LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 12/1 ts. 8-9
  • Fa Pele ga Sanehederine, Morago kwa go Pilatwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Pele ga Sanehederine, Morago kwa go Pilatwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O fa Pele ga Sanehederine, Go Tswa foo O ya kwa go Pilatwe
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Ba Isa Jesu Kwa go Pilato
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Jesu o Tsenngwa mo Diatleng Tsa Baba ba Gagwe
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • O A Ba Newa Ebile Ba Tsamaya Nae
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 12/1 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Fa Pele ga Sanehederine, Morago kwa go Pilatwe

BOSIGO bo setse bo tla sa. Petere o setse a itatotse Jesu gararo, le maloko a Sanehederine a feditse tsheko ya one ya tshotlo mme ebile a phatlaletse. Lefa go ntse jalo, ba kopana gape ka Labotlhano mo mosong ka bonako fela fa letsatsi le sena go tlhaba, jaanong ba kopanela kwa Holong ya bone ya Sanehederine. Boikaelelo jwa bone go lebega e le go leka go dira ekete tsheko ya bosigo e ne e le kafa molaong. Fa Jesu a tlisiwa kwa go bone, ba bolela jaana, fela jaaka ba ne ba bua bosigo: “Ha u le èna Keresete re bolèlèlè.”

“Ha ke lo bolèlèla, ga lo ketla lo dumèla,” Jesu o araba jalo. “Le gōna ha ke lo botsa, ga lo ketla lo mphetola.” Lefa go ntse jalo, Jesu o supa ka bopelokgale fela gore ke mang, ka go bolela jaana: “Me go tloga hano yana, Morwa Motho o tla dula kaha lecogoñ ye legolo ya nonohō ea Modimo.”

“Me a u Morwa Modimo?” botlhe ba batla go itse.

“Lona loa re, Ke nna èna,” Jesu o a araba.

Karabo eno e lekane go kgotsofatsa banna bano ba ba ikaeletseng go mmolaya. Ba e leba jaaka e e tlhapatsang. “Re sa nntse re dihañ ka chupō?” ba a botsa. “Ka re mo ikutlwetse a bua ka molomo oa gagwè.” Ka jalo ba bofa Jesu, ba mo tlosa foo, mme ba mo naya mmusi wa Moroma, Ponto Pilatwe.

Judase yo o okileng Jesu, o ne a ntse a lebeletse se se diragalang. Fa a bona gore Jesu o atlhotswe, o a ikwatlhaya. Ka jalo o ya kwa baperesiting ba bagolo le banna ba bagolo go ba busetsa dipapetlana tsa bone di le 30 tsa selefera, a tlhalosa jaana: “Ke leohile, ka ke okile motho eo o senañ molato.”

“Ana go mo re go dihañ? Go itse go na nau hèla,” ba mo araba jalo ba sa mo utlwele botlhoko. Ka jalo Judase o latlhela dipapetla tsa selefera mo tempeleng mme o a tsamaya a ya go leka go ikaletsa. Lefa go ntse jalo, kala ya setlhare eo Judase a bofelelang mogala mo go yone go lebega e robega, mme mmele wa gagwe o wela mo majweng kwa tlase, koo o phatloganang gone.

Baperesiti ba bagolo ga ba itse gore ba dire eng ka dipapetlana tseo tsa selefera. “Ga goa siama go di tsenya mo letlodiñ ya dikhumō ya tempela,” ba konela ka gore, “ka e le tlhwatlhwa ea madi a motho.” Ka jalo, fa ba sena go buisana, ba reka tshimo mo mothong mongwe yo o dirang dipitsa tsa mmopa go fitlha basele gone. Ke gone ka moo tshimo eo e neng ya bidiwa “Lehatshe ya madi a motho.”

Jesu o isiwa kwa legaeng la mmusi go santse go le phakela thata mo mosong. Mme Bajuda ba ba nang nae ba gana go tsena gonne ba dumela gore go kopana le Baditšhaba ka tsela eo go tla ba leswefatsa. Ka jalo go ba thusa, Pilatwe o tswela kwa go bone. “Lo shupa molato ohe mo monneñ eo?” o a ba botsa.

“Ha monna eo e ka bo e se modiha boshula, re ka bo re se ka ra mo go neèla,” ba araba jalo.

Pilatwe o araba jaana a tila go amega mo go seno: “Mo itseèleñ, lo mo sekisè kaha molaoñ oa lona.”

Bajuda ba bua jaana ba senola boikaelelo jwa bone jwa go batla go mmolaya: “Ga rea lètlèlèlwa go bolaea motho opè.” Eleruri fa ba ne ba ka bolaya Jesu mo Moletlong wa Tlolaganyo, seo se ne se tla tsosa khuduego gonne bontsi bo ne bo tseela Jesu kwa godimo. Mme fa ba ne ba ka dira gore a bolawe ke Baroma ka tatofatso ya sepolotiki, seno se ne se tla dira gore ba se nne le boikarabelo bope mo go seno fa pele ga batho.

Ka jalo baeteledipele ba bodumedi, ga ba umake tsheko ya bone ya pele eo mo go yone ba neng ba kgala Jesu ba re wa tlhapatsa, jaanong ba mo latofatsa ka ditatofatso tse di farologaneng. Ba mo latofatsa jaana mo dikarolong tse tharo: “Re hitlhetse monna eo, [1] a shokamisa morahe, [2] a itsa gore Kaesare a se ka a nèwa lekgètho, a re, [3] le èna ka esi ke Keresete, Kgosi.”

Pilatwe o tshwenngwa ke tatofatso ya gore Jesu o bolela fa e le kgosi. Ka gone, o tsena gape mo ntlong, o bitsa Jesu, mme o mmotsa jaana: “A ke wèna Kgosi ea Bayuda?” Ka mafoko a mangwe, a o tlotse molao ka go ipitsa kgosi Kaesare e ntse e le kgosi?

Jesu o batla go itse gore Pilatwe o setse a utlwile go le kana kang kaga gagwe, ka jalo o mmotsa jaana: “A u bua lehoko ye ka wesi, goñwe ba bañwe ba le gu boleletse kaga me?”

Pilatwe o supa fa a sa itse sepe ka ene mme a batla go itse. “A ke Moyuda?” o araba jalo. “Aitse morahe oa ga eno, le ditlhōgō tsa baperisiti, ke bonè ba ba gu nnetseñ: u dihileñ?”

Jesu ga a leke le eseng go tila kgang eno, eo tota e leng kaga go nna kgosi ga gagwe. Kwantle ga pelaelo karabo eo Jesu a arabang ka yone jaanong e gakgamatsa Pilatwe. Luke 22:66–23:3; Mathaio 27:1-11; Mareko 15:1; Yohane 18:28-35; Ditihō 1:16-20.

◆ Sanehederine e kopana gape ka boikaelelo bofe mo mosong?

◆ Judase o swa jang, mme go dirwa eng ka dipapetlana tse 30 tsa selefera?

◆ Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba batla gore Baroma ba bolaye Jesu go na le gore ba mo ipolaele bone ka bobone jaaka ba lekile go dira jalo mo makgetlong mangwe pele ga foo?

◆ Bajuda ba latofatsa Jesu ka ditatofatso dife?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela