Kgaolo 6
Bobuda—Matsapa a go Batla Tshedifalelo Kwantle ga Thuso ya Modimo
1. (a) Bobuda bo ile jwa tswelela jang mo bathong ba Bophirima? (b) Ke eng seo se bakileng gore seno se diragale kwa Bophirima?
LEMORORO Bobuda bo ne bo sa itsege thata mo mafatsheng a a ka kwa ntle ga Asia kwa tshimologong ya lekgolo la bo 20 la dingwaga, gompieno ke bodumedi jo bogolo mo lefatsheng lotlhe. Ebile tota, batho ba le bantsi kwa Bophirima ba gakgamadiwa fela thata ke go bona Babuda ba ntsifala fela go bapa le bone. Seno se bakilwe thata ke go kgarakgatshega ga batshabi ba merafe yotlhe. Ba-Asia ba le bantsi ba agile mo Yuropa Bophirima, Amerika Bokone, Australia, le mafelo a mangwe. Jaaka bontsi jwa bafudugi ba thibelela mo mafatsheng a bone a masha, ba tla ka bodumedi jwa bone. Ka nako e e tshwanang, bontsi jwa batho ba Bophirima ba thulana ka tlhamalalo le Bobuda e le lantlha. Seno, mmogo le go sa gagamatseng melao thata le go wela kwa tlase ga bomoya mo dikerekeng tse di tlwaelegileng, go dirile gore batho ba le bantsi ba sokologele bodumeding jo “bosha.”—2 Timotheo 3:1, 5.
2. Baobamedi ba Babuda ba fitlhelwa kae gompieno?
2 Ka gone, go ya ka 1989 Britannica Book of the Year, Bobuda bo na le maloko a a ka nnang dimilione di le 300 mo lefatsheng ka bophara, ba na le mo e ka nnang maloko a le 200 000 mo Yuropa Bophirima le mo Amerika Bokone, a le 500 000 mo Latin America, le a le 300 000 mo Soviet Union. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa Babuda ba santse ba fitlhelwa mo dinageng tsa Asia, tse di tshwanang le Sri Lanka, Myanmar (Burma), Thailand, Japane, Korea, le China. Lefa go le jalo, tota Buda e ne e le mang? Bodumedi jwa gagwe bo ile jwa simologa jang? Dithuto le ditiro tsa Bobuda ke dife?
Ke Kgang ya Gore a Motswedi wa Jone o a Ikanyega
3. Go na le motswedi ofe o o tshotseng tshedimosetso kaga botshelo jwa ga Buda?
3 “Seo se itsegeng ka botshelo jwa ga Buda se thailwe fela mo bosuping jo bo neelwang ke dikwalo tse di tlhomamisitsweng, tseo bontsi jwa tsone le tse di tlhaloganyesegang motlhofo di kwadilweng ka Se-Pali, eleng puo ya India ya bogologolo,” go bolela jalo buka ya World Religions—From Ancient History to the Present. Seo se kaiwang ke seno ke gore ga go na motswedi ope wa tshedimosetso ya motlha wa gagwe eo e re bolelelang sepe kaga Siddhārtha Gautama, eleng mosimolodi wa bodumedi jono, yoo o neng a tshela mo bokone jwa India mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. Seno, legale, se baka bothata. Lefa go ntse jalo, se se leng masisi thata ke kgang ya gore “dikwalo tse di tlhomamisitsweng” tseo di ne tsa kwalwa leng le gone jang.
4. Dithuto tota tsa mmannete tsa ga Buda di ne tsa bolokwa jang kwa tshimologong?
4 Go ya ka ngwao ya Sebuda go bolela gore fela fa Gautama a sena go tlhokafala, go ne ga tlhomiwa lekgotla la baitlami ba le 500 go dira phetso ya gore thuto ya Morena yoo ya boammaaruri e ne e le efe. Gore a lekgotla la go nna jalo eleruri le ile la tlhongwa ke kgang eo bakanoki le borraditiragalo ba Babuda ba ganetsanang ka yone. Lefa go ntse jalo, ntlha e e botlhokwa eo re tshwanetseng go e tlhokomela ke gore le eleng dikwalo tsa Sebuda di dumalana gore thuto eo go neng ga fediwa ka gore ke ya boammaaruri e ne ya seka ya kwalwa mme e ne ya tshwarwa ka tlhogo fela ke barutwa ba gagwe. Tota dikwalo tse di boitshepo tseo di ne tsa seka tsa kwalwa go fitlhela morago ga nako e e rileng.
5. Dikwalo tsa Se-Pali di ne tsa kwalwa leng?
5 Go ya ka ditiragalo tsa Ba-Sri Lanka tsa lekgolo la bonè le la borataro la dingwaga C.E., tsa ntlha tsa “dikwalo tse di tlhomamisitsweng” tseno tsa Se-Pali di ne tsa kwalwa fa go ne go busa Kgosi Vattagamani Abhaya mo lekgolong lantlha la dingwaga B.C.E. Dipolelo tse dingwe kaga botshelo jwa Buda di ne tsa seka tsa kwalwa go fitlhela gongwe ka lekgolo lantlha kana le eleng la botlhano la dingwaga C.E., mo e ka nnang dingwaga di le sekete morago ga motlha wa gagwe.
6. Ke go nyatsa gofe moo go buiwang kaga “dikwalo tse di tlhomamisitsweng”? (Bapisa 2 Timotheo 3:16, 17.)
6 Ka jalo, Abingdon Dictionary of Living Religions e lemotsha gore, “‘Dipolelo kaga botshelo’ jwa gagwe di simolotse go kwalwa morago thata ebile di tletse ka dikinane le ditlhamane, mme dikwalo tse di tlhomamisitsweng tsa bogologolo thata ke dipolelo tse di nnileng tsa nna tsa tlotlelanwa mo nakong e telele tseo ka phepafalo di ileng tsa fetolwa tsa ba tsa okediwa.” Mokanoki mongwe o bile a ba a “tatalala gore ga go na lefoko lefa e le le le lengwe fela la thuto e e kwadilweng eno leo go ka bolelwang ka tlhomamo ka botlalo gore le builwe ke Gautama ka boene.” A babonadiphoso bano ba na le mabaka?
Go Imiwa le go Tsholwa ga ga Buda
7. Go ya ka dikwalo tsa Sebuda, go ne ga tla jang gore mmaagwe Buda a mo ime?
7 Elatlhoko ditsopolo tse di latelang tse di tswang go Jataka, seo e leng karolo ya dikwalo tse di tlhomamisitsweng tsa Se-Pali, le Buddha-charita, seo eleng mokwalo wa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. wa Se-Sanskrit kaga botshelo jwa Buda. Santlha, go bolelwa kafa mmaagwe Buda ebong Mohumagadi Maha-Maya, a neng a mo ima ka gone mo torong.
“Baengele ba banè ba batlhokomedi ba ne ba tla mme ba mo tlhatlosetsa kwa godimo, ba mo tlhatlosa ka bolao jwa gagwe, mme ba mo tlhatlosetsa kwa Dithabeng tsa Himalaya. . . . Go tswa foo go ne ga tla basadi ba baengele bao ba batlhokomedi, mme ba mo isa kwa Letsheng la Anotatta, mme ba mo tlhapisa, ba mo tlhatswa leswe lotlhe la setho. . . . E ne e se kgakala thata le Thaba ya Selefera, mme mo teng ga lone go ne go na le ntlo e kgolo ya gouta. Ba ne ba mo alela bolao jwa bomodimo joo tlhogo ya jone e neng e lebile kwa botlhaba, mme ba mo robatsa mo go jone. Jaanong Buda yono wa isagwe o ne a fetogile tlou e kgolo e tshweu . . . O ne a palama mo Thabeng ya Selefera, mme . . . o ne a dikologa bolao jwa ga mmaagwe gararo, letlhakore la gagwe la moja le lebagane le jone, mme a ntse a ama letlhakore la gagwe la moja, a lebega ekete o tsena mo sebopelong sa gagwe. Mme ka gone a imiwa mo moletlong o o ketekwang fa gare ga selemo.”
8. Ke eng seo se neng sa bolelelwa pele kaga isagwe ya ga Buda?
8 Fa mohumagadi a ne a bolelela monna wa gagwe toro eo, ebong kgosi, o ne a bitsa baperesiti ba maemo a a kwa godimo ba Bahindu ba le 64, a ba fepa ka dijo a bo a ba apesa, mme a ba kopa gore ba e mo phuthololele. Karabo ya bone e ne ya nna eno:
“O seka wa tshwenyega, kgosi e kgolo! . . . O tla bona morwa. Mme ene, fa a ka tswelela a tshela botshelo jwa lelapa leno, e tla nna kgosi mo lobopong lotlhe; mme fa a ka tlogela botshelo jwa lelapa leno mme a kgaogana le lefatshe leno o tla fetoga Buda, mme a tlose sebe le bosula jwa lefatshe leno.”
9. Ke ditiragalo dife tseo di sa tlwaelesegang tseo go neng ga bolelwa fa di ne tsa latela morago ga go sena go bolelwa isagwe ya ga Buda?
9 Morago ga moo, go bolelwa fa go ne ga diragala dikgakgamatso di le 32:
“Mafatshe otlhe a a dikete di some a ne a roroma ka tshoganetso, a tetesela, a ba a tshikinyega. . . . Melelo ya dihele tsotlhe e ne ya tima; . . . batho botlhe ba ne ba fola malwetsi a bone; . . . diletso tsotlhe di ne tsa lela di sa tshamekiwe ke ope; . . . mo mawatleng a magolo metsi a ne a nna botshe; . . . mafatshe otlhe a a dikete di some a ne a nna namane e tona ya dithunya tsa bontle joo bo iseng bo ke bo bonwe.”
10. Dikwalo tse di boitshepo tsa Sebuda di tlhalosa go tsholwa ga ga Buda jang?
10 Go tswa foo go ne ga tla go tsholwa mo go sa tlwaelesegang ga ga Buda mo tshingwaneng ya ditlhare tsa sal e e bidiwang Sekgwana sa Lumbini. Fa mohumagadi a ne a batla go tshwara kala nngwe ya setlhare sa sal se se godileng go di feta tsotlhe mo sekgwanyaneng seo, setlhare seo se ne sa mo ikobela gore a kgone go se tshwara. Erile a santse a tshwere kala eo a bile a santse a eme, a tshola ngwana.
“O ne a tswa mo sebopelong sa ga mmaagwe jaaka moreri a fologa mo setulong sa bareri, kana jaaka monna a fologelela mo setepiseng, a phutholola diatla tsa gagwe le maoto, a sa tshasegelwa ke leswe lepe la sebopelo sa ga mmaagwe. . . . ”
“Fela fa a sena go tsholwa, [Buda yono wa isagwe] o ne a tlhoma maoto a gagwe sentle fa fatshe, a tsaya dikgato di le supa go ya kwa bokone, a khurumeditswe ka lesire mo godimo ga tlhogo ya gagwe, mme a tlhatlhoba dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe, a bua ka lentswe le le kwa godimo go feta la batho botlhe a re: Ke nna kgosi mo lefatsheng lotlhe, ke molemo go gaisa botlhe ebile ke motho wa maemo a a kwa godimo go gaisa batho botlhe; botsalo jono ke jwa me jwa bofelo; ga ke kitla ke tsholwa gape.”
11. Bakanoki bangwe ba dirile phetso efe malebana le dipolelo kaga botshelo jwa ga Buda jaaka di fitlhelwa mo dikwalong tse di boitshepo?
11 Go na le dipolelo tse dingwe gape tseo di tlhalositsweng ka botlalo jaaka eno malebana le botshelo jwa gagwe jaaka ngwana, go thulana ga gagwe le basetsanyana bao ba neng ba mo kgatlhegela, go kgarakgatshega ga gagwe, le mo e ka nnang kaga tiragalo nngwe le nngwe mo botshelong jwa gagwe. Gongwe ga go gakgamatse go bo bakanoki ba le bantsi ba dumela gore dipolelo tseno tsotlhe ke dikinane le ditlhamane. Mosimegi mongwe wa British Museum o bile a ba a akantsha gore ka gonne go na le “dikinane tse dintsi le dikgakgamatso, . . . hisitori ya botshelo jwa Buda ga se eo e ka itsiweng.”
12, 13. (a) Polelo e e tlwaelesegileng kaga botshelo jwa ga Buda ke efe? (b) Gantsi go dumelwa gore Buda o ne a tsholwa leng? (Bapisa Luke 1:1-4.)
12 Go sa kgathalesege ditlhamane tseno, polelo e e sa kwalwang kaga botshelo jwa ga Buda e itsiwe ke batho ba le bantsi. Buka nngwe ya segompieno, ebong A Manual of Buddhism, e e gatisitsweng mo Colombo, kwa Sri Lanka, e bolela polelo e e latelang eo e tlhofofaditsweng.
“Mo letsatsing leo kgwedi e neng e le kgolokwe ka lone la May mo ngwageng wa 623 B.C. mo kgaolong ya Nepal go ne ga tsholwa Kgosana ya Moindia ya Mo-Sakya, yoo leina la gagwe e neng e le Siddhattha Gotama.a Rraagwe e ne e le Kgosi Suddhodana, mme mmaagwe e ne e le Mohumagadi Mahā Māyā. O ne a tlhokafala malatsi a sekae fela morago ga a sena go tshola ngwana wa gagwe mme Mahā Pajāpati Gotamī e ne ya nna mmè yo o neng a mo tlhokomela.
“Fa a nna dingwaga di le lesome le borataro o ne a nyala ntsalae, ebong Mohumagatsana yo montle Yasodharā.
“Mo dingwageng tse di ka nnang lesome le borataro morago ga lenyalo la gagwe le le itumedisang o ne a tshela botshelo jwa manobonobo a le kwa ga mothakga a sa lemoge fa ka kwantle ga ntlo ya bone ya segosi botshelo bo ne bo na le mathata.
“Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a simolola go lemoga boammaaruri. Mo ngwageng wa gagwe wa bo 29, oo e neng ya nna ngwaga wa diphetogo wa botshelo jwa gagwe, go ne ga tsholwa morwawe ebong Rāhula. O ne a tsaya gore ngwana yono wa gagwe e ne e le sekgoreletsi, ka gonne o ne a lemoga gore batho botlhe fela ba tshwanetse go tsholwa, go lwala, le go swa. Ka gone erile fa a lemoga gore bohutsana bo mo lobopong lotlhe, a dira phetso ya gore a batle tharabololo ya bolwetsi jono jwa batho ba mo lobopong lotlhe.
“Jalo erile ka go tlogela menate ya botshelo jwa segosi, a tswa mo legaeng la gagabo mo bosigong bongwe . . . a beola moriri wa gagwe, a apara seaparo se se motlhofo fela sa moithontshadilo mme a kgarakgatshega jaaka Mosenki wa Boammaaruri.”
13 Ka phepafalo dintlha tseno tseo di seng kae tsa botshelo jwa gagwe di phapaanong gotlhelele le dipolelo tse di ikgopolelwang tse di fitlhelwang mo “dikwalong tse di tlhomamisitsweng.” Mme kwantle ga ngwaga oo a tshotsweng ka one, batho ba le bantsi ba dumela mo go tsone.
Tshedifalelo—Kafa e Diragetseng ka Gone
14. Ke selo sefe se segolo seo se neng sa fetola botshelo jwa ga Gautama?
14 “Phetogo e kgolo mo botshelong jwa gagwe” eo e boletsweng pelenyana e ne e le efe? E ne ya nna fa a ne a bona, e le lantlha mo botshelong jwa gagwe, motho yo o lwalang, motho yo o tsofetseng, le motho yo o suleng. Boitemogelo jono bo ne jwa dira gore a tshwenngwe ke seo tota bokao jwa botshelo e neng e le sone—Gore ke ka ntlhayang fa batho ba tsholwa, e le fela gore ba tle ba boge, ba tsofale, ba bo ba swe? Go tswa foo, go bolelwa gore o ne a bona monna mongwe yo o boitshepo, yoo o neng a tlogetse lefatshe a batla go latedisa boammaaruri. Seno se ne sa tlhotlheletsa Gautama gore a tlogele lelapa la gagwe, dithoto tsa gagwe, le go latlha leina la gagwe la segosana mme go tswa foo a bo a senya dingwaga tse di ka nnang thataro tse di latelang a batla karabo mo barutising ba Bahindu le bo-guru, mme a seka a atlega. Polelo eo e re bolelela gore o ne a latela tsela ya go tlhatlhanya, go itima dijo, Yoga, le go iitatola mo go feteletseng, lefa go le jalo o ne a seka a bona kagiso ya semoya kana tshedifalelo.
15. Labofelo Gautama o ne a bona jang seo go bolelwang gore ke tshedifalelo ya gagwe?
15 Kgabagare o ne a lemoga gore tsela ya gagwe ya go ithontsha dilo ka mo go feteletseng e ne e sena mosola fela jaaka botshelo jwa go itlhapedisa joo a neng a bo tshela pele. Jaanong o ne a simolola seo se bidiwang Tsela e e fa Gare, a tila go tshela matshelo a a feteletseng ao a neng a a tshela. A fetsa ka gore karabo e ne e ka bonwa mo go ene ka boene, o ne a nna a tlhatlhanya kafa tlase ga setlhare sa pipal, kana setlhare sa mofeige sa Seindia. O ne a nna a tlhomame mo go tlhatlhanyeng ga gagwe ka dibeke di le nnè (bangwe ba re dibeke di le supa) a tila ditlhaselo le dithaelo tsa ga diabolo Mara, go fitlhela kafa go bolelwang ka gone a nna le kitso e e di fetang tsotlhe le kutlwisiso a bo a bona tshedifalelo.
16. (a) Gautama o ne a fetoga eng? (b) Ke dipono dife tse di farologaneng tseo batho ba nang natso kaga Buda?
16 Ka tsela eno, go ya ka mafoko a Sebuda, Gautama o ne a fetoga Buda—Yoo o Tsositsweng, kana Yo o Sedifaleditsweng. O ne a fitlheletse mokgele wa bofelo, ebong Nirvana, seo e leng boemo jwa go nna le kagiso ka botlalo le tshedifalelo, o sa eletse sepe lefa e le go bogisiwa ke sepe. Gape jaanong o ne a itsiwe jaaka Sakyamuni (motlhalefi wa lotso lwa Sakya) mme gantsi o ne a ipitsa Tathagata (yo ka gone a tsileng [go ruta]). Lefa go ntse jalo, makoko a a farologaneng a Babuda a na le dipono tse di farologaneng ka kgang eno. Ba bangwe ba mo tsaya fela jaaka motho yo o neng a iponela tsela ya go bona tshedifalelo mme a e ruta balatedi ba gagwe. Bangwe ba mo leba jaaka wa bofelo wa Bobuda ba ba tlhomaganeng bao ba neng ba tla mo lefatsheng go tla go rera kana go tsosolosa dharma (Dhamma, ka Se-Pali), eleng thuto kana tsela ya Sebuda. Ba bangwe gape ba mo tsaya jaaka bodhisattva, eleng motho yo o neng a bona tshedifalelo mme a beela kwa thoko nako ya go tsena mo Nirvana e le gore a tle a thuse ba bangwe mo go batleng tshedifalelo. Le fa e ka tswa tiragalo eno ya Tshedifalelo e le eng, se segolo ke gore fela ke ya botlhokwa jo bogolo mo bathong botlhe bao e leng Babuda.
Tshedifalelo—Yone Ke Eng?
17. (a) Buda o ne a rera thero ya gagwe ya ntlha kae ebile a e rerela bomang? (b) Tlhalosa Boammaaruri jo Bonè jo bo Tlotlegang ka boripana.
17 Morago ga Buda a sena go bona tshedifalelo, le morago ga go fenya go etsaetsega ga kwa tshimologong, o ne a simolola go ruta batho ba bangwe boammaaruri jwa gagwe joo a neng a sa tswa go bo bona, eleng dharma. Thero ya gagwe ya ntlha e gongwe e leng ya botlhokwa go di feta tsotlhe o ne a e neela kwa motseng wa Benares, mo parakeng ya dikgama, a e naya bo-bhikku ba le batlhano—eleng barutwa kana baitlami. Mo go yone, o ne a ruta gore motho, o tshwanetse gore a tile go ikgotsofatsa mo go feteletseng le go ithontsa dilo gore a bolokwe mme gape a latele Tsela e e fa Gare. Go tswa foo, motho o tshwanetse go tlhaloganya le go latela Boammaaruri jo Bonè jo bo Tlotlegang (bona lebokoso, mo tsebeng e e latelang), joo ka bokhutshwane bo ka sobokanngwang jaaka fa tlase:
(1) Ditshedi tsotlhe di a boga.
(2) Go boga go tsosiwa ke keletso kana go goalalela dilo.
(3) Go sa eletseng sepe go raya bokhutlo jwa go boga.
(4) Go sa eletseng sepe go bonwa ka go latela Tsela ya Dikarolo tse di Robangbobedi, go laola boitshwaro jwa motho, go akanya ga gagwe, le tumelo ya gagwe.
18. Buda o ne a re tshedifalelo ya gagwe e ne e tswa kae? (Bapisa Yobe 28:20, 21, 28; Pesalema 111:10.)
18 Thero eno ya Tsela e e fa Gare le ya Boammaaruri jo Bonè jo bo Tlotlegang ke yone eo e tshwereng moko wa Tshedifalelo mme e tsewa e le tshobokanyo ya thuto yotlhe ya Sebuda. (Phapaanong le seo, bapisa Mathaio 6:25-34; 1 Timotheo 6:17-19; Yakobe 4:1-3; 1 Yohane 2:15-17.) Gautama ga a ka a iphaka gore o tlhotlheleditswe ke Modimo go naya thero eno mme o ne a inaya tlotla ka mafoko a a reng “jaaka go lemogile Tathagata.” Go bolelwa gore fa Buda a ne a tlhokafala, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Batla poloko o le nosi mo boammaaruring; batla thuso eseng mo go ope fela fa e se mo go wena.” Ka gone, go ya ka Buda, motho o bona tshedifalelo, eseng go tswa kwa Modimong, mme ka go iteka ka boene ka go tlhagolela go akanya sentle le ditiro tse di molemo.
19. Ke ka ntlhayang fa molaetsa wa ga Buda o ne wa amogelwa ka nako eo?
19 Ga go thata go bona gore ke ka ntlhayang fa thuto eno e ne ya amogelwa ke batho ba Baindia ba nako eo. E ne e kgala bogagapa le ditlwaelo tse di bodileng tsa sedumedi tseo di neng di rotloediwa ke Bo-Brahman ba Bahindu, kana, mo letlhakoreng le lengwe, ke mophato wa baperesiti, mme gape le go ithontsha dilo ka mo go feteletseng ga Ba-Jain le dikobamelo tse dingwe tsa masaitsiweng. Gape e ne ya fedisa ditlhabelo le dingwaokobamelo, medimo e mentsintsi le medimo ya sesadi, le tsamaiso eo e neng e le morwalo fela ya go kgaoganya batho ka mephato eo e neng e tlwaelegile thata le eo e neng e dira gore dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa motho e nne tsa bokgoba fela. Ka bokhutshwane, e ne ya solofetsa kgololesego go mongwe le mongwe yo o neng a iketleeleditse go latela tsela ya ga Buda.
Bobuda bo Anamisa Tlhotlheletso ya Jone
20. (a) “Metheo e Meraro” ya Bobuda ke efe? (b) Tlhabano ya go rera ga ga Buda e ne e le kgolo go le kana kang?
20 Fa bo-bhikku ba batlhano ba ne ba amogela thuto ya ga Buda, ba ne ba nna bo-sangha ba ntlha, kana lesomo la baitlami. Jalo ga wediwa “Metheo e Meraro” (Triratna) ya Sebuda, eleng, Buda, dharma, le sangha, bao go neng go tsewa gore ba tla thusa batho go tsena mo tseleng ya go bona tshedifalelo. Morago ga go ipaakanyetsa jalo, Gautama wa Mobuda o ne a tsamaya a rera mo Mokgatsheng wa Ganges yotlhe. Batho ba maemo otlhe a loago le thutego ba ne ba tla go mo reetsa, mme ba ne ba nna barutwa ba gagwe. Fa a ne a tlhokafala a le dingwaga di le 80, o ne a setse a itsege thata a bile a tlotliwa fela thata. Go ne ga bolelwa gore mafoko a gagwe a bofelo ao a neng a a bolelela barutwa ba gagwe e ne e le: “Sengwe le sengwe se na le go bola. Itireleng poloko ya lona ka tlhoafalo.”
21. (a) Ke mang yo o neng a di goga kwa pele mo go anamiseng Bobuda? (b) Maiteko a gagwe a ne a felela jang?
21 Mo lekgolong la boraro la dingwaga B.C.E., mo e ka nnang dingwaga di le 200 morago ga loso lwa ga Buda, go ne ga tlhaga mogaka mongwe yo mogolo wa Sebuda, ebong Mmusi Aśoka, yoo o neng a busa bogolo jwa India. Ka go bo a ne a hutsafaditswe ke dipolao le ditsogologelano tseo a neng a di dirile mo diphenyong tsa gagwe, o ne a amogela Bobuda mme a bo ema nokeng mo Pusong ya gagwe. O ne a aga dikago tse dikgolo tsa bodumedi, a tlhoma makgotla, mme a kgothaletsa batho go tshela tumalanong le melao ya ga Buda. Gape Aśoka o ne a roma barongwa ba Babuda go ya kwa dikarolong tsotlhe tsa India le kwa Sri Lanka, Syria, Egepeto, le Gerika. Bobuda bo ne jwa tlogela go nna lekoko la Seindia mme jwa nna bodumedi jo bogolo mo lefatsheng, segolobogolo ka maiteko a ga Aśoka. Ka mo go utlwalang ka gone, batho bangwe ba mo tsaya fa e le mothai wa bobedi wa Bobuda.
22. Go ne ga diragala jang gore Bobuda bo tlhomame mo Asia yotlhe?
22 Go tswa kwa Sri Lanka, Bobuda bo ne jwa anamela kwa botlhaba mo Myanmar (Burma), Thailand, le dikarolo tse dingwe tsa Indochina. Go ya kwa bokone, Bobuda bo ne jwa anamela kwa Kashmir le Asia bogare. Go tswa dikarolong tseo, le kwa tshimologong fela mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., baitlami ba Babuda ba ne ba tsamaya go kgabaganya dithaba tse dikgolo le dikaka mme ba isa bodumedi jwa bone kwa China. Go tswa kwa China, go ne go le motlhofo fela gore Bobuda bo anamele mo Korea le Japane. Bobuda gape bo ne jwa simololwa mo Tibet, eleng lefatshe leo le bapileng le India kwa bokone. Bo ne jwa tlhakanngwa le ditumelo tsa lefelo leo, mme jwa bidiwa Bo-Lama, joo bo neng jwa nna selo se segolo mo botshelong jwa sedumedi jwa sepolotiki koo. Ka lekgolo la borataro kana la bosupa la dingwaga C.E., Bobuda bo ne bo setse bo tlhomame mo Borwabotlhaba jwa Asia jotlhe le kwa Botlhaba jo bo Kgakala. Mme mo India go ne go diragala eng?
23. Ke eng seo se neng sa diragalela Bobuda mo India?
23 Lemororo Bobuda bo ne bo anamisetsa tlhotlheletso ya jone mo mafatsheng a mangwe, ka bonya bo ne bo ntse bo nyelela kwa morago kwa India. Ereka baitlami ba ne ba tseneletse thata mo dithutong tsa botlhale le tsa tlholego, ba ne ba simolola go latlhegelwa ke balatedi ba bone ba batho ba ba tlwaelesegileng. Mo godimo ga moo, go latlhegelwa ke kemonokeng ya segosi le go amogela dikgopolo le ditlwaelo tsa Sehindu gotlhe go ne ga akofisa go nyelela ga Bobuda mo India. Le eleng mafelo a a boitshepo a Sebuda, a a jaaka Lumbini, koo Gautama a neng a tsholelwa gone, le Buddh Gaya, koo a neng a itemogelela “thetebalo” gone, e ne ya nna marope fela. Kwa bofelong jwa lekgolo la bo 13 la dingwaga, go ne go ntse fela jaaka ekete Bobuda bo nyeletse gotlhelele mo India, lefatshe leo bo simologileng mo go lone.
24, 25. Ke ditiragalo dife tse dingwe tsa Bobuda tseo di neng tsa bonwa mo lekgolong la bo 20 la dingwaga?
24 Mo lekgolong la bo 20 la dingwaga, go ne ga nna le phetogo e nngwe gape mo Bobudeng. Ditsogologelano tsa sepolotiki mo China, Mongolia, Tibet, le dinaga tsa Borwabotlhaba jwa Asia di ne tsa bo nyeleletsa ruri. Diketekete tsa dikago tsa baitlami le ditempele di ne tsa senngwa mme baitlami ba senna le ba basadi ba le diketekete ba ne ba kojwa, ba tsenngwa mo kgolegelong, kana le eleng go bolawa. Lefa go ntse jalo, tlhotlheletso ya Sebuda e santse e le kgolo fela thata mo go akanyeng le mekgwa ya batho ba mafatshe ano.
25 Mo Yuropa le Amerika Bokone, kgopolo ya Sebuda ya go batla “boammaaruri” mo mothong ka boene e lebega e ikuela mo bathong ba le bantsi, mme tlwaelo ya go tlhatlhanya e dira gore ba lebale tlhakatlhakano ya botshelo jwa Bophirima. Ka mo go kgatlhisang, mo ketapeleng ya buka Living Buddhism, Tenzin Gyatso, eleng Dalai Lama wa Tibet yo o ileng botshwarwa, o ne a kwala jaana: “Gongwe gompieno Bobuda bo ka tswa bo na le karolo mo go gakololeng batho ba bophirima gore ba na le bomoya jo bo kana kang mo matshelong a bone.”
Ditsela tsa Bobuda tse di Farologaneng
26. Bobuda bo ne jwa kgaogana ka ditsela dife?
26 Lemororo go buiwa ka Bobuda jaaka bodumedi bo le bongwe fela, tota bo kgaoganye ka makgotla a le mmalwa. Ka baka la diphuthololo tse di farologaneng tsa go tlholega ga ga Buda le dithuto tsa gagwe, lekgotla lengwe le lengwe le na le dithuto tsa lone tsa motheo, ditlwaelo, le dikwalo. Go tswa foo makgotla ano a kgaoganngwa ka ditlhopha di le mmalwa le makoko, tseo bontsi jwa tsone di tlhotlhelediwang thata ke ditsela tsa botshelo tsa lefelo leo le dingwao.
27, 28. O ka tlhalosa jang Bobuda jwa Theravada? (Bapisa Bafilipi 2:12; Yohane 17:15, 16.)
27 Lekgotla la Sebuda la Theravada (Tsela ya Bagolwane), kana Hinayana (Sepalangwa se se Botlana), le atlegile thata mo Sri Lanka, Myanmar (Burma), Thailand, Kampuchea (Cambodia), le Laos. Ba bangwe ba tsaya gore lekgotla leno ke la ngwao. Le gatelela go bona botlhale le go ipatlela poloko ka go kgaogana le lefatshe le go tshela botshelo jwa moitlami, go ineela mo go tlhatlhanyeng le go ithuta mo sekolong sa baitlami.
28 Ke selo se se tlwaelesegileng mo mafatsheng ano go bona ditlhopha tsa makawana bao ba beotseng ditlhogo, ba apere diaparo tsa mmala wa lephutshe ba sa rwala ditlhako, ba tshotse dijana tsa bone tsa batlhoki go ya go amogela dijo tsa bone tsa letsatsi le letsatsi tseo ba di fiwang ke badumedi ba ba tlwaelesegileng bao seabe sa bone e leng go ba tlamela. Ke tlwaelo gore banna ba senye bobotlana karolo ya botshelo jwa bone ba le mo sekolong sa baitlami. Mokgele wa bofelo wa botshelo jwa boitlami ke go nna arhat, ke go re, motho yo o fitlhileng mo boitekanelong jwa semoya ebile a golotswe mo botlhokong le mo dipogong tsa medikologo ya go tsalwa sesha. Buda o bontshitse tsela; go mo magetleng a mongwe le mongwe gore a e latele.
29. Dipopego dingwe tsa Bobuda jwa Mahayana ke dife? (Bapisa 1 Timotheo 2:3, 4; Yohane 3:16.)
29 Lekgotla la Sebuda la Mahayana (Sepalangwa se Segolo) gantsi le fitlhelwa mo China, Korea, Japane, le Vietnam. Le bidiwa jalo ka gonne le gatelela thuto ya ga Buda ya gore “boammaaruri le tsela ya go bona poloko di ka bonwa ke motho mongwe le mongwe e ka tswa a nna mo legageng, mo ntlong ya baitlami, kana mo ntlong fela . . . Ga di bonwe ke bao ba ikgaoganyang le lefatshe fela.” Kgopolo ya motheo ya Mahayana ke gore lorato le kutlwelobotlhoko ya ga Buda di dikgolo mo a sa kakeng a thibela ope go bona poloko. E ruta gore ereka rotlhe re na le Bobuda, motho mongwe le mongwe o ka kgona go nna Buda, yo o boneng tshedifalelo, kana bodhisattva. Tshedifalelo ga e bonwe ka go itaya ka tlhoafalo, mme ka go nna le tumelo mo go Buda le go utlwela ditshedi tsotlhe botlhoko. Seno ka phepafalo se ikuela thata mo bathong bao ba akanyang ka tsela e e utlwalang. Lefa go ntse jalo, ka baka la boikutlo jono jwa go repisa dilo, go ile ga tlhagoga ditlhopha di le mmalwa le dikobamelo.
30. Baobamedi ba Bobuda jwa “Lefatshe le le Itshekileng” ba batla mokgele ofe? (Bapisa Mathaio 6:7, 8; 1 Dikgosi 18:26, 29.)
30 Gareng ga makoko a mantsi a Mahayana ao a tlhagogileng mo China le mo Japane go na le makgotla a Lefatshe la Boitsheko le a Zen a Sebuda. La ntlha le thaile tumelo ya lone mo go dumeleng mo maatleng a a bolokang a ga Amida Buddha, yoo o ileng a solofetsa balatedi ba gagwe gore ba tla tsholwa sesha mo Lefatsheng la Boitsheko, kana Paradaise ya kwa Bophirima, eo eleng lefatshe la boipelo le boitumelo eo go nnang medimo le batho mo go yone. Go tswa koo, go nna motlhofo fela go kgabaganyetsa kwa Nirvana. Ka go boeletsa thapelo e e reng “Ke dumela mo go Amida Buddha,” fa gongwe motho a dira jalo makgetlo a le sekete ka letsatsi, modumedi o iphepafatsa gore a kgone go bona tshedifalelo kana go tsholwa sesha mo Paradaiseng ya kwa Bophirima.
31. Dipopego dingwe tsa Bobuda jwa Zen ke dife? (Bapisa Bafilipi 4:8.)
31 Bobuda jwa Zen (Lekgotla la Ch’an mo China) bo tsere leina la jone mo tlwaelong ya go tlhatlhanya. Mafoko a ch’an (Se-China) le zen (Sejapane) ke mafoko a mangwe a a rayang lefoko la Se-Sanskrit eleng dhyāna, leo le rayang “go tlhatlhanya.” Thuto eno e ruta gore go ithuta, ditiro tse di molemo, le dingwaokobamelo, ga se tsa botlhokwa jo bo kalo. Motho o ka kgona go bona tshedifalelo fela ka go akanya ka malepa a a thata a a tshwanang le, ‘Modumo wa fa seatla se opiwa se le sosi ke eng?’ le, ‘Ke eng seo re se fitlhelang mo go senang sepe gone?’ Kobamelo e e sa itsegeng sentle ya lekgotla la Bobuda jwa Zen e itshupa ka tsela ya go rulaganngwa sentle ga dithunya, mokwalo o o kwadilweng ka matsetseleko, go tshwantsha ka inka, maboko, ditshingwana, jalo le jalo, tseo di dirwang ka botswerere jo bogolo, mme tseno di ile tsa ratiwa ke batho ba Bophirima fela thata. Gompieno, mafelo ao go tlhatlhanya ga Zen go dirwang mo go one a fitlhelwa mo dinageng tse dintsi tsa Bophirima.
32. Bobuda jwa Tibet bo dirwa jang?
32 Kwa bokhutlong, go na le Bobuda jwa Tibet kana Bo-Lama. Mofuta ono wa Bobuda fa gongwe o bidiwa Mantrayana (Sepalangwa sa Mantra) ka baka la go dirisiwa thata ga mantras, eleng tatelano ya dinoko tsa mafoko tseo di nang le tlhaloso kana di senang nayo tseo di boaboelediwang. Go na le go gatelela botlhale kana kutlwelobotlhoko, mofuta ono wa Bobuda o gatelela go dirisa dingwaokobamelo, dithapelo, maselamose, le tirisabadimo mo kobamelong. Dithapelo di boelediwa makgetlo a le sekete ka letsatsi go dirisiwa dibaga tsa thapelo le makotwana a thapelo. Motho o ka kgona go ithuta dingwaokobamelo tseno tse di raraaneng fela ka go di rutwa ke bo-lama, kana baeteledipele ba dikolo tsa baitlami, bao ba ba itsegeng thata gareng ga bone eleng Dalai Lama le Panchen Lama. Morago ga lama a sena go tlhokafala, go batliwa ngwana yoo go bolelwang fa lama a tsene mo go ene gore a tle a nne moeteledipele yo o latelang wa semoya. Lefa go ntse jalo, lereo leno gape le dirisiwa ka kakaretso mo baitlaming botlhe, bao, ka tekanyetso, ka nako nngwe ba neng ba le ba palo ya nngwebotlhanong jwa baagi botlhe ba Tibet. Gape bo-lama ba ne ba direla jaaka barutisi, dingaka, beng ba ditsha le mapolotiki.
33. Makoko a Bobuda a tshwana jang le a Labodumedi? (Bapisa 1 Bakorintha 1:10.)
33 Dikarolo tse dikgolo tseno tsa Bobuda gape di boa di kgaoganngwa ka ditlhopha tse dintsi, kana makoko. Ba bangwe ba ineela mo moeteledipeleng yo o rileng, yo o tshwanang le Nichiren mo Japane, yo o neng a ruta gore ke Lotus Sutra ya Mahayana fela eo e nang le dithuto tse di tlhomameng kaga Buda, le Nun Ch’in-Hai mo Taiwan, yoo o latelwang ke batho ba le bantsi fela thata. Ka tsela eno, Bobuda ga bo farologane thata le Labodumedi eo e nang le dikereke tse dintsi le makoko. Ebile tota ke se se tlwaelegileng go bona batho bao ba iphakang fa e le Babuda ba tseneletse mo ditlwaelong tsa Se-Tao, Se-Shinto, le kobamelo ya bagologolwane, le eleng tsa Labodumedi.b Makoko otlhe ano a Bobuda a iphaka gore a thaile ditumelo tsa one le ditlwaelo mo dithutong tsa ga Buda.
Diroto tse Tharo le Dikwalo tse Dingwe tsa Sebuda
34. Ke eng seo re tshwanetseng go se gakologelwa fa re akanyetsa thuto ya Bobuda?
34 Dithuto tseo go neng go bolelwa fa di ile tsa rutiwa ke Buda di ne tsa tlotlelanwa fela mme di ne tsa simolola go kwalwa makgolokgolo a dingwaga morago ga fa a sena go tlhokafala. Ka gone, se se ka bolelwang fela ke go re, ke seo balatedi ba gagwe ba dikokomana tsa moragonyana ba neng ba akanya fa a ile a se bua kana a se dira. Seno se raraanyediwa pele ke ntlha ya gore ka nako eno, Bobuda bo ne bo setse bo kgaoganye ka makgotla a le mantsi. Ka gone, dikwalo tse di farologaneng di neela ditlhaloso tse di farologaneng fela thata tsa Bobuda.
35. Dikwalo tsa ntlha tse di boitshepo tsa Sebuda ke dife?
35 Dikwalo tsa ntlhantlha tsa Sebuda di ne tsa kwalwa ka Se-Pali, eleng loleme lo go bolelwang fa le ne le amana le le buiwang ke batho ba gaabo Buda, mo e ka nnang ka lekgolo lantlha la dingwaga B.C.E. Di amogelwa ke ba lekgotla la Theravada jaaka dikwalo tsa boammaaruri. Di na le dibuka tse 31 tse di rulagantsweng ka ditlhopha tse thataro tse di bidiwang Tipitaka (Se-Sanskrit, Tripitaka), seo se rayang “Diroto tse Tharo,” kana “Mephutho e Meraro.” Vinaya Pitaka (Seroto sa Kotlhao) e bua thata ka melao le melawana ya baitlami ba banna le baitlami ba basadi. Sutta Pitaka (Seroto sa Dipolelo) e na le dithero, ditshwantsho, le diane tseo di neng tsa neelwa ke Buda mo go eteleleng pele barutwa ba gagwe. Sa bofelo, Abhidhamma Pitaka (Seroto sa Thuto ya Motheo e Kgolo) e na le dikakgelo tsa dithuto tsa motheo tsa Sebuda.
36. Dikwalo tsa Bobuda jwa Mahayana di bopegile jang?
36 Mo letlhakoreng le lengwe, bontsi jwa mekwalo ya lekgotla la Mahayana bo kwadilwe ka Se-Sanskrit, Se-China, le Se-Tibet, mme e mentsi fela thata. Dikwalo tsa Se-China di le tsosi di na le dibolumo tse di fetang 5 000. Di na le dikgopolo di le dintsi tseo di neng di se mo mekwalong ya ntlhantlha, tse di tshwanang le dipolelo kaga Bobuda ba bantsi fela jaaka moshawa wa noka ya Ganges, bao go bolelwang fa ba ile ba tshela dimilionemilione tsa dingwaga, mongwe le mongwe a laola lefatshe la gagwe la Sebuda. Mokwadi mongwe o ne a sa feteletse fa a ne a lemotsha gore dikwalo tseno “di na le dipharologanyo tse dintsi, dikakanyetso tse di feteletseng, batho bao ba ntlafaditsweng go feta selekanyo, ebile dintlha di boeleditswe go feta selekanyo.”
37. Mekwalo ya Mahayana e ne ya tlhalosa mathata afe? (Bapisa Bafilipi 2:2, 3.)
37 Kwantle ga pelaelo, ke batho ba sekae fela bao ba kgonang go tlhaloganya dipolelo tseno tse di thata go tlhaloganyesega. Ka baka leo, ditiragalo tseno tsa moragonyana di dirile gore Bobuda bo farologane fela thata le seo Buda a neng a se ikaeletse kwa tshimologong. Go ya ka Vinaya Pitaka Buda o ne a gatelela gore dithuto tsa gagwe di tlhaloganngwe eseng fela ke batho ba ba rutegileng mme ke batho ba mefuta yotlhe. Ka baka leno, o ne a gatelela gore dikgopolo tsa gagwe di rutiwe ka puo ya batho ba ba tlwaelesegileng, eseng puo e e itshepileng ya bogologolo ya Sehindu. Ka gone, fa ba ikarabela mo kgannyeng ya Babuda ba Theravada ya gore dibuka tseno ga di dumalane le dikwalo tse di tlhomamisitsweng, balatedi ba Mahayana ba araba ka go re Gautama wa Buda lantlha o ne a ruta batho ba ba tlwaelesegileng fela le bao ba senang kitso, mme batho ba ba rutegileng le ba ba botlhale o ne a ba senolela dithuto tsa gagwe tseo di kwadilweng moragonyana mo dibukeng tsa Mahayana.
Modikologo wa Karma le Samsara
38. (a) Dithuto tsa Sebuda le tsa Sehindu di tshwana jang? (b) Babuda ba ruta eng kaga tumelo ya moya ebile ba e dirisa jang?
38 Lemororo Bobuda bo ne jwa golola batho mo botshwarong jwa Bohindu go ya bokgakaleng jo bo rileng, dikgopolo tsa jone tsa motheo di santse di na le dithuto tsa bogologolo tsa Sehindu tsa Karma le samsara. Bobuda, joo pele bo neng bo rutwa ke Buda, bo farologane le Bohindu ka gore ga bo dumele gore motho o na le moya o o sa sweng mme bo bolela gore motho ke “maatla kana maikatlapelo a senama le a tlhaloganyo a kopane mmogo.”c Lefa go le jalo, dithuto tsa jone di santse di remeletse mo dikgopolong tsa gore batho botlhe ba kgarakgatshega go tswa botshelong jo bongwe go ya go jo bongwe ka go tsholwa sesha moo go senang palo (samsara) le go boga ka baka la ditiro tsa nako e e fetileng le tsa nako eo (Karma). Lemororo molaetsa wa tshedifalelo le kgololesego mo modikologong ono o ka utlwala o kgatlhisa, ba bangwe ba botsa ka go re: Motheo wa one ke wa boammaaruri go le kana kang? Go na le bosupi bofe jwa gore go boga gotlhe go bakiwa ke ditiro tse motho a di dirileng mo botshelong jo bo fetileng? Le gore, totatota, go na le bosupi bofe jwa gore motho o kile a tshela go le pele?
39. Lokwalo longwe lwa Sebuda lo tlhalosa molao wa Karma jang?
39 Tlhaloso nngwe kaga molao wa Karma ya re:
“Kamma [Karma ya Se-Pali] ke molao ka boone. Mme ga go tlhalosiwe gore go tshwanetse ga nna le moneimolao. Melao e e tlwaelesegileng ya tlholego, e e tshwanang le maatla a kgogedi, ga o tlhoke moneimolao. Molao wa Kamma le one ga o tlhoke moneimolao. O itirisa ka boone o sa tlhoke mmusi o o o busang, o o ka kwa ntle.”—A Manual of Buddhism.
40. (a) Go nna gone ga melao ya tlholego go kaya eng? (b) Bibela e bolela eng kaga tiragalo le phelelo ya yone?
40 A go akanya jalo go a utlwala? A melao ya tlholego tota ga e tlhoke moneimolao? Motlhalefedi wa dirokete ebong Dr. Wernher von Braun o kile a tlhalosa ka go re: “Melao ya tlholego ya lobopo e tlhomame mo e leng gore ga re na bothata bope jwa go tlhama sesutlhalefaufau gore se fofele kwa ngweding mme ebile re ka kgona go lekanyetsa nako ya go fofa ga sone ka go opa kgomo lonaka. Melao eno e tshwanetse ya bo e ile ya tlhomiwa ke motho mongwe.” Bibela gape e bua kaga molao wa tiragalo le phelelo ya yone. E re bolelela gore, “Modimo ga o shotlwe: gonne se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ.” (Bagalatia 6:7) Go na le go bolela gore molao ono ga o tlhoke moneimolao, e bontsha gore “Modimo ga o shotlwe,” e lemotsha gore molao ono o ne wa tlhongwa ke Modiri wa one, ebong Jehofa.
41. (a) Molao wa Karma o ntse jang fa o bapisiwa le molao wa dikgotlatshekelo? (b) Tshwantshanya Karma le tsholofetso ya Bibela.
41 Mo godimo ga moo, Bibela e re bolelela gore “maduō a boleo ke losho,” le gore “eo o kileñ a shwa o siamisicwe kaga boleo.” Le eleng dikgotlatshekelo tsa katlholelo di lemoga ntlha ya gore ga go na motho ope yo o tshwanetseng go boga gabedi ka baka la molato mongwe. Ke ka ntlhayang, he, motho yo o setseng a dueletse boleo jwa gagwe ka go swa a tshwanetse go tsholwa gape e le fela gore a tle a bogisediwe ditiro tsa gagwe tsa nako e e fetileng? Mo godimo ga moo, ereka jaana motho a tla bo a sa itse ditiro tsa gagwe tsa nako e e fetileng tseo a di atlholelwang, o ka kgona go ikwatlhaya jang a bo a itokafatsa? A go ka tsewa gore seno ke tshiamiso? A go tsamaisana le kutlwelobotlhoko, eo go bolelwang fa e le nonofo e e tlhomologileng go di feta tsotlhe ya ga Buda? Phapaanong le seo, Bibela, morago ga go bolela gore “maduō a boleo ke losho,” e tswelela ka go re: “me nèō ea mphō hèla ea Modimo ke botshelō yo bo sa khutleñ mo go Keresete Yesu Morèna oa rona.” Ee, e solofetsa gore Modimo o tla fedisa bosula botlhe, boleo, le loso mme o tlisetse batho botlhe kgololesego le boitekanelo.—Baroma 6:7, 23; 8:21; Isaia 25:8.
42. Mokanoki mongwe wa Mobuda o tlhalosa go tsalwa sesha jang?
42 Fa e le ka go tsholwa sesha, mokanoki mongwe wa Mobuda ebong Dr. Walpola Rahula o tlhalosa jaana:
“Setshedi ga se sepe fela fa e se maatla kana dinonofo tsa senama le tsa tlhaloganyo. Seo re se bitsang loso ke go sa direng gotlhelele ga mmele wa senama. A maatla ano otlhe kana dinonofo tseno di nyelela gotlhelele fa mmele o sa tlhole o dira? Bobuda jwa re ‘Nnyaa.’ Boikemisetso, boikgethelo, keletso, keletso ya go nna gone, go tshela, go gola, ke maatla a magolo ao a tlhotlheletsang mo matshelong otlhe, mo go nneng gone gotlhe, mo a bileng a tlhotlheletsa lefatshe lotlhe. Ano ke maatla a magolo go feta otlhe, nonofo e kgolo go feta tsotlhe mo lefatsheng. Go ya ka Bobuda, nonofo eno ga e nyelele fa mmele o sa tlhole o dira, seo eleng loso; mme a tswelela a ntse a iponatsa ka sebopego se sengwe, a dira gore setshedi se nne gone gape seo re se bitsang go tsalwa sesha.”
43. (a) Go ya ka thutabotshelo, dibopapopego tsa mmele wa motho di laolwa ke eng? (b) Ke “bosupi” bofe joo fa gongwe bo neelwang go tshegetsa go tsalwa sesha? (c) A “bosupi” jwa go nna jalo jwa go tsalwa sesha bo dumalana le boitemogelo jo bo tlwaelesegileng?
43 Fa motho a imiwa, o rua 50 lekgolong ya dibopapopego tsa mongwe le mongwe wa batsadi ba gagwe. Ka gone ga go na tsela epe eo a ka tshwanang 100 lekgolong le motho yo o kileng a nna gone mo nakong e e fetileng. Eleruri, tsamaiso ya go tsalwa sesha ga e kake ya tshegediwa lefa e le ke molaomotheo ope fela o o itsiweng wa boitseanape. Gangwe le gape, bao ba dumelang mo thutong ya motheo ya go tsalwa sesha ba bolela gore bosupi jwa bone ke boitemogelo joo batho ba nnang najo jwa go iphaka gore ba kgona go gakologelwa difatlhego, ditiragalo, le mafelo ao ba iseng ba ko ba a itse go le pele. A seo se a utlwala? Fa motho a bolela gore motho yo o kgonang go gakologelwa dilo tsa nako e e fetileng o tshwanetse a bo a ile a tshela mo motlheng oo, o tshwanetse gape a bolele motho yo o kgonang go bolelela pele dilo tse di tla diragalang mo nakong e e tlang—mme ebile go na le batho ba le bantsi ba ba iphakang gore ba kgona go dira jalo—o tshwanetse a bo a ile a tshela mo nakong e e tlang. Kwantle ga pelaelo, ga go a nna jalo.
44. Bapisa thuto ya Bibela malebana le “moea” le thuto ya motheo ya Sebuda ya go tsalwa sesha.
44 Dingwaga tse di fetang 400 pele ga ga Buda, Bibela e ne ya bua ka maatla a botshelo. Fa e tlhalosa gore ke eng seo se diragalelang motho fa a tlhokafala, ya re: “Me lorole loa boèla mbuñ yaka lo nntse, le mōea oa boèla Modimoñ o o o abileñ.” (Moreri 12:7) Lefoko “mōea” ke thanolo ya lefoko la Sehebera ruʹach, leo le rayang maatla a botshelo ao a tshedisang ditshedi tsotlhe, batho le diphologolo. (Moreri 3:18-22) Lefa go ntse jalo, pharologanyo ya botlhokwa ke gore ruʹach ke maatla ao a senang botho; ga a na keletso ka boone mme ebile ga a na botho kana dipopego dipe fela tsa motho yo o tlhokafetseng. Ga a kgarakgatshege go tswa kwa mothong yo mongwe go ya go yo mongwe fa a sena go tlhokafala mme a “boèla Modimoñ o o o abileñ.” Ka mafoko a mangwe, ditebelelo tsa nako e e tlang tsa botshelo jwa motho—ebong tsholofelo ya go tsoga—tsotlhe di mo diatleng tsa Modimo.—Yohane 5:28, 29; Ditihō 17:31.
Nirvana—A ke go Bona se se sa Kgonegeng?
45. Kgopolo ya Sebuda kaga Nirvana ke eng?
45 Seno se re lere mo thutong ya Bobuda ya tshedifalelo le poloko. Go ya ka mafoko a Sebuda, ntlha e kgolo ya go bona poloko ke go gololesega mo melaong ya Karma le samsara, mmogo le go bona Nirvana. Mme Nirvana ke eng? Dikwalo tsa Sebuda di bolela gore motho o ka seke a kgone go tlhalosa seo mme ke selo seo se ka itemogelelwang fela. Ga se legodimo leo motho o yang kwa go lone morago ga loso mme ke selo seo batho botlhe ba ka se fitlhelelang, mono le jaanong. Lefoko leo ka bolone le raya “go latlhela kgakala, go nyeletsa.” Ka gone, ba bangwe ba tlhalosa gore Nirvana ke go khutla ga dikgotelo tsotlhe le dikeletso; go tshela o sena maikutlo otlhe a senama, a a tshwanang le botlhoko, poifo, keletso, lorato, kana kilo; ke boemo jwa go nna le kagiso ka bosakhutleng, boiketlo, le go sa fetoge. Ka mo go utlwalang, go bolelwa gore ke go khutla ga go nna gone ga motho.
46, 47. (a) Go ya ka dithuto tsa Sebuda, motswedi wa poloko ke eng? (b) Ke ka ntlhayang fa pono ya Mobuda kaga motswedi wa poloko e fapaana le boitemogelo jo bo tlwaelesegileng?
46 Buda o ne a ruta gore tshedifalelo le poloko—ebong go bona Nirvana ka botlalo—go tswa, eseng mo Modimong ope fela kana maatla a sele, mme motho o di bona ka go dira boiteko ka boene jwa go dira ditiro tse di molemo le go akanya sentle. Seno se tsosa potso e e reng: A selo se se itekanetseng se ka tswa mo go seo se sa itekanelang? A boitemogelo jwa rona jo bo tlwaelesegileng ga bo re bolelele, jaaka moperofeti wa Mohebera Jeremia a ne a bolela, gore “ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè”? (Yeremia 10:23) Fa go sena motho yo o ka kgonang go laola ka botlalo ditiro tsa gagwe le eleng dikgang tse di motlhofo fela tsa letsatsi le letsatsi, a go a utlwala go akanya gore motho ope fela o ka kgona go itirela poloko ya gagwe ya bosakhutleng ka boene fela?—Pesalema 146:3, 4.
47 Fela jaaka go sa kake ga diragala gore motho yo o nwetseng mo seretseng a kgone go itshomola mo go sone ka boene, ka mo go tshwanang batho botlhe ba rareeditswe ke boleo le loso, mme ga go na ope yo o ka kgonang go itshomola mo marareng ao. (Baroma 5:12) Lefa go le jalo, Buda o ne a ruta gore motho o ka kgona go bona poloko ka boiteko jwa gagwe fela. Kgothatso eo a neng a kgothatsa barutwa ba gagwe ka yone labofelo e ne e le “ikaegeng ka bolona mme lo seka lwa ikaega ka thuso ya ope fela; tshwarelelang mo boammaaruring jaaka lobone; batlang poloko fela mo boammaaruring; batlang thuso eseng mo go ope fela fa e se mo go lona.”
A ke Tshedifalelo Kana Tlhalefo?
48. (a) Buka nngwe e tlhalosa jang phelelo ya dikgopolo tse di raraaneng tsa Sebuda tse di tshwanang le Nirvana? (b) Kgatlhegelo eo batho ba nnileng nayo mo bosheng mo dithutong tsa Sebuda mo mafelong mangwe e feletse ka eng?
48 Thuto eno ya motheo e nnile le phelelo efe? A e tlhotlheletsa batho ba ba dumelang mo go yone go nna le tumelo ya boammaaruri le boineelo? Buka Living Buddhism e bega gore mo dinageng dingwe tsa Babuda, lefa e le bone “baitlami ga ba tseele bodumedi jwa bone kwa godimo go le kalo. Batho ba le bantsi ba akanya gore go eletsa go bona Nirvāna ke selo se se sa utlwaleng gotlhelele, mme ga se gantsi ba dira tlwaelo ya go tlhatlhanya. Kwantle ga thuto e e senang boikaelelo ya Tipitaka, ba tsenelela thata mo go nneng batho ba ba nayang tlhotlheletso e e molemo le e e utlwalang mo merafeng ya bone.” Ka mo go tshwanang, World Encyclopedia (ya Sejapane), fa e akgela ka go kgatlhegela dithuto tsa Bobuda gape ga batho, e lemotsha jaana: “Fa fela thuto ya Bobuda e nna selo se se kgethegileng, e latlhegelwa ke boikaelelo jwa yone jwa kwa tshimologong—eleng go kaela batho. Go ya ka pono eno, tshekamelo eo batho ba nang le yone ka bontsi ya go ithuta Bobuda ka tlhoafalo ga se gore go raya gore ba tsosolosa tumelo e e tshelang. Go na le moo, go tshwanetse ga elwatlhoko gore fa bodumedi e nna thuto eo e ithutiwang e e raraaneng, ga bo sa tlhole bo nna le maatla jaaka tumelo ya mmatota.”
49. Mo bathong ba le bantsi, Bobuda bo fetogile eng?
49 Kgopolo ya motheo ya Bobuda ke gore kitso le kutlwisiso di gogela kwa tshedifalelong le polokong. Mme dithuto tse di raraaneng tsa motheo tsa makgotla a a farologaneng a Sebuda di bakile seemo se se umakilweng fa godimo fela sa gore di nne “tse di sa utlwaleng gotlhelele,” tseo di sa kakeng tsa tlhaloganngwa ke badumedi ka bontsi. Mo go bone, Bobuda ke fela go dira molemo le go dira dingwaokobamelo di sekae fela le go latela melao e e motlhofo. Ga bo arabe dipotso tse di raraaneng tsa botshelo, tse di tshwanang le: Re tswa kae? Ke ka ntlhayang fa re le mono? Mme isagwe ya motho mo lefatsheng ke eng?
50. Ke potso efe eo re e gakologelwang ponong ya boitemogelo jwa Babuda bangwe ba ba peloephepa? (Bapisa Bakolosa 2:8.)
50 Babuda bangwe ba ba peloephepa ba lemogile tlhakatlhakano le go tsietsega moo go bakiwang ke dithuto tsa motheo tse di raraaneng le dingwaokobamelo tse di boima tsa Bobuda jaaka di dirwa gompieno. Maiteko a ditlhopha tsa Babuda le makgotla a batho bao ba tokafatsang matshelo a batho mo dinageng dingwe a ka tswa a ile a lere kgololesego mo botlhokong le go boga ga batho ba le bantsi. Mme jaaka motswedi wa go tlisa tshedifalelo ya boammaaruri le kgololesego ya batho botlhe, a Bobuda bo diragaditse tsholofetso ya jone?
A ke Tshedifalelo Kwantle ga Modimo?
51. (a) Polelo nngwe e e kgatlhisang ya reng kaga dithuto tsa Buda? (b) Ke selo sefe sa botlhokwa seo go lemotshegang fa se tlogetswe mo dithutong tsa ga Buda? (Bapisa 2 Ditihalō 16:9; Pesalema 46:1; 145:18.)
51 Dipolelo kaga botshelo jwa ga Buda di bolela gore nako nngwe o ne a na le barutwa ba gagwe ba le mo sekgweng. O ne a kgetlela matlhare a ditlhare mo seatleng sa gagwe mme a raya barutwa ba gagwe a re: “Seo ke se le rutileng se lekana le matlhare ano a a mo seatleng sa me, seo ke sa se le rutang se lekana le matlhare a ditlhare tse di mo sekgweng seno.” Legale, seo a neng a se raya e ne e le gore ene Buda o rutile karolonyana fela e potlana ya seo a se itseng. Lefa go ntse jalo, go na le selo se le sengwe fela sa botlhokwa seo a se tlogetseng—Buda Gautama o ne a seka a bua go le kalo kaga Modimo; le gone ga a ise a ko a iphake gore ke Modimo. Ebile tota, go bolelwa gore o ne a raya barutwa ba gagwe a re, “Fa e le gore Modimo o gone, ga go dumelesege gore O ne a tla tshwenyega kaga ditiro tsa me tsa letsatsi le letsatsi,” mme “ga go na medimo epe e e ka kgonang go thusa batho le gone ga go na epe e e tla dirang jalo.”
52. (a) Pono ya Babuda kaga Modimo ke efe? (b) Ke eng seo Babuda ba se tlhokomologileng?
52 Go ya ka seno, thuso eo Bobuda bo nang le yone mo matsapeng a a tserweng ke motho go batla Modimo wa boammaaruri e potlana fela thata. The Encyclopedia of World Faiths e lemotsha gore “Bobuda jwa kwa tshimologong bo lebega bo sa tseye kgang kaga Modimo tsia ka gope, mme eleruri ga bo a ka jwa ruta kana jwa tlhoka gore batho ba dumele mo Modimong.” Ka go gatelela gore motho o ka iponela poloko ka bogagagwe, a batla tshedifalelo mo mogopolong wa gagwe kana mo tlhaloganyong ya gagwe, tota Bobuda ke bodumedi jwa gore Modimo ga o kake wa itsiwe, ebile go ka twe ke bolatolamodimo. (Bona lebokoso, tsebe 145.) Fa bo leka go ikgaoganya gotlhelele le boitshwaro jwa Bohindu jwa tumelabotlhodi le medimo ya jone e mentsi e e tlhakanyang tlhogo ya masaitsiweng, Bobuda bo ile jwa dira se sengwe gape se se feteletseng. Bo ile jwa tlhokomologa tumelo ya konokono ya Mogodimodimo, yoo sengwe le sengwe se leng gone ka baka la gagwe ebile se kgona go dira.—Ditihō 17:24, 25.
53. Ke eng seo se ka bolelwang kaga go batla tshedifalelo kwantle ga Modimo? (Bapisa Diane 9:10; Yeremia 8:9.)
53 Ka baka la tsela eno ya go akanya ka bogamotho le ka bonosi, go feletse ka gore go nne le dikinane tse di raraaneng e le tota, dingwao, dithuto tsa motheo tse di raraaneng, le diphuthololo tseo di ileng tsa neelwa ke makgotla a le mantsi le makoko go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga. Seo go neng go ikaeletswe gore se lere tharabololo e e motlhofo ya mathata a a raraaneng a botshelo se feletse ka tsamaiso ya bodumedi le ya matlhajana eo batho ba le bantsi ba sa kgoneng go e tlhaloganya. Go na le moo, Mobuda yo o tlwaelesegileng o itshwenya fela ka go obamela medimo ya disetwa le ditshwantsho tsa baswelatumelo, medimo le badimona, meya le bagologolwane, le go dira dingwaokobamelo tse dintsi tse dingwe le ditlwaelo tseo di sa dirisaneng ka gope le seo Buda Gautama a neng a se ruta. Ka phepafalo, go batla tshedifalelo kwantle ga Modimo ga go na thuso epe.
54. Ke dithuto tsa baakanyi bafe ba bangwe ba bodumedi ba kwa Botlhaba tseo di ka sekasekiwang go tloga fano?
54 Mo e ka nnang ka nako e le nngwe fela eo Buda Gautama a neng a batla tsela ya go bona lesedi, mo karolong e nngwe ya lefatshe leo la Asia go ne go na le batlhalefi bangwe ba babedi bao dikgopolo tsa bone di neng tsa tlhotlheletsa dimilione tsa batho. E ne e le Bo-Lao-tzu le Confucius, eleng boramatlhale bao ba neng ba obamelwa ke dikokomana tsa Ba-China le ba bangwe. Ke eng seo ba neng ba se ruta, mme ba ne ba tlhotlheletsa matsapa a a tserweng ke motho go batla Modimo jang? Ke sone seo re tla se sekasekang mo kgaolong e e latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Seno ke mopeleto wa Se-Pali wa leina la gagwe. Mopeleto wa Se-Sanskrit ke Siddhārtha Gautama. Mme lefa go ntse jalo, go boletswe dingwaga di le mmalwa tseo a tsetsweng ka tsone jaaka 560, 563, kana 567 B.C.E. Bontsi jwa bakwadi ba dumela fa ngwaga wa 560 kana bobotlana lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E. e le lone leo a tsetsweng ka lone.
b Bontsi jwa Babuda mo Japane ba keteka “Keresemose” e e magasigasi.
c Dithuto tsa motheo tsa Sebuda, tse di tshwanang le anatta (boseong jwa motho), di latola gore motho o na le moya o o sa fetogeng kana o o sa feleng. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa Babuda gompieno segolobogolo ba ba nnang kwa Botlhaba jo bo Kgakala, ba dumela mo go reng moya o a fuduga. Go obamela ga bone bagologolwane le go dumela mo tlhokofatsong ya dihele morago ga loso ka phepafalo di bontsha seno.
[Lebokoso mo go tsebe 139]
Boammaaruri jo Bonè jo bo Tlotlegang jwa ga Buda
Buda o ne a tlhalosa thuto ya gagwe ya motheo mo go seo se bidiwang Boammaaruri jo Bonè jo bo Tlotlegang. Re tsopola fano go tswa go Dhammacakkappavattana Sutta (Motheo wa Bogosi jwa Tshiamo), go ya ka thanolelo ya ga T. W. Rhys Davids:
▪ “Jaanong Bo-Bhikkus, seno ke boammaaruri jo bo tlotlegang malebana le go boga. Go tshola go botlhoko, go bola go botlhoko, bolwetsi bo botlhoko, loso lo botlhoko. Sengwe le sengwe seo se sa itumediseng se botlhoko, botlhoko ga bo tsamaisane le sepe se se itumedisang; mme keletso epe fela eo e sa diragadiweng, le yone e botlhoko. . . .
▪ “Jaanong Bo-Bhikkus, seno ke boammaaruri jo bo tlotlegang malebana le tshimologo ya go boga. Eleruri, ke keletso eo, eo e ntšhafatsang botshelo, mmogo le boitumelo jwa mogopolo, go batla kgotsofalo fano, le fale—ke gore, go goalalela go kgotsofatsa dikeletso, kana go goalalela botshelo, kana go goalalela katlego. . . .
▪ “Jaanong Bo-Bhikkus, seno ke boammaaruri jo bo tlotlegang malebana le go fedisiwa ga go boga. Eleruri, ke go senngwa ga yone keletso eo; go beela kwa thoko, go nyelediwa, go gololwa, go sa tlholeng motho a nna le yone keletso eno, moo motho a salang a sena lefa e le kgotelo epe. . . .
▪ “Jaanong Bo-Bhikkus, seno ke boammaaruri jo bo tlotlegang malebana le tsela eo e gogelang kwa go nyelediweng ga khutsafalo. Eleruri, ke tsela eno e e makgamu a robabobedi; ke gore: dipono tse di siameng; tlhoafalo e e siameng; puo e e siameng; boitshwaro jo bo siameng; botshelo jo bo siameng; boiteko jo bo siameng; kakanyetso e e siameng; le tebelelo e e siameng.”
[Lebokoso mo go tsebe 145]
Bobuda le Modimo
“Bobuda bo ruta tsela ya go bona molemo o o tletseng le botlhale kwantle ga Modimo o o leng motho; go bona kitso e e kwa godimo kwantle ga ‘tshenolo’; . . . go kgona go bona kgololo kwantle ga mogolodi wa mointshasetlhabelo, poloko eo mongwe le mongwe yo o iponang a e inayang.”—The Message of Buddhism, ka Bhikkhu Subhadra, jaaka go tsopotswe mo go What Is Buddhism?
Mme a Babuda ke balatola-Modimo? Buka What Is Buddhism? eo e gatisitsweng ke Ntlo ya Babuda, kwa Lontone, e araba jaana: “Fa e le gore fa o bua ka molatolaModimo o raya motho yo o ganang go dumela mo goreng Modimo ke motho, he re bone.” Go tswa foo e tswelela ka go re: “Mogopolo wa motho o o golang o ka kgona go tlhaloganya motlhofo fela kgopolo ya gore go na le Lobopo leo le kaelwang ke Molao o o sa fetogeng, fela jaaka o ka tlhaloganya kgopolo ya gore go na le Motho yo o kgakala moo a sa kakeng a bonwa, yo o nnang kwa go sa itsiweng gone, le yo nako nngwe a ileng a bopa Lobopo go tswa mo go senang sepe leo mo go lone go tletseng bobaba, tshiamololo, go sa tshwaneng ga ditshono, le go boga mo go sa feleng le dikgogakgogano.”
Ka gone, dithuto tsa Bobuda ga di buelele go dumela mo Modimong kana Mmopi. Lefa go ntse jalo, ditempele tsa Babuda le dikago tsa kobamelo di fitlhelwa gompieno mo e ka nnang mo nageng nngwe le nngwe koo go nang le bodumedi jwa Bobuda gone, mme ditshwantsho tsa Bobuda le bo-bodhisattva di fetogile dilo tseo di rapelwang, tseo di isediwang ditshupelo, le tseo di obamelwang ke Babuda ba ba ineetseng. Buda, yo le ka motlha a iseng a ko a iphake gore ke Modimo, o fetogile modimo ka tlhaloganyo yotlhe.
[Mmapa mo go tsebe 142]
(For fully formatted text, see publication)
Ka lekgolo la bosupa la dingwaga C.E., Bobuda bo ne bo aname go tswa kwa India go tla go fitlha mo botlhaba jotlhe jwa Asia
INDIA
Benares
Buddh Gaya
LEKGOLO LA BO3 LA DINGWAGA B.C.E. SRI LANKA
LEKGOLO LA NTLHA LA DINGWAGA B.C.E. KASHMIR
ASIA BOGARE
LEKGOLO LA NTLHA LA DINGWAGA C.E. CHINA
MYANMAR
THAILAND
KAMPUCHEA
JAVA
LEKGOLO LA BO4 LA DINGWAGA C.E. KOREA
LEKGOLO LA BO6 LA DINGWAGA C.E. JAPANE
LEKGOLO LA BO7 LA DINGWAGA C.E. TIBET
[Ditshwantsho mo go tsebe 131]
Chengteh, kwa China bokone
Kofu, Japane
New York City, U.S.A.
Chiang Mai, Thailand
Ditempele tsa Sebuda ke tsa mefuta e e farologaneng lefatshe ka bophara
[Setshwantsho mo go tsebe 133]
Setshwantsho se se setilweng sa letlapa, Toro ya ga Maya, go tswa kwa Gandhara, Pakistan, se tshwa-ntsha Buda wa isagwe jaaka tlou e tshweu eo e nang le lesedi la kgalalelo e tsena kafa letlhakoreng la moja la ga Mohumagadi Maya go tla go mo ithwadisa
[Ditshwantsho mo go tsebe 134]
Baitlami ba Babuda le ba baobamedi mo tempeleng mo New York City
[Setshwantsho mo go tsebe 141]
Ditshwantsho tsa ga Buda ka boitshikinyo jwa mmele jo e seng jwa tlholego
go tsena mo Nirvana
go ruta
go tlhatlhanya
go ganana le thaelo
[Setshwantsho mo go tsebe 147]
Popelelo eo e neng ya dirwa go tlotla letsatsi la matsalo la ga Buda, mo Tokyo, Japane. Tlou e tshweu e e kwa morago e tshwantshetsa Buda
[Ditshwantsho mo go tsebe 150]
Ditsebe tsa Lotus Sutra (lekgolo la bo 10 la dingwaga), ka Sechina, di tlhalosa maatla a ga Kuan-yin wa mo-bodhisattva a kgona go golola mo molelong le mo morwaleleng. Bodhisattva Ksitigarbha, yo o kafa mojeng, o ne a itsege thata mo Korea mo lekgolong la bo 14 la dingwaga
[Setshwantsho mo go tsebe 155]
Lokwalo lwa Sebuda go tswa kwa Kyoto, kwa Japane lo tshwantsha go tlhokofadiwa mo “diheleng”
[Ditshwantsho mo go tsebe 157]
Babuda ba gompieno ba obamela, jaaka fa go bonwe go tswa kafa molemeng go simolola kwa godimo kafa molemeng, lingam ya kwa Bangkok, Thailand; setshwantsho sa Leino la ga Buda mo Kandy, Sri Lanka; ditshwantsho tsa Buda mo Singapore le New York
[Setshwantsho mo go tsebe 158]
Mosadi wa Mobuda o rapela fa pele ga sebesho sa lelapa, le bana ba na le seabe mo tirelong ya tempele