LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rq thuto 1 ts. 3
  • Kafa o ka Itseng ka Gone Gore Modimo o Batla Eng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa o ka Itseng ka Gone Gore Modimo o Batla Eng
  • Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele ke Molaetsa o o Tswang Kwa Modimong
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • A Tota Dikgang Tse di Molemo di Tswa Kwa Modimong?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Ithuta mo Modimong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Lekwalo le le Tswang Kwa Modimong yo o Lorato
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Modimo o Batla Gore re Direng?
rq thuto 1 ts. 3

Thuto 1

Kafa o ka Itseng ka Gone Gore Modimo o Batla Eng

Go na le tshedimosetso efe e e botlhokwa mo Baebeleng? (1)

Mokwadi wa Baebele ke mang? (2)

Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go ithuta Baebele? (3)

1. Baebele ke mpho e e tlhwatlhwakgolo e e tswang kwa Modimong. E tshwana le lekwalo le le tswang kwa go rre yo o lorato yo o kwaletseng bana ba gagwe. E re bolelela boammaaruri ka Modimo—gore ke mang le gore o batla eng. E tlhalosa gore re ka fenya jang mathata le gore re ka bona jang boitumelo jwa mmatota. Ke Baebele fela e e re bolelelang gore re tshwanetse go dira eng gore re itumedise Modimo.—Pesalema 1:1-3; Isaia 48:17, 18.

2. Baebele e ne ya kwalwa ke banna ba ba farologaneng ba ba ka nnang 40 ka sebaka sa dingwaga di le 1 600, go simologa ka 1513 B.C.E. E na le dibukana di le 66. Batho ba ba neng ba kwala Baebele ba ne ba tlhotlheleditswe ke Modimo. Ba ne ba kwala megopolo ya gagwe e seng ya bone ka bobone. Ka jalo, Modimo yo o kwa legodimong ke ene Mokwadi wa Baebele, e seng motho ope mo lefatsheng.—2 Timotheo 3:16, 17; 2 Petere 1:20, 21.

3. Modimo o ne wa tlhomamisa gore Baebele e kwalololwa ka tsela e e tshwanetseng le gore e bolokiwe e ntse jalo. Go gatisitswe dikhopi tse di oketsegileng tsa Baebele go na le buka lefa e le efe e nngwe. Ga se mongwe le mongwe yo o tla itumelelang go go bona o ithuta Baebele mme lefa go ntse jalo, o se ka wa letla gore seo se dire gore o tlogele. Isagwe ya gago yotlhe e ikaegile ka gore o itse Modimo le go dira go rata ga gagwe go sa kgathalesege kganetso epe.—Mathaio 5:10-12; Johane 17:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela