LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jv kgao. 23 ts. 53-546
  • Barongwa Ba Rotloetsa Koketsego ya Lefatshe Lotlhe ka Maatla Tota

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Barongwa Ba Rotloetsa Koketsego ya Lefatshe Lotlhe ka Maatla Tota
  • Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sekolo sa Gileade
  • Barongwa Bano Ba Ne Ba Farologane
  • Maemo a Botshelo le Dingwao
  • Kgwetlho ya Puo E Ntšha
  • Go Simolola Ditshimo Tse Disha, le go Tlhabolola Tse Dingwe
  • Bangwe Ba Ne Ba Eletsa Thata go Utlwa
  • Go Thusa Basupi Ba Bangwe ka Lorato
  • Go Fenya Kgwetlho ya Tiro ya go Eta
  • Go Kgothaletsa Ba Bangwe go Nna le Seabe mo Tirelong ya Nako E E Tletseng
  • Go Dira Fa Go Tlhokegang Teng mo Phuthegong E E Golang
  • Fa Ba Ganediwa
  • Dikhoso Tse Di Rulaganyeditsweng go Thusa ka Dilo Tse Di Tlhokegang Tse Di Kgethegileng
  • “Ke Hano, Roma Nna”
  • Go Dira Barutwa ba Boammaaruri Gompieno
    Tsogang!—1995
  • Barongwa “go ya Kwa Dikarolong Tse di Kwa Kgakalakgakala Tsa Lefatshe”
    Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Badihedi ba Nako e e Tletseng ba Goga Tiro ya go Rera kwa Pele
    Basupi ba ga Jehofa—Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano Mo Lefatsheng Lotlhe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
jv kgao. 23 ts. 53-546

Kgaolo 23

Barongwa Ba Rotloetsa Koketsego ya Lefatshe Lotlhe ka Maatla Tota

TIRO e e dirwang ka tlhoafalo ke barongwa ba ba iketleeditseng go dira gongwe le gongwe koo ba tlhokegang teng e ile ya nna sengwe se se botlhokwa thata mo go itsiseng Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe.

Bogologolo pele Watch Tower Bible and Tract Society e tlhoma sekolo se se neng se tla thusa mo go direng seo, go ne go setse go romelwa barongwa kwa dinageng tse dingwe. Poresidente wa ntlha wa Mokgatlho, C. T. Russell, o ne a lemoga fa go le botlhokwa gore batho ba ba tshwanelang sentle ba simolole go rera le go etelela pele go rerwa ga mafoko a a molemo kwa ditshimong tsa dinaga di sele. O ne a romela banna go ya go dira seo—Adolf Weber o ne a romelwa kwa Yuropa, E. J. Coward kwa kgaolong ya Caribbean, Robert Hollister kwa dinageng tsa Botlhaba, le Joseph Booth kwa borwa jwa Afrika. Ka maswabi, Booth o ne a itshupa fa a ne a kgatlhegela go tsweletsa maikaelelo a gagwe; ka jalo, ka 1910 go ne ga romelwa William Johnston go tswa kwa Scotland a ya kwa Nyasaland (e jaanong e leng Malawi), koo dipuo tse di ganetsang tsa ga Booth di neng di aname thata teng. Morago ga foo, Mokaulengwe Johnston o ne a romelwa go ya go tlhoma ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Durban kwa Afrika Borwa, mme moragonyana o ne a dira jaaka molebedi wa lekala kwa Australia.

Morago ga ntwa ya ntlha ya lefatshe, J. F. Rutherford o ne a romela barongwa ba bangwe gape—ka sekai, o ne a romela Thomas Walder le George Phillips go tswa kwa Borithane go ya kwa Afrika Borwa, W. R. Brown go tswa kwa kabelong ya gagwe kwa Trinidad a ya kwa Afrika Bophirima, George Young go tswa kwa Canada go ya kwa Amerika Bokone le kwa Yuropa, Juan Muñiz pele kwa Spain mme morago kwa Argentina, George Wright le Edwin Skinner kwa India, ba latelwa ke Claude Goodman, Ron Tippin, le ba bangwe. E ne e le babulatsela tota, ba ya kwa mafelong a mafoko a a molemo a neng a rerwa go le gonnye fela kana a sa rerwe gotlhelele ba ya go thaya motheo o o nonofileng gore phuthego e kgone go gola mo isagweng.

Go ne go na le ba bangwe gape, ba moya wa borongwa o neng o ba tlhotlheletsa go ya go rera ka kwa ntle ga dinaga tsa bone. Mo go bone go ne go na le Kate Goas le morwadie Marion, ba ba neng ba dira ka dingwaga tse dintsi ba le tlhaga kwa Colombia le Venezuela. Yo mongwe e ne e le Joseph Dos Santos, yo a neng a tloga kwa Hawaii a tsaya loeto lwa go ya go rera lo lo neng lwa felela ka gore a dire dingwaga di le 15 kwa Philippines. Yo mongwe gape e ne e le Frank Rice, yo a neng a tsamaya ka sekepe sa dithoto go tswa kwa Australia go ya go simolola go rera mafoko a a molemo kwa setlhaketlhakeng sa Java (se jaanong e leng Indonesia).

Lefa go ntse jalo, ka 1942 go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go tlhoma sekolo se se neng se na le khoso e e neng e rulagantswe ka tsela e e kgethegileng go katisa banna le basadi ba ba neng ba iketleeditse go dira tiro e e ntseng jalo ya borongwa gongwe le gongwe fela koo ba neng ba tlhokega go ya go dira teng mo tshimong ya lefatshe lotlhe.

Sekolo sa Gileade

Fa ntwa ya lefatshe e ne e ntse e lowa, go ka tswa go ne ga lebega go ka se ka ga kgonega gore go rulaganyediwe tiro ya go rera ka Bogosi kwa ditshimong tsa dinaga di sele. Lefa go ntse jalo, ereka bakaedi ba babedi ba makgotla a magolo a semolao a a dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ikaegile thata ka Jehofa, ba ne ba dumalana le seo N. H. Knorr a neng a se akantsha ka September 1942 gore go tlhongwe sekolo se se neng se tla katisa barongwa le ba bangwe ba ba dirang ditiro tse di kgethegileng. Se ne se tlile go bidiwa Kholetšhe ya Bibela ya Watchtower ya Gileade. Moragonyana leina leo le ne la fetolwa ya nna Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade. Dithuto tsa sone di ne di sa tle go duelelwa, mme baithuti ba ne ba tla newa marobalo le go fepiwa ke Mokgatlho ka nako ya fa ba katisiwa.

Mo go ba ba neng ba lalediwa go tla go thusa go rulaganya khoso e e tla ithutiwang go ne go na le Albert D. Schroeder yo a neng a setse a na le boitemogelo jo bontsi mo Lephateng la Tirelo kwa ntlokgolo ya Mokgatlho kwa Brooklyn le jaaka molebedi wa lekala la Mokgatlho kwa Borithane. Go nna le mogopolo o o tlhomameng ka dilo, tsela e a neng a ineetse ka yone, le go kgatlhegela baithuti ka lorato go ne ga dira gore ba a neng a ba ruta mo dingwageng tse 17 tse e neng e le mookamedi le mokaedi mo sekolong seo ka tsone, ba mo rate tota. O ne a nna leloko la Setlhopha Se Se Laolang ka 1974, mme mo ngwageng o o latelang o ne a abelwa go dira mo Komiting E E Rutang.

Mokaulengwe Schroeder le bakaedi ba bangwe (Maxwell Friend, Eduardo Keller, le Victor Blackwell) ba ne ba rulaganya khoso ya thuto ya dikgwedi tse tlhano e e neng e gatelela gore go ithutiwe Bibela le gore go ithutiwe tsela ya bomodimo e phuthego e tsamaisiwang ka yone, mmogo le dithuto tsa Bibela, go bua phatlalatsa, bodihedi jwa tshimo, tirelo ya borongwa, le hisitori ya bodumedi, molao wa bomodimo, go dirisana le balaodi ba puso, molao wa boditšhabatšhaba, go boloka direkoto, le go ithuta puo ya dinaga di sele. Thulaganyo ya dithuto e ile ya tokafadiwa fa dingwaga di ntse di feta, mme lefa go ntse jalo go ithuta Bibela ka boyone le tiro ya boefangele di sale di ntse di bewa kwa pele. Boikaelelo jwa khoso eno ke go nonotsha tumelo ya baithuti, le go ba thusa go nna le dinonofo tsa semoya tse ba di tlhokang go fenya dilo tse di gwetlhang tsa tirelo ya borongwa. Go ile ga gatelelwa thata gore go botlhokwa ba ikaege thata ka Jehofa ba bo ba ikanyege mo go ene. (Pes. 146:1-6; Dia. 3:5, 6; Baef. 4:24) Baithuti ga ba rutiwe dikarabo tsa sengwe le sengwe tse ba tla di tshwarang ka tlhogo mme lefa go ntse jalo ba rutiwa go dira patlisiso ebile ba thusiwa gore ba lemoge gore ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba dumela dilo tse ba di dumelang le gore ke ka ntlha yang fa ba ganelela mo go direng dilo ka ditsela dingwe tse di rileng. Ba ithuta gore ba ka dirisa melaometheo efe. Ke ka tsela eo motheo wa gore go nne le koketsego o neng wa thaiwa ka teng.

Go ne ga romelwa makwalo a a neng a laletsa ba ba neng ba tlile go nna baithuti ba tlelase ya ntlha ka December 14, 1942. Mariga a ne a setse a le fa gare fa baithuti ba ba 100 ba tlelase eo ba ne ba ikwadisa kwa lefelong la sekolo le le neng le le kwa New York, kwa South Lansing. Ba ne ba iketleeditse, ba le tlhaga, mme ba tshogile. Le mororo ba ne ba tshwenyegile thata ka dithuto tsa kwa tlelaseng, ba ne ba ipotsa gore ba tlile go romelwa kwa ditshimong dife mo lefatsheng fa ba sena go aloga.

Mo puong ya tlelase eo ya ntlha ka February 1, 1943, Mokaulengwe Knorr o ne a bolela jaana fa a ne a bua mo letsatsing la ntlha la sekolo seo: “Lo baakanyediwa go ya go dira tiro e e tshwanang le e e neng e dirwa ke moaposetoloi Paulo, Mareko, Timotheo, le ba bangwe ba ba neng ba tsamaya ba eta mo dikarolong tsotlhe tsa Mmusomogolo wa Roma ba rera molaetsa wa Bogosi. Ba ne ba tshwanetse go nonotshiwa ka Lefoko la Modimo. Ba ne ba tshwanetse go itse boikaelelo jwa Gagwe sentle. Mo mafelong a mantsi ba ne ba tshwanela go ema ba le bosi kgatlhanong le batho ba ba ikgogomosang ba lefatshe leno. Lo ka nna lwa diragalelwa ke se se tshwanang; mme Modimo o tla lo naya maatla.

“Go na le mafelo a mantsi a go iseng go neelwe bosupi kaga Bogosi thata kwa go one. Batho ba ba nnang mo mafelong ano ba mo lefifing, ba golegilwe ke bodumedi. Mo dinageng dingwe tsa tseno koo go nang le Basupi ba sekae fela teng go bonala gore batho ba ba botsalano ba utlwa ka bonako ebile ba tla mo phuthegong ya Morena, fa ba rutiwa sentle. Go tshwanetse ga bo go na le makgolokgolo le diketekete tsa bone tse di ka kgonang go fitlhelelwa fa go na le badiri ba ba oketsegileng mo tshimong. Go santse go tla nna le ba ba oketsegileng fa Morena a rata.

“Boikaelelo jwa kholetšhe eno ga SE go lo tlhomelela gore lo nne badihedi ba ba tlhomamisitsweng. Lo setse lo le badihedi ebile lo na le dingwaga tse dintsi lo dira ka botlhaga. . . . Boikaelelo jo bogolo jwa khoso e e ithutiwang mo kholetšheng eno ke go lo thusa gore lo kgone go nna badihedi ba ba botoka mo ditshimong tse lo yang kwa go tsone. . . .

“Tiro e kgolo ya lona ke go rera efangele ya Bogosi ka ntlo le ntlo fela jaaka Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba dira. Fa lo bona tsebe e e reetsang, rulaganyang gore lo boe gape, lo simolole thuto ya legae, mme lo rulaganyetse gore ba ba ntseng jalo ba ba leng mo motsemogolong kana mo toropong ba kopane [phuthege]. Ga se gore lo tla itumelela fela go tlhoma diphuthego, mme mo godimo ga moo go ba thusa go tlhaloganya Lefoko, lo ba nonotshe, lo bue le bone nako le nako, lo ba thuse mo dipokanong tsa bone tsa tirelo le gore ba nne le thulaganyo. Fa ba nonofa mme ba kgona go dira ba le nosi ebile ba kgona go dira mo tshimong, lo ka nna lwa ya kwa motsemogolong o mongwe go ya go rera ka Bogosi kwa go one. Go ka nna ga tlhokega gore nako le nako lo boele kwa go bone lo ba age mo tumelong e e boitshepo le go ba tlhamalatsa ka go ba ruta; ka jalo tiro ya lona e tlile go nna ya go tlhokomela ‘dinku di sele’ tsa Morena, eseng go di latlha. (Yoh. 10:16) Tiro ya lona ya mmatota ke go thusa batho ba ba botsalano. Lo tla tshwanela go dirisa mekgwa e mengwe, mme lefa go ntse jalo lo lebelele kaelo go tswa mo Modimong.”a

Maloko a tlelase eo ya ntlha a ne a wetsa katiso ya one e e kgethegileng dikgwedi di le tlhano morago ga foo. Go ne ga bonwa makwalo a a ba letlang go ya kwa dinageng di sele, go ne ga rulaganngwa gore ba tla tsamaya jang, mme ba ne ba simolola go ya kwa dinageng di le robong tsa Latin America. Morago ga dikgwedi di le tharo ba sena go aloga, barongwa ba ntlha ba ba katisitsweng kwa Gileade ba ba neng ba tloga kwa United States ba ne ba ya kwa Cuba. Ka 1992 go ne go setse go na le baithuti ba ba fetang 6 500 ba ba tswang kwa dinageng tse di fetang 110 ba ba neng ba setse ba katisitswe mme morago ba ne ba ya go dira kwa dinageng tse di ka nnang 200 le kwa ditlhaketlhakeng.

Mokaulengwe Knorr o ne a supa fa a kgatlhegela tiro ya barongwa thata go fitlha a tlhokafala dingwaga di le 34 morago ga fa Sekolo sa Gileade se sena go tlhongwa. Nako le nako fa sekolo se ne se tsene, o ne a etela tlelase e e neng e tsene ka makgetlo a le mmalwa fa go kgonega, a ba ruta ebile a tsaya maloko a badiri kwa ntlokgolo go ya go bua le baithuti. Fa baalogi ba Gileade ba sena go simolola tiro ya bone kwa dinageng di sele, o ne a etela ditlhopha tseno tsa barongwa ka namana, a ba thusa go rarabolola mathata, le go ba kgothatsa kafa ba neng ba tlhoka ka teng. Fa dipalo tsa ditlhopha tsa barongwa di ntsifala, o ne a rulaganyetsa gore bakaulengwe ba ba tshwanelang sentle le bone ba ba etele, gore barongwa botlhe ba etelwe ka namana lefa ba ne ba ka tswa ba direla kae.

Barongwa Bano Ba Ne Ba Farologane

Barongwa ba Labokeresete ba tlhomile dikokelo, mafelo a batshabi, le mafelo a dikhutsana go tlamela batho ka dilo tse di bonalang tseo ba di tlhokang. Ereka ba ne ba dira ekete ke bagaka ba ba thusang batho ba ba humanegileng, ba ile ba tlhotlheletsa go lwelwa ga diphetogo ba bo ba nna le seabe mo dintweng tsa borukutlhi. Go farologana le bone baalogi ba Sekolo sa Gileade ba ruta batho Bibela. Go na le gore ba tlhome dikereke ba bo ba lebelela gore batho ba tle kwa go bone, ba tsamaya ka ntlo le ntlo go ya go batla le go ruta ba ba tshwerweng ke tlala le ba ba nyoretsweng tshiamo.

Barongwa ba Basupi ba ngaparela Lefoko la Modimo go bontsha batho gore ke ka ntlha yang fa Bogosi jwa Modimo e le jone bo tla rarabololang mathata a batho ka mmatota ebile bo a rarabololela ruri. (Math. 24:14; Luke 4:43) Peter Vanderhaegen o ne a kgona go bona kafa tiro eno e farologanang ka teng le ya barongwa ba Labokeresete ka nako ya fa a ne a le mo tseleng a ya kwa a neng a rometswe teng kwa Indonesia ka 1951. Mopagami yo mongwe ebile e le ene fela mo sekepeng seo sa dithoto e ne e le morongwa wa Mo-Baptist. Le mororo Mokaulengwe Vanderhaegen a ne a leka go mmolelela mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo, Mo-Baptist yono o ne a mmolelela ka phepafalo fela gore selo se a neng a se kgatlhegela thata e ne e le go thusa Chiang Kai-shek wa kwa Taiwan gore a boe a buse naga eo.

Lefa go ntse jalo, batho ba bantsi ba ile ba lemoga gore se se bolelwang mo Lefokong la Modimo se ne se le botlhokwa. Ka nako ya fa Olaf Olson a ne a rerela Antonio Carvajalino wa kwa Barranquilla, kwa Colombia, yo e neng e le leloko le le nonofileng la mokgatlho mongwe wa dipolotiki, Mokaulengwe Olson ga a ka a dumalana le ene kana gone go buelela dikgopolo dingwe tsa bopolotiki. Go na le moo, o ne a bolelela Antonio gore a ka ithuta Bibela le ene le bokgaitsadie mahala. Ka bonako fela Antonio o ne a lemoga gore ruri Bogosi jwa Modimo e ne e le jone fela jo batho ba ba humanegileng ba kwa Colombia le ba ba leng mo lefatsheng lotlhe ba ka bo ikanyang. (Pes. 72:1-4, 12-14; Dan. 2:44) Antonio le bokgaitsadie ba ne ba nna batlhanka ba ba tlhaga ba Modimo.

Ntlha ya gore barongwa ba Basupi ga ba tsene mo tsamaisong ya bodumedi ya Labokeresete le gore ba farologane thata le bone e ne ya gatelelwa ka tsela e nngwe gape mo kgannyeng nngwe kwa Rhodesia (e jaanong e leng Zimbabwe). Ka nako ya fa Donald Morrison a ne a etela kwa ntlong ya morongwa mongwe wa Labokeresete, morongwa yono o ne a ngongorega ka gore Basupi ba ne ba tlola melelwane e e neng e beilwe. Melelwane efe? Aitsane, ditumelo tsa Labokeresete di ne di kgaogantse naga ka dikgaolo tse nngwe le nngwe ya tsone e neng e dira e sa kgorelediwe ke ba bangwe. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa dumalane le thulaganyo e e ntseng jalo. Jesu o ne a boletse gore molaetsa wa Bogosi o ne o tla bolelwa mo lefatsheng lotlhe. Labokeresete e ne e sa dire jalo. Barongwa ba ba neng ba katisitswe kwa Gileade ba ne ba iketleeditse gore ba tla dira tiro ka botlalo ba dira go ya kafa Keresete a ba laetseng ka teng.

Barongwa bano ba ne ba romilwe, ba sa ya go direlwa mme ba ile go direla batho. Go ne go bonala ka ditsela tse dintsi gore eleruri seno ke sone se ba neng ba leka go se dira. Ga go phoso go amogela dithoto fa o di newa mahala (mme o sa di bone ka go bo o di kopa) ke motho yo o lebogelang go bo o mo thusa semoyeng. Mme lefa go ntse jalo John Errichetti le Hermon Woodard ba ne ba bona go le mosola gore ba dirise nako nngwe ba dira tiro nngwe ka diatla tsa bone gore ba kgone go bona dilo tse ba di tlhokang fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a dira, e le gore ba kgone go fitlhelela dipelo tsa batho ba kwa Alaska. (1 Bakor. 9:11, 12; 2 Bathes. 3:7, 8) Tiro ya bone e kgolo e ne e le go rera mafoko a a molemo. Mme lefa go ntse jalo fa ba ne ba amogelwa ke mongwe, ba ne ba mo thusa go dira ditiro tse di neng di tlhoka go dirwa—ka sekai, ba ne ba tshela marulelo a motho mongwe sekonotere gonne ba ne ba lemoga gore o tlhoka thuso eo. Mme ka nako ya fa ba ne ba tswa mo lefelong le lengwe ba ya kwa go le lengwe ka mokoro, ba ne ba thusa mo go foloseng dithoto. Batho ba ne ba lemoga ka bonako gore barongwa bano ba ne ba sa tshwane le baruti ba Labokeresete.

Kwa mafelong a mangwe, barongwa ba Basupi ba ne ba tshwanela go dira tiro ya go itshedisa ka lobakanyana gore ba kgone go bona dilo tse ba di tlhokang gore ba nne mo nageng eo mme ba dire bodihedi jwa bone koo. Ka nako ya fa Jesse Cantwell a ne a ya kwa Colombia, o ne a ruta Seesemane mo lephateng la bongaka la yunibesithi go fitlha maemo a sepolotiki a fetoga le bodumedi bo sa tlhole bo thibelwa. Morago ga foo o ne a kgona go dirisa boitemogelo jwa gagwe jwa bodihedi jwa nako e e tletseng jaaka molebedi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa.

Mo mafelong a mantsi, barongwa ba ne ba tshwanela go nna ka makwalotetla a go tsena mo nageng a bajanala a a neng a ba letla go nna mo nageng ka lobaka lwa ngwaga kana gongwe ka dikgwedi di le mmalwa fela. Morago ba ne ba tshwanela go tswa ba bo ba tsena gape. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba tshwara ka thata, ba dira seno gantsintsi go fitlha ba kgona go bona makwalo a a ba letlang go nna. Ba ne ba rata thata go thusa batho ba dinaga tse ba neng ba rometswe kwa go tsone.

Barongwa bano ba ne ba sa itebe ba le kwa godimo ga batho ba mafelo ao. John Cutforth yo pele e neng e le morutisi kwa Canada, o ne a etela diphuthego mmogo le Basupi ba ba neng ba nna kwa thoko kwa Papua New Guinea jaaka molebedi yo o etang. O ne a nna fa fatshe mo bodilong le bone, a ja le bone, ebile a dumela go robala fa fatshe mo mosemeng mo matlong a bone fa ba mo laleditse. O ne a itumelela go tlotla le bone fa ba ntse ba tsamaya mmogo mo bodiheding jwa tshimo. Mme lefa go ntse jalo, seno se ne se gakgamatsa batho ba e neng e se Basupi fa ba se bona, ka go bo baruti ba Bayuropa ba barongwa ba Labokeresete ba ne ba sa tsalane le batho ba mafelo ao, ba ne ba nna le ba ba tsenang kereke ya bone fela ka lobaka lo lokhutshwane kwa dipokanong tsa bone, mme lefa go ntse jalo ba se ke ba ja le bone.

Batho ba Basupi bano ba neng ba ba thusa ba ne ba lemoga gore barongwa bano mmogo le phuthego e e neng e ba rometse ba ne ba ba kgatlhegela ba ba rata. Lokwalo lwa ga João Mancoca, Moafrika mongwe yo o humanegileng yo a neng a le kwa koloneng e go neng go otlhaelwa batho kwa go yone kwa Portuguese West Africa (e jaanong e leng Angola), lo ne lwa arabiwa ka go mo romelela morongwa wa Watch Tower go ya go mo thusa semoyeng. Mancoca o ne a bolela jaana moragonyana fa a ne a gakologelwa loeto loo: “Ke ne ke sa tlhole ke belaela gore phuthego eno ke ya boammaaruri ebile e tshegediwa ke Modimo. Ga ke ise nko ke akanye kana gone go dumela gore go na le phuthego nngwe ya bodumedi e e neng e ka dira selo se se ntseng jalo: e ka romela morongwa kwantle ga tuelo go tswa kwa kgakala jalo go tla go etela motho fela yo o sa reng sepe fela gonne a ba kwaletse lekwalo.”

Maemo a Botshelo le Dingwao

Ka kakaretso maemo a botshelo a dinaga tse barongwa ba neng ba romelwa kwa go tsone a ne a le kwa tlase ga a mafelo a ba neng ba tswa kwa go one. Ka nako ya fa Robert Kirk a ne a goroga kwa Burma (e jaanong e leng Myanmar) ka 1947, go ne go santse go bonala gore ntwa e ne e ntse e lowa, mme e ne e le matlo a sekae fela a a neng a na le mabone a motlakase. Mo dinageng tse dintsi, barongwa ba ne ba fitlhela gore diaparo di ne di tlhatswiwa ka bongwe ka bongwe mo lepolankeng kana mo letlapeng kwa nokeng, go sena motšhini o o tlhatswang wa motlakase. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba tlile go ruta batho boammaaruri jwa Bibela, ka jalo ba ne ba inaakanya le maemo a mo mafelong ao mme ba tsena mo bodiheding.

Gantsi barongwa ba ne ba sa fitlhele go na le ope yo a neng a tla ba amogela fa ba ne ba goroga mo malatsing ao a kwa tshimologong. Ba ne ba tshwanetse go ipatlela lefelo la go nna. Ka nako ya fa Charles Eisenhower, mmogo le ba bangwe ba le 11 ba ne ba goroga kwa Cuba ka 1943, ba ne ba robala fela mo boalong fa fatshe bosigo jwa ntlha. Letsatsi le le latelang ba ne ba reka malao mme ba dirisa mabokose a diapole go dira dirakanyana tse di tsenyang diaparo mmogo le dirakanyana tsa go tsenya dijana. Setlhopha sengwe le sengwe sa barongwa se ne se dirisa meneelo epe fela e se neng se e bona ya dibuka, mmogo le madinyana a e seng a sepe a Mokgatlho wa Watch Tower o neng o a naya babulatsela ba ba kgethegileng, mme ba ne ba leba kwa go Jehofa gore a segofatse maiteko a bone a go duela madi a go hira matlo, go reka dijo, le go duela ditshenyegelo tse dingwe.

Go apaya dijo ka dinako tse dingwe go ne go batla gore motho a akanye ka tsela nngwe e sele. Koo go neng go sena ditsidifatsi teng go ne go tlhokega gore go iwe kwa mabenkeleng letsatsi le letsatsi. Mo dinageng tse dintsi go ne go apewa ka malatlha kana dikgong go na le ka ditofo tsa gase kana tsa motlakase. George le Willa Mae Watkins ba ba neng ba rometswe kwa Liberia ba ne ba fitlhela gore setofo sa bone se ne se dirilwe fela ka matlapa a le mararo a a neng a tshegetsa ketlele ya tshipi.

Go tweng ka metsi? Ruth McKay o ne a bolela jaana fa a ne a leba ntlo ya gagwe e ntšha kwa India: ‘Leno ke legae le ke iseng ke le bone. Ntlo ya boapeelo ga e na sinki, e na le pompo fela kwa loboteng le le kwa sekhutlong le le nang le konkoreite e e tshetsweng go thibela metsi gore a se ka a elela le boalo jotlhe. Metsi ga a nne teng ka diura tsotlhe tse 24, mme metsi a tshwanela go bolokelwa ka dinako tsa fa a tswaletswe.’

Bangwe ba barongwa ba ne ba tsenwa ke malwetsi mo dikgweding tsa ntlha kwa dikabelong tsa bone gonne ba ne ba sa tlwaela maemo a mo mafelong ao. Russell Yeatts o ne a tlhaselwa ke letshololo gangwe le gape fa a ne a goroga kwa Curaçao ka 1946. Mme lefa go ntse jalo mokaulengwe mongwe wa kwa lefelong leo o ne a rapetse thapelo e e amang pelo tota a lebogela Jehofa barongwa bao mo e leng gore ba ne ba sa akanye go tsamaya. Fa Brian le Elke Wise ba sena go goroga kwa Upper Volta (e jaanong e leng Burkina Faso) ba ne ba fitlhela tlilemate ya teng e le maswe thata mo e neng e ba lwatsa thata. Ba ne ba tshwanela go ithuta go itshokela ditempereitšhara tsa motshegare tsa 43° C. Mo ngwageng wa bone wa ntlha, mogote o o maswe oo mmogo le malaria di ne tsa dira gore Elke a lwale ka dibeke di le mmalwa. Mo ngwageng o o latelang Brian o ne a nna mo diphateng ka dikgwedi di le tlhano gonne a ne a tshwerwe ke bolwetsi jwa sebete. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba lemoga ka bonako fela gore ba ne ba na le dithuto tsa Bibela tse dintsi tse di itumedisang tota—le tse dingwe tse ba neng ba sa di kgone. Go rata ga bone batho bao go ne ga ba thusa gore ba itshoke; ba ne ba thusiwa gape ke ntlha ya gore ba ne ba leba kabelo ya bone jaaka tshiamelo le gore e ne e le katiso e e siameng e Jehofa a neng a ba katisetsa sengwe sa mo isagweng ka yone.

Fa dingwaga di ntse di feta, barongwa ba bangwe ba ne ba amogelwa ke ba bangwe ba ba neng ba tsamaile pele ga bone, kana ba amogelwa ke Basupi ba mafelo ao. Bangwe ba ne ba romelwa kwa dinageng tse metsemegolo ya tsone e neng e le ya segompieno. Go tloga ka 1946, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa leka gore o neye setlhopha sengwe le sengwe sa barongwa legae le dilwana tsa mo ntlong mmogo le madi a go reka dijo, ka gone o ba golola gore ba se ka ba tshwenyega le go ba thusa gore ba tlhokomele thata go dira tiro ya go rera.

Mo mafelong a le mmalwa, go tsaya maeto e ne e le boitemogelo jo bo neng jwa leka boitshoko jwa bone. Fa dipula di sena go na, bokgaitsadi ba barongwa kwa Papua New Guinea ba ne ba iphitlhela ba belege dilwana mo mokwatleng ba tsamaya mo sekgweng mo tseleng ya dinao e e neng e relela mo ka dinako tse dingwe seretse se neng se ba rola ditlhako. Kwa Amerika Bokone, barongwa ba bantsi ba ne ba palama dibese tse di neng di tshosa di tsamaya mo ditselaneng tse ditshesane mo Dithabeng tse di kwa godimo tsa Andes. Ga o kake wa lebala ka bonako boitemogelo jwa go bona bese e o e pagameng e tsamaela kwa thoko ga tsela e feta koloi e nngwe e kgolo e e tswang kwa pele fa tsela e itsoketsang teng mme tsela eo e sa agelediwa ka sepe o bo o utlwa ekete bese e sekamela kafa lekgotlhong!

Mafelo a mantsi a ne a nnetse ruri le diphetogo tsa dipolotiki, mme lefa go ntse jalo barongwa ba Basupi ba ne ba tlhola ba akantse ka mafoko a ga Jesu a gore barutwa ba gagwe ba ne ba se kitla ba nna “ba lehatshe”; ka jalo ba ne ba sa eme le letlhakore lepe mo dintweng tse di ntseng jalo. (Yoh. 15:19) Ba ne ba ithuta gore ba se ka ba kgatlhegela sepe se se neng se ka ba tsenya mo kotsing go sa tlhokege. Selo se se molemo thata gantsi e ne e le go tloga mo mebileng go fitlha fa maemo a ritibetse. Barongwa bangwe ba le robong ba ne ba nna mo Saigon (e jaanong e leng Ho Chi Minh City) kwa Vietnam ka nako ya fa ntwa e ne e aparetse motsemogolo oo. Ba ne ba bona dibomo di ntse di wa, le melelo mo motsemogolong otlhe, le diketekete tsa batho di tshaba go boloka matshelo a tsone. Mme ereka ba ne ba lemoga gore Jehofa o ne a ba rometse gore ba tle go fepa batho ba ba tshwerweng ke tlala ya go utlwa boammaaruri jo bo nayang botshelo, ba ne ba leba kwa go ene gore a ba sireletse.

Le eleng ka nako ya fa go ne go na le kagiso, go ne go se motlhofo gore barongwa ba dire bodihedi jwa bone mo dikarolong dingwe tsa metsemegolo ya Asia. Fela fa ba ne ba bona motswakwa mo mebileng e mesesane ya dikarolo tsa bahumanegi tsa Lahore, kwa Pakistan, bontsintsi jwa bana ba ba sa tlhapang, ba ba leswe ba dingwaga tsotlhe ba ne ba phuthega. Ba ne ba tlhaeletsana le go bitsana, mme ba ne ba sala morongwa morago fa a ntse a tsamaya ka ntlo le ntlo, gantsi ebile ba phomesegela mo ntlong ba setse mmoledi morago. Go ise go e kae mmila otlhe o tla bo o boleletswe gore makasine ke bokae le gore motho yo ba sa mo itseng yono o ‘dira batho Bakeresete.’ Fa maemo a ntse jalo, gantsi go ne go tlhokega gore ba tsamaye. Gantsi ba ne ba tsamaya jalo ba tlhaelediwa, go opiwa diatla, mme ka dinako tse dingwe ba konopiwa ka maje.

Gantsi dingwao tsa lefelo di ne di dira gore barongwa ba fetole kafa ba dirang dilo ka teng. Kwa Japane ba ne ba ithuta gore ba tshwanetse go tlogela ditlhako tsa bone kwa mojako fa ba tsena mo ntlong. Mme fa go kgonega ba ne ba tshwanela go tlwaela go nna fa fatshe mo boalong fa pele ga tafole e nnye fa go ithutiwa Bibela. Mo dikarolong dingwe tsa Afrika, ba ne ba ithuta gore go naya motho selo ka letsogo la molema go ne go utlwisa yo mongwe botlhoko. Mme ba ne ba fitlhela gore mo karolong eo ya lefatshe, e ne e le go tlhoka maitseo fa ba ne ba ka bolela lebaka la go bo ba etetse koo pele ba ka tlotla ka bokhutshwane le batho ba koo—ba botsa matsogo, ba bo ba araba dipotso tsa gore motho o tswa kae, o na le bana ba bakae, jalo le jalo. Kwa Brazil barongwa ba ne ba fitlhela gore go na le gore ba kokote mo mejakong, gantsi ba ne ba tshwanetse go itaya diatla ba le kwa kgorong ya ka kwa pele go bitsa mong wa ntlo.

Lefa go ntse jalo, barongwa ba kwa Lebanona ba ne ba kopana le dingwao tsa mofuta o mongwe. E ne e le bakaulengwe ba le mmalwa fela ba ba neng ba tla le basadi ba bone le bomorwadiabone kwa dipokanong. Basadi ba ba neng ba tla ba ne ba nnela kwa morago ba sa tlhakane le banna. Ereka barongwa ba ne ba sa lemoge ngwao eno, ba ne ba se ka ba tshwenya kwa pokanong ya ntlha. Banyalani ba ne ba nna kwa pele, mme basetsana ba barongwa ba ne ba nna gongwe le gongwe fela kwa ba neng ba bona setulo teng. Mme lefa go ntse jalo morago ga pokano go ne ga tlotliwa ka melaometheo ya Bokeresete e e neng ya thusa go rarabolola seo. (Bapisa Duteronome 31:12; Bagalatia 3:28.) Go kgaogana go ne ga fela. Basadi ba bone le bomorwadiabone ba ne ba simolola go tla dipokanong. Ba ne ba dira le bokgaitsadi ba barongwa mo bodiheding jwa ntlo le ntlo.

Kgwetlho ya Puo E Ntšha

Setlhopha se sennye sa barongwa ba ba neng ba goroga kwa Martinique ka 1949 se ne se itse Sefora go le gonnye fela, mme lefa go ntse jalo ba ne ba itse gore batho ba tlhoka go utlwa molaetsa wa Bogosi. Ba ne ba simolola go tsamaya ka ntlo le ntlo ba na le tumelo tota, ba leka go bala ditemana di le mmalwa go tswa mo Bibeleng kana karolwana go tswa mo bukeng e ba neng ba e tsamaisa. Fa ba ntse ba le pelotelele jalo Sefora sa bone se ne sa tokafala ka bonya ka bonya.

Le mororo ba ne ba eletsa thata go thusa Basupi ba mo lefelong leo le batho ba bangwe ba ba kgatlhegang, barongwa ka bobone ba ne ba tlhoka go thusiwa pele—ka puo. Ba ba neng ba romelwa kwa Togo ba ne ba fitlhela thutapuo ya Se-Ewe, puo ya batho ba koo e e buiwang thata, e farologane thata le ya dipuo tsa Yuropa, le gore lefoko le ne le kaya sengwe se sele fa o ne o ka fetola segalo sa lentswe la gago. Ka jalo, lefoko le le nang le ditlhaka tse pedi eleng to, fa le ne le bilediwa kwa godimo, le ne le ka kaya tsebe, thaba, mogwagwadia, kana morafe; fa le bilediwa kwa tlase, le ne le kaya nare. Barongwa ba ba neng ba dira kwa Vietnam ba ne ba lebana le puo e mo go yone lefoko le le lengwe le neng le bidiwa ka digalo di le thataro, segalo sengwe le sengwe se le naya bokao jo bo farologaneng.

Edna Waterfall, yo a neng a rometswe kwa Peru, ga a ka a lebala ka bonako ntlo ya ntlha e a neng a leka go neela bosupi ka Se-Spain mo go yone. O ne a bua se a neng a se tshwere ka tlhogo a tshogile, a ntsha dibuka, a bo a rulaganya go tla go ithuta Bibela le mosadimogolo mongwe. Morago mosadi yoo o ne a bolela jaana a bua Seesemane sentle fela: “Go siame, tsotlhe di siame. Ke tla ithuta le wena mme re tla ithuta ka Se-Spain go go thusa gore o ithute Se-Spain.” Edna o ne a araba jaana a gakgametse: “O itse Seesemane? Mme o ntlogetse gore ke bue Se-Spain se mpalela jaana?” “Go go thusitse,” mosadi yono o ne a araba jalo. Mme eleruri go ne go mo thusitse! Jaaka Edna a ne a lemoga go ise go e kae, selo se se botlhokwa fa o ithuta puo ke gore o e bue.

Ka nako ya fa George Fredianelli a ne a leka go bua, o ne a fitlhela gore se a neng a akanya gore ke dipolelwana tsa Setadiana (mme lefa go ntse jalo tota e le mafoko a Seesemane a a dirilweng a Setadiana) di ne di sa tlhaloganngwe. Go rarabolola bothata jono, o ne a swetsa gore o tla kwala dipuo tsa gagwe mme a di bale fela jaaka di ntse. Mme lefa go ntse jalo ba bantsi ba ne ba robala. Ka jalo o ne a tlogela go kwala mo pampiring, a bua fela, mme a kopa bareetsi gore ba mo thuse fa a palelwang teng. Seno se ne se dira gore ba se ka ba robala, mme se ne sa mo thusa gore a gatele pele.

Khoso ya ditlelase tsa ntlha tsa Gileade e ne e akaretsa dipuo tse di jaaka Se-Spain, Sefora, Setadiana, Sepotokisi, Sejapane, Searabia, le Se-Urdu go thusa barongwa gore ba simolole go bua puo e ntšha. Fa dingwaga di ntse di feta go ne ga rutiwa dipuo di ka nna 30. Mme lefa go ntse jalo ereka baalogi ba tlelase e e rileng ba ne ba sa ye botlhe koo go buiwang puo e le nngwe teng, ditlelase tseno tsa go ithuta puo e sele moragonyana di ne tsa tseelwa sebaka ke thulaganyo ya gore ba fitlhe ba rutiwe puo eo ke mongwe fa ba goroga kwa ba rometsweng teng. Mo kgweding ya ntlha, ba e neng e le gone ba tlang ba ne ba ithuta puo eo ka diura di le 11 ka letsatsi; mo kgweding e e latelang ba ne ba dirisa sephatlo sa nako ba ithuta puo kwa gae mme sephatlo se sengwe ba dirisa kitso ya bone mo bodiheding jwa tshimo.

Lefa go ntse jalo, go ne ga lemogiwa gore ba ne ba gatela pele thata fa ba dirisa puo eno mo bodiheding jwa tshimo; ka jalo dilo di ne tsa fetolwa. Mo dikgweding tsa ntlha tse tharo kwa kabelong ya bone, barongwa ba basha ba ba neng ba sa itse puo ya koo ba ne ba senya diura di le nne le morutabana yo o tshwanelang sentle, mme go tloga fela kwa tshimologong ba bo ba neela batho bosupi kaga Bogosi jwa Modimo, ba dirisa se ba neng ba se ithuta.

Barongwa ba bantsi ba ne ba dira ka ditlhopha go tokafatsa kafa ba tshwarang puo ka teng. Ba ne ba tlotla ka mafoko a sekae kana a a ka nnang 20 a masha letsatsi le letsatsi fa ba ja sefitlholo mme ba leka go a dirisa mo bodiheding jwa bone jwa tshimo.

Go ithuta puo ya lefelo ke selo se se botlhokwa thata se se thusang go dira gore batho ba lefelo leo ba ba ikanye. Batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ga ba ikanngwe mo mafelong a mangwe. Hugh le Carol Cormican ba ile ba dira motho a le esi kana jaaka banyalani mo dinageng tse tlhano tsa Afrika. Ba itse sentle kafa batho ba Afrika ba sa ikanyeng batho ba Yuropa ka teng. Mme lefa go ntse jalo ba bolela jaana: “Go bua puo ya lefelo leo go tlosa boikutlo joo ka bonako. Mo godimo ga moo, bangwe bao ba ba sa batleng go reetsa mafoko a a molemo fa a bolelwa ke batho ba naga ya bone, rona ba a re reetsa, ba tsaya dibuka, ba a ithuta, gonne re dirile maiteko a go bua le bone ka puo ya bone.” Gore ba kgone go dira seo, Mokaulengwe Cormican o ne a ithuta dipuo di le tlhano, go sa akarediwe Seesemane, mme Kgaitsadi Cormican o ithutile di le thataro.

Gone mme, go ka nna le mathata fa o leka go ithuta puo e ntšha. Mokaulengwe mongwe yo a neng a tshamekela beng ba matlo molaetsa wa Bibela o o theipilweng kwa Puerto Rico, o ne a tswala keremefono ya gagwe a bo a fetela kwa ntlong e nngwe fa motho a ne a araba jaana, “¡Como no!” Mo go ene go ne go utlwala ekete a re “Se tshameke,” mme go ne ga mo tsaya lobaka pele a ithuta gore polelwana eo e kaya “Gore a tswelele a se tshameke!” Kafa letlhakoreng le lengwe barongwa ba ne ba sa tlhaloganye fa mong wa ntlo a ne a bolela gore ga a kgatlhege ka jalo ba ne ba nnela go mo neela bosupi. Beng ba matlo ba ba neng ba tlhomoga pelo ba ne ba felela ba solegetswe molemo.

Go ne go na le maemo mangwe a a tshegisang. Leslie Franks, fa a le kwa Singapore o ne a ithuta gore a nne kelotlhoko thata gore a se ka a bolela kaga kokonate (kelapa) fa a ne a batla go bua ka tlhogo (kepala), le tlhaga (rumput) fa a ne a batla go bua ka moriri (rambut). Morongwa mongwe kwa Samoa o ne a se ka a bitsa mafoko sentle mme a botsa motho mongwe wa koo a re, “Ditedu tsa gago di ntse jang?” (o ne a sena tsone), o ne a batla go nna botsalano a botsa monna yoo ka mosadi wa gagwe. Ka nako ya fa Zola Hoffman a ne a pagame bese kwa Ecuador, mokgweetsi wa bese o ne a e rutla mme o ne a wela mo diropeng tsa monna mongwe gonne a ne a eme ka dinao. Ereka a ne a tlaletswe, o ne a leka go kopa maitshwarelo. Mme o ne a re, “Con su permiso” (Fa e le gore o a dumela). Ka nako ya fa monna yo o molemo yono a ne a araba a re, “Go siame Mma, fa o batla,” bapagami ba bangwe ba ne ba thubega ka setshego.

Lefa go ntse jalo, barongwa ba ne ba bona matswela a a molemo mo bodiheding gonne ba ne ba leka tota. Lois Dyer, yo a neng a goroga kwa Japane ka 1950, o gakologelwa kgakololo eno e a neng a e newa ke Mokaulengwe Knorr: “Dira bojotlhe jo o ka bo kgonang le eleng lefa o dira diphoso, dira sengwe!” O ne a dira fela jalo, le ba bangwe ba bantsi ba ne ba dira fela jalo. Mo dingwageng tse 42 tse di latelang, barongwa ba ba neng ba rometswe kwa Japane ba ne ba bona palo ya baboledi ba koo ba Bogosi e oketsega go tloga go ba le mmalwa fela go ya go ba le 170 000, mme ba ne ba tswelela go oketsega. Abo seo e ne e le tuelo e e molemo jang ne gonne ba ne ba kopa Jehofa gore a ba kaele mme bone ba ne ba iketleeditse go leka!

Go Simolola Ditshimo Tse Disha, le go Tlhabolola Tse Dingwe

Mo dinageng tse dintsi le kwa ditlhaketlhakeng tse dintsi, tiro ya go rera ka Bogosi e ne ya simololwa ke barongwa ba ba katisitsweng kwa Gileade kana e ne ya kgaramediwa ke bone fa batho bangwe ba sena go naya bosupi go le gonnye fela. Go bonala e ne e le bone Basupi ba ntlha ba ga Jehofa go rera mafoko a a molemo kwa Somalia, kwa Sudan, Laos le kwa ditlhaketlhakeng tse dintsi go dikologa lefatshe.

Go ne go setse go kile ga neelwa bosupi kwa mafelong a a tshwanang le Bolivia, Dominican Republic, Ecuador, El Salvador, Honduras, Nicaragua, Ethiopia, The Gambia, Liberia, Cambodia, Hong Kong, Japane, le Vietnam. Mme lefa go ntse jalo go ne go sena Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba bega fa ba dira tiro mo dinageng tseno fa barongwa ba ntlha ba ba katisitsweng kwa Sekolong sa Gileade ba ne ba goroga mo dinageng tseno. Fa go neng go kgonega teng barongwa ba ne ba dira ka thulaganyo mo nageng, ba ya pele kwa metsemegolong e megolwane. Ba ne ba sa neye batho dibuka ba bo ba fetela kwa pele, jaaka barekisi ba dibuka ba ne ba dira pele. Ba ne ba boela kwa go ba ba neng ba kgatlhega ba le pelotelele, ba ithuta Bibela le bone, le go ba katisa mo bodiheding jwa tshimo.

Dinaga tse dingwe di ne di na le baboledi ba Bogosi ba ba ka nnang lesome (mme mo makgetlong a mantsi ba le kafa tlase ga foo) pele barongwa ba ba alogileng kwa Sekolong sa Gileade ba tla. Tsone di ne di akaretsa Colombia, Guatemala, Haiti, Puerto Rico, Venezuela, Burundi, Ivory Coast (e jaanong e leng Côte d’Ivoire), Kenya, Mauritius, Senegal, Afrika Borwa Bophirima (e jaanong e leng Namibia), Ceylon (e jaanong e leng Sri Lanka), China, le Singapore, mmogo le ditlhopha tse dintsi tsa ditlhaketlhake. Barongwa ba ne ba tlhoma sekao sa go nna tlhaga mo bodiheding, ba ne ba thusa Basupi ba mo mafelong ao go tokafatsa kafa ba kgonang ka teng, ba tlhoma diphuthego, le go thusa bakaulengwe gore ba tshwanele go etelela pele. Mo makgetlong a mantsi ba ne ba simolola tiro ya go rera mo mafelong a a neng a ise a rerelwe ke ope pele.

Ka ntlha ya thuso eno, palo ya Basupi e ne ya gola. Mo dinageng tse dintsi tsa tseno, go na le diketekete tsa Basupi ba ba tlhaga ba ga Jehofa. Tse dingwe tsa tsone di na le diketekete di le masome, kana le eleng batho ba ba bakang Jehofa ba feta dikete di le lekgolo.

Bangwe Ba Ne Ba Eletsa Thata go Utlwa

Mo mafelong a mangwe barongwa ba ne ba fitlhela batho ba ba neng ba iketleeditse ebile ba batla go ithuta. Ka nako ya fa Ted le Doris Klein, baalogi ba tlelase ya ntlha ya Gileade, ba ne ba goroga kwa Virgin Islands ka 1947, go ne go na le batho ba bantsi ba ba neng ba batla go ithuta Bibela mo eleng gore ba ne ba dira go fitlha bosigogare. Go ne go tlile batho ba le sekete go tla go reetsa puo ya ntlha ya phatlalatsa eo Mokaulengwe Klein a neng a e neela kwa Market Square ya kwa Charlotte Amalie.

Joseph McGrath le Cyril Charles ba ne ba romelwa kwa tshimong ya Ba-Amis kwa Taiwan ka 1949. Ba ne ba iphitlhela ba nna mo matlong a a ruletsweng ka bojang a a sa dilwang fa fatshe. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba etse koo go ya go thusa batho. Batho bangwe ba morafe wa Ba-Amis ba ne ba setse ba na le dibuka tsa Watch Tower, ba ile ba kgatlhiwa ke se ba neng ba se bala, mme ba ile ba bolelela ba bangwe mafoko a a molemo. Jaanong barongwa ba ne ba etse koo go ya go ba thusa gore ba gole semoyeng. Ba ne ba bolelelwa gore go na le batho ba le 600 ba ba batlang go ithuta boammaaruri, mme lefa go ntse jalo go ne ga tla palogotlhe ya ba le 1 600 kwa dipokanong tse ba neng ba di tshwara fa ba ntse ba ya le metse. Batho ba ba boikokobetso bano ba ne ba batla go ithuta, mme ba ne ba sa itse dilo tse dintsi ka tsela e e tlhomameng. Bakaulengwe ba ne ba simolola go ba ruta ka bopelotelele, ba ba ruta thuto e le nngwe ka nako, gantsi ba dirisa diura di le robedi le go feta go bodiwa dipotso di bo di arabiwa mo motseng mongwe le mongwe. Ba ba 140 ba ba neng ba bolela fa ba batla go neela bosupi ka ntlo le ntlo ba ne ba katisiwa. Abo seo se ile sa itumedisa barongwa thata jang ne! Mme lefa go ntse jalo go ne go na le go le gontsi go go neng go tlhoka go dirwa gore ba gole semoyeng.

Mo e ka nnang dingwaga di le 12 moragonyana, Harvey le Kathleen Logan, barongwa ba ba katisitsweng kwa Gileade ba ba neng ba ntse ba direla kwa Japane, ba ne ba romelwa go ya go thusa bakaulengwe ba Ba-Amis. Mokaulengwe Logan o ne a tsaya nako e ntsi a ba thusa go tlhaloganya dithuto tsa motheo le melaometheo ya Bibela mmogo le kafa dilo di dirwang ka teng mo phuthegong. Kgaitsadi Logan o ne a dira le bokgaitsadi ba Ba-Amis mo tirelong ya tshimo letsatsi le letsatsi, mme o ne a leka go ba ruta boammaaruri jwa motheo jwa Bibela morago ga tirelo ya tshimo. Morago ga foo ka 1963 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa rulaganya gore go tle baemedi go tswa kwa dinageng tse 28 go tla go kopana le Basupi ba lefelo leo kwa motseng wa Shou Feng, kwa kopanong e e neng e tshwerwe mo lefatsheng lotlhe. Seno se ne sa thaya motheo o o nonofileng tota wa gore ba oketsege.

Ka 1948, barongwa ba bangwe ba babedi, Harry Arnott le Ian Fergusson, ba ne ba goroga kwa Rhodesia Bokone (e jaanong e leng Zambia). Go ne go setse go na le diphuthego di le 252 tsa Basupi ba Baafrika mo lefelong leno ka nako eo, mme lefa go ntse jalo go ne ga rerelwa batho ba Bayuropa ba ba neng ba fudugetse koo go ya go dira mo meepong ya koporo. Tsela e ba neng ba arabela ka yone e ne e kgatlha. Go ne ga tsamaisiwa dibuka tse dintsi; bao go neng go ithutiwa Bibela le bone ba ne ba gatela pele ka bonako. Mo go one ngwaga oo palo ya Basupi ba ba neng ba le tlhaga mo bodiheding jwa tshimo e ne ya oketsega ka 61 lekgolong.

Mo mafelong a mantsi gantsi barongwa ba ne ba fitlhela go setse go na le lenaane la batho ba ba neng ba batla go ithuta Bibela. Ka dinako tse dingwe balosika, baagelani, le ditsala tse dingwe ba ne ba nna teng ka nako ya fa go ne go ithutiwa. Batho bangwe ba ne ba simolola go ya kwa dipokanong ka metlha kwa Holong ya Bogosi le pele ba nna le thuto ya bone ya Bibela ka namana.

Lefa go ntse jalo, le mororo barongwa ba ne ba dira maiteko a magolo mo dinageng tse dingwe, go ne go rojwa go le gonnye fela. Kwa tshimologong ya 1953, barongwa ba Watch Tower ba ne ba romelwa kwa Pakistan Botlhaba (e jaanong e leng Bangladesh), koo bontsi jwa baagi ba teng ba ba fetang 115 000 000 jaanong e leng Bamoselema le Bahindu. Go ne ga dirwa maiteko tota go thusa batho bano. Lefa go ntse jalo ka 1992 go ne go na le baobamedi ba ga Jehofa ba le 42 mo nageng eo. Lefa go ntse jalo, barongwa ba ba dirang mo mafelong ao ba tsaya mongwe le mongwe yo o tsenang mo kobamelong ya boammaaruri a le botlhokwa thata—gonne ba ba ntseng jalo ga ba bonwe motlhofo.

Go Thusa Basupi Ba Bangwe ka Lorato

Tiro e kgolo ya barongwa ke go rera efangele, go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Mme lefa go ntse jalo ereka ba ile ba dira tiro eno ka namana ba ile ba kgona go thusa Basupi ba mo mafelong ao thata. Barongwa ba ile ba tsamaya le bone mo bodiheding jwa tshimo mme ba ile ba ba gakolola gore ba ka dira jang mo maemong a a bokete. Basupi ba mo mafelong ao ba ile ba ela tlhoko barongwa mme ba ithuta gore ba ka dira bodihedi jwa bone ka thulaganyo jang le gore ba ka ruta jang ka tsela e e nang le matswela. Gape Basupi ba mo mafelong ao ba ile ba thusa barongwa gore ba ka fetofetoga jang fa go tla mo dingwaong.

Fa a goroga kwa Portugal ka 1948, John Cooke o ne a tsaya dikgato tsa gore a rulaganye gore tiro ya go rera e dirwe sentle. Le mororo bontsi jwa Basupi bo ne bo iketleeditse thata, bo ne bo tlhoka go katisiwa. Moragonyana o ne a bolela jaana: “Ga nkitla ke lebala fa ke ne ke tswela mo bodiheding la ntlha le bokgaitsadi ba kwa Almada. Ee, ba ne ba ya kwa ntlong e le nngwe ka borataro jwa bone. Akanya fela setlhopha sa basadi ba le barataro ba eme fa mojakong fa mongwe wa bone a ne a rera! Mme dilo di ne tsa simolola go fetoga ka bonya ka bonya mme tsa simolola go tswelela pele.”

Sekao sa go nna pelokgale sa barongwa se ne sa thusa Basupi ba kwa Ditlhaketlhakeng tsa Leeward gore ba nne pelokgale, ba se ka ba tshosiwa ke baganetsi ba ba neng ba leka go kgoreletsa tiro. Tumelo e e neng ya supiwa ke morongwa mongwe e ne ya thusa bakaulengwe kwa Spain gore ba simolole bodihedi jwa ntlo le ntlo, le mororo ba ne ba tshela ka nako ya Puso ya Bokgokgontshi ya bogateledi ya Katoliki. Barongwa ba ba neng ba dira kwa Japane morago ga Ntwa ya Lefatshe II ba ne ba tlhoma sekao sa go nna botlhale—ba sa nnele go bolela gore bodumedi jwa morafe bo paletswe, ka nako ya fa mmusimogolo wa Japane a ne a ipolela gore e ne e se modimo, mme go na le go dira jalo bone ba ne ba ntsha bosupi jwa gore go dumelwe gore go na le Mmopi.

Basupi ba mo mafelong ao ba ne ba ela barongwa tlhoko mme gantsi ba ne ba amega thata ka ditsela tse barongwa ba neng ba sa di lemoge ka nako eo. Kwa Trinidad, go santse go buiwa ka dilo tse di neng di supa gore barongwa ba a ikokobetsa le morago ga dingwaga tse dintsi, gore ba ne ba iketleeditse go itshokela maemo a a bokete, le gore ba ne ba iketleeditse go dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa le mororo go ne go le mogote thata. Basupi ba kwa Korea ba ne ba kgatlhiwa thata ke moya wa go intsha setlhabelo wa barongwa ba ba neng ba fetsa dingwaga di le lesome ba le mo nageng eo ba ise ba ye go bona bamalapa a bone gonne puso e ne e sa batle go ba naya makwalo a go tsena gape kwantle ga fa go ne go ka diragala sengwe “se se tlhomolang pelo” ka tshoganetso.

Fa ba ntse ba katisiwa kwa Gileade le fa ba sena go fetsa, bontsi jwa barongwa bo ne bo itse kafa dilo di dirwang ka teng kwa ntlokgolong ya phuthego e e bonalang ya ga Jehofa. Gantsi ba ne ba nna le tshono ya go kopana le maloko a Setlhopha Se Se Laolang. Moragonyana fa ba le kwa ba rometsweng teng ba ne ba kgona go bolelela Basupi ba lefelo leo le batho ba ba kgatlhegang dilo tse ba di boneng ka matlho tsa kafa phuthego e dirang ka teng mmogo le kafa bone ba neng ba e itumelela ka teng. Tsela e e boteng e ba neng ba anaanela ka yone kafa phuthego e dirang ka teng ka tsela ya bomodimo gantsi e ne e thusa thata mo koketsegong e e neng e bonwa.

Kwa mafelong a mantsi ao barongwa ba neng ba rometswe kwa go one, ba ne ba fitlhela go sa tshwarwe dipokano dipe fela tsa phuthego fa ba goroga. Ka jalo ba ne ba rulaganya kafa go neng go tlhokega ka teng, ba tshwara dipokano, mme ba ne ba tshwara dikarolo tse dintsi tsa dipokano go fitlha go nna le bangwe ba ba neng ba tshwanela go newa ditshiamelo tseno. Ba ne ba tlhola ba ruta bakaulengwe gore ba kgone go tshwanela go dira ditiro tse ba neng ba di dira. (2 Tim. 2:12) Gantsi go ne go simololwa go kopanelwa kwa legaeng la barongwa. Moragonyana go ne ga rulaganngwa gore go nne le Diholo tsa Bogosi.

Koo go neng go setse go na le diphuthego teng, barongwa ba ne ba thusa gore dipokano di kgatlhe le gore e nne tse di rutang. Dikakgelo tsa bone tse ba neng ba di baakanya sentle di ne di itumelelwa mme go ise go ye kae e ne ya nna sekao se ba bangwe ba neng ba leka go se etsa. Bakaulengwe ba ne ba dirisa katiso ya bone ya Gileade go tlhoma sekao se sentle mo go bueng le mo go ruteng phatlalatsa, mme ba ile ba itumelela go dirisa nako ba thusa bakaulengwe ba mo mafelong ao go ithuta botswerere joo. Mo dinageng tse batho ka tlholego fela ba neng ba itshelela fela mme ba sa tlhokomele nako thata, barongwa ba ile ba nna pelotelele go ba thusa gore ba lemoge botlhokwa jwa go simolola dipokano ka nako mme ba ne ba kgothaletsa mongwe le mongwe gore a goroge ka nako.

Maemo a ba neng ba a fitlhela mo mafelong a mangwe a ne a supa gore ba ne ba tlhoka go thusiwa gore ba anaanele botlhokwa jwa go kgomarela melao e e siameng ya ga Jehofa. Ka sekai, kwa Botswana ba ne ba fitlhela bokgaitsadi ba santse ba rwesa masea a bone megalanyana kana dibaga go ba sireletsa gore ba se ka ba tlhagelwa ke kotsi, mme ba ne ba sa lemoge ka botlalo gore ngwao eno e tswa mo tumelabotlhoding le mo boloing. Kwa Portugal ba ne ba fitlhela go na le maemo a a neng a tsosa go sa utlwane. Fa ba ntse ba le pelotelele, ba ba thusa ka lorato, mme ba nonofile fa go tlhokegang teng, go ne ga bonala fa go itekanela ga bone semoyeng go tokafala.

Barongwa ba ba neng ba abetswe go okamela kwa Finland ba ne ba dirisa nako e ntsi ebile ba ne ba tsaya matsapa go katisa bakaulengwe ba koo go rarabolola mathata ba dirisa melaometheo ya Bibela mme ka gone ba kgona go dira tshwetso e e dumalanang le kgopolo ya Modimo. Kwa Argentina ba ne ba thusa bakaulengwe go ithuta kafa go leng botlhokwa ka teng go nna le thulaganyo, go boloka direkoto, le kafa go leng botlhokwa ka teng go nna le difaele. Kwa Jeremane ba ne ba thusa bakaulengwe bao mo dilong tse dingwe tse ba neng ba gagamalela kafa bone ba bonang dilo ka teng mme ba dirwa ke go bo, ba ne ba lwela go nna ba nonofile ka nako ya fa ba ne ba le kwa dikampeng tsa pogisetso, ba ne ba ba thusa gore ba etse Jesu Keresete ka botlalo fa ba ntse ba goga letsomane la Modimo gonne a ne a le bonolo ka ditsela tse dintsi.—Math. 11:28-30; Dit. 20:28.

Tiro ya barongwa ba bangwe e ne e akaretsa go dirisana le baemedi ba puso, go araba dipotso tsa bone le go kopa gore tiro ya Basupi ba ga Jehofa e kwadisiwe semolao. Ka sekai, mo lobakeng lwa dingwaga tse di ka nnang nnè, Mokaulengwe Joly, yo a neng a rometswe kwa Cameroon le mosadi wa gagwe, o ne a leka kgapetsakgapetsa go bona tetla ya semolao. O ne a tlhola a bua le baemedi ba Bafora le ba Baafrika gangwe le gape. Kgabagare fa puso e sena go tsewa ke ba bangwe basele, ba ne ba kwadisiwa semolao. Ka nako eno Basupi ba ne ba setse ba na le dingwaga di le 27 ba dira mo Cameroon ebile palo ya bone e ne e setse e feta 6 000.

Go Fenya Kgwetlho ya Tiro ya go Eta

Bangwe ba barongwa ba ne ba rometswe go ya go dira jaaka balebedi ba ba etang. Ba ne ba tlhokega thata kwa Australia gonne bakaulengwe bangwe ba ne ba se ka ba dirisa botlhale mme ba tlogela go dira dilo tse di direlwang Bogosi ba ya go dira ditiro tsa go itshedisa ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Fa nako e ntse e tsamaya seno se ne sa baakanngwa mme fa Mokaulengwe Knorr a ne a etetse koo la ntlha ka 1947 go ne ga gatelelwa gore tiro ya go rera ka Bogosi e bewe kwa pele. Morago ga foo, matlhagatlhaga, le sekao se se molemo, le mekgwa ya go ruta ya baalogi ba Gileade ba ba neng ba dira jaaka balebedi ba ba etang le balebedi ba kgaolo di ne tsa thusa Basupi ba koo gore ba dire dilo ka tsela ya semoya gape.

Go nna le seabe mo tirong eo gantsi go ne go batla gore motho a bo a iketleeditse gore o tla dira ka natla lefa a lebane le dikotsi. Wallace Liverance o ne a fitlhela gore tsela fela ya go fitlha kwa balebeding ba ba neng ba nna kwa thoko kwa Volcán, kwa Bolivia, e ne e le go tsamaya loeto lwa dikilometara di le 90 go ya le go boa a ralala ditsela tse di maje tse di senang ope tse di bogodimo jwa dimetara di le 3 400 mo letsatsing le le mogote, a rwele kgetsi ya gagwe ya go robala, dijo, le metsi mmogo le dibuka. Neal Callaway o ne a tlhola a tsamaya ka dibese tse di tletseng tsa kwa magaeng tse go neng go sa pagame batho fela mo go tsone mme di ne di pega diphologolo le dikungwa fa a ne a ntse a tsamaya a thusa diphuthego kwa Philippines. Richard Cotterill o ne a simolola tiro ya gagwe jaaka molebedi yo o etang kwa India ka nako ya fa diketekete tsa batho di ne di bolawa ka ntlha ya letlhoo la bodumedi. Ka nako ya fa a ne a tshwanetse go ya go dira le bakaulengwe mo lefelong le le neng le na le dikhuduego, motho yo go neng go duelelwa manno a sepalangwa mo go ene o ne a leka go mo thibela. Batho botlhe ba ba neng ba pagame ba ne ba tshogile mme lefa go ntse jalo Mokaulengwe Cotterill o ne a rata bakaulengwe ba gagwe fela thata lefa ba ne ba ka tswa ba nna kae kana ba bua puo efe. O ne a bolela jaana a ikantse Jehofa thata: “Fa Jehofa a rata ke tla leka go ya.”—Yak. 4:15.

Go Kgothaletsa Ba Bangwe go Nna le Seabe mo Tirelong ya Nako E E Tletseng

Bontsi jwa ba ba neng ba ba ruta ba ne ba etsa sekao sa bone ka go tsena mo tirong ya nako e e tletseng gonne barongwa ba ne ba supa moya wa go nna tlhaga. Kwa Japane, koo go ileng ga dira barongwa ba le 168 teng, go ne go na le babulatsela ba le 75 956 ka 1992; baboledi ba ba fetang 40 lekgolong ba kwa Japane ba ne ba le mo tirelong nngwe ya nako e e tletseng. Selekanyo se ne se tshwana le kwa Repaboliking ya Korea.

Mo dinageng tse selekanyo sa Basupi fa se bapisiwa le sa morafe se neng se le kwa godimo, bontsi jwa badihedi ba koo ba nako e e tletseng ba ile ba lalediwa go ya go katisiwa kwa Sekolong sa Gileade mme ba ile ba romelwa kwa mafelong a mangwe. Palo e kgolo ya barongwa e ne ya tswa kwa United States le kwa Canada; ba ba ka nnang 400 ba tswa kwa Borithane; ba ba fetang 240 ba tswa kwa Jeremane; ba ba ka tshwarang 150 ba tswa kwa Australia; ba ba fetang 100 ba tswa kwa Sweden; mo godimo go palo e e kwa godimo ya ba ba neng ba tswa kwa Denmark, Finland, Hawaii, Netherlands, New Zealand, le tse dingwe. Dinaga tse dingwe tse di neng tsa thusiwa ke barongwa moragonyana le tsone di ne tsa ntsha ba ba neng ba tla nna barongwa kwa dinageng tse dingwe.

Go Dira Fa Go Tlhokegang Teng mo Phuthegong E E Golang

Jaaka phuthego e ile ya gola, barongwa ba ne ba dira boikarabelo jo bongwe gape. Bontsi jwa bone bo ile jwa dira jaaka bagolwane kana batlhanka ba bodihedi mo diphuthegong tse ba neng ba di thusa gore di gole. Mo dinageng tse dintsi e ne ya nna bone ba ntlha go nna balebedi ba potologo le ba kgaolo. Barongwa ba bangwe ba ile ba newa boikarabelo jwa go tlhokomela makala fa go ntse go nna le koketsego e e neng ya dira gore Mokgatlho o tlhome diofisi tse disha tsa makala. Mo makgetlong a mangwe ba ba ileng ba kgona go itse puo sentle ba ile ba kopiwa go thusa mo go ranoleng le mo go baleng dibuka tsa Bibela go bona fa go sena diphoso dipe fa go ntse go ranolwa.

Lefa go ntse jalo, ba ile ba ikutlwa ba duetswe tota fa ba ba neng ba ithutile le bone Lefoko la Modimo, kana bakaulengwe ba ba neng ba ba thusa gore ba gole semoyeng ba ne ba tshwanela go dira ditiro tse di tshwanang le tseo. Ke gone ka moo banyalani bangwe ba kwa Peru ba neng ba itumelela go bona bangwe ba bao ba neng ba ithutile le bone ba dira jaaka babulatsela ba ba kgethegileng, ba thusa go nonotsha diphuthego tse disha le go simolola tiro kwa ditshimong tse disha. Motho mongwe mo lelapeng le morongwa mongwe a neng a ithuta le lone kwa Sri Lanka o ne a nna leloko la Komiti ya Lekala la mo nageng eo. Barongwa ba bangwe le bone ba ne ba bona dilo tse di tshwanang tse di itumedisang.

Gape ba ile ba ganediwa.

Fa Ba Ganediwa

Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba ne ba tla bogisiwa, fela jaaka le ene a ne a ile a bogisiwa. (Yoh. 15:20) Ereka gantsi barongwa ba ne ba tswa kwa dinageng tse di kwa moseja, gantsi fa pogiso e ne e simolola mo nageng, ba ne ba kobiwa.

Ka 1967, Sona Haidostian le batsadi ba gagwe ba ne ba tshwarwa kwa Aleppo, kwa Siria. Ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ka dikgwedi di le tlhano mme morago ba ne ba kobiwa mo nageng eo ba tseetswe dithoto tsa bone. Margarita Königer, yo a neng a tswa kwa Jeremane, o ne a romelwa kwa Madagascar; mme gangwe le gape fa a kobiwa o ne a romelwa kwa lefelong le lengwe le lesha, kwa Kenya, Dahomey (Benin), le Upper Volta (Burkina Faso). Domenick Piccone le mosadi wa gagwe, Elsa, ba ne ba kobiwa kwa Spain ka 1957 ka ntlha ya go rera, morago ba ne ba kobiwa kwa Portugal ka 1962, le kwa Morocco ka 1969. Lefa go ntse jalo, go ne go bonwa molemo mongwe mo nageng nngwe le nngwe fa go ntse go lekwa go thibela gore ba se ka ba kobiwa. Baemedi ba ne ba neelwa bosupi. Ka sekai, kwa Morocco ba ne ba kgona go neela bosupi mo baemeding bangwe ba Sécurité Nationale, moatlhodi wa Kgotlatshekelokgolo, mookamedi wa mapodisi kwa Tangier, le kwa matlong a boemedi ba U.S. kwa Tangier le kwa Rabat.

Tiro ya Basupi ba ga Jehofa ga e a ka ya ema fa barongwa ba kobiwa jaaka baemedi ba ne ba lebeletse. Dipeo tsa boammaaruri gantsi di ne di tswelela go tlhoga fa di setse di jetswe. Ka sekai, barongwa ba le bane ba ne ba dira bodihedi jwa bone ka dikgwedi di le mmalwa fela pele puso ya Burundi e ba pateletsa gore ba tsamaye ka 1964. Mme lefa go ntse jalo yo mongwe wa bone o ne a tswelela a kwalelana le motho mongwe yo o kgatlhegang, yo a neng a mo kwalela go mmolelela gore o ithuta Bibela le batho ba le 26. Mosupi mongwe wa kwa Tanzania yo a neng a fudugetse kwa Burundi le ene o ne a tswelela a rera. Palo ya bone e ne ya nna ya gola ka bonya ka bonya go fitlha fa go setse go na le ba le makgolokgolo a a neng a rera molaetsa wa Bogosi.

Kwa mafelong a mangwe, baemedi ba ne ba dira bosetlhogo go leka go dira gore mongwe le mongwe a dire se ba se batlang. Kwa Gbarnga, kwa Liberia, masole a ne a phutha banna, basadi, le bana ba le 400 ba ba neng ba ile kopanong ya Bokeresete koo ka 1963. Masole a ne a ba isa kwa kampeng ya masole, a ba tshosa, a ba itaya, mme a laela mongwe le mongwe—lefa e ne e ka tswa e le wa morafe ofe kana wa tumelo efe—go dumedisa folaga ya Liberia. Milton Henschel yo a neng a tswa kwa United States o ne a le teng mo setlhopheng seno. Go ne go na le barongwa ba bangwe go akaretsa le John Charuk go tswa kwa Canada. Mongwe wa baalogi ba Gileade o ne a ineela, fela jaaka a ne a dirile pele ga foo (le mororo a ne a sa bolelela ope), mme ga go na pelaelo ya gore seo se ne sa dira gore ba bangwe le bone ba ba neng ba le kwa kopanong ba ineele. Go ne ga bonala sentle gore ke bafe ba ba neng ba boifa Modimo tota le gore ke bafe ba ba neng ba boifa motho. (Dia. 29:25) Morago ga seno, puso e ne ya laela barongwa ba Basupi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe gore ba tsamaye, le mororo moragonyana poresidente e ne ya tlhoma molao o o neng o ba letla gore ba boe.

Seo baokamedi ba puso ba neng ba tlhola ba se dira barongwa e ne e le ka ntlha ya go patelediwa ke baruti. Ka dinako tse dingwe ba ne ba ba gatelela mo sephiring. Ka dinako tse dingwe mongwe le mongwe o ne a itse gore ke mang yo a neng a dira gore batho ba nne kgatlhanong. George Koivisto ga a kitla a lebala moso wa ntlha wa fa a ne a le mo tirelong ya tshimo kwa Medellín, kwa Colombia. Ka bonako fela go ne ga tlhaga segopa sa bana ba sekolo, ba konopa maje le makwete a mmopa. Motho mongwe yo a neng a ise a ko a mmone pele o ne a mo tsenya mo ntlong ka bonako a bo a tswala dikgoro tsa logong, a ntse a bolela kafa a leng maswabi ka teng ka se se dirwang ke segopa se se kafa ntle. Ka nako ya fa mapodisi a goroga, bangwe ba ne ba pega morutisi molato wa go bo a letlile bana go tswela kwa ntle. Mme lefa go ntse jalo mongwe o ne a tlhaeletsa jaana: “Ga go a nna jalo! E ne e le moruti! O ne a bua ka sebuelagodimo gore bana ba tswe mme ba ‘konope Maporotesetanta ka maje.’”

Ba ne ba tlhoka go nna le bopelokgale jo ba neng ba bo newa ke Modimo mmogo le go bo ba ne ba rata dinku. Elfriede Löhr le Ilse Unterdörfer ba ne ba rometswe kwa mokgatšheng wa Gastein kwa Austria. Mo lobakeng lo lokhutshwane fela go ne go setse go tsamaisitswe dibuka tsa Bibela tse dintsi mo bathong ba ba neng ba tshwerwe ke tlala ya dijo tsa semoya. Mme lefa go ntse jalo baruti ba ne ba tsaya kgato. Ba ne ba tlhotlheletsa bana ba sekolo gore ba goe barongwa fa ba ba bona mo mebileng ba bo ba sianele kwa go beng ba matlo ba ba bolelele gore ba se ka ba ba reetsa. Batho ba ne ba boifa. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba simolola dithuto di sekae gonne ba ne ba itshoka ka ntlha ya lorato. Ka nako ya fa go ne go rulagantswe gore go nne le puo ya phatlalatsa ya Bibela, moruti yono o ne a tla go ema fa pele ga lefelo le go neng go tlilwe go kopanelwa mo go lone. Mme lefa go ntse jalo e rile fa barongwa ba tswela kwa ntle go ya go amogela batho moruti yono o ne a nyelela. O ne a ya go tsaya lepodisi a bo a boa, a solofetse gore a ka kgona go kgoreletsa pokano. Mme lefa go ntse jalo ga a ka a kgona. Fa nako e ntse e tsamaya go ne ga tlhongwa phuthego koo.

Mo ditoropong tse di gaufi le Ibarra, kwa Ecuador, Unn Raunholm le Julia Parsons ba ne ba tlhola ba kopana le digopa tsa batho tse di tlhotlheleditsweng ke baruti kgapetsakgapetsa. Bokgaitsadi ba ne ba swetsa go dira thata kwa toropong e nngwe e e neng e bidiwa Atuntaqui gonne moruti o ne a tlhola a tsosa mokubukubu nako le nako fa barongwa ba ne ba ka ya kwa San Antonio. Mme lefa go ntse jalo mookamedi wa lefelo leo wa mapodisi o ne a bolelela Kgaitsadi Raunholm gore a tswe mo toropong ka bonako. “Moruti o kokoanya batho go tla go lo tlhasela mme ga ke na banna ba ba lekaneng go lo sireletsa,” o ne a bolela jalo. O gakologelwa sentle fela jaana: “Segopa seo se ne sa re leleka! Folaga ya Vatican e e bosweu le boserolwana e ne e tsholeditswe fa pele ga setlhopha seo fa moruti a ntse a tlhaeletsa mafoko a a jaaka ‘A Kereke ya Katoliki e nne ka bosakhutleng!’ ‘A Maporotesetanta a swe!’ ‘A bokgarebane jwa Lekgarebane bo nne ka bosakhutleng!’ ‘A go ipolela dibe go nne ka bosakhutleng!’ Segopa seno se ne se ntse se bua mafoko a fa morago ga moruti nako le nako.” Ka yone nako eo banna bangwe ba le mmalwa ba ne ba bitsa Basupi bano gore ba tsene mo Ntlong ya Lekgotla la Badiri gore ba itshireletse. Fa ba le mo teng moo barongwa ba ne ba neela batho ba ba neng ba tlile go tla go bona gore go diragala eng bosupi. Ba ne ba tsamaisa dibuka tsotlhe tse ba neng ba di tshotse.

Dikhoso Tse Di Rulaganyeditsweng go Thusa ka Dilo Tse Di Tlhokegang Tse Di Kgethegileng

Mo dingwageng tsa fa esale go romelwa barongwa ba ntlha ba Sekolo sa Gileade, phuthego ya Basupi ba ga Jehofa e ile ya gola ka selekanyo se se gakgamatsang tota. Fa sekolo seo se ne se bulwa ka 1943, go ne go na le Basupi ba le 129 070 mo dinageng di le 54 (mme go ya kafa dinaga di neng di kgaogantswe ka teng kwa tshimologong ya bo1990 di ne di le 103). Ka 1992 go ne go na le Basupi ba le 4 472 787 mo dinageng mmogo le mo ditlhopheng tsa ditlhaketlhake di le 229 mo lefatsheng lotlhe. Ereka ba ile ba oketsega jaana, dilo tse di neng di tlhokega mo phuthegong le tsone di ne tsa fetoga. Diofisi tsa makala tse ka nako nngwe di neng di tlamela Basupi ba ba kafa tlase ga lekgolo bao ba neng ba bopa diphuthego di le mmalwa fela jaanong di kaela tiro ya Basupi ba le diketekete tse di masomesome ebile bontsi jwa makala ano bo ile jwa bona go tlhokega gore go gatisiwe dibuka mo mafelong a di leng kwa go one gore a kgone go tlamela ba ba dirang tiro ya go rera efangele.

Dingwaga di le 18 fa go sena go simololwa Sekolo sa Gileade go ne ga tlhangwa khoso ya dikgwedi di le tlhano kwa ntlokgolo ya lefatshe ya Mokgatlho segolobogolo e direlwa bakaulengwe ba ba neng ba na le boikarabelo jo bogolo jwa go okamela makala a Mokgatlho wa Watch Tower gore go kgonwe go tlamelwa ka dilo tse di neng di tlhokega tse di neng di ntse di fetoga. Bangwe ba bone ba ne ba setse ba kile ba ya kwa khosong ya dikgwedi di le tlhano ya barongwa kwa Gileade; mme ba bangwe ba ne ba sa ya. Botlhe ba ne ba ka kgona go solegelwa molemo ke go katisediwa tiro ya bone ka tsela eno e e kgethegileng. Go tlotla ga bone kafa maemo a a farologaneng a ka rarabololwang ka teng le go dira dilo tse di tlhokwang ke phuthego ba dumalana le melaometheo ya Bibela go ne ga ba dira ngata nngwe. Khoso ya bone e ne e sekaseka temana nngwe le nngwe ya Bibela yotlhe. Gape e ne e boeletsa hisitori ya bodumedi; ba ne ba katisiwa mo dikarolong tse dingwe tsa go tsamaisa ofisi ya lekala, Legae la Bethele, bogatisetso; le go newa dikaelo tsa go okamela bodihedi jwa tshimo, go tlhoma diphuthego tse disha, le go simolola tiro mo ditshimong tse disha. Dikhoso tseno (go akaretsa le eno ya bofelo e e neng ya fokodiwa gore e nne ka dikgwedi di le robedi) di ne di rutiwa kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe, kwa Brooklyn, kwa New York, go tloga ka 1961 go fitlha ka 1965. Bontsi jwa baalogi bo ne jwa busediwa kwa dinageng tse ba neng ba ntse ba direla kwa go tsone; bangwe ba ne ba isiwa kwa dinageng tse dingwe koo ba neng ba ka thusa thata mo tirong gone.

Go ne ga dirisiwa thulaganyo e ntšha mo diofising tsa makala a Mokgatlho go tloga ka February 1, 1976 gore ba kgone go ipaakanyetsa koketsego e e neng e bonelwa pele gore e tla nna teng go dumalana le boperofeti jwa Bibela. (Isa. 60:8, 22) Go na le gore go nne le molebedi a le mongwe fela wa lekala, mmogo le mothusi wa gagwe, e le ba ba neng ba tla okamela lekala le le lengwe, Setlhopha Se Se Laolang se ne sa tlhopha bakaulengwe ba le bararo kana ba ba fetang foo ba ba tshwanelang sentle go dira mo Komiting nngwe le nngwe ya Lekala. Makala a magolwane a na le ba ba ka nnang supa mo komiting. Go ne ga rulaganngwa khoso ya dibeke di le tlhano e e kgethegileng ya Gileade kwa Brooklyn, kwa New York, gore bakaulengwe bano ba katisiwe botlhe. Ditlelase di le 14 tsa maloko a Komiti ya Lekala a a tswang mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe di ile tsa katisiwa ka tsela e e kgethegileng eno kwa ntlokgolong ya lefatshe go tloga fa 1977 e ya kwa bokhutlong go fitlha ka 1980. Eno e ne e le tshono e e gaisang thata ya go dira gore go dirwe dilo ka kutlwano le gore di tokafadiwe.

Sekolo sa Gileade se ne sa tswelela se katisa ba ba neng ba setse ba na le boitemogelo jwa dingwaga tse dintsi mo bodiheding jwa nako e e tletseng mme ba iketleeditse ebile ba ka kgona go romelwa kwa dinageng tse dingwe, mme lefa go ntse jalo go ne go tlhokega ba ba oketsegileng. Go thusa gore katiso eno e dirwe ka bofefo, go ne ga tlhongwa dikolo mo dinageng tse dingwe gore di tlatse sa Gileade gore baithuti ba se ka ba tshwanela go ithuta Seesemane pele ba ka amogelwa. Ka 1980-81, Sekolo sa Thuto sa Gileade sa Mexico se ne sa katisa baithuti ba ba buang Se-Spain ba ba neng ba kgona go thusa ka badiri ba ba tshwanelang ba ba neng ba tlhokega kwa Amerika Bogare le kwa Amerika Borwa. Ka 1981-82, 1984, gape le ka 1992, go ne ga tshwarwa ditlelase tsa Sekolo sa Katoloso sa Gileade kwa Jeremane. Baalogi ba ne ba romelwa go tswa koo go ya kwa Afrika, Yuropa Botlhaba, Amerika Borwa, le kwa merafeng mengwe ya kwa ditlhaketlhakeng. Go ne go na le ditlelase tse dingwe tse di neng tsa tshwarwa kwa India ka 1983.

Ereka Basupi ba ba tlhoafetseng ba mo mafelong ao ba ne ba dira le barongwa mo go neeleng bosupi ka Bogosi, palo ya Basupi ba ga Jehofa e ile ya oketsega ka bonako, mme seno se ile sa felela ka gore go tlhomiwe diphuthego tse dingwe. Fa gare ga 1980 le 1987, palo ya diphuthego mo lefatsheng lotlhe e ne ya oketsega ka 27 lekgolong, mme palogotlhe ya tsone e ne ya nna 54 911. Le mororo mo mafelong a mangwe go ne go na le bakaulengwe ba bantsi ba ba neng ba ya dipokanong ebile ba nna le seabe mo bodiheding jwa tshimo, bontsi jwa bone ba ne ba santse ba le basha. Go ne go tlhokega banna ba Bakeresete ba ba nang le boitemogelo ka bonako gore ba dire jaaka badisa le barutisi ba semoya, mmogo le go etelela pele mo tirong ya boefangele. Setlhopha Se Se Laolang se ne sa tlhoma Sekolo sa Thapiso sa Badihedi jaaka karolo ya thulaganyo ya thuto ya Bibela ya Sekolo sa Gileade ka 1987 gore e kgone go thusa go tlamela ka batho ba ba tlhokegang bano. Mo thutong eno ya dibeke tse robedi go ne go ithutiwa Bibela tota ebile moithuti mongwe le mongwe o ne a lejwa ka namana gore o gatela pele jang semoyeng. Dikgang tsa phuthego mmogo le tsa katlholelo, mmogo le boikarabelo jwa bagolwane le batlhanka ba bodihedi, di a sekasekiwa, mme ba katisiwa ka tsela e e kgethegileng mo go bueng phatlalatsa. Gore se se ka sa kgoreletsa ditlelase tse di tlwaelegileng tsa go katisa barongwa, sekolo seno se ile sa dirisa mafelo a mangwe, se ne sa tshwarelwa mo dinageng tse di farologaneng. Baalogi ba sone jaanong ba dira tiro e e botlhokwa thata mo dinageng tse dintsi.

Ka jalo katiso e e okeditsweng ya Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade e ile ya lepalepana le dilo tse di tlhokegang tse di ntseng di fetoga tse di oketsegang ka bonako tsa phuthego eno ya merafe yotlhe.

“Ke Hano, Roma Nna”

Moya o barongwa ba neng ba o supa o tshwana le o o neng wa supiwa ke moperofeti Isaia. O ne a araba jaana ka nako ya fa Jehofa a ne a mmolelela ka tshono ya go dira tiro nngwe e e kgethegileng: “Ke hano, roma nna.” (Isa. 6:8) Moya ono wa go iketleetsa o ile wa tlhotlheletsa banna le basadi ba babotlana gore ba tlogele mafelo a ba a tlwaetseng le bamasika a bone go ya go itsise ba bangwe se Modimo o se ratang gongwe le gongwe kwa ba neng ba tlhokega teng.

Maemo a lelapa a ile a fetola matshelo a barongwa ba bantsi. Bontsi jwa ba ba neng ba nna le bana fa ba sena go nna barongwa ba ne ba kgona go nna mo dinageng tse ba neng ba rometswe kwa go tsone, ba dira tiro nngwe gore ba itshedise mme ba ntse ba dira le diphuthego. Ba bangwe ba ne ba tshwanela go boela kwa magaeng a bone morago ga go direla ka dingwaga tse dintsi, ba boela go ya go tlhokomela batsadi ba bone ba ba tsofetseng kana ka ntlha ya mabaka mangwe a a rileng. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba bona e le tshiamelo tota go nna le seabe mo tirelong eno ya borongwa ka lobaka lo ba neng ba ka lo kgona.

Ba bangwe ba ile ba kgona go dira tirelo ya borongwa tiro ya bone ya botshelo. Ba ne ba kgona go itshokela maemo a a gwetlhang thata gore ba kgone go dira seno. Olaf Olson, yo a ileng a itumelela go nna morongwa ka lobaka lo loleele kwa Colombia, o ne a dumela jaana: “Ngwaga wa ntlha o ne o le bokete go e gaisa yotlhe.” Seo e ne e le ka gonne a ne a sa kgone go bua puo e ntšha eo sentle. O ne a oketsa jaana: “Fa nkabo ke ile ka nna ka akanya ka naga e ke neng ke tswa kwa go yone, nkabo ke se kile ka itumela le eseng, mme lefa go ntse jalo ke ne ka swetsa gore ke tla nna kwa Colombia ka mmele le ka tlhaloganyo, ke dira bakaulengwe le bokgaitsadi ba koo ba ba mo boammaaruring ditsala tsa me, ke tla tshelela jone bodihedi fela, mme kwa ke neng ke rometswe gone koo go ne ga nna legae mo go nna ka bonako.”

Ga ba a ka ba itshokela go nna kwa ba neng ba rometswe teng fela gonne tikologo ya gone e ne e siame. Norman Barber, yo a neng a dira kwa Burma (e jaanong e leng Myanmar) le kwa India, go tloga ka 1947 go fitlha a tlhokafala ka 1986 o ne a bolela ka tsela eno: “Fa motho a itumelela go dirisiwa ke Jehofa, lefelo lengwe le lengwe le siame. . . . Fa ke bua ke tlhamalala fela, maemo a loapi a boboatsatsi ga ke a rate. Le yone tsela e batho ba dinaga tsa boboatsatsi ba tshelang ka yone ga se tsela e nna nka itlhophelang go tshela ka yone. Mme lefa go ntse jalo go na le dilo dingwe tse di botlhokwa go feta tse di tshwanetseng go akanyediwa go na le dikgangnyana tse di sa reng sepe tseo. Go kgona go thusa batho ba eleruri ba humanegileng semoyeng ke tshiamelo e motho a ka se kang a kgona go e tlhalosa.”

Go na le ba bantsi ba ba lebang dilo ka tsela eno, mme moya ono wa go intsha setlhabelo o ile wa nna le seabe se segolo mo go diragatseng boperofeti jwa ga Jesu jwa gore mafoko a a molemo ano a Bogosi a ne a tla rerwa mo lefatsheng lotlhe, gore e nne bosupi mo merafeng yotlhe, pele bokhutlo bo tla.—Math. 24:14.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Tora ya Tebelo (ka Seesemane), February 15, 1943, ts. 60-4.

[Mafoko a a mo go tsebe 523]

Go ne go gatelelwa thata gore go botlhokwa gore ba ikaege thata ka Jehofa ba bo ba ikanyege mo go ene

[Mafoko a a mo go tsebe 534]

Go tshega se se diragetseng go ne go thusa!

[Mafoko a a mo go tsebe 539]

Ka dinako tse dingwe go tlhokega bopelotelele, go thusa ka lorato, mme ba nonofile fa go tlhokegang teng

[Mafoko a a mo go tsebe 546]

“Go thusa batho ba eleruri ba humanegileng semoyeng ke tshiamelo e motho a ka se kang a kgona go e tlhalosa”

[Lebokoso mo go tsebe 533]

Ditlelase tsa Gileade

1943-60: Sekolo sa kwa South Lansing, kwa New York. Go ne ga aloga baithuti ba le 3 639 mo ditlelaseng di le 35 go tswa kwa dinageng di le 95, ba bontsi jwa bone ba neng ba romelwa go ya go dira tiro ya borongwa. Balebedi ba potologo le ba kgaolo ba ba neng ba dira kwa United States le bone ba ne ba ya kwa ditlelaseng tseno.

1961-65: Sekolo sa kwa Brooklyn, kwa New York. Go ne ga aloga baithuti ba le 514 mo ditlelaseng tse 5, mme ba ne ba romelwa koo Mokgatlho wa Watch Tower o neng o na le diofisi tsa makala teng; bontsi jwa baalogi bo ne jwa abelwa go ya go dira ditiro tsa go rulaganya. Di le nnè tsa ditlelase tseno di ne di na le dikhoso tsa dikgwedi di le 10; e le nngwe e ne e na le khoso ya dikgwedi di le 8.

1965-88: Sekolo sa kwa Brooklyn, New York. Go ne ga katisiwa baithuti ba le 2 198 mo ditlelaseng di le 45 tse nngwe le nngwe ya dikhoso tsa tsone e neng e tsaya dibeke di le 20 mme bontsi jwa bone ba ne ba ya go dira tiro ya borongwa.

1977-80: Sekolo se se kwa Brooklyn, kwa New York. Khoso ya dibeke di le tlhano ya Gileade ya maloko a Komiti ya Lekala. Go ne ga tshwarwa ditlelase di le 14.

1980-81: Sekolo sa Thuto sa Gileade sa Mexico: khoso ya dibeke di le 10; ditlelase tse tharo; baalogi ba le 72 ba ba buang Se-Spain ba ne ba katisediwa go ya go dira kwa Latin America.

1981-82, 1984, 1992: Sekolo sa Gileade sa Tlaleletso sa kwa Jeremane; khoso ya dibeke di le 10; ditlelase di le nnè; baithuti ba le 98 ba ba buang Sejeremane go tswa kwa dinageng tsa Yuropa.

1983: Ditlelase tsa kwa India; khoso ya dibeke di le 10, e e neng e tshwerwe ka Seesemane; ditlhopha tse 3; baithuti ba le 70.

1987- : Sekolo sa Bodihedi sa Katiso sa khoso ya dibeke di le 8 e e neng e tshwarelwa kwa mafelong a magolo mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Go tloga ka 1992, go ne go setse go na le barongwa ba ba neng ba setse ba dira mo dinageng tse di fetang 35 ka kwa ntle ga dinaga tse ba tswang kwa go tsone.

1988- : Sekolo se se kwa Wallkill, kwa New York. Khoso ya dibeke di le masomeamabedi ya sekolo sa go katisediwa tirelo ya borongwa se se tshwarelwang koo jaanong. Go rulaganyediwa gore sekolo seno se fudusediwe kwa Watchtower Educational Center kwa Patterson, kwa New York, fa e sena go wediwa.

[Lebokoso mo go tsebe 538]

Setlhopha sa Baithuti ba Merafe Yotlhe

Baithuti ba ba ileng ba tsena Sekolo sa Gileade e ne e le ba merafe e mentsi thata mme ba ne ba tla kwa sekolong ba tswa kwa dinageng di le 110.

Setlhopha sa ntlha se e neng e le sa meraferafe e ne e le sa tlelase ya borataro, ka 1945-46.

Go ne ga kopiwa tetla kwa pusong ya U.S. gore baithuti ba ba tswang kwa dinageng di sele ba newe ditetla tsa go tsena mo nageng tse e seng tsa batho ba ba fudugelang mo nageng tsa go tla go ithuta. Fa e araba, U.S. Office of Education e ne ya leba Sekolo sa Gileade jaaka se se nayang thuto e e tshwanang fela le ya dikholeje tsa thuto le mafelo a mangwe a thuto e e kwa godimo. Ka gone, go tloga ka 1953, mafelo a boemedi a U.S. mo lefatsheng lotlhe a ile a nna le Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade mo manaaneng a one a dikolo tse di dumeletsweng tsa thuto. Go tloga ka April 30, 1954, sekolo seno se ne sa tswa mo kgatisong e e bidiwang “Educational Institutions Approved by the Attorney General.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 522]

Baithuti ba tlelase ya ntlha ya Sekolo sa Gileade

[Setshwantsho mo go tsebe 524]

Albert Schroeder o tlotla ka dikarolo tsa sebeso le baithuti ba Gileade

[Setshwantsho mo go tsebe 525]

Maxwell Friend o ruta kwa lefelong le go rutelwang kwa go lone la Sekolo sa Gileade

[Ditshwantsho mo go tsebe 526]

Dikaloso tsa Gileade e ne e le selo sa botlhokwa thata sa semoya

. . . bangwe kwa dikopanong tse dikgolo (New York, ka 1950)

. . . bangwe kwa dikagong tsa sekolo (koo N. H. Knorr a supilweng fano a bua a eme fa pele ga laeborari ya sekolo ka 1956)

[Ditshwantsho mo go tsebe 527]

Dikago tsa Sekolo sa Gileade kwa South Lansing, kwa New York, jaaka di ne di ntse ka bo1950

[Setshwantsho mo go tsebe 528]

Hermon Woodard (kafa molemeng) le John Errichetti (kafa mojeng) ba dira kwa Alaska

[Setshwantsho mo go tsebe 529]

John Cutforth a ruta ka ditshwantsho kwa Papua New Guinea

[Ditshwantsho mo go tsebe 530]

Barongwa ba na le molebedi wa kgaolo kwa Ireland, ka 1950

[Setshwantsho mo go tsebe 530]

Baalogi ba ya dikabelong tsa barongwa kwa Botlhaba ka 1947

[Setshwantsho mo go tsebe 530]

Barongwa ba bangwe le badiri ka bone kwa Japane ka 1969

[Ditshwantsho mo go tsebe 530]

Barongwa kwa Brazil ka 1956

. . . kwa Uruguay ka 1954

. . . kwa Italy ka 1950

[Setshwantsho mo go tsebe 530]

Barongwa ba ntlha ba bane ba ba katisitsweng kwa Gileade ba ba neng ba romelwa kwa Jamaica

[Setshwantsho mo go tsebe 530]

Legae la ntlha la barongwa kwa Salisbury (e jaanong e leng Harare, Zimbabwe), ka 1950

[Setshwantsho mo go tsebe 530]

Malcolm Vigo (Gileade, 1956-57) le mosadi wa gagwe Linda Louise; ba ile ba direla botlhe kwa Malawi, Kenya, le Nigeria

[Setshwantsho mo go tsebe 530]

Robert Tracy (kafa molemeng) le Jesse Cantwell (kafa mojeng) le basadi ba bone—barongwa ba ba neng ba dira tiro ya go eta kwa Colombia ka 1960

[Setshwantsho mo go tsebe 532]

Tlelase ya go rutiwa puo kwa legaeng la barongwa kwa Côte d’Ivoire

[Setshwantsho mo go tsebe 535]

Ted le Doris Klein, ba ba neng ba bona batho ba bantsi ba ba neng ba eletsa go utlwa boammaaruri jwa Bibela kwa U.S. Virgin Islands ka 1947

[Setshwantsho mo go tsebe 536]

Harvey Logan (yo o fa gare kwa pele), le Basupi ba Ba-Amis fa pele ga Holo ya Bogosi ka bo1960

[Setshwantsho mo go tsebe 540]

Victor White, molebedi wa potologo yo o katisitsweng kwa Gileade ka nako ya fa a ne a bua kwa Philippines ka 1949

[Setshwantsho mo go tsebe 542]

Margarita Königer, a tshwere thuto ya legae ya Bibela kwa Burkina Faso

[Setshwantsho mo go tsebe 543]

Unn Raunholm, yo e neng ya nna morongwa go tloga ka 1958, o ne a tlhaselwa ke digopa tsa batho tse di eteletsweng pele ke baruti kwa Ecuador

[Ditshwantsho mo go tsebe 545]

Sekolo sa Thapiso sa Badihedi

Tlelase ya ntlha, kwa Coraopolis, Pa., kwa U.S.A. ka 1987 (fa godimo)

Tlelase ya boraro kwa Borithane, kwa Manchester, ka 1991 (kafa mojeng)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela