LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • sh kgao. 9 ts. 205-234
  • Bojuda—Matsapa a go Batla Modimo ka Dikwalo le Ngwao

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bojuda—Matsapa a go Batla Modimo ka Dikwalo le Ngwao
  • Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la go bo re Tshwanetse go Kgatlhegela Bojuda
  • Bajuda ba Simologile Jang?
  • Moshe, Molao, le Morafe
  • Morafe o o Nang le Baperesiti, Baperofeti, le Dikgosi
  • Bojuda bo Tlhaga ka Seaparo sa Bogerika
  • Bojuda mo Pusong ya Roma
  • Bojuda go Kgabaganya Dingwaga tsa Bogare
  • Go Tswa “Tshedifalelong” go ya Bosioneng
  • Modimo O Mongwe fela
  • Loso, Moya, le Tsogo
  • Bojuda le Leina la Modimo
  • A Bajuda ba Santse ba Letetse Mesia?
  • Thanolo ya Baebele e e Ileng ya Fetola Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Lesedi le Fenya Motlha wa Lefifi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Thuto Eno e Fetela mo Bojudeng, mo Sekereseteng le mo Boiselamong
    Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
  • Ke Eng Se o Ka se Bolelelang Mojuda?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
sh kgao. 9 ts. 205-234

Kgaolo 9

Bojuda—Matsapa a go Batla Modimo ka Dikwalo le Ngwao

1, 2. (a) Bangwe ba Bajuda ba maemo a a kwa godimo bao ba ileng ba nna le seabe mo ditiragalong le mo ditseleng tsa botshelo ke bafe? (b) Batho bangwe ba ka nna ba botsa dipotso dife?

MOSHE, Jesu, Mahler, Marx, Freud, le Einstein—botlhe ba ne ba tshwana ka eng? Botlhe e ne e le Bajuda, mme ka ditsela tse di farologaneng, botlhe ba ile ba nna le seabe sengwe mo ditiragalong le mo ditseleng tsa botshelo tsa batho. Kwantle ga pelaelo Bajuda ba na le diketekete tsa dingwaga ba ntse ba itsege. Bibela ka boyone ke bosupi jwa seo.

2 Ka go farologana le ditumelo tse dingwe tsa bogologolo le ditsela tsa botshelo, Bojuda ke selo se ruri se ileng sa nna gone, e seng sa ditlhamane. Lefa go le jalo, bangwe ba ka nna ba botsa ba re: Bajuda ke morafe o mmotlana fela, ke batho ba ba ka nnang dimilione tse 18 mo lefatsheng la batho ba ba fetang dikete tse 5 tsa dimilione, ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go kgatlhegela bodumedi jwa bone, eleng Bojuda?

Lebaka la go bo re Tshwanetse go Kgatlhegela Bojuda

3, 4. (a) Dikwalo tsa Sehebera di na le eng? (b) Mabaka mangwe a go bo re tshwanetse go akanyetsa bodumedi jwa Bajuda le tshimologo ya jone ke afe?

3 Lebaka le lengwe ke ka gonne bodumedi jwa Bojuda bo setse bo na le lobaka lwa dingwaga tse di ka nnang 4 000 bo ntse bo le gone mo ditiragalong le gore ditumelo tse dingwe tse dikgolo di dirisa Dikwalo tsa jone ka selekanyo se segolo kana se sebotlana. (Bona lebokoso mo tsebeng 220.) Bokeresete, jo bo thailweng ke Jesu (Sehebera, Ye·shuʹaʽ), Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga, bo thaegile mo Dikwalong tsa Sehebera. Mme fela jaaka sepe fela seo re se balang mo go Qur’ān se tla bontsha, Boiselema le bone bo dirisa dikwalo tseo di le dintsi. (Qur’ān, surah 2:49-57; 32:23, 24) Ka gone, fa re tlhatlhobisa bodumedi jwa Bojuda, re tlhatlhobisa gape le ditshimologo tsa ditumelo tse dingwe tse di makgolokgolo le makoko.

4 Lebaka le lengwe la botlhokwa ke gore bodumedi jwa Bojuda bo amana fela thata le matsapa ao motho a a tsereng go batla Modimo wa boammaaruri. Go ya ka Dikwalo tsa Sehebera, Aberame, rramogologolwane wa Bajuda, o ne a setse a obamela Modimo wa boammaaruri mo dingwageng tse 4 000 tse di fetileng.a Ka mo go utlwalang, re ka nna ra botsa ra re, Bajuda le tumelo ya bone di simologile jang?—Genesise 17:18.

Bajuda ba Simologile Jang?

5, 6. Ke eng se o ka se bolelang ka bokhutshwane kaga hisitori ya tshimologo ya Bojuda le leina la bone?

5 Fa re bua ka kakaretso, batho ba Bajuda ke ditlogolwana tsa lotso lwa bogologolo, la karolo ya batho bao ba neng ba bua Sehebera ba Basheme. (Genesise 10:1, 21-32; 1 Ditihalō 1:17-28, 34; 2:1, 2) Mo e ka nnang dingwaga tse 4 000 tse di fetileng, rraabonemogologolwane ebong Aberame o ne a fuduga go tswa kwa toropong e e tlhanaselang eo e neng e humile ya Ura ya Bakaladia mo Sumer kwa lefatsheng la Bakanana, leo Modimo o neng o rile ka lone: “Lehatshe ye, ke tla le naea losika loa gago.” (Genesise 11:31–12:7) Go buiwa ka ene jaaka “Aberame oa Mohebera” mo go Genesise 14:13, lemororo leina la gagwe moragonyana le ne la fetolwa go nna Aberahame. (Genesise 17:4-6) Bajuda ke ditlogolwana tsa gagwe go simologa ka morwa wa gagwe Isake le setlogolwana sa gagwe Jakobe, yo leina la gagwe le neng la fetolwa go nna Iseraele. (Genesise 32:27-29) Iseraele o ne a na le barwa ba le 12, bao ba neng ba nna metheo ya ditso tse 12. Mongwe wa bano o ne a bidiwa Juda, leina leo mo go lone morago go neng ga ntshiwa lefoko “Mojuda.”—2 Dikgosi 16:6, JP.

6 Morago ga nako Moiseraele mongwe le mongwe o ne a bidiwa “Mojuda,” eseng fela ditlogolwana tsa ga Juda. (Esethere 3:6; 9:20) Ka gonne direkoto tsa losika lwa Bajuda di ne tsa senngwa ka 70 C.E. fa Baroma ba ne ba tlhasela Jerusalema, ga go na Mojuda ope gompieno yo ka tsepamo a ka tlhomamisang gore ke setlogolwana sa lotso lefe ka namana. Lefa go le jalo, bodumedi jwa bogologolo jwa Bajuda bo ile jwa gola jwa ba jwa fetoga mo diketeketeng tsa dingwaga. Gompieno Bojuda ke bodumedi jwa dimilione tsa Bajuda mo Repaboliking ya Iseraele le mo Diaspora (eo e rayang go gasama mo lefatsheng). Motheo wa tumelo eo ke ofe?

Moshe, Molao, le Morafe

7. Modimo o ne wa ikanela Aberahame wa reng, mme ka ntlhayang?

7 Ka 1943 B.C.E.,b Modimo o ne wa kgetha Aberame go nna motlhanka wa gagwe yo o kgethegileng mme moragonyana a dira ikano e e kgethegileng go ene ka baka la boikanyego jwa gagwe mo go ikemisetseng go ntsha morwa wa gagwe Isake setlhabelo, lemororo setlhabelo seo se ne sa seka sa dirwa. (Genesise 12:1-3; 22:1-14) Mo ikanong eo Modimo o ne wa re: “Ke ikannè ka nna ka nosi, go bua Yehofa, ka u dihile selō se, ua se ka ua gana ka morwao, morwao eo o esi: Ka re, Mo go segōhatseñ ke tla gu segōhatsa, le mo go ntsihatseñ ke tla ntsihatsa losika loa gago yaka dinaledi tsa legodimo, . . . Merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago; ka u utlwile lencwe ya me.” Ikano eno e ne ya boa ya dirwa go morwa wa ga Aberahame le setlogolwana sa gagwe, mme e ne ya tsweledisiwa mo morafeng wa Juda le mo ditlogolwaneng tsa ga Dafide. Kgopolo eno ya go dumela mo Modimong o le mongwe fela yo o dirisanang ka tlhamalalo le batho e ne e le e e sa tshwaneng le epe mo lefatsheng leo la bogologolo, mme e ne ya nna motheo wa bodumedi jwa Bajuda.—Genesise 22:15-18; 26:3-5; 28:13-15; Pesalema 89:3, 4, 28, 29, 35, 36.

8. Moshe e ne e le mang, mme o ne a na le seabe sefe mo Iseraele?

8 Go diragatsa ditsholofetso tsa Gagwe go Aberahame, Modimo o ne wa dira motheo wa morafe mongwe ka go dira kgolagano e e kgethegileng le ditlogolwana tsa ga Aberahame. Kgolagano eno e ne ya tlhomiwa ka Moshe, e le moeteledipele yo mogolo wa Mohebera le motsereganyi gareng ga Modimo le Baiseraele. Moshe e ne e le mang, mme ke ka ntlhayang fa a le botlhokwa jaana mo Bajudeng? Polelo ya Ekesodo ya Bibela e re bolelela gore o ne a tsholelwa kwa Egepeto (ka 1593 B.C.E.) ke batsadi ba Baiseraele bao e neng e le makgoba mmogo le Baiseraele botlhe ba bangwe. Ke ene yo “MORENA a neng a mo tlhaola” go etelela batho ba Gagwe go ya go nna mo kgololesegong kwa Kanana, kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Duteronome 6:23; 34:10 Tanakh, A New Translation of the Holy Scriptures, 1985) Moshe o ne a diragatsa seabe sa gagwe sa botlhokwa jaaka motsereganyi wa kgolagano ya Molao o Modimo o neng o o neile Iseraele, lemororo a ne a ntse a tsweletse go dira jaaka moperofeti, moatlhodi, moeteledipele, le raditiragalo.—Ekesodo 2:1–3:22.

9, 10. (a) Ke Molao ofe o o neng wa ntshiwa ka Moshe? (b) Ke dikarolo dife tsa botshelo tseo di neng tsa akarediwa ke Melao E E Lesome? (c) Kgolagano ya Molao e ne ya dira gore Baiseraele ba tlamege go dira eng?

9 Molao o Baiseraele ba neng ba o amogela o ne o na le Mafoko a a Some, kana Melao, le melao e e fetang 600 eo e neng e le lenaneo la dikaelo tse dintsi le melawana ya boitshwaro jwa letsatsi le letsatsi. (Bona lebokoso, tsebe 211.) E ne e kopanyeletsa dilo tsa selefatshe le tse di boitshepo—ditlhokafalo tsa senama le tsa boitsholo mmogo le kobamelo ya Modimo.

10 Kgolagano eno ya Molao, kana molaomotheo ono wa bodumedi, o ne wa bopa wa ba wa nonotsha tumelo ya ditlhogo tseo. Ka baka leo, ditlogolwana tsa ga Aberahame e ne ya nna morafe o o ineetseng mo go direleng Modimo. Ka gone bodumedi jwa Bajuda bo ne jwa simolola go tlhomama, mme Bajuda ba ne ba nna morafe o o rulaganyeditsweng go obamela le go direla Modimo wa bone. Mo go Ekesodo 19:5, 6, Modimo o ne wa ba solofetsa jaana: “Ha rure lo ka reetsa lencwe ya me, loa tshegetsa kgōlaganō ea me, . . . lo tla bo lo nntse bogosi yoa baperisiti mo go nna, le morahe o o boitshèpō.” Ka gone, Baiseraele ba ne ba tla nna ‘batho ba ba kgethegileng’ go direla maikaelelo a Modimo. Lefa go ntse jalo, ditsholofetso tsa kgolagano eo di ne di tla diragala fela fa “rure lo ka reetsa lencwe ya me.” Morafe o o ineetseng oo jaanong o ne o patelesega go direla Modimo wa one. Ka jalo he, moragonyana (mo lekgolong la borobabobedi la dingwaga B.C.E.), Modimo o ne o ka raya Bajuda wa re: “Lona lo bashupi ba me, go bua Yehofa, u bile u motlhanka oa me eo ke gu itshenketseñ.”—Isaia 43:10, 12.

Morafe o o Nang le Baperesiti, Baperofeti, le Dikgosi

11. Go ne ga diragala jang gore go nne le baperesiti le dikgosi?

11 Fa morafe wa Iseraele o ne o santse o le mo sekakeng mme o lebile kwa Lefatsheng la Tsholofetso, go ne ga tlhongwa baperesiti ba bana ba ga morwarraagwe Moshe ebong Arone. Mogope o mogolo o o ka tsholediwang, kana motlaagana, e ne ya nna one boremelelo jwa kobamelo ya Baiseraele le ditlhabelo. (Ekesodo, dikgaolo 26-28) Morago ga nako morafe wa Iseraele o ne wa goroga kwa Lefatsheng la Tsholofetso, ebong Kanana, wa le fenya, fela jaaka Modimo o ne o laotse. (Yoshue 1:2-6) Kgabagare go ne ga tlhongwa dikgosi mo lefatsheng, mme ka 1077 B.C.E., Dafide, wa lotso lwa Juda, o ne a nna kgosi. Ka puso ya gagwe, bogosi le boperesiti bo ne jwa tlhomiwa ka tlhomamo mo motsemogolong wa morafe o mosha oo, ebong Jerusalema.—1 Samuele 8:7.

12. Modimo o ne wa solofetsa Dafide eng?

12 Morago ga loso lwa ga Dafide, morwawe Solomone o ne a aga tempele e ntlentle mo Jerusalema, eo e neng ya emela motlaagana. Ka go bo Modimo o ne o ile wa dira kgolagano le Dafide ya gore bogosi bo nne mo go balosika lwa gagwe ka bosakhutleng, go ne ga tlhaloganyesega gore letsatsi lengwe Kgosi e e tloditsweng, ebong Mesia, o ne a tla tswa mo ditlogolwaneng tsa ga Dafide. Boperofeti bo ne jwa bontsha gore ka Kgosi eno ya Bomesia, kana “losika,” Iseraela le merafe yotlhe e ne e tla ipelela puso e e itekanetseng. (Genesise 22:18) Ba ne ba nna le tsholofelo eno, mme go ne ga lemotshega ka phepafalo gore bodumedi jwa Bajuda ke jwa Bomesia.—2 Samuele 7:8-16; Pesalema 72:1-20; Isaia 11:1-10; Sekaria 9:9, 10.

13. Modimo o ne wa dirisa bomang go busetsa Baiseraele mo ditseleng tse di tshwanetseng? Neela sekai.

13 Lefa go ntse jalo, Bajuda ba ne ba itetlelela go tlhotlhelediwa ke bodumedi jwa maaka jwa Bakanana le merafe e mengwe eo e neng e le gaufi le bone. Ka baka leo, ba ne ba seka ba dira tumalanong le kgolagano ya bone le Modimo. Go ba siamisa le go ba busetsa mo maemong, Jehofa o ne a ba romelela baperofeti ka go tlhomagana bao ba neng ba isetsa batho bano molaetsa wa gagwe. Ka gone, boperofeti e ne ya nna selo se sengwe gape se se fitlhelwang fela mo bodumeding jwa Bajuda mme ke jone selo se segolo mo Dikwalong tsa Sehebera. Ebile tota, dibuka tse 18 tsa Dikwalo tsa Sehebera ke tsa maina a baperofeti.—Isaia 1:4-17.

14. Ditiragalo di ne tsa tshegetsa jang se se builweng ke baperofeti mo Iseraele?

14 Baperofeti ba ba tlhomolosegileng gareng ga bone ke Isaia, Jeremia, le Esekiele, bao botlhe ba neng ba tlhagisa morafe ono gore Jehofa o ne a tla tloga a ba atlholela kobamelo ya bone ya medimo ya disetwa. Katlholo eno e ne ya tla ka 607 B.C.E. fa, ka baka la botenegi jwa Baiseraele, Jehofa a ne a letlelela Babelona, eo e neng e le mmuso o mogolo wa lefatshe mo nakong eo, go fenya Jerusalema le go senya tempele ya gagwe le go isa morafe oo botshwarwa. Seo baperofeti ba neng ba se buile se ne sa nna boammaaruri, mme go ya botshwarwa ga Baiseraele ka dingwaga tse 70 mo nakong e ntsi ya lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E., ke ditiragalo tse di bileng di kwadilwe.—2 Ditihalō 36:20, 21; Yeremia 25:11, 12; Daniele 9:2.

15. (a) Mofuta o mosha wa kobamelo o ne wa simologa jang gareng ga Bajuda? (b) Disinagoge di ne tsa ama kobamelo jang mo Jerusalema?

15 Ka 539 B.C.E., Kurose wa Moperesia o ne a fenya Babelona mme a letlelela Bajuda go baakanya lefatshe la bone le go boa ba aga tempele mo Jerusalema. Lemororo masalela a bone a ne a arabela go seo, bontsi jwa Bajuda ba ne ba nna ba nna le tlhotlheletso ya batho ba Babelona. Moragonyana Bajuda ba ne ba amiwa ke tsela ya botshelo ya Baperesia. Ka baka leo, Bajuda ba ne ba thibelela go anama le Botlhaba Gare le go dikologa Mediterranean. Mo motseng mongwe le mongwe go ne ga simologa mofuta o mosha wa kobamelo o o neng o kopanyeletsa sinagoge, eleng lefelo leo Bajuda ba neng ba obamela mo go lone mo toropong nngwe le nngwe. Kwantle ga pelaelo, thulaganyo eno e ne ya nyenyefatsa botlhokwa jwa tempele e e neng e agilwe sesha mo Jerusalema. Bajuda ba ba kwa mafelong a a kgakala jaanong ba ne ba le Diaspora tota.—Esere 2:64, 65.

Bojuda bo Tlhaga ka Seaparo sa Bogerika

16, 17. (a) Ke tlhotlheletso efe e ntšha eo e neng ya anama go kgabaganya lefatshe la Mediterranean mo lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E.? (b) Ke mang yo o neng a di goga kwa pele mo go anamiseng tsela ya botshelo ya Segerika, mme jang? (c) Bojuda bo ne jwa simologa jang mo lefatsheng?

16 Mo lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E., Bajuda ba ne ba le mo seemong sa ketsaetsego mme ka gone ba nna mo kotsing ya go hupediwa ke makhubu a ditsela tsa botshelo tsa batho bao e neng e se Bajuda tseo di neng di ntse di anamela mo dikarolong tsa Mediterranean le go feta. Morwalela o ne o tswa kwa Gerika, mme Bojuda bo ne jwa kwetoga mo go one bo apere seaparo sa Segerika.

17 Ka 332 B.C.E. mogenerala wa masole wa Mogerika ebong Alexander yo Mogolo o ne a fenya Botlhaba Bogare ka ponyo ya leitlho mme o ne a amogelwa ke Bajuda fa a ne a tla mo Jerusalema.c Batlhatlhami ba ga Alexander ba ne ba tsweledisa leano la gagwe la go dira batho Bagerika, a dira gore puo ya Segerika, tsela ya botshelo, le botlhajana jwa Segerika di dirisiwe gongwe le gonwe mo mmusongmogolo oo. Ka baka leo, ditsela tsa botshelo tsa Segerika le tsa Sejuda di ne tsa tswakana moo go neng ga felela ka dilo tse di gakgamatsang.

18. (a) Ke ka ntlhayang fa thanolo ya Septuagint ya Segerika ya Dikwalo tsa Sehebera e ne e tlhokafala? (b) Ke karolo efe ya tsela ya botshelo ya Segerika eo segolobogolo e neng ya ama Bajuda?

18 Bajuda ba Diaspora ba ne ba simolola go bua Segerika go na le Sehebera. Jalo go ya kwa tshimologong ya lekgolo la boraro la dingwaga B.C.E., thanolo ya ntlha ya Dikwalo tsa Sehebera e ranolelwa kwa Segerikeng, eo e neng e bidiwa Septuagint, e ne ya simololwa, mme ka yone, Baditšhaba ba le bantsi ba ne ba simolola go tlotla le go tlwaelana le bodumedi jwa Bajuda, bangwe ba bile ba sokologela mo go jone.d Lefa go ntse jalo, Bajuda bone ba ne ba simolola go anya megopolo ya go akanya ga Bagerika mme ba bangwe ba bile ba nna borabotlhajana, selo seo se neng se le sesha gotlhelele mo Bajudeng. Sekai se le sengwe sa seo ke sa ga Philo wa Alexandria mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., yo o neng a leka go tlhalosa Bojuda go ya ka botlhajana jwa Segerika, jaaka ekete dilo tseno tsoopedi bofelong di ne di tlhalosa boammaaruri jo bo tshwanang.

19. Mokwadi mongwe wa Mojuda o tlhalosa jang nako ya go tswakana ga ditsela tsa botshelo tsa Segerika le tsa Bajuda?

19 Fa a ne a sobokanya nako eno ya go dumalana mo dilong tse dingwe ga ditsela tsa botshelo tsa Segerika le tsa Sejuda, mokwadi wa Mojuda Max Dimont o ne a re: “Ereka ba ne ba na le dikgopolo tsa ga Plato, ba akanya ka tsela ya ga Aristotle, ebile ba dirisa boitseanape jwa ga Euclid, bakanoki ba Bajuda ba ne ba tsenya dilo tse disha mo go Torah. . . . Ba ne ba oketsa ditshenolelo tsa Bajuda ka dikakanyo tsa Bagerika.” Ditiragalo tseo di neng di tla diragala mo pusong ya Baroma, eo e neng ya nyeletsa Puso ya Gerika mme morago Jerusalema ka ngwaga wa 63 B.C.E., di ne di tla baakanyetsa diphetogo tse ebileng di ne di le botlhokwa tsela.

Bojuda mo Pusong ya Roma

20. Seemo sa bodumedi gareng ga Bajuda mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. e ne e le sefe?

20 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga mo Motlheng O O Tlwaelegileng Bojuda bo ne bo le mo seemong sa mofuta wa sone fela. Max Dimont o tlhalosa gore bo ne bo dirisa “mogopolo wa Bagerika le tšhaka ya Baroma.” Bajuda ba ne ba lebeletse mo gontsi ka baka la kgatelelo ya sepolotiki le diphuthololo tsa boperofeti kaga Mesia, segolobogolo jwa ga Daniele. Bajuda ba ne ba kgaogane ka makoko a le mantsi. Bafarasai ba ne ba gatelela gore go dirisiwe molao o o sa kwalwang (bona lebokoso, mo tsebeng 221) go na le go isa ditlhabelo kwa tempeleng. Basadukai ba ne ba gatelela botlhokwa jwa tempele le boperesiti. Go tswa foo go ne go na le Ba-Essene, Ba-Zealot, le Baherode. Botlhe ba ne ba sa utlwane ka bodumedi le ka botlhajana jwa bone. Baeteledipele ba Bajuda ba ne ba bidiwa borabi (beng, barutisi) bao, ka baka la go itse Molao ga bone, ba neng ba itlotlomatsa mme ba nna baeteledipele ba mofuta o mosha ba semoya.

21. Ke ditiragalo dife tseo di neng tsa ama thata Bajuda ba makgolo a dingwaga C.E. a ntlha a mabedi?

21 Lefa go ntse jalo, go sa dumalaneng ga Bajuda ka bobone le batho ba bangwe go ne ga tswelela, segolobogolo mo lefatsheng la Iseraele. La bofelo, go ne ga tsoga botsuolodi jo bogolo kgatlhanong le Roma, mme ka 70 C.E., masole a Roma a ne a tlhasela Jerusalema, a lalaanya motse oo, a ja tempele ya one ka molelo yotlhe fela, mme a falatsa baagi ba one. La bofelo, Bajuda ba ne ba sa letlelelwe gotlhelele go ya kafa molaong go tsena mo Jerusalema. Ereka jaana go ne go sena tempele ya jone, go sena lefatshe leo bo dirisiwang mo go lone, ebile batho ba jone ba gasame mo Pusong yotlhe ya Roma, Bojuda bo ne bo tlhoka bodumedi jwa mofuta o mosha e le gore bo tle bo seka jwa nyelela.

22. (a) Bajuda ba ne ba amiwa jang ke go latlhegelwa ga bone ke tempele mo Jerusalema? (b) Bajuda ba kgaoganya Bibela jang? (c) Talmud ke eng, mme e ne ya simologa jang?

22 Morago ga go senngwa ga tempele, Basadukai ba ne ba nyelela, mme molao o o sa kwalwang oo Bafarasai ba neng ba o simolola e ne ya nna one selo sa botlhokwa mo Bojudeng jo bosha, jwa Borabi. Mo boemong jwa mesepele ya go ya kwa tempeleng le go ntsha ditlhabelo jaanong batho ba ne ba ithuta ka tlhoafalo, ba rapela, ba bo ba dira ditiro tse di tlwaelegileng. Ka gone, Bojuda bo ne bo ka dirisiwa gongwe le gongwe, ka nako epe fela, le ke batho ba ditsela tsotlhe tsa botshelo. Borabi ba ne ba kwala molao ono o o neng o sa kwalwa, mo godimo ga go kwala dikakgelo tsa one, mme go tswa foo ba kwala tsa dikakgelo tsa one, tseo tsotlhe mmogo di neng tsa itsiwe jaaka Talmud.—Bona lebokoso mo ditsebeng 220-1.

23. Ke eng seo jaanong se neng sa gatelelwa ka baka la tlhotlheletso ya go akanya ga Bagerika?

23 Phelelo ya ditlhotlheletso tse di farologaneng tseno e ne ya nna eng? Max Dimont o bolela mo bukeng ya gagwe Jews, God and History, gore lemororo Bafarasai ba ne ba tshotse lobone lwa dikgopolo tsa Sejuda le bodumedi, “lobone loo ka bolone lo ne lo tshubilwe ke borabotlhajana ba Bagerika.” Lemororo Talmud ka bontsi e ne e theilwe thata mo melaong, ditshwantsho tsa yone le ditlhaloso di ne di supa ka phepafalo fa di tlhotlheleditswe ke borabotlhajana ba Bagerika. Ka sekai, ditumelo tsa Bagerika tsa bodumedi, tse di tshwanang le go sa sweng ga moya, di ne di tlhalosiwa ka tsela ya Sejuda. Eleruri, mo motlheng o mosha oo wa Borabi, go tlotlwa ga Talmud—eo ka nako eo e neng e le botlhajana jwa molao le jwa Segerika di kopane—go ne ga tswelela gareng ga Bajuda go fitlhela, ka Dingwaga tsa Bogare fa, Talmud e ne e tlotliwa ke Bajuda go gaisa Bibela ka boyone.

Bojuda go Kgabaganya Dingwaga tsa Bogare

24. (a) Ke merafe efe e megolo e mebedi eo e neng ya simolola go nna gone gareng ga Bajuda mo Dingwageng tsa Bogare? (b) E ne ya tlhotlheletsa Bojuda jang?

24 Mo Dingwageng tsa Bogare (go simologa ka mo e ka nnang ka 500 go ya go 1500 C.E.), go ne ga tlhaga merafe e e tlhomologileng e mebedi ya Bajuda—eleng Bajuda ba Ba-Sephardi, bao ba neng ba ntsifala mo pusong ya Bamoselema mo Spain, le Bajuda ba Ba-Ashkenazi mo Yuropa Bogare le Botlhaba. Merafe eo ka bobedi e ne ya tlhagisa bakanoki ba Borabi bao mekwalo ya bone le dikgopolo di leng motheo wa diphuthololo tsa bodumedi tsa Bojuda go fitlhela motlheng ono. Ka mo go kgatlhisang, bontsi jwa mekgwa le ditlwaelo tsa bodumedi tseo di dirwang segompieno mo Bojudeng tota di ne tsa simologa mo Dingwageng tsa Bogare.—Bona lebokoso mo tsebeng 231.

25. Kgabagare Kereke ya Katoliki e ne ya ama Bajuda jang mo Yuropa?

25 Mo lekgolong la bo 12 la dingwaga, go ne ga tsoga lesukasuka la go leleka Bajuda mo dinageng tse di farologaneng. Fela jaaka mokwadi mongwe wa Moiseraele ebong Abba Eban a tlhalosa mo go My People—The Story of the Jews: “Mo nageng nngwe le nngwe . . . eo e neng ya ikgapelwa ke Kereke ya Katoliki, go ne ga diragala dilo tse di tshwanang: ba ne ba nyadiwa, ba tlhokofadiwa, ba bolawa, ba bo ba lelekiwa.” Kgabagare, ka 1492, Spain, eo e neng e boetse gape e busiwa ke Bakatoliki, e ne ya seka ya salela kwa morago mme ya laola gore go lelekiwe Bajuda botlhe ba ba mo lefelong leo. Jalo kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo 15 la dingwaga, Bajuda ba ne ba lelekilwe mo e ka nnang mo Yuropa Bophirima yotlhe, ba tshabela kwa Yuropa Botlhaba le kwa dinageng tseo di bapileng le Mediterranean.

26. (a) Ke eng seo se neng sa dira gore Bajuda ba swabe? (b) Ke makoko afe a mabedi ao a neng a simologa gareng ga Bajuda?

26 Mo makgolokgolong a dingwaga ao ba neng ba gatelelwa ba bo ba bogisiwa mo go one, go ne ga nna le batho ba le bantsi bao ba neng ba ipolela fa e le Bomesia mo Bajudeng mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe, botlhe ba amogelwa ke batho ka ditsela tse di farologaneng, mme botlhe ba felela ba swabisitse batho. Ka lekgolo la bo 17 la dingwaga, go ne ga tlhokafala maiteko a masha go tlhagafatsa Bajuda gape le go ba somola mo motlheng ono wa lefifi. Mo lekgolong la bo 18 la dingwaga, Bajuda ba ne ba gomodiwa mo boitlhobogong jwa bone. E ne e le Bo-Hasidism (bona lebokoso mo tsebeng 226), seo e neng e le bosaitsiweng bo kopantswe le go tseega maikutlo ga bodumedi mo go neng go bontshiwa mo kobamelong ya letsatsi le letsatsi le ditiro. Phapaanong le seo, mo e ka nnang ka yone nako eo, rabotlhajana mongwe Moses Mendelssohn, Mojuda wa Mojeremane, o ne a tla ka tharabololo e nngwe, eleng tsela ya ga Haskala, kana tshedifalelo, eo e neng e tshwanetse go gogela batho kwa go seo se itsegeng go ya ka ditiragalo fa e le “Bojuda jwa Motlha wa Segompieno.”

Go Tswa “Tshedifalelong” go ya Bosioneng

27. (a) Moses Mendelssohn o ne a tlhotlheletsa maikutlo a Bajuda jang? (b) Ke ka ntlhayang fa Bajuda ba le bantsi ba ne ba gana go nna le tsholofelo mo go Mesia wa motho?

27 Go ya ka Moses Mendelssohn (1729-86), Bajuda ba ne ba ka amogelesega fa ba ne ba ka intsha mo dikgoleng tsa Talmud mme ba dumalanya matshelo a bone le tsela ya botshelo jwa Bophirima. Mo motlheng wa gagwe, o ne a nna mongwe wa Bajuda ba ba tlotlegang fela thata mo Baditšhabeng. Lefa go ntse jalo, thubakanyo e kgolo eo e neng e tsosolositswe gape ke batho ba ba neng ba le kgatlhanong le Bajuda mo lekgolong la bo 19 la dingwaga, segolobogolo ke “Bakeresete” ba Russia, e ne ya dira gore balatedi ba mokgatlho oo ba sale ba swabile, mme bontsi jwa bone ba ne ba tlhoma mogopolo wa bone mo go batleng tharabololo ya mathata a Bajuda ka tsela ya sepolotiki. Ba ne ba ganana le kgopolo ya gore go ne go tla tla Mesia mongwe yo o neng a tla etelela Bajuda pele go boela kwa Iseraele mme a fete a thuse mo go tlhomeng Puso ya Sejuda ka ditsela tse dingwe. Seno he e ne ya nna tumelo ya Bosiona: “go dira bomesia jwa Sejuda . . . selo sa selefatshe,” jaaka mongwe wa bakwadi a tlhalosa.

28. Ke ditiragalo dife tseo di ileng tsa ama maikutlo a Bajuda mo lekgolong la bo 20 la dingwaga?

28 Go bolawa ga Bajuda ba ba neng ba nna mo Yuropa ba ba ka nnang dimilione tse thataro mo Masetlapelong ao a neng a tlhotlheleditswe ke Ba-Nazi (1935-45) go ne ga dira gore tlhotlheletso ya Bosiona e ye magoletsa mme e ratwe ke batho ba le bantsi mo lefatsheng ka bophara. Keletso ya Basiona e ne ya diragala ka 1948 fa go ne go tlhongwa Puso ya Iseraele, seo se re lereng mo Bojudeng jwa motlha wa segompieno le mo potsong e e reng, Ke eng seo Bajuda ba segompieno ba se dumelang?

Modimo O Mongwe fela

29. (a) Fa go tlhalosiwa ka tsela e e tlhamaletseng fela, Bojuda jwa segompieno ke eng? (b) Bojuda ke selo sa mofuta ofe? (c) Mengwe ya meletlo le mekgwa ya Bajuda ke dife?

29 Fa go tlhalosiwa ka tlhamalalo fela, Bojuda ke bodumedi jwa batho. Ka jalo, motho yo o sokologelang mo go jone o nna mongwe wa Bajuda mmogo le go nna lekoko la bodumedi jwa Sejuda. Ke bodumedi jo bo dumelang gore Modimo o mongwe fela ka boammaaruri ebile bo dumela gore Modimo o tsenelela mo ditiragalong tsa batho, segolobogolo tse di amanang le Bajuda. Kobamelo ya Bajuda e kopanyeletsa mekete e le mmalwa ngwaga le ngwaga le mekgwa e e farologaneng. (Bona lebokoso, tsebe 230-1.) Lemororo go sena melao kana ditaolo tseo Bajuda botlhe ba di amogelang, go bolela ga bone gore go na le Modimo o le mongwe fela jaaka go tlhalosiwa mo go Shema eleng thapelo eo e thailweng mo go Duteronome 6:4, ke yone moko wa kobamelo ya kwa sinagogeng: “A o ko u utlwè, wèna Iseraela, Yehofa Modimo oa rona ke Yehofa eo moñwe hèla.”

30. (a) Bajuda ba tlhaloganya Modimo jang? (b) Pono ya Bajuda kaga Modimo e thulana jang le ya Labodumedi?

30 Tumelo eno ya gore Modimo o mongwe fela e ne ya fetisediwa mo Bokereseteng le mo Boiselemong. Go ya ka Dr. J. H. Hertz, yo eleng rabi: “Mafoko a mantle ano a gore Modimo o mongwe fela mme ga go na ope o sele ke mafoko a a ganetsanang le go dumela mo medimong e mentsintsi . . . Ka tsela e e tshwanang, Shema e kgaphela kgakala tharonngwe ya tumelo ya Bokeresete gore ke seo se thulanang le Bongwe fela jwa Modimo.”e Mme jaanong a re lebeleleng seo Bajuda ba se dumelang mo kgannyeng ya botshelo morago ga loso.

Loso, Moya, le Tsogo

31. (a) Thuto ya motheo ya go sa sweng ga moya e ne ya tsena jang mo thutong ya Bajuda? (b) Thuto ya go sa sweng ga moya e ne ya tsosa bothata bofe?

31 Dingwe tsa ditumelo tsa motheo tsa Bojuda jwa motlha wa segompieno ke gore motho o na le moya o o sa sweng o o salang o ntse o tshela morago ga mmele o sena go tlhokafala. Mme a seno se tswa mo Bibeleng? Encyclopaedia Judaica e dumela jaana ka papamalo: “Go lebega thuto ya motheo ya go sa sweng ga moya e ne ya tsena mo Bojudeng ka tlhotlheletso ya Bagerika.” Lefa go le jalo, seno se ne sa dira gore thuto eno ya motheo e nne le mathata, fela jaaka one motswedi oo o tlhalosa ka gore: “Totatota ditumelo tse pedi tseo tsa tsogo le go sa sweng ga moya di a ganetsana. E nngwe e bua ka go tsoga ga batho botlhe mo motlheng wa bofelo, ke gore, baswi ba ba robetseng mo lefatsheng ba tla tsoga mo mabitleng, fa e nngwe e bua ka seemo sa moya morago ga mmele o sena go tlhokafala.” Bothata joo bo ne jwa rarabololwa jang mo thutong ya bomodimo ya Bojuda? “Go ne ga dumelwa gore fa motho a sena go tlhokafala mmele wa gagwe o tswelela o ntse o tshela mo sebakeng se sengwe (seno se ne sa tsosa ditumelo tse dintsi tse di amanang le legodimo le dihele) fa mmele wa gago one o ne o robetse mo lebitleng o emetse go tsosediwa mo nameng ga baswi botlhe mono lefatsheng.”

32. Bibela ya reng kaga baswi?

32 Motlhatlheledi mongwe wa unibesithi Arthur Hertzberg o kwala jaana: “Mo Bibeleng [ya Sehebera] ka boyone lefelo leo motho a tshwanetseng go tshela mo go lone ke mono lefatsheng. Ga go na thuto epe ya motheo e e buang ka legodimo le dihele, ke kgopolo fela eo batho ba le bantsi ba nang le yone ya gore la bofelo baswi ba tla tsosiwa mo metlheng ya bofelo.” Eno ke tlhaloso e e motlhofo e e tlhomameng ya kgopolo ya Bibela, eleng gore, “bashwi ga ba itse sepè, . . . gonne ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo Bopipoñ [lebitla le le tlwaelesegileng la motho], kwa u eañ gōna.”—Moreri 9:5, 10; Daniele 12:1, 2; Isaia 26:19.

33. Bajuda pele ba ne ba leba jang thuto ya motheo ya tsogo?

33 Go ya ka Encyclopaedia Judaica, “Mo motlheng wa borabi thuto ya motheo ya go tsoga ga baswi e ne e tsewa e le nngwe ya dithuto tsa motheo tse dikgolo tsa Bojuda” mme “e tshwanetse go farologanngwa le go dumela mo . . . go sa sweng ga moya.”f Lefa go ntse jalo, lefa gompieno go sa sweng ga moya go amogelwa ke Bojuda ka kakaretso, ga go a nna jalo ka go tsoga ga baswi.

34. Phapaanong le pono ya Bibela, Talmud e tlhalosa moya jang? Bakwadi ba moragonyana ba akgela jang?

34 Phapaanong le Bibela, Talmud, eo e tlhotlheleditsweng ke Bogerika, e tletse ka ditlhaloso le dipolelo le eleng ditshwantsho tsa moya o o sa sweng. Dibuka tsa moragonyana tsa masaitsiweng a Bojuda, ebong Kabbala, di ya le bokgakaleng jwa go ruta go tsholwa sesha o le mo mmeleng o mosha (go fuduga ga meya), seo tota e leng thuto ya bogologolo ya Bohindu. (Bona Kgaolo 5.) Gompieno mo Iseraele, thuto eno e amogelwa ke batho ba le bantsi jaaka thuto ya Bojuda, mme gape e na le seabe sa botlhokwa mo tumelong le mo dibukeng tsa Bo-Hasidim. Ka sekai, Martin Buber mo bukeng ya gagwe Tales of the Hasidim—The Later Masters o kwadile le kaga leinane le le buang kaga moya la dithuto tsa ga Elimelekh, eleng rabi wa Lizhensk: “Mo Letsatsing la Tetlanyo, fa Rabbi Abraham Yehoshua a ne a bua mafoko a Avodah ka tlhogo, eleng thapelo e e boeletsang tirelo ya moperesiti yo mogolo mo Tempeleng ya Jerusalema, e ne e tle e re a fitlha fa tshetleng e e reng: ‘Mme a bua jalo,’ o ne a seke a bua mafoko ao, mme o ne a tla a re: ‘Mme ka bua jalo.’ Ka gonne o ne a sa lebala nako ya fa moya wa gagwe o ne o le mo mmeleng wa moperesiti yo mogolo wa Jerusalema.”

35. (a) Bojuda jwa Diphetogo bo ile jwa nna le maikutlo afe malebana le thuto ya go sa sweng ga moya? (b) Thuto e e phepafetseng ya Bibela kaga moya ke efe?

35 Bojuda jwa Diphetogo bo ile jwa ya le bokgakaleng jwa go sa dumeleng mo tsogong. Ereka jaana ba tlositse lefoko leo mo dibukeng tsa thapelo tsa Diphetogo, bo dumela fela mo moyeng o o sa sweng. Abo kgopolo ya Bibela e phepafetse jang ne jaaka e tlhalosiwa mo go Genesise 2:7 e e reng: “Yehofa Modimo a bopa motho ka lorole lwa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwe; me motho a dihèga mōea o o tshedileñ.” Fa mmele le moya, kana maatla a botshelo, di kopanngwa di bopa “mōea o o tshedileñ.”g (Genesise 2:7; 7:22; Pesalema 146:4) Ka baka leo, fa motho wa moleofi a tlhokafala, he moya oo o a tlhokafala. (Esekiele 18:4, 20) Ka gone, fa motho a tlhokafala ga a tlhole a ikutlwa. Maatla a gagwe a botshelo a boela kwa Modimong o o o abileng. (Moreri 3:19; 9:5, 10; 12:7) Tsholofelo ya boammaaruri ya Bibela ka baswi ke tsogo—Sehebera: techi·yathʹ ham·me·thimʹ, kana “go tsosolosiwa ga baswi.”

36, 37. Ke eng seo Bahebera ba ba ikanyegang ba ba bolelwang mo Bibeleng ba neng ba se dumela kaga botshelo jwa nako e e tlang?

36 Lemororo phetso eno e ka nna ya gakgamatsa le eleng Bajuda ba le bantsi, tsogo e ne e ntse e le tsholofelo ya boammaaruri ya baobamedi ba Modimo wa boammaaruri ka makgolokgolo a dingwaga. Dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng, Jobe yo o ikanyegang, yo o neng a boga o ne a bua ka nako e e tlang ya fa Modimo a ne a tla mo tsosa mo Sheol, kana lebitla. (Yobe 14:14, 15) Moperofeti Daniele le ene o ne a tlhomamisega gore o ne a tla tsosiwa “kwa bokhutloñ yoa metlha.”—Daniele 12:2, 13.

37 Ga go na sepe mo Dikwalong se se tshegetsang gore Bahebera ba ba ikanyegang bao ba ne ba dumela gore ba na le moya o o sa sweng oo o neng o tshela kafa tlase ga lefatshe. Ka phepafalo ba ne ba na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore Molaodi yo Mogolo, yo o kgonang go bala le go laola dinaledi tsotlhe tsa lobopo, gape o ne a tla kgona go ba gakologelwa ka nako ya tsogo. Ba ne ba ntse ba ikanyega mo go ene le mo leineng la gagwe. Le ene o ne a tla ikanyega mo go bone.—Pesalema 18:25; 147:4; Isaia 25:7, 8; 40:25, 26.

Bojuda le Leina la Modimo

38. (a) Go ile ga diragala eng go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga malebana le go dirisiwa ga leina la Modimo? (b) Ke motheo ofe o o gone kaga leina la Modimo?

38 Bojuda bo ruta gore lemororo leina la Modimo le kwadilwe, le boitshepo mo le ka sekang la bidiwa.h Phelelo e ile ya nna gore, mo dingwageng tse di fetang 2 000 tse di fetileng, go bidiwa mo go siameng ga leina leo go ile ga latlhega. Lefa go le jalo, go ne go ntse go sa nna jalo ka Bajuda ka metlha. Dingwaga tse di ka nnang 3 500 tse di fetileng, Modimo o ne wa raya Moshe, wa re: “U tla raea bana ba Iseraela yana, u re, YEHOFA, Modimo oa borra eno, Modimo oa ga Aberahame, Modimo oa ga Isake, le Modimo oa ga Yakobe, o nthomile kwano go lona; ye, ke yeōna leina ya me ka bosakhutleñ; me ke yeōna segopoco sa me go ea mo tshikatshikeñ cotlhe.” (Ekesodo 3:15; Pesalema 135:13) Leina leo le segopotso e ne e le eng? Ntlhanyana e e kwa tlase mo go Tanakh e e tlhalosa jaana: “Leina YHWH (leo ka tlwaelo le balwang go twe Adonai “MORENA”) fano le tsamaisanngwa le modi hayah ‘go nna.’” Ka gone, fano re na le leina le le boitshepo la Modimo, ebong Tetragrammaton, eleng ditumammogo tse nnè tsa Sehebera YHWH (Yahweh) leo fa le kwalwa ka tsela ya Selatine le ileng la itsiwe mo makgolokgolong a dingwaga jaaka JEHOVAH ka Seesemane.

39. (a) Ke ka ntlhayang fa leina la Modimo le le botlhokwa? (b) Ke ka ntlhayang fa Bajuda ba sa tlhole ba bitsa leina la Modimo?

39 Go kgabaganya ditiragalo tsotlhe, ka metlha Bajuda ba ile ba bona fa leina la Modimo ka sebele le le botlhokwa, lemororo kgothaletso ya go le dirisa e ile ya ngotlega thata go na le mo metlheng ya bogologolo. Fela jaaka Dr. A. Cohen a tlhalosa mo go Everyman’s Talmud: “‘Leina le le tlhomologileng leo’ (Shem Hamephorash) la Modimo leo A neng a le senolela batho ba Iseraele, eleng, tetragrammaton, JHVH, [le ne] le tlotlwa ka mo go kgethegileng.” Leina leo la Modimo le ne la tlotlwa ka gonne le ne le emela ebile le tlhalosa Modimo ka boone. Ebile kana tota, Modimo ke one o neng o ile wa itsise leina la one wa ba wa bolelela baobamedi ba gagwe go le dirisa. Seno se gatelelwa ke go bo leina leo le tlhaga makgetlo a le 6 828 mo Bibeleng ya Sehebera. Lefa go ntse jalo, Bajuda ba ba ineetseng ba ikutlwa gore ga se go bontsha tlotlo go bitsa leina la Modimo.i

40. Bakwadi bangwe ba Bajuda ba ile ba tlhalosa eng malebana le go dirisiwa ga leina la Modimo?

40 Go ya ka taolo ya bogologolo ya borabi (eseng ya Bibela) ya go thibela batho go bitsa leina leo, A. Marmorstein, yo e leng rabi o ne a kwala mo bukeng ya gagwe The Old Rabbinic Doctrine of God a re: “Go ne go na le nako eo Bajuda ba neng ba sa itse gotlhelele kaga thibelo eno [ya go dirisa leina la bomodimo] . . . Mo Egepeto, lefa a le mo Babelona, Bajuda ba ne ba sa itse lefa e le go boloka molao oo wa gore ba seka ba dirisa leina la Modimo, le eleng Tetragrammaton, fa ba ne ba tshwere motlotlo fela kana ba dumedisana. Lefa go le jalo, go simolola ka lekgolo la boraro la dingwaga B.C.E. go fitlha ka lekgolo la boraro la dingwaga A.C.E. thibelo eo e ne e setse e le teng mme e ne e dirisiwa ke batho bangwe.” Go dirisiwa ga leina leo go ne go sa letlelelwe fela mo metlheng ya pele mme, jaaka Dr. Cohen a bolela: “Go ne go na le nako eo go neng go gatelelwa gore Leina leo le dirisiwe ka kgololesego le ka go sa iphitlhe le eleng ke batho ba ba tlwaelegileng fela . . . Go ile ga akantshiwa gore batho ba ne ba kgothalediwa go dira jalo ka baka la go bo go ne go batlwa gore Baiseraele ba farologane le [batho bao eseng Bajuda].”

41. Go ya ka rabi mongwe, ke ditlhotlheletso dife tseo di dirileng gore batho ba thibelwe go dirisa leina la Modimo?

41 Ke eng he, seo se neng sa dira gore batho ba ilediwe go dirisa leina leo la Modimo? Dr. Marmorstein o araba ka go re: “Kganetso ya Bagerika mo bodumeding jwa Bajuda, botenegi jwa baperesiti le batlotlegi, di ne tsa simolola tsa tlhomamisa molao wa gore go seka ga bidiwa Tetragrammaton mo Lefelong le le Boitshepo [tempele mo Jerusalema].” Ka tlhoafalo ya bone e kgolo ya go tila go sa dirisetseng leina la Modimo lefela, ba ne ba dira gore batho ba tlhoke go le dirisa gotlhelele fa ba bua ba bo ba senya le go nyatsa Modimo wa boammaaruri. Ka go bo go ne go na le kgatelelo ya kganetso ya bodumedi mmogo le botenegi, leina leo la Modimo le ne la seka la tlhola le dirisiwa gotlhelele ke Bajuda.

42. Rekoto ya Bibela e bontsha eng kaga go dirisiwa ga leina la Modimo?

42 Lefa go ntse jalo, jaaka Dr. Cohen a tlhalosa: “Mo metlheng e e bolelwang ke Bibela go lebega go ne go sa ilediwe ope go dirisa [leina la Modimo] gotlhelele mo puong ya letsatsi le letsatsi.” Tlhogo ya lotso Aberahame o ne “a bitsa leina ya ga Yehofa.” (Genesise 12:8) Bontsi jwa bakwadi ba Bibela ya Sehebera ba ne ba dirisa leina leo ka kgololesego le ka tlotlo go tla go fitlha fela ka nako ya go kwalwa ga Malaki mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E.—Ruthe 1:8, 9, 17.

43. (a) Ke eng seo se phepafetseng ka botlalo malebana le go dirisa leina la Modimo ga Bajuda? (b) Go tlogela go dirisa leina la Modimo ga Bajuda go ne ga nna le phelelo efe e e sa tlhamalalang?

43 Go phepafetse sentle gore Bahebera ba bogologolo ba ne ba dirisa ba bile ba bitsa leina la Modimo. Marmorstein o tlhalosa jaana malebana le phetogo eo e neng ya diragala moragonyana: “Ka gonne mo nakong eno, mo karolong ya ntlha ya lekgolo la boraro la dingwaga [B.C.E.], go tshwanetse ga elwatlhoko gore go nnile le phetogo e kgolo mo go dirisiweng ga leina la Modimo, moo go ileng ga dira diphetogo tse dintsi mo thutong ya thutobomodimo ya Bajuda le ya botlhajana, tseo ditlhotlheletso tsa tsone di santseng di bonala le gone gompieno.” Nngwe ya dilo tse di neng tsa tsalega ka ntlha ya go sa diriseng leina leo ke go nna gone ga kgopolo ya Modimo o o sa itsiweng eo e neng ya bula sebaka sa gore thuto ya motheo ya Tharonngwe ya Labodumedi e tsweledisiwe motlhofo fela e sa kgorelediwe.j—Ekesodo 15:1-3.

44. Ke diphelelo dife tse dingwe tseo di neng tsa bakiwa ke go sa dirisiweng ga leina la Modimo?

44 Go gana go dirisa leina la Modimo go ile ga isa kwa tlase kobamelo ya Modimo wa boammaaruri. Fela jaaka motlhatlheledi mongwe a kile a bolela: “Ka maswabi, fa Modimo a bidiwa ‘Morena,’ sereto seo, lemororo se siame, ke se se senang moko ebile ga sena bokao bope . . . Motho o tshwanetse go gakologelwa gore fa a ranola YHWH kana Adonay a re ‘Morena’ o a ba a tsenya mo ditshetleng tse dintsi tsa Tesetamente e Kgologolo phosego, mokgwa, le phapogo e e kgakala thata le mokwalo wa ntlha.” (The Knowledge of God in Ancient Israel) Abo go hutsafatsa jang ne go bona tlotlo le botlhokwa jwa leina Yahweh, kana Jehofa, di seyo mo dithanolong tse dintsi tsa Bibela ntswa le le gone ka phepafalo ka makgetlo a le diketekete mo mokwalong wa ntlha wa Sehebera!—Isaia 43:10-12.

A Bajuda ba Santse ba Letetse Mesia?

45. Ke tshegetso efe eo Bibela e e neelang malebana le go dumela mo go Mesia?

45 Go na le boperofeti bo le bontsi mo Dikwalong tsa Sehebera joo Bajuda mo dingwageng tse di fetang 2 000 tse di fetileng ba neng ba tshegetsa tsholofelo ya bone kaga Mesia mo go jone. Samuele wa Bobedi 7:11-16 e ne ya supa gore Mesia e ne e tla nna setlogolwana sa ga Dafide. Isaia 11:1-10 e ile ya perofesa gore o ne a tla tlisetsa batho botlhe tshiamo le kagiso. Daniele 9:24-27 e ne ya neela ngwaga oo Mesia a neng a tla bonala ka one le o a neng a tla bolawa ka one.

46, 47. (a) Bajuda bao ba neng ba busiwa ke Baroma ba ne ba lebeletse Mesia wa mofuta ofe? (b) Ke phetogo efe e e diragetseng mo maikutlong ao Bajuda ba neng ba na nao malebana le Mesia?

46 Jaaka Encyclopaedia Judaica e tlhalosa, mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ba ne ba solofetse Mesia fela thata. Go ne go solofetswe gore Mesia o ne a tla nna “setlogolwana sa ga Dafide se se nang le maatla a a sa tlwaelegang seo Bajuda ba nako ya puso ya Roma ba neng ba dumela gore o ne a tla romelwa ke Modimo go tla go nyeletsa baheitane le go busa mo bogosing jo bo tsosolositsweng jwa Iseraele.” Lefa go ntse jalo, Mesia o ne a se kitla a tla e le motlhabani jaaka Bajuda ba ne ba lebeletse.

47 Lefa go le jalo, jaaka The New Encyclopædia Britannica e lemotsha, go solofela Mesia e ne e le selo sa botlhokwa mo go bopaganyeng batho ba Bajuda mmogo go ralala mathata a mantsi ao ba ileng ba nna nao: “Kwantle ga pelaelo Bojuda bo ile jwa kgona go nna bo le gone, go ya bokgakaleng jo bo rileng e le ka baka la tumelo ya bone e e sa tshikinyegeng mo go solofeleng Mesia le mo go lebeng kwa isagweng.” Mme fa go ne go simologa Bojuda jwa motlha wa segompieno gareng ga lekgolo la bo 18 le la bo 19 la dingwaga, Bajuda ba le bantsi ba ne ba lesa go tlhola ba letetse Mesia. Kwa bokhutlong, morago ga Matlhotlhapelo ao a neng a tlhotlheleditswe ke Ba-Nazi, ba le bantsi ba ne ba latlhegelwa ke bopelotelele jwa bone le tsholofelo. Ba ne ba simolola go leba go tla ga ga Mesia jaaka selo seo se sa tlhomamisegeng mme ka gone ba tlhalosa sesha gore ke motlha o mosha fela wa katlego le kagiso. Fa esale ka nako eo, lemororo go na le bangwe ba ba sa akanyeng ka tsela eo, ga go kake ga bolelwa ka gope gore Bajuda ka kakaretso ba letetse Mesia wa motho.

48. Ke dipotso dife tseo kafa tshwanelong di ka bodiwang kaga Bojuda?

48 Go fetolela bodumedi jwa bone mo go jo e seng jwa Bomesia go tsosa dipotso tse di masisi. A go raya gore Bojuda bo ne bo ntse bo le phoso mo diketeketeng tsa dingwaga mo go dumeleng gore Mesia e ne e tla nna motho? Ke mofuta ofe wa Bojuda o o ka thusang motho go batla Modimo? A ke Bojuda jwa bogologolo joo bo neng bo na le metswako ya botlhajana jwa Segerika? Kana a ke mofuta mongwe wa mefuta ya Bojuda jo bo sa dumeleng mo go Mesia joo bo ileng jwa nna teng mo dingwageng tse 200 tse di fetileng? Kana a go na le tsela e nngwe eo ka boikanyego le ka tlhomamo e tshegeditseng tsholofelo ya Bomesia?

49. Bajuda ba ba peloephepa ba lalelediwa eng?

49 Re akantse dipotso tseno, re akantsha gore Bajuda ba ba peloephepa ba boe ba tlhatlhobise kgang kaga Mesia ka go sekaseka dipolelo malebana le Jesu wa Nasaretha, eseng jaaka Labodumedi a mo tlhalosa, mme jaaka bakwadi ba Bajuda ba Dikwalo tsa Segerika ba mo tlhalosa. Go na le pharologanyo e kgolo. Ditumelo tsa Labodumedi di rotloeditse gore Bajuda ba gane Jesu ka ntlha ya thuto ya bone ya motheo e e seng ya Bibela ya Tharonngwe, eo e sa amogelweng gotlhelele ke Mojuda ope fela yo o ratang thuto e e itshekileng ya gore “Yehofa Modimo oa rona ke Yehofa eo moñwe hèla.” (Duteronome 6:4) Ka jalo, re go laleletsa go bala kgaolo e e latelang o tle o amogele megopolo e mesha e le gore o tle o itse Jesu wa Dikwalo tsa Segerika.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bapisa Genesise 5:22-24, New World Translation of the Holy Scriptures—With References, ntlhanyana e e kwa tlase ya bobedi ya temana 22.

b Dingwaga tse di kwadilweng mono di thailwe mo ditemaneng tsa Bibela. (Bona buka “All Scripture Is Inspired of God and Beneficial,” eo e gatisitsweng ke ba Watchtower Bible and Tract Society of N. Y., Inc., Thuto 3, “Measuring Events in the Stream of Time.”)

c Raditiragalo wa lekgolo la ntlha la dingwaga wa Mojuda ebong Yoseph ben Mattityahu (Flavius Josephus) o bolela gore fa Alexander a ne a goroga mo Jerusalema, Bajuda ba ne ba mo amogela ka diatla tsoopedi mme ba mmontsha boperofeti jo bo tswang mo bukeng ya ga Daniele jo bo neng bo kwadilwe dingwaga tse di fetang 200 tse di fetileng joo bo neng bo tlhalosa ka phepafalo diphenyo tsa ga Alexander jaaka ‘Kgosi ya Gerika.’—Jewish Antiquities, Book XI, Kgaolo VIII 5; Daniele 8:5-8, 21.

d Mo motlheng wa Ba-Maccabees (Ba-Hasmonaean, go simologa ka 165 go ya go 63 B.C.E.), baeteledipele ba Bajuda ba ba tshwanang le John Hyrcanus ba bile ba bo ba pateletsa batho ba le bantsi go sokologela mo Bojudeng fa ba sena go fenya. Ke selo se se kgatlhisang gore kwa tshimologong ya Motlha O O Tlwaelesegileng, 10 lekgolong ya batho ba kgaolo ya Mediterranean e ne e le Bajuda. Palo eno e bontsha ka phepafalo kafa basokologela Bojudeng ba neng ba le bantsi ka gone.

e Go ya ka The New Encyclopædia Britannica: “Tumelo ya Bokeresete ya Tharonngwe . . . e farologanya le ditumelo tse dingwe tsa bogologolo tsa gore Modimo o mongwe fela [eleng Bojuda le Boiselemo].” Tharonngwe e ne ya simololwa ke kereke lemororo “Bibela ya Bakeresete e sena mafoko ape kaga Modimo a a kayang ka tlhamalalo gore ke tharonngwe.”

f Mo godimo ga mafoko a Bibela, e ne e rutwa jaaka tumelo ya motheo mo go Mishnah (Sanhedrin 10:1) gape e ne e kwadilwe jaaka molaomotheo wa bofelo wa e e 13 ya tumelo ya Maimonides. Go fitlha ka lekgolo la bo 20 la dingwaga, motho yo o neng a sa dumele mo tsogong o ne a tsewa fa e le moheitane.

g “Bibela ga e re re na le moya. ‘Nefesh’ ke motho ka boene, go tlhoka dijo ga gagwe, ditshikana tsa gagwe tsa madi, go tshela ga gagwe.”—Dr. H. M. Orlinsky wa Hebrew Union College.

h Bona Ekesodo 6:3 koo go ya ka phetolelo ya Tanakh ya Bibela ya Sehebera Tetragrammaton e tlhagang gone mo mokwalong wa Seesemane.

i Encyclopaedia Judaica ya re: “Go tila go bitsa leina YHWH go . . . bakiwa ke go sa tlhaloganyeng Molao wa Boraro (Ekes. 20:7; Dute. 5:11) go tsewa gore o raya gore ‘O seka wa tsaya leina la ga YHWH Modimo wa gago lehela,’ fa tota o raya gore ‘O seka wa ikanela maaka ka leina la ga YHWH Modimo wa gago.’”

j George Howard, moporofesa wa maemo a a fa gare wa bodumedi le Sehebera kwa University of Georgia, o tlhalosa ka gore: “Fa nako e ntse e tsamaya, batho ba babedi bano [Modimo le Keresete] ba ne ba dirwa selo se le sengwe fela go fitlhelela go nna thata go tlhaloganya gore ofe ke ofe. Ka gone e ka nna ya bo e le gore go tlosiwa ga Tetragrammaton go ne ga gakatsa fela thata dikganetsano tseo di ileng tsa nna teng moragonyana malebana le Thuto kaga Keresete le Tharonngwe tseo e neng e le selo sa ka metlha mo dikerekeng tsa makgolo a ntlha a dingwaga. Lefa seemo e ka tswa e le sefe, go tlosiwa ga Tetragrammaton e ka nna ya bo e le gone go tlhodileng seemo sa thutobomodimo se se farologaneng mo go seo se neng se le gone mo lobakeng lwa nako ya Tesetamente e Ntšha mo lekgolong la ntlha la dingwaga.”—Biblical Archaeology Review, March 1978.

[Mafoko a a mo go tsebe 217]

Bajuda ba Ba-Sephardi le Ba-Ashkenazi ba ne ba bopa merafe e mebedi

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 211]

Melao E E Lesome ya Kobamelo le Boitshwaro

Dimilione tsa batho di ile tsa utlwalela kaga Melao E E Lesome, mme ke ba sekae fela ba ba ileng ba kgona go e bala. Ka jalo, fano re kwadile karolo e kgolo ya yone.

▪ “U seka ua nna le medimo epè e sele ha e se nna.

▪ “U seka ua itihèla sechwanō sepè se se setilweñ, leha e le sechwanō sa sebopègō sepè se se kwa legodimoñ kwa godimo, leha e le sa se se mo lehatshiñ kwa tlhatse, leha e le sa se se mo metsiñ a a kwa tlhatse ga lehatshe: U seka ua di ikōbèla, leha e le go di dihèla. . . . [Mo nakong eno ya bogologolo, eleng 1513 B.C.E., molao ono e ne e le one fela oo o neng o iletsa kobamelo ya medimo ya disetwa.]

▪ “U seka ua umakèla leina ya ga Yehofa Modimo oa gago lehèla; . . .

▪ “Gakologèlwa letsatsi ya sabata go le itshepisa. . . . Yehofa o na a segōhatsa letsatsi ya boshupa, a le itshepisa.

▪ “Tlotla rrago le mmago . . .

▪ “U se ka ua bolaea motho.

▪ “U se ka ua diha boaka.

▪ “U se ka ua ucwa.

▪ “U se ka ua shupa maaka kaga moñwe ka wèna.

▪ “U se ka ua eletsa ntlo ea moñwe ka wèna . . . mosadi . . . motlhanka oa gagwè, leha e le lelata . . . kgomo ea gagwè, leha e le esela ea gagwè, leha e le sepè se e leñ sa moñwe ka wèna.”—Ekesodo 20:3-17.

Lemororo e le melao ya ntlha e menè fela e e amanang le tumelo ya bodumedi le kobamelo, melao e mengwe e bontsha kafa go itshwara sentle go amanang ka gone le kamano e e tshwanetseng le Mmopi.

[Setshwantsho]

Go sa kgathalesege molao o o sa tshwaneng le ope o ba neng ba o neilwe ke Modimo, Baiseraele ba ne ba obamela namane jaaka baagelani ba bone ba baheitane (Namane ya gouta, Byblos)

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 220, 221]

Dikwalo Tse Di Boitshepo tsa Bahebera

Dikwalo tse di boitshepo tsa Bahebera di simologile ka “Tanakh.” Leina “Tanakh” le tswa mo dikarolong tse tharo tsa Bibela ya Mojuda ka Sehebera: Torah (Molao), Nevi’im (Baperofeti), le Kethuvim (Dikwalo), go dirisiwa tlhaka ya ntlha ya karolo nngwe le nngwe go bopa lefoko TaNaKh. Dibuka tseno di ne tsa kwalwa ka Sehebera le Searamaika go simolola ka lekgolo la bo 16 la dingwaga go ya go lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E.

Bajuda ba dumela gore di ile tsa kwalwa ka tlhotlheletso e e sa tshwaneng le eo e tlang e fokotsega. Ka jalo he, ba di kwadile ka thulaganyo eno ya botlhokwa jwa tsone:

Torah—dibuka tse tlhano tsa ga Moshe, kana Pentateuch (go tswa mo lefokong la Segerika le le rayang “memeno e metlhano”), Molao, o o fitlhelwang go Genesise, Ekesodo, Lefitiko, Dipalō, le Duteronome. Lefa go ntse jalo, lereo “Torah” le ka nna la dirisiwa go lebisa go Bibela ya Sejuda e le yotlhe mmogo le molao o o sa kwalwang le Talmud (bona tsebe e e latelang).

Nevi’im—Baperofeti, bao ba balwang go tloga go Yoshue go fetela go baperofeti ba bagolo, Isaia, Yeremia, le Esekiele, mme go tswa foo go ya go baperofeti “ba babotlana” ba ba 12 go simolola ka Hosea go ya go Malaki.

Kethuvim—Dikwalo, tseo di tshwereng maboko, Dipesalema, Diane, Yobe, Sehela sa Dihela, le Dikhutsahalō. Tse dingwe gape ke tseo di akaretsang Ruthe, Moreri, Esethere, Daniele, Esere, Nehemia, le Ditihalō tsa Ntlha le tsa Bobedi.

Talmud

Go ya ka pono ya Baditšhaba “Tanakh,” kana Bibela ya Sejuda, ke mekwalo e e botlhokwa fela thata mo Bajudeng. Lefa go ntse jalo, pono ya Bajuda e farologane. Bajuda ba le bantsi ba dumalana le kakgelo ya ga Adin Steinsaltz, rabi yo o neng a re: “Fa e le gore Bibela ke lentswe la kgokgotsho la Bojuda, he go raya gore Talmud ke pinagare eo e tlhatlogang go tswa mo motheong go ya go fitlha kwa godimo e bo e tshegetsa kago yotlhe ya semoya le ya tlhaloganyo . . . Ga go na buka epe e nngwe eo e ileng ya tlhotlheletsa dikgopolo le ditlwaelo tsa Bajuda go feta eo.” (The Essential Talmud) Mme he, Talmud ke eng?

Bajuda ba popota ga ba dumele fela gore Modimo o ne wa naya Moshe molao o o kwadilweng, kana Torah, kwa Thabeng ya Sinai mme le gore Modimo o ne wa mo senolela ditlhaloso tse di tlhomameng tsa kafa a ka dirisang Molao oo ka gone, le gore ditlhaloso tseno di ne di tshwanetse go tlotlelwa ba bangwe. Seno se ne se bidiwa molao o o sa kwalwang. Ka gone, Talmud ke tshobokanyo e e kwadilweng, eo kwa morago e neng ya nna le dikakgelo le ditlhaloso, tsa molao o o sa kwalwang oo, oo o neng wa kgobokanngwa ke borabi go simologa ka lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. go tla mo Dingwageng tsa Bogare.

Gantsi Talmud e kgaogantswe ka dikarolo tse dikgolo tse pedi:

Mishnah: Dikakgelo tse di kgobokantsweng tseo di oketsang Molao wa Dikwalo, oo o thailweng mo ditlhalosong tsa borabi tse di bidiwang Tannaim (barutisi). Di ne tsa kwalwa mo bofelong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga go ya tshimologong ya lekgolo la boraro la dingwaga C.E.

Gemara (eo pele e neng e bidiwa Talmud): Dikakgelo tsa Mishnah tse di kgobokantsweng ke borabi ba nako ya moragonyana (lekgolo la boraro le la borataro la dingwaga C.E.).

Mo godimo ga dikarolo tse pedi tse dikgolo tseno, Talmud gape e ka nna le dikakgelo tsa Gemara tseo di dirilweng ke borabi mo Dingwageng tsa Bogare. Borabi ba ba tlhomologileng gareng ga bano e ne e le Rashi (Solomon ben Isaac, 1040-1105), yo o neng a dira gore puo e e thata ya Talmud e tlhaloganyesege fela thata, le Rambam (Moses ben Maimon, yo o itsegeng thata jaaka Maimonides, 1135-1204), yo o neng a rulaganya Talmud gape a e dira tokololo e e khutshwafaditsweng (“Mishneh Torah”), mme ka go rialo a dira gore Bajuda botlhe ba kgone go nna nayo.

[Ditshwantsho]

Kafa tlase, Torah ya bogologolo go tswa go seo se itsiweng jaaka Lebitla la ga Esther, kwa Iran; kafa mojeng, sefela sa pako sa Sehebera le Se-Yiddish seo se thailweng mo ditemaneng tsa Dikwalo

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 226, 227]

Bojuda—Bodumedi jo bo Makgamu Mantsi

Go na le dipharologano tse dikgolo gareng ga makoko a a farologaneng a Bojuda. Ka tlwaelo, Bojuda bo gatelela go dirisiwa ga bodumedi. Go ngangisana ka dikgang tsa go nna jalo, go na le ditumelo, go bakile go sa utlwaneng mo go masisi gareng ga Bajuda ga ba ga gogela kwa go tlhamiweng ga makoko a mararo a magolo a Bojuda.

BOJUDA JWA POPOTA—Lekala leno ga le dumele fela gore “Tanakh” ya Sehebera ke Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng mme gape le dumela gore Moshe o ne a amogela molao o Modimo o neng wa o mmolelela fela a sa o kwale kwa Thabeng ya Sinai ka nako e le nngwe fela lefa a ne a amogela Molao o o kwadilweng. Bajuda ba Popota ba boloka melao e mebedi eo ka kelotlhoko e kgolo. Ba dumela gore Mesia o santse a tla bonala a bo a leretse Baiseraele motlha wa boitumelo. Ka baka la go sa dumalaneng mono ka mogopolo ga ba setlhopha sa Popota, go ile ga nna le makoko a a farologaneng. Sekai se le sengwe fela ke sa Bo-Hasid.

Bo-Hasid (Chasidim, seo se rayang “batlotlegi”)—bano ba tsewa jaaka bagologolotala. Mosimolodi wa bone e ne e le Israel ben Eliezer, yo o itsiweng jaaka Baʽal Shem Tov (“Morena wa Leina le le Molemo”), wa bogare jwa lekgolo la bo 18 la dingwaga mo Yuropa Botlhaba, ba dumela mo thutong eo e tlotlomatsang mmino le go bina, mo go felelang ka boitumelo jwa masaitsiweng. Bontsi jwa ditumelo tsa bone, go akaretsa le go tsholwa sesha o le mo mmeleng o mosha, di thailwe mo dibukeng tsa masaitsiweng tsa Bajuda tseo di itsiweng jaaka Kabbala (Cabala). Gompieno di etelelwa pele ke bo-rebbe (“borabi” ka Se-Yiddish), kana bo-zaddikim, bao balatedi ba bone ba ba tsayang e le banna ba ba tshiamokgolo kana baitshepi.

Gompieno Ba-Hasidim ba fitlhelwa thata mo United States le mo Iseraele. Ba apara seaparo se se kgethegileng sa Yuropa Botlhaba, seo gantsi se leng sentsho, sa lekgolo la bo 18 le la bo 19 la dingwaga, seo se ba dirang gore ba tlhomologe fela thata, segolobogolo mo metseng ya segompieno. Gompieno ba kgaogane ka makoko ao a latelang bo-rebbe ba ba farologaneng ba maemo a a kwa godimo. Setlhopha se se tlhagafetseng thata sa bone ke sa ba-Lubavitcher, bao ba gapang Bajuda ba le bantsi fela thata. Ditlhopha dingwe di dumela gore ke Mesia fela yo o nang le tshwanelo ya go busetsa Baiseraele jaaka morafe wa Bajuda mme ka jalo ba ganana le Puso ya Iseraele ya selefatshe.

BOJUDA JWA DIPHETOGO (jo gape bo itsiweng jaaka jwa “Baamogelamegopolo” le “Bogatelapele”)—Mokgatlo ono o simologile mo Yuropa Bophirima gaufi le tshimologo ya lekgolo la bo 19 la dingwaga. O thailwe mo dikgopolong tsa ga Moses Mendelssohn, eleng motlhalefi wa lekgolo la bo 18 la dingwaga wa Mojuda yo o neng a dumela gore Bajuda ba tshwanetse go dirisa tsela ya botshelo ya Bophirima go na le go ikgaoganya le Baditšhaba. Bajuda ba Diphetogo ba latola gore Torah ke boammaaruri jo bo senotsweng ke Modimo. Ba leba melao ya Bajuda ya go ja, boitsheko, le moaparo jaaka tsa bogologolo. Ba dumela mo go seo ba se bitsang “motlha wa Bomesia wa bokaulengwe jwa Merafeyotlhe.” Mo dingwageng tsa bosheng ba ile ba boela mo Bojudeng jwa bogologolo jwa ngwao.

BOJUDA JWA BOGOLOGOLO—Jono bo ne jwa simologa mo Jeremane ka 1845 jaaka letlhogela la Bojuda jwa Diphetogo, jo, jaaka go ne go dumelwa, bo neng bo ile jwa gana ditlwaelo di le dintsi tsa ngwao ya Sejuda. Bojuda jwa Bogologolo ga bo dumele gore Modimo o ne wa bolelela Moshe molao mongwe o sa o kwala mme ba dumela gore, borabi, bao ba neng ba batla go fetolela Bojuda mo motlheng wa bosheng, ba ne ba tlhama Torah e e sa kwalwang. Bajuda ba Bogologolo ba ikobela melawana ya Bibela mmogo le molao wa Borabi fa e le gore tseno “di dumalana le dipatlafalo tsa bosheng tsa botshelo jwa Bajuda.” (The Book of Jewish Knowledge) Ba dirisa Sehebera le Seesemane mo dingwaokobamelong tsa bone mme ba boloka melao e e gagametseng ya go ja (kashruth). Banna le basadi ba letlelelwa go nna mmogo mo kobamelong, seo se sa letlelelweng ke ba Popota.

[Ditshwantsho]

Kafa molemeng, Bajuda kwa Wailing Wall mo Jerusalema mme, fa godimo, Mojuda o a rapela, kwa morago ga gagwe go bonala Jerusalema

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 230, 231]

Meletlo Mengwe ya Botlhokwa le Dingwao

Bontsi jwa meletlo ya Bajuda e thailwe mo Bibeleng mme, ka kakaretso, e ka tswa e le meletlo ya dipaka e e amanang le ditho-bo tse di farologaneng kana e amana le ditiragalo tsa hisitori.

▪ Shabbat (Sabata)—Letsatsi la bosupa mo bekeng ya Bajuda (go simolola mo phirimaneng ya Labotlhano go ya phirimaneng ya Matlhatso) le lebiwa jaaka le le itshekisang beke, mme go tlhokomelwa ka tsela e e kgethegileng ga letsatsi leno ke karolo e e botlhokwa ya kobamelo. Bajuda ba ya kwa disinagogeng go ya go bala Torah le go rapela.—Ekesodo 20:8-11.

▪ Yom Kippur—Letsatsi la Tetlanyo, moletlo o o masisi oo mo go one batho ba itimang dijo le go itlhatlhoba. Ke setlhoa sa Malatsi a a Lesome a Boikotlhao ao a simololang ka Rosh Hashanah, eleng Ngwaga o Mosha wa Sejuda, o o nnang ka September go ya ka khalendara ya Sejuda ya selefatshe.—Lefitiko 16:29-31; 23:26-32.

▪ Sukkot (mo godimo, kafa mojeng)—Moletlo wa Diobo, kana wa Metlaagana, kana wa go Phutha. Ke o o ketekelwang thobo le bokhutlo jwa karolo e kgolo ya ngwaga wa temothuo. O ketekwa ka October.—Lefitiko 23:34-43; Dipalō 29:12-38; Duteronome 16:13-15.

▪ Hanukkah—Moletlo wa Boineelo. Moletlo o o tlwaelegileng o o tshwarwang ka December o e leng segopotso sa nako ya fa Ba-Maccabees ba ne ba golola Bajuda mo pusong ya Baasiria le Bagerika ba bo ba kgakola tempele gape kwa Jerusalema ka December 165 B.C.E. Gantsi o lemogiwa ka go tshubiwa ga dikerese ka malatsi a robabobedi.

▪ Purim—Moletlo wa Bola. O ketekwa mo bofelong jwa February kana mo tshimologong ya March, e le segopotso sa go gololwa ga Bajuda kwa Persia ka lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. mo go Haman le maano a gagwe a go nyeletsa morafe oo.—Esethere 9:20-28.

▪ Pesach—Moletlo wa Tlolaganyo. O ne o ketekwa e le segopotso sa go gololwa ga Baiseraele mo botshwarong jwa Egepeto (1513 B.C.E.). Ke moletlo o mogolo le wa bogologolo go feta meletlo yotlhe e mengwe ya Sejuda. O ketekwa ka Nisane 14 (go ya ka khalendara ya Sejuda), gantsi o ketekwa kwa bokhutlong jwa March kana tshimologo ya April. Malapa otlhe a Bajuda a kgobokana mmogo go ja sejo sa Tlolaganyo, kana Seder. Mo malatsing a supa a a latelang, ga go jewe sebediso sepe. Paka eno e bidiwa Moletlo wa Dinkgwe tse di sa Bedisiwang (Matzot).—Ekesodo 12:14-20, 24-27.

Dingwao Dingwe tsa Bajuda

▪ Go Rupa—Ga basimane ba Bajuda, ke mokete wa botlhokwa o o diragalang fa ngwana a na le malatsi a robabobedi. Gantsi o bidiwa Kgolagano ya ga Aberahame, ereka go rupa e ne e le sesupo sa kgolagano e Modimo o neng wa e dira nae. Banna bao ba sokologelang mo Bojudeng le bone ba tshwanetse go rupisiwa.—Genesise 17:9-14.

▪ Bar Mitzvah (fa tlase)—Ngwaokobamelo e nngwe ya botlhokwa ya Sejuda, eo tota e rayang “morwa molao,” eleng “lereo leo le kayang go gola ka tsela ya sedumedi le ya semolao mmogo le tiragalo eo basimane ba dingwaga tse 13 le letsatsi ba newang boemo jono kafa molaong mo go yone.” E ne ya simolola go nna tlwaelo ya Bajuda fela mo lekgolong la bo 15 la dingwaga C.E.—Encyclopaedia Judaica.

▪ Mezuzah (fa godimo)—Gantsi go motlhofo go lemoga gore lelapa ke la Mojuda ka mezuzah, kana kgetsanyana ya momeno, e e nnang kafa mojeng mo setswalong fa o tsena. Ka tlwaelo mezuzah ke letlalonyana le lepotlana leo go kwadilweng mafoko a a tsopotsweng mo go Duteronome 6:4-9 le 11:13-21 mo go lone. Letlalonyana leno le a menwa le bo le tsenngwa mo kgetsanyaneng e potlana. Go tswa foo kgetsanyana eno e kokotelwa mo setswalong sengwe le sengwe sa kamore eo go nnang le batho mo go yone.

▪ Yarmulke (tlhoro ya banna)—Go ya ka Encyclopaedia Judaica: “Bajuda ba Popota . . . ba leba go rwala sengwe mo tlhogong, ka kwa ntle le mo teng ga sinagoge, e le sesupo sa gore motho o ikobela ngwao ya Sejuda.” Go rwala sengwe mo tlhogong ka nako ya kobamelo ga go umakiwe gope mo go Tanakh, ka gone Talmud e umaka gore seno ke selo sa ngwao seo motho a ka ikgethelang gore a o batla go se dira kana nnyaa. Basadi ba Bojuda jwa Hasidim ba rwala sengwe mo tlhogong ka dinako tsotlhe kana ba beole moriri ba bo ba rwala moriri o o itiretsweng.

[Setshwantsho mo go tsebe 206]

Aberame (Aberahame), mogologolwane wa Bajuda, e ne e le moobamedi wa ga Jehofa Modimo mo e ka nnang dingwaga tse 4 000 tse di fetileng

[Setshwantsho mo go tsebe 208]

Naledi ya ga Dafide—setshwa-ntsho se se sa tlhalosiwang gope mo Bibeleng sa Iseraele le Bojuda

[Setshwantsho mo go tsebe 215]

Mokwadi mongwe wa Mojuda a kopisa temana ya Sehebera

[Setshwantsho mo go tsebe 222]

Lelapa la Bajuda ba Ba-Hasidim ba keteka Sabata

[Setshwantsho mo go tsebe 233]

Bajuda ba ba ineetseng ba bofeletse dimatlanyana tsa dikwalo, kana dikgetsanyana tsa memeno eo go kwadilweng dithapelo mo go tsone, mo mabogong le fa diphatleng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela