LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • fy kgao. 8 ts. 90-102
  • Sireletsa Lelapa la Gago mo Tlhotlheletsong e e Bosula

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sireletsa Lelapa la Gago mo Tlhotlheletsong e e Bosula
  • Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KE MANG YO O TLA RUTANG BANA BA GAGO?
  • KGOPOLO YA MODIMO KA TLHAKANELODIKOBO
  • TIRO YA KWA GAE YA BATSADI
  • DITSALA TSA BANA BA GAGO
  • GO KA ITAPOLOSIWA KA TSELA EFE?
  • LELAPA LA GAGO LE KA FENYA LEFATSHE
  • A Baebele E ka Go Thusa go Thapisa Bana ba Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Ke Eng Se se Ka Dirang Gore Lelapa la Gago le Itumele?—Karolo 2
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Batsadi—Thusang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Batsadi—Nnang Sekao se se Molemo mo Baneng ba Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
fy kgao. 8 ts. 90-102

Kgaolo ya Borobedi

Sireletsa Lelapa la Gago mo Tlhotlheletsong e e Bosula

1-3. (a) Tlhotlheletso e e bosula e e ka nnang ya senya lelapa e tswa mo metsweding efe? (b) Batsadi ba tlhoka go lekalekanya dilo ka tsela efe fa ba sireletsa lelapa la bone?

KE NAKO ya gore morwao yo mmotlana a tsamaye a ye kwa sekolong, mme pula e na tota. O tla dira eng? A o mo lesa fela a tswa ka kgoro a sa apara diaparo tsa pula? Kana a o mo apesa diaparo tse dintsi tse di tla mo sireletsang mo e bileng a palelwa ke go tsamaya? Tota ruri, ga o kake wa dira sepe sa dilo tse pedi tseno. O mo naya fela se a se tlhokang gore a se ka a koloba.

2 Ka mo go tshwanang, batsadi ba tshwanetse ba senka tsela e e lekalekaneng ya go sireletsa lelapa la bone mo tlhotlheletsong e e bosula, e e tswang mo metsweding e mentsi—lephata la boitlosobodutu, metswedi ya tshedimosetso, balekane le ka dinako tse dingwe sekolo ka bosone. Batsadi ba bangwe ba dira go le gonnye fela kana ga ba dire sepe go sireletsa lelapa la bone. Ba bangwe, ba ba lebang tlhotlheletso yotlhe e e tswang kwa ntle jaaka e e kotsi, ba gagamatsa dilo mo e leng gore bana ba bone ba ikutlwa e kete ga ba kgone le go hema. A ba ka kgona go lekalekanya dilo?

3 Ee, go ntse jalo. Go feteletsa dilo ga go thuse sepe e bile go baka masetlapelo. (Moreri 7:16, 17) Mme gone batsadi ba Bakeresete ba kgona go lekalekanya dilo jang mo go sireletseng lelapa la bone? Akanyetsa dikarolo tse tharo tseno: thutego, ditsala le boitapoloso.

KE MANG YO O TLA RUTANG BANA BA GAGO?

4. Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go leba thutego jang?

4 Batsadi ba Bakeresete ba tseela thutego kwa godimo. Ba itse gore go tsena sekolo go thusa bana go bala, go kwala le go buisana le batho mmogo le go rarabolola mathata. Go tshwanetse ga ba ruta mekgwa ya go ithuta. Botswerere jo bana ba bo ithutang kwa sekolong bo ka ba thusa gore ba atlege lefa lefatshe leno la gompieno le gwetlhathata jaana. Mo godimo ga moo, thutego e e molemo e ka ba thusa gore ba dire ditiro tse di kwa godingwana.—Diane 22:29.

5, 6. Bana ba ka amogela tshedimosetso e e sokameng ka dikgang tsa tlhakanelodikobo jang kwa sekolong?

5 Lefa go ntse jalo, sekolo se kopanya bana le bana ba bangwe—bao bontsi jwa bone bo nang le dikgopolo tse di sokameng. Ka sekai, akanya kafa ba akanyang ka teng ka tlhakanelodikobo le boitsholo. Kwa sekolong sengwe sa sekontari kwa Nigeria, mosetsana mongwe yo o neng a tsamaya a tlhakanela dikobo le mongwe le mongwe o ne a tlhola a kgothaletsa baithuti tlhakanelodikobo. Ba ne ba mo reetsa ba le tlhaga le mororo dikgopolo tsa gagwe di ne di tletse ka dilo tse di leswe tse a neng a di badile mo dibukeng tse di hepisetsang tlhakanelodikobo. Basetsana bangwe ba ne ba lekeletsa kgakololo ya gagwe. Go ne ga felela ka gore mosetsana mongwe a ithwale a sa nyalwa mme a swa fa a ne a leka go ntsha mpa.

6 Se se utlwisang botlhoko ke gore, tshedimosetso nngwe e e phoso ya tlhakanelodikobo ga e tle ka bana ba sekolo mme e tla ka barutabana. Batsadi ba bantsi ba gakgamadiwa ke go bo dikolo di ruta bana kaga tlhakanelodikobo mme di sa bolele tshedimosetso eo ka tsela e e dumelanang le mekgwa e mentle ya boitsholo le ya go nna le boikarabelo. Mmaagwe mosetsana mongwe wa dingwaga tse 12 o ne a re: “Re nna mo lefelong la batho ba ba ratang bodumedi, ba ba kgomaretseng mekgwa ya bogologolo lefa go ntse jalo bana ba newa dikhontomo gone mo sekolong se segolo seno sa lefelo leno!” Ene le monna wa gagwe ba ne ba simolola go tshwenyega fa ba ne ba utlwa gore morwadiabone o ne a fereiwa ke basimanyana ba ba lekanang nae. Batsadi ba ka sireletsa malapa a bone jang mo tlhotlheletsong e e ntseng jalo e e phoso?

7. Tshedimosetso e e phoso ka tlhakanelodikobo e ka ganediwa jang?

7 A selo se se botoka ke go sireletsa bana gore ba se ka ba utlwa dikgang dipe fela tsa tlhakanelodikobo? Nnyaa. Go botoka gore wena ka bowena o rute bana ba gago ka tlhakanelodikobo. (Diane 5:1) Ke boammaaruri gore batsadi ba bantsi ba mo dikarolong dingwe tsa Yuropa le Amerika Bokone ba tila go bua ka kgang eno. Ka tsela e e tshwanang le kwa dinageng dingwe tsa Afrika batsadi ba bantsi ba tila kgang eno. “Ga re ke re go dira mo ngwaong ya rona mo Afrika,” go ne ga bolela jalo rre mongwe kwa Sierra Leone. Batsadi bangwe ba akanya gore fa o ruta bana ka tlhakanelodikobo seo se tla dira gore ba tlhakanele dikobo ba sa tshwanela! Mme gone, Modimo o leba seno jang?

KGOPOLO YA MODIMO KA TLHAKANELODIKOBO

8, 9. Go na le tshedimosetso efe e e siameng ya dikgang tsa tlhakanelodikobo mo Baebeleng?

8 Baebele e tlhalosa ka phepafalo fela gore ga go na sepe se se tlhabisang ditlhong fa o tlotla ka tlhakanelodikobo o e tlhalosa sentle. Kwa Iseraele, batho ba Modimo ba ne ba laelwa gore ba phuthege mmogo le “banyana” ba bone gore ba tle go reetsa fa Molao wa ga Moshe o ne o balelwa kwa godimo. (Duteronome 31:10-12; Jošua 8:35) Molao o ne o umaka ka tlhamalalo dikgang dingwe tsa tlhakanelodikobo, go akaretsa go bona kgwedi, peo ya monna, kgokafalo, boaka, bosodoma, go tlhakanela dikobo le motho wa losika le diphologolo. (Lefitiko 15:16, 19; 18:6, 22, 23; Duteronome 22:22) Fa go sena go balwa jalo, ga go belaetse gore batsadi ba ne ba tshwanela go tlhalosetsa bana ba bone fa ba botsa dipotso.

9 Go na le ditemana dingwe mo kgaolong ya botlhano, ya borataro le ya bosupa ya Diane tse di buang ka kgakololo e e lorato ya batsadi e e tlhagisang ka kotsi ya boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Ditemana tseno di supa gore ka dinako dingwe motho a ka hepisiwa ke boitsholo jo bo sa siamang. (Diane 5:3; 6:24, 25; 7:14-21) Mme lefa go ntse jalo, di ruta gore go phoso le gore matswela a ka nna botlhoko thata, e bile di kaela batho ba basha gore ba tile boitsholo jo bo sa siamang. (Diane 5:1-14, 21-23; 6:27-35; 7:22-27) Mo godimo ga moo, boitsholo jo bo sa siamang bo farologanngwa le kgotsofalo e e itumedisang ya tlhakanelodikobo fa e dirwa mo karolong ya yone e e tshwanetseng, mo lenyalong. (Diane 5:15-20) A bo e le sekao se se molemo jang ne sa go ruta se batsadi ba ka se latelang!

10. Ke ka ntlha yang fa go neela bana kitso ya bomodimo kaga tlhakanelodikobo go ka se ka ga ba dira gore ba dire boitsholo jo bo sa siamang?

10 A thuto e e ntseng jalo e dira bana gore ba dire boitsholo jo bo sa siamang? Go farologana le seo, Baebele e ruta jaana: “Mosiami o tlaa gololwa ka kitso.” (Diane 11:9) A ga o batle go falotsa ngwana wa gago gore a se ka a tlhotlhelediwa ke lefatshe leno? Rre mongwe o ne a re: “Go tloga fela fa bana ba santse ba le bannye thata, re ile ra leka go bua ka tlhamalalo fela ka tlhakanelodikobo. Ka tsela eo, seno se dira gore fa ba utlwa bana ba bangwe ba tlotla ka tlhakanelodikobo ba se ka ba batla go ba reetsa. Ga se sephiri se se sa kgoneng go tlhalosiwa.”

11. Bana ba ka rutiwa dikgang tsa botshelo tse di amang bokopano jwa monna le mosadi jang kgato ka kgato?

11 Jaaka go boletswe mo dikgaolong tse di kwa pele, o tshwanetse go ruta ngwana ka tlhakanelodikobo a santse a le monnye thata. Fa o ruta bana ba bannye maina a dikarolo tsa mmele, o se ka wa tlola tsa sephiri jaaka e kete di tlhabisa ditlhong. Ba rute maina a tsone a a tshwanetseng. Fa nako e ntse e tsamaya, go botlhokwa go ba ruta ka bosephiri jwa tsone le sepe se se sa tshwanelang ka tsone. Go batlega gore batsadi boobabedi ba rute bana gore dikarolo tseno tsa mmele di kgethegile tota, ga di a tshwanela go tshwarwa ke batho ba bangwe kana ba di bontshiwa, e bile ga go a tshwanela go buiwa ka tsone ka tsela e e phoso. Fa bana ba ntse ba gola, ba tshwanetse go bolelelwa gore monna le mosadi ba kopana jang go dira ngwana. Ka nako ya fa mebele ya bone e simolola go fetoga ba nna bagolo, ba tshwanetse ba bo ba setse ba itse gore ba lebelele diphetogo dife. Jaaka go ne ga tlotliwa mo go Kgaolo 5, thuto e e ntseng jalo e ka thusa go sireletsa ngwana mo go sotliweng ka tlhakanelodikobo.—Diane 2:10-14.

TIRO YA KWA GAE YA BATSADI

12. Ke dikgopolo dife tse di sokameng tse gantsi di rutiwang kwa dikolong?

12 Batsadi ba tshwanetse go iketleetsa go ganetsa dikgopolo dipe fela tse di phoso tse di ka rutiwang kwa sekolong—difilosofi tsa lefatshe tse di jaaka thutotlhagelelo, mowa wa boratanaga kana kgopolo ya gore ga go na sepe se se boammaaruri ka tlhomamo. (1 Bakorinthe 3:19; bapisa Genesise 1:27; Lefitiko 26:1; Johane 4:24; 17:17.) Badiredi ba bantsi ba bagolo ba dikolo ba na le go leba thutego e e kwa godimo e le botlhokwa go feta kafa e leng ka teng tota. Lefa gone motho e le ene a itlhophelang go oketsa thutego ya gagwe, barutabana bangwe ba akanya gore ke yone tsela fela e motho a ka atlegang ka yone.a—Pesalema 146:3-6.

13. Bana ba ba tsenang sekolo ba ka sirelediwa jang mo dikgopolong tse di phoso?

13 Batsadi ba tshwanetse go itse se bana ba bone ba se rutiwang gore ba kgone go ganetsa dithuto tse di phoso. Ka jalo, batsadi, gakologelwang gore le lona lo na le tiro ya kwa gae! Supang gore lo kgatlhegela dilo tse bana ba di ithutang kwa sekolong. Buang le bone fa ba tswa sekolong. Ba botseng ka se ba se ithutang, se ba se ratang thata, dilo tse di ba palelang. Lebang ditiro tse ba di neetsweng go di dira, tse ba di kwadileng mo dibukeng le maduo a diteko. Lekang go itse barutabana ba bone. Mma barutabana ba itse gore lo anaanela tiro ya bone le gore lo batla go ba thusa kafa lo ka kgonang ka teng.

DITSALA TSA BANA BA GAGO

14. Ke eng fa go le botlhokwa gore bana ba bomodimo ba tlhophe ditsala tse di siameng?

14 “Tota o tswa go ithuta selo seo kwa kae?” Ke batsadi ba le bakae ba ba setseng ba kile ba botsa potso eo ba tshositswe ke sengwe se ngwana wa bone a se buileng kana a se dirileng se se lebegang se sa tlwaelega? Mme ke gakae karabo e supa tsala e ntšha ya kwa sekolong kana ya mo tikologong? Ee, ditsala di re ama thata, re le bannye kana re le bagolo. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa tsietsega: ‘Go ikopanya le ba ba bosula, go tle go bodise mekgwa e mentle.’” (1 Bakorinthe 15:33; Diane 13:20) Basha ke bone ba segolobogolo ba ka ineelang fa balekane ba ba gatelela. Ba na le go sa itlhomamise e bile ka dinako tse dingwe ba fekeediwa ke keletso ya go batla go itumedisa ditsala tsa bone le go di kgatlha. A bo go le botlhokwa jang ne gore ba tlhophe ditsala tse di siameng!

15. Batsadi ba ka kaela bana ba bone jang fa ba tlhopha ditsala?

15 Fela jaaka motsadi mongwe le mongwe a itse, ga se gantsi bana ba tlhophang sentle; ba tlhoka go kaelwa. Tota ga se gore o a bo o ba tlhophela ditsala. Go na le moo, fa ba ntse ba gola, ba rute go ela tlhoko mme o ba thuse go lemoga dinonofo tsa botlhokwa tse tsala e tshwanetseng go nna natso. Nonofo e kgolo ke go rata Jehofa le go dira se se siameng mo matlhong a gagwe. (Mareko 12:28-30) Ba rute go rata le go tlotla batho ba ba ikanyegang, ba ba pelonomi, ba ba abang, ba ba dirang ka natla. Ba thuse go lemoga dinonofo tseno mo bathong ba ba umakiwang mo Baebeleng fa lo tshwere thuto ya lelapa le go leka go bona dinonofo tseno mo go ba bangwe mo phuthegong. Ba tlhomele sekao ka go tlhopha ditsala tsa gago ka one mokgwa oo.

16. Batsadi ba ka ela tlhoko ditsala tse di tlhophiwang ke bana ba bone jang?

16 A o itse ditsala tsa bana ba gago? Ke eng o sa dire gore ngwana wa gago a tle le tsone kwa gae gore o kgone go di itse? O ka nna wa botsa bana ba gago gore bana ba bangwe ba akanya eng ka ditsala tseno tsa bone. A di itsewe di ikanyega kana di itsege di tshela ka bolotsana? Fa e le gore se se umakilweng morago seno se boammaaruri, thusa bana ba gago go bona mabaka a go bo botsalano joo bo ka ba utlwisa botlhoko. (Pesalema 26:4, 5, 9-12) Fa o lemoga gore ngwana wa gago o fetotse tsela e a itshwarang ka yone, a aparang ka yone, mekgwa mengwe ya gagwe kana tsela e a buang ka yone mme di sa itumedise, o ka nna wa tlhoka go bua le ene ka ditsala tsa gagwe. Ngwana wa gago a ka tswa a nna nako e ntsi le tsala e e mo tlhotlheletsang ka tsela e e bosula.—Bapisa Genesise 34:1, 2.

17, 18. Mo godimo ga go tlhagisa bana ka ditsala tse di bosula batsadi ba ka ba thusa ka ditsela dife tse di mosola?

17 Lefa go ntse jalo, ga go a lekana go ruta bana ba gago fela gore ba tile ditsala tse di bosula. Ba thuse go bona tse di siameng. Rre mongwe a re: “Re ne re leka go nna re senka sengwe mo boemong jwa se sengwe. Ka jalo, fa kwa sekolong ba ne ba batla gore morwaarona a tsene mo setlhopheng sa kgwele ya dinao, nna le mosadi wa me re ne ra nna le ene fa fatshe mme ra buisana ka mabaka a go bo go ne go sa siama—gonne o ne a tlile go nna le ditsala tse disha. Mme re ne ra akantsha gore a senke bana bangwe mo phuthegong go ya go tshameka le bone kgwele kwa phakeng. Mme seo se ne sa rarabolola bothata.”

18 Batsadi ba ba botlhale ba thusa bana ba bone go senka ditsala tse di molemo le go itapolosa ka tsela e e tshwanetseng le tsone. Lefa go ntse jalo, boitapoloso bo direla batsadi ba bantsi mathata.

GO KA ITAPOLOSIWA KA TSELA EFE?

19. Ke dikai dife tsa Baebele tse di supang gore go dira dilo tse di itumedisang mo malapeng ga se boleo?

19 A Baebele e kgala go ijesa monate? Nnyaa le e seng! Baebele e bolela gore go na le “motlha wa go tshega . . . le motlha wa go bina.”b (Moreri 3:4) Batho ba Modimo ba kwa Iseraele wa bogologolo ba ne ba itumelela mmino e bile ba bina, ba tshameka le go tlhama dithamalakwane. Jesu Keresete o kile a ya kwa moletlong mongwe o mogolo wa lenyalo le kwa ‘modirong o mogolo’ oo Mathaio Lefi a neng a o mo diretse. (Luke 5:29; Johane 2:1, 2) Go phepafetse gore Jesu e ne e se motho yo o sa batleng batho ba itumela. E kete go tshega le go tshameka di ka se lejwe jaaka boleo mo ntlong ya gago!

20. Batsadi ba tshwanetse ba nna ba gakologetswe eng fa ba batla gore lelapa le itapolose?

20 Jehofa ke “Modimo o o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11, NW) Ka jalo, go obamela Jehofa go tshwanetse ga itumedisa, ga se selo se se lereng khutsafalo mo botshelong. (Bapisa Duteronome 16:15.) Bana ka tlholego ba matlhagatlhaga e bile ba tletse nonofo e ba e dirisang fa ba tshameka kana fa ba itapolosa. Boitapoloso fa bo tlhophilwe sentle bo ka itumedisa thata. Ke tsela e ngwana a ithutang le go gola ka yone. Tlhogo ya lelapa e na le boikarabelo jwa go naya lelapa la gagwe sengwe le sengwe se le se tlhokang go akaretsa le boitapoloso. Lefa go ntse jalo, o tshwanetse go lekalekanya dilo.

21. Go na le dikotsi dife mo boitapolosong gompieno?

21 Mo “metlheng ya bofelo” e e tletseng mathata eno, go tletse batho ba e leng “barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo,” fela jaaka boperofeti jwa Baebele bo bolela. (2 Timotheo 3:1-5) Mo bathong ba bangwe boitapoloso ke selo se segolo thata mo botshelong. Go na le ditsela tse dintsi tsa go itlosa bodutu tse di ka lebatsang motho dilo tse di botlhokwa motlhofo fela. Mo godimo ga moo, bontsi jwa boitlosobodutu jwa segompieno bo supa fela boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, thubakanyo, go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang le ditiro tse dingwe tse di kotsi thata. (Diane 3:31) Ke eng se se ka dirwang go sireletsa bana mo boitlosobodutung jo bo kotsi?

22. Batsadi ba ka thapisa bana jang mo go direng ditshwetso tse di botlhale fa go tla mo boitapolosong?

22 Batsadi ba tshwanetse go tlhoma melelwane, ba bo ba thibele bana go dira dilo dingwe. Mme go feta foo, ba tshwanetse go ruta bana ba bone go atlhola gore boitlosobodutu jo bo kotsi ke bofe le go itse selekanyo se bo ka dirwang ka sone. Go tlhokega nako le matsapa gore o kgone go ba thapisa jalo. Akanya ka sekai seno. Rraagwe basimane bangwe ba babedi o ne a lemoga gore morwawe yo mogolo o ne a reetsa seteishane sengwe se sesha sa radio kgapetsa. Ka jalo e ne ya re fa rre yono a kgweetsa a ya kwa tirong letsatsi lengwe a bo a bulela sone seteishane seno. O ne a etla a ema a kwala mafoko a dipina dingwe. Moragonyana o ne a nna fa fatshe le bomorwawe a bo a tlotla ka se a neng a se utlwile. O ne a ba botsa dipotso tse di batlang ba ntsha maikutlo a bone ka go simolola a re “Le akanya jang?” a bo a reetsa dikarabo tsa bone ka bopelotelele. Fa a sena go nna a ba supetsa mabaka a dirisa Baebele, basimane ba ne ba dumela gore ga ba kitla ba reetsa seteishane seo gape.

23. Batsadi ba ka sireletsa bana ba bone jang mo boitlosobodutung jo bo sa tshwanelang?

23 Batsadi ba ba botlhale ba Bakeresete ba sekaseka mmino, dithulaganyo tsa thelebishene, ditheipi tsa bidio, dibuka tsa dikhomiki, metshameko ya dibidio le dibaesekopo tse bana ba di kgatlhegelang. Ba leba setshwantsho se se mo khabareng, mafoko a dipina, le sephuthelo e bile ba bala dikakgelo tse di tlhagang mo makwalodikgannyeng le go leba dikarolwana tsa tsone tse di tlhagang mo thelebisheneng. Bangwe ba a tshoga fa ba bona “boitlosobodutu” jo bo direlwang bana gompieno. Bao ba batlang go sireletsa bana ba bone mo tlhotlheletsong e e leswe ba nna fa fatshe jaaka lelapa ba bo ba tlotla ka dikotsi tsa teng, ba dirisa Baebele le dikgatiso tse di thailweng mo Baebeleng tse di jaaka buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo le ditlhogo tse di mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!c Gantsi matswela a nna molemo fa batsadi ba tlhoma melelwane, e bile ba tlhomama mo go seo ba se buang e bile ba dira dilo ka tekatekano.—Mathaio 5:37; Bafilipi 4:5.

24, 25. Ke mefuta efe e e siameng ya boitapoloso e malapa a ka e itumelelang?

24 Gone mme, go thibela mefuta e e kotsi ya boitapoloso ke karolo e nnye fela ya ntwa eno. Bosula bo tshwanetse jwa fenngwa ka molemo, go sa nneng jalo bana ba ka tsaya tsela e e phoso. Malapa a mantsi a Bakeresete a gakologelwa dilo tse dintsi tse di itumedisang le tse di kgatlhang tsa fa ba ne ba itapolosa ba le mmogo—ba le mo pikiniking, ba pagama dithaba, ba kampile, ba tshameka, ba ya go etela ba losika kana ditsala. Ba bangwe ba ile ba fitlhela go itapolosa ka go buisetsa kwa godimo go itumedisa e bile go ba nonotsha. Ba bangwe ba itumelela go tlotla ka dikgang tse di tshegisang tse di kgatlhang. Ka sekai, ba bangwe ba ile ba itumelela go dira tiro nngwe fela ya go itlosa bodutu ba le mmogo, jaaka go betla logong le ditiro tse dingwe fela tsa diatla, mmogo le go tshameka seletswa sengwe sa mmino, go taka ka pente kana go ithuta ka dilo tse di bopilweng ke Modimo. Bana ba ba ithutang go itumelela go dira dilo tse di ntseng jalo ba sirelediwa mo boitlosobodutung jo bontsi jo bo phoso, e bile ba ithuta gore go itshidila mmele go botoka go na le go nna fela o itlosa bodutu ka sengwe. Go dira sengwe go monate go na le go bogela.

25 Dikokoano le tsone ke mofuta wa boitlosobodutu jo bo molemo thata. Fa di na le yo o di okametseng sentle e bile di sena batho ba bantsi thata kana di sa tseye lobaka lo loleele thata, di ka itumedisa bana ba gago tota. Di ka thusa go nonotsha lorato mo phuthegong.—Bapisa Luke 14:13, 14; Juta 12.

LELAPA LA GAGO LE KA FENYA LEFATSHE

26. Ke nonofo efe e e botlhokwa thata fa go tla mo go sireletseng lelapa mo tlhotlheletsong e e bosula?

26 Ga go na pelaelo gore ke tiro e e bokete tota go sireletsa lelapa la gago mo tlhotlheletsong e e bosula ya lefatshe. Mme go na le selo se sengwe, se se fetang dilo tse dingwe tsotlhe se se tla dirang gore o kgone go atlega. Ke lorato! Go atamalana mo lelapeng le go ratana go tla dira gore lelapa e nne lefelo le le babalesegileng e bile go tla rotloetsa puisano eo e tla le sireletsang thata mo tlhotlheletsong e e bosula. Mo godimo ga moo, go botlhokwa thata go leka go nna le mofuta o mongwe gape wa lorato—go rata Jehofa. Fa lorato lo lo ntseng jalo lo le teng mo lelapeng, bana ba tla gola ba ila go sa itumedise Modimo ka go ineela gore lefatshe le ba tlhotlheletse. E bile batsadi ba ba ratang Jehofa go tswa mo pelong ba tla batla go etsa botho jwa gagwe jo bo lorato, jwa go lekalekanya dilo. (Baefeso 5:1; Jakobe 3:17) Fa batsadi ba dira seo, bana ba bone ga ba kitla ba nna le lebaka la go leba kobamelo ya ga Jehofa jaaka lenaane la dilo tse ba sa letliwang go di dira kana jaaka tsela ya botshelo e motho a ka se kang a ijesa monate kana a tshega fa a tshela ka yone e ba batlang go e tlogela ka bofefo. Go na le moo ba tla leba go obamela Modimo e le tsela e e itumedisang thata, le e e kgotsofatsang thata e o ka tshelang ka yone.

27. Lelapa le ka fenya lefatshe jang?

27 Malapa a a itumedisang Jehofa ke a a nnang a utlwana a direla Modimo ka boitumelo, ka tekatekano, a a lekang thata go nna a ‘se na selabe, a se na molato’ wa go tlhotlhelediwa ke lefatshe leno le le bosula. (2 Petere 3:14; Diane 27:11) Malapa a a ntseng jalo a latela dikgato tsa ga Jesu Keresete, yo a neng a gana fa lefatshe la ga Satane le ne le batla go mo leswefatsa. Jesu o ne a kgona go bolela jaana fa a setse a tla swa: “Ke fentse lefatshe.” (Johane 16:33) E kete lelapa la gago le lone le ka fenya lefatshe mme la tshelela ruri!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona koo go tlotliwang teng ka go oketsa thutego, bona boroutšhara jwa Basupi ba ga Jehofa le Thuto, jo bo gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, ditsebe 4-7.

b Lefoko la Sehebera le le ranotsweng fano jaaka “go tshega,” fa le le mo dipopegong tse dingwe le ka ranolwa jaaka “go tshameka,” “go kgatlha mongwe,” “go keteka,” tota le gone “go ijesa monate.”

c E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

MELAOMETHEO ENO YA BAEBELE E KA THUSA . . . GO SIRELETSA LELAPA LA GAGO JANG?

Kitso e dira gore o nne le botlhale joo bo ka bolokang botshelo jwa motho.—Moreri 7:12.

“Gonne botlhale jwa lefatshe leno ke dinyana mo Modimong.”—1 Bakorinthe 3:19.

Go tshwanetse ga tilwa go ikopanya le ba ba bosula.—1 Bakorinthe 15:33.

Lefa boitapoloso bo siame, bo tshwanetse go laolwa.—Moreri 3:4.

[Lebokoso mo go tsebe 97]

GA A KA A IKUTLWA A FETIWA KE SEPE

Paul le mosadi wa gagwe, Lu-Ann, bao e leng batsadi ba Bakeresete ba dira meletlonyana kwa legaeng la bone nako le nako. Ba tlhomamisa gore meletlonyana eno e okamelwe sentle le gore go tla palo e e ka kgonang go laolwa sentle. Ba dumela tota gore bana ba bone ba solegelwa molemo.

Lu-Ann o anela jaana: “Mmaagwe mosimanyana yo o mo tlelaseng e le nngwe le Eric, mosimanyana wa me wa dingwaga tse thataro, o ne a tla kwa go nna mme a mpolelela gore o ne a tlhomogela Eric pelo gonne a ne a nnela kwa thoko fa tlelase yotlhe e ne e ja meletlo ya matsalo. Ke ne ka mo raya ka re: ‘Tota ke lebogela go bo o amega ka morwaake ka tsela eo. Seo se mpolelela gore o motho yo o ntseng jang. Mme e bile ga ke itse gore nka go raya ka reng gore o tle o tlhatswege pelo gore Eric ga a ikutlwe a fetiwa ke sepe.’ O ne a dumela. Ke fa ke mo raya ke re: ‘Tsweetswee, a o ko o ikgotsofatse, mme o ipoletse Eric gore o ikutlwa jang.’ E rile fa ke tikela ke fa a botsa Eric jaana, ‘A tota ga o ikutlwe o galela go nna mo diphathing tse di monate tseno tsa matsalo?’ O ne a mo leba a gakgametse mme a re: ‘A o akanya gore metsotsonyana e le lesome, dikukunyana di sekae, le pina di dira phathi? O tle kwa gae o tle o iponele gore fa go twe phathi go tewa eng!’” Tsela e mosimanyana a neng a bua ka yone a le matlhagatlhaga e ne ya supa sentle gore o ne a sa ikutlwe a fetiwa ke sepe!

[Setshwantsho mo go tsebe 99]

Boitapoloso jo bo tlhophilweng sentle, jaaka loeto lwa lelapa le ile go kampa, bo ka thusa bana go ithuta le go gola semoyeng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela