LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • kl kgao. 13 ts. 118-129
  • Lebaka La go Bo go Tshela Botshelo Jwa Bomodimo Go Itumedisa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka La go Bo go Tshela Botshelo Jwa Bomodimo Go Itumedisa
  • Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO IKANYEGA GO FELELA KA BOITUMELO
  • GO ABA KA BOPELOTSHWEU GO LERE BOITUMELO
  • DILO TSE DINGWE TSE DI OKETSANG BOITUMELO
  • BOITUMELO MO LENYALONG
  • ‘GA SE BA LEFATSHE’
  • GO SEKASEKA MELETLO YA NGWAGA LE NGWAGA
  • TIRO LE BOITLOSOBODUTU
  • GO TLOTLA BOTSHELO LE MADI
  • Thusa Lelapa la Gago go Bona Isagwe E e Sa Khutleng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Boitumelo jwa Boammaaruri Jo Bo Bonwang ka go Direla Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • A Lenyalo Ke Lone Tsela Fela ya go Bona Boitumleo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Mo Boitshokong Jwa Lona, Tsenyang Boineelo Jwa Bomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
kl kgao. 13 ts. 118-129

Kgaolo 13

Lebaka La go Bo go Tshela Botshelo Jwa Bomodimo Go Itumedisa

1. Ke ka ntlha yang fa re ka re tsela ya ga Jehofa e lere boitumelo?

JEHOFA ke “Modimo o o itumetseng,” e bile o batla gore o itumelele botshelo. (1 Timotheo 1:11, NW) Fa o tsamaya mo tseleng ya gagwe, o ka solegelwa molemo wa bo wa ikutlwa o ritibetse tota e bile o ikutlwa jalo ka bosakhutleng jaaka noka e e elelang ka metlha. Fa motho a tsamaya mo tseleng ya Modimo gape o tlhotlheletsega go dira ditiro tse di siameng a sa kgaotse, “jaaka dinteelo tsa lewatle.” Seno se lere boitumelo jwa boammaaruri.—Isaia 48:17, 18.

2. Bakeresete ba ka itumela jang lefa ba sa tshwarwe sentle?

2 Bangwe ba ka nna ba gana ba re, ‘Ka dinako tse dingwe batho ba bogisediwa go dira tshiamo.’ Ke boammaaruri, e bile seo se ne sa diragalela baaposetoloi ba ga Jesu. Lefa go ntse jalo, le mororo ba ne ba bogisiwa, ba ne ba itumela mme ba tswelela ka go “rera Jesu, fa e le Keresete.” (Ditiro 5:40-42) Re ka ithuta dithuto tse di botlhokwa thata ka seno. Ya ntlha ke gore, fa re tshela botshelo jwa bomodimo ga go reye gore re tla tshwarwa sentle ka metlha. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ee, le botlhe ba ba ratang go tshela ka poifomodimo mo go Keresete Jesu ba tlaa bona pogiso.” (2 Timotheo 3:12) Lebaka la seno ke gore, Satane le lefatshe la gagwe ba ganetsa botlhe ba ba tshelang ka tsela ya bomodimo. (Johane 15:18, 19; 1 Petere 5:8) Mme boitumelo jwa boammaaruri ga bo a ikaega ka dilo tsa kafa ntle. Go na le moo, bo tla ka ntlha ya go tlhatswega pelo gore o dira se se siameng mme ka gone Modimo o a go amogela.—Mathaio 5:10-12; Jakobe 1:2, 3; 1 Petere 4:13, 14.

3. Go obamela Jehofa go tshwanetse ga ama botshelo jwa motho jang?

3 Go na le batho ba ba akanyang gore Modimo o ka ba rata fela le fa ba dira ditiro dingwe tse di supang boineelo ka nako nngwe ba bo ba mo lebala ka dinako tse dingwe. Kobamelo ya ga Jehofa Modimo ya boammaaruri ga e a nna jalo. E ama boitsholo jwa motho ka dinako tsotlhe tsa fa a thantse, letsatsi le letsatsi, ngwaga le ngwaga. Ke ka lebaka leo gape e bidiwang “Tsela.” (Ditiro 19:9; Isaia 30:21) Ke tsela ya bomodimo ya botshelo e e batlang gore re tshele re bo re bue le go dira tumalanong le Lefoko la Modimo.

4. Ke eng fa go le mosola gore o fetole ditsela tsa gago gore o kgone go tshela tumalanong le ditsela tsa Modimo?

4 Fa baithuti ba basha ba Baebele ba bona gore ba tlhoka go dira diphetogo dingwe gore ba kgone go itumedisa Jehofa, ba ka nna ba ipotsa ba re, ‘A go tshela ka tsela ya bomodimo go na le mosola tota?’ O ka tlhomamisa tota gore go ntse jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne, “Modimo o lorato,” ka gone, ditsela tsa gagwe di diretswe go re solegela molemo. (1 Johane 4:8) Gape Modimo o botlhale e bile o itse dilo tse di re siametseng thata. E re ka Jehofa Modimo e le mothatayotlhe, o kgona go re nonotsha le go re thusa go tlogela mokgwa ope fela o o maswe gore re kgone go mo itumedisa jaaka re eletsa. (Bafilipi 4:13) A re sekasekeng melaometheo mengwe ya go tshela ka tsela ya bomodimo mme re bone gore re ka bona boitumelo jang fa re e dirisa.

GO IKANYEGA GO FELELA KA BOITUMELO

5. Baebele ya reng kaga go aka le go utswa?

5 Jehofa ke “Modimo wa boammaaruri.” (Pesalema 31:5) O tshwanetse ruri wa bo o eletsa go latela sekao sa gagwe le go itsiwe o le motho yo o nang le boammaaruri. Fa o ikanyega o tla itlotla e bile o tla ikutlwa sentle. Lefa go ntse jalo, e reka go sa ikanyegeng go tletse thata mo lefatsheng le le tletseng boleo leno, Bakeresete ba tlhoka kgakololo eno: “A mongwe le mongwe a bue boammaaruri le wa ga gabo . . . Yo o utswileng a a se tlhole a utswa, mme bogolo a a dire . . . gore a tle a dirane le se o ka se nayang yo o tlhokang.” (Baefeso 4:25, 28) Bahiriwa ba Bakeresete ba dira tiro ya bone ya letsatsi ka botlalo. Ga ba tseye sepe se e leng sa mohiri kwa ntle ga fa a ba letlile. Moobamedi wa ga Jehofa o tshwanetse “go tshela ka go tlhoka matsoketsane mo dilong tsotlhe,” le fa a ka tswa a le kwa tirong, kwa sekolong kana kwa gae. (Bahebere 13:18) Mongwe le mongwe yo o itlwaetsang go aka le go utswa ga a kake a ratiwa ke Modimo.—Duteronome 5:19; Tshenolo 21:8.

6. Jehofa a ka galalediwa jang fa motho wa bomodimo a ikanyega?

6 O tla bona masego a mantsi fa o ikanyega. Selina ke motlholagadi wa Moafrika yo o tlhokang le yo o ratang Jehofa Modimo le melaometheo ya gagwe e e siameng. Ka letsatsi lengwe o ne a bona kgetsi e na le buka ya banka le madi a mantsi. O ne a leba buka ya difouno mme a kgona go bona mong wa yone—mong wa lebenkele yo a neng a thukhuthilwe. Monna yono o ne a sa kgone go dumela fa Selina, yo a neng a lwala thata, a ne a mo etela mme a busa kgetsi le sengwe le sengwe se se neng se le mo go yone. “Go ikanyega go go ntseng jaana go tshwanetse ga duelwa,” o ne a bolela jalo mme a mo naya madi. Se se botlhokwa thata ke gore monna yono o ne a tlotlomatsa bodumedi jwa ga Selina. Ee, ditiro tsa boikanyegi di tlotlomatsa dithuto tsa Baebele, di galaletsa Jehofa Modimo le go leretse baobamedi ba gagwe boitumelo.—Tito 2:10; 1 Petere 2:12.

GO ABA KA BOPELOTSHWEU GO LERE BOITUMELO

7. Phoso ya go betšha ke eng?

7 O bona boitumelo fa o aba mme batho ba ba pelotshetlha bone ga ba kitla “ba rua bogosi jwa Modimo.” (1 Bakorinthe 6:10) Mokgwa o o tlwaelegileng thata wa go nna pelotshetlha ke go betšha, eleng go leka go bona madi a a latlhegetseng ba bangwe. Jehofa ga a batle batho ba ba ‘bolaelwang khumo e e maswe ke pelo.’ (1 Timotheo 3:8) Le eleng koo go betšha go dumeletsweng ke molao le kwa motho a betšhang fela go ijesa monate, a ka nna a tshwakgoga mme a dira tiro eno e e sentseng matshelo a batho ba bantsi. Gantsi go betšha go sotla ba lelapa la motho yo o betšhang yoo, ba ba ka nnang ba salelwa ke madi a mannye thata a go reka dilo tse di tlhokegang jaaka dijo le diaparo.—1 Timotheo 6:10.

8. Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo jang sa go nna motho yo o pelotshweu, mme rona re ka nna pelotshweu jang?

8 Bakeresete ba itumelela go thusa ba bangwe, segolobogolo badumedikabone ba ba tlhokang gonne ba le pelotshweu le lorato. (Jakobe 2:15, 16) Pele Jesu a tla mo lefatsheng, o ne a bona kafa Modimo a neng a le pelotshweu ka teng mo bathong. (Ditiro 14:16, 17) Jesu ka boene o ne a dirisetsa batho nako ya gagwe, bokgoni jwa gagwe, le botshelo jwa gagwe. Ke gone ka moo a neng a tshwanela tota go ka bolela jaana: “Go aba go lesego bogolo go go amogela.” (Ditiro 20:35) Gape Jesu o ne a tlotlomatsa motlholagadi wa motlhoki yo a neng a ntsha madinyana a mabedi ka bopelotshweu a a tsenya mo letloleng la tempele, a re o ntshitse “gotlhe mo o tshelang ka gone.” (Mareko 12:41-44) Baiseraele ba bogologolo le Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba re tlhometse dikao tsa go aba ka boitumelo ka bopelotshweu mo go emeng nokeng phuthego le tiro ya Bogosi ka madi. (1 Ditiragalo 29:9; 2 Bakorinthe 9:11-14) Mo godimo ga go ntsha dithoto ka boikaelelo jono, Bakeresete ba motlha wa gompieno ba baka Modimo ba itumetse e bile ba dirisa matshelo a bone go mo direla. (Baroma 12:1; Bahebere 13:15) Jehofa o a ba segofatsa ka go bo ba dirisa nako ya bone, maatla le dithoto tse dingwe, go akaretsa le madi a bone, go ema kobamelo ya boammaaruri nokeng le go tsweledisa tiro ya lefatshe lotlhe ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi.—Diane 3:9, 10.

DILO TSE DINGWE TSE DI OKETSANG BOITUMELO

9. Go nwa dino tsa tagi ka tsela e e feteletseng go phoso ka tsela efe?

9 Bakeresete ba tshwanetse gore gape ba “dise kafa ba akanyang ka teng.” (Diane 5:1, 2, NW) Seno se batla gore ba bale ba bo ba tlhatlhanye ka Lefoko la Modimo le dibuka tse di siameng tsa Baebele. Mme go na le dilo tse ba tshwanetseng go di tila. Ka sekai, go nwa dino tsa tagi thata go ka dira gore motho a se ka a kgona go laola tlhaloganyo ya gagwe. Fa ba le mo boemong jo bo ntseng jalo, batho ba le bantsi ba kopanela mo boitsholong jo bo sa siamang, ba a lwa e bile ba baka dikotsi tse di bolayang ba bangwe. Ga go gakgamatse he go bo Baebele e bolela gore matagwa ga a kitla a rua Bogosi jwa Modimo! (1 Bakorinthe 6:10) Gore ba tle “ba nne mogopolo o o lekalekanyeng,” Bakeresete ba boammaaruri ba ikemiseditse go tila botagwa gore ba nne ba itumetse.—Tito 2:2-6.

10. (a) Ke eng fa Bakeresete ba sa dirise motsoko? (b) Ke melemo efe e motho a e bonang fa a tlogela mokgwa mongwe o o tshwakgolang?

10 Mmele o o phepa o dira gore motho a itumele. Lefa go ntse jalo batho ba bantsi ba tshwakgolwa ke dilo tse di kotsi. Ka sekai, akanya ka motsoko. World Health Organization e bega gore go goga motsoko “go bolaya dimilione tse tharo tsa batho ngwaga le ngwaga.” Go tlogela mokgwa wa go goga go ka nna bokete gonne motho o ka ikutlwa a lwala ka lobakanyana. Lefa go ntse jalo, dimilione tsa batho ba ba kileng ba bo ba goga ba fitlhela ba na le botsogo jo bo botoka e bile ba na le madi a a oketsegileng go reka dilo tsa mo lelapeng. Eleruri, fa o ka tlogela go goga motsoko kana go tshwakgolwa ke dilo dingwe tse di kotsi o tla nna le mmele o o phepa, segakolodi se se phepa le boitumelo jwa boammaaruri.—2 Bakorinthe 7:1.

BOITUMELO MO LENYALONG

11. Ke eng se se tlhokegang gore motho a nne le lenyalo le le kwadisitsweng kafa molaong le le tla nnelang ruri e bile le tlotlega?

11 Batho ba ba nnang mmogo jaaka monna le mosadi ba tshwanetse ba tlhomamisa gore lenyalo la bone le kwadisiwe kwa pusong. (Mareko 12:17) Gape ba tshwanetse ba leba lenyalo la bone jaaka boikarabelo jo bo masisi. Ke boammaaruri, motho o ka nna a kgaogana le molekane wa gagwe fa e le gore ga a mo tlamele ka boomo fela, a mo tshwara makgwakgwa ka tsela e feteletseng kana a mo koafatsa thatathata mo semoyeng. (1 Timotheo 5:8; Bagalatia 5:19-21) Lefa go ntse jalo, mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a mo go 1 Bakorinthe 7:10-17 a kgothaletsa banyalani gore ba nne mmogo. Ba tshwanetse go ikanyega yo mongwe mo go yo mongwe gore ba itumele ka boammaaruri. Paulo o ne a kwala jaana: “A nyalo e tlotlwe mo go botlhe, a bolao bo se leswefadiwe; gonne Modimo o tlaa sekisa bagokafadi le ba boaka.” (Bahebere 13:4) Lefoko “bolao” le kaya go tlhakanela dikobo ga monna le mosadi ba ba nyalaneng ka molao. Go tlhakanela dikobo le motho o sele jaaka go nyala lefufa go ka se tlhalosiwe gore go a ‘tlotlega.’ Mo godimo ga moo, Baebele e kgala batho ba ba tlhakanelang dikobo pele ga lenyalo le bosodoma.—Baroma 1:26, 27; 1 Bakorinthe 6:18.

12. Maungo a mangwe a a bosula a kgokafalo ke afe?

12 Kgokafalo e ka jesa mmele wa motho monate ka metsotso e sekae fela, lefa go ntse jalo ga e lere boitumelo jwa boammaaruri. Ga e itumedise Modimo e bile e ka tlogela motho a tshwenyegile mo segakoloding ka lobaka lo loleele. (1 Bathesalonika 4:3-5) Motho o ka diragalelwa ke dilo tse di botlhoko ka ntlha ya go tlhakanela dikobo ka tsela e e sa letlelelwang jaaka go tsenwa ke AIDS le malwetse a mangwe a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo. “Go ile ga fopholediwa gore batho ba ba fetang dimilione di le 250 mo lefatsheng lotlhe ba tshwaediwa ke bolwetse jwa rasephiphi ngwaga le ngwaga, mme dimilione tse dingwe tse di ka tshwarang 50 di tsenwa ke thosola,” go bolela jalo pego nngwe ya kalafi. Bothata jo bongwe gape ke jwa bana ba ba imilweng go sa ikaelelwa. International Planned Parenthood Federation e bega gore mo lefatsheng lotlhe, go ithwala basetsana ba ba fetang dimilione di le 15 ba dingwaga tse di fa gare ga 15 le 19 ngwaga le ngwaga mme nngwetharong ya bone e ntsha dimpa. Patlisiso nngwe e ile ya bontsha gore mo nageng nngwe ya Afrika mathata a a bakiwang ke go ntsha mpa a felela ka gore go swe 72 lekgolong ya basetsana ba dingwaga tsa bolesome. Batho bangwe ba ba gokafalang ba ka nna ba se ka ba tsenwa ke malwetse kana ba ithwala mme lefa go ntse jalo ba nna le maikutlo a a utlwileng botlhoko. Ba le bantsi ba felela ba sa itlotle e bile ba ikila.

13. Boaka bo baka mathata afe a mangwe, mme ba ba tswelelang ka kgokafalo le boaka ba tlile go diragalelwa ke eng?

13 Le mororo motho a ka nna a itshwarelwa fa a akafetse, Dikwalo di letla molekane yo o senang molato go tlhala ka ntlha ya seno. (Mathaio 5:32; bapisa Hosea 3:1-5.) Fa boitsholo jo bo sa siamang joo jwa tlhakanelodikobo bo felela ka gore lenyalo le thubege, seno se ka tlogela molekane yo o senang molato le bana ka maikutlo a a botlhoko a ba sa kgoneng go a lebala. Lefoko la Modimo le bolela gore o tlile go atlhola bagokafadi le baakafadi ba ba sa ikwatlhaeng ka tsela e e botlhoko gore losika lwa motho lo solegelwe molemo. Mo godimo ga moo, le supa ka phepafalo gore batho ba ba tlhakanelang mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo “ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.”—Bagalatia 5:19-21.

‘GA SE BA LEFATSHE’

14. (a) Motho wa bomodimo o tila mefuta efe ya kobamelo ya medimo ya disetwa? (b) Ke kaelo efe e re e fiwang ke Johane 17:14 le Isaia 2:4?

14 Ba ba eletsang go itumedisa Jehofa le go bona masego a Bogosi ba tila mefuta yotlhe ya kobamelo ya medimo ya disetwa. Baebele e bontsha gore go phoso go dira ditshwantsho le go di obamela, go akaretsa le sa ga Keresete, kana sa ga Maria, mmaagwe Jesu. (Ekesodo 20:4, 5; 1 Johane 5:21) Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba obamele mekgabisa ya ditshwantsho, difapaano le ditshwantsho tse di tlhomilweng. Gape ba tila mefuta e mengwe e e sa lemogiweng motlhofo ya kobamelo ya medimo ya disetwa, jaaka go dumedisa folaga le go opela dipina tse di tlotlomatsang ditšhaba. Fa ba gatelelwa gore ba dire ditiro tse di ntseng jalo, ba gakologelwa mafoko ano a Jesu a neng a a raya Satane: “O obamele Morena Modimo wa gago, ke ene esi yo o tlaa mo direlang.” (Mathaio 4:8-10) Jesu o ne a bolela gore barutwa ba gagwe ‘ga se ba lefatshe.’ (Johane 17:14) Seno se raya gore ga ba tsene mo dikgannyeng tsa dipolotiki mme ba tshela ka kagiso ba dira go ya ka Isaia 2:4 e e reng: “[Jehofa Modimo] o tlaa atlhola fa gare ga merafe, a kgalemele ditšhaba di le dintsi, mme di tlaa thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a tsone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.”

15. Babilone o Mogolo ke eng, mme baithuti ba basha ba Baebele ba dira eng gore ba kgone go tswa mo go ene?

15 Go se ‘nne wa lefatshe’ gape go kaya gore motho o tshwanetse go kgaogana gotlhelele le “Babilone o mogolo,” mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. Kobamelo e e leswe e ne ya anama go tswa kwa Babilone wa bogologolo go fitlha e gobatsa semoya sa batho ba ba leng mo lefatsheng lotlhe ba e ba okametseng. “Babilone o mogolo” o akaretsa ditumelo tsotlhe tse dithuto le ditiro tsa tsone di sa dumalaneng le kitso ya Modimo. (Tshenolo 17:1, 5, 15) Ga go na moobamedi ope fela wa ga Jehofa yo o tshwanetseng go tlhakanela le batho ba ditumelo tse dingwe mo bodumeding jwa bone kana go tsalana ka tsela ya semoya le karolo epe fela ya Babilone o Mogolo. (Dipalo 25:1-9; 2 Bakorinthe 6:14) Jalo he, batho ba le bantsi ba ba santseng ba simolola go ithuta Baebele ba kwala lekwalo la go intsha mo kerekeng e ba leng maloko a yone. Seno se ile sa ba atamalanya le Modimo wa boammaaruri jaaka a solofeditse jaana: “‘Tswang mo gare ga bone, lo lomologane,’ go bua Morena, ‘lo se ka lwa ama sepe se se itshekologileng; mme ke tlaa lo amogela.’” (2 Bakorinthe 6:17; Tshenolo 18:4, 5) A tota ga o eletse go amogelwa ke Rre wa selegodimo ka tsela e e ntseng jalo?

GO SEKASEKA MELETLO YA NGWAGA LE NGWAGA

16. Ke eng fa Bakeresete ba boammaaruri ba sa keteke Keresemose?

16 Go tshela ka tsela ya bomodimo go re golola mo go ketekeng diholotei tsa selefatshe, goo gantsi e leng mokgweleo. Ka sekai, Baebele ga e bolele letlha le le tlhomameng le Jesu a tsetsweng ka lone. ‘Ke ne ke ithaya ke re Jesu o tsetswe ka di 25 tsa December!’ bangwe ba ka nna ba bolela jalo ba gakgametse. Ga go kake ga bo go ntse jalo ka go bo o ne a swa ka dikgakologo tsa 33 C.E. a na le dingwaga di le 33 1/2. Mo godimo ga moo, ka nako ya fa a tsalwa, badisa ba ne ba le “mo nageng, mo lefatsheng leo, ba disitse letsomane la bone bosigo.” (Luke 2:8) Kwa nageng ya Iseraele, bofelo jwa December ke paka e e tsididi, e dipula di a bong di na e bile dinku di tlhatlhetswe go di sireletsa mo marigeng. Totatota, December 25, e ne ya beelwa kwa thoko ke Baroma jaaka letsatsi la botsalo jwa modimo wa bone wa letsatsi. Makgolokgolo a dingwaga morago ga nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Bakeresete ba batenegi ba ne ba tsaya letlha leno ba le keteka jaaka botsalo jwa ga Keresete. Ke gone ka moo, Bakeresete ba boammaaruri ba sa ketekeng Keresemose kana letsatsi lepe fela le le thailweng mo ditumelong tsa maaka. Gape ga ba keteke malatsi a boikhutso a a tlotlomatsang batho ba ba boleo kana ditšhaba jaaka medingwana ya disetwa, gonne ba ineetse mo go Jehofa ka botlalo.

17. Ke eng fa batho ba bomodimo ba sa keteke meletlo ya malatsi a botsalo, lefa go ntse jalo ke eng fa bana ba Bakeresete ba tswelela fela ba ntse ba itumetse?

17 Baebele e umaka ka tsela e e kgethegileng meletlo e mebedi ya botsalo, e e neng e le ya banna ba ba neng ba sa direle Modimo. (Genesise 40:20-22; Mathaio 14:6-11) E re ka Dikwalo di sa senole letlha la botsalo jwa monna yo o itekanetseng, Jesu Keresete, ke ka ntlha yang fa re ka tlhokomela malatsi a botsalo a batho ba ba sa itekanelang? (Moreri 7:1) Gone mme, batsadi ba bomodimo ga ba emele letsatsi lengwe le le kgethegileng gore ba bontshe bana ba bone lorato mo go lone. Mosetsana mongwe wa Mokeresete wa dingwaga tse 13 o ne a akgela jaana: “Nna le ba lelapa la gaetsho re itumela tota. . . . Ke atamalane thata le batsadi ba me, mme fa bana ba bangwe ba mpotsa gore ke eng fa re sa keteke malatsi a boikhutso ke ba bolelela gore ke keteka letsatsi le letsatsi.” Mosha wa Mokeresete wa dingwaga tse 17 o ne a re: “Mo lelapeng la rona, re fana dimpho ngwaga otlhe.” Motho o itumela thata fa a fiwa mpho fela a sa e lebelela.

18. Ke mokete ofe o o ketekiwang gangwe mo ngwageng nngwe le nngwe o Jesu a laetseng balatedi ba gagwe go o keteka, mme o re gakolola eng?

18 Batho ba ba tshelang botshelo jwa bomodimo ba keteka letsatsi le le lengwe mo ngwageng le le tshwanetseng go ketekiwa. Ke Sejo sa Morena sa Maitseboa, se gantsi se bidiwang Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe a re: “Dirang mo, lo nkgopole ka gone.” (Luke 22:19, 20; 1 Bakorinthe 11:23-25) Fa Jesu a ne a simolola sejo seno mo bosigong jwa Nisane 14, 33 C.E., o ne a dirisa senkgwe se se sa bedisiwang le beine e khibidu, tse di neng di emela mmele wa gagwe wa motho o o senang boleo le madi a gagwe a a itekanetseng. (Mathaio 26:26-29) Ditshwantshetso tseno di jewa le go nowa ke Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo wa Modimo. Ba tsentswe mo kgolaganong e ntšha le mo kgolaganong ya Bogosi e bile ba na le tsholofelo ya selegodimo. (Luke 12:32; 22:20, 28-30; Baroma 8:16, 17; Tshenolo 14:1-5) Lefa go ntse jalo, batho botlhe ba ba nnang teng mo bosigong jo bo lebaganeng le Nisane 14 mo khalentareng ya bogologolo ya Bajuta ba solegelwa molemo. Ba gakololwa ka lorato lo Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba le re bontshitseng ka setlhabelo sa thekololo se se tlosang maleo se se dirang gore ba ba ratiwang ke Modimo ba bone botshelo jo bo sa khutleng.—Mathaio 20:28; Johane 3:16.

TIRO LE BOITLOSOBODUTU

19. Ke kgwetlho efe e Bakeresete ba lebanang le yone fa ba ntse ba tsweletse ka tiro ya go itshedisa?

19 Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go dira ka natla le go itlamela ka dilo tse ba di tlhokang. Ditlhogo tsa malapa di a kgotsofala fa di kgona go dira seno. (1 Bathesalonika 4:11, 12) Mme gone, fa tiro e Mokeresete a e hiretsweng e le kgatlhanong le Baebele, e ka mo dira gore a se ka a itumela. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe go thata gore Mokeresete a bone tiro e e dumalanang le melao ya Baebele. Ka sekai, bahiriwa ba bangwe ba tewa go twe ba tsietse bareki. Lefa go ntse jalo, bahiri ba le bantsi, ka go sa batle go latlhegelwa ke modiri yo o ikanyegang, ba leka bojotlhe gore ba se ka ba tshwenya segakolodi sa mohiriwa yo ba mo tshepang. Lefa go ka diragala eng, o ka tlhomamisa gore Modimo o tla go segofatsa fa o dira maiteko a go senka tiro e e tla dirang gore o nne o ntse o na le segakolodi se se phepa.—2 Bakorinthe 4:2.

20. Ke eng fa re tshwanetse go tlhopha dilo tse re itlosang bodutu ka tsone?

20 E re ka Modimo o batla gore batlhanka ba one ba itumele, re tshwanetse go nna le dipaka tse di lapolosang tsa boitlosobodutu le tsa go ikhutsa fa re ntse re dira tiro ya rona ka natla. (Mareko 6:31; Moreri 3:12, 13) Lefatshe la ga Satane le rotloetsa boitlosobodutu jo e seng jwa bomodimo. Mme fa re batla go itumedisa Modimo, re tshwanetse go tlhopha dibuka tse re di balang, dithulaganyo tsa radio le mmino o re o reetsang, le dikonsarata, dibaesekopo, diterama, dithulaganyo tsa thelebishene le dibidio tse re di lebang. Fa e le gore mo nakong e e fetileng re ne re itlosa bodutu ka dilo tse di kgatlhanong le tlhagiso e e mo dikwalong tse di jaaka Duteronome 18:10-12, Pesalema 11:5, le Baefeso 5:3-5, re ka itumedisa Jehofa le go itumela thata fa re ka kgaogana le tsone.

GO TLOTLA BOTSHELO LE MADI

21. Tsela e re tlotlang botshelo ka yone e tshwanetse go dira gore re akanye jang ka go senya mpa le ka mekgwa ya rona le boitshwaro jwa rona?

21 Re tshwanetse go leba botshelo jwa motho bo le boitshepo fela jaaka Jehofa a bo leba gore re tle re itumele tota. Lefoko la gagwe le re itsa go bolaya batho ba bangwe. (Mathaio 19:16-18) Tota e bile, Molao wa Modimo o a o neileng Baiseraele o bontsha gore o leba leseanyana le le sa tswang go imiwa jaaka botshelo jo bo botlhokwatlhokwa—e seng sengwe se se ka senngwang. (Ekesodo 21:22, 23) Ka gone, ga re a tshwanela go tsaya botshelo motlhofo ka go dirisa motsoko, re senya mebele ya rona ka diokobatsi kana ka bojalwa, kana ka go baya matshelo a rona mo kotsing ka boomo. E bile ga re a tshwanela go dira dilo tse di ka re bolayang kana ra itlhokomolosa ditlhagiso tsa pabalesego tse di ka nnang tsa felela ka gore re nne le molato wa madi.—Duteronome 22:8.

22. (a) Re tshwanetse go leba madi le tiriso ya one jang ka tsela ya bomodimo? (b) Ke madi a ga mang fela a a bolokang botshelo totatota?

22 Jehofa o ne a bolelela Noa le lelapa la gagwe gore madi a emela moya, kana botshelo. Ka gone, Modimo o ne wa ba kganela go ja madi. (Genesise 9:3, 4) Molao oo le rona o a re thibela gonne re ditlogolwana tsa bone. Jehofa o ne a bolelela Baiseraele gore madi a ne a tshwanetse go tshololelwa fa fatshe e bile motho o ne a sa tshwanela go a dirisa ka tsela e a e batlang. (Duteronome 12:15, 16) E bile molao wa Modimo ka madi o ne wa boelediwa gape le mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga fa ba ne ba laelwa jaana: “Lo ithibe . . . mo mading.” (Ditiro 15:28, 29) Batho ba bomodimo ba tsaya botshelo bo le boitshepo ka jalo ga ba dumele go tshelwa madi le eleng fa batho ba bangwe ba gatelela gore fa ba ka dira jalo ba tla boloka botshelo jwa bone. Ditsela tse dingwe tsa kalafi tse Basupi ba ga Jehofa ba sa di ganeng di ile tsa atlega thata mme ga di beye motho mo diphatseng tse di bakwang ke go tshelwa madi. Bakeresete ba itse gore madi a ga Jesu a a tsholotsweng ke one fela a a bolokang botshelo. Fa motho a dumela mo go one o tla itshwarelwa e bile a ka solofela go tshelela ruri.—Baefeso 1:7.

23. Ke melemo efe e o e bonang fa o tshela ka tsela ya bomodimo?

23 Go phepafetse he gore motho o tshwanetse go dira maiteko a magolo gore a tshele botshelo jwa bomodimo. Go ka nna ga dira gore o kgalwe ke ba lelapa la gaeno kana ke ditsala tsa gago. (Mathaio 10:32-39; 1 Petere 4:4) Mme tuelo ya go tshela ka tsela eo e feta kgakala diteko dipe fela. Go felela ka gore motho a nne le segakolodi se se phepa e bile go dira gore a nne botsalano mo baobameding ba bangwe ba ga Jehofa. (Mathaio 19:27, 29) Mo godimo ga moo, akanya gape o tshelela ruri mo lefatsheng le lesha la Modimo le le tletseng tshiamo. (Isaia 65:17, 18) E bile a bo go itumedisa jang ne go latela kgakololo ya Baebele mme ka go dira jalo o itumedisa pelo ya ga Jehofa! (Diane 27:11) Ga go gakgamatse he go bo go tshela botshelo jwa bomodimo go lere boitumelo!—Pesalema 128:1, 2.

TLHATLHOBA KITSO YA GAGO

Mangwe a mabaka a a dirang gore motho yo o tshelang botshelo jwa bomodimo a itumele ke afe?

Motho a ka tshwanela go dira diphetogo dife gore a tshele ka tsela ya bomodimo?

Ke ka ntlha yang fa o batla go tshela botshelo jwa bomodimo?

[Setshwantsho mo go tsebe 124, 125]

Batho ba ba tshelang botshelo jwa bomodimo ba kgona go dira ditiro tsa semoya mme ka dinako tse dingwe ba e tla ba nna le dipaka tsa go iketla

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela