LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 2/1 ts. 20-25
  • Go Senola “Monna oa Boleo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Senola “Monna oa Boleo”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Re Tshwanetse go Rata ba Bangwe
  • Go Senola Monna wa Boleo
  • Ke ka Ntlhayang Ba le Maatla Jaana?
  • Katlholo ya Modimo Kgatlhanong le “Monna oa Boleo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tsela ya go Bona Gore “Monna oa Boleo” ke Mang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Keresete O Ne A Ila Boikepo—A Wena wa Bo Ila?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • A Ditumelo tsa LefatsheDi Etelelapele Kafa Tshwanelong?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 2/1 ts. 20-25

Go Senola “Monna oa Boleo”

“Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanèle naè dibe tsa gagwè, . . . lo se bōnè dipecō tsa gagwè.”—TSHENOLŌ 18:4.

1, 2. (a) Monna wa boleo a ka bonwa jang gore ke mang? (b) Modimo o leba bao ba reng ba a mo direla mme ba na le molato wa madi jang? (Mathaio 7:21-23)

LEFOKO la Modimo le ne la bolelela pele go tla ga “monna oa boleo.” Le ne la bolelela pele gore yo o boleo yono o ne a tla ‘nyelediwa a senyediwa ruri’ ke Modiragatsakatlholo wa Modimo wa selegodimo, Keresete Jesu. (2 Bathesalonia 2:3-8) Jaaka ditlhogo tse di fetileng di ile tsa bontsha, monna yoo wa boleo ke baruti ba La-Bodumedi. Ba ile ba tlogela boammaaruri jwa Lefoko la Modimo bogologolo, mme ba itseela dithuto tsa boheitane, jaaka Tharonngwe, molelo wa dihele, le go sa sweng ga moya. Mo godimo ga moo, ba ne ba dira ditiro tse di kgatlhanong le melao ya Modimo. Ba tshwana le bao Paulo a neng a tlhagisa Tito ka bone a re, “ba re, ba itse Modimo; me ba o itatole ka ditihō tsa bōnè, ka ba le makgapha, ba le kgōpō, ba tlhobosegile kaga tihō ñwe le ñwe e e molemō.”—Tito 1:16.

2 Jesu o ne a re: “Lo itisè mo baperofetiñ ba e señ bōnè, ba ba tlañ mo go lona ba apere yaka dinku, me mo teñ e be e le diphiri tse di garolakañ. Lo tla ba itse ka mauñō a bōnè.” Baperofeti ba maaka ba ne ba tla ungwa “louñō lo lo boshula.” (Mathaio 7:15-17) Seo se supang loungo lo lo bosula lwa baruti ke ditiro tsa bone tse dikgolo tsa tshololo ya madi. Ba ile ba tshegetsa botlhabanelatumelo, dipotsiso, le dintwa tse di ileng tsa tsholola madi a dimilione ka makgolokgolo a dingwaga. Ba ile ba rapelela ba bo ba segofatsa matlhakore a a lwang a dintwa tseo mo go tsone maloko a ditumelo tsa bone a ileng a bolaana. Go farologana le bone, moaposetoloi Paulo o ile a kgona go bua jaana: ‘Ga ke na molato wa madi mo bathong botlhe.’ (Ditihō 20:26) Mme baruti ba na nao. Modimo o bua le bone jaana: “E tla re lo diha merapèlō e le mentsi, ga nketla ke utlwa: diatla tsa lona di tladikilwe madi thata.”—Isaia 1:15.

3. Ke ditiragalo dife tse di botlhokwa mo kgolokweng tse di atamelang ka bofefo?

3 Nako ya Modimo ya go tla go diragatsa katlholo ya gagwe kgatlhanong le monna wa boleo e atamela ka bonako. Go ise go e kae, fela jaaka Jesu a ne a bolelela pele, “go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.” (Mathaio 24:21) Nako eno e e sa tshwaneng le epe ya mathata e tla simologa ka go diragadiwa ga katlholo mo go Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, eo e akareletsang ditumelo tsa La-Bodumedi. Dipuso tsa bopolotiki “di tla se diha chwahaco le bosaikatèga, me di tla ya nama ea shōna, di se hisetsa rure ka molelō.” (Tshenolō 17:16) Sepitla se segolo se tla felela ka go senngwa ga masalela a lefatshe la ga Satane ka Hara-Magedona, “kwa ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe.”—Tshenolō 16:14, 16; 19:11-21.

Re Tshwanetse go Rata ba Bangwe

4. Bao ba obamelang Modimo ka “Mōea le ka boamarure” ba tshwanetse go nna ba akantse eng?

4 Ereka ditiragalo tse di tla tshikhinyang lefatshe di tla tla ka bonako mo lefatsheng leno la batho, ke eng seo bao ba obamelang ‘Rara ka moya le ka boammaaruri’ ba tshwanetseng go se dira? (Yohane 4:23) Santlha ba tshwanetse go gakologelwa seo Jesu a neng a se bua: “Ha lo tshegetsa ditaolō tsa me, lo tla nna mo loratoñ loa me; hèla yaka ke tshegeditse ditaolō tsa ga Rrè, me ke nntse mo loratoñ loa gagwè. . . . Taolō ea me ke e, gore lo ratanè, hèla yaka le nna ke lo ratile. Ga go opè eo o nañ le loratō lo lo hetañ lo, ha motho a ka beèla ditsala tsa gagwè botshelō yoa gagwè. Lona lo ditsala tsa me, ha lo diha dilō tse ke di lo laolèlañ.”—Yohane 15:10-14; 1 Yohane 5:3.

5, 6. (a) Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe go dira eng seo se neng se tla ba tlhaola? (b) Seno ke molao o mosha ka tlhaloganyo efe?

5 Ka gone Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go rata batho ba bangwe, segolo bogolo bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete mo dinageng tsotlhe. (Ditihō 10:34; Bagalatia 6:10; 1 Yohane 4:20, 21) Eleruri, Bakeresete mmogo ba tshwanetse go ‘ratana ka lorato lo lo tukang.’ (1 Petere 4:8) Mofuta oo wa lorato o ba tlhaola jaaka baobamedi ba boammaaruri mo kgolokweng yotlhe, ka gonne Jesu o ne a bua jaana: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”—Yohane 13:34, 35.

6 Ke eng seo se neng se le sesha ka taolo eo? A Bajuda ba ba neng ba le kafa tlase ga molao wa ga Moshe ba ne ba sa newa taolo e e reng, “U ratè oa ga eno yaka u ithata”? (Lefitiko 19:18) Ee, mme Jesu o ne a bua sengwe se se oketsegileng fa a ne a re, “Yaka ke lo ratile.” Lorato lwa gagwe lo ne lo akareletsa go neela ba bangwe botshelo jwa gagwe, mme barutwa ba gagwe ba tshwanetse ba bo ba iketleeleditse go dira se se tshwanang. (Yohane 15:13) Leo e ne e le lorato lo logolwane, ereka molao wa ga Moshe o ne o sa ba tlhoke go intsha setlhabelo.

7. Ke bodumedi bofe joo bo ileng jwa reetsa molao wa lorato mo lekgolong leno la dingwaga?

7 Ke bodumedi bofe jo bo ileng jwa utlwa taolo eno ya lorato, mo lekgolong leno la rona la dingwaga? Eleruri ga se ditumelo tsa La-Bodumedi, ka go bo di ile tsa bolaana ka dimilione tse di masomesome mo dintweng tse pedi tsa ntlha tsa lefatshe le mo dintweng tse dingwe. Ke Basupi ba ga Jehofa bao ba ileng ba utlwa taolo eo ya lorato mo lefatsheng ka bophara. Ba ile ba boloka boitlhaodi mo dintweng tsa merafe ka go bo Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe “ga se ba lehatshe.” (Yohane 17:16) Ka gone, ba ka kgona go bua fela jaaka Paulo, go re ‘ga ba na molato wa madi mo bathong botlhe.’ Ka sekai, tlhokomela karolo e e kwa tshimologong ya maitlamo a a neng a dirwa ke batlhanka ba ga Jehofa kwa kopanong kwa Washington, D.C., ka November 27, 1921:

“Jaaka Bakeresete ba ba tlhagafaletseng go latela dithuto tsa ga Keresete Morena wa rona le baaposetoloi ba gagwe, re dumela gore: ntwa ke selo se se dumelwang ke batho ba ba sa tlhabologang, se se senyang boitsholo jo bo siameng se bile se kgoba batho ba Bakeresete; gore melaometheo e e rutiwang ke Morena wa rona Jesu Keresete e thibela Bakeresete ba ba ineetseng go tsenelela mo ntweng, go tsholola madi kana thubakanyo ya mofuta ope fela.”

8. Ke eng seo hisitori e se bolelang kaga Basupi ba ga Jehofa mo Ntweng ya Lefatshe II?

8 Pono eo e ne ya dirisiwa jang mo Ntweng ya Lefatshe II? Go ne ga bolawa batho ba ba ka nnang dimilione di le 50, mo ntweng eo e e neng e le setlhogo go gaisa mo hisitoring ya motho. Mme ga go ope wa bone yo o bolailweng ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa! Ka sekai, mo e ka nnang baruti botlhe ba Majeremane ba ne ba tshegetsa Bo-Nazi ka tlhamalalo le kafa eseng ka tlhamalalo. Go farologana le seo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshegetsa boitlhaodi jwa bone mme ba gana go goletsa Hitler kana go nna masole mo pusong ya Bo-Nazi. Ka gone, ga ba a ka ba bolaya lefa e le ope wa bakaulengwe ba bone ba semoya mo dinageng tse dingwe, kana ope fela. Mme Basupi ba ga Jehofa ba ba leng mo dinageng tse dingwe le bone ba ne ba nna ba ntse ba itlhaotse.

9. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba diragalelwa ke eng kafa tlase ga puso ya Ba-Nazi kwa Jeremane le kwa Austria?

9 Bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa bo ne jwa latlhegelwa ke meya ya bone mo boemong jwa ditsala tsa bone ka go obamela molao wa lorato. Tlhaloso e e tswang go buka Kirchenkampf in Deutschland (Ntwa ya Dikereke kwa Jeremane), ya ga Friedrich Zipfel, e bua jaana ka Basupi: “Ba le somearobonngwe supa lekgolong ba setlhopha se sennye seno sa bodumedi ba ne ba bolawa ka go bogisiwa ke puso ya [Ba-Nazi] ya Bokgokgontshi jwa Bomorafe. Nngwe tharong ya bone e ne ya bolawa, ka go kgaolwa ditlhogo, ditiro tse dingwe tsa bothubaki, tlala, bolwetsi kana tiro e e bokete ya bokgoba. Bosetlhogo jono bo ne bo kile jwa dirwa pele mme bo ne bo le gone ka ntlha ya go sa latlheng tumelo ya bone e e neng e sa dumalane le dikgopolo tsa Bokgokgontshi jwa Bomorafe.” Kwa Austria, 25 lekgolong ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya bolawa, ba itewa go fitlha ba swa, kana ba swa ka ntlha ya malwetsi kana ka ntlha ya letsapa mo dikampeng tsa Ba-Nazi.

10. Bao ba neng ba swa ba obamela molao wa lorato ba ne ba tlhomamisegile ka eng?

10 Ba ba neng ba swela tumelo ya bone ka ntlha ya go obamela molao wa lorato ba ne ba tlhomamisegile go re “Modimo ga o tshiamololō ea go re, o ka lebala tihō ea [bone], le go rata [ga bone] leina ya ōna.” (Bahebera 6:10) Ba ne ba itse gore “lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.” (1 Yohane 2:17) Ba ne ba na le tsholofelo e e tlhomameng ya gore ba tla tsosiwa mo baswing ba lebeletse pele botshelong jo bo sa khutleng.—Yohane 5:28, 29; Ditihō 24:15.

11. Batlhanka ba ga Jehofa ba tlhomologile ka tsela efe, mme ke boperofeti bofe jo bo diragadiwang ka bone?

11 Batlhanka ba ga Jehofa ke bone fela ba ba reetsang taolo eno e e neng ya buiwa ke Petere le baaposetoloi ba bangwe kwa kgotleng tshekelo e kgolo: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” (Ditihō 5:29) Ka gone Basupi ba ga Jehofa ba dira seno, ba tlhotlhelediwa ke “Moea o o Boitshèpō . . . o Modimo o o neileñ bōnè ba ba o utlwañ.” (Ditihō 5:32) Ao ke one maatla a a ba kgonisang go diragatsa boperofeti jo bo mo go Isaia 2:2-4. Bo ne jwa bolelela pele gore kobamelo ya boammaaruri e ne e tla tsosolosiwa mo motlheng wa rona le gore batho ba ba tswang mo merafeng yotlhe le ditumelo ba tla thologela kwa go yone. Mme go tla felela ka seno: “Di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.” Batlhanka ba ga Jehofa ga ba tlhole ba ithuta ntwa ka gonne ba ipaakanyetsa botshelo mo lefatsheng je lesha je le nang le kagiso. Ba ithuta molao wa lorato.—Yohane 13:34, 35.

12. Ke eng seo bao ba obamelang molao wa lorato ba tshwanetseng go se direla ba bangwe?

12 Ereka lorato lwa Bokeresete le kopanyeletsa gore o “ratè oa ga eno yaka u ithata,” batlhanka ba ga Jehofa ga ba kake ba nna bogagapa ka seo ba se itseng. (Mathaio 22:39) Go santse go na le ba bantsi ba ba ratang go direla Modimo le go tshela mo lefatsheng la gagwe je lesha. Bano le bone ba tlhoka go ithuta molao wa gagwe wa lorato le boammaaruri jo bongwe jo bontsi jo bo amanang le Molaodi wa Lobopo, Jehofa Modimo nako e santse e le gone. Ba tshwanetse go rutiwa gore ba tshwanetse go obamela Jehofa fela le gore kobamelo eo e tshwanetse go dirwa jang. (Mathaio 4:10; Tshenolō 4:11) Bao ba setseng ba ithutile dilo tseno ba tshwanetse go bolelela ba bangwe ka tsone gore le bone ba tle ba amogelwe ke Jehofa.—Esekiele 33:7-9, 14-16.

Go Senola Monna wa Boleo

13. Re tshwanetse go itsise eng jaaka karolo ya bosupi jwa rona mo lefatsheng ka bophara, mme ka ntlhayang?

13 Jesu o ne a bolela go re “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Jaaka karolo ya go neela bosupi mo lefatsheng ka bophara, batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go itsise katlholo ya gagwe kgatlhanong le bodumedi jwa maaka, segolo bogolo baruti ba La-Bodumedi. Bano ba na le molato o mogolo mo matlhong a Modimo ka gonne ba iphaka fa e le Bakeresete. Ba tshwanetse go senolwa gore bao ba batlang go direla Modimo ba gololwe mo tlhotlheletsong ya bone le gore ba tseye dikgato tse di tshwanetseng gore ba bolokwe. Ke fela jaaka Jesu a ne a re: “Lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.”—Yohane 8:32.

14. Ke molaetsa ofe o o phepafetseng oo re tshwanetseng go o bolela malebana le ditumelo tsa maaka?

14 Ka gone, Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go itsise molaetsa ono o o tlhotlheleditsweng kaga ditumelo tsa maaka: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè: Gonne dibe tsa gagwe di ile go hitlha le kwa legodimoñ, me Modimo o gakologecwe maikèpō a gagwè. . . . Ke gōna ka mouō dipecō tsa gagwè di tla tlañ ka letsatsi le le leñwe hèla, eboñ losho, le selelō, le popamō; me o tla hisediwa rure ka molelō; gonne go thata Morèna Modimo o o mo atlhotseñ.”—Tshenolō 18:4-8.

15. Ngwaga wa 1914 o ne wa nna le karolo efe mo thulaganyong ya nako ya ga Jehofa, mme go ne ga diragala eng morago ga Ntwa ya Lefatshe I?

15 Boperofeti jwa Bibela bo bontsha gore ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso eno e simologile ka ngwaga wa 1914. (2 Timotheo 3:1-5, 13; Mathaio 24:3-13) Fa esale go tloga ka ngwaga oo re ntse re le mo “motlheñ oa bokhutlō.” (Daniele 12:4) Go tloga fela morago ga Ntwa ya Lefatshe I, batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba simolola go atolosa go itsise ka Bogosi jwa Modimo jo bo boleletsweng pele mo go Mathaio 24:14, go dumalana le thulaganyo ya ga Jehofa ya nako. Ba ne ba simolola gape go senola bodumedi jwa maaka ba nonofile, segolo bogolo setlhopha se se boikepo sa baruti ba La-Bodumedi wa motenegi.

16. Go senolwa ga monna wa boleo go ne ga dirwa ka maatla jang mo dingwageng tse di fetang 70?

16 Jaanong batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba tsibosa batho ka ditiro tsa monna yono wa boleo tsa bonokwane ba nonofile tota mo e ka nnang ka dingwaga tse di fetang 70. E ne e le Basupi ba le dikete di sekae fela ba ba neng ba dira seno morago ga Ntwa ya Lefatshe I. Mme jaanong ba ile ba nna “morahe o o thata” oo jaanong o fetang dimilione tse tharo le sephatlo wa badihedi ba ba rulagantsweng ba ba dirang ka natla mo diphuthegong tse di fetang 60 000 mo lefatsheng lotlhe. (Isaia 60:22) Batlhanka ba Modimo ba ntse ba oketsa go bolela Bogosi jwa Modimo jaaka tsholofelo fela ya batho ka botlhaga, mme ka nako e e tshwanang ba ntse ba senola seo baruti ba leng sone—monna wa boleo yo o tsietsang.

Ke ka Ntlhayang Ba le Maatla Jaana?

17. Ke ka ntlhayang fa batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba senola monna wa boleo ka maatla?

17 Ke ka ntlhayang fa batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba senola monna wa boleo ka maatla mo dingwageng tseno tsotlhe? Ka gonne dimilione tsa boidiidi jo bogolo jwa dinku tsa ga Jehofa tse di setseng di le mo tseleng e e isang polokong di tshwanetse go sirelediwa mo lefatsheng la ga Satane le bodumedi jwa lone jwa maaka. (Yohane 10:16; Tshenolō 7:9-14) Mo godimo ga moo, fa baruti ba sa senolwe, batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba iseng ba nne karolo ya letsomane la Modimo ga ba kitla ba itse gore ba ka tila tsela e e phoso eo jang. Ka jalo ba tshwanetse go itsisiwe, fela jaaka Jesu a ne a itsise batho jaana ka baeteledipele ba bodumedi ba baitimokanyi ba motlha wa gagwe: “Ke bagogi ba ba houhetseñ. Me ha sehohu se gōga sehohu, di tla wèla mmōgō mo kgatampiñ.”—Mathaio 15:14; bona gape 2 Bakorintha 4:4; 11:13-15.

18. Bao ba batlang boammaaruri ba batla go itse eng?

18 Baruti ke karolo ya lefatshe la ga Satane. (Yohane 8:44) Mme ke lefatshe leo Modimo o tla tlogang o le senya. (2 Petere 3:11-13; 1 Yohane 2:15-17) Ka jalo Lefoko la Modimo le tlhagisa jaana: “Eo o ratañ go nna tsala ea lehatshe, o itiha mmaba oa Modimo.” (Yakobe 4:4) Baruti ba itlhokomolosa tlhagiso eo mme ba tswelela pele ba itshunyatshunya mo dikgannyeng tsa dipolotiki. Ba bolelela balatedi ba bone gore go tla tla lefatshe le le botoka leo le tla tlisiwang ke boradipolotiki. Mme seo ke tsholofetso fela ya maaka, ereka lefatshe leno le le busiwang ke Satane le tla tloga le senngwa. Ka jalo batho ba ba beileng tsholofelo ya bone mo lefatsheng leno ba a tsiediwa. Ba tshwanetse go bolelelwa boammaaruri jwa gore lefatshe leno le lebile kae le gore le tlile go tseelwa sebaka ke eng.—Diane 14:12; 19:21; Mathaio 6:9, 10; Tshenolō 21:4, 5.

19. Go kgatlhegela dilo tsa senama ga baruti ba bangwe go ile ga senolwa jang ke boradikgang morago jaana?

19 Bosheng jaana go kgatlhegela dilo tsa senama ga bangwe ba baruti go ile ga senolwa le ke boradikgang, sekai sa gone e le mokgwa wa bone wa botshelo wa go tlhoka boitsholo le letlepu wa baruti bangwe ba TV. Mongwe wa batlhami ba segompieno ba dipina o ne a tlhama pina nngwe ya setlhogo se se reng: “A Jesu o ne a tla Tswa mo Thelebisheneng a rwele [tshupanako] ya Rolex ya [R28 000]?” Pina eo e tswelela pele e re: “A Jesu o ne a tla nna lepolotiki fa a boela mo lefatsheng, ntlo ya gagwe ya bobedi [e e manobonobo] e le kwa Palm Springs mme a leka go fitlha se a leng sone?” Mo godimo ga moo, baruti ba ba mpampetsang bosodoma le ba ba bo dirang ba ntse ba oketsega. Le eleng jaanong Kereke ya Katoliki kwa United States e santse e duela dimilione tsa diranta e duelela melato ya baperesiti ba ba ntseng ba thubetsa bana.—Baroma 1:24-27; 1 Bakorintha 6:9, 10.

20. Ke ka ntlhayang fa batlhanka ba Modimo ba ntse ba tswelela go senola monna wa boleo?

20 Batlhanka ba Modimo ga ba kake ba itlhokomolosa boikepo joo mme bo tshwanetse go senolwa gore ba bangwe ba solegelwe molemo. Boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele bo tshwanetse go sirelediwa mo go bao ba ka lekang go dira gore ba robe melao ya Modimo. Mme bao ba “hègèlwañ, le ba ba shonèlèlañ dilō cotlhe tse di makgapha tse di dihwañ” ba tlhoka go senkiwa le go phuthelwa kafa tlase ga kaelo le tshireletso ya Modisa yo Mogolo, Jehofa Modimo, le ‘Modisa yo o Molemo,’ ebong, Keresete Jesu.—Esekiele 9:4; Yohane 10:11; Diane 18:10.

21. Basupi ba ga Jehofa ba tla tswelela ba ntse ba bolela eng?

21 Ka gone, batho ba Modimo ga ba kitla ba okaoka go bolela boipusolosetso jwa gagwe kgatlhanong le lefatshe la ga Satane, go akareletsa le monna wa jone wa boleo, baruti ba La-Bodumedi. Ba tla bolela molaetsa ono wa moengele o o mo go Tshenolō 14:7 ka maatla: “Boihañ Modimo, lo o neè kgalalèlō; gonne nako ea katlholō ea ōna e tsile.” Mme ba tla akareletsa tlhagiso eno e e potlakileng e e mo go Tshenolō 18:4 e e lebaneng le bodumedi jwa maaka: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, . . . lo se bone dipecō tsa gagwè.”

Dipotso tsa Poeletso:

◻ Monna wa boleo o tla felela jang, mme ka ntlhayang?

◻ Batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go direla ba bangwe eng?

◻ Batho ba ga Jehofa ba ile ba itshola ba sena molato wa madi mo bathong botlhe jang?

◻ Re tshwanetse go dira eng malebana le Babelona o Mogolo?

◻ Ke ka ntlhayang fa re tla nna re tswelela go bolela melaetsa ya rona e e maatla mabapi le monna wa boleo?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Baaposetoloi ba ne ba bolelela lekgotla le le kwa godimo ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho”

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Batho ba ba tlhoafetseng ba tshwanetse go itse gore lefatshe leno le ditumelo tsa lone di lebile kae

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela