LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 8/1 ts. 26-29
  • Thuto ya Lelapa e e Itumedisang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuto ya Lelapa e e Itumedisang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng se re Tshwanetseng go se Ithuta?
  • Dira Gore go Nne le Boemo jo bo Ritibetseng
  • Dira Gore Baebele e Kgatlhe
  • Thusa Mongwe le Mongwe Gore a Nne le Seabe
  • Buisanang—Lo se Ka Lwa ba Rumola!
  • Boiteko bo Botlhokwa
  • Ithuteng Lefoko la Modimo ka Metlha lo le Lelapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Thulaganyo ya Lelapa—Thuto ya Lelapa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Dira Gore O Boloke Lelapa la Gago Gore le Tsene mo Lefatsheng Le Lesha la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Go Tshwara Dithuto Tsa Lelapa Tsa Bibela Tseo Di Nang le Bokao
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 8/1 ts. 26-29

Thuto ya Lelapa e e Itumedisang

Baebele e bolela jaana: “Matlwana a yone a tle a tladiwe dikhumo tse di tlhokegang le tse dintle, ka kitso.” (Diane 24:4) Dilo tseno tse di tlhokegang tse dintle ga se dikhumo fela mme di akaretsa le lorato lwa boammaaruri, go boifa Modimo le tumelo e e nonofileng. Eleruri dinonofo tse di ntseng jalo di nonotsha botshelo jwa lelapa. (Diane 15:16, 17; 1 Petere 1:7) Le fa go ntse jalo, gore re nne le tsone, go tlhokega gore re tsenye kitso ya Modimo mo malapeng a rona.

TLHOGO ya lelapa e na le boikarabelo jwa go ruta ba lelapa kitso eno. (Duteronome 6:6, 7; Baefeso 5:25, 26; 6:4) Nngwe ya ditsela tse di molemolemo tsa go dira seno ke ka thuto ya lelapa ya ka metlha. A bo seno se ka itumedisa ba ba leng gone jang ne fa thuto e tshwerwe ka tsela e e rutang le e e itumedisang! Jalo he, a re sekasekeng dilo dingwe tse di botlhokwa tsa go tshwara thuto ya lelapa e e nang le matswela.a

Thuto ya lelapa e nna le matswela fa e dirwa ka metlha. Fa e tshwarwa fela ka nako nngwe kana fela fa e gopotswe, go ka direga gore e se tshwarwe ka metlha le mo maemong a a siameng tota. Ka jalo lo tshwanetse lwa ‘reka nako’ ya go ithuta. (Baefeso 5:15-17) Go tlhopha nako e e tla dirisiwang ka metlha e e tshwanelang mongwe le mongwe e ka nna kgwetlho. Tlhogo ya lelapa lengwe e ipolela jaana: “Re ne re na le bothata jwa go tshwara thuto ya rona ya lelapa ka metlha. Re ne ra leka dinako tse di farologaneng go fitlhela kgabagare re bona nako ya moragonyana mo maitsiboeng e e neng e re tshwanela. Jaanong thuto ya rona ya lelapa e tshwarwa ka metlha.”

Fa fela go ka nna le nako e e tshwanetseng, nna kelotlhoko gore o se letlelele dikgoreletsi dipe tse di ka kgoreletsang thuto. Maria,b yo gone jaanong a nang le dingwaga di le 33, o gakologelwa jaana: “Fa baeng ba ne ba ka tsena re tshwere thuto, Rre o ne a ba kopa gore ba eme go fitlhela re fetsa thuto. Mme fa e le ka megala e e tsenang, o ne a ka bolelela motho yo o leditseng gore o tla mo leletsa moragonyana.”

Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore motho a ka se fetofetoge. Dilo tse di diragalang ka tshoganetso kana tse di sa lebelelwang di ka nna tsa tlhaga, mme go ka nna ga tlhokega go fetola kana go beela thuto ka nako e nngwe ka dinako tse dingwe. (Moreri 9:11) Mme o ele tlhoko gore o se letlelele gore dilo tseno di senye thulaganyo ya gago ya ka metlha.—Bafilipi 3:16.

Thuto e tshwanetse go tsaya nako e kae? Robert, yo o neng a godisa morwadi le morwa ka katlego, o bolela jaana: “Gantsi dithuto tsa rona di ne di tsaya ura. Fa bana ba ne ba le bannye, re ne re leka go dira gore ba nne ba ntse ba na le kgatlhego mo ureng eo ka go sekaseka dilo tse di farologaneng, jaaka dirapa di sekae mo setlhogong se se ithutiwang sa Tora ya Tebelo, ditemana tse di tlhophilweng mo Baebeleng, le dikarolo tsa dikgatiso tse dingwe.” Maria o gakologelwa jaana: “Fa nna le bonkgonne ba basetsana re ne re sa ntse re le bannye thata, thuto ya rona e ne e tsaya metsotso e le 20 gabedi kana gararo ka beke. Fa re ntse re gola, thuto ya rona ya lelapa ya beke le beke e ne e tsaya ura kana go feta.”

Ke Eng se re Tshwanetseng go se Ithuta?

Go akanyetsa potso eno fa mongwe le mongwe a setse a le teng mo thutong go ka kgoba marapo ga ba ga senya nako e e botlhokwa ya thuto. Fa e le gore seemo se ne se le jalo, bana ba tla bo ba se na sepe se ba se lebeletseng kwa pele mme ba ka latlhegelwa ke kgatlhego ka bonako. Ka jalo tlhopha go sa le gale nngwe ya dikgatiso tsa Mokgatlho e lo tlileng go e bala.

“Motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” o re neetse dikgatiso di le dintsi tse re ka tlhophang mo go tsone. (Mathaio 24:45-47) Gongwe o ka dirisa buka e lelapa le iseng le ke le e bale. Mme a bo go itumedisa jang go sekaseka dikarolo tse di tlhophilweng mo go Insight on the Scriptures fa e le gore dibolumo tseno di teng ka puo ya lona! Ka sekai, o ka nna wa boeletsa setlhogo sa Sejo sa Morena sa Maitseboa mo dibekeng tse di tlang pele ga Segopotso. Malapa a le mantsi a itumelela go baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo ya beke eo. Mme ditlhogo tse dingwe tsa Tora ya Tebelo le tsone di na le dintlha tse di molemo thata tse di ka ithutiwang. Tlhogo ya lelapa, e e itseng dilo tsa semoya tse di tlhokwang ke lelapa, ke yone e e mo seemong se se molemo sa go dira tshwetso ya gore ke dikgatiso dife tse di tshwanetseng go ithutiwa.

Maria o gakologelwa jaana: “Ka metlha re ne re ithuta kgatiso e e neng e tlhophilwe go sa le gale. Mme fa go ne go ka bodiwa potso nngwe kana ga tlhaga boemo bongwe kwa sekolong, re ne re ya kwa tshedimosetsong e e tshwanetseng.” Dilo tse di kgethegileng, tse di jaaka mathata a basha ba lebaneng le one kwa sekolong, go intsha, ditiro tse di dirwang morago ga sekolo, le tse dingwe, di a tle di tlhage. Fa seno se diragala, tlhopha ditlhogo kana dikgatiso tse di buang ka bothata jo lo tshwaraganeng le jone. Fa o bona tshedimosetso mo makasineng wa bosheng thata wa Tora ya Tebelo kana Tsogang! e o ka ratang go tlotla le ba lelapa ka yone ka bonako, o se ka wa etsaetsega go rulaganya seo. Legale, o ka batla go bolelela ba lelapa ka phetogo eo nako e sa ntse e le teng. Mme le fa go ntse jalo tlhomamisegang gore lo boela mo thutong e e mo thulaganyong ya ka metlha fa seno se setse se sekasekilwe.

Dira Gore go Nne le Boemo jo bo Ritibetseng

Go ithuta go nna molemo thata mo maemong a a kagiso. (Jakobe 3:18) Ka jalo tlhagolela gore go nne le boemo jo bo phuthologileng, le fa go ntse jalo bo tlotlega. Tlhogo nngwe ya lelapa kwa United States e bolela jaana: “Go sa kgathalesege gore re ithutela mo kamoreng ya bonno kana ka fa tlase ga maribela a ntlo, re leka go bapa thata go na le go gasama mo kamoreng e kgolo. Mo go rona, seno se a re itumedisa.” Mme Maria o gakologelwa jaana ka lorato lo logolo: “Nna le bonkgonne ba basetsana re ne re letlelelwa gore re itlhophele gore re batla go ithutela kae mo bekeng eo. Seno se ne se dira gore re phuthologe.” Gakologelwang gore lesedi le le lekaneng, thulaganyo ya manno e e tshwanetseng, le ditikologo tse di ipedisang pelo le tse di sa tlhakatlhakanang tsotlhe di dira gore go ritibale. Fa lelapa le ja dijo tse di motlhoswana morago ga thuto le gone go ka thusa gore maitseboa ao e nne a a itumedisang.

Malapa mangwe a a tle a tlhophe go akaretsa malapa a mangwe mo thutong ya bone gangwe le gape, go dira gore e nne e e kgatlhang thata le go nna le dikakgelo tse di farologaneng. Fa batho ba basha mo boammaaruring ba lalediwa go nna le seabe mo thulaganyong eno, ba ka solegelwa molemo ka go bona tlhogo ya lelapa e e nang le boitemogelo e tshwara thuto ya lelapa.

Dira Gore Baebele e Kgatlhe

Dira gore dinako tsa dithuto e nne tse di kgatlhang bana, mme ba tla lebelela kwa pele go tsone ka tlhoafalo. O ka dira seno ka go kgothaletsa bana ba bannye go dira ditshwantsho tsa ditiragalo tse di mo Baebeleng. Fa go tshwanela, dira gore bana ba tshameke ditiragalo tsa Baebele le diterama. Ka bana ba bannye ga go tlhokege gore go kgomarelwe mokgwa o o tlwaelegileng wa dipotso le dikarabo. Go bala kana go bolela dipolelo tsa batho ba ba mo Baebeleng ke tsela e e itumedisang ya go gatisa melaometheo ya Modimo mo go bone. Robert, yo o umakilweng pelenyana, o gakologelwa jaana: “Ka dinako tse dingwe re ne re tle re bale ditemana tsa Baebele re refosana, re bala dikarolo tse di farologaneng tsa ‘mantswe’ a re a abetsweng.” Bana ba ka kopiwa go itlhophela motho yo ba batlang go bala mantswe a gagwe mo mmalong.

Go dirisa dimmapa le ditšhate go tla thusa bana ba ba golagodileng go akanya ka mafelo le dikarolo tsa naga koo ditiragalo tse go buiwang ka tsone di neng di diragala teng. Go phepafetse gore ka go akanyetsa dilo, thuto ya lelapa e ka nna e e kgatlhang le e e farologaneng. Mme bana ba tla tlhologelelwa Lefoko la Modimo.—1 Petere 2:2, 3.

Thusa Mongwe le Mongwe Gore a Nne le Seabe

Gore bana ba itumelele thuto, gape ba tshwanetse go ikutlwa ba akarediwa. Le fa go ntse jalo, go dira gore bana ba dingwaga tse di farologaneng ba nne le seabe e ka nna kgwetlho. Mme molaomotheo wa Baebele o bolela jaana: “Yo o okamelang, a a go dire ka tlhoafalo ya mmatota.” (Baroma 12:8) Go nna matlhagatlhaga go a thusa, ka gonne fa o le matlhagatlhaga go ka dira gore ba bangwe le bone ba nne matlhagatlhaga.

Ronald o dira gore morwadie wa dingwaga tse tlhano e bong Dina a nne le seabe ka gore a bale ditlhogwana tse di mo setlhogong se se ithutiwang le go mo kopa go akgela ka ditshwantsho. Fa Segopotso sa loso lwa ga Keresete se ne se atamela ngogola, o ne a tlhoma mogopolo mo ditshwantshong tse di tshwanetseng tsa buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela.c O bolela jaana: “Seno se mo thusitse go tlhaloganya botlhokwa jwa tiragalo eo.”

Ka morwadie wa dingwaga tse di lesome e bong Misha, Ronald o dirisa mokgwa o mongwe. Ronald o bolela jaana: “Misha o gatetse pele tota mo a bileng a tlhaloganya e seng fela se se bolelwang ke ditshwantsho mme gape o tlhaloganya se di se kayang. Ka jalo fa re ne re sekaseka buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!,d re ne ra tlhoma mogopolo mo go se se kaiwang ke ditshwantsho, mme seno se mo thusitse.”

Fa bana ba tsena mo dingwageng tsa bolesome, ba kope gore ba bontshe gore kgang e go buiwang ka yone e ka dirisiwa ka tsela efe mo botshelong. Fa go nna le dipotso fa thuto e ntse e tsweletse, ba abele dikarolo tse ba tla di direlang dipatlisiso. Robert o ne a dira jalo fa morwawe wa dingwaga tse 12, e bong Paul a ne a botsa malebana le tlelapa e ntšha ya sekolo e e nang le motshameko wa Dungeons and Dragons. Paul le ba bangwe mo lelapeng ba ne ba leba tshedimosetso eo ba dirisa Watchtower Publications Index, mme ba e sekaseka gape kwa thutong ya bone ya lelapa. Robert o bolela jaana: “Ka ntlha ya seo, Paul o ne a tlhaloganya ka bonako gore motshameko oo o phoso mo Bakereseteng.”

Gape Robert o ne a tle a ba abele go dira dipatlisiso ka dinako tse dingwe. Mosadi wa gagwe, Nancy, o gakologelwa jaana: “Fa re ne re dira dipatlisiso ka baaposetoloi ba ga Jesu, mongwe le mongwe wa rona o ne a abelwa moaposetoloi a le mongwe beke le beke. A bo go ne go itumedisa jang go bona bana ba neela pego ya bone ka matlhagatlhaga mo thutong ya lelapa!” Go itirela patlisiso le go abelana tshedimosetso eo le lelapa go thusa bana gore ba ‘golele fa pele ga Jehofa.’—1 Samuele 2:20, 21.

Go botsa dipotso—dipotso tse di batlang maikutlo mmogo le dipotso tse di gogelang kwa ntlheng—le yone ke tsela ya go dira gore bana ba nne le seabe. Morutisi yo Mogolo, Jesu o ne a botsa dipotso tse di batlang maikutlo a motho, tse di jaaka, “O akanyang?” (Mathaio 17:25) Maria o gakologelwa jaana: “Fa ope fela wa rona a ne a na le potso, batsadi ba rona ba ne ba ka se re arabele yone ka tlhamalalo. Ka metlha ba ne ba botsa dipotso tse di re gogelang kwa ntlheng, ba re thusa gore re akanye ka kgang eo.”

Buisanang—Lo se Ka Lwa ba Rumola!

Go itumelela thuto ya lelapa go a oketsega fa botlhe ba ba leng teng ba ntsha megopolo le maikutlo a bone ba sa tshabe gore ba tla tshegiwa. Mme “puisano e e molemo mo thutong ya lelapa e ka kgonega fa ditsela tsa puisano di bulegile ka dinako tse dingwe,” go bolela jalo rre mongwe. “Lo ka se nne le tsela e e molemo ya go buisana fela ka nako ya thuto.” Leka thata go tila dikakgelo tse di sa bontsheng go akanyetsa tse di utlwisang botlhoko, tse di jaaka, ‘A ke gone gotlhe? Ke ne ke akanya gore ke sengwe se se botlhokwa’; ‘O buile selo sa boeleele fela’; ‘Ebu, gone o ne o ka bua eng se se utlwalang? Legale o buisiwa ke bongwana fela.’ (Diane 12:18) Nna pelotlhomogi le kutlwelobotlhoko mo baneng ba gago. (Pesalema 103:13; Malaki 3:17) Dira gore ba go itumedise, mme o ba thuse fa ba ntse ba leka go dirisa se ba se ithutang.

Boemo jwa thuto ya lelapa bo tshwanetse jwa dira gore mogopolo wa ngwana e nne o o amogelang thuto. Motsadi mongwe wa bana ba le banè yo o neng a atlega go ba godisa o tlhalosa jaana: “Fa o simolola go gakolola bana, ka tsela nngwe ga ba e amogele sentle.” Mo boemong jo bo ntseng jalo, gongwe tshedimosetso e ka se fitlhe mo pelong. Ka jalo tila go dira gore dinako tsa go ithuta e nne tsa go kgalemela le go otlhaya. Fa go tlhokega gore go dirwe jalo, go dire moragonyana le gone ngwana a se na le ba bangwe.

Boiteko bo Botlhokwa

Go aga lelapa le le godileng mo semoyeng go tsaya nako e bile go tlhoka boiteko. Mme mopesalema o bolela jaana: “Bona, bana ke boswa jwa Jehofa; le loungo lwa sebopelo ke tuelo ya gagwe.” (Pesalema 127:3) Mme batsadi ba neetswe boikarabelo jwa go “godisetsa [bana] mo tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Ka jalo nna le ditsela tsa go tshwara thuto ya lelapa e e nang le matswela le e e itumedisang. Dira gotlhe mo o ka go kgonang go neela bana ba gago “mashi a a sa tswakanngwang a e leng a lefoko,” gore ba tle ba “gole go ya polokong.”—1 Petere 2:2; Johane 17:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Le mororo dikakantsho tse dintsi tse di bontshitsweng mo setlhogong seno di amana le go thusa bana mo thutong ya lelapa, megopolo eno e dira gape le mo thutong ya lelapa le le se nang bana.

b Maina a mangwe a fetotswe.

c E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

d E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela