Kgaolo 12
Ganana Le Masomosomo A Meya E E Boikepo
1. Jesu o ne a dira jang fa a ne a kopana le meya e e boikepo?
MORAGONYANA ga fa a sena go kolobediwa, Jesu Keresete o ne a ya kwa nageng ya Jutea go ya go rapela le go tlhatlhanya. Fa a le koo, Satane Diabolo o ne a leka go mo dira gore a tlole molao wa Modimo. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a gana go raelwa ke Diabolo mme a se ka a tshwarwa ke seru sa gagwe. Jesu o ne a tlhaselwa ke meya e mengwe e e bosula fa a ntse a le mo bodireding jwa gagwe mo lefatsheng. Lefa go ntse jalo, o ne a nna a e kgala nako le nako a bo a gana e mo tlhotlheletsa.—Luke 4:1-13; 8:26-34; 9:37-43.
2. Ke dipotso dife tse re santseng re tla di sekaseka?
2 Dipego tsa Baebele tse di tlhalosang ditiragalo tseno di tshwanetse go re tlhatswa pelo gore masomosomo a meya e e boikepo ruri a teng. A leka go tsietsa batho. Lefa go ntse jalo, re ka kgona go ganana le meya e e boikepo eno. Mme gone, meya e e boikepo eno e tswa kae? Ke eng fa e leka go tsietsa batho? Mme e bile e dirisa mekgwa efe go dira seno? Fa o ka bona dikarabo tsa dipotso tse di tshwanang le tseno o tla kgona go ganana le masomosomo a meya e e boikepo eno.
TSHIMOLOGO YA MEYA E E BOIKEPO LE BA E BA TLHASELANG
3. Satane Diabolo o nnile teng jang?
3 Jehofa Modimo o ne a bopa dibopiwa tse dintsintsi tsa moya bogologolo pele a bopa motho. (Jobe 38:4, 7) Jaaka go tlhalositswe mo go Kgaolo 6, mongwe wa baengele bano o ne a eletsa e kete batho ba ka obamela ene go na le go obamela Jehofa. Fa a ne a sala boikaelelo joo jwa gagwe morago, moengele yo o boikepo yono o ne a gana go laolwa ke Mmopi a bo a mo senya leina, a dira gore mosadi wa ntlha a akanye gore Modimo ke moaki. Go a tshwanela he, go bo sebopiwa seno sa moya sa motsuolodi se itsege ka gore ke Satane (moganetsi) Diabolo (mosebi).—Genesise 3:1-5; Jobe 1:6.
4. Baengele bangwe ba ne ba leofa jang mo motlheng wa ga Noa?
4 Moragonyana, baengele ba bangwe ba ne ba ema mo letlhakoreng la ga Satane Diabolo. Bangwe ba bone ba ne ba tlogela go direla kwa legodimong mo motlheng wa ga Noa wa mosiami mme ba iphetolela mo mebeleng ya batho go tla go kgotsofatsa keletso ya bone ya go tlhakanela dikobo le basadi mo lefatsheng. Ga go belaetse gore Satane o ne a tlhotlheletsa baengele bao gore ba tseye tsela eo ya go tlhoka kutlo. Seno se ne sa dira gore ba tshole bana ba losika lo lo sa tshwaneng le lwa batho lwa Banefelimo, ba e neng ya nna diganka tse di ratang ntwa. Fa Jehofa a ne a nesa Morwalela o mogolo, o ne wa bolaya batho ba ba boikepo bao le bana bano ba eseng ba tlholego ba baengele ba ba sa utlweng. Baengele bano ba ditsuolodi ba ne ba falola go senngwa ka go latlha mebele ya bone ya senama mme ba boela kwa lefelong la moya. Mme Modimo o ne wa thibela badimona bano ka go ba tsaya jaaka ditlhobogwa tse di latlhetsweng mo lefifing la semoya. (Genesise 6:1-7, 17; Juta 6) Lefa go ntse jalo, Satane, “kgosana ya mewa e e maswe,” le baengele ba gagwe ba ba boikepo ba ne ba tsweletse ka botsuolodi jwa bone. (Luke 11:15) Maikaelelo a bone ke eng?
5. Satane le badimona ba gagwe ba na le boikaelelo bofe, mme ba dirisa eng go tshwara batho?
5 Boikaelelo jo bo sa siamang jwa ga Satane le badimona ke go dira gore batho ba nne kgatlhanong le Jehofa Modimo. Ka gone, ba ile ba tsietsa, ba tshosa le go tlhasela batho mo hisitoring yotlhe ya motho ka go bo ba le boikepo. (Tshenolo 12:9) Dikai tsa motlha wa segompieno di tlhomamisa gore badimona ba galefile thata go feta nako epe fela pele. Gantsi ba tshwara batho ka go dirisa mefuta yotlhe ya tirisabadimo. Badimona ba dirisa sehepisi seno jang, mme o ka iphemela jang?
KAFA MEYA E E BOIKEPO E LEKANG GO GO TIMETSA KA TENG
6. Tirisabadimo ke eng, mme mefuta mengwe ya yone ke efe?
6 Tirisabadimo ke eng? Ke go amana le badimona kana meya e e boikepo, ka tlhamalalo kana ka mongwe yo o buisanang le bone. Badimona ba dirisa tirisabadimo go hepisa batho, fela jaaka batsomi ba dirisa serai go oka diphologolo: Se oka bao ba ba tlhaselang. Mme e bile, fela jaaka motsomi a dirisa dirai tse di farologaneng go okela diphologolo mo serung sa gagwe, meya e e boikepo le yone e rotloetsa mefuta e e farologaneng ya tirisabadimo go oka batho gore e tle e ba laole. (Bapisa Pesalema 119:110.) Mengwe ya mekgwa eno ke go laola, maselamose, botlhodi, boloi, go tshereanya, go ya kwa masankomeng le go bua le baswi.
7. Tirisabadimo e aname go le kana kang, mme ke eng fa e tletsetletse le mo dinageng tse go tweng ke tsa Bokeresete?
7 Dirai tseno di a dira, ka go bo tirisabadimo e ngoka batho ba bantsi mo lefatsheng lotlhe. Ba ba nnang mo metseng e e mo dikgweng ba ya kwa dingakeng tsa ditaola mme ba ba dirang mo diofising ba ya kwa baleping ba dinaledi. Tirisabadimo e tletse le mo dinageng tse go tweng ke tsa Bokeresete. Babatlisisi ba fitlhetse e le gore kwa United States fela, go na le dimakasine tse di ka nnang 30 tse di balwang ke batho ba ba fetang 10 000 000 tse di buang fela ka mefuta e e farologaneng ya tirisabadimo. Batho ba kwa Brazil ba senya diranta di le dimilione di le dikete di le 1,8 mo dilong tsa tirisabadimo ngwaga le ngwaga. Lefa go ntse jalo, 80 lekgolong ya batho ba ba yang kwa mafelong a kobamelo a tirisabadimo kwa nageng eo ke Bakatoliki ba ba kolobeditsweng ba ba yang kwa Mmiseng. Lebaka la go bo baruti bangwe ba ikamantse le tirisabadimo, le dira gore batho ba bantsi ba bodumedi ba akanye gore go siame fela mo Modimong gore motho o ka ikamanya le yone. Mme a gone go ntse jalo?
LEBAKA LA GO BO BAEBELE E KGALA TIRISABADIMO
8. Dikwalo di leba tirisabadimo jang?
8 Fa e le gore o ile wa bolelelwa gore mefuta mengwe ya tirisabadimo ke mekgwa ya go ikgolaganya le meya e e siameng, o tla gakgamala thata go utlwa se Baebele e se bolelang ka tirisabadimo. Batho ba ga Jehofa ba ne ba tlhagisiwa jaana: “Se fapogeleng kwa go bone ba ba buang le badimo, le fa e le kwa go bone ba ba loang; lo se ka lwa ba batla go tla lo itshekololwa ke bone.” (Lefitiko 19:31, mokwalo o o sekameng ke wa rona; 20:6, 27.) Buka ya Baebele ya Tshenolo e re tlhagisa ka gore “ba ba dirisang tirisabadimo” ba tla latlhelwa mo “bodibeng jo bo šang ka molelo wa sulefura; mo e leng loso [lwa bosakhutleng] lwa bobedi.” (Tshenolo 21:8; 22:15) Jehofa Modimo o kgala mefuta yotlhe ya tirisabadimo. (Duteronome 18:10-12) Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?
9. Ke ka ntlha yang fa re ka swetsa gore melaetsa ya segompieno e e tswang kwa dibopiweng tsa moya ga e tswe kwa go Jehofa?
9 Jehofa o ne a tle a romele meya e e molemo, kana baengele ba ba siameng, go ya go bua le batho bangwe pele ga fa Baebele e kwalwa yotlhe. Fa e sale e wediwa, Lefoko la Modimo le ile la kaela batho tsela e Jehofa a e amogelang e ba ka mo direlang ka yone. (2 Timotheo 3:16, 17; Bahebere 1:1, 2) Ga a kekologe Lefoko la gagwe ka go naya masankoma melaetsa. Melaetsa yotlhe ya meya e e ntseng jalo e e amogelwang gompieno, e tswa mo meyeng e e boikepo. Tirisabadimo e ka dira gore motho a tlhaselwe ke meya e e boikepo kana gone gore e mo tsene. Ka jalo, Modimo o re tlhagisa ka lorato gore re se ka ra bo ra amana le ditiro dipe tsa tirisabadimo. (Duteronome 18:14; Bagalatia 5:19-21) Mo godimo ga moo, fa re ne re ka tswelela ka tirisabadimo fa re sena go utlwa gore Jehofa o e leba jang, re tla bo re ema kafa letlhakoreng la meya e e boikepo ya ditsuolodi e bile re tla bo re itira baba ba Modimo.—1 Samuele 15:23; 1 Ditiragalo 10:13, 14; Pesalema 5:4.
10. Go laola ke eng, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go go tila?
10 Mofuta mongwe o o ratiwang thata wa tirisabadimo ke go laola—go batla go bona gore isagwe e tla nna jang kana go itse sengwe se o sa se itseng o thusiwa ke meya. Mefuta mengwe ya go laola ke tepodinaledi, go leba kgolokwane e e galallang, go ranola ditoro, go laola ditselana tsa seatla, le go bolelela dilo pele ka go dirisa dikarata tsa tarot. Bangwe ba akanya gore go laola go a kgatlha ga go kotsi mme Baebele e bolela gore batho ba ba bolelelang dilo pele ba dirisana le meya e e boikepo. Ka sekai, Ditiro 16:16-19 e umaka “[ledimona la, NW] mowa wa too” o o neng o thusa mosetsana mongwe “go bolela dilo tsa boitseanape.” Lefa go ntse jalo, nonofo eo ya gagwe ya go bolelela pele isagwe e ne ya mo latlhegela fa ledimona leo le ne le lelekwa. Go phepafetse he gore, go laola ka bola ke serai se badimona ba se dirisang go wetsa batho mo serung sa bone.
11. Go leka go bua le baswi go ka wetsa motho jang mo serung?
11 Fa e le gore o hutsafaletse mongwe wa losika yo o mo ratang kana tsala e e tlhokafetseng, o ka nna wa raelwa ke serai se sengwe. Sankoma a ka nna a go naya tshedimosetso nngwe e e kgethegileng kana o ka bua le lentswe le le ka nnang la tshwana le la motho yo o suleng. Itlhokomele! Go leka go bua le baswi go ka go wetsa mo serung. Jang? Gonne baswi ga ba kgone go bua. Jaaka fa o ka gakologelwa, Lefoko la Modimo le bolela ka phepafalo fela gore motho yo o suleng ‘o boela mo mmung wa gagwe; ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a a nyelela.’ Baswi “ga ba itse sepe.” (Pesalema 146:4; Moreri 9:5, 10) Mo godimo ga moo, tota e bile, go itsege sentle gore badimona ke bone ba ba etsang lentswe la motho yo o suleng ba bo ba naya lesankoma tshedimosetso ka motho yo o suleng yoo. (1 Samuele 28:3-19) Ka jalo, mongwe le mongwe “yo o botsang baswi” o wetse mo serung sa meya e e boikepo e bile o dira se se kgatlhanong le thato ya ga Jehofa Modimo.—Duteronome 18:11, 12; Isaia 8:19.
GO TLHASELA MORAGO GA GO RAELA
12, 13. Go na le bosupi bofe jwa gore badimona ba ntse ba tsweletse ka go raela le go tlhasela batho?
12 Fa o dira tumalanong le kgakololo ya Lefoko la Modimo kaga tirisabadimo, o a bo o gana go raelwa ke badimona. (Bapisa Pesalema 141:9, 10; Baroma 12:9.) A mme seno se raya gore meya e e boikepo e tla tlogela go leka go go gapa? Gotlhelele nnyaa! Fa a sena go leka Jesu ka makgetlho a le mararo, Satane o ne “a mo tlogela ka lobaka.” (Luke 4:13) Meya e e tlhogoethata eno le yone ga e oke batho fela gape e a ba tlhasela.
13 Gakologelwa kwa pelenyana fa re ne re tlotla ka tsela e Satane a neng a tlhasela motlhanka wa Modimo, Jobe ka teng. Diabolo o ne a dira gore leruo la gagwe le swe a bo a bolaya le bontsi jwa batlhanka ba gagwe. Satane o ne a bolaya le bana ba ga Jobe. Morago ga foo, o ne a itaya Jobe ka bolwetse jo bo botlhoko. Mme lefa go ntse jalo, Jobe o ne a nna a ntse a thokgame mo Modimong mme o ne a segofadiwa thata. (Jobe 1:7-19; 2:7, 8; 42:12) Fa e sale go tloga ka nako eo, badimona ba dira batho bangwe dimumu kana ba a ba foufatsa e bile ba tswelela ba itumela fa batho ba ntse ba boga. (Mathaio 9:32, 33; 12:22; Mareko 5:2-5) Gompieno, dipego dingwe di bontsha gore badimona ba tlhasela batho bangwe ka tlhakanelodikobo e bile ba dira gore ba bangwe ba tsenwe. Ba tlhotlheletsa ba bangwe gore ba bolaye batho le go ipolaya, ditiro tse e leng boleo mo Modimong. (Duteronome 5:17; 1 Johane 3:15) Lefa go ntse jalo, diketekete tse pele di neng di wetse mo seraing sa meya e e boikepo di ile tsa kgona go ikgolola. Ba ile ba kgona jang? Ba dirile jalo ka go tsaya dikgato dingwe tse di botlhokwa.
KAFA MOTHO A KA GANANANG LE MEYA E E BOIKEPO KA TENG
14. Go dumalana le sekao sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Efeso, re ka ganana le meya e e boikepo jang?
14 Tsela e nngwe e motho a ka ganang go tlhotlhelediwa ke meya e e boikepo le e a ka itshireletsang ka yone mmogo le lelapa la gagwe mo seraing sa yone ke efe? Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Efeso, ba ba neng ba kile ba bo ba ikamantse le tirisabadimo pele ba ne ba tsaya dikgato dingwe tse di siameng pele e nna badumedi. Re bala gore “le ba le bantsi ba bone ba ba dirang ditiro tsa tseanyo, tse di forang, ba kgobokanya dikwalo tsa bone, ba di fisa ka molelo fa pele ga batho botlhe.” (Ditiro 19:19) Le eleng lefa o ise o ke o dirisane le badimona, tlosa sengwe le sengwe se se ka tswang se amana le tirisabadimo ka tsela nngwe. Seno se akaretsa dibuka, dimakasine, dibidio, ditshwantsho tse di pegwang mo leboteng, direkoto tsa mmino, le dilo dipe fela tse di dirisediwang go ikgolaganya le badimona. Se sengwe gape ke medimo ya disetwa, dipheko le dilo dipe fela tse di rwalwang go itshireletsa le dimpho tse di tswang mo bathong ba ba ikamantseng le tirisabadimo. (Duteronome 7:25, 26; 1 Bakorinthe 10:21) Go tshwantsha seno: Banyalani bangwe kwa Thailand ba ne ba sa bolo go tshwenngwa ke badimona. Go tswa foo ba ne ba latlha dilo tse di amanang le tirisabadimo. Go ne ga felela ka eng? Ba ne ba se ka ba tlhola ba tlhaselwa ke badimona mme ba gatela pele thata semoyeng.
15. Ke kgato efe e nngwe e e tlhokegang thata e re ka e tsayang fa re ntse re ganana le masomosomo a meya e e boikepo?
15 Kgato e nngwe ya botlhokwa ya go ganana le meya e e boikepo ke go dirisa kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo ya go apara diaparo tsa semoya tsa Modimo tsa phemelo. (Baefeso 6:11-17) Bakeresete ba tshwanetse go inonotsha tota kgatlhanong le meya e e boikepo. Kgato eno e akaretsa eng? Paulo o ne a re: “Le mo godimo ga tsotlhe lo bo lo tseye thebe ya tumelo e e leng yone lo tlaa itseng go tima metswi yotlhe e e molelo ya yo o bosula ka yone.” Eleruri, o tla kgona go ganana le masomosomo a meya eno e e boikepo botoka fa tumelo ya gago e nonofile.—Mathaio 17:14-20.
16. O ka nonotsha tumelo ya gago jang?
16 O ka nonotsha tumelo ya gago jang? Ka go tswelela pele o ithuta Baebele le go dirisa kgakololo ya yone mo botshelong jwa gago. Tsela e tumelo ya gago e nonofileng ka yone e ikaegile thata ka gore motheo wa yone o nonofile go le kana kang—kitso ya Modimo. A ga o dumalane gore kitso e e tlhomameng e o neng wa e bona le e o neng wa e akanyetsa thata fa o ne o ntse o ithuta Baebele e ile ya aga tumelo ya gago? (Baroma 10:10, 17) Ka gone, ga go belaetse gore tumelo ya gago e tla tswelela e nonofa le go feta fa o ntse o ithuta e bile o dira gore go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa e nne selo se o se dirang ka metlha. (Baroma 1:11, 12; Bakolosa 2:6, 7) Seo se tla go sireletsa fela thata gore o se ka wa tlhaselwa ke badimona.—1 Johane 5:5.
17. Ke dikgato dife tse dingwe tse o ka tlhokang go di tsaya fa o ntse o ganana le masomosomo a meya e e boikepo?
17 Ke dikgato dife tse dingwe tse di ka tsewang ke motho yo o ititeileng sehuba gore o batla go ganana le masomosomo a meya e e boikepo? Bakeresete ba kwa Efeso ba ne ba tlhoka go itshireletsa ka gonne ba ne ba tshela mo motseng o o neng o tletse thata ka bodimona. Ke gone ka moo, Paulo a neng a ba raya a re: ‘Lo nne lo rapele ka metlha yotlhe mo moyeng.’ (Baefeso 6:18) E re ka re tshela mo lefatsheng le le tletseng badimona, go botlhokwa thata gore re rapele Modimo re sa kgaotse gore o re sireletse mo go gananeng le meya e e boikepo. (Mathaio 6:13) Thuso ya semoya le dithapelo tsa bagolwane ba ba tlhophilweng mo phuthegong ya Bokeresete di thusa thata mo ntlheng eno.—Jakobe 5:13-15.
NNANG LO NTSE LO LWA KGATLHANONG LE MEYA E E BOIKEPO
18, 19. Ke eng se motho a ka se dirang fa badimona ba mo tlhasela gape?
18 Lefa go ntse jalo, bangwe ba ile ba nna ba tshwenngwa ke meya e e boikepo eno le fa ba sena go tsaya dikgato tse di botlhokwa tseno. Ka sekai, monna mongwe kwa Côte d’Ivoire o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa a bo a senya dipheko tsotlhe tsa gagwe. Morago ga foo, o ne a gatela pele sentle, a neela Jehofa botshelo jwa gagwe, a bo a kolobediwa. Mme morago ga beke fela a sena go kolobediwa, badimona ba ne ba simolola go mo tshwenya gape, o ne a utlwa le mantswe a a mo rayang a re a tlogele tumelo eno ya gagwe e ntšha. Fa seno se ne se ka go diragalela, a go ne go tla kaya gore Jehofa ga a tlhole a go sireleditse? Eseng jalo tota.
19 Monna yo o itekanetseng Jesu Keresete o ne a utlwa lentswe la sebopiwa se se boikepo sa moya Satane Diabolo, le mororo a ne a sireleditswe ke Modimo. Jesu o ne a supa se motho a tshwanetseng go se dira mo kgannyeng e e ntseng jalo. O ne a raya Diabolo a re: “Tloga o ye koo Satane!” (Mathaio 4:3-10) Le wena o tshwanetse go gana fela jalo go reetsa mantswe a a tswang kwa dibopiweng tsa moya. Gana go tlhotlhelediwa ke meya e e boikepo ka go bitsa Jehofa gore a go thuse. Ee, rapelela kwa godimo o bitsa leina la Modimo. Diane 18:10 ya re: “Leina la ga Jehofa ke kago e e godileng e e thata, mosiami o sianela mo go yone, mme a bolokege.” Monna wa Mokeresete wa kwa Côte d’Ivoire o ne a dira seno, mme meya e e boikepo e ne ya khutla go mo tshwenya.—Pesalema 124:8; 145:18.
20. Fa re sobokanya, o ka dira eng go ganana le meya e e boikepo?
20 Jehofa o letlile meya e e boikepo eno gore e nne e le teng, mme o supa fa a le maatla, segolobogolo fa go tla mo bathong ba gagwe le gore leina la gagwe le bolelwe mo lefatsheng lotlhe. (Ekesodo 9:16) Fa o nna o atamalane le Modimo, ga o tlhoke go boifa meya e e boikepo. (Dipalo 23:21, 23; Jakobe 4:7, 8; 2 Petere 2:9) Maatla a yone a lekanyeditswe. E ne ya otlhaiwa mo motlheng wa ga Noa, ya kobiwa kwa legodimong bosheng jaana mme jaanong e letetse katlholo ya bofelo. (Juta 6; Tshenolo 12:9; 20:1-3, 7-10, 14) E bile tota, ba tshogile tshenyego ya bone e e tlang. (Jakobe 2:19) Ka jalo, o ka kgona go ganana le meya e e boikepo le fa e ka leka go go ngoka ka serai sengwe kana ya leka go go tlhasela ka tsela epe fela. (2 Bakorinthe 2:11) Gana mofuta ope fela wa tirisabadimo, dirisa kgakololo ya Lefoko la Modimo, o bo o batle go amogelwa ke Jehofa. Dira seno ka bonako, ka go bo o tla bona botshelo fela fa o ka gana go tlhotlhelediwa ke masomosomo a meya e e boikepo!
TLHATLHOBA KITSO YA GAGO
Meya e e boikepo e leka go tsietsa batho jang?
Ke eng fa Baebele e kgala tirisabadimo?
Motho o ka ikgolola jang mo masomosomong a meya e e boikepo?
Ke eng fa o tshwanetse go tswelela o ganana le meya e e boikepo?
[Setshwantsho mo go tsebe 110]
O leba jang mefuta e e farologaneng ya tirisabadimo?