LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 8/15 ts. 21-23
  • ‘Tloga mo Lefatsheng la Gaeno le mo go Balosika Lwa Ggaeno’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Tloga mo Lefatsheng la Gaeno le mo go Balosika Lwa Ggaeno’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlhayang fa ba Dira Jalo?
  • Ke Eng se Motho a Tshwanetseng go se Akanyetsa Pele ga a Fuduga?
  • Ke Mathata Afe a Motho a ka Nnang a Lebagana Nao?
  • Ke Masego Afe a a ka Ipelelwang?
  • Ke Eng Fa Re Tshwanetse go Fuduga?
    Tsogang!—1994
  • A o Na le Tumelo e e Tshwanang Le ya Ga Aborahame?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • A o Ka Kgona ‘go ya Kwa Makedonia’?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • “A ke Tshwanetse go Fuduga?”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 8/15 ts. 21-23

‘Tloga mo Lefatsheng la Gaeno le mo go Balosika Lwa Ggaeno’

KA November 1981, Tony le mosadi wa gagwe, Margaret, mmogo le bana ba bone ba babedi, yo mongwe a le dingwaga tse 9 mme yo mongwe a le tse 11, ba ne ba fuduga mo Ennyelane go ya kwa bophirima jwa Ireland. Ka ntlhayang? Go ya go thusa teng mo tirong ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera phatlalatsa. Dibeke di le pedi fela moragonyana, ba ne ba lebagana le mathata. Mariga e ne e le a a serame thata. O ne a seka a bona tiro epe e a neng a e solofetse, ka jalo Tony o ne a simolola kgwebo ya go phepafatsa dintsha-mosi. Ka a ne a ise a tlhaloganye tiro thata, o ne a aga a boela gae morago ga tiro e e boima ya letsatsi a le montshontsho ke mosidi. A o ko o akanye fela kafa a ileng a kotlomana ka gone fa a fitlhela met si a gatsetse mo dipompong ka ntlha ya serame, mme metsi fela a a neng a setse gore a tlhape ka one e le fela a a mo ketlejaneng! “Ka bokhutshwanyane fela re ne ra simolola go ipotsa gore re ne re fudugelang kwa garona le kwa go balosika lwa rona,” a bolela.

Go fuduga mo go bagaeno le ditsala tsa gago go ya go direla Modimo ka botlalo, mme o bo o nna o tswelela fela go sa kgathalesege mathata, go batlega gore o bo o na le tumelo e e tiileng. Mongwe yo o neng a supa tumelo e e ntseng jalo mo e ka nnang dingwaga tse 4 000 tse di fetileng e ne e le tlhogo ya lotso Aberahame. Morutwa Setefane o ne a bua jaana ka ene: “Modimo oa kgalalèlō o kile oa bōnala kwa go rra echo Aberahame, a le kwa Mesopotamia, a e se a ee kwa Harana, Me oa mo raea, oa re, Tloga mo lehatshiñ ya ga eno, le mo ditsaleñ tsa gago, me u eè kwa lehatshiñ ye ke tla le gu bontshañ.”—Ditihō 7:2, 3.

Legale, ga go ope gompieno yo o filweng taolo e e tlhamaletseng e e tshwanang le eo go tswa kwa Modimong gore a fuduge mo gagabo. Lefa go nt se jalo, diketekete tsa Bakeresete mo lekgolong leno la dingwaga la bo-20, ba ile ba baakanya maemo a bone go dira se se dirilweng ke Aberahame—go fudugela kwa dikgaolong tse disha go ya go tsweledisa ditiro tsa Modimo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20; Baroma 10:13-15) Ba ile ba lemoga gore “tshimo ke lehatshe” le gore mafelo a le mantsintsi a tlhoka thuso e e oketsegileng. (Mathaio 13:38) Fela jaaka Isaia, ba ile ba arabela ka tlhoafalo mo mafokong a ga Jehofa a a reng, “Ke tla roma mañ? me e mañ eo o tla re èlañ?” Ka go bona kafa motho a neng a tlhokafala ka gone, le bone ba ile ba arabela ba re, “Ke hano, roma nna.”—Isaia 6:8.

Ke ka Ntlhayang fa ba Dira Jalo?

Ke batho ba ba ntseng jang ba ba tsayang kgato e e ntseng jalo? Ga se gore ke ba dingwaga dingwe tse di kgethegileng kana ke ba mofuta mongwe wa botshelo, mme ebile ga se gore ba na le dikgono dingwe tse di sa tlwaelesegang. Ke batho fela bao, jaaka fa re itse, ba ikemiseditseng go tlhokomologa dikeletso tsa bone le boiketlo gore ba direle Bogosi jwa Modimo. Go ntse fela jaaka Aberahame a ne a dira fa a ne a fuduga mo motseng o o neng o humile dilo tse di bonalang ebile o le manobonobo go ya go nna mo ditanteng mo lefatsheng la seeng.—Bahebera 11:8-10.

“Re ne re aga re bona kafa go tlhokafalang ka gone go dira mo gontsintsi mo tirelong ya ga Jehofa,” ga bolela jalo banyalani bangwe ba ba neng ba fuduga le bana ba bone ba babedi ba banana ka 1983. “Re ne ra ikutlwa fela jaaka moaposetoloi Paulo fa a ne are, ‘Lobaka lo khutshwafetse’; jalo re ne ra fetsa ka gore re ‘ye kwa Ireland’ mme re thuse mo tirong koo.” (1 Bakorintha 7:29; bapisa Ditihō 16:9.) Go ya ka thanolelo nngwe e e tlhamaletseng, mogopolo wa mafoko a ga moaposetoloi Paulo go 1 Bakorintha 1:19 ke go re.’ “Selo se se botlhokwa go se gakologelwa ke gore nako e e re saletseng e khutshwafetse thata,” mme go ntse fela jalo ka dipaka tseo re nang natso go dira tiro ya Morena. (The Living Bible) Bakeresete ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ile ba fudugela gongwe le gongwe kwa ba tlhokafalang teng e le gore ba tle ba sole dipaka molemo pele ga di nyelela mme ba dirise ka tsela e e botlhale nako e e botlhokwatlhokwa eo e santseng e setse.

“Re ne ra bona seno jaaka sebaka se se molemo sa gore ‘ka metlha yotlhe re nne le dilo di le dintsi tse re di dirang mo tirong ya Morena.’” (1 Bakorintha 15:58) “Re ne re batla go direla Jehofa koo re neng re ka dira mo gontsi gone.” “Re ne ra ikutlwa gore re mo boemong jo bo molemo kafa mading gore re ka fuduga mme le gore fa re ne re ka thusa golo gongwe, go ne go tla bo go le phoso gore re seka ra dira jalo.” Ditlhaloso tse di ntseng jalo di supa maikutlo a ba le bantsi ba ba ileng ba tsaya dikgato tsa go ya go direla kwa ba tlhokafalang teng. Bakeresete bano ba ile ba tlhokomela thata-thata kgothatso e e go Diane 3:9, 27: “Tlotla Yehofa ka thoto ea gago, le ka tsa ntlha tsa totahalèlō eotlhe ea gago: Ba ba chwanecweñ ke go dihèlwa molemō, u se ka ua gana ka ōna, ha go le mo thateñ ea seatla sa gago go o diha.” Morago ga ba sena go tlhatlhoba ka kelotlhoko maemo a bone, ba sweditse ka gore ke ‘se se mo thateng ya bone go direla’ ba ga bone molemo wa go ya go ile mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.—Bona gape Baroma 1:14, 15; Luke 10:27-37.

O ka nna wa bo o le mo boemong jwa go fuduga. Fa go ntse jalo, o tla kgatlhegela go itse tsela eo bangwe ba bao ba setseng ba fudugile ba arabang dipotso tseno ka gone.

Ke Eng se Motho a Tshwanetseng go se Akanyetsa Pele ga a Fuduga?

Pele ga o ka fuduga, buisana le bagolwane ba phuthego ya gaeno. Utlwa gore ba akanya jang kaga dithulaganyo tsa gago. (Diane 24:6) Go ka nna ga bo go na le mabaka a go bo go fuduga mo go ntseng jalo go ka seka ga go siamela, mme ba tla go thusa go sekaseka seemo sa gago ka kelotlhoko. Ka sekai, motho yo o fudugang o tshwanetse a bo a nonofile mo semoyeng fa a batla gore a tle a nne sedirisiwa se se molemo gO no le go nni morwalo mo lefelong le lesha.

Dirisanya le Ofisi ya Lekala ya Basupi ba ga Jehofa mo nageng e o ikaelelang go fudugela kwa go yone—kana le Lekala la lefelo la lona fa e le gore o ikaelela go fudugela mo lefelong le le mo nageng ya gaeno. Fa go kgonega, etela lefelo le o ikaeletseng go ya kwa go lone go itse sentle ka lefatshe leo le batho ba lone pele ga o ka dira tshwetso ya gago ya bofelo.

Tlhatlhobisa maikutlo a gago pele ga o fuduga. Aberahame o ne a fuduga ka go bo a ne a na le keletso e e nonofileng ya go dira thato ya Modimo, mme eseng ka ntlha ya go bo a ne a na le moya wa go bona dinaga tse disha kana a gogilwe fela ke maikutlo a gagwe. Akanyetsa mabaka otlhe a a kopanyelediwang ka kelotlhoko. A go ka ne go na le bothata bongwe jwa puo? A o ka baakanya seemo sa gago gore se nyalane le tsela ya botshelo e e farologaneng le bosa jwa loapi? A o na le mathata mangwe a a kgethegileng a botsogo jwa mmele? A dipelo tsa botlhe ba ba mo lapeng la gago di tlhoafaletse khudugo eno? A o rulagantse maemo a gago a madi ka tsela ya gore o kgone go fuduga ka katlego? (Bapisa Luke 14:28.) Mabaka ano le a mangwe a mantsintsi a tlhoka go akanyediwa ka kelotlhoko le thapelo.—Baefesia 6:18.

Ke Mathata Afe a Motho a ka Nnang a Lebagana Nao?

Le eleng pele ga o ka fuduga, o ka nna wa tshwanelwa ke go lebagana le mathata. Ga se gore mongwe le mongwe o tla bona dilo kafa o di lebang ka gone. O ka nna wa utlwa dikakge-10 tse di sa kgothatseng kana tse di sa siamang. Lefa go le jalo, gakologelwa gore le eleng moaposetoloi Petere o ne a itsaya ka tsela e e sa siamang fa a ne a utlwa ka seo se neng se tla diragalela Jesu. Mo boemong jwa gore a kgothaletse Jesu go nonofela go dira thato ya ga Jehofa, Petere o ne are: “A go nnè kgakala nau, Morèna: mo, ga go ketla go gu dihalèla gopè.” Fela jaaka Jesu, ititeye sehuba gore o gane dipuo dingwe le dingwe tsa mofuta oo.—Mathaio 16:22, 23.

Morago ga fa o sena go wela dibete mo kgaolong e ntšha, o ka nna wa nna le bothata jo bogolo jwa go tlhologelela kwa gae. Go rata Jehofa le batho ba ba tshwanetseng go utlwa mafoko a a molemo a Bogosi jwa gagwe go tla go thusa go itshokela seno. Go ka fokodiwa mathata a le mantsi fa motho a dira lefelo le les ha gagabo ka mmatota. Tila go bapisa lefelo le lesha leo le kwa gaeno, ka go bo fa o dira jalo seo se ka dira gore o tlhoatlhoege le go ngaloga. Fa o lebagane le mathata, gakologelwa taletso ya ga Jehofa go Malaki 3:10: “Lo tlo lo ntekè ka gōna, go bua Yehofa oa mashomōshomō, . . . lo bōnè bo ga nketla ke lo bulèla dikgōrō tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesegō ye go se ketlañ go na le bonnō yo bo lekanyeñ go le baea.”

Ke Masego Afe a a ka Ipelelwang?

Fa tiro e o e dirang ya go bolela mafoko a a molemo e ntse e gola, bodihedi jwa gago le jone bo tla tokafala thata. O tla nna le bokgoni jo bogolwane jaaka morutisi wa Lefoko la Modimo. Seno ga se ne se tlisetsa wena fela melemo mme gape se tla o tlisetsa le botlhe ba ba go reetsang. (1 Timotheo 4:15, 16) Abo e le tshiamelo e e molemolemo jang ne go tshwara dithuto tsa Bibela le go thusa batho ba ba pelo tse di ikanyegang go tswa mo dithutong tsa maaka tsa Babelona! o ka nna le boipelo jo bo tlhalosiwang ke moaposetoloi Paulo fa a ne a kwalela bangwe ba ba a neng a bathusa go nna Bakeresete are: “Cholohèlō ea rona e be e le eñ, kgotsa boitumèlō yoa rona, leha e le serwalō sa boipelahaco? A ga se lona hèla?” (1 Bathesalonia 2:19) Ee, ke boipelo le lesego go tlhakanela mo go thuseng batho le diphuthego go atlega mo semoyeng.

Aberahame o ne a bidiwa “tsala ea Modimo” ka go bo a ne a akofela go utlwa taolo ya Modimo. (Yakobe 2:21-23; Isaia 41:8) Mme le wena o ka oketsa kamano ya gago e e kitlaneng le Modimo. Fa o nt se o iteka mo tirelong ya gagwe, o tla bona tlhokomelo ya gagwe e e lorato le tshegetso. O tla kgona go tlhaloganya ka botlalo se mopesalema a neng a se raya fa a ne are: “A lo ko lo lekeñ lo bōnè ha Yehofa a le molemō; go segō monna eo o mo ikanyañ.”—Pesalema 34:8.

Tony, Margaret, le bana ba bone ba ne ba lebagana le mathata fa ba ne ba fuduga go ya go direla Jehofa ka botlalo. Mme ka thuso ya ga Jehofa, ba ne baa fenya ka katlego. “Ga re a ka ra dumelela gore mathata a re amoge boipelo,” ba bolela jalo. “Mo maemong a a tshwanang le a re neng ra lebagana nao, re ne ra ithuta go ikaega ka Jehofa go feta, mme re ne ra bona thuso ya gagwe mo go sengwe le sengwe jaaka re bona mathata ka go latelelana ga one a ntse a nyelela.” Diketekete tsa batlhanka ba motlha wa segompieno ba ga Jehofa ba ile ba bontsha tumelo e e tshwanang le eo ka go fudugela gongwe le gongwe kwa go nang le tlhokafalo e kgolwane gone. A o ka dira ka tsela e e tshwanang?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Puisano ya lelapa e ka thusa gore go fuduga go atlege

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela