalo. (Mathaio 12:10-21) Fela jaaka boporofeti jwa ga Isaia bo ne jwa bolelela pele, tshiamiso ya mofuta oo e ne e naya tsholofelo.
Kutlwelobotlhoko le Tshiamiso ya ga Jehofa
Kutlwelobotlhoko ke karolo ya motheo ya tshiamiso ya Modimo. Seno se ne sa bonala fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. O ne a emela melao ya Modimo ya tshiamiso le tshiamo ka botlalo. Lefa go ntse jalo, bakwadi ba Bajuta le Bafarasai ba ne ba batla go itshupa tshiamo ka go latela melao e e gagametseng—e bontsi jwa yone ba neng ba e itiretse. Tshiamiso ya bone ya go sala melao morago thata gantsi e ne e dira gore ba tlhoke kutlwelobotlhoko. Gantsi Jesu le Bafarasai ba ne ba thulana ka kgang eno: Tshiamiso ya boammaaruri le tshiamo ya boammaaruri ke eng?—Mathaio 9:10-13; Mareko 3:1-5; Luke 7:36-47.
Jesu o ne a supa kafa o ka tshwarang ba bangwe ka teng ka tshiamiso le ka tshiamo. Monna mongwe yo o itseng Molao o kile a botsa Jesu se se neng se tlhokega gore a bone botshelo jo bo sa khutleng. Jesu o ne a mo araba ka go mmotsa potso mme a mo akgola fa a ne a araba ka gore melao ya botlhokwatlhokwa e ne e le go rata Modimo ka pelo, moya, tlhaloganyo le nonofo le go rata mongwe ka wena jaaka o ithata. Morago ga foo monna o ne a botsa jaana: “Ana mongwe ka nna e be e le mang?” Jesu o ne a araba ka go anela setshwantsho sa Mosamaria yo o molemo.—Luke 10:25-37.
Tshiamo ya ga Jehofa le tshiamiso e a e dirang ka boutlwelobotlhoko di ne tsa tshwantshiwa mo setshwantshong sa ga Jesu sa Mosamaria. Mosamaria o ne a dira tshiamo, tshiamiso le go supa kutlwelobotlhoko fa ka bopelotshweu a ne a thusa monna yo a neng a gobetse yo a neng a sa mo itse. Jesu le ene o ne a supa boikutlo jo bo tshwanang fa a ne a le mo lefatsheng. O ne a le tshiamo e bile a na le tshiamiso. Mo godimo ga moo, o ne a neela batho ba ba tlhokang botshelo jwa gagwe, batho ba ba sa itekanelang ba ba neng ba boga, ba lwala e bile ba swa. Moaposetoloi Paulo o ne a amanya tshiamo le thulaganyo ya thekololo. O ne a kwala jaana: “Jalo fela, jaaka katlholo e tlisitse tshekiso mo bathong botlhe ka tlolo e le nngwe fela; go ntse fela jalo, neo ya mpho e tlisitse tshiamiso [kana, “tiro e le nngwe e e siameng”] ya botshelo mo bathong botlhe, ka tiro e le nngwe fela ya tshiamo.” (Baroma 5:18, bapisa NW, ntlhanyana e e kwa tlase.) “Tiro e le nngwe fela ya tshiamo” e ne e le tsela e Modimo o neng o boloka batho ba ba utlwang ka yone gore ba se ka ba utlwa botlhoko jwa matswela a boleo jwa ga Atame a ba neng ba sa a itlisetsa ka bobone.
Tshiamiso ya Modimo e ne e golola batho ba ba boleo le go tlotlomatsa melaometheo ya gagwe ya tshiamo. E ne e tla bo e le go tlhoka tshiamiso le go tlhoka lorato fa boleo bo ne bo ka itlhokomolosiwa ka go bo bo ka bo bo tlhotlheleditse batho go dira boikepo. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa tshiamiso ya Modimo e ka bo e ne e ntsha tuelo fela kana kotlhao, go ka bo go se kafa batho ba neng ba tla gololwa ka gone. Go ya ka Baebele, “maduo a boleo ke loso” e bile “ga go ope yo o siameng, le fa e le yo mongwe fela.” (Baroma 3:10; 6:23) Jehofa o ne a ntsha setlhabelo se se letlanyang maleo ka gore ene le Morwawe yo a mo ratang thata ba duele tota.—1 Johane 2:1, 2.
Thekololo e supa gore tshiamiso ya bomodimo e amana fela thata le lorato lo lo laolwang ke melaometheo (ka Segerika, a·gaʹpe). Eleruri, tshiamiso ya Modimo ke go dirisa melaometheo ya gagwe ya tshiamo—e e supang boitsholo jo a bo batlang. Ka gone, fa lo supiwa ke Modimo, a·gaʹpe ke lorato lo tshiamiso ya bomodimo e thailweng mo go lone. (Mathaio 5:43-48) Ka jalo, fa ruri re tlhaloganya tshiamiso ya ga Jehofa, re tla tshepa dikatlholo tsa gagwe ka botlalo. Jaaka “Moatlhodi wa lefatshe lotlhe,” o dira tshiamo ka metlha.—Genesise 18:25; Pesalema 119:75.
Etsang Tshiamiso ya ga Jehofa
Baebele e re kgothaletsa gore re nne “baetsi ba Modimo.” (Baefeso 5:1) Seno se kaya go etsa tshiamiso ya gagwe mmogo le lorato lwa gagwe. Lefa go ntse jalo, e re ka re sa itekanela, ditsela tsa rona ga di kwa godimo jaaka tsa ga Jehofa Modimo. (Isaia 55:8, 9; Esekiele 18:25) Ka jalo, re ka itshupa jang gore re rata tshiamo le tshiamiso? Ka go apara “motho yo moša, yo ka fa Modimong o bopilweng mo tshiamong, le mo boitshepong jwa boammaaruri.” (Baefeso 4:24) Fa re dira jalo re tla rata se Modimo o se ratang le go ila se o se ilang. ‘Tshiamo ya boammaaruri’ e ila thubakanyo, boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, leswe le botenegi, ka go bo di leswefatsa sepe fela se se boitshepo. (Pesalema 11:5; Baefeso 5:3-5; 2 Timotheo 2:16, 17) Gape tshiamiso ya bomodimo e re tlhotlheletsa gore re kgatlhegele ba bangwe go tswa mo pelong.—Pesalema 37:21; Baroma 15:1-3.
Mo godimo ga moo, fa re lemoga gore Modimo o dira tshiamiso a ntse a supa le kutlwelobotlhoko, ga re kitla re nnela go atlhola bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya. Tota re ka kgona go ba tlhaloganya jaaka Jehofa jang? A ga re ne re ba atlhola go ya ka kgopolo ya rona e e sokameng? Ke gone ka moo, Jesu a neng a tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa sekisa, gore lo se sekisiwe. Gonne tshekiso e lo sekisang ka yone, lo tlaa sekisiwa ka yone; le selekanyo se lo lekanyang ka sone, lo tlaa lekanyediwa ka sone. O lebelang selabe se se mo leitlhong la wa gaeno, mme o sa tlhokomele mosipuri o o mo leitlhong le e leng la gago? Kgotsa o tlaa raya wa gaeno jang o re: ‘Mma ke ntshe selabe se se mo leitlhong la gago;’ mme bona, mosipuri ke oo o mo leitlhong la gago? Moitimokanyi ke wena, ntsha mosipuri o o mo leitlhong la gago pele; foo o tlaa bona sentle go ntsha selabe se se mo leitlhong la wa gaeno.” (Mathaio 7:1-5) Fa re leba bosaitekanelang jwa rona fela kafa bo ntseng ka teng go tla re thibela gore re se ka ra atlhola dilo ka tsela e Jehofa a tla e lebang e le go tlhoka tshiamo.
Bagolwane ba ba tlhomilweng mo diphuthegong ba tshwanetse go atlhola ditiro tse di phoso. (1 Bakorinthe 5:12, 13) Fa ba ntse ba dira jalo, ba gakologelwa gore Modimo o dira tshiamiso a ntse a supa kutlwelobotlhoko fa go kgonega. Fa go sena mabaka a go e supa—jaaka fa moleofi a sa ikwatlhae—kutlwelobotlhoko ga e kgone go supiwa. Lefa go ntse jalo, bagolwane ga ba kobe motho yo o dirileng phoso yoo mo phuthegong ka go bo ba batla go ipusolosetsa. Ba solofela gore go mo kgaola fela ka bogone go tla dira gore a akanye dilo sentle. (Bapisa Esekiele 18:23.) Bagolwane ba dira tshiamiso ba kaelwa ke Keresete e bile seno se akaretsa gore ba nne “boipoteletso mo phefong.” (Isaia 32:1, 2) Ka gone, ba tshwanetse gore ba supe gore ga ba tlhaole le gore ba dira ka tshiamo.—Duteronome 1:16, 17.
Jala Dipelo Tsa Tshiamo
Fa re santse re emetse lefatshe le lesha la Modimo la tshiamo, re tshwanetse go ‘batla tshiamo’ gore Modimo o re amogele. (Sefania 2:3; 2 Petere 3:13) Kgopolo eno e bolelwa sentle mo mafokong ano a a mo go Hosea 10:12: “Ijaleleng mo tshiamong, lo robe ka fa boutlwelongbotlhoko; lo kgathe lefatshe la lona le le sa lengwang, gonne ke lobaka lwa go batla Jehofa, go tle go tsamaye a tle go lo nesetsa pula ya tshiamo.”
Re na le ditshono tse dintsi tsa go ‘jala dipelo tsa tshiamo’ mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi fela jaaka Jesu a ne a supa mo setshwantshong sa Mosamaria yo o molemo. Jehofa o tla tlhomamisa gore re roba ‘ka fa boutlwelobotlhokong.’ Fa re ntse re tsamaya mo ‘tseleng ya [tshiamiso, NW]’ re tla tswelela re rutiwa tshiamo mo pusong ya Bogosi. (Isaia 40:14) Fa nako e ntse e tsamaya, ga go na pelaelo ya gore re tla lemoga ka botlalo le go feta gore Jehofa ke morati wa tshiamo le tshiamiso.—Pesalema 33:4, 5.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Mosamaria yo o molemo o ne a supa tshiamiso ya ga Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Jesu o ne a utlwela batho ba ba bogang botlhoko, ba ba neng ba tshwana le letlhaka le le tšhwatlilweng