Jehofa o Naya Maatla a a Fetang a a Tlwaelegileng
1 Barutwa botlhe ba ga Jesu ba filwe tshiamelo e e kgethegileng ya tirelo e e boitshepo—bodiredi jwa Bokeresete. (Math. 24:14; 28:19, 20) Mme le fa go ntse jalo ka dinako tse dingwe go sa itekanelang ga batho le dikgatelelo tsa tsamaiso eno ya dilo di ka dira gore re ipone re tlhaela fela thata.
2 Fa seno se direga re ka kgothadiwa ke lokwalo lo moaposetoloi Paulo a neng a lo kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng kwa Korintha. O ne a kwala jaana: “Re na le letlotlo leno mo dijaneng tsa letsopa.” (2 Bakor. 4:7) Paulo o ne a tlhomamisa jaana: “Ke gone ka moo re sa leseng, e re ka re na le bodiredi jono.” (2 Bakor. 4:1) Ke boammaaruri gore, go sa kgathalesege gore a re batlodiwa kana ba “dinku tse dingwe,” ke kgwetlho mo go mongwe le mongwe wa rona gore re nne re bolela dikgang tse di molemo mme ‘re sa lese.’ Re tlhoka maatla a a tswang kwa Modimong, yo o nayang “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.”—Joh. 10:16; 2 Bakor. 4:7b.
3 Se se kgothatsang ke gore, Basupi ba le bantsi ke bareri ba ba tlhagafetseng le fa ba tshwanelwa ke go itshokela go ganediwa mo go botlhoko, mathata a a masisi a botsogo kana go tlhoka madi. Rotlhe re tshwanetse go lemoga gore tiro ya rona ya go rera e tshegediwa ke Jehofa. Go na le gore re letle gore go kgobega marapo kana poifo go koafatse maikaelelo a rona a go rera, a re ‘tsweleleng go bona maatla mo Moreneng le mo thateng ya nonofo ya gagwe.’—Baef. 6:10; Dia. 24:10.
4 Tsela ya go Bona Maatla a Modimo: Nnela ruri mo thapelong, o kopa thuso le maatla a Modimo. (Bar. 12:12; Bafil. 4:6, 7) Morago ga moo, ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe gore o tla go naya maatla a a fetang a a tlwaelegileng. (Dia. 3:5) Bala dipolelo tsa botshelo tsa motlha wa segompieno mo dimakasineng tsa rona, ka gonne di neela bosupi jwa gore Jehofa o thusa batlhanka ba gagwe gompieno go itshokela diteko. Atamalana thata le bakaulengwe mo phuthegong, mme o se ka wa lesa go ya dipokanong.—Bar. 1:11, 12; Baheb. 10:24, 25.
5 E kete re ka dira sotlhe se re ka se kgonang go dira gore re bone maatla a ga Jehofa—maatla a a fetang a a tlwaelegileng le a a tla re thusang gore re se lese mo tirong eno e e botlhokwa thata ya go rera ka Bogosi.