Go Solegelwa Molemo ke go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi
“Go sego monna . . . [yo] go itumela ga gagwe go mo molaong wa ga Jehofa; mme o akanya mo molaong wa gagwe motshegare le bosigo.”—PESALEMA 1:1, 2.
1. (a) Ke letshwao lefe le le bonalang sentle le le kwadilweng mo letlhakoreng la moago wa feketeri ya ntlokgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower? (b) Re ka solegelwa molemo jang fa re ka tsaya kgakololo eo tsia?
“BALA LEFOKO LA MODIMO BAEBELE E E BOITSHEPO LETSATSI LE LETSATSI.” Mafoko ao a kwadilwe ka ditlhaka tse dikgolo mo letlhakoreng le lengwe la moago kwa Brooklyn, New York, koo Watchtower Bible and Tract Society e gatisang Dibaebele le dibuka tsa Baebele. Kgakololo eo ga e a kwalelwa fela batho ba lefatshe ba ba bonang letshwao leo. Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore le bone ba tshwanetse gore ba tseye mafoko ao tsia. Batho ba ba balang Baebele ka metlha ba bo ba dirisa se se leng mo go yone mo matshelong a bone ba solegelwa molemo ke thuto ya yone, tsela e e kgalemelang ka yone, tsela e e sokololang ka yone, le go kaela ga yone ka tshiamo.—2 Timotheo 3:16, 17.
2. Mokaulengwe Russell o ne a gatelela jang botlhokwa jwa go bala Baebele?
2 Basupi ba ga Jehofa ba anaanela thata dibuka tse di ba thusang go ithuta Baebele mmogo le Tora ya Tebelo, mme ba di dirisa ka metlha. Mme lefa go ntse jalo ba itse gore ga go na epe ya dibuka tseno e e tsayang boemo jwa Baebele. Bogologolo ka 1909, Charles Taze Russell, yo e neng e le poresidente ya ntlha ya Watch Tower Bible and Tract Society, o ne a kwalela babadi ba makasine wa Watch Tower jaana: “Le ka motlha re se ka ra lebala gore Bibela ke yone Mokaedi wa rona le gore le mororo dilo tse di re thusang re di neilwe ke Modimo ke ‘dilo fela tse di thusang’ mme ga di eme mo boemong jwa Bibela.”
3. (a) “Lefoko la Modimo” le ama jang batho ba ba le balang? (b) Baberea ba ne ba bala le go ithuta Dikwalo ga kae?
3 Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di na le dilo tse di boteng le maatla a go senang buka epe e e nang le tsone. “Lefoko la Modimo le tshedile, le tlhaga, le bogale go feta ditšhaka tsotlhe tse di magale mabedi, mme le tlhabe le ye go kgaoganya pelo le mowa, ditokololo le moko, le bofefo go lemoga megopolo le maikaelelo a pelo.” (Bahebere 4:12) Morutwa Luke o ne a akgola batho ba kwa Berea, a re ba “tsalegile bogolo.” Ga ba a ka ba amogela mafoko ao fela ka tlhoafalo jaaka ba ne ba a rerelwa ke moaposetoloi Paulo le tsala ya gagwe Silase mme gape ba ne ba ‘lotolotsa ka kelotlhoko mo dikwalong ka malatsi otlhe’ gore ba tlhomamise gore dilo tse ba di rutwang di tshegediwa ke Dikwalo.—Ditiro 17:11.
Go e Bala Letsatsi le Letsatsi
4. Dikwalo di bontsha gore re tshwanetse go bala Baebele ga kae?
4 Baebele ga e bolele ka tlhamalalo gore re tshwanetse go e bala ga kae. Lefa go ntse jalo, e na le kgakololo ya ga Jehofa e a neng a e neela Joshua ya gore a ‘bale buka ya molao motshegare le bosigo’ gore a tle a dire ka botlhale le gore a tle a atlege mo tirong e Modimo a e mo fileng go e dira. (Jošua 1:8) E re bolelela gore lefa e le mang yo o neng a nna kgosi ya Baiseraele ba bogologolo o ne a tshwanetse go bala Dikwalo ka “malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.” (Duteronome 17:19) E tswelela pele ka go bolela jaana: “Go sego monna yo o sa tsamayeng mo kgakololong ya baikepi . . . Go itumela ga gagwe go mo molaong wa ga Jehofa; mme o akanya mo molaong wa gagwe motshegare le bosigo.” (Pesalema 1:1, 2) Gape lokwalo lwa Efangele lo lo kwadilweng ke Mathaio lo re bolelela gore fa Jesu Keresete a ne a ganana le maiteko a ga Satane a go Mo raela, O ne a nopola go tswa mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng tsa Sehebera a bolela jaana: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo.’” (Mathaio 4:4) Re tlhoka go ja dijo tsa nama ga kae? Letsatsi lengwe le lengwe! Go ja dijo tsa semoya letsatsi le letsatsi go botlhokwa le go feta ka gonne go ama tsholofelo ya rona ya botshelo jo bo sa khutleng.—Duteronome 8:3; Johane 17:3.
5. Go bala Baebele letsatsi le letsatsi go ka re thusa jang gore re “tsamaye ka mo go tshwanetseng Morena” fa tumelo ya rona e lekiwa?
5 Mongwe le mongwe wa rona o tlhoka go nonotshiwa letsatsi le letsatsi ke Lefoko la Modimo. Tumelo ya rona e gwetlhiwa letsatsi le letsatsi—kwa gae, kwa tirong, kwa sekolong, mo mebileng, fa re ile mabenkeleng, le mo bodireding. Re ka lebana jang le dilo tseno? A re tla gakologelwa ditaelo tsa Baebele le melaometheo ya yone ka bonako? Go na le gore Baebele e tlhotlheletse moya wa go itshepa, e tlhagisa jaana: “Yo o gopolang gore o eme, a itise gore a se ka a wa.” (1 Bakorinthe 10:12) Go bala Baebele letsatsi le letsatsi go tla re thusa gore re ‘tsamaye mo go tshwanetseng Morena, re ntse re kgatlha gotlhe’ go na le gore re letle lefatshe gore le re fetole gore re tshwane le lone.—Bakolosa 1:9, 10; Baroma 12:2.
Botlhokwa Jwa go Bala Baebele Gangwe le Gape
6. Ke eng fa go le mosola go bala Baebele gangwe le gape?
6 Go bala Baebele ga go tshwane le go bala buka ya tlhamane fela. Bontsi jwa ditlhamane tse di rategang thata di diretswe boikaelelo bo le bongwe fela; fa fela motho a itse kgang ya yone go fedile, ga go na sepe se sengwe gape. Go farologana le seo, go sa kgathalesege gore re badile Baebele gantsi go le kanakang, re solegelwa molemo thata fa re e bala gape. (Diane 9:9) Mo mothong yo o lemogang dilo sentle, Dikwalo di nna di ntse di na le sengwe se sesha. Boperofeti jo bo buang ka metlha ya bofelo bo mo kgatlha thata fa a akanya ka dilo tse a di boneng, tse a di utlwileng, le tse di mo diragaletseng mo dikgweding tsa bosheng. (Daniele 12:4) Fa a ntse a nna le boitemogelo jo bo oketsegileng mo botshelong mme a kgona go lebana le mathata, motho yo o balang Baebele ka temogo o anaanela thata kgakololo e a ka tswang a ile a bala ka yone mo nakong e e fetileng a e bala a feta fela. (Diane 4:18) Fa a tlhaselwa ke bolwetsi jo bo maswe thata, tsholofelo ya Baebele e e buang ka gore botlhoko bo tla tlosiwa le gore re tla boa re nna le botsogo jo bontle e raya mo gontsi thata mo go ene go na le pele ga foo. Fa ditsala tse di atamalaneng le ene kana bangwe ba lelapa ba tlhokafala, tsholofelo ya tsogo e nna selo se se botlhokwa thata mo go ene.
7. Ke eng se se ka re thusang fa re nna le maikarabelo a masha mo botshelong, mme ka ntlha yang?
7 Wena ka bowena o ka tswa o ile wa bala Baebele mme wa dirisa kgakololo ya yone mo dingwageng di le mmalwa. Mme gongwe gone jaanong o na le maikarabelo a masha mo botshelong. A o akanya ka go nyala? A o tloga o nna motsadi? A o filwe maikarabelo a go nna mogolwane kana motlhanka wa bodiredi mo phuthegong? A o moreri wa nako e e tletseng, yo o nang le ditshono tse di oketsegileng tsa go rera le go ruta? A bo go tla go solegela molemo jang ne fa o ka bala Baebele yotlhe gape o akantse ka maikarabelo a masha ao!—Baefeso 5:24, 25; 6:4; 2 Timotheo 4:1, 2.
8. Go fetoga ga maemo go ka dira jang gore go tlhokege gore motho a tshwanele go ithuta mo go oketsegileng ka dilo tse a neng a akanya gore o setse a di itse?
8 O ka tswa o ne o bontsha maungo a moya sentle mo nakong e fetileng. (Bagalatia 5:22, 23) Mme lefa go ntse jalo, go fetoga ga maemo go ka dira gore o tshwanelwe ke go ithuta mo go oketsegileng ka dinonofo tseo tsa bomodimo. (Bapisa Bahebere 5:8.) Motho mongwe yo pele e neng e le molebedi yo o etang yo o neng a tshwanelwa ke gore a tlogele tirelo ya gagwe e e kgethegileng gore a tle a ye go tlhokomela batsadi ba gagwe ba ba tsofetseng o ne a bolela jaana: “Ke ne ke tlhola ke akanya gore ke dira sentle tota mo go bontsheng maungo a moya. Gone jaanong ke ikutlwa gore ke simolola kwa tshimologong gape.” Ka mo go tshwanang, banna ba ba nyetseng le basadi ba ba nyetsweng ba balekane ba bone ba lwalang thata mo mmeleng kana mo maikutlong ba ka nna ba fitlhela gore e re ka ba tshwanela gore ba ba tlhokomele, go tshwenyega mo maikutlong go dira gore gangwe le gape go nne le dilo tse di ba kgobang marapo. Go bala Baebele ka metlha go gomotsa thata e bile go a thusa.
Dinako Tse Motho a ka Balang Baebele ka Tsone
9. (a) Ke eng se se ka thusang motho yo o tshwaregileng thata gore a kgone go bala Baebele letsatsi le letsatsi? (b) Ke eng fa go le botlhokwa segolobogolo gore bagolwane ba bale Lefoko la Modimo?
9 Gone mme, mo bathong ba ba setseng ba tshwaregile thata, go ipha nako ya go dira sengwe se se oketsegileng ka metlha e ka nna kgwetlho. Lefa go ntse jalo, sekai sa ga Jehofa se ka re solegela molemo. Baebele e bontsha gore o dira dilo ka ‘nako e e tlhomilweng.’ (Genesise 21:2; Ekesodo 9:5; Luke 21:24; Bagalatia 4:4) Fa re lemoga botlhokwa jwa go bala Lefoko la Modimo ka metlha go tla re thusa gore re le senkele nako mo thulaganyong ya rona ya letsatsi le letsatsi. (Baefeso 5:15-17) Bagolwane e tshwanetse ya nna bone segolobogolo ba ba tlhomang sekao sa go ipha nako ya go bala Baebele ka metlha gore ba tshegetse kgakololo ya bone mo melaometheong ya Baebele fela le gore ba bontshe gore ba na le “botlhale jo bo tswang kwa godimo.”—Jakobe 3:17; Tito 1:9.
10. Batho ba ba balang Baebele letsatsi le letsatsi ba bona leng nako ya go e bala?
10 Batho ba le bantsi ba ba atlegang ka thulaganyo ya bone ya go bala Baebele ba bala phakela mo mosong pele ga ba simolola ditiro tsa letsatsi leo. Batho ba bangwe ba fitlhela ba kgona go dira jalo botoka ba sa kgaotse ka dinako tse dingwe. Dikhasete tsa Baebele (koo di leng gone) di thusa batho ba ba tsayang maeto gore ba dirise nako e ba leng mo loetong ka yone ka tsela e e siameng, mme Basupi bangwe ba di reetsa fa ba ntse ba dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi tsa mo ntlong. Mo ditsebeng 20 le 21 kafa tlase ga setlhogo se se reng “Nako e ba e Balang ka Yone le ka Moo ba Solegelwang Molemo ka Gone” go bontshitswe dithulaganyo tse di ileng tsa thusa Basupi ba ba farologaneng kwa Yuropa, Afrika, Amerika Bokone, Amerika Borwa, le kwa Botlhaba.
11. Motho a ka bala jang Baebele letsatsi le letsatsi le mororo a sena nako e kalokalo?
11 Selo se se botlhokwa ga se gore o dirisa nako e e kanakang o bala Baebele ka nako le fa e le efe e e rileng mme ke gore o go dira ka metlha go le kanakang. O ka nna wa fitlhela go le mosola gore o bale nako e e kana ka ura kana go feta ka nako e le nngwe, o dira dipatlisiso tse di oketsegileng le gore o tlhome mogopolo ka mo go feletseng mo go se o se balang. Mme lefa go ntse jalo a thulaganyo ya gago e go dumelela gore o dire seno ka metlha? Go na le gore o dire gore go fete malatsi a le mantsi o sa bale Baebele gotlhelele, a go ka se ka ga nna botoka fa o ka e bala letsatsi le letsatsi ka metsotso e le 15 kana lefa e ka nna e le 5 fela? Ititeye sehuba gore o tla bala Baebele letsatsi le letsatsi. Mme morago ga foo, oketsa mmalo wa gago ka go dira patlisiso e e kwa teng fa o ka kgona.
Ditsela Tse di Farologaneng Tsa go Bala Baebele
12. Maloko a masha a lelapa la Bethele le baithuti ba Gileate ba na le thulaganyo efe ya go bala Baebele?
12 Go na le ditsela di le dintsi tse Baebele e ka balwang ka tsone. Go molemo go e bala go tloga ka Genesise go fitlha go Tshenolo. Maloko otlhe a a mo malapeng a Bethele mo lefatsheng lotlhe a a direlang kwa ntlokgolong ya lefatshe kana kwa go lengwe la makala a Mokgatlho a tshwanetse gore a bale Baebele yotlhe mo ngwageng wa bone wa ntlha wa tirelo ya Bethele. (Seo se raya gore ba tshwanetse go bala dikgaolo di le tharo go ya go di le tlhano, kana ditsebe di le nne go ya go di le tlhano, go ikaegile ka gore di boleele jo bo kae ka letsatsi.) Baithuti ba Sekolo sa Baebele sa Gileate sa Watchtower le bone ba tshwanetse gore ba bale Baebele yotlhe pele ga ba aloga. Go solofelwa gore seno se tla ba thusa gore ba dire go bala Baebele letsatsi le letsatsi karolo ya botshelo jwa bone.
13. Go akantshiwa gore Basupi ba ba sa tswang go kolobediwa ba itlhomele mokgele ofe?
13 Go molemo gore Basupi ba ba sa tswang go kolobediwa ba itlhomele mokgele wa gore ba bale Baebele yotlhe. Ka 1975, fa lekawana lengwe la kwa Fora le ne le ipaakanyetsa go ya go kolobediwa, mogolwane mongwe o ne a mmotsa gore a o na le thulaganyo e e tlhomameng ya go bala Baebele. Fa e sa le ka nako eo, o ne a bala Baebele yotlhe ngwaga nngwe le nngwe, gantsi a bala mo mosong pele ga fa a ya tirong. Gore matswela e nnile afe, o bolela jaana: “Ke itse Jehofa botoka. Ke kgona go bona gore sengwe le sengwe se amana jang le maikaelelo a gagwe le gore o dira jang fa go nna le dikgoreletsi. Mme gape ke kgona go bona gore Jehofa o tshiamo e bile o molemo mo go sengwe le sengwe se a se dirang.”
14. (a) Go tlhokega eng gore motho a simolole thulaganyo ya go bala Baebele e e sa kgaotseng? (b) Ke eng se se ka re thusang gore re nne re gakologelwe gore buka nngwe le nngwe ya Baebele e re e balang e bua ka eng?
14 A o badile Baebele yotlhe? Fa e le gore ga o ise o dire jalo, eno ke nako e e siameng ya gore o simolole. Itirele thulaganyo e e tlhomameng mme o e boloke. Tlhomamisa gore o tla bala ditsebe di le kae kana dikgaolo di le kae ka letsatsi, kana tlhomamisa fela gore o tla dirisa nako e kanakang le gore o tla go dira leng. Ga se mongwe le mongwe yo o tla fetsang Baebele ka ngwaga, mme lefa go ntse jalo selo sa botlhokwa ke go bala Lefoko la Modimo ka metlha, o le bala letsatsi le letsatsi fa go ka kgonega. Fa o ntse o bala Baebele, o ka nna wa fitlhela go le mosola go dirisa dibuka dingwe tsa ditshupiso gore o tle o kgone go tlhaloganya tshedimosetso yotlhe sentle. Fa e le gore lo na le Insight on the Scriptures ka puo ya lona, pele ga fa o bala buka nngwe e e rileng ya Baebele, sekaseka dintlhakgolo tsa yone jaaka fa di tlhalositswe mo go Insight.a Ela tlhoko thata dintlha tsa ditlhogo tse di kwadilweng ka mokwalo o mokima. Kana o ka nna wa dirisa le dintlha tsa tshobokanyo e e dirilweng ka boteng mo bukeng ya “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola.”b
15. (a) Ke dikakantsho dife tse di mo tsebeng ya 16 le ya 17 tse di ka go thusang go tokafatsa mmalo wa gago wa Baebele? (b) Go na le gore re go dire ngwao fela go bala palo e e rileng ya ditsebe, ke eng se re tshwanetseng go se tlhokomela thata?
15 Go molemo go bala Baebele ka go latelana ga yone, mme o se ka wa nna mmadi yo o latelang ngwao ya kobamelo fela. O se ka wa bala palo e e rileng ya ditsebe tsa yone letsatsi le letsatsi gore o tle o bolele gore o bala Baebele yotlhe ngwaga le ngwaga. Jaaka fa go bontshitswe mo lebokosong le le reng “Dikakantsho Tsa go Tokafatsa Mmalo wa Gago wa Baebele” (ditsebe 16 le 17), go na le ditsela tse dintsi tse o ka balang Baebele ka tsone mme o bo o itumelela go e bala. Go sa kgathalesege gore o dirisa mokgwa ofe, tlhomamisa gore o otla mogopolo le pelo ya gago.
Tlhaloganya Se o Se Balang
16. Ke eng fa go le botlhokwa gore re iphe nako ya go tlhatlhanya ka se re se balang?
16 Fa Jesu a ne a ruta barutwa ba gagwe, o ne a gatelela botlhokwa jwa gore ba tlhaloganye se a neng a se bolela. Selo se se botlhokwa e ne e se botlhale jwa go tlhaloganya dilo fela, go na le moo e ne e le go “tlhaloganya ka pelo” gore ba tle ba dirise seo mo matshelong a bone. (Mathaio 13:14, 15, 19, 23) Modimo o amega ka se motho tota a leng sone kafa teng, mme ke sone se pelo e se emelang. (1 Samuele 16:7; Diane 4:23) Ka jalo, mo godimo ga gore re tlhomamise gore re tlhaloganya se ditemana tsa Baebele di se bolelang, re tshwanetse gape gore re tlhatlhanye ka tsone, re bone gore di ama matshelo a rona jang.—Pesalema 48:9; 1 Timotheo 4:15.
17. Ke dilo dife tse re ka tlhatlhanyang ka tsone fa re bala mo Dikwalong?
17 Leka go bona melaometheo e e mo dipegong tsa Baebele gore o tle o kgone go di dirisa fa o lebane le maemo a a rileng. (Bapisa Mathaio 9:13; 19:3-6.) Fa o ntse o bala le go tlhatlhanya ka dinonofo tsa ga Jehofa tse di gakgamatsang, dirisa sebaka seo go nonotsha kamano ya gago le ene gore o tle o nne le poifomodimo ya mmatota. Fa o bala ka maikaelelo a ga Jehofa, ipotse gore o ka dirang gore o tle o dire tumalanong le one. Fa o bala ka kgakololo e e tlhamaletseng, go na le gore o ipolelele fela gore ‘Ke a itse,’ ipotse gore, ‘A ke dira se e se bolelang?’ Fa e le gore o a se dira, ipotse jaana, ‘Nka go dira jang “ka botlalo?”’ (1 Bathesalonika 4:1, NW) Fa o ithuta gore Modimo o batla eng, ela tlhoko gape dikai tsa Baebele tsa batho ba mmatota ba ba neng ba tshela go ya ka se se neng se batlega le ba ba neng ba sa go dire. Sekaseka gore ke eng fa ba ne ba dira dilo tse ba neng ba di dira le gore matswela e ne ya nna afe. (Baroma 15:4; 1 Bakorinthe 10:11) Fa o bala ka botshelo jwa ga Jesu Keresete, gakologelwa gore ke ene yo Jehofa a mo tlhomileng go nna kgosi mo lefatsheng lotlhe; dirisa sebaka seo go nonotsha keletso ya gago ya go bona lefatshe la Modimo le lesha. Mo godimo ga moo, sekaseka ditsela tse o ka kgonang go etsa Morwa Modimo ka botlalo mo go tsone.—1 Petere 2:21.
18. Re ka lekalekanya jang mmalo wa rona wa Baebele le tsela e re dirisang ka yone dikgatiso tsa go ithuta tse “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” a re di neelang?
18 Mme legale, mmalo wa Baebele ga o a tshwanela go tseela sebaka dikgatiso tse di molemo tsa go ithuta tse re di neilweng ke “motlhanka yo boikanngo le yo o botlhale.” Seo le sone ke nngwe ya dilo tse Jehofa a di re neelang—selo se se tlhwatlhwakgolo tota. (Mathaio 24:45-47) Tlhomamisa gore go bala Lefoko la Modimo ka metlha ke selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gago. Fa go ka kgonega, “BALA LEFOKO LA MODIMO BAEBELE E E BOITSHEPO LETSATSI LE LETSATSI.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Di gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Di gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke eng fa go le mosola go bala Baebele letsatsi le letsatsi?
◻ Ke eng fa re tshwanetse go bala Baebele gangwe le gape?
◻ Go ya ka thulaganyo ya gago ya motho ka namana, ke nako efe e e go siametseng ya go bala Baebele letsatsi le letsatsi?
◻ Fa o ntse o bala Baebele gangwe le gape, ke eng se o ka se dirang gore thulaganyo ya gago e nne le dilo tse di farologaneng?
◻ Ke eng fa go le botlhokwa thata gore re tlhatlhanye ka dilo tse re di balang?
[Lebokoso mo go tsebe 16, 17]
Dikakantsho tsa go tokafatsa mmalo wa gago wa Baebele
(1) Batho ba le bantsi ba bala dibuka tsa Baebele go ya ka tsela e di gatisitsweng ka go latelana ga tsone, go tloga mo go Genesise go ya go Tshenolo. O ka nna gape wa di bala go ya ka tsela e di neng di kwadilwe ka yone kwa tshimologong. Gakologelwa gore Baebele e na le dibuka tse 66 tse di tlhotlheleditsweng, ke laeborari ya Modimo. Gore o bale ka dilo tse di farologaneng, o ka nna wa batla go bala dibuka dingwe tse di buang ka ditiragalo, morago ga foo o bo o bala ka tse di buang thata ka boperofeti, go latele tse dingwe tse e leng makwalo a kgakololo, go na le gore o bale fela ditsebe ka tsela e di latelanang ka yone. Nna o gakologetswe dilo tse o badileng ka tsone, mme o tlhomamise gore o bala Baebele yotlhe.
(2) Fa o sena go bala karolo e e rileng ya Dikwalo, ipotse gore e senola eng kaga Jehofa, tsela e a dirang dilo ka yone; ka moo seo se tshwanetseng sa ama botshelo jwa gago ka gone; ka moo o ka se dirisang ka gone go thusa motho yo mongwe.
(3) Fa o dirisa tšhate ya “Main Events of Jesus’ Earthly Life” e e gatisitsweng kafa tlase ga setlhogo se se reng “Jesus Christ” go Insight on the Scriptures (le mo bukeng ya “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”), gore e nne yone e e go kaelang, bala dipego tse di buang ka tiragalo eo mo karolong nngwe le nngwe ya dikwalo tsa Efangele ka go latelana ga tsone. Oketsa seno ka go bala dikarolo tse di tshwanang le tsone tse di mo bukeng ya Monna yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela.
(4) Fa o bala ka pego e e buang ka botshelo le bodiredi jwa ga Paulo go tswa go Ditiro tsa Baaposetoloi, bala gape le makwalo a a tlhotlheleditsweng a a buang ka gone. Ka jalo, fa go umakiwa ditoropokgolo kana mafelo a Paulo a neng a rera mo go one, ema mme o bale makwalo a moragonyana a ileng a a kwalela Bakeresetekaene kwa mafelong ao. Gape go molemo go latela maeto a gagwe ka mmapa o o tshwanang le o o mo tsebeng e e kafa morago ga New World Translation.
(5) Fa o ntse o bala go tswa mo go Ekesodo go ya go Duteronome, bala makwalo a a neng a kwaletswe Bahebera gore o tle o tlhaloganye boperofeti jo bontsi jo go buiwang ka jone. Kafa tlase ga “Law” mo bukeng ya Insight on the Scriptures, lebelela tšhate e e buang ka “Some Features of the Law Covenant.”
(6) Fa o bala dibuka tse di buang ka boperofeti, iphe nako ya go sekaseka ditiragalo tse di amanang le tsone mo Baebeleng. Ka sekai, fa o bala buka ya Isaia, tlhatlhoba se go buiwang ka sone gape golo gongwe go sele ka dikgosi tse di ntseng jaaka Usia, Jothame, Ahase, le Hesekia ba ba umakiwang mo go Isaia 1:1. (2 Dikgosi, dikgaolo 15-20; 2 Ditiragalo, dikgaolo 26-32) Kana fa o bala ka Hagai le Sakaria, iphe nako ya go tlhatlhoba se se buiwang ka bone mo bukeng ya Esere.
(7) Tlhopha buka nngwe ya Baebele, mme o bale karolo ya yone (gongwe e ka nna kgaolo), morago ga foo o bo o dira dipatlisiso, o dirisa Watch Tower Publications Index kana Watchtower Library e e mo khomputareng fa e le gore e teng ka puo ya gaeno. Dirisa tshedimosetso eo mo botshelong jwa gago. E dirise mo dipuong le mo bodireding jwa tshimo. Fa o feditse ya kwa karolong e nngwe.
(8) Fa e le gore go na le kgatiso nngwe ya Watch Tower e e tlhalosang ka buka eo ya Baebele kana ka karolo ya yone, nna o ntse o tlhatlhoba dintlha mo go yone gangwe le gape fa o ntse o bala karolo eo ya Baebele. (Ka sekai: ka buka ya Sefela sa Difela, tlhatlhoba dintlha go The Watchtower, ya December 1, 1957, ditsebe 720-34; ka Esekiele, “The Nations Shall Know That I Am Jehovah”—How?; ka Daniele, “Your Will Be Done on Earth” kana Our Incoming World Government—God’s Kingdom; ka Hagai le Sakaria, Paradise Restored to Mankind—By Theocracy!; ka Tshenolo, Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo E Atametse!)
(9) Fa o ntse o bala, sekaseka ditshupiso. Ela tlhoko ditemana tse 320 tsa Dikwalo tsa Sehebera tse di nopotsweng ka tlhamalalo mo Dikwalong Tsa Segerika Tsa Bokeresete le ditemana tse dingwe tse di makgolokgolo tse di nang le ditshupiso, mmogo le ditlhaloso tsa gore di dira jang. Ditshupiso di supa ka moo boperofeti jo bo kwadilweng mo Baebeleng bo diragaditsweng ka teng, di tlhalosa hisitori ya batho le mafelo a ba neng ba nna mo go one, le dintlha dingwe tse di tshwanang tse di tlhalosang mafoko mangwe a go ka tswang go ne go le thata gore o a tlhaloganye.
(10) Fa o dirisa Thanolo ya Ditshupiso ya New World Translation, fa e le gore e teng ka puo ya gaeno, sekaseka dintlhanyana tse di kwa tlase le ditlhogo tsa aphendikise tse di amanang le se o se balang. Di supa lebaka la go bo mafoko mangwe a dirisitswe le ditsela tse dingwe tse mafoko mangwe a a botlhokwa a ranotsweng ka teng. O ka tswa gape o batla go bapisa tsela e mafoko a ditemana tse di rileng a ranotsweng ka teng mo dithanolong tse dingwe tsa Baebele.
(11) Fa o sena go bala kgaolo nngwe le nngwe, kwala tshobokanyo e khutshwane ya dintlha tsa konokono tsa kgaolo eo. E dirisetse gore moragonyana e go thuse go ikgakolola dintlha le go tlhatlhanya ka tsone.
(12) Fa o ntse o bala Baebele, tshwaya ditemana tse di rileng tse o batlang go di gakologelwa, kana o di kwale mo dikarateng mme o di beye mo o tla di bonang teng letsatsi le letsatsi. Di ithute ka tlhogo; tlhatlhanya ka tsone; di dirise. O se ka wa leka go ithuta di le dintsi ka tlhogo ka nako e le nngwe, gongwe o ka nna wa ithuta e le nngwe kana di le pedi beke nngwe le nngwe; morago ga foo o ka tlhopha tse di oketsegileng fa o ntse o bala Baebele.
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
A o bala Baebele kana a o reetsa dikhasete tsa yone letsatsi le letsatsi?