Go Bontsha Lorato le Tlotlo Jaaka Mosadi yo o Nyetsweng
“Mosadi o tshwanetse go naya monna wa gagwe tlotlo e e boteng.”—BAEFESIA 5:33, “NW.”
1. Ke dipotso dife, tse di bodiwang malebana le boemo jwa segompieno jwa lenyalo?
MO MOTLHENG ono wa segompieno wa go ikemela ka nosi le “kgololesego,” go leba lenyalo go ya ka ngwao go He ga tlhaselwa fela thata. Malapa a le dimilione a tshwanelwa ke go nna kwantle ga rre kana mme. Ba bantsi ba dirile go nna mmogo kwantle ga go nyalana kafa molaong selo se se tlwaelegileng. Mme a seno se ile sa naya mosadi yo o nyetsweng le mme tshireletsego a kgolwane? A seno se ile sa dira gore bana ba tlhomame? Gape go latlhege; lwa ke go leba dilo jaaka tse di botlhokwa mono a go ile ga tlisa tlotlo a kgolwane mo thulaganyong ya lelapa? Phapaanong le seo, Lefoko la Modimo le akantsha eng?
2. Ke ka ntlhayang fa go ne go se molemo gore Adame a nne a le esi?
2 Fa Modimo o ne o bolela boikaelelo jwa gagwe jwa go bopa mosadi wa ntlha, o ne a bua jaana: “Ga go molemō ha monna a ka nna a le esi.” Mme morago ga go ela malapa a diphologolo tlhoko—tse ditonanyana le tse dinamagadi gammogo le bana ba tsone—maikutlo a ga Adame a tshwanetse a bo a ile a dumalana le polelo eo. Lefa a ne a itekanetse ebile a le mo paradaiseng e e itumedisang, Adame o ne a tlhoka molekane wa motho wa mofuta wa gagwe. O ne a neilwe botlhale ebile a kgona go bua, mme go ne go sena sebopiwa sepe sa mofuta wa gagwe seo a neng a ka abalana le sone dineo tseno. Lefa go le jalo, boemo joo bo ne bo tla tloga bo fetoga, ka gonne Modimo o ne o ile wa bua jaana: “Ke tla mo dihèla thushō e e mo lebanyeñ.”—Genesise 2:18-20.
3. (a) Efa a ne a le wa “mofuta” wa ga Adame jang? (b) Go kaya eng gore monna a ‘ngaparele’ mosadi wa gagwe?
3 Jehofa o ne a bopa mosadi ebong Efa ka go dirisa nngwe ya dikgopo tsa ga Adame. Ka gone, Efa a ne a le wa “mofuta” wa ga Adame. E ne e se phologolo mme e ne e le “lesapō ya marapō a [gagwe], le nama ea nama ea [gagwe].” Ke gone ka moo, pego e e tlhodheleditsweng a buang jaana: “Ke gōna ka mouō monna o tla tlogèlañ rragwè le mmagwè, me o tla ñaparèla mosadi oa gagwè: me ba tla nna nama a le ñwe hèla.” (Genesise 2:23, 24) Lefoko la Sehebera leo le ranotsweng jaaka go “ñaparèla” le raya “go materegana, go kgomarelelana, thata fela, jaaka ekete ke ka boletswa.” (Hebrew and Chaldee Lexicon to the Old Testament Scriptures ya ga Gesenius) Seno se tlisa kgopolo ya gore monna yo o nyetseng le mosadi wa gagwe ke balekane ba ba sa kakeng ba kgaoganngwa. Mokanoki mongwe o bolela go re “go raya se se fetang bokopano jwa tlhakanelo-dikobo jwa monna le mosadi wa gagwe mme go akareletsa kamano ya bone yotlhe.” Ka jalo, lenyalo ga se kgatlhegelano fela e e felang. Ke kamano ya goyagoile. Mme koo go nang le go tlotlana le seriti gone, kutlwano eo, lefa go ka nna le mathata ka dinako dingwe, a tshwanetse go nna a ntse e nonofile.—Mathaio 19:3-9.
4. Ke ka tlhaloganyo efe mosadi a neng a le mothusi le motlatsi wa monna?
4 Modimo o ne a bolela gore mosadi o ne a tla nna mothusi wa monna le motlatsi wa gagwe. Ereka ba ne ba dirilwe mo setshwanong sa Modimo, o ne a lebeletse gore ba bontshe dinonofo tse di tshwanang le tsa gagwe—tshiamiso, lorato, botlhale, le nonofo—mo dikamanong tsa bone. Ka gone, Efa o ne a tla nna ‘motlatsi,’ eseng mogaisani. Lelapa le ne le tla seke le nne jaaka sekepe seo se nang le batsamaisi ba babedi ba ba gaisanang, mme Adame o ne a tla nna tlhogo.—1 Bakorintha 11:3; Baefesia 5:22-24; 1 Timotheo 2:12, 13.
5. Banna ba bantsi ba He ba tshwara basadi jang, mme a Modimo o amogela seno?
5 Lefa go ntse jalo, go tsuolola le go leofa ga balekane bao ba ntlha kgatlhanong le botlhogo jo bo lorato jwa Modimo ka tshoganetso fela go ne ga simolola thulaganyo e e farologaneng ya sebopego sa lelapa la bone le sa malapa otlhe a a neng a tla nna gone mo isagweng. Ka go bo a ne a itse diphelelo tsa boleo le seo bo neng bo tla se dira mo bathong, Jehofa o ne a raya Efa a re: “Kelecō ea gago e tla nna kwa monneñ oa gago, me o tla gu laola.” (Genesise 3:16) Ka go tlhoka lesego, go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga banna ba le bantsi ba He ba laola basadi ba bone ka go ba gatelela. Basadi ba ile ba tlontlololwa mme ebile ba santse ba tlontlololwa le go tseelwa kwa tlase ka ditsela di le dintsi mo lefatsheng lotlhe. Lefa go le jalo, jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, melaometheo ya Bibela fa a dirisiwa ga a letlelele monna go nna motho yo o bogoma. Kafa letlhakoreng le lengwe, a gatelela botlhokwa jwa tlotlo e e boteng.
Tlotlo e e Boteng—Kgwetlho
6, 7. (a) Banna ba ba sa dumeleng ba ka gapelwa mo boammaaruring jang? (b) Mosadi o ka nna a bo a palelwa ke go bontsha “tlotlo e e boteng” mo monneng wa gagwe yo o sa dumeleng jang?
6 Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa sekao sa ga Keresete sa boitsholo mme a tlhalosa gore Jesu o ne a re ‘tlogelela sekao, gore re tsamaye mo dikgatong tsa gagwe.’ Morago Petere o ne a bua jaana: “Hèla yalo le lona basadi ba lo nyecweñ, to nne kutlō mo banneñ ba lona; e tle e re, leha bañwe ba sa utlwe lehoko, ba tle ba kgōnwè kwa ntlè ga lehoko ke mokgwa o montlè oa basadi ba bōnè; Ba bōna mokgwa o montlè oa lona lo le bori go pataganye le [tlotlo e e boteng, NW].” (1 Petere 2:21-3:2) Basadi ba ba nyetsweng ba Bakeresete ba ka bontsha jang “tlotlo e e boteng” eno?
7 Bontsi jwa bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba na le banna bao ba sa dumeleng le bao ka dinako dingwe ba ganetsang. A maemo ano a raya gore kgakololo ya ga Paulo jaanong ke e e senang mosola le e e seng botlhokwa? Nnyaa, go ikoba le tlotlo di a tlhokega le eleng lefa “bañwe ba sa utlwe lehoko.” Ka gone, a e tla bo a le go bontsha tlotlo e e boteng fa mosadi wa Mokeresete yo o nang le monna yo o ganetsang a ka tla mo Holong ya Bogosi a bo a mo seba, a bolelela bokgaitsadi ba bantsi mo phuthegong tsela e e makgwakgwa eo a mo tshwarang ka yone? Fa a ne a ka dira seo kaga mokaulengwe mongwe kana kgaitsadi mo phuthegong, seo se ne se ka bidiwa eng? Go seba, kana le eleng go senya leina. Ka gone, ga se go supa tlotlo e e boteng fa mosadi a senya monna wa gagwe yo o sa dumeleng leina. (1 Timotheo 3:11; 5:13) Lefa go le jalo, go tshwanetse ga lemogiwa gore bokgaitsadi bangwe bao ba ganediwang ba na le bothata jo bo masisi. Tharabololo ya Bokeresete ke eng? Ba ka ya kwa bagolwaneng mme ba kope thuso le kgakololo.—Bahebera 13:17.
8. Ke eng seo monna yo o ganetsang a ka nnang a bo a se akanya?
8 Bagolwane ba ka dirisana jang ka botlhale le monna yo o ganetsang? Santlha, ba ka simolola go lebelela seemo go ya ka pono ya gagwe. Go lwa ga gagwe ka molomo le ka diatla go ka nna ga bo go tlhotlhelediwa ke dilo tse tharo tseo di golaganeng tsa go sa itse go go gogetseng kwa go boifeng mme go bo go felela ka ntwa. Me ke ka ntlhayang fa seno se diragala? Ka dinako dingwe monna o a bo a sa itse go le kalo kana a sa itse lefa a le sepe ka Basupi ba ga Jehofa kwantle ga dilo tseo a di utlwileng mo badiring-ka-ene ba ba ganetsang. O itse gore pele ga mosadi wa gagwe a ne a simolola go ithuta Bibela o ka tswa a ne a lebeletse ene fela le bana ba gagwe. Lefa e ka tswa a le mosadi le mmè yo o botoka, boikutlo jwa gagwe a ka nna jono: ‘O ntlogela ka makgetlo a mararo mo bekeng go ya kwa dipokanong tseo. Ga ke itse gore go diragala eng kwa dipokanong tseo, mme go na le banna bangwe ba bantle kwa holong eo, gape. . . ’ Ee, go sa itseng ga gagwe go ka nna ga mo dira gore a nne lefufa a bo a boife. Morago o arabela ka go itwela. Bagolwane ba ka thusa jang koo ba lemogang gore go na le boikutlo jo bo ntseng jalo?-Diane 14:30; 27:4.
9. Banna bangwe ba ba sa dumeleng ba ka atamelwa ka botlhale jang, mme seno se ka thusa jang?
9 Gongwe mongwe wa bagolwane a ka leka go itsalanya le rre yoo. (1 Bakorintha 9:19-23) Monna yoo o ka tswa a itse sengwe ka motlakase, a le mmetli, kana a itse go penta. A ka nna a bo a ka seka a gana go dirisa kitso ya gagwe mo go thuseng ka bothata bongwe kwa Holong ya Bogosi. Ka tsela eo o tla kgona go bona gore Holo ya Bogosi a ntse jang kafa teng kwantle ga go ikutlwa a patelesegile go tla pokanong nngwe. Fa a ntse a tlwaelana le bakaulengwe, boikutlo jwa gagwe ka mosadi wa gagwe le boammaaruri bo ka nna jwa tokafala. Ka go bona lerato le mowa wa tirisanommogo mo phuthegong, a ka nna a simolola le eleng go tlisa mosadi wa gagwe dipokanong. Go tswa foo, jaaka dilo di gogela kwa go tse dingwe, a ka nna a tsena mo Holong fa dipokano di tsene mme a reetse ka nakwana. Go ise go ye kae, a ka nna a kopa gore go ithutiwe Bibela le ene. Tsotlhe tseno di ka fitlhelelwa mme ka dinako tse dingwe di ile tsa fitlhelelwa. Go na le diketekete tsa banna ba ba nyetseng bao ba dumelang gompieno, mme a le ka baka la lorato le botlhale le “tlotlo e e boteng” tsa basadi ba bone.—Baefesia 5:33.
O Tlhokomela Bantlo ya Gagwe
10, 11. Kgosi Lemuele o tlhalosa mekgwa efe e e farologaneng ya mosadi yo o nyetsweng yo o molemo? (E sekasekiwe ka bongwe ka bongwe.)
10 Kgosi Lemuele o ne a fiwa kgakololo e e molemo ke mmaagwe malebana le dinonofo tsa mosadi yo o tshwanelang. (Diane 31:1) Tlhaloso ya gagwe ya mosadi le mme yo o dirang ka natla mo go Diane 31:10-31 a tshwanela go balwa ka kelotlhoko. Kwantle ga pelaelo o ne a na le boitemogelo mo go diriseng melaometheo e e siameng ya Modimo le mo go bontsheng tlotlo e e boteng.
11 Lemuele o kwala gore “mosadi eo o mokgwa o o iphaphileñ” o ka tshepiwa, go ka ikaegwa ka ene, ebile o a ikanyega. (Ditemana 10-12) O dira ka natla go fepa le go tlhokomela monna wa gagwe le bana. (Ditemana 13-19, 21, 24) O pelonomi o bile o pelotshweu go bao ba tlhokang eleruri. (Temana 20) Ka tlotlo ya gagwe le boitsholo jwa gagwe jo bontle, o tlatseletsa mo go tlotlegeng ga monna wa gagwe. (Temana 23) Ga se mosebi kana mongwe yo o tshwayatshwayang diphoso. Phapaanong le seno, loleme Iwa gagwe to a aga ebile to a fodisa. (Temana 26) Ka go bo a se setshwakga, o na le ntlo e e phepa, e e baakantsweng sentle. (Temana 27) (Ebile tota, legae la Mokeresete le tshwanetse go nna le le phepa go gaisa mo tikologong.) Monna wa gagwe le bana ba a mo leboga ebile ba a mo galaletsa. Ba ba kwantle ga lelapa la gagwe le bone ba anaanela dinonofo tsa gagwe. (Ditemana 28, 29, 31) Bontle jwa gagwe ga se jwa kafa ntle fela; ke bontle jwa mosadi yo o boifang Modimo yo o nang le botho jwa bomodimo.—Temana 30.
Mowa Wa Boikokobetso le Tidimalo
12. Ke eng seo a leng sa ‘botlhokwa thata mo matlhong a Modimo,’ mme seane sa Sepanishe se tlhomolola ntlha eno jang?
12 Ntlha eno ya bofelo a gatelelwa ke Petere fa a ne a gakolola mosadi wa Mokeresete gore a se ka a tlhokomela tebego ya gagwe ya kafa ntle ka mo go feteletseng. O kgothatsa jaana: “A [go kgaba ga lona] a nnè motho eo o sa bōleñ oa pelo, le ka diaparō tse di sa bonaleñ tsa mōea oa boikokobeco le tidimalō, e le gōna mo go kaiwañ go tlhōkèga thata mo matlhoñ a Modimo.” (1 Petere 3:3, 4) Tlhokomela ntlha eno ya gore ‘moya wa boikokobetso le tidimalo, ke tsone tse di botlhokwa thata mo matlhong a Modimo.’ Ka jalo, mosadi yo o nyetsweng le mme wa Mokeresete yo o nang le moya o o ntseng jalo ga a itumedise monna wa gagwe fela mme, se se botlhokwa thata, o itumedisa Modimo, fela jaaka go dirile basadi ba ba ikanyegang ba metlha ya bogologolo. Bontle jono jo bo kafa teng bo bontshiwa gape mo polelwaneng eno ya Sepanishe: “Mosadi yo montle o kgatlha matlho; mosadi yo o molemo o itumedisa pelo. Fa wa pele a le sebenya fela, wa morago ke khumo.”
13. Ke tlhotlheletso efe e e lapolosang a mosadi yo o nyetsweng a ka nnang le yone mo baneng ba gagwe?
13 Mosadi yo o nyetsweng wa Mokeresete a ka nna yo o lapolosang go ba lelapa la gagwe botlhe. (Bapisa Mathaio 11:28-30.) Jaaka bana ba lemoga tlotlo eo a e nayang monna wa gagwe, le bone ba tla bontsha tlotlo mo ditirisanong tsa bone le batsadi ba bone le ba bangwe kwantle ga lelapa. Go tla felela ka gore bana ba Bakeresete ba nne ba ba pelonomi le go akanyetsa. Mme abo go lapolosa jang ne fa bana ba ithaopela go dira ditiro tsa mo gae go na le gore ba kgorolwe go di dira! Go sa nneng bogagapa ga bone go tlatseletsa mo go direng legae go nna le le itumetseng, mme go nyenya ga ga mme ga botsalano go duela fela thata.
14. Ke kgwetlho efe eo a ka tlisiwang ke kotlhao?
14 Mme go tweng ka dinako tseo ba tlhokang go otlhaiwa ka tsone? Fela jaaka batsadi ba bone, bana ba dira diphoso. Ka dinako tse dingwe ba tlhoka kutlo. Mme wa Mokeresete o tla itshwara jang fa rre a seyo? A o tla tswelela pele a tlotla seriti sa bana ba gagwe? Kana o tla ba goa a ba sotla a le go leka gore ba mo reetse? Ebu, a ngwana o ithuta ka go goiwa? Kana a lentswe le le kwa tlase le le mo nayang mabaka le tla dira mo gogolwane?—Baefesia 4:31, 32.
15. Ke eng seo babatlisisi ba neng ba se fitlhelela malebana le go utlwa ga bana?
15 Fa o akgela ka go nna le kutlo ga bana, makasine Psychology Today o ne wa bua jaana: “Go ya ka patlisiso ya bosheng, fa o bua le bana ka lentswe le le kwa godimo gore ba seka ba dira sengwe gantsi ba tla retologa mme ba dire sone se o sa batleng ba se dira.” Kafa letlhakoreng le lengwe, babatlisisi ba fitlhetse gore fa batsadi ba bua ka lentswe le le kwa tlase, bana ba kgona go ikoba kwantle ga ketsaetsego. Legale, go botlhokwa thata go naya ngwana wa gago mabaka go na le gore o mo galefise ka ditaolo tse di sa feleng le tse di gagametseng.—Baefesia 6:4; 1 Petere 4:8.
Tlotlo mo Kamanong ya Senama
16. Mosadi a ka bontsha go akanyetsa ditlhokafalo tsa monna wa gagwe tsa boikutlo jang, mme a ka bona melemo efe?
16 Fela jaaka monna yo o nyetseng a tshwanetse go bontsha go akanyetsa mosadi wa gagwe ka go bo a le wa popego e e bokoa, jalo mosadi le ene o tshwanetse go lemoga ditlhokafalo tsa monna wa gagwe tsa boikutlo le tsa tlhakanelo-dikobo. Bibela a bontsha gore monna le mosadi wa gagwe ba tshwanetse go itumelelana mme ba kgotsofatsane. Seno se ba tlhoka gore ba eletlhoko ditlhokafalo tsa yo mongwe le ka moo a ikutlwang ka gone. Go kgotsofatsana gono gape go tla ba thusa go tlhomamisa gore molekane mongwe le mongwe ga a lebe ope kwa thoko seo se ka nnang sa felela ka gore mmele wa gagwe o ipatlele go sele.—Diane 5:15-20.
17. Monna le mosadi ba tshwanetse go leba go neelana tshwanelo ya lenyalo jang?
17 Eleruri, koo go nang le go tlotlana gone, ga go na molekane ope yo o tla dirisang ditlhokafalo tsa tlhakanelodikobo jaaka sedirisiwa sa go utlwisa maikutlo a yo mongwe botlhoko. Mongwe le mongwe o tshwanetse go neela yo mongwe tshwanelo ya gagwe ya lenyalo, mme fa go na le go ikgogona ka nako a khutshwane, go tshwanetswe ga dirwa ka tumalano. (1 Bakorintha 7:1-5) Ka sekai, ka dinako tse dingwe monna yo o nyetseng a ka nna a bo a tsamaile go ya go direla kwa tirong ya go aga kwa lekaleng la lefelo leo la Mokgatlho wa Watch Tower ka nakwana kana a le mo tirong nngwe ya bolegodimo. Mo kgannyeng e e ntseng jalo o tshwanetse go tlhomamisega gore mosadi wa gagwe o dumetse ka pelo yotlhe. Gape kgaogano e e ntseng jalo a ka tlisetsa lelapa masego a semoya, ke gore, ka tsela ya maitemogelo a a kgothatsang ao monna wa gagwe a tla a ba bolelelang morago ga go boela gae.
Seabe sa Botlhokwa sa Bokgaitsadi
18. Ke ka ntlhayang fa mosadi wa mogolwane a na le boikarabelo jo bogolwane?
18 Mosadi wa Mokeresete yoo monna wa gagwe a leng mogolwane, o na le boikarabelo jo bogolwane. Santlha, monna wa gagwe o na le boikarabelo jo bogolo. O ikarabelela mo go Jehofa ka ditlhokafalo tsa phuthego tsa semoya. (Bahebera 13:17) Mme jaaka mosadi wa mogolwane ebile ka gongwe a le mosadi yo o godileng ka boene, go botlhokwa gore a tlhome sekao mo go bontsheng tlotlo. (Bapisa 1 Timotheo 5:9, 10; Tito 2:3-5.) Mme abo basadi ba bantsi ba bagolwane ba baya sekao se se molemo jang ne sa go tshegetsa banna ba bone! Gantsi, monna o tshwanetse go tsamaya go ya go tshwara dikgang dingwe tsa phuthego, mme ka dinako tse dingwe mosadi a ka nna a batla go di itse. Lefa go ntse jalo, ka boikanyegi, mosadi wa bomodimo ga a tshwanela go tsenatsena mo dikgannyeng tsa phuthego jaaka motho yo o ratang dikgang tsa batho.—1 Petere 4:15.
19. Ke eng seo ‘go tlhokomela ga mogolwane lelapa la gagwe sentle’ go ka se kopanyeletsang?
19 Lefa go ntse jalo, mogolwane a ka nna a tshwanelwa ke go kgalema mosadi wa gagwe fa a bontsha boikutlo jo bo sa ageng kana fa a sa beele bokgaitsadi ba bangwe sekao se se molemo. “Go laola ntlo ea gagwe sentle” go kopanyeletsa eseng fela bana mme gape le mosadi. Go dirisa tekanyetso eno ya Dikwalo go ka nna ga leka boikokobetso jwa basadi ba bangwe.—1 Timotheo 3:4, 5, 11; Bahebera 12:11.
20. Umaka dikao tsa bokgaitsadi bangwe ba ba molemo bao ba nyetsweng le bao ba sa nyalwang ba metlha ya bogologolo le ya segompieno. (Bona “Life Stories of Jehovah’s Witnesses” go Watch Tower Publications Index 1930-1985.)
20 Bokgaitsadi ba ba sa nyalwang le bone ba ka akanyetsa seabe se se tlotlegang sa basadi ba ba nyetsweng mo phuthegong. Go na le dikao tse dintsi tse di molemo thata tsa bokgaitsadi ba ba molemo, ba ba ikanyegang, mo Dikwalong gammogo le mo diphuthegong gompieno! Dorekase, yoo go bonalang a ne a le kgaitsadi yo o sa nyalwang o ne a akgolelwa ‘ditiro tsa gagwe tse di molemo’ fela thata. (Ditihō 9:36-42) Periseka le Febe le bone ba ne ba tlhagafaletse boammaaruri. (Baroma 16:1-4) Go ntse fela jalo le gompieno, bontsi jwa bokgaitsadi ba rona, ba ba nyetsweng kana ba ba sa nyalwang, ke barongwa ba ba tlhomologileng, babulatsela, le baboledi. Ka nako e e tshwanang, basadi ba ba ntseng jalo ba bomodimo, ba tshola magae a bone a le phepa, a baakantswe sentle mme ga ba ke ba tlhokomologa bamalapa a bone. Ka ntlha ya bontsi jwa bone le maemo, gantsi ba nna le karolo a kgolo thata mo tirong ya go rera.—Pesalema 68:11.
21. Bokgaitsadi ba ba ikanyegang ba ka kgothatsa bakaulengwe ba bone ba Bakeresete jang?
21 Bokgaitsadi ba ba ikanyegang mo phuthegong ba dira tiro a kgolo ya botlhokwa e e agang. Go tlhagafala ga bone le sekao di kgothatsa bakaulengwe le phuthego ya Bokeresete ka kakaretso. Ke batlatsi le bathusi ka boammaaruri. (Bapisa Genesise 2:18.) Abo ba tshwanelwa ke lorato le tlotlo tsa mmatota jang ne! Mme, abo kgakololo eno ya ga Paulo e tshwanela eleruri jang ne, mabapi le balekane ba ba nyalaneng ba Bakeresete: “A moñwe le moñwe oa lona a rate mosadi oa gagwe hela yaka a ithata; le mosadi a ipōnè, gore a [neye monna wa gagwe tlotlo e e boteng, NW].”-Baefesia 5:33.
A O A Gakologelwa?
◻ Diabe tsa Modimo tsa kwa tshimologong tsa monna le mosadi ba ntlha ba ba itekanetseng a ne a le dife?
◻ Banna ba ba nyetseng ba ba sa dumeleng ba ka gapelwa jang mo boammaaruring?
◻ Mosadi yo o molemo o na le dinonofo dife tse di tlhomologileng?
◻ Mosadi wa Mokeresete a ka bontsha ‘moya wa boikokobetso le tidimalo’ fang?
◻ Ke go lekalekana gofe go go tlhokafalang mo kamanong ya senama fa gare ga batho ba ba nyalaneng?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Lelapa ga le a tshwanela go nna jaaka sekepe se se nang le batsamaisi ba babedi ba ba gaisanang
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Monna yo o sa dumelang o ka nna lefufa, le eleng go nna le poifo ka tsela nngwe, ka go ya dipokanong ga mosadi wa gagwe kana ka ditiro dingwe tsa Bokeresete. A ka thusiwa fang?