LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jv kgao. 26 ts. 575-602
  • Go Gatisa Dibuka tsa Bibela Tse Di Dirisiwang mo Bodiheding

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Gatisa Dibuka tsa Bibela Tse Di Dirisiwang mo Bodiheding
  • Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlamela Baithuti ba Pele ba Bibela ka Dikgatiso
  • A Ba Ka Ikgatisetsa Dibuka ka Namana?
  • Bakaulengwe Ba Ba Ineetseng Ba Gatisa Dibuka le go Di Tlama
  • Ditiro tsa Pele tsa go Gatisa kwa Dinageng Tse Dingwe
  • Feketeri E E Leng ya Bone kwa Ntlokgolo ya Lefatshe Lotlhe
  • Go Lebana le Kgwetlho ya go Ganediwa Thata
  • Go Atolosa Morago ga Ntwa ya Lefatshe II
  • Thulaganyo E E Lomaganeng ya Lefatshe Lotlhe ya go Anamisa Boammaaruri jwa Bibela
  • Mekgwa E Mesha, Didirisiwa Tse Disha
  • Go Gatisa ka Mebala E Mene
  • Go Kwala Diporokeramo Tse Di Tshwanetseng tsa Khomputara
  • Go Thusa Baranodi Thata ka Dikhomputara
  • Go Tlhokomela Dilo Tsa Mong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Go Gatisa Dibuka tsa Bibela ka Nako ya fa Tiro E Ne E Thibetswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Bosupi Jwa Lorato, Tumelo le go Nna Kutlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Tlhagisa Dibuka tsa Bibela go Baka Modimo
    Basupi ba ga Jehofa—Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano Mo Lefatsheng Lotlhe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
jv kgao. 26 ts. 575-602

Kgaolo 26

Go Gatisa Dibuka tsa Bibela Tse Di Dirisiwang mo Bodiheding

LEFOKO le le kwadilweng le ile la nna le seabe sa botlhokwa mo kobamelong ya boammaaruri. Jehofa o ile a neela Baiseraele Melao E E Lesome, sa ntlha o ile a e ba bolelela ka molomo mme morago ga moo o ne a e ba naya e kwadilwe. (Ekes. 20:1-17; 31:18; Bagal. 3:19) Go tlhomamisa gore Lefoko la gagwe le bolelelwe ba bangwe le tlhomame, Modimo o ne wa laela Moshe le baperofeti le baaposetoloi ba bantsi morago ga gagwe gore ba le kwale.—Ekes. 34:27; Yer. 30:2; Hab. 2:2; Tshen. 1:11.

Bogologolo go ne go kwalwa thata mo memenong. Lefa go ntse jalo mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E., go ne ga kwalwa codex, kana buka e e nang le ditsebe. Codex eno e ne e sa je madi a mantsi ebile e le motlhofo go dirisiwa. Mme Bakeresete e ne ya nna bone ba ntlha go e dirisa, gonne ba ne ba bona kafa e neng e le botlhokwa ka teng mo go anamiseng mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia. Porofesa E. J. Goodspeed, o bolela jaana kaga Bakeresete bao ba ntlha ba ba neng ba kwala dibuka, mo bukeng ya gagwe ya Christianity Goes to Press: “Ga se fela gore e ne e le bone ba ba kwa pele mo metlheng ya bone mo dilong tse di ntseng jalo, mme ba ne ba fetile le metlha ya bone, mme bagatisi ba ba neng ba gatisa mo makgolong a a neng a latela a dingwaga ba ne ba ba sala morago.”—1940, ts. 78.

Ka gone, ga go gakgamatse go bo Basupi ba ga Jehofa gompieno, jaaka baboledi ba Bogosi jwa Modimo, ka ditsela dingwe ba ile ba nna gareng ga bao ba neng ba le kwa pele mo go gatiseng.

Go Tlamela Baithuti ba Pele ba Bibela ka Dikgatiso

Sengwe sa ditlhogo tsa ntlhantlha tse di neng tsa kwalwa ke C. T. Russell se ne sa gatisiwa ka 1876, mo go Bible Examiner, eo mogatisi wa yone e neng e le George Storrs wa kwa Brooklyn, kwa New York. Fa Mokaulengwe Russell a sena go kopana le N. H. Barbour wa kwa Rochester, kwa New York, Russell o ne a ntsha madi a gore go gatisiwe buka ya Three Worlds le kgatiso e e neng e itsege jaaka Herald of the Morning. E ne e le mongwe wa barulaganyi ba pampiri eo, mme ka 1877, o ne a dirisa madirelo a Herald go gatisa bukana ya The Object and Manner of Our Lord’s Return. Mokaulengwe Russell o ne a rata go itse dilo tsa semoya mmogo le tsa kgwebo, mme lefa go ntse jalo Barbour ke ene yo o neng a na le boitemogelo mo go seteng ditlhaka le go di rulaganya.

Lefa go ntse jalo, e ne ya re fa Barbour a ne a gana gore setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete se kgona go letlanya boleo, Mokaulengwe Russell o ne a kgaogana nae. Ka jalo, ka 1879, nako eo Russell a neng a simolola go gatisa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence ka yone, o ne a tshwanela gore a ikaege ka metšhine e e gatisang ya kgwebo.

Mo ngwageng o o neng wa latela morago ga moo go ne ga rulaganngwa gore go gatisiwe metseletsele ya dipampitshana tse di seng kana ka sepe tse maikaelelo a tsone e neng e le go dira gore batho ba kgatlhegele Bibela. Tiro eno e ne ya oketsega ka bonako. Go ne ga tlhamiwa Zion’s Watch Tower Tract Society ka February 16, 1881, W. H. Conley e le ene poresidente mme C. T. Russell e le mokwaledi mmogo le ramatlotlo, gore ba tle ba kgone go dira tiro eno. Go ne ga rulaganngwa gore difeme tsa kgwebo e nne tsone di dirang tiro ya go gatisa mo ditoropong tse di farologaneng tsa Pennsylvania, New York, le kwa Ohio, mmogo le kwa Borithane. Ka 1884, Zion’s Watch Tower Tract Societya e ne ya tlhongwa semolao, mme C. T. Russell e le ene poresidente, mme molaotheo wa yone o ne wa bontsha gore e ne e se kitla e nna mokgatlho o o gatisang fela. Maikaelelo a one a magolo e ne e le a bodumedi; o ne o tlhometswe go “anamisa Boammaaruri jwa Bibela ka dipuo tse di farologaneng.”

Mme abo maikaelelo ao a ile a dirwa ka tlhoafalo jang ne! Mo lobakeng lwa dikgwedi tse nne fela, ka 1881, go ne ga gatisiwa dipampitshana di le 1 200 000 tse di neng di na le ditsebe di le 200 000 000 fa di tlhakanngwa. (Bontsi jwa “dipampitshana” tseno tota e ne e le dibukana.) Morago ga moo, dipampitshana tsa Bibela tse di neng di anamisiwa mahala tse di neng tsa gatisiwa di ne tsa oketsega go fitlha e nna dimilione di le masomesome ngwaga mongwe le mongwe. Dipampitshana tseno di ne di gatisiwa ka dipuo di ka tshwara 30 mme di ne di sa anamisiwe fela kwa Amerika mme di ne di anamisiwa le kwa Yuropa, Afrika Borwa, Australia, le kwa dinageng tse dingwe.

Karolo e nngwe ya tiro e ne ya simololwa ka 1886, ka nako ya fa Mokaulengwe Russell a sena go wetsa go kwala The Divine Plan of the Ages, e e neng e le bolumo ya ntlha mo motseletseleng wa tse thataro tse a ileng a di kwala. O ne a dirisa Tower Publishing Companyb go gatisa dibolumo tsa ntlha tse nne tsa motseletsele oo (1886-97), mmogo le dipampitshana le Tora ya Tebelo (ka Seesemane) go tloga ka 1887 go fitlha ka 1898. Fa nako e ntse e tsamaya, go seta ditlhaka le go di rulaganya go ne go dirwa ke bakaulengwe kwa Bible House kwa Pittsburgh. Ba ne ba reka le pampiri ya go gatisa gore ba fokotse ditshenyegelo. Mokaulengwe Russell gantsi o ne a tsenya diotoro tsa go di gatisa le go di khabara kwa difemeng tse di fetang e le nngwe. O ne a rulaganya dilo ka kelotlhoko, a tsenya diotoro e sale gale gore a kgone go direlwa seno ka ditlhotlhwa tse di kwa tlase. Go tloga ka nako ya fa C. T. Russell a ne a gatisa buka ya ntlha, go fitlha ka 1916, go ne ga kwalwa ga bo ga anamisiwa dibolumo tse thataro tsa buka eo di le 9 384 000.

Go gatisiwa ga dibuka tsa Bibela ga go a ka ga kgaotsa ka nako ya fa Mokaulengwe Russell a sena go swa. Mo ngwageng o o neng wa latela go ne ga gatisiwa bolumo ya bosupa ya Studies in the Scriptures. E ne ya gololwa kwa lelapeng la Bethele ka July 17, 1917. E ne e batliwa ke batho ba bantsi mo eleng gore fa ngwaga oo o fela, Mokgatlho o ne o tsentse diotoro tsa dikopi di le 850 000 tsa Seesemane kwa madirelong a a gatisang dibuka le a a tlamang dibuka. Go ne go gatisiwa ditokololo tse dingwe tsa yone ka dipuo tse dingwe tsa kwa Yuropa. Mo godimo ga moo, mo ngwageng oo go ne ga gatisiwa dipampitshana di le dimilione di le 38.

Mme e ne e ya re morago ga moo, ka lobaka loo ba neng ba bogisiwa thata ka lone ka 1918, ka nako e badiredi ba Mokgatlho ba neng ba tsenngwa mo kgolegelong ka yone go sa tshwanela, ditiro tsa ntlokgolo ya bone (e e neng e le kwa Brooklyn, kwa New York) di ne tsa phatlaladiwa. Dipoleiti tsa go gatisa di ne tsa senngwa. Badiredi ba teng ba ba neng ba fokotsegile thata ka palo ba ne ba busetsa ofisi ya bone gape kwa Pittsburgh kwa boalong jwa boraro jwa kago e e neng e le kwa 119 Federal Street. A seno se ne se tlile go ba thibela go tlhola ba gatisa dibuka tsa Bibela?

A Ba Ka Ikgatisetsa Dibuka ka Namana?

Fa poresidente wa Mokgatlho, J. F. Rutherford le ditsala tsa gagwe, ba sena go gololwa mo kgolegelong, Baithuti ba Bibela ba ne ba nna le kopano kwa Cedar Point, kwa Ohio, ka 1919. Ba ne ba tlotla ka se Modimo o neng o letlile gore se diragale mo ngwageng o o neng o sa tswa go feta le se Lefoko la gagwe le boletseng gore ba tshwanetse ba se dira mo malatsing a a kwa pele. Go ne ga itsisiwe gore makasine o mosha, The Golden Age, o ne o tlile go gatisiwa gore o dirisediwe go bontsha batho gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo batho ba ka bo ikanyang.

Jaaka go ne go ile ga dirwa mo nakong e e fetileng, Mokgatlho o ne wa rulaganya gore o gatisiwe ke feme nngwe ya kgwebo. Mme lefa go ntse jalo dinako di ne di fetogile. Go ne go na le mathata fa gare ga badiri le bathapi ba madirelo a a gatisang ebile gape go na le mathata kwa go rekwang pampiri teng. Go ne go tlhokega thulaganyo e go neng go ka ikaegiwa ka yone. Bakaulengwe ba ne ba rapelela kgang eo mme ba lebelela go bona gore Morena o ne a tla ba kaela gore ba direng.

Sa ntlha, ba ne ba tla tlhoma kae diofisi tsa Mokgatlho? A ba ne ba ka busetsa ntlokgolo gape kwa Brooklyn? Boto ya Mokgatlho ya batsamaisi e ne ya sekaseka kgang eno, mme go ne ga tlhomiwa komiti e e neng e tla sekaseka boemo jono.

Mokaulengwe Rutherford o ne a laela motlatsaporesidente wa Mokgatlho, C. A. Wise, gore a ye kwa Brooklyn go bona gore a go ne go ka boelwa ga bulwa Bethele koo le gore a Mokgatlho o ne o ka hira lefelo le o neng o ka simolola go gatisetsa mo go lone. Ereka Mokaulengwe Rutherford a ne a eletsa go bona gore ke tsela efe e Modimo a neng a tla e dumelela, o ne a bolela jaana: “Tsamaya o ye go bona gore a ke thato ya Morena gore re boele kwa Brooklyn.”

“Ke tla itse jang gore thato ya Morena ke gore re boele teng kana nnyaa?” Mokaulengwe Wise o ne a botsa jalo.

“Selo se se neng sa re pateletsa gore re tswe kwa Brooklyn re boele kwano Pittsburgh ka 1918 e ne e le ka ntlha ya gore re ne re sa kgone go bona magala,”c Mokaulengwe Rutherford o ne a araba jalo. “A re lekeletseng ka magala. Tsamaya mme o fete o otore magala.”

“O akanya gore ke otore ditone di le kae tsa one go lekeletsa ka tsone?”

“E dire gore e nne teko tota,” Mokaulengwe Rutherford o ne a kgothaletsa jalo. “Otora ditone di le 500.”

Mokaulengwe Wise o ne a dira fela jalo. Mme seno se ne sa felela jang? E ne ya re fa a dira kopo ya one kwa balaoding, a fiwa setifikeiti sa gore a bone ditone di le 500 tsa magala—selekanyo se ba neng ba tla se dirisa ka dingwaga di le dintsi! Mme lefa go ntse jalo ba ne ba tlile go a baya kae? Dikarolo tse dikgolo tsa diphaposi tse di kafa tlase ga kago ya Legae la Bethele di ne tsa fetolwa go nna lefelo la go baya magala.

Tsela e teko eno e neng ya felela ka yone e ne ya tsewa jaaka bosupi jwa gore Modimo o rata seno. Ba ne ba setse ba simolotse go dira ditiro tsa bone kwa Brooklyn ka letsatsi la ntlha la October 1919.

Jaanong, a ba ne ba ka ikgatisetsa dibuka tsa bone? Ba ne ba leka go reka motšhine o o gatisang dimakasine wa rotary mme lefa go ntse jalo ba ne ba bolelelwa gore go ne go na le e sekae fela kwa United States le gore go ne go tla tsaya dikgwedi tse dintsi pele ba o bona. Lefa go ntse jalo, ba ne ba na le tsholofelo ya gore fa e le thato ya Morena, o ne a ka ba bulela tsela. Mme o ne a dira jalo!

Mo dikgweding di sekae fela fa ba sena go boela kwa Brooklyn, ba ne ba kgona go reka motšhine o o gatisang wa rotary. Ba ne ba hira maalo a mararo mo kagong nngwe sekgala sa diboloko tsa matlo di le robedi go tswa kwa Legaeng la Bethele, kwa 35 Myrtle Avenue. Fa 1920 e simologa, Mokgatlho o ne o setse o na le lebenkele la go gatisetsa—le ne le le lennye, mme le na le didirisiwa tsotlhe. Bakaulengwe ba ba neng ba na le boitemogelo jo bo lekaneng jwa go dirisa didirisiwa tseno ba ne ba ithaopela go thusa mo tirong eno.

Tokololo ya February 1 ya Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya ngwaga oo e ne ya gatisiwa ka motšhine wa Mokgatlho. Ka April, The Golden Age le yone e ne e gatisiwa mo motšhineng wa bone. Fa ngwaga oo o fela, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya itumelela go bega jaana: “Mo karolong e kgolo ya ngwaga ono tiro yotlhe e e dirilweng mo go TORA YA TEBELO le THE GOLDEN AGE, mmogo le dibukana tse dintsi, e dirilwe ke diatla tsa batho ba ba ineetseng, ba ba tlhotlhelediwang ke selo se le sengwe, mme selo seo ke go bo ba rata Morena le tsela ya gagwe e e siameng. . . . Ka nako ya fa makwalopaka a mangwe le dikgatiso tse dingwe a ne a tshwanela go emisiwa gore di se ka tsa gatisiwa ka ntlha ya go tlhaela ga pampiri kana ka ntlha ya mathata a badiri le bathapi ba bone, dikgatiso tsa rona tsone di ne tsa tswelela pele di gatisiwa ka thelelo.”

Feketeri e ne e le nnye thata, mme lefa go ntse jalo selekanyo sa tiro e e neng e dirwa koo se ne se gakgamatsa. Go ne go gatisiwa dikopi di le 60 000 tsa tokololo nngwe le nngwe ya Tora ya Tebelo. The Golden Age le yone e ne e gatisiwa koo, mme tokololo ya September 29 ya ngwaga oo wa ntlha e ne ya dirwa e e kgethegileng. E ne e senola ka botlalo ba ba neng ba tlhotlheletsa gore Baithuti ba Bibela ba bogisiwe go tloga ka 1917 go fitlha ka 1920. Go ne ga gatisiwa dikopi di le dimilione di le nnè! Mongwe wa ba ba neng ba dira mo motšhineng ono mo feketiring o ne a bolela jaana moragonyana: ‘Mongwe le mongwe o ne a nna le seabe mo go gatiseng makasine oo fa e se baapei fela.’

Mo ngwageng wa ntlha wa bone ba dirisa motšhine o o gatisang dimakasine wa rotary, Mokaulengwe Rutherford o ne a botsa bakaulengwe gore a ba ne ba ka gatisa le dibukana mo motšhineng oo. Kwa tshimologong, go ne go sa lebege go ka kgonega. Badiri ba motšhine ono ba ne ba bolela gore go ka se ka ga kgonega. Mme lefa go ntse jalo bakaulengwe ba ne ba leka mme ba atlega. Ba ne ba itlhamela le motšhine o o menaganyang dimakasine, ka go dira jalo ba fokotsa badiri ba ba neng ba tlhokega go tloga go ba le 12 go ya go ba le 2 fela. Ke eng se se neng sa dira gore ba atlege? “Boitemogelo mmogo le go segofadiwa ke Morena” ke tsela e motsamaisi wa feketeri a neng a sobokanya seno ka yone.

Lefa go ntse jalo, Mokgatlho o ne o sa tlhoma bogatisetso kwa Brooklyn fela. Ofisi ya kwa Michigan e ne e okametse mafelo a mangwe a a neng a gatisa dipuo tsa seeng. Go thusa mo dilong tse di neng di tlhokega tse di neng di amana le tiro eo, Mokgatlho o ne wa dirisa motšhine wa Linotype, metšhine e e gatisang, le metšhine e mengwe e e tlhokegang kwa Detroit, kwa Michigan, ka 1921. Dibuka di ne di gatisiwa ka Se-Poland, Se-Russia, Se-Ukraine, le ka dipuo tse dingwe.

Mo go one ngwaga oo, Mokgatlho o ne wa golola buka ya The Harp of God, e e neng e kwadilwe ka mokgwa o o tla thusang ba ba simololang go ithuta Bibela. Go fitlha ka 1921 Mokgatlho o ne o ise o leke go ikgatisetsa dibuka le go di itlamela. A ba ne ba ka leka go simolola le tiro eno? Ba ne ba lebelela gape gore Morena a ba kaele.

Bakaulengwe Ba Ba Ineetseng Ba Gatisa Dibuka le go Di Tlama

Ka 1920, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne e ile ya bega gore barekisi ba bantsi ba dibuka ba ne ba ile ba patelesega gore ba tlogele tirelo eo ka ntlha ya gore difeme tse di gatisang le tse di tlamang dibuka di ne di sa kgone go naya Mokgatlho diotoro tsa one. Bakaulengwe ba kwa ntlokgolo ba ne ba akanya gore fa ba ne ba ka tlogela go ikaega ka difeme tsa kgwebo mmogo le mathata otlhe a tsone a badiri le bathapi, ba ne ba tla kgona go dira tiro e kgolwane ya go supa kaga se Modimo o ikaeletseng go se direla batho. Fa ba ne ba ka ikgatisetsa le go itirela dibuka ka namana, ba ba leng kgatlhanong le bone ba ne ba ka se kgone go kgoreletsa tiro ya bone motlhofo. Mme ba ne ba na le tsholofelo ya gore e tla re fa nako e ntse e tsamaya ba kgone go fokotsa ditshenyegelo tsa dibuka mme ka gone ba kgone go di tsamaisetsa batho kwantle ga bothata.

Mme lefa go ntse jalo seno se ne se tla tlhoka lefelo le legolwane le metšhine e e oketsegileng, mmogo le go dirisiwa ga ditsela dingwe tse disha. A ba ne ba ka kgona go go dira? Robert J. Martin, mookamedi wa feketeri, o ne a gakologelwa gore mo metlheng ya ga Moshe, Jehofa o ne a ile a ‘tlatsa Besalele le Oholiabe ka botlhale gore ba kgone go dira tiro nngwe le nngwe’ e e neng e tlhokega gore go agiwe motlaagana o o boitshepo. (Ekes. 35:30-35) Pego eno ya Bibela e ne ya dira gore Mokaulengwe Martin a solofele gore Jehofa o ne a tla dira sepe fela se se tlhokegang gore batlhanka ba gagwe ba kgone go gatisa dibuka tse di itsiseng ka Bogosi.

Fa ba sena go nna ba tlhatlhanya le go rapela thata, ba ne ba dira dithulaganyo tse di tlhomameng. Mokaulengwe Martin o ne a kwalela Mokaulengwe Rutherford jaana moragonyana fa a ne a gakologelwa se se neng sa diragala: “Letsatsi le legolo go a gaisa otlhe e ne e le la fa o ne o batla go itse gore a go na le lebaka lepe le le molemo la gore re ikgatisetse dibuka tsa rona re bo re di itlamele. Eo e ne e le kgopolo e e kgatlhang thata, gonne e ne ya bolela go bulwa ga madirelo a a feletseng a go seta ditlhaka, a go dira dipoleiti tsa go gatisa, a go gatisa dibuka le go di tlama, go dirisiwa metšhine e mentsi e re neng re sa e tlwaela, metšhine e bontsi jwa yone re neng re sa itse le gore e teng, ga bo ga tlhokega gape gore re ithute ditiro tse dintsi. Mme tsela eno e ne e lebega e le molemo go di gaisa tsotlhe mo go kgoneng go duelela ditlhwatlhwa tsa dibuka ka nako eo ya ntwa.

“O ne wa hira kago ya matlhatlaganyane a le marataro kwa 18 Concord Street (mme matlhatlaganyane a mabedi a na le ba o neng o ba hiriseditse); mme re ne ra fudugela kwa go yone ka March 1, 1922. O ne wa re rekela didirisiwa tsotlhe tsa go seta ditlhaka, tsa go dira dipoleiti tse di gatisang, metšhine e e gatisang dibuka le eo e di tlamang, bontsi jwa yone e le mesha, e mengwe ya yone e le e e dirisitsweng; mme re ne ra simolola tiro.

“Madirelo mangwe a magolo a a gatisang a a neng a ntse a dira bontsi jwa tiro ya rona a ne a utlwalela se re neng re se dira mme a tla, poresidente wa teng o ne a re etela ka boene. O ne a bona didirisiwa tseo tse disha mme a bolela jaana ka bohutsana, ‘Jaanong lo na le didirisiwa tseno tsa maemo a a kwa godimo tsa go gatisa, mme ga go na ope yo o itseng go di dirisa. Mo dikgweding di le thataro di tla bo di onetse ebile di sena mosola; mme ke gone lo tla bonang gore batho ba ba tshwanetseng go lo gatisetsa dilo ke ba ba sa bolong go lo gatisetsa, ba tota tiro eno e leng ya bone.’

“Seo se ne se utlwala, fela o ne a sa akanye sepe ka Morena; mme o ne a sa bolo go nna a re thusa. E ne ya re fa go simololwa go tlangwa dibuka, [Morena] o ne a romela mokaulengwe mongwe yo a neng a ntse a dira tiro ya go tlama dibuka botshelo jotlhe jwa gagwe. O ne a dirisiwa thata ka nako eo e a neng a tlhokega thata ka yone. Thuso ya gagwe, le thuso ya moya wa Morena di ne tsa dira mo bakaulengweng ba ba neng ba leka go ithuta, mme go ise go e kae ke fa re setse re tlama dibuka.”

Ereka feketeri e e neng e le kwa Concord Street e ne e le kgolo ka mo go lekaneng, ditiro tsa go gatisa tse di neng di dirwa kwa Detroit di ne tsa kopanngwa le tse di neng di dirwa kwa Brooklyn. Mo kgweding ya bobedi go fudugetswe mo lefelong leno, bakaulengwe ba ne ba gatisa 70 lekgolong ya dibuka le dibukana tse di neng di batlega, mo godimo ga dimakasine, le dipampitshana. Mo ngwageng o o neng wa latela, tsela e tiro e neng ya oketsega ka yone e ne ya dira gore go tlhokega gore go dirisiwe le matlhatlaganye a mabedi a a neng a setse a feketeri.

A ba ne ba ka kgona go gatisa dibuka ka bonako? Ba ne ba kopa go direlwa motšhine mongwe o o gatisang kwa Jeremane, o ne wa romelwa kwa Amerika ka 1926 gore o dirisetswe jone boikaelelo joo. Go ya kafa ba neng ba itse ka teng, e ne e le motšhine wa ntlha wa rotary go dirisiwa kwa Amerika go gatisa dibuka.

Lefa go ntse jalo, mafelo a bogatisetso a Baithuti ba Bibela a ne a se kwa Amerika otlhe.

Ditiro tsa Pele tsa go Gatisa kwa Dinageng Tse Dingwe

Mokaulengwe Russell o ne a dira gore go gatisiwe kwa Borithane bogologolo ka 1881 ba direlwa seo ke difeme tsa kgwebo. Go ne ga dirwa kwa Jeremane ka 1903, kwa Greece ka 1906, kwa Finland ka 1910, le kwa Japane ka 1913. Mo dingwageng tse di neng tsa latela morago ga ntwa ya ntlha ya lefatshe, tiro e ntsi ya go gatisa—dibuka, dibukana, dimakasine, le dipampitshana—e ne e dirwa kwa Borithane, kwa dinageng tsa Scandinavia, kwa Jeremane, le kwa Poland, mme e nngwe e ne e dirwa kwa Brazil le kwa India.

Morago ga moo, ka 1920, mo go one ngwaga o Mokgatlho o neng wa simolola go ikgatisetsa dimakasine tsa one kwa Brooklyn, go ne ga rulaganngwa gore bakaulengwe ba rona ba kwa Yuropa ba dire bontlhanngwe jwa tiro eno le bone. Setlhopha sengwe sa kwa Switzerland se ne sa tlhoma lefelo la bogatisetso kwa Bern. E ne e le feme ya bone ya kgwebo. Mme lefa go ntse jalo botlhe e ne e le Baithuti ba Bibela, mme ba ne ba gatisetsa Mokgatlho dibuka ka dipuo tsa kwa Yuropa ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase thata. Fa nako e ntse e tsamaya, Mokgatlho o ne wa tsenya madirelo ao a go gatisa mo leineng la one wa bo oketsa. Go thusa batho ba ba neng ba tlhoka thuso ka bonako kwa dinageng tsa Yuropa tse di neng di humanegile ka nako eo, go ne ga gatisiwa dikgatiso tse dintsi tsa mahala koo. Go ya kwa bofelong jwa bo1920, go ne ga romelwa dikgatiso ka dipuo tse di fetang lesome le bobedi go tswa kwa feketiring eno.

Mo go yone nako eo, molaetsa wa Bogosi o ne o kgatlhegelwa thata kwa Romania. Le mororo tiro ya rona e ne e ganediwa thata koo, Mokgatlho o ne wa tlhoma madirelo a a gatisang kwa Cluj, gore go fokodiwe ditlhwatlhwa tsa dibuka le gore batho ba kwa Romania le ba dinaga tse di gaufi nayo ba ba bolailweng ke tlala ya go utlwa boammaaruri ba kgone go di bona bonolo. Ka 1924 madirelo ao a go gatisetsa a ne a kgona go gatisa mo e ka nnang dibuka di le kwatara ya milione, mo godimo ga dimakasine le dibukana, ka Se-Romania le Se-Hungary. Mme lefa go ntse jalo yo o neng a okamela tiro koo o ne a itshupa a sa ikanyege mo tirong eno e a neng a e neetswe mme a dira ditiro tse di ileng tsa felela ka gore Mokgatlho o latlhegelwe ke madirelo a one mmogo le metšhine e e gatisang. Lefa go ntse jalo, bakaulengwe ba ba ikanyegang kwa Romania ba ne ba tswelela pele ba dira se ba neng ba ka se kgona go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Bibela.

Batho ba bantsi kwa Jeremane ba ne ba tla kwa dipokanong tsa Baithuti ba Bibela morago ga Ntwa ya Lefatshe I. Mme lefa go ntse jalo batho ba Jeremane ba ne ba na le mathata a magolo a ikonomi. Mokgatlho o ne wa simolola go ikgatisetsa dibuka, gore ba kgone go bona dibuka tsa Bibela ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase. Go ne ga gatisiwa la ntlha kwa Barmen ka 1922, go dirisiwa motšhine wa go gatisa wa flatbed o o neng o le mo ditepising tse di fologelang kwa tlase kwa Legaeng la Bethele le o mongwe o le kwa go bewang dikgong teng. Mo ngwageng o o latelang bakaulengwe ba ne ba fudugela kwa dikagong tse di botoka kwa Magdeburg. Ba ne ba na le dikago tse dintle koo, mme di ne tsa okediwa, ga bo ga tsenngwa metšhini ya go gatisa dibuka le ya go di tlama. Go begiwa gore e ne ya re fa 1925 e ne e fela, selekanyo sa dikgatiso tseo di neng di gatisiwa ke madirelo ano se ne se tlile go lekana le sa tse di neng di gatisiwa kwa ntlokgolo kwa Brooklyn.

Bakaulengwe gantsi ba ne ba simolola ba sa gatise dikgatiso tse dintsi. Go ne go ntse fela jalo kwa Korea, koo Mokgatlho o neng wa tlhoma bogatisetso jo bonnye jo bo neng bo na le didirisiwa tsa go gatisa dibuka ka Sekorea le ka Sejapane le ka Setšhaena, ka 1922. Morago ga dingwaga di le mmalwa, didirisiwa tseno di ne tsa romelwa kwa Japane.

Ka 1924 go ne go na le dingwenyana tse di neng di gatisiwa kwa Canada le mo Afrika Borwa. Ka 1925 go ne ga tsenngwa motšhini o monnye kwa Australia le kwa Brazil. Bakaulengwe ba kwa Brazil ba ne ba simolola go dirisa didirisiwa tsa bone ka bonako go gatisa tokololo ya Tora ya Tebelo ka Sepotokisi. Lekala la Mokgatlho la kwa Engelane le ne la bona didirisiwa tsa bone tsa ntlha tsa go gatisa ka 1926. Ka 1929, go ne go setse go fepiwa batho ba ba boikobo ba Spain ba ba neng ba tshwere ke tlala semoyeng ka go gatisa Tora ya Tebelo koo mo motšhining wa bone o monnye. Dingwaga di le pedi morago ga foo, go ne go na le motšhini o o neng o gatisa kwa boalong jo bo kwa tlase jwa ofisi ya lekala kwa Finland.

Mo go lone lobaka loo go ne go ntse go okediwa kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe.

Feketeri E E Leng ya Bone kwa Ntlokgolo ya Lefatshe Lotlhe

Fa esale go tloga ka 1920, Mokgatlho o ne o ntse o hirile feketeri kwa Brooklyn. Kago e e neng e dirisiwa ka 1922 e ne e sa lebege sentle; e ne e tla roroma yotlhe fela fa motšhine o o gatisang wa rotary o ne o ka simolola go gatisa mo karolong e e kwa tlase ya yone. Lefa go ntse jalo, go ne go tlhokega lefelo le legolwane le go ka direlwang tiro mo go lone gore go kgonwe go dirwa tiro eno e e neng e oketsega. Bakaulengwe ba ne ba ntsha mabaka ba bolela gore madi a a neng a le teng a ne a ka dirisiwa botoka fa ba ne ba na le feketeri ya bone.

Lefelo lengwe le le neng le se kgakala thata le Legae la Bethele le ne le lebega le siame thata, ka jalo ba ne ba dira kopo ya go le reka. Mme jaaka fa go ile ga diragala, Squibb Pharmaceutical Corporation e ne ya bolela gore e ka le reka ka tlhwatlhwa e e fetang ya bone; mme lefa go ntse jalo e ne ya re fa ba aga mo lefelong leo, ba tshwanela go epela kwa tlase selekanyo sa mekowa e le 1 167 gore ba tle ba kgone go nna le motheo o o nonofileng. (Dingwaga morago ga moo, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa reka dikago tse mo go Squibb, di setse di na le motheo oo o o nonofileng!) Lefa go ntse jalo, setsha seo Mokgatlho o ileng wa se reka ka 1926 se ne se na le mmu o o siameng o o kgonang go itsetsepela.

Ka February 1927 ba ne ba fudugela kwa kagong ya bone e ntšhantšha e e kwa 117 Adams Street kwa Brooklyn. Ba ne ba nna le lefelo le ba direlang mo go lone le le fetang le ba neng ba ntse ba le dirisa gabedi. Kago eo e ne e rulagantswe sentle, tiro e dirwa go tswa kwa maalong a a kwa godimo mme e ya kwa tlase e feta mo maphateng a a farologaneng go fitlha e goroga kwa Lephateng la Thomelo le le neng le le kwa boalong jo bo kwa tlase.

Lefa go ntse jalo, koketsego e ne e ntse e tswelela. Mo dingwageng di le lesome fela, feketeri eno e ne ya tshwanela go atolosiwa; mme e ne e santse e tlile go atolosiwa go feta foo mo isagweng. Mo godimo ga go gatisa dikaelo tsa dimakasine le dibukana di le dimilionemilione ngwaga le ngwaga, feketeri eno gape e ne e gatisa dibuka di le 10 000 ka letsatsi. Fa Dibibela di ne di simolola go akarediwa mo dibukeng tseo ka 1942, Mokgatlho wa Watch Tower e ne ya nna one o o neng wa bula tsela mo madirelong a go gatisa. Bakaulengwe ba ne ba nna ba lekeletsa jalo go fitlha ba kgona go ka gatisa pampiri e e botlhoswana thata ya Bibela mo metšhineng ya go gatisa ya rotary—sengwe se madirelo a mangwe a a gatisang a ileng a se leka dingwaga moragonyana.

Fa go ne go ntse go gatisiwa dikgatiso ka bontsi jo bo kalo, go ne go sa itlhokomolosiwe ditlhopha tse di neng di tlhoka dilo dingwe tse di kgethegileng. Kwa tshimologong ya 1910, Moithuti mongwe wa Bibela kwa Boston, kwa Massachusetts, le yo mongwe kwa Canada ba ne ba dira mmogo go gatisa dibuka tsa Mokgatlho ka Braille. Ka 1924, Mokgatlho o ne o gatisa dibuka tse di ka solegelang difofu molemo go tswa kwa ofising nngwe kwa Logansport, kwa Indiana. Lefa go ntse jalo, tiro ya Braille e ne ya kgaodiwa ka 1936 gonne ba ne ba sa arabele ba le bantsi, mme go ne ga otlelelwa gore go thusiwe difofu ka direkoto tsa fonokerafa mmogo le ka go ba tlhokomela ka namana. Morago ga foo, ka 1960, go ne ga boelwa ga gatisiwa dibuka ka Braille—mo lekgetlong leno go dirwa ka ditsela tse di farologaneng, mme fa nako e ntse e tsamaya ba ne ba arabela botoka.

Go Lebana le Kgwetlho ya go Ganediwa Thata

Mo dinageng tse dintsi, tiro ya go gatisa e ne e dirwa mo maemong a a bokete tota. Mme lefa go ntse jalo bakaulengwe ba rona ba ne ba itshoka, ba lemoga gore go bolelwa ga mafoko a a molemo a Bogosi ke tiro e Jehofa Modimo a laetseng ka Morwawe gore e dirwe. (Isa. 61:1, 2; Mar. 13:10) Ka sekai, kwa Greece bakaulengwe ba ne ba ile ba tlhoma madirelo a bone a go gatisa ka 1936 mme ba a dirisa dikgwedi di sekae fela fa go ne go tsena puso e nngwe mme balaodi ba teng ba ne ba tswala madirelo ao a bone. Ka tsela e e tshwanang, kwa India, ka 1940, Claude Goodman o ne a dira ka dikgwedi tse dintsi a tsenya motšhine o o gatisang le go o dirisa, mme ka bonako fela morago ga foo mapodisi a ne a tla a romilwe ke kgosi, a rwala motšhine oo ka lori, mme ba latlhela ditlhaka tse di neng di setilwe ka kelotlhoko mo dithining dingwe tse dikgolo.

Mo mafelong a mangwe a mantsi, melao e e laolang dikgatiso tse di tsenang di tswa kwa dinageng di sele e ile ya dira gore bakaulengwe ba neele bagatisi ba kgwebo ba mo mafelong a bone tiro eo, le eleng lefa Mokgatlho o ne o na le madirelo a go gatisa mo nageng nngwe e e gaufi le eo a a neng a na le didirisiwa tsa go dira tiro eno. Go ne go ntse fela jalo kwa mafelong a a tshwanang le Denmark, Latvia, le Hungary, mo magareng a bo1930.

Ka 1933 puso ya Jeremane, e ne ya tlhotlhelediwa ke baruti gore e thibele ditiro tsa go gatisa tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane. Mapodisi a ne a tsena mme a nna kwa feketiring ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Magdeburg mme ba ne ba e tswala ka April wa one ngwaga oo, mme lefa go ntse jalo ereka ba ile ba se ka ba bona bosupi bope jo bo bontshang gore ba molato, ba ne ba tswa koo. Lefa go ntse jalo, e ne ya re ka June ba boa ba kgoreletsa gape. Mokgatlho o ne wa tlhoma lefelo la go gatisetsa kwa Prague, kwa Czechoslovakia, mme go ne ga fudusediwa metšhine e mentsi go tswa kwa Magdeburg gore tiro ya go itsise molaetsa wa Bogosi e tswelele. E ne ya re fa go sena go dirwa dithulaganyo tseno, go ne ga gatisiwa dimakasine ka dipuo tse pedi le dibukana ka dipuo tse thataro mo dingwageng di sekae tse di neng tsa latela morago ga moo.

Morago ga moo, ka 1939, masole a ga Hitler a ne a gwantela kwa Prague, ka gone bakaulengwe ba ne ba tlhatlhamolola metšhine ya bone ka bonako mme ba e ntsha mo nageng eo. E mengwe e ne ya isiwa kwa Netherlands. Ba ne ba dira seno ka nako e e tshwanetseng tota. Bakaulengwe ba Ba-Dutch ba ne ba sa kgone go golagana le ba kwa Switzerland bonolo. Ka jalo, jaanong ba ne ba hira lefelo lengwe ba bo ba simolola go ikgatisetsa ka metšhine ya bone e mesha. Lefa go ntse jalo, seno se ne sa tswelela ka lobaka lo lokhutshwane fela pele madirelo ano a tsewa ka dikgoka Ba-Nazi ba ba neng ba tla go tlhasela koo. Lefa go ntse jalo bakaulengwe ba ne ba dirisitse metšhine eo ka lobaka lo loleele kafa ba neng ba ka kgona ka teng.

Ka nako ya fa kgato ya bokgokgontshi ya semmuso kwa Finland e ne e emisa go gatisiwa ga Tora ya Tebelo ka nako ya ntwa, bakaulengwe ba koo ba ne ba dira dikopi tsa ditlhogo tse dikgolo di bo di isiwa ke mongwe kwa go ba bangwe. Morago ga fa Austria e sena go nna kafa tlase ga puso ya Ba-Nazi ka 1938, Tora ya Tebelo e ne e gatisiwa mo motšhineng o o dirang dikopi o o neng o tshwanelwa ke gore gangwe le gape o nne o fudusediwe kwa lefelong le lengwe gore Ma-Gestapo a se ka a tloga a o gapa. Ka tsela e e tshwanang, kwa Canada, fa Basupi ba ne ba thibetswe ka nako ya ntwa, ba ne ba tshwanelwa ke gore ba nne ba fuduse metšhine ya bone e e gatisang gangwe le gape gore ba tle ba nne ba tswelele ba tlamela bakaulengwe ba bone ka dijo tsa semoya.

Kwa Australia, fa tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe, bakaulengwe ba ne ba ikgatisetsa dimakasine tsa bone le dibuka ba bo ba di tlama—sengwe se ba neng ba sa se dire ka nako ya fa maemo a ne a santse a siame. Ba ne a fudusa lefelo le go neng go tlamelwa dibuka mo go lone ka makgetlo a le 16, go thibela gore metšhine e e tlamang dibuka e se ka ya tsewa ka dikgoka, mme lefa go ntse jalo ba ne ba kgona go gatisa dibuka di le 20 000 nako e santse e le teng gore di gololwe kwa kopanong e e neng e tshwerwe ka 1941 le mororo go ne go na le dikgoreletsi di le dintsi!

Go Atolosa Morago ga Ntwa ya Lefatshe II

Fa ntwa e sena go fela, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kopana kwa kopanong ya merafe yotlhe kwa Cleveland, kwa Ohio, ka 1946. Koo Nathan H. Knorr, yo e neng e le ene poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo, a neng a neela puo e e mabapi le go aga dilo sesha mmogo le go atolosa. Palo ya Basupi e ne e ile ya oketsega go feta 157 lekgolong fa esale Ntwa ya Lefatshe II e runya, mme barongwa ba ne ba simolola tiro ka lebelo kwa ditshimong tse disha. Mokaulengwe Knorr o ne a bolela dithulaganyo tsa go atolosa madirelo a ntlokgolo ya lefatshe lotlhe gore go kgonwe go tlamela ka dikgatiso tsa Bibela tse di neng di batlega mo lefatsheng lotlhe. Fa go sena go atolosiwa, bogolo jwa feketeri bo ne bo tlile go oketsega go feta bogolo jwa kago ya ntlha e e neng ya agiwa ka 1927 gabedi, mme badiri ba baithaopi ba ne ba tlile go nna mo Legaeng la Bethele. Ba ne ba fetsa go atolosa mme ba simolola go dirisa mafelo ao ka 1950.

Dikago tsa feketiri le tsa diofisi tsa kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn di ile tsa tshwanela go atolosiwa kgapetsakgapetsa fa esale go tloga ka 1950. Go tla go fitlha ka 1992 di ne di le mo lefelong le le ka lekanang le diboloko tsa motsemogolo di le robedi mme boalo jwa fa fatshe e le disekweremetara di le 230 071. Dikago tseno ga se tsa go gatisa dibuka fela. Di neetswe Jehofa gore di dirisediwe go gatisa dibuka tse maikaelelo a tsone e leng go ruta batho dilo tse a di batlang mo go bone gore ba bone botshelo.

Kwa mafelong a mangwe go ne ga nna bokete gore Mokgatlho o boele o tswelele ka ditiro tsa one tsa go gatisa morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe. Dikago tsa feketeri le tsa diofisi tsa Mokgatlho tsa kwa Magdeburg, kwa Jeremane, di ne di le mo karolong e e neng e laolwa ke Makomonise. Basupi ba Bajeremane ba ne ba boela kwa go yone, mme lefa go ntse jalo ba ne ba kgona go dira mo go yone ka lobaka lo lokhutshwane fela pele e tsewa ka dikgoka gape mo go bone. Go ne ga tshwanela gore go agiwe madirelo a a gatisetsang kwa Jeremane Bophirima gore go kgonwe go tlamelwa ka dilo tse di tlhokegang. Metsemegolo ya teng e ne e le dithothobolo fela ka ntlha ya go thuntshiwa ke dibomo. Lefa go ntse jalo, go ise go ye kae Basupi ba ne ba nna le madirelo a mannye a go gatisetsa a a neng a ntse a dirisiwa ke Ba-Nazi, kwa Karlsruhe. Ka 1948 ba ne ba na le metšhine e mebedi e e gatisang ya flatbed e e neng e dira bosigo le motshegare mo kagong e ba neng ba letliwa go e dirisa kwa Wiesbaden. Mo ngwageng o o latelang ba ne ba oketsa dikago tsa bone tse di kwa Wiesbaden mme ba nna le metšhine e menè e e gatisang gore ba kgone go tlamela ka dilo tse di neng di tlhokiwa ke palo e e neng e oketsega ka lebelo ya baboledi ba Bogosi mo tshimong eo.

Ka nako ya fa Mokgatlho o ne o simolola go gatisa o sa iphitlhe kwa Greece ka 1946, motlakase o ne o sa nne teng ka metlha. Ka dinako tse dingwe o ne o fetsa diura di le dintsi o timilwe. Bakaulengwe ba ne ba lebana le bothata jo bo tshwanang, kwa Nigeria, ka 1977. Badiri ba kwa feketering ba ne ba atisa go boela kwa tirong ka nako epe fela, e ka tswa e le bosigo kana motshegare, fa motlakase o ne o na teng gape go fitlha fa lekala la Nigeria le nna le jenereitara ya lone. Ereka ba ne ba na le moya o o ntseng jalo, ga ba a ka ba fosiwa ke tokololo epe ya Tora ya Tebelo.

Fa Mokaulengwe Knorr a sena go etela kwa Afrika Borwa ka 1948, go ne ga rekwa setsha kwa Elandsfontein; mme lekala le ne la fudugela mo feketiring e ntšha kwa tshimologong ya 1952—e e neng e le ya ntlha go agiwa ke Mokgatlho kwa Afrika Borwa. Ba ne ba tswelela pele ka go gatisa dimakasine ka dipuo di le robedi tse di buiwang mo Afrika ka motšhine o mosha o o gatisang wa flatbed. Ka 1954 lekala la kwa Sweden le ne le na le didirisiwa tsa go gatisa dimakasine mo motšhineng wa flatbed, mme ka 1957 go ne ga dirwa se se tshwanang kwa Denmark.

Jaaka fa go ne go ntse go batlega dibuka tse dintsi, go ne ga tlamelwa ka di-letterpress tsa rotary, go simololwa go abelwa lekala lengwe mme morago go abelwe le lengwe. Canada e ne ya amogela wa yone wa ntlha ka 1958; Engelane, ka 1959. Ka 1975 Mokgatlho wa Watch Tower o ne o na le metšhine e megolo e e gatisang ya rotary e le 70 e e neng e dirisiwa mo difeketiring mo lefatsheng lotlhe.

Thulaganyo E E Lomaganeng ya Lefatshe Lotlhe ya go Anamisa Boammaaruri jwa Bibela

Go ya kwa bokhutlong jwa bo1960 le morago ga moo, go ne ga dirwa boiteko jwa go dira gore ditiro tsa go gatisa tsa Mokgatlho wa Watch Tower di se ka tsa nna lefelo le le lengwe. Palo ya Basupi ba ga Jehofa e ne e oketsega ka lebelo. Go ne go tlhokega feketeri e kgolwane gore ba tle ba itlamele ka dibuka tsa Bibela mmogo le go di tsamaisetsa batho botlhe. Mme lefa go ntse jalo dikago di ne di atolosiwa ka bonya kwa Brooklyn ka ntlha ya go bo setsha se ne se le sennye le ka ntlha ya melao e e kgoreletsang ya puso. Go ne ga rulaganngwa gore tiro e e oketsegileng ya go gatisa e direlwe go sele.

Ka gone, ka 1969, go ne ga thalwa polane ya madirelo a masha a go gatisa a a neng a tlile go agiwa go bapa le Wallkill, kwa New York, mo e ka nnang dikilometara di le 150 kafa bokonebophirima jwa Brooklyn. Seno se ne se tla oketsa madirelo a kwa ntlokgolo mmogo le go a kgaoganya, mme e ne e tla re kgabagare dimakasine tsotlhe tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tsa United States di tswe kwa Wallkill. Dingwaga tse tharo morago ga foo go ne go setse go simolotswe ka dipolane tsa feketiri ya bobedi kwa Wallkill, mme e ne e le kgolwane thata mo go ya ntlha. Ka 1977 di- letterpress tsa rotary e ne e tlhagisa dimakasine tse di fetang dimilione di le 18 ka kgwedi. Go tla go fitlha ka 1992, go ne go dirisiwa metšhine e megolo e e gatisang ya MAN-Roland le ya Hantscho (go dirisiwa e le 4 fela ya offset mo boemong jwa ya pele e 15), mme palo ya dimakasine tse di neng di gatisiwa mo go yone e ne e feta milione o le mongwe ka letsatsi.

Fa go ne go rulaganyediwa gore go dirwe ditiro tsa go gatisa kwa Wallkill la ntlha, Tora ya Tebelo e ne e gatisiwa kwa Brooklyn ka dipuo di le 32 mo go tse 72 tse e neng e bonwa ka tsone ka nako eo; Tsogang! e ne e gatisiwa ka dipuo di le 14 mo go tse 26 tse e neng e bonwa ka tsone ka nako eo. Selekanyo sa 60 lekgolong sa palogotlhe ya dikopi tse di neng di gatisiwa mo lefatsheng lotlhe di ne di gatisiwa kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe. Go ne go tla nna molemo gore tiro eno e dirwe kwa dinageng tse di leng ka kwa ntle ga United States ebile e dirwa ke bakaulengwe ba rona mo boemong jwa gore e dirwe ke difeme tsa kgwebo. Ka gone, fa mathata a lefatshe kana puso e kgoreletsa tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo karolong epe fela ya lefatshe mo isagweng, dijo tse di tlhokegang tsa semoya di ne di santse di ka kgona go bonwa.

Ke gone ka moo e neng ya re ka 1971, mo e ka nnang dingwaga di le pedi pele feketiri ya ntlha ya Watch Tower e simolola go dira kwa Wallkill, go neng ga simololwa tiro ya go tlhoma bogatisetso jo bosha jo bontle kwa Numazu, kwa Japane. Koketsego e e neng e imenne ga tlhano ya baboledi ba Bogosi kwa Japane mo dingwageng di le lesome morago ga foo e ne ya bontsha gore go ne go tlile go tlhokega dikgatiso tse dintsi tsa Bibela koo. Mo go lone lobaka loo, dikago tsa lekala la Brazil di ne di atolosiwa. Go ne go ntse jalo le kwa Afrika Borwa, koo dibuka tsa Bibela di neng di gatisiwa ka dipuo tsa Afrika tse di fetang masome a mabedi le bone. Mo ngwageng o o latelang, ka 1972, dikago tsa Mokgatlho tsa kwa Australia di ne tsa atolosiwa go menagane gane ka maikaelelo a gore go tlamelwe ka Tora ya Tebelo le Tsogang! kwa karolong eo ya lefatshe kwantle ga go di emela lobaka gore di goroge. Gape go ne ga agiwa difeketiri tse di oketsegileng kwa Fora le kwa Philippines.

Fa 1972 e simologa, N. H. Knorr le molebedi wa feketiri ya kwa Brooklyn, M. H. Larson, ba ne ba tsaya loeto lwa go etela merafe yotlhe go tlhatlhoba tiro e e neng e dirwa, gore go tle go rulaganngwe dilo gore dikago tseno di dirisiwe ka tsela e e siameng le gore go rulaganyediwe go atolosiwa ga tsone jaaka go ne go santse go tla dirwa. Maeto ano a bone a ne a akaretsa dinaga di le 16 tsa kwa Amerika Borwa, Afrika, le tsa Botlhaba Jo Bo Kgakala.

Ka bonako fela morago ga foo, lekala la kwa Japane le ne le tlhagisa dimakasine ka dipuo tsa kwa Japane tse di neng di tlhokega mo tshimong eo, go na le gore ba ikaege ka difeme tsa kgwebo. Mo go one ngwaga oo, wa 1972, lekala la kwa Ghana le ne la simolola go gatisa Tora ya Tebelo ka dipuo di le tharo tse di buiwang koo, go na le gore ba emele go di romelelwa go tswa kwa United States le kwa Nigeria. Morago ga foo, lekala la kwa Philippines le ne la simolola go rulaganya le go gatisa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka dipuo tse robedi tse di buiwang koo (go sa balelwe dimakasine tsa puo ya Seesemane tse di ne di tlhokega). Seno e ne e le kgato e nngwe e kgolo mo go direng gore ditiro tsa go gatisa tsa Watch Tower di se ka tsa nna mo lefelong le le lengwe fela.

Fa 1975 e fela, Mokgatlho wa Watch Tower o ne o gatisa dibuka tsa Bibela mo mafelong a one kwa dinageng di le 23 mo lefatsheng lotlhe—dibuka kwa dinageng di le tharo; dibukana kana dimakasine kgotsa dibukana mmogo le dimakasine mo mafelong otlhe a le 23. Kwa dinageng tse dingwe tse 25, Mokgatlho o ne o gatisa dilwana tse dingwe tse dinnye mo metšhining ya one.

Mokgatlho o ne o ntse o oketsa didirisiwa tsa one tsa go gatisa dibuka tse di nang le dikhabara tse di thata. Go ne go ntse go tlamiwa dibuka kwa Switzerland le kwa Jeremane bogologolo mo bogareng jwa bo1920. Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, ka 1948, bakaulengwe ba kwa Finland ba ne ba simolola go itlamela dibuka (sa ntlha ba dira jalo thata ka seatla) go thusa ka dilo tse di neng di tlhokega thata kwa nageng eo. Dingwaga tse pedi morago ga foo lekala la kwa Jeremane le ne le na le lefelo la go tlama dibuka, mme fa nako e ntse e tsamaya le ne la dira tiro ya go tlama dibuka e e neng e ntse e dirwa kwa Switzerland.

Morago ga foo, ka 1967, ereka Basupi ba ne ba feta milione lefatshe ka bophara ebile go ne go setse go dirisiwa dibuka tse di lekanang go tsena mo kgetsing mo bodiheding, dibuka tsa mofuta ono tsa Bibela di ne tsa batlega thata. Mo dingwageng di le robonngwe mafelo a a tlamang dibuka a ne a setse a okeditswe go feta garataro kwa Brooklyn. Go fitlha ka 1992, Mokgatlho wa Watch Tower o ne o na le mafelo a le 28 a go tlama dibuka mo dinageng tse robedi tse di farologaneng.

Mo go one ngwaga oo, ka 1992, Mokgatlho wa Watch Tower o ne o sa gatise dibuka tsa Bibela fela ka dipuo di le 180 kwa United States mme mafelo a one a go gatisa a mane a magolo a a leng kwa Latin America a ne a tlamela ka dibuka tse di tlhokegang mo lefelong leo le tse di tlhokwang ke dinaga tse dingwe mo karolong eo ya lefatshe. Mafelo a mangwe a a gatisang a le 11 mo godimo ga ao a ne a gatisa dibuka kwa Yuropa, mme madirelo ano otlhe a ne a tlamela dinaga tse dingwe ka dibuka. Mo go one, Fora e ne e le nngwe ya tse di neng di tlamela dinaga di le 14, mme Jeremane, e e neng e gatisa ka dipuo tse di fetang 40, e ne e romela palo e ntsi ya dibuka kwa dinageng tse 20, mmogo le tse dingwe di le mmalwa kwa mafelong a mangwe a mantsi. Kwa Afrika, mafelo a a gatisang a le marataro a Watch Tower a ne a gatisa dibuka tsa Bibela ka dipuo di le 46. Mafelo a mangwe gape a le 11 a a gatisang—mangwe a one a magolo, a mangwe a mannye—a ne a tlamela dinaga tsa Botlhabagare le tsa Botlhaba Jo Bo Kgakala, ditlhaketlhake tsa Pacific, Canada, le mafelo a mangwe ka dibuka gore re dirisiwe mo go anamiseng molaetsa o o potlakileng wa Bogosi jwa Modimo. Mo dinageng tse dingwe gape tse 27, Mokgatlho o ne o gatisa dilwana tse dinnye tse di neng di tlhokwa ke diphuthego gore dilo di tsamaye sentle.

Mekgwa E Mesha, Didirisiwa Tse Disha

Mo dingwageng tsa bo1960 le tsa bo1970, go ne ga nna le diphetogo tse dikgolo mo madirelong a go gatisa. Metšhine ya go gatisa e e bidiwang letterpress e ne e latlhiwa mme go dirisiwa metšhine ya offset.d Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa se ka wa ya le modumo ka bonako fela. Dipoleiti tsa go gatisa tsa metšhine ya offset di ne di sa siamela go gatisa dilo tse dintsi jaaka Mokgatlho o ne o dira. Mo godimo ga moo, go fetola dilo ka tsela eno go ne go tla tlhoka gore ba fetole mekgwa ya bone ya go seta ditlhaka le go di rulaganya gotlhelele. Go ne go tla tlhokega metšhine e mesha ya go gatisa. Go ne go tla tshwanelwa gore go ithutiwe botegeniki jono jo bosha. Mo e ka nnang metšhine yotlhe ya go gatisa e e neng e le mo difeketiring tsa Mokgatlho e ne e tla tshwanela gore e emisediwe ka e mesha. Ditshenyegelo tsa seno di ne di tla nna kwa godimo thata.

Lefa go ntse jalo, go ne ga bonwa ka bonako fela gore didirisiwa tsa go gatisa ka letterpress di tla tloga di sa tlhole di bonwa. Dipoleiti tsa offset di ne di ntse di tokafadiwa go ya pele gore di kgone go dirisiwa thata ka lobaka lo loleele. Go ne go tshwanelwa gore go dirwe diphetogo.

Bogologolo ka 1972, maloko a mararo a lelapa la Bethele la Afrika Borwa a ne a reka motšhine o monnye o o gatisang o o neng o setse o dirisitswe wa sheetfed offset gonne ba ne ba kgatlhegela go tlhabololwa ga metšhine ya offset. Ba ne ba bona boitemogelo bo sekae fa ba ntse ba gatisa dilo tse dinnye ka one. Mme morago ga moo, ka 1974, motšhine oo o o gatisang o ne wa dirisediwa go gatisa buka e e lekanang kgetsana ya Boamarure Jo Bo Isang Botshelong Jo Bosakhutleng, ka puo ya Seronga. Go kgona ga bone go dira seo ka bonako go ne ga ba kgonisa go naya diketekete tsa batho ba ba neng ba bolailwe ke tlala ya go utlwa boammaaruri kaelo ya Bibela pele tiro ya Basupi ba ga Jehofa e thibelwa gape mo lefelong le batho bao ba neng ba nna kwa go lone. Motšhine o mongwe wa sheetfed offset, o o neng wa fiwa lekala la Mokgatlho la kwa Afrika Borwa ka bonako fela fa bakaulengwe ba rona ba sena go reka wa ntlha, o ne wa romelwa kwa Zambia mme o ne wa dirisiwa koo.

Feketiri ya Mokgatlho ya kwa Jeremane le yone e ne ya simolola esale gale go gatisa ka motšhine wa offset. Ka April 1975, bakaulengwe ba koo ba ne ba simolola go dirisa motšhine wa sheetfed go gatisa dimakasine mo pampiring e e dirisediwang go kwala Bibela ba di gatisetsa Basupi ba ga Jehofa ba kwa Jeremane Botlhaba, koo Basupi ba neng ba thibetswe teng ka nako eo. Seno se ne sa salwa morago ke gore mo ngwageng o o latelang, go gatisediwe bakaulengwe bao ba ba neng ba bogisiwa dibuka ka motšhine oo wa offset.

Mo e ka nnang ka yone nako eo, ka 1975, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa dirisa motšhine wa one wa ntlha wa web offset go gatisa dimakasine kwa Argentina. Lefa go ntse jalo, o ne wa gatisa fela ka lobaka lo lo fetang lwa ngwaga go sekae pele puso ya Argentina e thibela tiro ya Basupi le go tswala lefelo la bone la go gatisa. Mme lefa go ntse jalo dinaga tse dingwe di ne tsa nna tsa tswelela go gatisa ka metšhine ya offset. Fa 1978 e simologa, go ne ga simololwa go gatisa dibuka tse di neng di na le mebala e le meraro kwa ntlokgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Brooklyn, kwa New York, ka motšhine wa web offset.e Go ne ga rekwa motšhine wa bobedi o o gatisang mo go one ngwaga oo. Lefa go ntse jalo, go ne go tlhokega metšhine e mengwe e mentsi gore sengwe le sengwe se fetolwe.

Setlhopha Se Se Laolang se ne se solofela gore Jehofa o ne a tla tlamela ka sepe fela se se neng se tlhokega go wetsa tiro e a neng a batla gore e dirwe. Ka April 1979 le ka January 1980, go ne ga romelwa makwalo kwa diphuthegong tsa kwa United States go di tlhalosetsa ka seemo seno. Meneelo e ne ya nna ya tsena—e tsena ka bonya kwa tshimologong, mme lefa go ntse jalo fa nako e ntse e tsamaya go ne ga nna le meneelo e e lekaneng go dira gore difeketiri tsa Watch Tower tsa mo lefatsheng lotlhe di kgone go ka gatisa ka metšhine ya offset.

Mo go yone nako eo, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa dira tumalano ya gore metšhine ya one e e neng e santse e le mesha ya MAN e fetolwe gore e gatise ka mokgwa wa offset gore didirisiwa tse di leng teng di dirisiwe sentle le gore dilo di kgone go fetolwa ka bonako. Dinaga tse di lesome le bobedi di ne tsa newa metšhine eno, go akaretsa le tse dingwe tse thataro tse di neng di ise di ko di gatise dimakasine mo mafelong a tsone.

Go Gatisa ka Mebala E Mene

Lekala la kwa Finland e ne e le la ntlha go gatisa tokololo nngwe le nngwe ya dimakasine tsa lone ka metšhine ya offset ka mebala e mene, ba ne ba simolola ka ditsela tse di motlhofo ka ditokololo tsa January 1981 mme morago ga moo ba bo ba nna ba dirisa mekgwa e e tlhabolotsweng. Morago ga moo, Japane e ne ya dirisa mokgwa wa go gatisa ka mebala e mene fa e ne e gatisa buka ya khabara e e thata. Mafelo a mangwe a a gatisang a Watch Tower a ile a dira ka tsela e e tshwanang fa a ne a ntse a nna le didirisiwa tsa teng. Metšhine e mengwe e e gatisang e ile ya rekwa ke ntlokgolo ya lefatshe lotlhe mme ya e romela. E mengwe e ile ya duelelwa ke Basupi ba ga Jehofa mo nageng e feketiri e leng mo go yone. Mo makgetlong a mangwe gape mo godimo ga moo, Basupi ba naga e nngwe ba ile ba naya bakaulengwe ba bone ba ba kwa nageng e nngwe didirisiwa tseno jaaka mpho.

Mo lobakeng lo lo neng lwa latela morago ga Ntwa ya Lefatshe II, lefatshe le ne la simolola go rata ditshwantsho fela thata, mme go dirisiwa ga mebala go ne ga thusa thata go dira gore dikgatiso tseno di ikuele mo bathong fa ba di bona. Go dirisiwa gono ga mmala go ile ga dira gore dikgatiso di ngoke batho mme ka go dira jalo di ba kgothaletsa go bala. Mo mafelong a mantsi go ile ga fitlhelwa gore go anamisiwa ga Tora ya Tebelo le Tsogang! go ile ga oketsega thata fa tebego ya tsone e sena go tokafadiwa.

Go Kwala Diporokeramo Tse Di Tshwanetseng tsa Khomputara

Go ne ga tshwanela gore go kwalwe diporokeramo tse di neng di tla rulaganya tshedimosetso pele e gatisiwa gore go kgonwe go gatisiwa ka mebala e mene; mme tshwetso eo e ne ya dirwa ka 1977. Basupi ba ba neng ba itse tiro eno thata ba ne ba ithaopela go dira kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe go thusa Mokgatlho go dira tiro eno ka bonako. (Ka bonako fela morago ga seno, ka 1979, setlhopha sengwe sa kwa Japane se e neng ya re kgabagare sa akaretsa Basupi ba le 50 se ne sa simolola go kwala diporokeramo tsa khomputara tse di neng di tlhokwa ke puo ya Sejapane.) Go ne ga dirisiwa metšhine ya dikhomputara tse di neng di ka rekwa, mme diporokeramo tsa teng di ne tsa kwalwa ke Basupi gore di tle di thuse Mokgatlho mo dilong tse o neng o di tlhoka go tsamaisa tiro mmogo le go gatisa ka dipuo tse dintsi. Go dira gore seemo se nne se le kwa godimo le go dira gore go kgonwe go fetofetoga go ya ka maemo jaaka fa go ne go tlhokega, go ne ga tlhokega gore go kwalwe diporokeramo tse di kgethegileng di kwalelwa go seta ditlhaka mmogo le go di rulaganya. Go ne go sena diporokeramo dipe tse di neng di le teng tse di neng di ka rekwa mo go borakgwebo tse di neng di ka dirisediwa go tlanya bontsi jwa dipuo di le 167 tse Mokgatlho wa Watch Tower o o neng o gatisa ka tsone mmogo le go di seta, ka gone Basupi ba ne ba tshwanelwa ke gore ba ikwalele tsa bone.

Ka nako eo borakgwebo ba ne ba sa bone ba ka dira madi ka dipuo tse di buiwang ke baagi ba ba seng bantsi kana mo bathong ba ba neng ba amogela madi a mannye, mme lefa go ntse jalo Basupi ba ga Jehofa bone ba kgatlhegela matshelo. Mo lobakeng lo lokhutshwane, diporokeramo tsa go seta ditlhaka tse ba neng ba di kwala di ne di dirisiwa go gatisa dibuka ka dipuo tse di fetang 90. Seybold Report on Publishing Systems e e tseelwang kwa godimo e ne ya bolela jaana ka tiro ya bone: “Seo re ka se dirang fela ke go tlotlomatsa batho ba Watchtower ka ntlha ya tiro eno ya bone, ka kgato e ba e tsereng le tsela e ba lemogang dilo ka yone. Ke batho ba sekae fela gompieno ba ba ratang go fitlhelela mekgele e e rileng le ba ba pelokgale gore ba ka simolola tiro e e ntseng jalo, segolobogolo fa e le bone ba ntlhantlha go e dira.”—Bolumo 12, No. 1, September 13, 1982.

Go gatisa mmogo le go tshola didirisiwa tse di siameng go ne go ka kgonwa go dirwa sentle fa metšhine e e dirisiwang mo lefatsheng lotlhe e ne e tshwana. Ka jalo, ka 1979, go ne ga dirwa tshwetso ya gore Mokgatlho wa Watch Tower o itlhamele tsamaiso ya one ya go seta ditlhaka. Setlhopha se se neng se dira seno se ne se tlile go tshwanela gore se itirele didirisiwa tse dikgolo go na le gore se ikaege thata ka tsa borakgwebo.

Ka gone, ka 1979 setlhopha sengwe sa Basupi ba ga Jehofa se se neng se dira kwa Watchtower Farms, kwa Wallkill, kwa New York, se ne sa tlhama sa bo sa dira Multilanguage Electronic Phototypesetting System (MEPS). Ka May 1986 setlhopha seno se se neng se tshwaragane le tiro eno se ne se sa fetsa fela go tlhama le go dira dikhomputara tsa MEPS, metšhine e e setang ditlhaka, le metšhine ya ditshwantsho, mme se se botlhokwa thata, se ne se kwadile le diporokeramo tsa go rulaganya mafoko a dipuo tse 186.

Diporokeramo tseno di ne tsa kwalwa mmogo le tse di kgonang go dira ditlhaka tse dikgolo. Seno se ne se tlhoka gore go ithutiwe thata tsela e e farologanang e puo nngwe le nngwe ya tseno e bopegileng ka yone. Tlhaka nngwe le nngwe ya puo epe fela e ne e tshwanelwa ke gore e kwalwe ka tsela ya botaki (ka sekai, tlhaka nngwe le nngwe e le ka ditlhaka tse dikgolo le tse dinnye, mmogo le matshwao a modumo le matshwao a puo—tsotlhe di le ka bogolo jo bo sa tshwaneng), di kwadilwe ka mekwalo e e farologaneng (e e jaaka, wa bokima jo bo tlwaelegileng, o o sekameng, wa bokima jo bogolo, le wa bokima jo bogolo thata), gongwe ebile e le ka difonte tse di sa tshwaneng gotlhelele, kana ka mekgwa e e sa tshwaneng ya go kwala. Fonte nngwe le nngwe ya mokwalo wa seroma e ne e tlhoka ditlhaka di le 202. Ka gone difonte di le 369 tsa mokwalo wa seroma di ne di tlhoka ditlhaka di le 74 538. Fa go ne go rulaganngwa difonte tsa Se-China go ne go tlhokega gore go tshwantshiwe ditlhaka di le 8 364 tsa fonte nngwe le nngwe, mme ebile go santse go tlile go okediwa ka tse dingwe moragonyana.

Fa go sena go tshwantshiwa ditlhaka tseno jalo, go ne ga kwalwa porokeramo e e neng e tla dira gore go kgonege gore go gatisiwe ditlhaka tseno di bonala sentle. Diporokeramo tseno di ne di tshwanetse gore di kgone go kwala ditlhaka tsa mokwalo wa Seroma fela mme le tsa Se-Bengali, Se-Cambodia, Se-Cyrillic, Segerika, Sehindi, le Se-Korea mmogo le Searabia le Sehebera (tse ka bobedi jwa tsone di balwang go tloga kafa mojeng go ya kafa molemeng) le Sejapane le Se-China (tse di sa diriseng ditlhaka). Go tloga ka 1992, go ne go na le diporokeramo tse di kgonang go rulaganya tshedimosetso ya dipuo tse di fetang 200, mme go ne go santse go tshwaraganwe le go kwala diporokeramo tsa dipuo tse dingwe tse di dirisiwang ke dimilione tsa batho.

Fa dilo di ne di fetolwa ka tsela eno mo makaleng, go ne ga tshwanelwa gore dilo di dirwe ka mekgwa e e farologaneng go bo go ithutiwe ditiro tse disha. Go ne ga romelwa badiri kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe gore ba ye go ithuta go tlhamakanya, go dirisa, le go baakanya metšhine e megolo e e gatisang ya web offset. Ba bangwe ba ne ba rutiwa kafa ba ka kgaoganyang mebala ka teng ba dirisa laser scanner. Badiri ba ba oketsegileng ba ne ba thapisediwa go dirisa metšhine ya dikhomputara le go e baakanya. Ka gone, fa go tsoga mathata a go gatisa gope fela mo lefatsheng, a rarabolo-lwa ka bonako fela mme tiro e tswelele pele.

Setlhopha Se Se Laolang se ne sa lemoga gore fa Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba ne ba ka ithuta dikgatiso tse di tshwanang kwa dipokanong tsa bone beke le beke ba bo ba tsamaisa dikgatiso tse di tshwanang mo bodiheding jwa tshimo, seno se ne se tla dira gore ba utlwane tota. Mo nakong e e fetileng, dibuka tse di gatisiwang ka Seesemane di ne di sa bonwe ka metlha ka dipuo tse dingwe go fitlha dikgwedi di le nne moragonyana; mo dipuong tse dintsi di ne di na teng morago ga ngwaga, kana morago ga dingwaga. Mme lefa go ntse jalo jaanong go ne go ka kgonega gore go dirwe phetogo. Go nna le metšhine e e tshwanang kwa makaleng a a dirang tiro ya go gatisa e ne e le selo sa botlhokwa se se neng se thusa gore go kgonwe go gatisa dibuka ka nako e le nngwe ka dipuo tse di farologaneng. Ka 1984, go ne ga kgonwa go gatisa Tora ya Tebelo ka nako e le nngwe ka dipuo di le 20. Ka 1989, ka nako ya fa molaetsa o o maatla o o mo bukeng ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! o ne o bolelela batho botlhe dikgwedi di sekae fela morago ga fa e sena go gololwa, buka eo e ne e le teng ka dipuo di le 25. Ka 1992, go ne go gatisiwa Tora ya Tebelo ka nako e le nngwe ka dipuo di le 66, tse di neng di buiwa ke bontsi jwa baagi ba lefatshe.

Fa esale porojeke ya MEPS e simololwa ka 1979, intaseteri ya dikhomputara e ile ya gatela pele fela thata. Jaanong go na le dikhomputara tse dipotlana tse di maatla tse di kgonang go dirisediwa dilo tse di farologaneng mme di bonwa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase ga ya tseo di neng di dirwa pele. Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa swetsa gore o dirise dikhomputara tse dipotlana tseno, mmogo le diporokerama tse e leng tsa one, gore o kgone go lepalepana le dilo tse di tlhokegang mo tirong ya go gatisa. Seno se ile sa akofisa tiro ya go gatisa thata. Gape se ile sa dira gore makala a a oketsegileng a Mokgatlho a kgone go dirisa diporokeramo tsa go gatisa, mme palo ya makala a a dirisang diporokeramo tseno e ile ya tlhatlogela go 83 ka bonako fela. Ka 1992 Mokgatlho wa Watch Tower, o ne o na le dikhomputara di le 3 800 tse di neng di dirisa diporokeramo tsa one tsa khomputara, mo lefatsheng lotlhe. Ga se makala otlhe a a nang le didirisiwa tseno a a gatisang, mme lefa go ntse jalo lekala lepe fela le le nang le khomputara e nnye le porokeramo ya Mokgatlho, mmogo le motšhine o o gatisang wa laser, le kgona go dira tiro e e tshwanelang go dirwa pele go ka gatisiwa dipampitshana, dimakasine, dibuka, le dilo dipe fela tse dingwe tse di tlhokang go gatisiwa.

Go Thusa Baranodi Thata ka Dikhomputara

A dikhomputara gape di ne di ka dirisediwa go thusa ba ba dirang tiro ya go ranola? Bao ba ranolang dikgatiso tsa Watch Tower jaanong ba dira tiro ya bone, gantsi, ka dikhomputara. Bontsi jwa bone bo kwa diofising tsa lekala tsa Mokgatlho. Ba bangwe, ba ba ka nnang ba tswa ba ranola ba le kwa gae mme ebile ba na le dingwaga tse dintsi ba ntse ba dira tiro ya bone ba dirisa metšhine e e tlanyang kana le eleng go kwala ka seatla, ba ile ba thusiwa gore ba ithute kafa ba ka tsenyang se ba se ranotseng mo dikhomputareng tse di golagantsweng le tse dingwe kana mo dikhomputareng tsa laptop (tse dinnye ka mo go lekaneng) tse di rekiwang ke Mokgatlho. Go kgonwa go dirwa diphetogo motlhofo fela mo go seo se ranotsweng mo sekirining sa khomputara ka bosone. Fa e le gore go ranolelwa felo gongwe eseng kwa ofising ya lekala e go tlileng go gatisediwa kwa go yone, se se tlhokegang fela ke go tsenya tshedimosetso eo mo diseking e nnye, e e temekang e bo e romelwa kwa lekaleng le le dirang tiro ya go gatisa gore tiro e ye go dirwa koo.

Ka 1989-90, jaaka fa go ile ga nna le diphetogo ka bonako mo dipusong tsa kwa dinageng di le dintsi, go ile ga nna motlhofo go ikgolaganya le merafe yotlhe. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nna le seminara ya baranodi ba bone ba ba tswang kwa Yuropa Botlhaba. Maikaelelo a yone e ne e le go ba thusa gore ba tokafatse boleng jwa tiro ya bone, go ba thusa gore ba solegelwe molemo ke metšhine ya dikhomputara e e leng teng, le go dira gore Tora ya Tebelo ya dipuo tsa bone e kgone go tswa ka nako e le nngwe fela le ya tse dingwe. Mo godimo ga moo, baranodi ba kwa Borwabotlhaba jwa Asia ba ne ba thusiwa ka tsela e e tshwanang.

Mme lefa go ntse jalo a khomputara e ne e ka dirisediwa go akofisa tiro ya go ranola kana go tokafatsa boleng jwa yone? Ee. Ka 1989, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dirisa dikhomputara tse di kgonang go dira tiro ka tsela e e matsetseleko tota mo go ranolweng ga Bibela. Fa go sena go dirwa namane e tona ya tiro kwa tshimologong, baranodi ba ne ba tlamelwa ka difaele tse di mo khomputareng tse di neng di tla kgonisa moranodi gore ka bonako fela a kgone go tlhagisa lefoko lepe fela la dipuo tsa ntlhantlha mo sekirining sa khomputara, le lenane la ditsela tse le dirisiwang ka lone, go dumalana le se go buiwang ka sone, jaaka le ranoletswe ka Seesemane mo go New World Translation. Gape o ne a ka kgona go tlhopha lefoko lengwe la Seesemane a bo a dira gore khomputara e tlhagise mafoko otlhe a puo ya kwa tshimologong ao lefoko leno (mme gongwe le mafoko a a nang le bokao jo bo tshwanang le jwa lone) le tswang mo go lone. Seno gantsi se ne se tla bontsha gore go dirisitswe setlhopha sengwe sa mafoko mo Seesemaneng go tlhalosa kgopolo ya lefoko le le lengwe fela ka puo ya kwa tshimologong. Seno ka bonako fela se ne se tla thusa moranodi gore a itse kgopolo ya seo a se ranolang ka botlalo. Se ne se tla mo thusa gore a kgone go lemoga bokao jo bo sa tshwaneng joo lefoko lengwe la motheo la puo ya kwa tshimologong mmogo le gore ke bokao bofe jo bo siametseng se go buiwang ke sone ka gone a kgone go le tlhalosa ka tsela e e siameng mo puong ya gagwe.

Baranodi ba ba nang le boitemogelo ba ne ba tla dirisa difaele tseno tsa khomputara go tlhatlhoba makgetlo otlhe a lefoko lepe le le mo Bibeleng le tlhagang mo go one ba bo ba le ranola go ya kafa le tshwanetseng mo puong ya bone go ya ka se se batliwang ke kgang e go buiwang ka yone. Seno se ne se tla tlhomamisa gore a ranole mafoko ka tsela e e tshwanang. Tiro ya moranodi mongwe le mongwe e ne e tla tlhatlhobiwa ke ba bangwe ba ba dirang le ene gore ba kgone go dirisa dilo tse ba di batlisisitseng mmogo le boitemogelo jwa bone mo tirong eo. Fa seno se sena go dirwa, khomputara e ka nna ya dirisiwa go supa temana ya Lokwalo longwe, e supa lefoko lengwe le lengwe la temana eo ka Seesemane, ba dirisa nomore nngwe go supa tshedimosetso ya puo ya kwa tshimologong, le lefoko la puo ya gagwe le a le tlhophileng le le kayang selo se se tshwanang. Tiro ga e felele fano. Moranodi o ne a santse a tla tshwanelwa ke gore a siamise popego ya mela a dira gore e balege sentle mo puong ya gagwe. Mme fa a ntse a dira seno, go ne go tla tlhokega gore a bo a tlhaloganya sentle gore lokwalo loo lo kayang. O ne a thusiwa go dira seno ka go letliwa go dirisa khomputara go leba kafa dikgatiso tsa Watch Tower di akgelang ka teng ka ditemana tsa Bibela tseo kana ka dipolelwana tseo.

Ka gone nako ya go dira patlisiso e ne e kgona go fokodiwa, ebile mafoko a kgona go ranolwa ka tsela e e tshwanang nako le nako go ya ka se se buiwang. Fa tsela eno ya go dira dilo e ntse e tokafadiwa, go solofelwa gore go ka kgonwa go gatisiwa dikgatiso tse di oketsegileng tse di mosola ka bonako le ka dipuo tse di senang baranodi ba ba lekaneng. Sedirisiwa seno se go gatisiwang dibuka ka sone gore molaetsa wa Bogosi o rerwe se ile sa dira gore tiro ya go gatisa e atolosiwe thata.

Ka gone, jaaka Bakeresete ba bangwe ba nako e e fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba metlha ya segompieno ba dirisa didirisiwa tsa metlha eno go anamisa Lefoko la Modimo. Ba ile ba se ka ba boifa go dira dilo tse di gwetlhang thata tse ba neng ba sa di itse gore ba kgone go fitlhelela batho ba bantsi kafa go ka kgonegang ka teng ka mafoko a a molemo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ka 1896 leina la lekgotla leno le ne la fetolwa semmuso go nna Watch Tower Bible and Tract Society.

b Feme eno e ne e le ya ga Charles Taze Russell. Ka 1898 o ne a tsaya dithoto tsa Tower Publishing Company a di naya Watch Tower Bible and Tract Society jaaka moneelo.

c Lebaka leno la go bo ba ne ba sa kgone go bona magala e ne e se fela ka ntlha ya go tlhaela ga one ka nako ya ntwa. Hugo Riemer, yo ka nako eo e neng e le leloko la badiredi ba kwa ntlokgolo, e ne ya re morago ga moo a kwala gore selo se segolo se se neng se baka seno e ne e le ka go bo Baithuti ba Bibela ba ne ba ilwa mo New York yotlhe ka nako eo.

d Fa go gatisiwa ka letterpress go ne go dirisiwa ditlhaka tse di kokobetseng tse motho a neng a kgona go bona gore go tlile go tlhagang mo pampiring fa e setse e gatisitswe. Ditlhaka tseno di tshasiwa enke di bo di gatelelwa mo pampiring. Fa go gatisiwa ka offset go gatisediwa go tswa mo poleiting go ya mo silindareng ya raba mme morago seo se gatisiwa mo pampiring.

e Go tloga ka 1959 go fitlha ka 1971, Mokgatlho o ne o ntse o dirisa motšhine wa one wa sheetfed offset kwa feketiring ya one ya kwa Brooklyn go gatisa dikhalendara tsa mebala e menè tse di neng di na le ditlhogo tse di bolelang kaga go rerwa ga mafoko a a molemo.

[Mafoko a a mo go tsebe 578]

“A re lekeletseng ka magala”

[Mafoko a a mo go tsebe 595]

Go tlamela difeketiri tsotlhe tsa Watch Tower tse di mo lefatsheng lotlhe gore di kgone go gatisa ka “offset”

[Mafoko a a mo go tsebe 596]

“Seo re ka se dirang fela ke go tlotlomatsa batho ba Watchtower”

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 581]

Go Seta Ditlhaka

Kwa tshimologong, go ne go dirwa ka seatla, go dirwa tlhaka e le nngwe ka nako

Afrika Borwa

Go tloga ka 1920 go fitlha ka bo1980, go ne go dirisiwa metšhine ya Linotype

United States

Kwa mafelong mangwe tiro ya go seta ditlhaka e ne e dirwa ka metšhine ya Monotype

Japane

Jaanong ba seta ditlhaka ba dirisa metšhine ya dieleketoroniki

Jeremane

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 582]

Go Dira Dipoleiti

Go tloga ka bo1920 go fitlha ka bo1980, go ne go dirwa dipoleiti tsa go gatisa tsa lloto tsa metšhine ya “letterpress”

[Ditshwantsho]

1. Mela ya ditlhaka e e gatisitsweng e ne e tsenngwa mo diforeiming tsa tshipi tse di neng di bidiwa di-“chase”

2. Fa ditlhaka tseno di sena go gatelelwa, di ne di kwalega mo selong se se neng se ka dirisiwa jaaka foromo

3. Go ne go tshelwa lloto e e molelo mo foromong eno go dira dipoleiti tsa go gatisa tsa tshipi

4. Tshipi e e sa batlegeng e ne e tlosiwa mo poleiting eno

5. Dipoleiti tseno di ne di tshasiwa “nickel” gore di se ka tsa senyega ka bonako

Moragonyana, ditsebe tse di setilweng tsa dineketifi di ne di bewa mo mannong sentle, go bo go tsenngwa ditshwantsho. Ditsebe di ne di fetisediwa ka tsela ya go di tshwantsha mo dipoleiting tsa go gatisa tsa “offset”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 585]

‘Bosupi jwa Gore Moya wa ga Jehofa O A Dira’

“Lebaka la go bo batho ba ba neng ba itse go le gonnye fela kana ba ba neng ba sa itse sepe [ebile e le ka nako e go neng go se bape ba ba neng ba go dira] ba bo ba ile ba kgona go gatisa dibuka le Dibibela ka metšhine ya go gatisa ya ‘rotary,’ ke bosupi jwa gore Jehofa o okametse seno le gore moya wa gagwe o kaela seno,” go ne ga bolela jalo Charles Fekel. Mokaulengwe Fekel o ne a itse sentle gore seno se akaretsa eng, gonne o ne a nna le seabe fa go ne go simololwa ditiro tsa go gatisa kwa ntlokgolo ya Mokgatho ka lobaka lo lo fetang halofo ya lekgolo la dingwaga. Mo dingwageng tsa gagwe tsa bofelo, o ne a dira jaaka leloko la Setlhopha Se Se Laolang.

[Setshwantsho]

Charles Fekel

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 586]

Go Ikaega ka Modimo Mothatayotlhe

Boitemogelo jo bo ileng jwa bolelwa ke Hugo Riemer, yo pele a neng a dira tiro ya go rekela Mokgatlho wa Watch Tower dilo, bo bontsha kafa Mokgatlho wa Watch Tower o dirang ditiro tsa one ka teng.

Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, pampiri e e gatisang e ne e lekanyediwa thata kwa United States. Kopo ya go e bona e ne e dirwa kwa komiting nngwe e e tlhomilweng ke puso. Ka nako nngwe mongwe wa mekgatlho e e neng e itsege thata ya Bibela e ne ya romela boramolao, banna ba bagolo ba dikgwebo, bareri, le ba bangwe gore ba ye go ba emela fa pele ga komiti eo. Ba ne ba newa e nnye thata mo go e ba neng ba e batla. Fa e sena go utlwa kopo ya bone, komiti eo e ne ya bitsa Watchtower Bible and Tract Society. E ne ya re fa Hugo Riemer le Max Larson ba fetela kwa pele, modulasetulo a botsa jaana: “A ke lona lo le babedi fela?” Ba ne ba araba jaana: “Ee. Re solofela fa Modimo Mothatayotlhe a na le rona.” Ba ne ba e fiwa ka selekanyo se ba neng ba se tlhoka.

[Setshwantsho]

Hugo Riemer

[Ditshwantsho mo go tsebe 587]

Metšhine E E Gatisang

Mokgatlho wa Watch Tower o ile wa dirisa metšhine e e gatisang ya mefutafuta fa o ntse o gatisa

[Ditshwantsho]

Go ile ga dirisiwa metšhine ya mefutafuta ya “flatbed” ka dingwaga tse dintsi (Jeremane)

Metšhine e e gatisang dilo tse dipotlana e ne e sa dirisediwe fela go gatisa diforomo le dipampitshana mme gape le dimakasine (U.S.A.)

Mo mafelong a one a a farologaneng a go gatisa, go ne go dirisiwa metšhine eno e e gatisang ya MAN “rotary” di-“letterpress” e e tswang kwa Jeremane e le 58 (Canada)

Jaanong, Mokgatlho o dirisa metšhine e e gatisang ka mebala e mene le ka lobelo lo logolo ya “web offset” mo mafelong a magolo a yone a go gatisa

Italy

Jeremane

[Ditshwantsho mo go tsebe 588, 589]

Go Tlamiwa ga Dibuka

Kwa tshimologong dibuka dingwe di ne di tlangwa ka seatla kwa difeketering tsa Watch Tower (Switzerland)

Go gatisa dikgatiso tsa selekanyo se segolo kwa United States go ne go tlhoka gore go dirwe ditiro dingwe tse di farologaneng

1. Go phutha dikarolo tsa buka

2. Go di rokaganya

3. Go di ngaparetsa

4. Go di sega di lekalekangwa

5. Go kwala setlhogo mo dikhabareng

6. Go tsenya dikhabara mo dibukeng

7. Go gatisa dibuka tse ka sengwe go fitlha sengaparetsi se tshwara sentle

Jaanong, go na le go di roka, gantsi di tlamiwa ka go ngaparediwa, mme metšhine e e dirang ka lobelo lo logolo e kgona go tlama dibuka di ka nna 20 000 kana go feta ka letsatsi

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 594]

Go Etleetsa go Itsiwe ga Bogosi jwa Modimo

Mokgatlho wa Watch Tower o ile wa gatisa dibuka ka dipuo tse di fetang 290 ka dinako tse di farologaneng. Ka 1992 ba ne ba gatisa dibuka ka dipuo tse di ka tshwarang 210. Seno se ne se direlwa go thusa batho gore ba itse kaga Bogosi jwa Modimo le gore bo ka ba direlang. Gareng ga tse di ba thusang go ithuta Bibela tse di ileng tsa anamisiwa go fitlha jaanong go na le:

“Boamarure Jo Bo Isang Botshelong Jo Bosakhutleng” (1968, ka Seesemane): dikopi di le 107 553 888, ka dipuo di le 117

“O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise” (1982): dikopi di le 62 428 231, ka dipuo di le 115

“Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!” (1982): dikopi di le 76 203 646, ka dipuo di le 200

Dipalo tse di filweng fa godimo ke tsa 1992.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 598]

Go Theipiwa ga Dikhasete tsa mantswe

Mo godimo ga go dirisa dikgatiso mo tirong ya go rera mafoko a a molemo, fa esale go tloga ka 1978 Mokgatlho wa Watch Tower o ile wa tlhagisa dikhasete tse di theipilweng tsa mantswe—o ile wa tlhagisa dikopi tsa tsone tse di fetang dimilione di le 65 mo metšhineng ya one kwa United States le kwa Jeremane.

“New World Translation” yotlhe e teng mo dikhaseteng ka Seesemane, Sefora, Sejapane, Sejeremane, Se-Spain le Setadiana. Ka 1992, thanolo eno ya Bibela e ne e le teng mo dikhaseteng le ka dipuo tse dingwe tse robedi ka selekanyo se se sa lekaneng.

Go thusa mo go ruteng bana ba bannye, go ile ga dirwa ditheipi tsa “My Book of Bible Stories” le “Listening to the Great Teacher,” tse e leng dikgatiso tse di diretsweng bana segolobogolo.

Mo godimo ga moo, kwa dinageng tse dingwe go tlhagisiwa ditheipi tseo di gasiwang mo radiong.

Okesetera e e bopilweng ke Basupi fela e gatisa ditheipi. Ditheipi tseno di dirisiwa kwa dikopanong tsa Basupi ba ga Jehofa go ba thusa fa ba opela. Dipina tse di monate tsa okesetera di ka bonwa gore motho a di ipelele a le kwa gae.

Diterama tse di gatisitsweng (tsa segompieno mmogo le tsa dipego tsa Bibela) di dirisiwa kwa dikopanong, koo batshameki ba tsone ba e leng Basupi ba thusang bareetsi gore ba kgone go ka bona ditiragalo tseo ka leitlho la mogopolo. Dingwe tsa tsone morago di dirisiwa ke malapa fa a itlosa bodutu go ithuta le go itumelela.

Dimakasine tsa “Tora ya Tebelo” le “Tsogang!” di teng ka dikhasete tsa mantswe ka Seesemane le ka Se-Finland. “Tora ya Tebelo” gape e teng mo dikhaseteng ka Sefora, Sejeremane, Se-Denmark, le Se-Norway le Se-Sweden. Kwa tshimologong di ne di direlwa batho ba ba sa boneng sentle, mme gape di ipelelwa ke ba bangwe ba le diketekete.

[Setshwantsho]

J. E. Barr a le mo setudiong se go gatisediwang kwa go sone

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 600, 601]

Go Dirisiwa ga Dikhasete tsa Bidio go Bolela ka Bogosi

Ka 1990 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa simolola tiro e ntšha ka go golola khasete ya one ya ntlha ya bidio e e neng e diretswe gore e tsamaisediwe batho botlhe.

Go ne ga fopholediwa ka ngwaga oo gore malapa a a fetang 200 000 000 go dikologa lefatshe a ne a na le metšhine ya VCR (“videocassette recorders”) ya mefuta e e farologaneng. VCR di ne di dirisiwa le kwa dinageng tse di neng di sena diteishane tsa thelebishene. Ka gone, go dirisiwa ga dikhasete tsa bidio jaaka tsela ya go ruta go ne ga tlisa tsela e ntšha ya go fitlhelela batho ba bantsi thata.

Bogologolo ka 1985, go ne go setse go simolotswe go dirwa bidio e e neng e tla bontshiwa ba ba etelang kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Mokgatlho. Fa nako e ntse e tsamaya, dibidio di ne tsa itshupa di boloka nako tota fa go tla mo go tlwaetseng maloko a masha a lelapa la Bethele. A tsela eno ya go ruta e ne e ka dirisiwa ka tsela nngwe mo tirong e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ya go dira batho barutwa? Bangwe ba bakaulengwe ba ne ba akanya gore e ka thusa.

Seno se sa felela ka gore go gololwe khasete ya bidio e e bidiwang “Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name” ka October 1990. E ne ya amogelwa ka tsela e e tlhomologileng thata. Go ne ga amogelwa dikopo tse di seng kana ka sepe tsa gore go nne le dithulaganyo tse di ntseng jalo tse di oketsegileng. Setlhopha Se Se Laolang se ile sa tlhoma lephata le lesha le le bidiwang la Tirelo ya Dibidio, gore seo se kgonwe go dirwa.

Basupi ba ba neng ba itse tiro eno thata ba ne ba ithaopela go thusa ka boitumelo. Go ne ga bonwa metšhine ya teng. Go ne ga tlhongwa setudio. Setlhopha se se tsayang ditshwantsho se ne sa simolola go etela dinaga tse di farologaneng go tsaya batho le dilo ditshwantsho tse di neng di ka dirisiwa mo dibidiong tse di diretsweng go aga tumelo. Setlhopha sa okesetera e e bopilweng ka Basupi fela sa merafe yotlhe se se neng se ile sa thusa kgapetsakgapetsa mo ditirong tse di kgethegileng se ne sa tlamela ka mmino o o neng o tla thusa go dira gore mananeo ano a dibidio e nne a a itumedisang.

Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go fitlhelela ditlhopha tsa dipuo tse di oketsegileng. Fa 1992 e le fa gare, bidio e e bidiwang “Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name” e ne e romelwa ka dipuo tse di fetang lesome le bobedi. E ne e gatisitswe ka dipuo di le 25, go akaretsa le tsa Yuropa Botlhaba. Mo godimo ga moo, go ne go rulaganyediwa go e gatisetsa Ba-China ka Se-Mandarin mmogo le ka Se-Cantonese. Mokgatlho o ne o bone tetla ya go tlhagisa “Purple Triangles” le go e anamisa, bidio e e bolelang ka bothokgami jwa lelapa lengwe la Basupi kwa Jeremane ka nako ya Bo-Nazi. Mo lobakeng lwa dingwaga di le pedi, go ne go setse go tlhagisitswe dikhasete di feta milione tsa bidio gore Basupi ba ga Jehofa ba di dirise mo bodiheding jwa bone.

Go ne ga itebaganngwa ka mo go kgethegileng le dilo tse di tlhokiwang ke bosusu. Tokololo ya “Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name” e ne ya gatisiwa ka Puo ya go Dirisa Diatla ya kwa Amerika. Morago ga yone go ne ga dirwa dipatlisiso ka maikaelelo a go dira dibidio tse di neng di tla tshwanela batho ba bosusu ba kwa dinageng tse dingwe le ba dipuo tse dingwe.

Fa go ntse go dirwa seno, go ne go tshwaraganwe le tiro ya go gatisa motseletsele o o neng o tla thusa go dira gore batho ba dumele mo bukeng e e leng motheo wa tumelo ya Bokeresete eleng Bibela. Ka September 1992, karolo ya ntlha ya thulaganyo eo, “The Bible—Accurate History, Reliable Prophecy,” e ne e setse e weditswe ka Seesemane, mme ebile go ne go setse go baakanyediwa ditokololo tsa yone ka dipuo tse dingwe.

Dikhasete tsa bidio ga se gore jaanong di tsaya sebaka sa dikgatiso kana sa go neela bosupi ka namana. Dikgatiso tsa Mokgatlho di tswelela pele go nna le seabe sa botlhokwa mo go anamiseng mafoko a a molemo. Tiro ya ntlo le ntlo ya Basupi ba ga Jehofa e santse e le yone karolo ya bodihedi jwa bone e e theilweng mo motheong o o nonofileng wa Dikwalo. Lefa go ntse jalo, dikhasete tsa bidio jaanong di thusa mo go seno jaaka didirisiwa tse di botlhokwa tsa go dira gore batho ba dumele dilo tse di molemo thata tse Jehofa a di solofetsang le go ba rotloetsa gore ba lemoge tiro e a dirang gore e dirwe mo lefatsheng mo motlheng ono wa rona.

[Ditshwantsho]

1. Fa go sena go tlhomamisiwa gore go tla tsenngwa eng, go simololwa go theipiwa dibidio fa mokwalo o ntse o kwalwa

2. Ditshwantsho di a tlhophiwa mme di tlhomaganngwa fa di ntse di tlhatlhobiwa

3. Mmino wa okesetera o o setseng o o tlhametsweng seo ka tsela e e kgethegileng o a theipiwa go natentsha seno

4. Mmino wa piano le medumo e mengwe di kopanngwa le mantswe le ditshwantsho

5. Modumo le ditshwantsho di tlhatlhobiwa la bofelo

[Ditshwantsho mo go tsebe 576]

Dikgatiso tseno tota di ne di gatisiwa ke difeme tsa kgwebo

[Setshwantsho mo go tsebe 577]

C. A. Wise o ne a leka go bona gore a Baithuti ba Bibela ba ne ba ka tlhoma ntlokgolo kwa Brooklyn kana nnyaa

[Ditshwantsho mo go tsebe 579]

Motšhine wa ntlha o o gatisang wa Mokgatlho wa “rotary” o ne wa dirisediwa go gatisa dikopi di le 4 000 000 tsa “Golden Age” No. 27 e e neng e bua e le bogale

[Setshwantsho mo go tsebe 580]

R. J. Martin (kafa mojeng), mookamedi wa ntlha wa feketeri ya Mokgatlho kwa Brooklyn, a buisana le Mokaulengwe Rutherford

[Setshwantsho mo go tsebe 583]

Lengwe la mafelo a ntlha a go gatisetsa a Mokgatlho kwa Yuropa (Bern, kwa Switzerland)

[Ditshwantsho mo go tsebe 584]

Mokgatlho o ne wa tlhoma madirelo a go gatisetsa ka 1920, kwa Magdeburg, kwa Jeremane

[Ditshwantsho mo go tsebe 590, 591]

Elandsfontein, mo Afrika Borwa (1972)

[Setshwantsho mo go tsebe 590]

Numazu, kwa Japane (1972)

[Setshwantsho mo go tsebe 590]

Strathfield, kwa Australia (1972)

[Setshwantsho mo go tsebe 590]

São Paulo, kwa Brazil (1973)

[Setshwantsho mo go tsebe 591]

Lagos, kwa Nigeria (1974)

[Setshwantsho mo go tsebe 591]

Wiesbaden, kwa Jeremane (1975)

[Setshwantsho mo go tsebe 591]

Toronto, kwa Canada (1975)

[Setshwantsho mo go tsebe 597]

Basupi ba ile ba dira tiro e tona thata ya go kwala ditlhaka ka difonte tse di tlhokegang mo dipuong tse dintsi tsa dibuka tsa bone tsa Bibela (Brooklyn, N.Y.)

[Setshwantsho mo go tsebe 599]

Dikhomputara tsa mebala di dira gore bataki ba kgone go tsenya ditshwantsho mo maemong a tsone, go di lekalekanya, le go di kgabisa

[Setshwantsho mo go tsebe 602]

Basupi ba ga Jehofa ba dirisa dikhomputara gore tiro ya go ranola Bibela e dirwe ka bonako e bo e tokafadiwe thata (Korea)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela