‘Lefoko la Modimo le Tshedile le Bile le Naya Maatla’
1, 2. (a) Ke eng se se fetolang matshelo a ba ba fetogang Bakeresete? (b) Bibela e ka tlhotlheletsa botshelo jwa motho thata jang?
MO BOGARENG jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., moaposetoloi Paulo o ne a kwalela phuthego ya Bakeresete e e kwa Roma lokwalo. Mo go lone o ne a gatelela gore Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go dira diphetogo dingwe. O ne a re: “Lo se ka loa bopèga yaka lehatshe yeno: me lo hetolwè ke boshahaco yoa pelo tsa lona, gore lo lemogè mo e leñ go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ.” (Baroma 12:2) Ke eng seo se fetolang balatedi ba ga Jesu, seo se fetolang tsela e ba akanyang ka yone? Totatota, ke maatla a Lefoko la Modimo, Bibela.
2 Paulo o ne a bontsha ka moo Bibela e ka re tlhotlheletsang ka gone fa a ne a kwala jaana: “Lehoko ya Modimo le tshedile, le tlhaga, le bogale go heta dichaka cotlhe tse di magale mabedi, me le tlhabe le ee go kgaoganya pelo le mōea, ditokololō le mōkō, me le boheho go lemoga megopolō le maikaèlèlō a pelo.” (Bahebera 4:12) Eleruri, maatla a magolo a Bibela a go fetola batho ke bosupi jo bo bontshang gore ga se lefoko fela la motho.
3, 4. Botho jwa Bakeresete bo fetolwa go le kana kang?
3 Lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “lo hetolwè” mo go Baroma 12:2 le tswa go me·ta·mor·phoʹo. Le supa go fetoga gotlhelele, jaaka fa seboko se fetoga go nna serurubele. Ke e e feletseng mo e leng gore Bibela e bua ka yone jaaka go fetola botho. Re bala jaana mo temaneng nngwe ya Bibela: ‘Lo apole motho wa bogologolo le ditiro tsa gagwe, me lo apare motho yo mosha, yo o ntseng a shahalediwa mo kitsong kaha setshwanong sa yo o mo tlhodileng.’—Bakolosa 3:9, 10.
4 Paulo fa a ne a kwalela phuthego ya kwa Korintha, o ne a bontsha ka moo diphetogo tse di neng di dirwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga di neng di le dikgolo ka gone. O ne a re: “Go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, Go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le [ba] ikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo. Me bañwe ba lona ba kile ba ne ba nntse yalo: me loa tlhapisiwa.” (1 Bakorintha 6:9-11) Ee batho ba boitsholo jo bo sa siamang le ba ba ratang ntwa, magodu le matagwa, ba ile ba fetolwa mme ba nna Bakeresete ba ba tlhomang sekao.
Go Fetola Botho Gompieno
5, 6. Botho jwa lekawana lengwe bo ne jwa fetolwa gotlhelele jang ke maatla a Bibela?
5 Diphetogo tse di tshwanang mo bothong di a bonwa gompieno. Ka sekai, mosimanyana mongwe kwa Amerika Borwa o ne a tlhokafalelwa ke batsadi ba gagwe fa a na le dingwaga di le robong. O ne a gola a sa bone kaelo epe ya batsadi mme o ne a nna le mathata a a masisi a boikutlo. O anela jaana: “Fa ke le dingwaga di le 18 ke ne ke setse ke tshwakgotswe ke diokobatsi ke bile ke kile ka nna mo kgolegelong ka lobakanyana ka ke ne ke utswa gore ke kgone go tswelela ka mokgwa ono.” Lefa go le jalo, mmangwanaagwe e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme kgabagare o ne a kgona go mo thusa.
6 Lekau leno le tlhalosa jaana: “Mmangwane o ne a simolola go ithuta Bibela le nna, mme ke ne ka kgona go tlogela mokgwa wa go dirisa diokobatsi morago ga dikgwedi tse supa.” O ne a kgaogana gape le ditsala tsa gagwe tsa pele mme a iponela ditsala tse disha mo Basuping ba ga Jehofa. O tswelela pele jaana: “Ditsala tse disha tseno, gammogo le thuto ya me ya ka metlha ya Bibela, di ne tsa nthusa go tswelela pele mme kgabagare ke ne ka neela Modimo botshelo jwa me go mo direla.” Ee, motho yono yoo pele a neng a tshwakgotswe ke diokobatsi ebile e le legodu jaanong ke Mokeresete yo o tshelang botshelo jo bo phepa. O ne a kgona go dira jang diphetogo tse dikgolo tseno mo bothong jwa gagwe? Ka maatla a Bibela.
7, 8. Tlhalosa ka moo bothata jo bo masisi jwa botho bo neng jwa rarabololwa ka gone ka thuto ya Bibela.
7 Sekai se sengwe ke se se tswang kwa bokone jwa Yuropa. Koo, lekawana lengwe le ne la gola le na le bothata bongwe mo bothong jwa lone: O ne a le pelokhutshwane. O ne a tlhola a lwa. Mo kgogakgoganong nngwe mo lapeng, o ne a itaya rraagwe a bo a mo latlhela fa fatshe! Lefa go le jalo, kgabagare o ne a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa mme o ne a tlhokomela taolo eno ya Modimo e e mo bukeng ya Baroma: “Se dueleñ boshula yoa ga opè ka boshula. . . . Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona. Baratwa, se ipusholosetseñ, me lo thibogèlè bogale.”—Baroma 12:17-19.
8 Mafoko ao a ne a mo thusa go lemoga gore bokoa jono jwa gagwe bo ne bo le bosula go le kana kang. Segakolodi sa gagwe se ne sa tlhatswiwa ke thuto e e oketsegileng ya Bibela, eo e neng ya mo thusa go fenya go kgopisega ka bonako ga gagwe. Ka nako nngwe, morago ga go dira botswelelopele mo dithutong tsa gagwe, motho mongwe yo a sa mo itseng o ne a mo goa a mo tlhapatsa. Lekawana leno le ne la ikutlwa le tlala bogale jaaka pele. Mme o ne a ikutlwa ka tsela nngwe: a utlwa a tlhajwa ke ditlhong; mme seno se ne sa mo thibela gore a letle bogale jwa gagwe go kukela. O ne a na le boikgapo, leungo le le botlhokwa la moya. (Bagalatia 5:22, 23) Botho jwa gagwe jaanong bo ne bo fetogile, re leboga maatla a Lefoko la Modimo.
9. Go ya ka Paulo, ke eng seo se fetolang botho jwa rona?
9 Lefa go le jalo, Bibela e kgona go ntsha matswela a a maatla ano jang? Paulo mo go Bakolosa 3:10 o ne a bolela gore botho jwa rona bo fetolwa ke kitso e e tlhomameng, kitso e e fitlhelwang mo Bibeleng. Mme kitso eo e fetola batho jang?
Se se Dirwang ke Kitso e e Tlhomameng
10, 11. (a) Fa re ithuta Bibela, re ithuta eng ka dinonofo tsa botho tse di kgatlhisang le tse di sa kgatlhiseng? (b) Ke eng se se tlhokegang mo godimo ga kitso go fetola botho jwa rona?
10 Santlha, Bibela e re bolelela dinonofo tsa botho tse di sa eletsegeng tse di tshwanetseng go tlogelwa. Tseno di akareletsa dilo tse di tshwanang le “matlhō a a kadileñ, loleme lo lo akañ, le diatla tse di chololañ madi a motho a a senañ molato; Pelo e e logañ ditlhatlhanyō tsa boikèpō, dinaō tse di boheho go sianèla kwa bosenyiñ: Moshupi oa kakō eo o bilolañ maaka, le eo o yalañ kgotlhañ mo baneñ ba monna.” (Diane 6:16-19) Sa bobedi, Bibela e tlhalosa dinonofo tseo re tshwanetseng go di tlhagolela, go akareletsa, “loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, Le boiñōtlō, le boikgapō.”—Bagalatia 5:22, 23.
11 Kitso e e ntseng jalo e e tlhomameng e thusa motho yo o tlhoafetseng go itlhatlhoba le go bona dinonofo tse a tshwanetseng go di tlhagolela mo bothong jwa gagwe le tse a tshwanetseng go di tlosa. (Yakobe 1:25) Lefa go ntse jalo, seo ke tshimologo fela. Mo godimo ga go nna le kitso, o tshwanetse go tlhotlheletsega, sengwe seo se tla mo rotloetsang gore a batle go fetoga. Fano le gone o tlhoka kitso e e tlhomameng e e tswang mo Bibeleng.
Go Tlhotlheletsega go Nna Yo o Molemo
12. Go itse botho jwa Modimo go re thusa jang mo go fetogeng?
12 Paulo o ne a bolela gore botho jono jo bosha jo bo eletsegang bo dirwa “kaha sechwanoñ sa eo o mo tlhodileñ.” (Bakolosa 3:10) Ka jalo botho jwa Mokeresete bo tshwanetse go tshwana le botho jwa Modimo. (Baefesia 5:1) Re senolelwa botho jwa Modimo ka Bibela. Re bona ditirisano tsa gagwe le batho mme re bona dinonofo tsa gagwe tse di molemo, jaaka lorato lwa gagwe, bopelonomi, molemo, kutlwelobotlhoko, le tshiamo. Kitso e e ntseng jalo e tlhotlheletsa motho yo o pelo e siameng go rata Modimo le go batla go nna mofuta wa motho yo o amogelwang ke Modimo. (Mathaio 22:37) Jaaka bana ba ba lorato, re batla go itumedisa Rraarona wa selegodimo, ka jalo re leka go etsa botho jwa gagwe ka moo re ka kgonang ka gone re le mo boemong jwa rona jo bo bokoa, jwa bosaitekanelang.—Baefesia 5:1.
13. Ke kitso efe e e rutang go ‘ila se se bosula le go rata se se molemo’?
13 Go tlhotlheletsega ga rona go nonotshiwa ke thuto ya Bibela eo e re bolelelang seo dinonofo tsa botho tse di molemo le tse di bosula di gogelang gone. (Pesalema 14:1-5; 15:1-5; 18:20, 24) Re ithuta gore Dafide o ne a segofadiwa ka ntlha ya boineelo jwa gagwe mo Modimong le go rata ga gagwe tshiamo mme o ne a boga fa a ne a palelwa ke go ikgapa. Re bona matswela a a utlwisang botlhoko morago ga gore dinonofo tse di molemo tsa ga Solomone di senyege fa a tsofala. Masego a a neng a nna gone ka ntlha ya tshiamo ya ga Josia le Hesekia, a farologana le matlhotlhapelo a a neng a nna gone ka ntlha ya bokoa jwa ga Ahabe le Manase wa motenegi. (Bagalatia 6:7) Ka gone re ithuta go ‘rata molemo le go ila bosula.’—Bahebera 1:9; Pesalema 45:7; 97:10.
14. Boikaelelo jwa Modimo ke bofe ka lefatshe le batho ba ba leng mo go lone?
14 Go tlhotlheletsega gono gape go nonotshiwa ka mo go oketsegileng ke kitso e e tlhomameng ya boikaelelo jwa Modimo. Kitso e e ntseng jalo e thusa go fetola ‘maatla a a laolang megopolo ya rona,’ eleng moya o o tlhotlheletsang dikgopolo tsa rona le ditiro. (Baefesia 4:23, 24) Fa re ithuta Bibela, re ithuta gore Jehofa ga a kitla a itshokela boikepo goyagoile. Go ise go e kae o tla senya lefatshe leno le le sa siamang mme a tlise “magodimo a masha le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.” (2 Petere 3:8-10, 13) Ke bomang ba ba tla tshelang mo lefatsheng le lesha leno? “Gonne bathōkgami ba tla aga mo lehatshiñ, le baitekanedi ba tla sala ba nntse rure mo go yeōna. Me baikepi ba tla kgaolwa ba tlosiwa mo lehatshiñ, le ba ba dihañ ka bonōñwane ba tla khumolwa mo go yeōna.”—Diane 2:21, 22.
15. Fa ka mmatota re dumela seo Bibela e se buang ka boikaelelo jwa Modimo, seno se tla re ama jang jaaka batho?
15 Fa ka boammaaruri re dumela tsholofetso eno, go tla ama tsela e re akanyang ka yone. Morago ga go perofesa kaga go senngwa ga boikepo, moaposetoloi o bua jaana: “Me ereka yana dilō tse cotlhe di nnetse go nyèrèga, ana lona lo chwanetse loa bo lo le batho ba ba nntseñ yañ mo go tsheleñ gotlhe ka boitshèpō le ka poihōmodimo, Lo nntse lo lebeletse, lo bile lo tlhologelecwe go tla ga letsatsi ya Modimo.” (2 Petere 3:11, 12) Botho jwa rona bo tshwanetse go agiwa ke keletso e e nonofileng ya go nna gareng ga basiami ba ba tla tlogelwang mo lefatsheng fa ba ba bosula ba senngwa.
16. Ke botho jwa mofuta ofe jo bo ka sekang jwa nna gone mo lefatsheng je lesha, mme kitso eno e tshwanetse go re ama jang?
16 Buka ya Tshenolō e solofetsa basiami gore morago ga bokhutlo jwa lefatshe leno, “[Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” Mme e tlhagisa ka gore “ba ba magatlapa, le ba ba sa dumeleñ, le ba ba mashwè, le babolai, le bagokahadi, le baloi, le ba ba dihèlañ medimo ea disètwa, le baaki botlhe,” ga ba kitla ba amogelwa. (Tshenolō 21:4, 8) Abo go le botlhale jang ne go tila dinonofo tse di sa eletsegeng tseo Modimo o se kitlang o di letla mo lefatsheng la gagwe je lesha!
Thuso go Tswa Kwantle
17. Bibela e re gakolola go batla thuso ya mofuta ofe?
17 Lefa go ntse jalo, batho ba bokoa, mme gantsi ba tlhoka sengwe se se fetang tshedimosetso le tlhotlheletso gore ba dire diphetogo. Ba tlhoka thuso ya botho, mme Bibela e bontsha gore re ka bona thuso eno kae. Ka sekai, e bua jaana: “Tsamaea le batho ba ba botlhale, me u tla nna botlhale: me monkana oa dieleele o tla utlwisiwa botlhoko ke gōna.” (Diane 13:20) Ka mo go tshwanang, fa re tsalana le bao ba batlang go bontsha dinonofo tseo re lekang go nna le tsone, re tla thusiwa go nna jaaka bone.—Genesise 6:9; Diane 2:20; 1 Bakorintha 15:33.
18, 19. Re tlhoka go dira eng gore dipelo tsa rona le megopolo ya rona di amiwe ke moya wa Modimo?
18 Mo godimo ga moo, Jehofa o re thusa ka moya o o boitshepo—one moya oo a neng a o dirisa go dira dikgakgamatso mo nakong e e fetileng. Eleruri, dinonofo tse di kgatlhisang thata tsa “loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, Le boiñōtlō, le boikgapō” di bidiwa “louñō loa Mōea.” (Bagalatia 5:22, 23) Re ka bona jang thuso ya moya o o boitshepo? Ereka Bibela e tlhotlheleditswe ka moya o o boitshepo, fa re e bala kana re bua le ba bangwe ka yone, re baya megopolo ya rona le dipelo tsa rona mo boemong jwa go tlhotlhelediwa ke maatla a moya oo. (2 Timotheo 3:16) Eleruri, Jesu o ne a solofetsa gore fa re bua le ba bangwe ka tsholofelo ya rona, re ka itemogelela go bona moya oo o dira mo go rona.—Mathaio 10:18-20.
19 Mo godimo ga moo, Bibela e re laela jaana: “Lo nnèlè rure mo thapeloñ.” (Baroma 12:12) Fa re rapela re bua le Jehofa, re a mmaka, re a mo leboga, ebile re kopa thuso ya gagwe. Fa re kopa go thusiwa go fenya dinonofo dipe fela tse di sa eletsegeng tsa botho, jaaka bogale, go tatalala, bopelokhutshwane, kana boikgogomoso, moya wa Modimo o tla tshegetsa maiteko ape fela a re a dirang tumalanong le thapelo eo.—Yohane 14:13, 14; Yakobe 1:5; 1 Yohane 5:14.
20. Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba tshwanetse go nna ba direla mo go apareng motho yo mosha?
20 Fa Paulo a ne a kwala jaana: “Lo hetolwè ke boshahaco yoa pelo tsa lona” o ne a kwalela phuthego ya Bakeresete ba ba kolobeditsweng, ba ba tloditsweng. (Baroma 1:7; 12:2) Mme mo Segerikeng sa pele, o ne a dirisa mofuta wa lediri le le neng le kaya tiro e e tswelelang e dirwa. Seno se akantsha gore phetogo e ba neng ba e dira ka ntlha ya kitso e e tlhomameng ya Bibela e ne e tswelela. Rona gompieno—fela jaaka Bakeresete ba motlha wa ga Paulo—re dikologilwe ke lefatshe le le tletseng ka ditlhotlheletso tse di senyang. Me rona—jaaka bone ga re a itekanela—re sekametse mo go direng bosula. (Genesise 8:21) Ka gone, re tshwanetse go nna re direla mo go fenyeng botho jwa bogologolo, jo bo bogagapa, mme re apare botho jo bosha jaaka ba dirile. Bakeresete bao ba ntlha ba ne ba atlega mo ba neng ba nna ba farologane gotlhelele le lefatshe le le neng le ba dikologile. Gompieno Bakeresete ba dira se se tshwanang.
Batho ‘ba ba Rutwang ke Jehofa’
21. Ke boperofeti bofe jo bongwe gape joo bo diragadiwang mo bathong ba Modimo mo malatsing ano a bokhutlo?
21 Eleruri, moya wa Modimo gompieno ga o dire mo bathong ka bongwe fela mme mo phuthegong yotlhe ya Bakeresete bao palo ya bone eleng dimilione. Mafoko ano a ga Isaia a boperofeti a diragadiwa mo phuthegong eno: “Me dichaba di le dintsi di tla ea di re, Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakobe; me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè.” (Isaia 2:3) Go ne ga diragadiwa gape le boperofeti jono jwa ga Isaia mo go bone: “Bana ba gago botlhe ba tla rutwa ke Yehofa; kagishō ea bana ba gago e tla nna kgolo.” (Isaia 54:13) Ke bomang bano ba ba ipelelang kagiso ka go bo ba rutiwa ke Jehofa?
22. (a) Jehofa o ruta bomang gompieno? (b) Naya dikai tse di bontshang gore batho ba ba kwantle ba lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba farologane.
22 Ebu, tlhokomela karolwana eno e e tserweng mo lokwalong lo lo neng lo kwaletswe New Haven Register, pampiri ya dikgang ya kwa Amerika Bokone: “Lefa o ka tswa o lapile kana o galefile, jaaka nna, ke go dira ga bone barutwa, o tshwanetse go kgatlhiwa ke boineelo jwa bone, bomolemo jwa bone, le sekao sa bone se se tlhomologileng mo boitsholong le go tshela sentle.” Mokwadi yono o ne a bua ka bomang? Sone setlhopha seo Herald ya Buenos Aires, kwa Argentina e neng e bua ka sone fa e ne e re: “Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itshupa e le baagi ba ba dirang ka natla, ba ba wetseng dibete, ba ba kelotlhoko, le ba ba boifang Modimo go ralala dingwaga.” Ka mo go tshwanang, pampiri ya dikgang ya Italy La Stampa e ne ya bua jaana: “Ga ba tile go duela makgetho kana go tila melao epe fela e e ba patikang. Maitsholo a bone a a molemo a go rata moagelani, go gana maemo a go busa, go sa tsenelele mo thubakanyong, le go ikanyega, ba a dirisa mo matshelong a bone a ‘letsatsi le letsatsi.’”
23. Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa jaaka phuthego ba farologane?
23 Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa jaaka setlhopha—fela jaaka Bakeresete ba pele—ba farologane? Mo dikarolong di le dintsi, ba tshwana le mongwe le mongwe. Ba tshotswe ba na le bosaitekanelang jo bo tshwanang, mme ba na le mathata a a tshwanang fela a itsholelo le go tlhoka dilo tse di tlwaelegileng. Lefa go ntse jalo, jaaka phuthego ya lefatshe lotlhe, ba letla Lefoko la Modimo go nna le maatla mo matshelong a bone. Seno se felela ka bokaulengwe jwa bomoraferafe jwa Bakeresete ba mmatota joo eleng bosupi jo bo nonofileng jwa gore Bibela ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo.—Pesalema 133:1.
Bibela e Tlhotlheleditswe
24. Ke eng seo re se rapelelang malebana le bontsi jwa batho?
24 Mo ditlhogong tse pedi tseno, re tlotlile ka dilo tse pedi fela tse di nayang bosupi jwa gore Bibela ke Lefoko la Modimo, eseng la motho. Fa ba leba botlhale jo bo sa tshwaneng le bope jwa Bibela le maatla a yone a go fetola batho—kana dilo tse dintsi tse di supang fa e tlhomologile—batho ba ba tlhoafetseng ga ba kake ba palelwa ke go bona gore e tshwanetse ya bo e tlhotlheleditswe ke Modimo. Jaaka Bakeresete re rapelela gore batho ba bantsi ba lemoge boammaaruri jono. Ka gone le bone ba tla bua mafoko ano a mopesalema ka boipelo: “A u ko u gopolè kaha ke ratañ dikaèlō tsa gago ka gōna: ntsitsibosa Yehofa, kaha bopelonomiñ yoa gago yoa loratō. Chobokanō ea lehoko ya gago ke boamarure; ñwe le ñwe ea dikatlholō tsa gago tse di siameñ, e eme ka bosakhutleñ.”—Pesalema 119:159, 160.
A O A Gakologelwa?
◻ Bibela e ama Bakeresete ba boammaaruri jang?
◻ Kitso e e tlhomameng e re thusa jang mo go fetogeng ga rona?
◻ Bibela e re thusa go tlhotlheletsega go godisa dinonofo tse di molemo le go fenya tse di bosula jang?
◻ Ke eng se se re thusang go godisa dinonofo tsa Modimo?
◻ Ke bosupi bofe jo bo bonwang mo bathong ba Modimo jo bo bontshang gore Bibela e tlhotlheleditswe?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Diphelelo tse di utlwisang botlhoko tsa go sa ikanyegeng ga ga Solomone mo botsofeng jwa gagwe di tshwanetse go re tlhotlheletsa go rata tshiamo le go ila boikepo
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Fa re kopa Jehofa gore a re thuse, moya wa gagwe o tla nonotsha maiteko ape fela a re a dirang go fenya dinonofo tse di bosula