-
Go Senya MpaGo Fetolana ka Dikwalo
-
-
eo. Lefa go ntse jalo, dikgatelo pele tsa dithulaganyo tsa kalafi mo mafatsheng a le mantsi di ile tsa dira gore seemo se se se nne se ntsi mo go kalo.
Fa Mongwe A Re—
‘Ke na le tshwanelo ya go itirela diphetso mo dikgannyeng tse di amang mmele wa me.’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Ke tlhaloganya kafa o ikutlwang ka teng. Go ntse jalo gantsi gompieno ditshwanelo tsa rona di gatakiwa ke ba le bantsi; ba bangwe ga ba kgathale le eseng ka seo se diragalelang ba bangwe. Mme Bibela e baakanyetsa ka kaelo eo e ka re sireletsang. Lefa go le jalo, go amogela melemo ya teng, re tshwanetse go amogela maikarabelo gape.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Bommè ba bantsi ba ile ba tlogelwa ke banna bao ba ileng ba ba ithwadisa. Mme mo legaeng jeo rre le mmè ba tshelang ka ditekanyetso tsa Bibela, monna eleruri o tla rata mosadi wa gagwe le bana ba gagwe mme ka boikanyego a nne le bone le go ba baakanyetsa ka dijo. (1 Tim. 5:8; Baef. 5:28-31)’ (2) ‘Fa e le gore rona ka borona re ka amogela mofuta wa lorato le tlotlo tse di ntseng jalo, le rona gape re tshwanetse go dirisa ditekanyetso tsa Bibela mo boikutlong jwa rona malebana le maloko a rona a lelapa. Bibela e re re tshwanetse ra leba bana ba rona bao re ba tsalang jang? (Pes. 127:3; bapisa Isaia 49:15.)’
-
-
Go Tsalwa Ka Mmele O MoshaGo Fetolana ka Dikwalo
-
-
Go Tsalwa Ka Mmele O Mosha
Tlhaloso: Tumelo ya gore motho o tsalwa a bo a nna a tsalwa ka makgetlo a le mantsi, e ka tswa e le motho kana phologolo. Gantsi ke “moya” o o sa bonaleng o go dumelwang gore o tla tsalwa gape ka mmele o mongwe. Ga se thuto ya Bibela.
A boikutlo jo bo akabatsang jwa go tlwaelana le maemo a masha gotlhelele le mafelo go supa go tsalwa ka mmele o mosha go nna boammaaruri?
A ka nako nngwe o kile wa tsaya monna mongwe kana mosadi mongwe yo o tshelang wa mo tshwantsha le mongwe fela yo o sa ntseng a tshela gone jaanong? Bantsi ba ile ba nna le boitemogelo joo. Ka goreng? Ka go bo batho bangwe ba na le mekgwa e e tshwanang kana ba ka nna ba lebega ba tshwana tota. Ka jalo boikutlo jwa gore o itse motho lemororo o ise o ke o kopane le ene pele eleruri ga bo supe gore o ne o tlwaelane le ene mo botshelong jwa pele, a ga go jalo?
Ke goreng o ka tswa o tlwaetse ntlo kana motse mongwe lemororo o ise o ke o nne koo pele? A ke ka go bo e ne ya re mo botshelong jwa gago jwa pele wa nna koo? Matlo a mantsi a agiwa ka dipolane tse di tshwanang. Fenetšhara e e dirisiwang mo metseng e e kgaoganeng thata e ka nna ya bo e dirilwe ka methale e e tshwanang. A mme ga go boammaaruri gore lefelo mo mafelong mangwe a a katoganyeng fela thata le a tle le lebege le tshwana tota? Ka jalo, kwa ntle ga go dumela mo go tsalweng ka mmele o mosha, boikutlo jwa gago jwa go tlwaelana le selo sengwe bo utlwala sentle.
A dikgakologelo tsa botshelo ka nako nngwe mo lefelong lengwe, jaaka di diragala ka ntlha ya tshereanyo, di supela go tsalwa ka mmele o mosha?
Tlaseng ga tshereanyo boikitsiso jo bontsi jo bo bolokilweng mo bobokong bo ka tswa moo. Batshereanyi ba phadimosa kgakologelo e e kwa teng. Mme dikgakologelo tseo di ne tsa nna teng koo jang? Ka gongwe o ne wa bala buka, wa bona dibaesekopo, kana wa ithuta kaga batho ba ba rileng mo thelebisheneng. Fa o ipaya mo lefelong la batho bao o ithutang kaga bone, go ka nna ga tswa go ile ga gatiselediwa fela thata mo go wena, ga nna jaaka ekete boitemogelo e ne e le jwa gago sebele. Seo o ka tswang o ile wa se dira, e ka tswa e ne e le sa bogologolo thata mo eleng gore o setse o se lebetse, mme tlase ga tshereanyo boitemogelo bo ka gakologelwa jaaka ekete o ne o gakologelwa “botshelo jo bongwe.” Lefa go le jalo, fa e le gore seo se ne se le boammaaruri, a mongwe le mongwe o ne a se ketla a nna le dikgakologelo tse di ntseng jalo? Mme ga se mongwe le mongwe yo o ka dirang jalo. Go a kgatlhisa gore palo e ntsi ya dikgotla tse dikgolo tsa puso mo United States ga di amogele bosupi jo bo tlhotlheleditsweng ka tshereanyo. Ka 1980 Kgotla Tshekelo e Kgolo mo Minnesota e ne ya bolela gore “bosupi jo bo molemo-lemo jwa botlhalefi bo supa gore ga go na motlhalefi ope yo o ka lemogang boo kgakologelo e e busediwang ka tshereanyo, kana karolo epe ya kgakologelo eo, ke boammaaruri, ke maaka, kana ke kinane—go ipuela ditsia-badimo fela. Matswela a a ntseng jalo ga a boammaaruri jo bo ka ikanngwang kafa boitseanapeng.” (State v. Mack, 292 N.W.2d 764) Tlhotlheletso ya dikakantsho tse di dirwang ke motshereanyi go yo o tshereantsweng ke lone lebaka mo go sa ikanyegeng mono.
A Bibela e tshotse tumelo ya go tsalwa ka mmele o mosha?
A Mathaio 17:12, 13 e supela tumelo mo go tsalweng ka mmele o mosha?
Math. 17:12, 13: “[Jesu a ba raya a re], Le yana Eliya o setse a tsile, me ga baa ka ba mo itse, me ba ne ba mo dihèla kaha ba ratañ ka gōna. Morwa Motho le èna o tla bogisiwa ke bōnè hèla yalo. Ediha gōna barutwa ba tlhaloganyañ ha a bua nabō kaga Yohane Mokolobetsi.”
A seno se ne se raya gore Johane Mokolobetsi o ne a le Elija yo jaanong a tsetsweng ka mmele o mosha? Fa baperesiti ba Bajuda ba ne ba botsa Johane, “A u Eliya?” o ne a re, “Nya.” (Yoh. 1:21) Ke eng seo he Jesu a neng a se raya? Jaaka moengele wa ga Jehofa a ne a bolelela pele, Johane o ne a etelela Mesia wa ga Jehofa pele “ka mōea le ka nonohō ea ga Eliya, go shokololèla dipelo tsa borara mo baneñ, le ba ba sa utlweñ go sepela mo botlhaleñ yoa basiami; go baakanyetsa [Jehofa] seshaba se o se etleeledicweñ.” (Luke 1:17) Ka jalo Johane Mokolobetsi o ne a diragatsa boperofeti ka go dira tiro e e tshwanang le eo ya ga moperofeti Elija.—Mal. 4:5, 6.
A go tsalwa ka mmele o mosha go supiwa ke pego e e mo go Yohane 9:1, 2?
Yoh. 9:1, 2: “Me ea re [Jesu] a heta, a bōna motho eo o saleñ a tsalwa a houhetse. Me barutwa ba gagwè ba mmotsa, ba re, Rabi, go no go leohile mañ? a monna eo, kgotsa batsadi ba gagwè ha e bo ne ne a tsecwe a houhetse?”
A go ka kgonega gore barutwa bano ba ile ba bo ba tlhotlhelediwa ke tumelo ya Bafarasai ba Bajuda, bao ba neng ba re “meya ya batho ba ba molemo ke yone fela e e fudusediwang mo mebeleng e mengwe”? (Wars of the Jews, Josephus, Book II, kgao. VIII, ser. 14) Ga go bonale go ka nna jalo, ereka potso ya bone e sa akantshe gore ba ne ba akanya gore e ne e le ‘monna yo o molemo.’ Go lebega go ka tshwanela gore segolo jaaka barutwa ba ga Jesu ba ne ba dumela Dikwalo mme ba ne ba itse gore moya o a swa. Lefa go le jalo, ereka le eleng losea mo sebopelong le na le botshelo mme le ne la ithwalelwa mo sebeng, ba ka tswa ba ile ba ipotsa gore a jaana losea lo lo sa tsalwang le ka tswa le ile la leofa, go felela ka gore a foufale. E ka tswa kgang ke efe, karabo ya ga Jesu ga ya ka ya tshegetsa e ka tswa e le go tsalwa ka mmele o mosha kana kgopolo ya gore ngwana yo o sa ntseng a le mo sebopelong sa ga mmaagwe o leofa pele ga a tsalwa. Jesu ka boene o ne a araba: “Go no go sa leoha monna eo, leha e le batsadi ba gagwè.” (Yoh. 9:3) Jesu o ne a itse gore ka go bo re le ditlogolwana tsa ga Adame, re ruile bogole jwa mmele le bosaitekanelang. A dirisa seemo seo go tlotlomatsa Modimo, Jesu o ne a fodisa monna yo o foufetseng.
A thuto ya Bibela kaga moya (soul) le loso e dumelela go tsalwa ka mmele o mosha?
Genesise 2:7 e re: “Me Yehofa Modimo a bopa motho ka lorole loa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwè; me motho a dihèga mōea o o tshedileñ.” Elatlhoko gore motho ka boene e ne e le moya; ga se gore moya o ne o sa bonale, o kgaogane le go farologana le mmele. “Mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.” (Esek. 18:4, 20) Mme motho yo o suleng o lebisiwa jaaka “moya o o suleng.” (Dipa. 6:6, NW) Ka nako ya loso, “mōea oa gagwè oa cwa me a boèle mo mbuñ oa gagwè; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō a gagwè a nyèlèle.” (Pes. 146:4) Jalo, fa mongwe a swa, motho yo o feletseng o sule; ga go na sepe seo se salang se tshela seo se ka fetelang mo mmeleng o mongwe. (Kaga ditlhaloso tse dingwe, bona ditlhogo tse dikgolo “Moya” (Soul) le “Loso.”)
Mor. 3:19: “Gonne se se dihalèlañ bana ba batho se dihalèla diphōlōhōlō; ke go re, selō se le señwe sea di dihalèla: yaka se señwe se shwa, se señwe le shōna sea shwa.” (Jaaka go ntse fela ka batho, ga go sepe se se falolang loso lwa phologolo. Ga go sepe seo se ka itemogelang go tsalwa gape ka mmele o mongwe.)
Mor. 9:10: “Se seatla sa gago se se bōnañ go se diha, u se dihè hèla ka nonohō ea gago; gonne ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo Bobipoñ, kwa u eañ gōna.” (Baswi ga ba ye mo mmeleng o mongwe mme ba ya go Sheol, lebitla le le tlwaelegileng la setho.)
Go na le pharologanyo e e kae magareng ga go tsalwa ka mmele o mosha le tsholofelo e e tshotsweng ke Bibela?
Go tsalwa ka mmele o mosha: Go ya ka tumelo eno, fa motho a swa, moya, ‘sebele sa motho,’ o fetela mo botshelong jo bo botoka fa e le gore motho o ne a tshela botshelo jo bo molemo le jo bo tshwanetseng, mme gongwe a nne phologolo fa e le gore rekoto ya gagwe e ne e le e e bosula go na le e e molemo. Go dumelwa gore, mo go tsalweng gongwe le gongwe, motho mongwe le mongwe o busediwa mo tsamaisong eno e e tshwanang ya dilo, koo a tla lebanang le pogo e nngwe gape mme e re kgabagare a swe. Ditikologo gape di lejwa e le tse di sa feleng gotlhelele. A o letetswe ke isagwe e e ntseng jalo? Bangwe ba dumela gore tsela e le yosi fela ya go falola ke go nyeletsa keletso yotlhe ya dilo tsa go itumedisa maikutlo. Ba falolela go eng? Go seo bangwe ba se tlhalosang jaaka botshelo jo bo didimetseng.
Bibela: Go ya ka Bibela, moya ke motho yo o feletseng. Le eleng fa motho a ka tswa a ile a dira dilo tse di bosula mo nakong e e fetileng, fa a ikwatlhaya mme a fetola ditsela tsa gagwe, Jehofa o tla mo itshwarela. (Pes. 103:12, 13) Fa motho a swa, ga go sepe se se falolang. Loso ke boroko jo bo boteng, jo go sa lorweng gope. Go tla nna le tsogo ya baswi. Seno ga se go tsalwa ka mmele o mosha mme ke go busetsa motho yo o tshwanang mo botshelong gape. (Dit. 24:15) Ka batho ba bantsi, tsogo e tla nna botshelo mo lefatsheng. E tla diragala morago ga fa Modimo a se na go fedisa tsamaiso eno e e boikepo. Bolwetsi, pogo, le eleng go swa, e tla nna dilo tsa nako e e fetileng. (Dan. 2:44; Tshen. 21:3, 4) A tsholofelo e e ntseng jalo e utlwala jaaka sengwe seo o ka tswang o eletsa go se ithuta mo go oketsegileng, go tlhatlhobisa mabaka a go nna le tsholofelo mo go yone?
Fa Mongwe A Re—
‘Ke dumela mo go tsalweng ka mmele o mosha’
O ka nna wa araba ka gore: ‘O solofela gore e tla re kgabagare go felele ka botshelo jo bo botoka, a ga go jalo? . . . A ke o mpolelele, a o ne o ka rata go tshela mo lefatsheng leno le le tlhalosiwang fano mo go Tshenolō 21:1-5?’
Kana o ka nna wa re: ‘Ke itumelela go bo o mpolelela seo. Mme mma ke go botse jaana, A seno ke sengwe seo o nnileng wa se dumela ka metlha? . . . Ke eng se se ileng sa go dira gore o tlogele ditumelo tsa gago tsa pele?’ (Go tswa foo gongwe o bo o ka dirisa dintlha tse di mo setlhogong se se mo ditsebeng 182, 183.)
Se sengwe se se ka dirisiwang: ‘Ke itumeletse metlotlo le ba bangwe bao ba nang le tumelo eo. Mme mma ke botse, Ke goreng o ikutlwa gore go tsalwa sesha go a tlhokafala?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘A o gakologelwa ditsela tsotlhe tsa botshelo jwa go le pele jo o dumelang gore o ne o bo tshela? . . . Mme seo se ne se tla tlhokafala fa e le gore motho o ne a tla baakanya diphoso tsa gagwe tsa pele mme a tokafatse, ga ke re?’ (2) Fa motho a bolela gore ke selo se se molemo go lebala, o ka nna wa botsa: ‘Mme a o leba motho yo o lebalang bobe ka malatsi otlhe e le yo o lesego? He, ka go lebala dingwaga dingwe le dingwe tse di ka nnang 70 sengwe le sengwe se re se ithutileng, a re tla bo re ka thusiwa go tokafatsa botshelo jwa rona?’ (3) Fa motho a re batho ba ba botoka ke bone fela ba tsalwang gape jaaka batho, o ka botsa: ‘Ke goreng, he, fa maemo a lefatshe a tswelela go senyegela pele? . . . Bibela e bontsha kafa tokafatso e e botoka e tla dirwang ka teng mo motlheng wa rona. (Dan. 2:44)’
-
-
Hara-MagedonaGo Fetolana ka Dikwalo
-
-
Hara-Magedona
Tlhaloso: Har Ma·ge·donʹ ka Segerika, e e ranoletsweng “Hara-Magedona” go tswa Sehebereng ke baranodi ba bantsi, e raya “Thaba ya Megiddo,” kana “Thota ya Bophuthegelo jwa Masole.” Bibela e nyalanya leina, eseng le mahumapelo a nuklea, mme le ‘ntwa ya lobopo e e tlang ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe.’ (Tshen. 16:14, 16) Leina leno le dira ka tlhamalalo fela go “lefelo [Segerika, toʹpon; ke gore, boemo kana seemo]” leo go lone baetapele ba sepolotiki ba lefatshe ba phuthelwang go lone kgatlhanong le Jehofa le Bogosi jwa gagwe ka Jesu Keresete. Kganetso e e ntseng jalo e tla sutšwa ke kgato ya kgolokwe kgatlhanong le batlhanka ba ga Jehofa mo lefatsheng, baemedi ba ba bonalang ba Bogosi jwa Modimo.
A batho ba tla letlelelwa ke Modimo go senya lefatshe ka seo bangwe ba se bitsang “Hara-Magedona ya mogote wa nuklea”?
Pes. 96:10: “Yehofa oa busa; lobopō [Sehebera, te·velʹ; lefatshe, jaaka je le nonneng le je le ntsweng, kgolokwe e e agilweng] le lōna lo nitame, ga lo kake loa tshikiñwa.”
Pes. 37:29: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”
Tshen. 11:18: “Me dichaba tsa tlala bogale, me bogale yoa gago [Jehofa] yoa tla, le lobaka . . . loa go senya ba ba senyañ lehatshe.”
-