Maikutlo a Bibela
A Ba Ba Ipolaileng Ba Tlile go Tsoga?
DIKGANG tse di utlwisang botlhoko tsa go ipolaya ga se bokhutlo jwa ditiragalo mo matshelong a balosika le ditsala; di a di simolola—eleng ditiragalo tseo di amanang le go nna le maikutlo a a tlhakatlhakaneng a kutlobotlhoko le go galefa, maswabi le go ikutlwa o le molato. Mme go tsosa potso eno: A re ka nna le tsholofelo epe ka tsala ya rona e e ipolaileng?a
Lemororo loso lo lo ipakelwang le ka motlha le sa tshwanela, le ka motlha le sa siama, moaposetoloi Paulo o ne a neela tsholofelo e e molemo le eleng go bangwe ba basiamolodi. Jaaka fa a ne a bolelela kgotlatshekelo ya molao ya Roma jaana: “Ke na le cholohèlō mo Modimoñ, ea go re, go tla nna cogō ea basiami le ea basiamolodi.”—Ditihō 24:15.
Lefa go le jalo, baithutabomodimo ba le bantsi ke kgale ba ntse ba gana kakantsho epe fela ya gore go tsosiwa ga basiamolodi go ka nna ga dira gore go nne le tsholofelo ka ba ba ipolayang. Ka ntlhayang?
Baithutabomodimo Ba Ganetsa Tsholofelo ya Tsogo
William Tyndale o ne a supa bontlhanngwe jwa bothata jono mo ketapeleng ya Bibela ya gagwe ya lekgolo la bo 16 la dingwaga jaana: “Fa o isa meya e e suleng kwa legodimong, kwa diheleng, kana kwa pakatoring o senya kgang eo mo go yone Keresete le Paulo ba ileng ba neela bosupi jo bo tshegetsang tsogo.” Ee, mo makgolong a dingwaga a a fetileng, baruti ba ile ba tlhagisa kgopolo eno e e sa tsweng mo Bibeleng: eleng ya gore go na le mewa e e sa sweng eo e tlogelang mmele ka nako ya loso mme e bo e ya ka tlhamalalo kwa legodimong, kwa pakatoring, kwa Limbo, kana kwa diheleng. Kgopolo eo e ne e thulana le thuto e e utlwalang sentle ya Bibela e e kaga tsogo ya mo nakong e tlang. Jaaka fa moruti mongwe wa Baptist eleng Charles Andrews a ne a botsa jaana: “Fa e le gore moya o setse o le mo boitumelong jo bogolo kwa legodimong (kana o setse o gadikiwa ka tshwanelo kwa diheleng), ke eng seo se sa ntseng se tlhokafala?” O ne a oketsa jaana: “Kganetsano e e kafa gare e ile ya nna ya sala e le teng gore e bogise Bakeresete go ralala makgolo a dingwaga.”
Matswela mangwe a thutobomodimo eo ya maaka e nnile gore “fa e sale go tloga ka motlha wa ga Augustine [354-430 C.E.], kereke e ile ya kgala go ipolaya e go bitsa boleo,” go bolela Arthur Droge go Bible Review, ya December 1989, “boleo jo bo se nang thekololo, fela jaaka fa go ntse ka botenegi le boaka.”
Maikutlo a a makgwakgwa a gore “ga go na thekololo” fa o dirile jalo, kana a gore o fetisediwa kwa molelong wa dihele go se na tsholofelo epe ka wena, a ile a dira gore kgang ya katlholo ya ka nako ya loso e fitlhe setlhoeng sa yone se se kotsi. National Catholic Reporter e dumela jaana: “Batlotlegi ba babedi ba maemo a a kwa godimo mo kerekeng ba ne ba kgala go ipolaya—Augustine o go bitsa ‘boikepo jo bo makgapha le jo bo hutsegileng’ mme Aquinas a bontsha gore e ne e le boleo jo bo masisi [jo bo sa itshwarelweng] jo bo leng kgatlhanong le Modimo le setšhaba—mme lefa go ntse jalo ga se baruti botlhe bao ba ileng ba dumalana le seno.”
Se se itumedisang ke gore, re ka kgona go tila “kganetsano e e kafa gare” e e ntseng jalo ka go amogela boammaaruri jo bobedi jwa Bibela jo bo dumalanang. Jwa ntlha, “mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.” (Esekiele 18:4) Jwa bobedi, tsholofelo ya boammaaruri ya mewa e e suleng (eleng batho) ke go tshela gape ka “cogō ea basiami le ea basiamolodi.” (Ditihō 24:15) Ka jalo he, ke eng seo ka mo go utlwalang re ka se lebelelang kaga batho bao ba ipolayang?
Mosiamolodi Mongwe Yo O Tlileng go Tsosiwa
Jesu o ne a bolelela sekebekwa sengwe seo se neng se atlholetswe loso jaana: “O tla nna le nna mo Paradaiseng.” Monna yoo e ne e le mosiamolodi—e le motlolamolao mo boemong jwa gore e bo e ne e le motho yo o ipolaileng ka ntlha ya go tlalelana maikutlo—a dumela molato wa gagwe ka go bua puo phaa fela. (Luke 23:39-43, NW) O ne a se na tsholofelo epe ya go ya legodimong go ya go busa le Jesu. Ka jalo Paradaise eo legodu leno le neng le ka lebelela go boela mo botshelong mo go yone e ne e tla nna lefatshe le lentle kafa tlase ga Bogosi jwa ga Jehofa Modimo.—Mathaio 6:9, 10; Tshenolō 21:1-4.
Modimo o tla tsosa senokwane seno ka maikaelelo afe? A o tla mo tsosetsa gore a nne a mmone molato ka tsela e e setlhogo ka ntlha ya boleo joo a bo dirileng mo nakong e e fetileng? Le e seng, ka gonne Baroma 6:7, 23 e bolela jaana: “Eo o kileñ a shwa o siamisicwe kaga boleo,” le gore “maduo a boleo ke losho.” Lemororo a se kitla a balelwa boleo jwa gagwe jwa nako e e fetileng, o sa ntse a tla tlhoka thekololo gore e mo thuse mo boitekanelong.
Ka jalo moithutabomodimo ebong Albert Barnes o ne a dira phoso ebile a tsietsa fa a ne a bolela jaana: “Bao ba dirileng bosula ba tla tsosiwa gore ba atlholwe, kana ba hutsiwe. Leno e tla nna lone lebaka leo ba tlileng go le tsosediwa; jono ke jone boikaelelo jwa gone jwa konokono.” Abo seno se sa tshwanele Modimo o o tshiamo le lorato jang ne! Go na le moo, go tsosediwa botshelong mo lefatsheng la paradaise go tla neela motho yono yoo e neng e le sekebekwa pele (mmogo le basiamolodi ba bangwe) sebaka se se molemo sa go ka atlholwa ka seo ba se dirang morago ga fa ba sena go tsosiwa.—1 Yohane 4:8-10.
Tshono ya Kutlwelobotlhoko
Ditsala tse di gamaregileng tsa motho yo o ipolaileng di ka nna tsa gomodiwa ke go itse gore “Yehofa . . . o tlhomogèla ba ba mmoihañ pelo. . . . Gonne o itse popègō ea rona, o gakologecwe ha re le lorole hèla.” (Pesalema 103:10-14) Ke Modimo fela yo o ka tlhaloganyang tiro eo e dirwang ke botlhoko jwa tlhaloganyo, go tlalelwa ka tsela e e feteletseng, le eleng go sa dire ka tshwanelo ga dibopapopego, mo “bothateng jwa go ipolaya,” joo, National Observer e akgela jalo, “ga se selo seo se a bong se ntse se diragala mo botshelong jotlhe [mme go na le moo] gantsi ke selo seo se tsayang metsotso e sekae fela kana diura.”—Bona Moreri 7:7.
Gone ke boammaaruri, motho yo o ipolayang o ikitsa tshono ya go ka ikotlhaela go ipolaya goo ga gagwe. Mme lefa go ntse jalo ke mang yo o ka bolelang gore a gongwe fa boiteko jo bo kotsi joo jwa motho yo o batlang go ipolaya bo ne bo ile jwa itaya se fololetse a ka bo a ile a fetola pelo ya gagwe? Babolai bangwe ba ba itsegeng, tota, ba ile ba kgona go fetoga mme ba dira gore Modimo o ba itshwarele ka nako eo ba neng ba tshela ka yone.—2 Dikgosi 21:16; 2 Ditihalō 33:12, 13.
Ka jalo, Jehofa, ereka a ile a duelela “thèkololō ea batho ba le bantsi,” o na le tshwanelo ya go ka bontsha kutlwelobotlhoko, le eleng mo go bangwe ba bao ba ipolaileng, ka go ba tsosa le go ba naya tshono e e tlhotlhwakgolo ya gore ba ‘sokologele mo Modimong, ba dire ditiro tse di tshwanetseng boikwatlhao.’—Mathaio 20:28; Ditihō 26:20.
Tsela ya go Leba Botshelo E E Tshwanetseng, ya Dikwalo
Botshelo ke mpho e e tswang go Modimo, eseng sengwe seo se tshwanetseng sa dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang kana seo motho a ka se fedisang ka boene ka namana. (Yakobe 1:17) Ka jalo, Dikwalo di re kgothaletsa gore re itebe, eseng jaaka mewa e e sa sweng, mme go na le moo re itebe jaaka dibopiwa tse di tlhotlhwakgolo tsa Modimo yo o re ratang, yo o anaanelang go bo re tshela, mme e le yo o lebeletseng pele ka boipelo nako ya tsogo.—Yobe 14:14, 15.
Lorato lo nonotsha temogo ya rona ya gore go ipolaya—lemororo go tlosa dilo tseo di imelang motho ka namana—seo go se dirang fela ke go okeletsa bao ba rategang ba motho yoo bao ba salang kwa morago mokoa wa mathata fela go ya pele. Malebana le motho yoo a ileng a itlhaganelela go ipolaya, rona batho re ka seka ra atlhola gore a o tla bona tsogo kana nnyaa. O o ne a le molato go le kana kang? Modimo ke one fela o kheleisang ‘dipelo tsotlhe, mme o tlhaloganya dikakanyo tsotlhe tsa mogopolo.’ (1 Ditihalō 28:9) Mme lefa go ntse jalo re ka nna le tsholofelo ya gore ‘Moatlhodi wa lefatshe lotlhe o tla dira ka lorato, ka tshiamo le kafa go tshwanetseng!’—Genesise 18:25.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Setlhogo seno se kwaletswe bao ba setseng morago ga fa ba bangwe ba sena go ipolaya. Go ka bona motlotlo ka botlalo oo o leng malebana le go ipolaya, bona Tora ya Tebelo ya January 15, 1984, ditsebe 3-11 le Awake! ya August 8, 1981, ditsebe 5-12.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]
Kollektie Rijksmuseum Kröller-Müller, Otterlo