Kgaolo 24
A Ke ka Thata ya Motho? Kana Ke ka Moya wa Modimo?
TIRO e Jesu Keresete a neng a e naya balatedi ba gagwe e ne e le kgolo mo go neng go lebega e ka se ka ya kgonwa go dirwa. Le mororo ba ne ba le babotlana ka palo, ba ne ba tshwanetse gore ba bolele mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe le go agilweng mo go lone. (Math. 24:14; Dit. 1:8) Tiro eo e ne e se fela gore e ne e le kgolo mme gape e ne e tshwanela go dirwa le mororo go ne go na le dilo tse di seng kana ka sepe tse go neng go bonala sentle gore di ne di tlile go e kgoreletsa gonne jaaka fa Jesu a ne a bolelela barutwa ba gagwe fela ka tlhamalalo, ba ne ba tlile go ilwa le go bogisiwa ke merafe yotlhe.—Math. 24:9; Yoh. 15:19, 20.
Le mororo ba ne ba ganediwa mo lefatsheng lotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dira bojotlhe jwa bone mo tirong eno e Jesu a neng a e boleletse pele. Selekanyo se bosupi bo setseng bo neetswe ka sone ke selo se se tlhomologileng thata ebile se a gakgamatsa. Mme lefa go ntse jalo ke eng se se dirileng gore seno se kgonege? A go ile ga nna jalo ka ntlha ya thata ya motho kana ka ntlha ya botlhale jo a nang najo? Kana a go ile ga nna jalo ka ntlha ya tsela e moya wa Modimo o dirang ka yone?
Pego ya Bibela ya go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri kwa Jerusalema mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. e re gakolola gore seabe se Modimo o nang le sone ka namana mo go dirweng ga thato ya gagwe ga se a tshwanela go itlhokomolosiwa. Batho ba lefatshe ba ba akgelang ka dilo ba ka nna ba batla tlhaloso e nngwe malebana le se se diragalang. Lefa go ntse jalo, fa Modimo o ne o tlhalosa kafa boikaelelo jwa one bo neng bo tla diragala ka teng, o ne a dira gore moperofeti Sekaria a bolele jaana: “Ga se ka thata, leha e le ka nonohō, ha e se ka mōea oa me, go bua Yehofa oa mashomōshomō.” (Seka. 4:6) Basupi ba ga Jehofa ba bolela ka tlhamalalo gore tsela eno ke yone e go rerwa ga molaetsa wa Bogosi go dirwang ka yone gompieno—eseng ka go dirisa mephato ya sesole, kana ka ntlha ya thata kana tlhotlheletso e setlhopha sengwe se se itsegeng thata se nang le yone, mme go na le moo ke ka ntlha ya tsela e moya wa ga Jehofa o dirang ka yone. A bosupi bo tshegetsa selo seno se ba se dumelang?
Ga Se Ba “Bantsi Ba Ba Botlhale Kaha Nameñ”
Moaposetoloi Paulo o ne a dumalana le ntlha eno jaaka fa a ne a kwalela Bakeresete ba ntlha ba kwa Greece jaana: “Ba ga echo, a lo ko lo lebeñ go bidiwa ga lona, yaka go se bantsi ba ba botlhale kaha nameñ, go se bantsi ba ba nonohileñ, go se bantsi ba ba tlotlègañ, ba ba bidicweñ: Me Modimo o itshenketse dilō tse di kaiwañ dinyana ke lehatshe, gore o tlhabisè ba ba botlhale ditlhoñ; e bile gapè Modimo o itshenketse dilō tse di kaiwañ bokōa ke lehatshe, gore o tlhabisè dilō tse di nonohileñ ditlhoñ; Le tse di kaiwañ matlakala a lehatshe, le dilō tse di nyatsègañ, Modimo o di itshenketse, E, le dilō tse di seeon̄, gore o nyeletsè dilō tse di seoñ: Gore go se ka ga ikgantsha nama epè ha pele ga Modimo.”—1 Bakor. 1:26-29.
Baaposetoloi ba ga Jesu ka bobone ba ne ba tswa mo setlhopheng sa batho fela ba ba dirang tiro ya batho ba ba sa rutegang. Ba le banè ba bone ba ne ba gweba ka go tshwara ditlhapi. Mongwe wa bone e ne e kile ya bo e le mokgethisi, tiro e Bajuda ba neng ba e ila tota. Baaposetoloi bano e ne e le batho ba ba neng ba lebiwa ke baruti ba Bajuda “ha ba sa rutèga, e le batho hèla,” sone selo se se supang gore ba ne ba sa tsena dikolo tsa thuto ya maemo a a kwa godimo. (Dit. 4:13) Seno ga se bolele gore go ne go sena bape ba ba neng ba rutegile thata ka tsela ya selefatshe kana ya bodumedi ba ba neng ba fetoga Bakeresete. Moaposetoloi Paulo o ne a ile a ithuta a le fa dinaong tsa ga Gamaliele, yoo e neng e le leloko la Sanehederine ya Bajuda. (Dit. 22:3) Mme lefa go ntse jalo, jaaka fa lokwalo lono lo bolela, go ne go sena ba “bantsi” ba ba ntseng jalo.
Hisitori e supa gore Celsus, motlhalefi wa Moroma wa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., o ne a kwala a sotla a re “badiri fela, baroki ba ditlhako, balemi, batho ba ba sa itseng sepe le ba ba ithatelang metlae, ba ka nna jang bareri ba ba tlhoafetseng ba Efangele.” (The History of the Christian Religion and Church, During the Three First Centuries, e e kwadilweng ke Augustus Neander) Le mororo ba ne ba tshegiwa le go bogisiwa setlhogo mo Mmusomogolong wa Roma, ke eng se se ileng sa nonotsha Bakeresete ba boammaaruri gore ba tswelele pele ba bolela mafoko a a molemo? Jesu o ne a ile a bolela gore e ne e tla nna moya o o boitshepo wa Modimo.—Dit. 1:8.
Mo metlheng ya bosheng, Basupi ba ga Jehofa le bone ka mo go tshwanang ba ile ba kgalwa ka ntlha ya gore, bontsi jwa bone, e le batho fela, e se ba maemo a bone mo botshelong a dirang gore lefatshe le ba tseele kwa godimo. Gareng ga batlhanka ba ntlha ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba ba ileng ba itsise batho ba kwa Denmark molaetsa wa Bogosi e ne e le motho mongwe yo o dirang ditlhako. Kwa Switzerland le kwa Fora, e ne e le molemi wa ditshingwana. Mo dikarolong tse dintsi tsa Afrika, molaetsa ono o ne wa isiwa ke badiri ba ba tsamayang ba tswa mo lefelong le lengwe ba ya kwa go le lengwe ka tiro. Kwa Brazil, badiri ba mo dikepeng ba ne ba nna le seabe mo go seno. Basupi ba bantsi ba Ba-Poland ba ba nnang kwa bokone jwa Fora e ne e le badiri ba meepo ya magala.
Ereka ba ne ba amilwe thata ke se ba neng ba se ithutile go tswa mo Lefokong la Modimo ba thusiwa ke dikgatiso tsa Watch Tower, ba ne ba batla go bontsha kafa ba ratang Jehofa ka teng ka go mo ikobela, ka gone, ba ile ba dira tiro e Lefoko la Modimo le bolelang gore Bakeresete ba ne ba tla e dira. Fa esale go tloga ka nako eo, batho ba le dimilionemilione ba ba tshelang ka ditsela tsa mefuta yotlhe ba ile ba nna le seabe mo tirong eno. Botlhe ke bareri ba mafoko a a molemo.
Basupi ba ga Jehofa ba bopa mokgatlho wa bodumedi o e leng one fela mo lefatsheng o mo go one leloko lengwe le lengwe la one le neelang batho ba e seng badumedi bosupi, le lekang go araba dipotso tsa bone go tswa mo Bibeleng, le go ba rotloetsa gore ba dumele Lefoko la Modimo. Mekgatlho e mengwe ya bodumedi e dumelana le ntlha ya gore seno ke se Bakeresete botlhe ba tshwanetseng go se dira. Mengwe ya mekgatlho eno e ile ya leka go kgothaletsa maloko a dikereke tsa yone gore a e dire. Mme lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba e dirang ba sa kgaotse. Ke mang yo o ba kaelang, ba gakololwa ke mang, ke mang yo o ba solofeditseng go ba tshegetsa ka lorato, ebile ke ditsholofetso tsa ga mang tse di ba tlhotlheletsang gore ba dire tiro eno e ba bangwe ba e tilang? Ba botse. Go sa kgathalesege gore ke morafe ofe oo ba nnang mo go one, ba tla araba jaana: “Ke tsa ga Jehofa.” Ka gone, ke mang yo o tshwanetseng a neelwa tlotlo ka ntlha ya seno?
Seabe Se Se Boleletsweng Pele Se Baengele ba Modimo Ba Neng Ba Tla Nna le Sone
Fa Jesu a ne a tlhalosa ditiragalo tse di neng di tla diragala mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo, o ne a bontsha gore e ne e se kitla e nna balatedi ba gagwe fela ba ba mo lefatsheng ba ba neng ba tla nna le seabe mo go phutheng batho ba ba ratang tshiamo. Jesu o ne a bolela jaana mo go Mathaio kgaolo 13, fa a ne a tlotla kaga go phuthiwa ga ba bofelo ba ba neng ba tla busa le ene mo bogosing jwa selegodimo: “Barobi ke baengele.” Mme tshimo e ba neng ba tla phutha “bana ba bogosi” mo go yone e ne e tla bo e le kgolo go le kana kang? “Tshimo ke lehatshe,” Jesu o ne a tlhalosa jalo. Ka gone, bao ba phuthiwang ba ne ba tla tswa mo dikhutlong tsotlhe tsa kgolokwe eno. A tota seno se setse se diragatse?—Mathaio 13:24-30, 36-43.
Ee, eleruri! Le mororo Baithuti ba Bibela ba ne ba le diketenyana di sekae fela ka nako ya fa lefatshe le ne le tsena mo metlheng ya lone ya bofelo ka 1914, molaetsa wa Bogosi oo ba neng ba o rera e ne ya re go ise go ye kae o bo o setse o anametse mo lefatsheng lotlhe. Kwa Dinageng tsa Botlhaba, kwa dinageng tsa Yuropa, kwa Afrika, le kwa dinageng tsa Amerika, mmogo le kwa ditlhaketlhakeng, batho ka bongwe ba ne ba amogela tshono ya go dira ditiro tsa Bogosi jwa Modimo mme ba ne ba phuthelwa mo phuthegong e le nngwe e e utlwanang.
Ka sekai, kwa Australia Borwa molaetsa ono wa Bogosi o ne wa amogelwa ke Bert Horton. Bodumedi bo ne bo sa mo kgatlhe ka sepe go ya kafa a neng a bo itse ka teng; o ne a ntse a na le seabe mo dipolotiking le mo ditirong tse di amanang le mekgatlho ya badiri. Mme lefa go ntse jalo e ne ya re fa mmaagwe a mo naya buka nngwe ya Watch Tower e e bidiwang The Divine Plan of the Ages mme a simolola go e bala le Bibela, o ne a itse gore o ne a bone boammaaruri. O ne a bo bolelela ba a neng a dira le bone. E ne ya re fa a sena go bona Baithuti ba Bibela, a kopanela le bone ka boitumelo, a bo a kolobediwa ka 1922, a tsenela bodihedi jwa nako e e tletseng, mme a ithaopela go dira kwa lefelong lepe fela le phuthego ya ga Jehofa e neng e mo laela gore a ye go direla kwa go lone.
Kafa ntlheng e nngwe ya lefatshe, W. R. Brown, yo o neng a setse a ntse a rera kwa ditlhaketlhakeng tsa Caribbean, o ne a tloga a tla mo Afrika ka 1923 go tla go anamisa molaetsa wa Bogosi. E ne e se motho yo o neng a dira dilo fela ka bogagagwe a ithomile koo ka namana. Le ene o ne a dira le batho ba ba rulagantsweng ba ga Jehofa. O ne a ile a ithaopela go ya go direla koo a neng a tlhokega teng, mme o ne a ya go direla kwa Afrika Bophirima a dira jalo go ya kafa a neng a laetswe ka teng ke ofisi ya kwa ntlokgolo. Ba ba neng ba bona molemo go tswa mo bodiheding jwa gagwe le bone ba ne ba thusiwa gore ba lemoge kafa go leng botlhokwa ka teng gore ba atamalane le phuthego ya ga Jehofa.
Go bolelwa ga Bogosi go ne ga bo ga fitlha le kwa Amerika Borwa. Hermán Seegelken wa kwa Mendoza, Argentina, o ne a sa bolo go nna a etse boitimokanyi jo bo leng mo dikerekeng tsa Katoliki le Porotesetanta tlhoko. Mme lefa go ntse jalo, ka 1929, le ene o ne a utlwa molaetsa wa Bogosi, o ne a o amogela ka botlhaga, mme a simolola go o bolelela ba bangwe, fela jaaka batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa lefatshe ka bophara. Go ile ga nna le maitemogelo a a tshwanang le ano go dikologa lefatshe. Batho ba “dicō cotlhe, le ba dipuō cotlhe, le batho botlhe,” le mororo ba ne ba gasagasame mo mafelong a ba neng ba nna mo go one ebile ba tshela ka ditsela tse di farologaneng, ba ne ba se ka ba reetsa fela mme gape ba ne ba ithaopela go direla Modimo. Ba ne ba phuthelwa mo phuthegong e e utlwanang gore ba tle go dira tiro e Jesu a neng a ile a bolelela pele gore e tla dirwa mo motlheng ono. (Tshen. 5:9, 10) Ke eng se se neng se baka seno?
Bibela e bolela gore baengele ba Modimo ba ne ba tla nna le seabe sa botlhokwa mo go yone. Ka ntlha ya seno, go bolelwa ga Bogosi go ne go tla duma mo lefatsheng lotlhe jaaka modumo wa terompeta e e lediwang ke mongwe yo o fetang motho ka maatla. Tota ebile, ka 1935 o ne o fitlhile kwa dinageng di le 149—go ya kwa bokone, kwa borwa, kwa botlhaba, le kwa bophirima, go tswa kwa sekhutlong se sengwe sa lefatshe go ya kwa go se sengwe.
Kwa tshimologong, e ne e le ba “lecomanyane” fela ba ba neng ba anaanela Bogosi jwa Modimo ka mmatota mme ebile ba ne ba iketleeditse go nna le seabe mo dilong tse di amanang le jone. Seo ke sone se Bibela e neng e se boleletse pele. Jaanong “boidiidi yo bogolo” jo bo oketsegang ka lebelo, joo palo ya jone e fitlhang go dimilione ke batho ba ba tswang mo merafeng yotlhe, ba ba kopanelang le bone. Seo, le sone, se ne se boleletswe pele mo Lefokong la Modimo. (Luke 12:32; Yoh. 10:16; Tshen. 7:9, 10) Batho bano ga se ba ba iphakang fela gore ba mo bodumeding bo le bongwe fela mme, tota, ba na le maikutlo le matlhajana a a sa tshwaneng a a dirileng gore lefatshe le le ba dikologileng le nne makgaoganyane. Basupi ba ga Jehofa ga ba bue fela ka Bogosi jwa Modimo ka molomo mme ba ntse ba ikantse puso ya motho. Tota ebile lefa seo se ka tsenya matshelo a bone mo kotsing, ba ikobela Modimo jaaka mmusi wa bone. Bibela e bolela ka phepafalo gore go phuthiwa ga batho ba ba ‘boifang Modimo le go o naya kgalalelo’ go ne go tla dirwa go kaelwa ke baengele. (Tshen. 14:6, 7; Math. 25:31-46) Basupi ba tlhatswegile pelo ka phepafalo gore seno ke sone se tota se ileng sa diragala.
Mo makgetlong a a ka se kang a balwa, fa ba ne ba ntse ba nna le seabe mo bodiheding jwa bone, ba ile ba bona bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore ba kaelwa go tswa kwa legodimong. Ka sekai, kwa Rio de Janeiro, kwa Brazil, mongwe o ne a bolela jaana fa setlhopha sengwe sa Basupi se ne se konela tiro ya sone ya ka ntlo le ntlo ka Sontaga: “Ke santse ke batla go nna ke tswelela ke dira ka nakwana. Ke ikutlwa fela ke batla go ya kwa ntlong ele.” Yo o neng a tlhokometse setlhopha seo o ne a akantsha gore ba e tlogelele letsatsi le lengwe, mme lefa go ntse jalo mmoledi yoo o ne a se ka a dumela. Kwa ntlong eo Mosupi yoo o ne a fitlhela mosadi mongwe, a santse a elela dikeledi mo sefatlhegong, mme o ne a bolela gore e ne e le gone fela a ntseng a rapelela gore a bone thuso. O ne a kile a kopana le Basupi mo nakong e e fetileng mme lefa go ntse jalo o ne a ile a se ka a kgatlhegela molaetsa wa Bibela. Lefa go ntse jalo, e ne ya re fa monna wa gagwe a sena go swa ka tshoganetso seo se ne sa mo dira gore a lemoge gore o tlhoka go thusiwa semoyeng. O ne a ile a nna a batla Holo ya Bogosi, mme legale a se ka a e bona. O ne a ntse a rapela Modimo ka tlhoafalo gore o mo thuse, mme jaanong thuso eo e ne e tlile kwa legaeng la gagwe. Ga go a tsaya lobaka lo lo kalo morago ga moo a bo a kolobediwa. O ne a tlhatswegile pelo gore Modimo o ne o utlwile thapelo ya gagwe mme o ne o tsere kgato e e tshwanetseng go mo araba.—Pes. 65:2.
Mosupi mongwe wa ga Jehofa wa Mojeremane yo a neng a ntse a nna kwa New York o ne a tlhola a rapela Modimo a o kopa gore o mo kaele fa a ne a nna le seabe mo bodiheding jwa gagwe. Go ne go na le mosadi mongwe yo o kgatlhegang yo a neng a ntse a mmatla dibeke tse di latelanang, a mmatla ka matlho fela mo mmileng ereka a ne a sa itse kwa mosadi yoo a neng a nna teng. Mme e ne ya re ka letsatsi lengwe ka 1987, fa Mosupi yoo a ne a simolola bodihedi, o ne a rapela jaana: “Jehofa, o a itse kwa a nnang teng. Tsweetswee nthuse gore ke mmone.” Metsotso e sekae morago ga moo o ne a bona mosadi yoo a ntse mo resetšhurenteng nngwe.
A seo se ne se itiragaletse fela ka bosone? Bibela e bolela gore Bakeresete ba boammaaruri ke “badihi mmōgō le Modimo” le gore baengele ba romelwa “mo tihoñ ka ntlha ea ba ba tla ruañ polokō.” (1 Bakor. 3:9; Baheb. 1:14) Fa Mosupi yoo a sena go bolelela mmè yoo kafa a ileng a mmona ka teng, mmè yoo o ne a dumela fa a ne a mo kopa gore ba nne fa fatshe mme ba tlhatlhobe Bibela go ya kwa pele mo go lone letsatsi leo.
Go Fitlhelela ‘Ditshimo Tse go Leng Thata go Fitlha kwa go Tsone’ ka Mafoko A A Molemo
Basupi ba ga Jehofa ba ile ba leka thata ba sa kgaotse go fitlhelela dinaga tsotlhe ka molaetsa wa Bogosi. Mme legale seno ga se tlhalose ka botlalo se se ileng sa dirwa. Ba ile ba bona molaetsa wa Bogosi o anamela kwa mafelong ao maiteko otlhe a ba neng ba a dirile ka kelotlhoko a neng a iteile se fololetse.
Ka sekai, mo makgetlong a a fetang a le mmalwa ka bo1920 le ka bo1930, go ne ga dirwa boikuelo ka tsela ya semmuso ka tlhoafalo mo badireding ba puso kwa go seo ka nako eo se neng se itsege jaaka Soviet Union go lekwa go bona tetla ya go romela dibuka tsa Bibela kwa nageng eo kana go di gatisa teng koo. Ba ne ba gana nako le nako fa ba araba. Go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba sekae fela kwa Soviet Union, mme lefa go ntse jalo go ne go tlhokega thuso e kgolwane gore go wediwe tiro ya go rera eo Lefoko la Modimo le neng le boletse gore e tshwanetse go dirwa. A go ne go na le sengwe se se neng se ka dirwa go tlamela ka thuso e e ntseng jalo?
Se se kgatlhang ke gore, fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e fela, Basupi ba ga Jehofa ba feta sekete, mmogo le batho ba bangwe ba bantsi, ba ba neng ba tswa kwa go se pele e neng e le Poland botlhaba ba ne ba iphitlhela ba le mo teng ga Soviet Union. Kwa kampeng ya pogisetso ya kwa Ravensbrück, makgarejana a le mantsi a Ba-Russia a ne a ile a itse batho ba ba neng ba tlhatlhetswe nabo mo kgolegelong ba e neng e le Basupi ba ga Jehofa. Bangwe ba basadi bano ba ile ba ineela mo go Jehofa ka nako eo, mme morago ga moo ba ile ba busediwa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa Soviet Union. Ba bangwe ba le makgolokgolo le bone ba ile ba iphitlhela e le baagi ba Soviet Union ereka melelwane ya bone e ile ya fetoga ka nako ya ntwa. Seo se ne sa se ka sa felela go ya kafa puso ya Soviet e neng e ikaeletse ka teng. Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa e ne e se sone se rulaganyeditseng seo. Mme lefa go ntse jalo se ile sa thusa go diragatsa se Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le neng le boleletse pele gore se tla diragala. Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya bolela jaana fa e ne e akgela kaga ditiragalo tseno: “Ka gone re ka bona gore, Morena a ka thusa mme a dira gore go nne le basupi mo nageng epe fela, gore ba itsise boammaaruri le leina la ga Jehofa.”—Tokololo ya February 1, 1946.
Ga se naga e le nngwe fela e e ileng ya raya Basupi ba ga Jehofa ya re: ‘Lo se ka lwa tla kwano!’ kana, ‘Lo se ka lwa rera fano.’ Seno se ile sa diragala gangwe le gape go dikologa lefatshe, mo dinageng tse dintsi, gantsi e le ka ntlha ya fa badiredi ba puso ba ne ba tlhotlhelediwa ke baruti. Dingwe tsa dinaga tseno e ne ya re morago tsa dumelela Basupi ba ga Jehofa semmuso. Mme lefa go ntse jalo le eleng pele seo se diragala, kobamelo ya ga Jehofa, Mmopi wa legodimo le lefatshe, e ne e setse e amogetswe ke batho ba le diketekete mo teng ga melelwane ya tsone. Seo se ile sa dirwa jang?
Tlhaloso ya seno e e motlhofo e fitlhelwa mo Bibeleng, eleng gore baengele ba Modimo ba na le seabe se segolo mo go ikueleng jaana ka potlako mo bathong ba morafe mongwe le mongwe: “Boihañ Modimo, lo o neè kgalalèlō; gonne nakō ea katlholō ea ōna e tsile: me lo ōbamèlè ōna o o dihileñ legodimo, le lehatshe, le lewatlè, le mecwedi ea metse.”—Tshen. 14:6, 7.
Go Atlega Le mororo Go Ne go Sa Lebege Ba Ka Atlega
Se Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba lebana le sone mo dinageng dingwe e ne e se go thibelwa fela mo bodiheding jwa bone jwa phatlalatsa mme go na le moo e ne e le ka maiteko a go ba nyeletsa gotlhelele.
Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, baruti ba ile ba leka ka tlhoafalo kwa United States le kwa Canada go khutlisa tiro ya Baithuti ba Bibela, jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsege ka nako eo. Ntlha eno e itsiwe ke batho botlhe. Le mororo batho ba ne ba tlhomamiseditswe go bua ka kgololesego le go obamela ka kgololesego, baruti ba ile ba tlhotlheletsa badiredi puso gore ba thibele dibuka tsa Baithuti ba Bibela. Ba le bantsi ba bone ba ne ba tshwarwa le go tlhatlhelwa mo kgolegelong ba sa newe tshono ya go ikgolola ka madi; ba bangwe ba ne ba itewa botlhoko. Badiredi ba Mokgatlho wa Watch Tower le ditsala tse di neng di dira nabo ba ne ba atlholelwa nako e telele mo kgolegelong ka melato e kwa morago go ileng ga bontshiwa fa e ne e sa tshwanela. Ray Abrams o ne a bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya Preachers Present Arms: “Fa kgetsi eno e sekasekiwa yotlhe seo se dira gore motho a swetse ka gore dikereke le baruti ke bone ba ba neng ba tlhotlheletsa kgato ya go nyeletsa Ba-Russell go tloga fela kwa tshimologong,” jaaka fa baruti ba ne ba bitsa Baithuti ba Bibela jalo ka tsela ya go ba nyatsa. Mme lefa go ntse jalo morago ga ntwa, Baithuti bao ba Bibela ba ne ba tla ba le matlhagatlhaga go feta pele ba itsise kaga Kgosi ya ga Jehofa, Jesu Keresete, mmogo le ka Bogosi jwa gagwe. Ba ne ba bona kae matlhagatlhaga a masha ao? Bibela e ne e boleletse tiragalo e e ntseng jalo pele mme ebile e ne e boletse gore e ne e tla nna teng ka ntlha ya “mōea oa botshelō o o cwañ Modimoñ.”—Tshen. 11:7-11.
Morago ga fa Ba-Nazi ba sena go tsaya marapo a puso kwa Jeremane, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa thata kwa dinageng tse di neng tsa wela kafa tlase ga taolo ya Ba-Nazi. Ba ne ba golegwa le go tshwarwa makgwakgwa. Ba ne ba thibelwa. Kgabagare, ka October 1934, diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa go ralala Jeremane di ne tsa romelela puso makwalo a di neng di bontsha ka phepafalo mo go one gore di ne di sena maikaelelo ape a sepolotiki mme gore di ne di ikemiseditse go ikobela Modimo jaaka mmusi wa tsone. Mo godimo ga moo, diphuthego tsa Basupi lefatshe ka bophara di ne tsa romela makwalo ka dithelekerama go ema bakaulengwe ba bone ba Bakeresete ba kwa Jeremane nokeng.
Mo go lone letsatsi leo, ka October 7, 1934, mo ofising ya ga Dr. Wilhelm Frick, kwa Berlin, Adolf Hitler o ne a bolela jaana ka Basupi ba ga Jehofa a funne lebole: “Ditsuanyane tse di tla nyelediwa mo Jeremane!” O ne a sa ba tshosetse fela ka molomo. Ba ne ba tshwarwa mo mafelong a mantsi. Go ya ka kitsiso nngwe ya khupamarama ya June 24, 1936, e e neng e ya kwa Mapodising a Prussia a Sephiri a Naga, go ne ga bopiwa “Masole a a kgethegileng a Gestapo” gore a lwantshe Basupi. Morago ga go rulaganya dilo ka kelotlhoko Ma-Gestapo a ile a simolola letsholo la one la go tshwara Basupi botlhe ba ga Jehofa le mongwe le mongwe yo go neng go belaelwa gore ke Mosupi. Ka nako ya letsholo leo mokgatlho otlhe wa mapodisi o ne o na le seabe mo go seno, o tlogela dikebekwa go sena yo o di tshwarang.
Dipego di bontsha gore e ne ya re kgabagare ga tshwarwa Basupi ba Bajeremane ba ka nna 6 262. Karl Wittig, yo e neng e kile ya bo e le modiredi wa puso ya Jeremane yo le ene ka boene a neng a ile a golegwa mo dikampeng tsa pogisetso di le dintsi, e ne ya re morago ga moo a kwala jaana: “Go ne go sena setlhopha sepe se sengwe sa magolegwa . . . se masole a SS a neng a se tshwere jaaka dibatana jaaka Baithuti ba Bibela. E ne e le bobatana jo bo neng bo dirwa ka go utlwisiwa botlhoko mo mmeleng le mo tlhaloganyong go sa kgaodiwe, jo go senang puo epe mo lefatsheng e e ka kgonang go tlhalosa selo se se tshwanang le jone.”
Seo se ne sa felela jang? Mo bukeng nngwe e e gatisitsweng ka 1982, Christine King o ne a swetsa ka go re: “Ke Basupi fela [fa ba bapisiwa le ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi] ba puso e ileng ya se ka ya atlega mo go bone.” Hitler o ne a ile a ititaya sehuba gore o tlile go ba nyeletsa gotlhelele, mme go ne ga bolawa ba le makgolokgolo ba bone. Lefa go ntse jalo, Dr. King o bolela jaana: “Tiro [ya go rera ka Bogosi jwa Modimo] e ne ya tswelela pele mme ka May 1945 mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa o ne o santse o le teng, fa National Socialism [lekoko la Bonazi] yone e ne e sa tlhole e le teng.” Gape o tlhalosa jaana: “Ba ne ba sa ineela ka gope.” (The Nazi State and the New Religions: Five Case Studies in Non-Conformity) Ke ka ntlha yang fa Hitler, le mophato wa gagwe wa masole o o neng o eme sentle ka dibetsa, mapodisi a a neng a katisitswe ka tsela ya maemo a a kwa godimo, le dikampa tse dintsi tse go neng go bolaelwa batho kwa go tsone, ba ile ba palelwa ke go dira go ya kafa a neng a tshosetsa ka teng go fedisa setlhophanyana seno se sennye se se senang dibetsa ebile e le batho ba lefatshe le ba lebang jaaka batho fela? Ke ka ntlha yang fa merafe e mengwe e ile ya palelwa ke go khutlisa tiro ya bone? Go tla jang gore Basupi ba ga Jehofa ka kakaretso, eseng batho ba sekae fela ba ba rileng, ba bo ba ile ba kgona go ema ba sa tshikinyege lefa ba ne ba bogisiwa botlhoko jalo?
Karabo ya seno e ka bonwa mo kgakololong e e bontshang botlhale e e ileng ya neelwa ke Gamaliele, yo e neng e le morutisi wa Molao, a e neela maloko ka ene a Sanehederine ya Bajuda fa ba ne ba lebagane le kgang e e tshwanang le eno e e neng e ama baaposetoloi ba ga Jesu Keresete. O ne a bolela jaana: “Lo ithibè mo bathuñ ba, me lo ba lesè; gonne ha kgakologèlō e, kgotsa tihō e, e le ea batho, e tla senyèga: Me ha e le ea Modimo, go tla lo retelèla go ba henya; e ka tla ea re kgotsa loa hitlhèlwa lo bile lo tlhabana le Modimo.”—Dit. 5:38, 39.
Ka gone mabaka a hisitori a bontsha gore tiro e e neng e lebega e ka se ka ya kgonega e Jesu a ileng a e naya balatedi ba gagwe gore ba e dire lefa go ne go na le dilo tse di seng kana ka sepe tse go neng go bonala sentle gore di tlile go e kgoreletsa, ga e dirwe ka thata ya motho mme go na le moo ka moya wa Modimo. Jaaka fa Jesu ka boene a ne a bolela jaana fa a ne a rapela Modimo: “Rra, dilō cotlhe di ka dihala mo go wèna.”—Mar. 14:36.
[Mafoko a a mo go tsebe 547]
“Ka mōea oa me, go bua Yehofa oa mashomōshomō”
[Mafoko a a mo go tsebe 548]
Ke eng se se ileng sa ba nonotsha gore ba tswelele pele ba rera lefa ba ne ba kgalwa le go bogisiwa botlhoko?
[Mafoko a a mo go tsebe 549]
Bosupi jwa gore baengele ba ne ba ba kaela
[Mafoko a a mo go tsebe 551]
‘Morena a ka thusa gore go nne le basupi mo nageng epe fela’
[Mafoko a a mo go tsebe 553]
Batho ba ba utlwanang eletota ba ba supileng gore tumelo ya bone e nonofile ka nako ya fa ba ne ba lebane le mathata a go neng go lebega ekete a ka se fenngwe