Lo A Amogelwa mo Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Poihō Modimo”
ABO seno e le setlhogo se se tshwanelang kopano ya ngwaga ono ya kgaolo jang ne: “Poihō Modimo”! Mme abo Jesu a re beetse sekao se se molemo jang ne sa go boifa Modimo! Ga go gakgamatse go bo moaposetoloi Paulo a ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana ka ene: “Me kwa ntlè ga kgañ, boteñ yoa bosaitsiweñ yoa poihō Modimo bo bogolo: ke go re, Èna eo o bōnadicweñ mo nameñ, a siamisiwa ke Mōea, a bōnwa ke baengele, a rèrwa mo merahiñ, a dumèlwa mo lehatshiñ, a cholelediwa kwa kgalaleloñ.”—1 Timotheo 3:16.
Kopano ya rona ya kgaolo e tla re nonotsha go nna batho bao ka boammaaruri ba boifang Modimo, jaaka Jesu. Jalo, santlha, re batla go tlhomamisa gore go se nne lefa e le sepe se se tla re kgoreletsang go kopanela mo moletlong ono wa semoya. Ka gone, a mo mosong wa ntlha ka 9:50 re bo re ntse mo ditulong tsa rona mme re ipelela mmino mme ka gone re baakanya megopolo ya rona gore re solegelwe molemo ka botlalo ke thulaganyo e e tla latelang. Setlhogo se se tlhophetsweng letsatsi la ntlha ke “Go Direla Modimo o o Batlang go Boifiwa ka Botlalo,” se se thailweng mo go Ekesodo 20:5. Puo ya modulasetulo e tshwanela fela thata: “Lo a Amogelwa, Lona Batho ba ba Boifang Modimo!” Mo letsatsing la ntlha, re tla sedimosetswa ka dipuo tseo di bontshang gore ke ka ntlhayang fa Jehofa a batla gore re nne le poifomodimo le gore ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go ithuta bosaitsiweng jwa poifomodimo. Go tla nna le tshedimosetso nngwe gape e e kgatlhang kaga gore Modimo wa boammaaruri ke mang. Gape, ka ntlha ya mathata ao basha ba rona ba lebanang le one, go tla bo go na le molaetsa o o kgethegileng wa bone.
Setlhogo sa letsatsi la bobedi ke “Poifomodimo e Kaya Masego a Magolo,” seo se thailweng mo go 1 Timotheo 6:6. Mo mosong, re tla amogela kaelo kaga seo se tlhokegang go latelela poifomodimo. Mme ebile, go tla nna le puo ya kolobetso ya bao ba batlang go simolola tsela ya botshelo ya poifomodimo. Ka thapama go tla gatelelwa mo go rona botlhokwa jwa go ikanyega go “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” mme morago re tla ithuta gore re ka dira jang go supa poifomodimo mo tikologong ya lelapa.
“Gana se Eseng sa Bomodimo mme o Tshele ka Poifomodimo,” seo ke setlhogo sa letsatsi la bofelo se se tserweng go Tito 2:12. Mo mosong, re tla amogela kaelo e e mo nakong eo e tla bong e re tlhagisa ka “monna oa boleo” le kgatlhanong le go faposiwa ke dikgang tse di mabapi le dijo, dino, go ikgabisa ga rona, le boitlosobodutu. (2 Bathesalonia 2:3) Seno se tla latelwa ke terama ya segompieno eo e gatelelang botlhokwa jwa go ineela ga rona mo Modimong. Mo thapameng puo ya phatlalatsa e tla re naya mafoko a a molemo a a bontshang gore go gololwa ga batho ba poifomodimo go setse go atametse. Moletlo wa rona wa semoya o tla tswalwa ka puisano e e bontshang go re “Thapiso ya Rona e e Tswelelang Pele mo Poifomodimong e Solegela Molemo.”
Jalo tlaya o ipaakanyeditse go latela ditshupiso tsa dibui mo Bibeleng ya gago le go kwala dintlha tsa botlhokwa go tswa mo dipuong mo bukeng ya gago. Go kwala dintlha go thusa motho gore a kgone go reetsa ka kelotlhoko le go solegelwa molemo ka botlalo ke se a se utlwang. Mme a ka metlha re seka ra itlhokomolosa ntlha ya gore go re kopano e tsamae sentle le ka thelelo go tlhokega tiro e ntsi le gore diatla tse dintsi di tlhofofatsa tiro. Ka go ithaopela go thusa, re tla iponela boitumelo jo bogolo jo bo tlang ka go naya.—Ditihō 20:35.
Jalo a poifomodimo ya rona e re kgoromeletse go tla kwa kopanong eno mme e re tlhotlheletse go bona mo gogolo go tswa go yone. A re tlogeng koo re nonotshitswe mme re ikemiseditse go tshela matshelo a poifomodimo ka botlalo.