Batsadi, Itumedisiweng ke Bana ba Lona
“A borraago le mmaago ba itumele.”—DIANE 23:25.
1. Ke eng se se tla dirang gore batsadi ba itumedisiwe ke bana ba bone?
ABO go le gontle jang ne go bona setlhatshana se gola se bo se nna setlhare se segolo se sentle se se re nayang moriti—segolobogolo fa o se jadile e bile o se tlhokomela! Ka tsela e e tshwanang, batsadi ba ba tlhokomelang bana ba ba golang go nna batlhanka ba ba godileng ba Modimo ba itumedisiwa ke bone, jaaka fa seane sa Baebele se bolela: “Rraagwe mosiami o tlaa ipela thata, le yo o tsalang ngwana yo o botlhale o tlaa bona boitumelo ka ga gagwe. A borraago le mmaago ba itumele, le yo o go belegeng a ipele thata.”—Diane 23:24, 25.
2, 3. (a) Batsadi ba ka tila jang bohutsana le pelo e e galakang? (b) Ke eng se ka bobedi matlhogela le bana ba se tlhokang e le gore ba ka nna motswedi wa boitumelo?
2 Lefa go ntse jalo, ga go itiragalele fela gore ngwana e nne “mosiami” le “yo o botlhale.” Go tlhokega boiteko jo bogolo go dira gore ngwana e se nne motswedi wa “bohutsana” le “pelo e e galakang,” fela jaaka go ka akaretsa tiro go dira gore setlhatshana e nne setlhare se segolo. (Diane 17:21, 25) Ka sekai, dithupana tse di tshegetsang setlhatshana di ka thapisa setlhatshana seno gore se gole se tlhamaletse e bile se nonofile. Go se nosetsa ka metlha go botlhokwa, e bile setlhatshana seno se ka tlhoka go sirelediwa mo ditshenekeging tse di senyang ditlhare. Sa bofelo, go se poma dikala go thusa gore setlhare se nne sentle.
3 Lefoko la Modimo le senola gore bana ba tlhoka dilo tse di tshwanang le thapiso ya bomodimo, go nosetswa ka metsi a boammaaruri jwa Baebele, go sirelediwa mo go sa tshwarweng sentle, le kotlhao e e lorato go poma mekgwa yotlhe e e sa siamang. Go tlhokomela ditlhoko tseno, borre segolobogolo ba rotloediwa go godisetsa bana ba bone “mo tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4, NW) Seno se akaretsa eng?
Kgatelelo mo Mafokong a ga Jehofa
4. Batsadi ba na le boikarabelo bofe mo baneng ba bone, mme go tlhokega eng pele ga ba ka bo diragatsa?
4 “Taolong ya mogopolo ya ga Jehofa” go raya go laola dikakanyo tsa rona gore di dumalane le thato ya ga Jehofa. Ka jalo, batsadi ba tshwanetse go dira gore tsela e Jehofa a akanyang dilo ka yone ba e jale mo megopolong ya bana ba bone. Mme gape ba tshwanetse go etsa sekao sa Modimo sa go otlhaya ka tsela e e lorato, kana go thapisa ka tsela ya go siamisa. (Pesalema 103:10, 11; Diane 3:11, 12) Mme pele batsadi ba ka dira seno, bone ka bobone ba tshwanetse go ithuta mafoko a ga Jehofa, jaaka fa moporofeti wa Modimo e bong Moshe a ne a tlhagisa Baiseraele ba bogologolo: “Mafoko [a a tswang kwa go Jehofa] a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Duteronome 6:6.
5. Batsadi ba Baiseraele ba ne ba tshwanetse go laya bana ba bone leng mme ka tsela efe, mme go kaya eng go “ruta ka tlhoafalo”?
5 Go ithuta Baebele ka metlha, go tlhatlhanya, le go rapela go thusa batsadi go dira se Moshe a neng a se laela gape: “O a rute [mafoko a ga Jehofa] bana ba gago ka tlhoafalo, o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le go “ruta ka tlhoafalo” le raya “go boeletsa,” “go bua kgapetsakgapetsa,” “go gatelela thata.” Tlhokomela tsela e Moshe a neng a tswelela a gatisa botlhokwa jwa go boloka mafoko a ga Jehofa kwa pele ka yone: “O a bofelele mo seatleng sa gago go nna sesupo, mme a nne sebeo sa fa gare ga matlho a gago. O a kwale mo mephakwaneng ya mojako wa ntlo ya gago, le mo dikgorong tsa gago.” Ruri, Jehofa o batla gore batsadi ba neye bana ba bone tlhokomelo e e lorato ka metlha!—Duteronome 6:7-9.
6. Ke eng se batsadi ba neng ba tshwanetse go se ruta bana ba bone ka tlhoafalo, mme go ne go tla nna le molemo ofe?
6 “Mafoko” a ga Jehofa a batsadi ba neng ba tshwanetse go a ruta bana ba bone ka tlhoafalo ke eng? Moshe o ne a sa tswa go boeletsa seo ka tlwaelo se bidiwang Melao e e Lesome, go akaretsa melao ya gore o se ka wa bolaya, o se ka wa dira boaka, o se ka wa utswa, o se ka wa supa maaka ka ga mongwe ka wena, le gore o se ka wa eletsa ka bopelotshetlha. Melao e e ntseng jalo ya boitsholo, mmogo le molao wa gore “o rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo ya gago yotlhe fela,” e ne e le yone tota e batsadi ba Baiseraele ba neng ba tshwanetse go e ruta bana ba bone ka tlhoafalo. (Duteronome 5:6-21; 6:1-5) A ga o na go dumalana gore ono ke one mofuta wa thuto e bana ba e tlhokang gompieno?
7. (a) Bana ba ne ba tshwantshiwa le eng mo Baebeleng? (b) Jaanong re tlile go se sekaseka eng?
7 Rre wa Moiseraele o ne a bolelelwa jaana: “Mosadi wa gago o tla nna jaaka mofine o o ungwang thata mo tengteng ga ntlo ya gago; bana ba gago ba tlaa nna jaaka matswela a motlhware, ba dikanyetsa lomati lwa bojelo lwa gago.” (Pesalema 128:3) Lefa go ntse jalo, e le gore batsadi ba itumedisiwe ke “matlhogela” a bone go na le go utlwa botlhoko, ba tshwanetse go nna le kgatlhego ya motho ka namana letsatsi le letsatsi mo baneng ba bone. (Diane 10:1; 13:24; 29:15, 17) A re tlhatlhobeng ka fa batsadi ba ka thapisang bana ba bone ka gone, ba ka ba nosetsang ka tsela ya semoya, ba ka ba sireletsang, le go ba otlhaya ka lorato ka tsela e e tla dirang gore ba bone boitumelo jwa mmatota mo go bone.
Go ba Thapisa go Tswa Bonyaneng
8. (a) Ke bomang ba e neng e le dithupana tse di thapisang mo go Timotheo? (b) Thapiso e ne ya simolola leng, mme go ne ga felela ka eng?
8 Akanya ka Timotheo yo, ka tsela ya tshwantshetso, o neng a amogela tshegetso go tswa go dithupana tse pedi tse di tshegetsang setlhatshana tse di nonofileng—e bong mmaagwe le mmaagwemogolo. E re ka rraagwe Timotheo e ne e le Mogerika e bile ka mo go bonalang ka teng o ne a sa dumela, e ne e le mmaagwe wa Mojuda, Eunike, le mmaagwemogolo Loise, ba ba neng ba thapisa mosimane yono ‘go tswa bonyaneng ka dikwalo tse di boitshepo.’ (2 Timotheo 1:5; 3:15, mokwalo o o sekameng ke wa rona; Ditiro 16:1.) Botswerere jwa bone mo go ruteng Timotheo “ditiro tsa [ga Jehofa] tse di gakgamatsang tse o di dirileng,” le e leng a santse a le lesea bo ne jwa duelwa fela thata. (Pesalema 78:1, 3, 4) Timotheo o ne a nna morongwa kwa dinageng tse di kgakala gongwe a santse a le mo dingwageng tsa bolesome, e bile o nnile le seabe se segolo mo go nonotsheng diphuthego tsa Bokeresete tsa bogologolo.—Ditiro 16:2-5; 1 Bakorinthe 4:17; Bafilipi 2:19-23.
9. Basha ba ka ithuta jang go tila dirai tsa go rata dilo tse di bonalang?
9 Batsadi, lo mofuta ofe wa dithupana tse di thapisang? Ka sekai, a lo batla gore bana ba lona ba nne le pono e e lekalekaneng ya dilo tse di bonalang? Ka jalo, lo tshwanetse lwa tlhoma sekao se se molemo sa go se latelele didirisiwa tsa bosheng kana dilo tse dingwe tse tota lo sa di tlhokeng. Fa lo tlhopha go latelela dilo tse di bonalang, lo se ka lwa gakgamala fa bana ba lona ba lo etsa. (Mathaio 6:24; 1 Timotheo 6:9, 10) Ke boammaaruri gore fa dithupana tse di thapisang setlhare di sa tlhamalala, setlhare se tla gola jang se tlhamaletse?
10. Batsadi ka metlha ba tshwanetse go batla kaelo ya ga mang, mme ba tshwanetse go nna le boikutlo bofe?
10 Batsadi ba ba itumedisiwang ke bana ba bone ka metlha ba tla batla thuso ya Modimo go ba thusa go ba thapisa, ka metlha ba tla ela tlhoko se se molemolemo mo baneng ba bone semoyeng. Mmè wa bana ba le banè o anela jaana: “Le eleng pele bana ba rona ba tsholwa, ka metlha re ne re rapela Jehofa gore a re thuse gore re nne batsadi ba ba molemo, gore re kaelwe ke Lefoko la gagwe, le gore re le dirise mo matshelong a rona.” O ne a oketsa jaana: “‘Jehofa o tla pele’ e ne e se puo fela e e tlwaelegileng mme e ne e le tsela e re neng re tshela matshelo a rona ka yone.”—Baatlhodi 13:8.
Go “Nosetsa” ka Metlha
11. Ke eng se matlhogela le bana ba se tlhokang gore ba gole?
11 Ditlhatshana segolobogolo di tlhoka go nosediwa ka metlha, jaaka fa go bontshiwa ke tsela e ditlhare di golang sentle ka yone fa di le fa thoko ga noka. (Bapisa Tshenolo 22:1, 2.) Masea le one a tla gola semoyeng fa ka metlha a newa metsi a boammaaruri jwa Baebele. Mme batsadi ba tshwanetse go ela tlhoko gore bana ba bone ba kgona go reetsa ka lobaka lo lo kanakang. Gongwe go tshwara thuto e khutshwane le ene nako le nako go ka thusa go na le go e tshwara lobaka lo loleele ka makgetlho a le mmalwanyana fela. O se ka wa nyatsa boleng jwa dinako tseo tse dikhutshwane tsa go ithuta. Nako e lo leng mmogo ka yone e botlhokwa go dira botsalano jo bo molemo fa gare ga motsadi le ngwana, go atamelana mo go kgothalediwang kgapetsakgapetsa mo Dikwalong.—Duteronome 6:6-9; 11:18-21; Diane 22:6.
12. Botlhokwa jwa go rapela le bana ba bannye ke bofe?
12 Nngwe ya dinako tsa go ithuta le bana e ka nna fa letsatsi le wetse. Mosha mongwe o gakologelwa jaana: “Batsadi ba me ba ne ba nna fa bolaong jwa rona bosigo bongwe le bongwe mme ba bo ba re reetsa fa re rapela.” Malebana le botlhokwa jwa go dira seno yo mongwe a re: “Seo se dirile gore ke tlwaele go rapela Jehofa bosigo bongwe le bongwe pele ga ke robala.” Fa bana ba utlwa letsatsi le letsatsi batsadi ba bone ba bua ka Jehofa e bile ba mo rapela, o nna motho wa mmatota mo go bone. Lekawana lengwe le ne la bolela jaana: “Ke ne ke kgona go tswala matlho ke rapela Jehofa mme ke be ke bona motho yo e keteng rremogolo tota. Batsadi ba me ba nthusitse go bona gore Jehofa o na le seabe mo go sengwe le sengwe se re se dirang le se re se buang.”
13. Dinako tsa go ithuta ka metlha di ka akaretsang?
13 Go thusa bana go monyela metsi a boammaaruri jwa Baebele, batsadi ba ka akaretsa dilo tse dintsi tse di ka dirwang ka dinako tsa tao ya ka metlha. Batsadi ba bana ba babedi ba ba e seng ba fitlhe mo dingwageng tsa bolesome ba ne ba bolela jaana: “Bana bano ka bobedi ba ne ba simolola go thapisiwa gore ba nne ka tidimalo kwa Holong ya Bogosi ba sa ntse ba na le dibeke di le mmalwa fela.” Rre mongwe o ne a tlhalosa se lelapa la gagwe le neng le se dira: “Re ne re kwala dibuka tsotlhe tsa Baebele mo dikarateng mme re bo re nna re di baya ka thulaganyo ya tsone, mongwe le mongwe a nna le sebaka sa go dira jalo. Ka metlha bana ba ne ba lebelela pele go dira seno.” Malapa a mantsi a akaretsa nako e khutshwane ya go ithuta pele kana morago ga dijo. Rre mongwe o ne a re: “Dijo tsa maitseboa e nnile nako e e molemo ya gore re tlhatlhobe temana ya Baebele letsatsi le letsatsi.”
14. (a) Ke ditiro dife tsa moya tse di nang le maduo tse di ka dirwang le bana? (b) Bana ba na le bokgoni bofe jwa go ithuta?
14 Bana ba bannye le bone ba itumelela go reetsa dipego tse di tlhalositsweng sentle tsa Baebele mo bukeng ya Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Bibela.a “Fa bana ba ne ba santse ba le bannye,” go ne ga bolela jalo banyalani bangwe, “re ne re akaretsa kgaolo yotlhe e e mo bukeng ya Dipolelo Tsa Bibela, mme morago ga moo bana ba tla bo ba apara diaparo tsa bone tsa terama mme ba bo ba tshameka dikarolo tsa yone jaaka e kete ke teramanyana e nnye. Ba ne ba rata go dira jalo mme gantsi ba ne ba gatelela gore go ithutiwe tse di fetang e le nngwe nako le nako fa re ithuta.” O se ka wa nyatsa kgono ya ngwana wa gago ya go ithuta! Bana ba dingwaga tse nnè ba kgonne go tshwara dikgaolo tsotlhe tsa buka ya Dipolelo Tsa Bibela ka tlhogo e bile ba ithutile le go bala Baebele! Mosha mongwe o gakologelwa gore e rile a le dingwaga di le tharo le halofo, ka metlha o ne a sa kgone go re “ditshwetso tsa katlholo,” mme rraagwe o ne a tlhola a mo kgothaletsa gore a tswelele a ntse a ikatisa.
15. Ke dilo dife tse di ka akarediwang fa go tlotliwa le bana, mme go na le bosupi bofe jwa gore metlotlo e e ntseng jalo e botlhokwa?
15 Go ithuta le bana ba gago ba bannye go ka nna gape ga dirisediwa go ba baakanyetsa go abelana metsi a boammaaruri le ba bangwe, jaaka go akgela kwa dipokanong. (Bahebere 10:24, 25) “Ka nako ya fa re ithapisa, ke ne ke tshwanetse go araba ka mafoko a me,” go gakologelwa jalo mosha mongwe. “Ke ne ke sa letlelelwe go bala fela ke sa tlhaloganye.” Mo godimo ga moo, bana ba ka thapisediwa go nna le seabe sa botlhokwa mo bodireding jwa tshimo. Mosadi mongwe yo o godisitsweng ke batsadi ba ba boifang Modimo o tlhalosa jaana: “Re ne re se ke re tsamaya fela re setsesetse batsadi ba rona morago mo tirong ya bone. Re ne re itse gore re na le seabe, lefa e ne e ka tswa e le go letsa tshipi ya mo mojako fela le go tsamaisa pampitshana. Ka go baakanyetsa ditiro tsa mafelobeke mangwe le mangwe ka kelotlhoko, re ne re itse se re tla se buang. Re ne re se ke re tsoga ka Matlhatso mo mosong re bo re botsa gore a re ya tshimong. Re ne re itse gore re a ya.”
16. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go tshwara thuto ya lelapa ka metlha le bana?
16 Go botlhokwa thata gore re tlamele bana ka metsi a boammaaruri jwa Baebele ka metlha, se se rayang gore thuto ya lelapa ya Baebele ya beke le beke e botlhokwa. Rre wa bana ba babedi o bolela gore “selo se segolo se se serang bana ke go se tlhomame.” (Baefeso 6:4, NW) O ne a re: “Nna le mosadi wa me re ne ra tlhopha letsatsi le nako mme ka boikanyego ra tshwara thuto ya lelapa go ya ka thulaganyo eo. Ga go a tsaya lobaka lo loleele pele bana ba tlwaela nako eo.” Thapiso yotlhe e e ntseng jalo go tswa bonyaneng e botlhokwa, e dumalana le boammaaruri jwa gore, ‘Lore lo ojwa lo sa le metsi.’
17. Ke eng se se botlhokwa jaaka go naya bana boammaaruri jwa Baebele?
17 Go tlamela bana ba bannye ka boammaaruri jwa Baebele go botlhokwa, mme le sekao sa batsadi se botlhokwa fela jalo. A bana ba lona ba lo bona fa lo ithuta, lo nna gone ka metlha kwa dipokanong, lo nna le seabe mo bodireding jwa tshimo, ee, lo bona boitumelo mo go direng thato ya ga Jehofa? (Pesalema 40:8) Go botlhokwa gore ba lo bone lo dira jalo. Ka tsela e e tlhokomelesegang morwadi mongwe o ne a bua ka mmaagwe, yo o neng a itshokela kganetso ya monna wa gagwe e bile a godisitse bana ba barataro go nna Basupi ba ba ikanyegang: “Se se neng se re kgatlha thata ke sekao sa ga Mmè—se ne se bua thata go feta mafoko.”
Go Naya Bana ba Bannye Tshireletso
18. (a) Batsadi ba ka naya jang bana tshireletsego e ba e tlhokang? (b) Ke mofuta ofe wa tao o bana kwa Iseraele ba neng ba o amogela ka ga dirwe tsa mmele tsa tsalo?
18 Jaaka fa ditlhatshana gantsi di tlhoka go sirelediwa mo ditshenekeging tse di kotsi, bana ba tlhoka go sirelediwa mo ‘bathong ba ba bosula’ mo tsamaisong eno e e boikepo ya dilo. (2 Timotheo 3:1-5, 13) Batsadi ba ka ba naya tshireletso eno jang? Ka go ba thusa go nna le botlhale jwa Modimo! (Moreri 7:12) Jehofa o ne a laela Baiseraele—go akaretsa le “banyana” ba bone—go reetsa fa go balwa Molao wa gagwe, o o akaretsang go tlhalosiwa ga boitsholo jwa tlhakanelodikobo jo bo siameng le jo bo sa siamang. (Duteronome 31:12, mokwalo o o sekameng ke wa rona; Lefitiko 18:6-24.) Dikarolo tsa mmele tsa dirwe tsa tsalo di umakiwa kgapetsakgapetsa, go akaretsa “dinama tsa senna” le ‘serwe sa tsalo.’ (Lefitiko 15:1-3, 16; 21:20; 22:24; Dipalo 25:8; Duteronome 23:10) Ka ntlha ya ditiro tse di seng ka fa molaong tse di feteletseng tsa lefatshe la segompieno, bana ba bannye ba tshwanetse go itse ka tiriso e e tshwanetseng le e e sa tshwanelang ya dikarolo tseno tsa mmele tse di akareditsweng mo popong e Modimo o neng wa e bitsa e e “molemo thata.”—Genesise 1:31; 1 Bakorinthe 12:21-24.
19. Ke tao efe e e tshwanelang sentle e e ka newang bana mabapi le dirwe tsa bone tsa mmele tsa sephiri?
19 Ka jalo batsadi ka bobedi, kana motlhokomedi mongwe le mongwe yo o godileng, o tshwanetse go supetsa ngwana dikarolo tsa gagwe tsa mmele tsa sephiri. Mme ba tshwanetse go ba tlhalosetsa gore ga go na motho ope yo o letlelelwang gore a ba ame dikarolo tseno. E re ka gantsi batho ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo ba na le go lekeletsa go bona kafa ngwana a itshwarang ka teng fa ba mo atamela ka tsela e e boferefere ya go tlhakanela dikobo, ngwana o tshwanetse go rutiwa go gana ka nitamo a bolela jaana, “Ke ya go go tlaleya!” Ruta bana ba gago gore ka metlha ba tshwanetse ba go bolelela fa mongwe fela a leka go ba tshwara ka tsela e e ba dirang gore ba tlhabiwe ke ditlhong, go sa kgathalesege gore o ba tshoseditse go le kana kang.
Go ba Naya Kotlhao e e Lorato
20. (a) Kotlhao e tshwana jang le go poma setlhare dikala? (b) Matswela a ntlha a kotlhao ke afe, mme go bo go felela ka eng?
20 Bana ba bannye ba solegelwa molemo ke kotlhao e e lorato, jaaka setlhare se dira fa se pomiwa dikala. (Diane 1:8, 9; 4:13; 13:1) Fa dikala tse di sa rategeng di pomiwa, seno se thusa tse dingwe gore di gole. Ka jalo, fa bana ba gago ba lebile thata dilo tse di bonalang kana ba sekametse mo ditsaleng tse di bosula kana mo boitlosobodutung jo bo sa siamang, ditemalo tseno tse di bosula di tshwana le dikala tse di tlhokang go kgaolwa. Fa di tlosiwa, bana ba gago ba tla thusiwa go gola ka tsela ya semoya. Kotlhao e e ntseng jalo e ka tswa e lebega e sa itumedise ka lekgetlho la ntlha, fela jaaka go poma dikala go ka nna ga tshwenya setlhare ka tsela nngwe. Mme phelelo e e molemo ya kotlhao e nna gore ngwana o tla gola gape ka tsela e o batlang ngwana wa gago a gola ka yone.—Bahebere 12:5-11.
21, 22. (a) Ke eng se se bontshang gore ga go monate go otlhaya kana go otlhaiwa? (b) Ke ka ntlha yang fa batsadi ba sa tshwanela go ikgogona go otlhaya?
21 Go phepafetse gore ga go monate go otlhaiwa kana go otlhaya. “Morwaake o ne a fetsa nako e ntsi le mosha mongwe yo bagolwane ba neng ba ntlhagisitse ka ene gore e ne e se tsala e e siameng,” rre mongwe o ne a akgela jalo. “Ke ne ke tshwanetse go bo ke tseile kgato ka bonako go feta jaaka fa ke dirile. Lefa gone morwaake a sa ka a nna le seabe mo phosong epe e e feteletseng, go ne ga tsaya lobaka gore a fetole mogopolo wa gagwe.” Morwaawe o ne a akgela jaana: “Ke ne ka utlwa botlhoko thata fa ke ne ke kgaoganngwa le tsala ya me e re ntshanang se inong le yone.” Mme o ne a oketsa ka gore: “Eno e ne e le tshwetso e e molemo, gonne ka bonako fela morago ga moo o ne a kgaolwa mo phuthegong.”
22 “Dikgalemo tsa thuto ke tsela ya botshelo,” Lefoko la Modimo le bolela jalo. Ka jalo, go sa kgathalesege gore go thata go le kanakang go otlhaya, o se ka wa e tlhokisa bana ba gago. (Diane 6:23; 23:13; 29:17) Fa nako e ntse e tsamaya, ba tla itumelela gore o ne wa ba baakanya. “Ke gakologelwa gore ke ne ke tlala bogale fa batsadi ba me ba ne ba nkgalemela,” go gakologelwa jalo mosha mongwe. “Gone jaanong ke ne ke tla galefa le go feta fa batsadi ba me ba ne ba ntimile kgalemelo eo.”
Go Bona Maduo go Tlhoka Boiteko
23. Ke ka ntlha yang fa tlhokomelo yotlhe e e lorato e e newang bana e tlhoka boiteko?
23 Ga go belaesege gore bana ba batsadi mmogo le batho ba bangwe ba itumelang mo go bone ba dirilwe ke gore ba ne ba bona tlhokomelo e ntsi e e lorato letsatsi le letsatsi. Lefa go ntse jalo, maiteko otlhe a a dirwang mo go bone—go sa kgathalesege gore ke bana ba nama kana bana ba semoya—a tshwanelwa ke maduo a a ka itumelelwang. Moaposetoloi Johane yo o tsofetseng o ne a bontsha seno fa a ne a kwala jaana: “Ga ke na boitumelo bope jo bo fetang jo, jwa go utlwa fa bana ba me ba ntse ba tsamaya mo boammaaruring.”—3 Johane 4.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke eng se ditlhatshana le bana ba se tlhokang gore e nne ba ba bakwang?
◻ Batsadi ba ka nna jang dithupana tse di thapisang?
◻ Ke eng se se ka akarediwang mo dithutong tsa go laya bana, mme ke eng se ba tshwanetseng go rutiwa go se gana?
◻ Kotlhao e mosola jang mo ngwaneng, jaaka fa go poma go ntse mo setlhareng?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]
Courtesy of Green Chimney’s Farm