Kgaolo 5
Modimo O Amogela Kobamelo Ya Bomang?
1. Mosadi wa Mosamaria o ne a batla go itse eng ka kobamelo?
A O KILE wa ipotsa gore, ‘Modimo tota o amogela kobamelo ya bomang?’ Mosadi mongwe yo a neng a bua le Jesu Keresete gaufi le Thaba ya Gerisima kwa Samaria a ka tswa a ne a ipotsa potso eno. O ne a bolela jaana fa a ne a supa gore kobamelo ya Basamaria le ya Bajuta e ne e farologane: “Borraetsho ba ne ba obama mo thabeng e; mme lona lwa re, Jerusalema ke gone kwa batho ba tshwanetseng go obama teng.” (Johane 4:20) A Jesu o ne a raya mosadi wa Mosamaria a re Modimo o amogela kobamelo ya mongwe le mongwe? Kana a o ne a bolela gore go tlhokega dilo dingwe go itumedisa Modimo?
2. Jesu o ne a reng fa a ne a araba mosadi wa Mosamaria?
2 Jesu o ne a araba jaana ka tsela e e gakgamatsang: “Lobaka lo etla lo lo se ketlang lo obamela Rara ka lone mo thabeng e, le fa e le mo Jerusalema.” (Johane 4:21) Basamaria ba ne ba na le lobaka lo loleele ba boifa Jehofa mme ba ne ba obamela medimo e mengwe mo Thabeng ya Gerisima. (2 Dikgosi 17:33) Mme Jesu Keresete, o ne a bolela gore ga go lepe la mafelo ao kana Jerusalema le le neng le tla nna botlhokwa mo kobamelong ya boammaaruri.
GO OBAMELA KA MOYA LE KA BOAMMAARURI
3. (a) Ke eng fa Basamaria ba ne ba sa itse Modimo tota? (b) Bajuta le batho bangwe ba ba ikanyegang ba ne ba tla kgona go itse Modimo jang?
3 Jesu o ne a bolelela mosadi wa Mosamaria jaana: “Lona lo obamela se lo sa se itseng; rona re obamela se re se itseng; gonne poloko e tswa mo Bajuteng.” (Johane 4:22) Basamaria ba ne ba na le dikgopolo tse di phoso fa go tla mo bodumeding e bile ba ne ba dumela gore dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele ke tsone fela tse di tlhotlheleditsweng—mme tseno go ya kafa ba tlhatlhobileng ka teng, ba itse e le tsone fela Pentateuch ya Basamaria. Ka gone, ba ne ba sa itse Modimo tota. Lefa go ntse jalo, Bajuta ba ne ba filwe kitso ya Dikwalo. (Baroma 3:1, 2) Dikwalo di ne tsa naya Bajuta ba ba ikanyegang le ope fela yo a neng a ka reetsa se ba neng ba tlhoka go se itse ka Modimo.
4. Go ya ka Jesu, Bajuta le Basamaria ba ne ba tlhoka go dira eng gore Modimo o amogele kobamelo ya bone?
4 Totatota, Jesu o ne a bontsha gore Bajuta le Basamaria ba ne ba tla tshwanela go fetola tsela e ba obamelang ka yone gore ba kgone go itumedisa Modimo. O ne a re: “Lobaka lo etla, le gompieno lo fitlhile, lo baobamedi ba ammaaruri ba tlaa obamelang Rara ka lone, ka Mowa le ka boammaaruri; gonne Rara o batla ba ba ntseng jalo go nna baobamedi ba gagwe. Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba na le go o obamela ka mowa le ka boammaaruri.” (Johane 4:23, 24) Re tshwanetse go obamela Modimo “ka mowa,” re tlhotlhelediwa ke dipelo tse di tletseng tumelo le lorato. Go a kgonega go obamela Modimo ‘ka boammaaruri’ ka go ithuta Lefoko la gagwe, Baebele, le go mo obamela go ya ka boammaaruri jo a bo senotseng. A o tlhoafaletse go dira jalo?
5. (a) Go “obamela” go kaya eng? (b) Re tshwanetse go dira eng fa re batla gore Modimo o amogele kobamelo ya rona?
5 Jesu o ne a gatelela gore Modimo o batla go obamelwa ka boammaaruri. Seno se bontsha gore go na le mefuta mengwe ya kobamelo e Jehofa a sa e amogeleng. Go obamela Modimo go kaya go mo tlotla le go mo direla tirelo e e boitshepo. Fa o ne o batla go supetsa mmusi mongwe yo o maatla tlotlo, o ne o tla iketleetsa go mo direla le go dira se a se batlang. Eleruri he, re batla go itumedisa Modimo. Ka gone, go na le gore fela re re, ‘Bodumedi jwa me bo ntshiametse,’ re tlhoka go tlhomamisa gore a bodumedi jwa rona bo dira dilo tse Modimo o di batlang.
GO DIRA THATO YA GA RRE
6, 7. Ke eng fa Jesu a sa amogele batho bangwe ba ba ipolelang gore ke balatedi ba gagwe?
6 A re baleng Mathaio 7:21-23 mme re bone gore a re ka kgona go bona selo se segolo se se ka re thusang go bona gore a Modimo o ka ne a amogela kobamelo ya mongwe le mongwe. Jesu o ne a re: “Ga se go re mongwe le mongwe yo o nthayang a re: ‘Morena, Morena,’ o tlaa tsena mo bogosing jwa legodimo; fa e se yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong. E tlaa re mo letsatsing leo batho ba le bantsi ba tlaa nthaya ba re: ‘Morena, Morena, a ga re a ka ra rera mo ineng la gago, ra ba ra kgoromeletsa ntle mewa e e maswe [dibopiwa tse di boikepo tsa moya] ka leina la gago, ra dira ditiro di le dintsi tse di nonofileng ka leina la gago?’ E dira gone ke tlaa ba ipolelelang ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse gope, tlogang fa go nna, lona ba lo dirang tshiamololo.’”
7 Go dumela gore Jesu Keresete ke Morena go botlhokwa thata mo kobamelong ya boammaaruri. Mme seo se raya gore go na le sengwe se se tlhaelang mo bathong ba le bantsi ba ba ipolelang gore ke barutwa ba ga Jesu. O ne a bolela gore bangwe ba ne ba tla dira “ditiro di le dintsi tse di nonofileng,” jaaka go fodisa ka kgakgamatso. Lefa go ntse jalo, ba ne ba tla palelwa ke go dira se Jesu a neng a re se botlhokwa. Ba ne ba tla bo ba sa ‘dire go rata ga ga Rraagwe.’ Fa re batla go itumedisa Modimo, re tshwanetse go ithuta se se ratwang ke Rara re bo re se dire.
KITSO E E TLHOMAMENG E A SIRELETSA
8. Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re batla go dira thato ya Modimo, mme re tshwanetse go tila dikgopolo dife tse di phoso?
8 Motho o tshwanetse go itse Jehofa Modimo le Jesu Keresete ka tlhomamo fa a batla go dira thato ya Modimo. Kitso e e ntseng jalo e isa botshelong jo bo sa khutleng. Jalo he, rotlhe re tla batla go tsaya kgang ya go bona kitso e e tlhomameng go tswa mo Lefokong la Modimo, Baebele, masisi. Bangwe ba bolela gore seno ga se tshwenye fa fela re tlhoafetse e bile re le tlhaga mo kobamelong ya rona. Bangwe ba re, ‘Fa o sena kitso e ntsi ga go kitla go batliwa go le gontsi mo go wena.’ Lefa go ntse jalo, Baebele e re kgothaletsa gore re oketse kitso ya rona kaga Modimo le boikaelelo jwa gagwe.—Baefeso 4:13; Bafilipi 1:9; Bakolosa 1:9.
9. Kitso e e tlhomameng e re sireletsa jang, mme ke ka ntlha yang fa re tlhoka go sirelediwa ka tsela eo?
9 Kitso e e ntseng jalo e re sireletsa gore kobamelo ya rona e se ka ya kgotlelwa ke sepe. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka sebopiwa sengwe sa moya se se neng se itira “moengele wa lesedi.” (2 Bakorinthe 11:14) Se iphitlhile jalo, sebopiwa seno sa moya—Satane—se leka go re faposa gore re dire dilo tse di kgatlhanong le thato ya Modimo. Go na le dibopiwa dingwe tsa moya tse di thusanang le Satane tse di ntseng di kgotlela kobamelo ya batho ka go bo Paulo o ne a re: “Dilo tse Baditšhaba ba di isang ditlhabelo ba di isetsa badimo, e seng Modimo.” (1 Bakorinthe 10:20) Go lebega bontsi bo ne bo akanya gore bo obamela ka tsela e e siameng, le mororo ba ne ba sa dire se Modimo a neng a se batla. Ba ne ba tsiediwa gore ba tsene mo kobamelong ya maaka e e seng phepa. Re tlile go ithuta go le gontsi kaga Satane le badimona moragonyana, mme baba bano ba Modimo ruri ba ntse ba kgotlela kobamelo ya batho.
10. O ne o tla dira eng fa mongwe a ne a ka tshela botlhole mo metsing a o a nwang ka metlha, mme kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo e tla re thusa gore re dire eng?
10 Fa o ne o itse gore mongwe o ne a tshetse botlhole mo metsing ao o a nwang, a o ne o ka tswelela ka go a nwa? O ne o tla tsaya kgato ka bonako mme wa batla metsi a a siameng a a itshekileng. Ee ruri, kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo e re thusa go tlhaola bodumedi jwa boammaaruri le go gana leswe lepe fela le le ka dirang gore Modimo o se ka wa amogela kobamelo ya rona.
DITHUTO TSE E LENG DITAOLO TSA BATHO
11. Kobamelo ya Bajuta ba bantsi e ne e le phoso ka tsela efe?
11 Ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Bajuta ba bantsi ba ne ba sa dire tumalanong le kitso e e tlhomameng ya Modimo. Ka gone, ba ne ba latlhegelwa ke tshono ya go nna ba le phepa mo matlhong a ga Jehofa. Paulo o ne a kwala jaana ka bone: “Gonne ke supa ka ga bone fa ba na le tlhoafalo ka ga Modimo, mme e seng ka fa kitsong.” (Baroma 10:2) Ba ne ba itirela tshwetso ya gore ba obamele Modimo jang go na le gore ba reetse se a neng a se bolela.
12. Ke eng se se neng sa kgotlela kobamelo ya Baiseraele, mme go ne ga felela jang?
12 Kwa tshimologong Baiseraele ba ne ba obamela ka tsela e e itshekileng e ba e laetsweng ke Modimo, mme e ne ya kgotlelwa ke dithuto le difilosofi tsa batho. (Jeremia 8:8, 9; Malaki 2:8, 9; Luke 11:52) Jesu o ne a raya baeteledipele ba tumelo ya Sejuta ba ba bidiwang Bafarisai ba ba neng ba akanya gore Modimo o ne o amogela kobamelo ya bone, a re: “Isaia o boletse sentle ka ga lona baitimokanyi, jaaka go kwadilwe ga twe: ‘Ba tšhaba e, ba ntlotla ka dipounama tsa bone, mme dipelo tsa bone di le kgakala le nna. Ba nkobamelela lefela, ka ba ruta ka dithuto tse e leng melao ya batho fela.’”—Mareko 7:6, 7.
13. Re ka dira jaaka Bafarisai ba ne ba dira jang?
13 A go ka diragala gore le rona re tshwane le Bafarisai? Seno se ka diragala fa re latela dingwao dingwe tsa bodumedi tse re di tlogeletsweng ke bangwe go na le gore re sekaseke se Modimo o se boletseng ka kobamelo. Paulo o ne a kwala jaana a tlhagisa ka kotsi eno: “Mowa o bua ka thanolo gore, mo metlheng ya morago bangwe, ba tlaa tenega mo tumelong, ba tlhokomela mewa e e timetseng, le dithuto tsa badimo.” (1 Timotheo 4:1) Ka jalo, ga go a lekana go dumela fela gore Modimo o itumelela kobamelo ya rona. Fela jaaka mosadi wa Mosamaria yo a neng a kopana le Jesu, re ka tswa re le mo kobamelong fela e e neng e le ya batsadi ba rona. Mme lefa go ntse jalo, re tshwanetse go tlhomamisa sentle gore re dira dilo tse Modimo o di amogelang.
ITISE GORE O SE KA WA KGOPISA MODIMO
14, 15. Ke eng fa re tlhoka go nna kelotlhoko lefa re ka tswa re itse sengwe ka thato ya Modimo?
14 Fa re sa tlhokomele, re ka nna ra bo re dira sengwe se se sa itumediseng Modimo. Ka sekai, moaposetoloi Johane o ne a wela fa dinaong tsa moengele “a mo obamela.” Mme moengele o ne a mo tlhagisa a re: “O se ka wa ba wa go dira moo; ke motlhanka ka wena, le ka ba gaeno ba ba bolokileng tshupo ya ga Jesu. Obamela Modimo; gonne tshupo ya ga Jesu ke mowa wa thuto.” (Tshenolo 19:10) A mme he o bona kafa go tlhokegang ka gone gore o tlhomamise gore a kobamelo ya gago ga e a leswefadiwa ke go obamela medimo ya disetwa ka tsela nngwe?—1 Bakorinthe 10:14.
15 Paulo o ne a botsa jaana fa Bakeresete bangwe ba ne ba simolola go dira dingwao tsa bodumedi tse di neng di sa itumedise Modimo: “Lo bile lo boela jang kwa ditlhakeng tsa bokoa le tsa lehumanyana, tse lo eletsang go ba lo nna mo kgolegong ya tsone gape? Lo tlhokometse malatsi, le dikgwedi le metlha le dinyaga. Ke a lo boifela ka re, e ka re gongwe ka bo ke diretse lefela mo go lona.” (Bagalatia 4:8-11) Batho bano ba ne ba kile ba itse ka Modimo mme moragonyana ba ne ba dira phoso ka go latela dingwao tsa bodumedi le go keteka diholotei tse Jehofa a neng a sa di amogele. Fela jaaka Paulo a ne a boletse, re tlhoka go nna re “lekela go lemoga se se kgatlhang Morena.”—Baefeso 5:10.
16. Johane 17:16 le 1 Petere 4:3 di re thusa jang go bona gore a diholotei le dingwao di itumedisa Modimo?
16 Re tshwanetse go tlhomamisa gore re tila diholotei tsa bodumedi le dingwao tse dingwe tse di tlolang melaometheo ya Modimo. (1 Bathesalonika 5:21) Ka sekai, Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Bone ga se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe.” (Johane 17:16) A bodumedi jwa gago bo nna le mekete le diholotei tse di tlolang molaomotheo wa go nna o itlhaotse mo dikgannyeng tsa lefatshe leno? Kana a ba ba leng mo bodumeding jwa gago ka dinako dingwe ba tsenelela mo dingwaong le mo meletlong e e nang le boitshwaro jo bo tlhalosiwang ke moaposetoloi Petere? O ne a kwala jaana: “Gonne lobaka lo lo fetileng lo tshwanetse go bo ne ne lo lekanye lwa go dira keletso ya Baditšhaba, le lwa go tsamaya mo bopepeng le mo dithatong le mo go nweng bojalwa, le mo ditlhapelong, le mo ditagong, le mo ditirelong tse di makgapha tsa medimo ya disetwa.”—1 Petere 4:3.
17. Ke eng fa re tshwanetse go tila sepe fela se se supang moya wa lefatshe?
17 Moaposetoloi Johane o ne a gatelela gore re tlhoka go tila ditiro dipe fela tse di supang moya wa lefatshe le le re dikologileng leno le le sa batleng Modimo. Johane o ne a kwala jaana: “Se rateng lefatshe, le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa Rara ga lo yo mo go ene. Gonne tsotlhe tse di mo lefatsheng, e bong thato ya nama, le kgatlhego ya matlho, le mabela a botshelo, ga se ga Rara, ke ga lefatshe. Lefatshe le a feta le thato ya lone; mme yo o dirang go rata ga Modimo o ntse ka bosakhutleng.” (1 Johane 2:15-17) A o lemogile gore ba ba “dirang go rata ga Modimo” ba tlile go tshelela ruri? Ee, fa re dira go rata ga Modimo mme re tila ditiro tse di supang moya wa lefatshe leno, re ka solofela go tshelela ruri!
GO IKOBELA MELAO YA MODIMO YA MAEMO A A KWA GODIMO
18. Bakorinthe bangwe ba ne ba le phoso jang fa go tla mo boitsholong, mme re tshwanetse go ithuta eng mo go seno?
18 Modimo o batla go obamelwa ke ba ba ikobelang melao ya gagwe ya maemo a a kwa godimo ya boitsholo. Batho bangwe kwa Korinthe wa bogologolo ba ne ka phoso ba akanya gore Modimo o ne a tla itlhokomolosa boitsholo jo bo maswe. Re ka bona kafa ba neng ba le phoso ka gone fa re bala 1 Bakorinthe 6:9, 10. Fa re batla go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang, re tshwanetse go bua le go dira dilo tse di mo itumedisang. A tsela e o obamelang ka yone e go kgonisa gore o dire jalo?—Mathaio 15:8; 23:1-3.
19. Kobamelo ya boammaaruri e ama tsela e re dirisanang le ba bangwe ka yone jang?
19 Tsela e re dirisanang le batho ba bangwe ka yone e tshwanetse ya supa gore re tshela ka melao ya Modimo. Jesu Keresete o ne a re kgothaletsa gore re tshware ba bangwe fela jaaka re ka batla ba re tshwara, ka go bo seno ke karolo ya kobamelo ya boammaaruri. (Mathaio 7:12) Ela tlhoko se a se boletseng gape ka go supa lorato lwa bokaulengwe: “Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Barutwa ba ga Jesu ba tshwanetse go rata le go direla baobamedikabone le batho ba bangwe molemo.—Bagalatia 6:10.
GO OBAMELA KA MOYA OTLHE
20, 21. (a) Modimo o batla kobamelo ya mofuta ofe? (b) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a gana kobamelo ya Baiseraele mo motlheng wa ga Malaki?
20 O ka tswa mo pelong ya gago o eletsa go obamela Modimo ka tsela e a e batlang. Fa go ntse jalo, o tshwanetse wa leba kobamelo ka tsela e Jehofa a e lebang ka yone. Morutwa Jakobe o ne a gatelela gore kgopolo ya Modimo ke yone e e leng botlhokwa, eseng ya rona. Jakobe o ne a re: “Tumelo e e itshekileng, e e sa leswefalang fa pele ga Modimo le Rraetsho, ke e, go lekola masiela le basadi ba batlholagadi mo pitlaganong ya bone, le motho go ikilela gore a se mathwe gope ke lefatshe.” (Jakobe 1:27) Fa re eletsa go itumedisa Modimo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a tlhatlhoba kobamelo ya gagwe mme a tlhomamise gore ga e a leswefadiwa ke ditiro dingwe tse e seng tsa bomodimo kana gore ga re tlogele sepe se a se lebang se le botlhokwa.—Jakobe 1:26.
21 Jehofa o itumedisiwa fela ke kobamelo e e phepa e e dirwang ka moya otlhe. (Mathaio 22:37; Bakolosa 3:23) Modimo o ne wa bolela jaana fa morafe wa Iseraele o ne o sa mo neye seo ka botlalo: “Ngwana wa mosimane o tle a tlotle rraagwe, le motlhanka mong wa gagwe; mme fa ke le rra batho, tlotlo ya me e kae? Fa ke le mong wa batho, go mpoifa go kae?” Ba ne ba kgopisa Modimo ka go o ntshetsa diphologolo tse di foufetseng, tse di tlhotsang le tse di lwalang setlhabelo e bile o ne a sa batle kobamelo e e ntseng jalo. (Malaki 1:6-8) Jehofa o tshwanelwa ke kobamelo e e itshekileng tota e bile o batla fela boineelo jo bo feletseng.—Ekesodo 20:5; Diane 3:9; Tshenolo 4:11.
22. Ke eng se re tlileng go se tila fa re batla gore Modimo o amogele kobamelo ya rona, mme re tla dira eng?
22 Mosadi wa Mosamaria yo a neng a bua le Jesu o ne a lebega a kgatlhegela go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang. Fa re eletsa jalo, re tla tila dithuto le ditiro tsotlhe tse di leswe. (2 Bakorinthe 6:14-18) Go na le moo, re tla iteka tota gore re bone kitso e e tlhomameng ka Modimo re bo re dire thato ya gagwe. Re tlile go kgomarela thatathata dilo tse a di amogelang mo kobamelong. (1 Timotheo 2:3, 4) Basupi ba ga Jehofa ba leka go dira fela jalo, mme ba go kgothatsa ka lorato gore o tle go obamela Modimo le bone ka “mowa le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Jesu o ne a re: “Rara o batla ba ba ntseng jalo go nna baobamedi ba gagwe.” (Johane 4:23) Re solofela gore o motho yo o ntseng jalo. Jaaka mosadi wa Mosamaria, ga go na pelaelo gore o tla rata go tshelela ruri. (Johane 4:13-15) Mme lefa go ntse jalo o bona batho ba tsofala le go swa. Kgaolo e e latelang e tla re bolelela gore ke ka ntlha yang.
TLHATLHOBA KITSO YA GAGO
Jaaka go supilwe mo go Johane 4:23, 24, Modimo o amogela kobamelo efe?
Re ka tlhomamisa jang gore a Modimo o amogela dingwao dingwe le mekete mengwe?
Ke dilo dife tse di batlegang gore kobamelo e amogelwe?
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 44]