LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 6/15 ts. 8-13
  • Botshelo bo ka Bolokwa Jang ka Madi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo bo ka Bolokwa Jang ka Madi?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boemo jwa Modimo Jo Bo Nonofileng ka Madi
  • Go Tshelwa ga Madi mo Melemong Kana Jaaka Molemo ka Boone
  • A Kalafi ya One E Ka Boloka Botshelo?
  • A Go Na le Dilo Tse Di Ka Dirisiwang mo Boemong jwa Madi?
  • Madi A A Botlhokwa Go Gaisa
  • Madi—A Botlhokwa Thata Gore O Tshele
    Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
  • Dipotso tsa Thuto tsa Boroutšhara ya Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Madi Ao A Bolokang Botshelo Eleruri
    Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
  • Go Tshelwa Madi Ga go Diphatsa Ka Selekanyo Se Se Kana Kang?
    Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 6/15 ts. 8-13

Botshelo bo ka Bolokwa Jang ka Madi?

“Itshenkèlè botshelō, gore u tshelè, wèna le losika loa gago. . . . gonne ke èna . . . bolele yoa malatsi a gago.”—DUTERONOME 30:19, 20.

1. Bakeresete ba boammaaruri ba farologane thata jang ka tsela e ba tsayang botshelo bo le botlhokwa ka yone?

BATHO ba bantsi ba bolela gore ba tsaya botshelo bo le botlhokwa, ba ntsha bosupi jwa seo ka go bolela kafa ba lebang ka gone go atlholelwa loso, go ntsha dimpa, kana go tsoma diphologolo. Lefa go ntse jalo, go na le tsela e e kgethegileng eo Bakeresete ba boammaaruri ba supang kafa ba tlotlang botshelo ka gone. Pesalema 36:9 e bolela jaana: “Gonne mocwedi oa botshelō o nntse nau [Modimo].” Ereka botshelo e le mpho e e tswang mo Modimong, Bakeresete ba leba madi a botshelo jaaka ene.

2, 3. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go akanya ka Modimo fa re tla mo kgannyeng ya madi? (Ditihō 17:25, 28)

2 Botshelo jwa rona bo ikaegile ka madi, ao a tsamaisang okosejene mo mmeleng wa rona, a bo a ntsha khabono diokosaete, a dira gore re kgone go tlwaelana le botsididi le mogote, gape a re thusa go lwa le malwetsi. Yo a re neileng botshelo o ne a dira gape le sere seno sa seedi se se gakgamatsang, se se re tshedisang se se bidiwang madi. Seno se supa gore o kgatlhegela gore batho ba nne ba ntse ba tshela.—Genesise 45:5; Duteronome 28:66; 30:15, 16.

3 Bakeresete mmogo le batho ka kakaretso fela ba tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A madi a ka kgona go boloka botshelo jwa me fela ka go dira ditiro tsa one tsa tlholego, kana a madi a ka boloka botshelo jwa me ka tsela nngwe e kgolwane?’ Lemororo batho ba bantsi ba lemoga kamano ya madi le botshelo le ditiro tse madi a di dirang ka tlwaelo, totatota go amega dilo tse dintsi. Melao ya boitsholo ya Bakeresete, Bamoselema, le Bajuda e bua thata ka Moneibotshelo yoo a neng a bolela kafa a lebang botshelo le madi ka gone. Ee, Mmopi wa rona o bua go le gontsi thata ka madi.

Boemo jwa Modimo Jo Bo Nonofileng ka Madi

4. Modimo o ne wa bolela eng kaga madi bogologolo kwa tshimologong ya hisitori ya motho?

4 Madi a umakiwa ka makgetlo a a fetang 400 mo Lefokong la Modimo eleng Bibela. Mo lekgetlong lengwe la a ntlhantlha go na le molao ono wa ga Jehofa: “Dilō cotlhe tse di tsamaeañ tse di tshelañ, di tla nna diyō tsa lona . . . Me nama e e tlhakanyeñ le botshelō yoa eōna, bo e leñ madi a eōna lo se ka loa e ya.” O ne a oketsa jaana: “Madi a matshelō a lona, ke tla a lōpa.” (Genesise 9:3-5) Jehofa o ne a bolelela Noa seo, yoo e leng rraagwemogologolwane wa lelapa la motho. Ka gone, batho botlhe ba ne ba bolelelwa gore Mmopi o leba madi jaaka a a emelang botshelo. Ka gone mongwe le mongwe yo a ipolelang gore o leba Modimo jaaka Moneibotshelo o tshwanetse go lemoga gore O gagametse tota fa go tla mo tirisong ya madi a botshelo.

5. Lebaka la konokono la go bo Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go ja madi e ne e le lefe?

5 Modimo o ne wa umaka madi gape fa o ne o naya Baiseraele Molao. Lefitiko 17:10, 11 e balega jaana mo thanolong ya Tanakh ya Sejuda: “Fa motho ope fela wa ntlo ya Iseraele kana mojaki yo a nnang mo go bone a ka ja madi ape fela, sefatlhego sa Me se tla galefela motho yo o jang madi, mme ke tla mo kgaola mo go ba gagabo. Ka go bo botshelo jwa nama ke madi.” Molao oo o ne o ka ba solegela molemo mo boitekanelong, mme go ne go amega dilo tse dintsi. Baiseraele ba ne ba tshwanetse go bontsha fa ba ikaegile ka Modimo gore ke ene a ba tshedisang ka go tsaya madi a le botlhokwa. (Duteronome 30:19, 20) Ee, lebaka la konokono la go sa dirise madi e ne e le, eseng gore a ne a ka nna kotsi mo boitekanelong, mme gore madi a ne a kaya sengwe se se kgethegileng tota mo Modimong.

6. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisa gore Jesu o ne a goletsa boemo jwa Modimo ka madi?

6 Bokeresete bo eme fa kae mabapi le go boloka botshelo jwa motho ka madi? Jesu o ne a itse seo Rraagwe a se boletseng ka tiriso ya madi. Jesu ‘ga a ka a dira boleo bope, le boferefere ga bo a fitlhelwa mo molomong wa gagwe.’ (1 Petere 2:22) Ka gone o ne a tlhomela balatedi ba gagwe sekao, go akaretsa le sekao sa go tlotla botshelo le madi.

7, 8. Go ne ga phepafala jang gore molao wa Modimo ka madi o ama le Bakeresete tota?

7 Hisitori e re bontsha se se neng sa diragala moragonyana fa lekgotla la Bakeresete la setlhopha se se laolang le ne le dira tshwetso ya gore a Bakeresete ba ne ba tshwanetse go ikobela melao yotlhe ya Iseraele kana nnyaa. Ba ne ba bolela ba kaelwa ke Modimo gore Bakeresete ba ne ba sa patelesege go ikobela melao ya ga Moshe mme gore go ne go ‘tshwanetse’ gore ba “ithibè mo diloñ tse di isediwañ medimo ea disètwa ditlhabèlō, le mo madiñ a dilō tse di tlhabilweñ, le mo diloñ tse di betilweñ [nama e e sa tshololwang madi] le mo boakeñ.” (Ditihō 15:22-29) Ka gone ba ne ba phepafatsa sentle gore go sa dirise madi go ne go le botlhokwa fela jaaka go se obamele medimo ya disetwa le go sa dire boaka jo bo feteletseng go ne go le botlhokwa.a

8 Bakeresete ba ntlha ba ne ba ikobela molao oo wa bomodimo o o neng o ba thibela oo. Mokanoki wa Moboritane Joseph Benson o ne a bolela jaana ka gore: “Kganelo eno ya go ja madi, e e neng ya newa Noa le bana botlhe ba gagwe, le e e neng ya newa gape le Baiseraele . . . ga e ise e ko e tlosiwe, mme go farologana le seo, e ile ya gatelelwa gape le mo Tesetamenteng e Ntšha, mo go Ditihō xv.; ka gone ke sengwe se re tshwanetseng go se ikobela ka bosakhutleng.” Lefa go le jalo, a seo Bibela e se bolelang ka madi se ganetsa tsela eo a dirisiwang ka yone mo kalafing ya segompieno, jaaka go tshelwa madi, tsela eo ka phepafalo e neng e sa dirisiwe mo motlheng wa ga Noa le mo motlheng wa baaposetoloi?

Go Tshelwa ga Madi mo Melemong Kana Jaaka Molemo ka Boone

9. Madi a ne a dirisiwa jang mo kalafing mo metlheng ya bogologolo, mme seo se farologana le boemo bofe jwa Bakeresete?

9 Go dirisiwa ga madi jaaka molemo ga se selo se sesha. Buka Flesh and Blood, e e kwadilweng ke Reay Tannahill, e bontsha gore “madi a ne a lejwa jaaka kalafi e e dirang tota ya lepero” mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, kwa Egepeto le kwa mafelong a mangwe. Baroma ba ne ba dumela gore seebana se ne se ka alafiwa ka go nwa madi a motho. Tertullian o ne a kwala ka tiriso eno ya madi mo “kalafing” jaana: “Akanya ka bao ka ntlha ya go nyorwa thata, ba neng ba nwa madi a a neng a tswa mo dinokwaneng tse di boikepo kwa ditshupong kwa lefelong la metshameko . . . ba bo ba a tsaya go ya go alafa batho ba bone ba ba tshwerweng ke seebana.” Seno se ne se farologana thata le se Bakeresete ba neng ba se dira: “Ga re je le eleng madi a diphologolo mo dijong tsa rona . . . Kwa ditshekong tsa Bakeresete lo ba fa dinama tse di nang le madi. Lo tlhatswegile pelo sentle tota gore molao ga o ba letle go dira jalo.” Ela tlhoko gore seno se ne se kaya eng: Go na le gore ba je madi a a emelang botshelo, Bakeresete ba ntlha ba ne ba itlhophela go ipaya mo kotsing ya go bolawa.—Bapisa 2 Samuele 23:15-17.

10, 11. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore molao wa Modimo ga o dumele gore motho a tshelwe madi?

10 Gone mme, bogologolo koo batho ba ne ba sa tshelwe madi, ka go bo diteko tsa go tshela madi di ne tsa simolola fela fa lekgolo la bo 16 la dingwaga le tla simolola. Lefa go le jalo, mo lekgolong la bo 17 la dingwaga, porofesa mongwe wa anatomi wa kwa Yunibesithing ya Copenhagen o ne a ganetsa seo jaana: ‘Ba ba dirisang madi a motho jaaka molemo wa malwetsi a mo teng go lebega ba sa a dirise sentle ebile ba leofa tota. Re kgala batho ba ba jang ba bangwe. Ke ka ntlha yang fa re sa ferosiwe dibete ke bao ba kgotlelang memetso ya bone ka madi a batho? Go tshwana fela le go nwa madi a motho yo mongwe a a tswang mo tshikeng e e segilweng, e le ka molomo kana ka sedirisiwa se se tshelang madi. Batho ba ba simolotseng tiro eno ba mo letshogong tota ka ntlha ya molao oo wa bomodimo.’

11 Ee, le eleng mo makgolong a a fetileng a dingwaga, batho ba ne ba bona gore Modimo o kgatlhanong le go tshela madi mo ditshikaneng le go a nwa ka molomo. Go lemoga seno go ka thusa batho ba bantsi gompieno go tlhaloganya boemo jwa Basupi ba ga Jehofa kaga seno, boemo joo bo dumalanang le se Modimo o se batlang. Lemororo ba tseela botshelo kwa godimo ebile ba itumelela kalafi ya melemo, Bakeresete ba boammaaruri ba tsaya botshelo bo le botlhokwa jaaka mpho e ba e neilweng ke Mmopi, ka jalo ga ba leke go bo tshegetsa ka go tshelwa madi kana go a nwa.—1 Samuele 25:29.

A Kalafi ya One E Ka Boloka Botshelo?

12. Ke selo sefe seo batho ba ba akanyang sentle ba ka se akanyetsang malebana le go tshelwa madi?

12 Baitseanape ba ile ba bolela ka dingwaga tse dintsi gore madi a boloka botshelo. Dingaka di ka nna tsa bolela gore motho mongwe yo a neng a tswile madi a mantsi o ile a tshelwa a mangwe mme a nna botoka. Ka jalo batho ba ka nna ba ipotsa go re, ‘Go tsaya boemo jo bo tsewang ke Bakeresete go botlhale go le kana kang kana ga go botlhale go le kana kang?’ Pele a ka dumelela kalafi epe fela e e masisi, motho yo o akanyang sentle o tla batla go itse pele kafa e ka nnang molemo ka gone le dikotsi tse di ka diragalang. Go tweng ka go tshelwa madi? Selo sa mmatota ke gore ditshelo tsa madi di na le dikotsi tse dintsi thata. Ebile di ka bolaya motho.

13, 14. (a) Go tshelwa madi go ile ga itshupa go le diphatsa ka ditsela dife? (b) Se se neng sa diragalela mopapa se supa jang bodiphatsa jwa madi mo boitekanelong?

13 Bosheng jaana, Dr. L. T. Goodnough le Dr. J. M. Shuck ba ne ba akgela jaana: “Batho ba kalafi ga ba bolo go lemoga gore lemororo madi a re nang nao a bolokesegile ka tsela e re itseng go a dira ka yone, go tshelwa madi ga go bolo go nna diphatsa. Bothata jo bo tlhagelelang gantsi jwa fa go tshelwa madi ke non-A, le non-B hepatitis (NANBH); mathata a mangwe a a nnang gone a akaretsa hepatitis B, alloimmunization, go nna ga mmele ka tsela nngwe morago ga tshelo ya madi, go sa direng ga thulaganyo ya mmele ya go lwa kgatlhanong le malwetsi, le go nna le aene e ntsi.” Pego eo e ne ya oketsa jaana fa e ne e fopholetsa fela ka nngwe ya dikotsi tse di masisi: “Go akanngwa gore batho ba ba ka nnang 40 000 [mo United States fela] ba tla tshwarwa ke NANBH le gore go fitlha go ba ba ka nnang 10% ya batho ba tla tshwarwa ke cirrhosis le/kana kankere ya sebete.”—The American Journal of Surgery, June 1990.

14 Ereka bodiphatsa jwa go tsenwa ke malwetsi ka go tshelwa madi jaanong bo itsege thata, batho gompieno ba sekaseka gape kafa ba neng ba leba go tshelwa madi ka gone. Ka sekai, fa mopapa a sena go thuntshiwa ka 1981, o ne a alafiwa kwa kokelong a bo a ntshiwa. Moragonyana o ne a tshwanela go nna kwa kokelong dikgwedi tse pedi, mme boemo jwa gagwe bo ne bo le maswe tota mo go neng go lebega a ne a tla tlogela tiro ka ntlha ya go nna sekoa. Ka ntlha yang? O ne a tsenwe ke bolwetsi jwa cytomegalovirus jo bo neng bo mo tsene ka madi a a neng a a tshetswe. Bangwe ba ka ipotsa jaana, ‘Fa madi a a neng a tshelwa mopapa a ne a le kotsi, go tweng ka madi a a tshelwang batho fela?’

15, 16. Ke ka ntlha yang fa go tshelwa madi go sa babalesega le eleng fa morago ga madi a sena go tlhatlhobiwa go bonwa gore ga a na malwetsi?

15 ‘Mme a ga ba kgone go tlhatlhoba madi go bona fa a sena malwetsi?’ mongwe a ka nna a botsa jalo. Ebu, ka sekai, a o ko o ele tlhoko tlhatlhobo ya hepatitis B. Patient Care (February 28, 1990) e ne ya bontsha jaana: “Go tlhagelela ga hepatitis morago ga tshelo ya madi go ne ga fokotsega fa madi a ne a tlhatlhobiwa mo lefatsheng lotlhe go bona fa e seyo mo go one mme 5-10% ya hepatitis e e tsenang batho morago ga go tshelwa madi e santse e bakiwa ke hepatitis B.”

16 Diphoso tsa diteko tseo di bonwa gape ka bodiphatsa jo bongwe jo bo bonwang ka madi—AIDS. AIDS e e tshwereng batho mo mafelong a mantsi, mme ebile e le bogale thata, e ile ya dira batho gore ba lemoge fa madi a a nang le megare a le kotsi. Lefa go ntse jalo, gompieno go na le diteko tse di dirwang go tlhatlhoba madi go bona fa a na le megare eno. Lefa go ntse jalo, madi ga a tlhatlhobiwe mo mafelong otlhe, mme go lebega gore batho ba ka nna le megare ya AIDS ka dingwaga tse dintsi mme e sa kgonwe go bonwa ka diteko tsa jaanong. Ka jalo balwetsi ba ka tsenwa ke AIDS—ba ile ba tsenwa ke AIDS—go tswa mo mading a a neng a tlhatlhobilwe ebile a fitlhetswe a siame!

17. Go tshelwa madi go ka koafatsa ka tsela efe e e ka se kang ya itshupa ka bonako?

17 Dr. Goodnough le Dr. Shuck ba ne ba umaka gape le “go sa direng ga thulaganyo ya mebele ya go lwa kgatlhanong le malwetsi.” Ee, go na le bosupi jo bo ntseng bo oketsega jwa gore le molwetsi yo a neilweng madi a a tshwanang le a gagwe sentle, madi ao a ka nna a senya thulaganyo ya mmele wa molwetsi yoo ya go lwa le malwetsi, mme seo se dira gore a tshwarwe ke kankere a bo a swe. Ka gone, patlisiso nngwe ya kwa Canada ya “balwetsi ba ba neng ba na le kankere ya molala le ya tlhogo e ne ya bontsha gore ba ba neng ba tshelwa madi fa go ne go tlosiwa ditlhagala mo go bone selekanyo se thulaganyo ya mmele ya bone ya go lwa kgatlhanong le malwetsi e neng e dira ka sone se ne sa fokotsega morago ga foo.” (The Medical Post, July 10, 1990) Dingaka tsa kwa Yunibesithing ya California Borwa di ne tsa bega jaana: “Selekanyo se kankere ya kodu e neng e ipoeletsa ka sone mo bathong ba ba neng ba sa tshelwa madi e ne le 14% le 65% mo go ba ba neng ba tshetswe madi. Selekanyo seo kankere ya mometso, eleng ya kgogobe, le ya nko kana mosele wa nko, e neng e ipoeletsa ka sone e ne e le 31% mo go bao ba sa tshelwang madi le 71% mo go bao ba tshetsweng madi.” (Annals of Otology, Rhinology & Laryngology, March 1989) Go sa direng ga thulaganyo ya mmele ya go lwa kgatlhanong le malwetsi gape go lebega e le lebaka la konokono la go bo batho ba ba tshelwang madi fa ba ariwa ba tshwaediwang ke malwetsi.—Bona lebokose le le mo go tsebe 10.

A Go Na le Dilo Tse Di Ka Dirisiwang mo Boemong jwa Madi?

18. (a) Bodiphatsa jwa go tshelwa madi bo dira gore dingaka di dire eng? (b) Ke tshedimosetso efe kaga dilo tse di ka dirisiwang mo boemong jwa madi e o ka buang ka yone le ngaka ya gago?

18 Ba bangwe ba ka nna ba ikutlwa jaana, ‘Go tshelwa madi go na le mathata a mantsi thata, mme a go na le dilo dipe tse di ka dirisiwang mo boemong jwa one?’ Totatota re batla tlhokomelo e e matsetseleko le ya boleng jo bo kwa godimo tota ya kalafi, ka jalo a go na le ditsela dingwe tse di kafa molaong le tse di mosola tota tsa go rarabolola mathata a a masisi thata a kalafi go sa dirisiwe madi? Ka boitumelo go ntse jalo. The New England Journal of Medicine (June 7, 1990) e ne ya bega jaana: “Dingaka tse di ntseng di lemoga bodiphatsa jwa [AIDS] le malwetsi a mangwe a a tshelanwang a a bonwang ka go tshelwa madi, di ntse di akanya thata ka bodiphatsa le melemo ya go tshelwa madi mme di retologela mo go diriseng dilo dingwe mo boemong jwa one, go akaretsa le go gana go tshela batho madi gotlhelele.”b

19. Ke ka ntlha yang fa o ka tlhomamisega gore o ka gana madi mme wa alafiwa ka melemo ka katlego fela?

19 Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go gana go tshelwa madi, mme eseng gonne ba tshaba dikotsi tsa one mo boitekanelong, mme seo e le gonne ba ne ba obamela molao wa Modimo ka madi. (Ditihō 15:28, 29) Lefa go le jalo, dingaka tsa ditswerere di ile tsa atlega mo go alafeng balwetsi ba Basupi di sa dirise madi, le kwantle ga bodiphatsa bope jwa one. Jaaka sengwe sa dikao tse dintsi tse di neng tsa begiwa mo dibukeng tsa kalafi, Archives of Surgery (November 1990) e ne ya tlotla ka go tsenya dipelo mo balwetsing ba Basupi bao digakolodi tsa bone di neng di ba letla go alafiwa ka mokgwa oo go sa dirisiwe madi. Pego eo e ne ya bolela jaana: “Dingwaga tse di fetang 25 tse ke neng ka nna le boitemogelo jwa go dira dikaro tsa pelo mo Basuping ba ga Jehofa ka tsone di ne tsa dira gore ke kgone go dira dikaro tsa malwetsi a pelo ke sa dirise dikarolo dipe tsa madi . . . Ga go na ope yo o neng a swa a ntse a ariwa kana morago ga karo, mme dipatlisiso tse di neng tsa dirwa morago ga foo di ile tsa supa gore mebele ya balwetsi bano ga e a ka ya nna selekanyo se se kwa godimo sa go gana dirwe tse di tsentsweng mo go yone.”

Madi A A Botlhokwa Go Gaisa

20, 21. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se nne le boikutlo fela jwa gore “Madi ga se molemo o o siameng”?

20 Lefa go ntse jalo, go na le potso nngwe e e hukutsang moya tota e mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go e ipotsa. ‘Ke ka lebaka lefe ke dirileng tshwetso ya go sa dumele go tshelwa madi? Totatota, lebaka la me le legolo le la konokono ke lefe?’

21 Re setse re umakile gore go na le dilo tse di dirang tota tse di ka dirisiwang mo boemong jwa madi tseo di sa direng gore motho a tlhagelwe ke dikotsi tse di amanang le go tshelwa madi. Malwetsi a a tshwanang le hepatitis kana AIDS a ile a dira gore ba le bantsi ba gane go tshelwa madi ka mabaka a eseng a bodumedi. Bangwe ba bua fela thata kaga seno, fela jaaka ekete ba ne ba tsamaya kafa tlase ga folaga e e kwadilweng, “Madi Ga Se Molemo O O Siameng.” Mokeresete le ene a ka nna a tsena mo mosepeleng oo. Mme ke mosepele o o yang kwa tseleng e e tswetsweng. Jang?

22. Re tshwanetse go nna le pono efe e e siameng kaga botshelo le loso? (Moreri 7:2)

22 Bakeresete ba boammaaruri ba lemoga gore ka dinako dingwe batho ba swa lefa ba bona tlhokomelo e e gaisang ya kalafi mo go nngwe ya dikokelo tse di molemo go gaisa. Go bolela seo ga se go gagamalela maikutlo thata. Mme ke go bua dilo fela kafa di ntseng ka gone. Loso ke selo se se diragalang mo botshelong gompieno. Batho ba ba itlhokomolosang molao wa Modimo ka madi gantsi ba bona kotsi ka bonako kana moragonyana ka madi ao. Bangwe ebile ba a swa ka ntlha ya madi a ba a tshetsweng. Lefa go le jalo, jaaka rotlhe re tshwanetse go lemoga, bao ba falolang fa ba tshetswe madi ga ba tshelele ruri, ka jalo madi ao ga a supe fa a boloketse botshelo jwa bone ruri. Kafa letlhakoreng le lengwe, bontsi jwa ba ba ganang madi, ka mabaka a bodumedi le/kana a kalafi, mme lefa go le jalo ba alafiwa ka dilo tse dingwe di sele ba itekanela gape. Ka gone ba ka kgona go lelefatsa botshelo jwa bone ka dingwaga di le dintsi—mme eseng goyagoile.

23. Melao ya Modimo ka madi e amana jang le go nna baleofi le go tlhoka ga rona thekololo?

23 Lebaka la go bo batho botlhe ba ba tshelang gompieno ba sa itekanela mme ba swa ka bonya ka bonya le dira gore re tlhokomele ntlha ya konokono eo Bibela e e bolelang ka madi. Ka ntlha yang? Ka gonne a emela botshelo. (Genesise 9:3-6) Mo Molaong, o ne a tlhoma melao e e neng e supa ntlha ya gore batho botlhe ba leofile. Modimo o ne wa bolelela Baiseraele gore fa ba ne ba ntsha ditlhabelo ba ne ba supa gore maleo a bone a ne a tlhoka go letlanngwa. (Lefitiko 4:4-7, 13-18, 22-30) Lemororo a sa re tlhoke go dira seo gompieno, se na le botlhokwa bongwe gompieno. Modimo o ne o ikaeletse go ntsha setlhabelo se se neng se tla letlanya maleo a badumedi botlhe—thekololo. (Mathaio 20:28) Leno ke lone lebaka la go bo re tlhoka go leba madi jaaka Modimo o a leba.

24. (a) Ke ka ntlha yang fa go tla bo go le phoso go tsaya bodiphatsa jo bo ka tlhagelang boitekanelo jaaka lebaka la konokono mabapi le madi? (b) Ke eng se se tshwanetseng go nna sa konokono kaga tsela eo re lebang tiriso ya madi ka yone?

24 E tla bo e le phoso go bua fela thata ka bodiphatsa jwa madi mo boitekanelong, ka go bo Modimo one ga o tlhokomele seo thata. Baiseraele ba ka nna ba bo ba ne ba itekanetse botoka ka go sa je madi, fela jaaka ba ne ba solegelwa molemo ke go se je nama ya dikolobe kana diphologolo tse di jang tse dingwe. (Duteronome 12:15, 16; 14:7, 8, 11, 12) Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore fa Modimo o ne o letla Noa go ja nama, o ne o sa mo thibela go ja nama ya diphologolo tse di ntseng jalo. Mme o ne a laetse batho gore ba se ka ba ja madi. Modimo o ne a sa remelela thata mo dikotsing tse di neng di ka nna tsa tlhagela boitekanelo jwa bone. Ntlha eo e ne e se yone e e botlhokwa mo molaong oo wa madi. Baobamedi ba gagwe ba ne ba tshwanetse go gana go itshedisa ka madi, eseng ka gonne go dira jalo go ne go le diphatsa mo boitekanelong, mme gonne go ne go sa itsheka. Ba ne ba gana madi, eseng ka gonne a ne a le leswe, mme gonne a ne a le tlhwatlhwakgolo. Ba ne ba ka kgona go itshwarelwa fela ka madi a setlhabelo.

25. Madi a ka bolokela botshelo goyagoile jang?

25 Go ntse fela jalo le ka rona. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jaana mo go Baefesia 1:7: “Eo [Keresete] re nañ le thèkololō ea rona mo go èna ka madi a gagwè, eboñ boichwarèlō yoa ditlolō tsa rona, kaha dikhumoñ tsa tshegōhaco ea ōna.” Fa Modimo o itshwarela maleo a motho mongwe mme o mo leba jaaka yo o siameng, motho yoo a ka lebelela go tshela ka bosakhutleng. Ka jalo madi a ga Jesu a thekololo a kgona go boloka botshelo—goyagoile, ebile tota, ka bosakhutleng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Molao oo o ne o khutla ka go re: “Tse e tla reñ ha lo ithibile mo go cōna, go bo go tla nna molemō mo go lona.” (Ditihō 15:29) Kakgelo e e reng “go tla nna molemō mo go lona” e ne e se tsholofetso ya gore, ‘Fa lo ithiba mo mading kana mo boakeng lo tla nna le boitekanelo jo bo botoka.’ E ne e le konelo fela eo lokwalo loo lo neng lo felela ka yone, jaaka fa o kare, ‘Tsamaya sentle.’

b Dilo tse dintsi tseo di ka dirisiwang mo boemong jwa go tshelwa madi di ile tsa tlhalosiwa mo boroutšhareng jo bo reng Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?, e e gatisitsweng ka 1990 ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

A O Ka Tlhalosa?

◻ Lebaka le legolo la go bo Basupi ba ga Jehofa ba gana go tshelwa madi ke lefe?

◻ Ke bosupi bofe jo bo tlhomamisang gore boemo jwa Bibela ka madi bo a utlwala fa go tla mo kalafing?

◻ Thekololo e amana jang le molao wa Bibela ka madi?

◻ Tsela e le nngwe fela eo madi a ka bolokang botshelo goyagoile ka yone ke efe?

[ebokoso mo go tsebe 10]

GO TSHELWA MADI LE GO TSHWAEDIWA KE MALWETSI

Fa go sena go sekasekiwa thata gore a molwetsi a ka tshwaediwa ke malwetsi fa a sena go tshelwa madi, Dr. Neil Blumberg o ne a konela jaana: “Mo dipatlisisong di le 12 [kaga kgang eno], di le lesome tsa tsone di ne tsa fitlhela gore go tshelwa madi go ne go amana ka tsela e bonalang ebile e le yone fela e le yosi le go tshwaediwa ke megare . . . Mo godimo ga moo, fa molwetsi a kile a tshelwa madi bogologolo pele a ariwa go ka ama go emelana le go tshwaediwa ke malwetsi ga mmele wa gagwe fa e le gore go koafala ga thulaganyo ya mmele ya go lwa kgatlhanong le malwetsi go go bakilweng ke madi a a a tshetsweng go nna ka lobaka lo loleele jaaka dipatlisiso dingwe di akantsha . . . Fa e le gore tshedimosetso eno e ka atolosiwa le go tlhomamisiwa gore e ntse jalo, go bonala gore go tshwaediwa ka tsela e e masisi thata ga morago ga karo e ka nna jone bothata bo le josi fela jo bo amanngwang le go tshelwa madi.”—Transfusion Medicine Reviews, October 1990.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Disele tse dikhibidu tse di godisitsweng. “‘Microliter’ nngwe le nngwe (aonse di le 0,00003) ya madi e na le disele tse dikhibidu di le dimilione di le 4 go ya go di le 6.”—“The World Book Encyclopedia”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Kunkel-CNRI/​PHOTOTAKE NYC

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela