‘Batla Kagiso Mme o e Latelele’
“A go goletsègè Yehofa eo o kgatlhwañ ke go kōkōtlègèla ga motlhanka oa gagwè.”—PESALEMA 35:27.
1. Ke kagiso efe eo re e ipelelang gompieno?
ABO go itumedisa jang ne go nna le kagiso mo lefatsheng le le kgaoganeng leno! Abo go itumedisa jang ne go obamela Jehofa, “Modimo oa kagishō ka osi,” le go nna le seabe mo masegong a “kgōlaganō ea kagishō”! Abo go lapolosa jang ne, mo mathateng a botshelo jono go nna le “kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe” le go itemogela ‘tumalano ya kagiso’ eo e kopanyang batho ba Modimo go sa kgathalesege gore ke ba morafe ofe, puo, lotso, kana gore ke ba maemo afe!—1 Bathesalonia 5:23; Esekiele 37:26; Bafilipi 4:7; Baefesia 4:3.
2, 3. (a) Lemororo batho ba Modimo ka kakaretso ba tlile go itshoka, ke eng seo se ka nnang sa diragalela Bakeresete ba bangwe? (b) Ke eng seo Bibela e re kgothaletsang go se dira?
2 Jaaka Basupi ba ga Jehofa re tsaya kagiso eno e le botlhokwa thata. Lefa go ntse jalo, ga re kake ra e tsaya motlhofo. Ga re kake ra nna le kagiso eno fela ka gonne re kopanela le phuthego ya Bokeresete kana fela ka gonne re iphitlhela re le karolo ya lelapa le le lengwe la Bokeresete. Lemororo masalela a a tloditsweng le ditsala tsa one tsa ba “dinku di sele” a tlile go itshoka jaaka letsomane le le lengwe go fitlha kwa bokhutlong, batho ka bongwe ba ka nna ba latlhegelwa ke kagiso eo mme ba wa.—Yohane 10:16; Mathaio 24:13; Baroma 11:22; 1 Bakorintha 10:12.
3 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ba ba tloditsweng ba motlha wa gagwe jaana: “Lo itisè, ba ga echo, e se re kgotsa go bo go ka [n]na le mo go moñwe oa lona pelo e e boshula, e e sa dumeleñ, ea go kgaogana le Modimo o o tshedileñ.” (Bahebera 3:12) Tlhagiso eno e tlhagisa gape le ba boidiidi jo bogolo. Ka jalo Bibela e kgothatsa Bakeresete jaana: “A a batle kagishō, me a a e latèlèlè. Gonne matlhō a ga Yehofa a mo basiamiñ, le ditsèbè tsa gagwè mo mekokotleloñ ea bōnè: me sehatlhōgō sa ga Yehofa se bihetse ba ba dihañ boshula.”—1 Petere 3:10-12; Pesalema 34:14, 15.
“Maikutlo A Nama”
4. Ke eng seo se ka kgoreletsang kagiso ya rona le Modimo?
4 Ke eng seo se ka kgaosetsang go latelela ga rona kagiso? Paulo o umaka sengwe fa a bolela jaana: “Gonne maikutlō a nama ke losho; me maikutlō a mōea ke botshelō le kagishō. Ka maikutlō a nama e le go nna bobaba le Modimo.” (Baroma 8:6, 7) Paulo fa a bua ka “nama” o bua ka boemo jwa rona jo bo koafetseng jaaka batho ba ba sa itekanelang bao ba ruileng dinonofo tsa go rata go dira boleo. Go ineela mo dilong tseo nama ya rona e e bokoa e ratang go di dira go tla senya kagiso ya rona. Fa Mokeresete a dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo a sa sokologe, a aka, a utswa, a dirisa diokobatsi, kana a tlola molao wa Modimo ka tsela nngwe, o senya kagiso eo a neng a ntse a na nayo le Jehofa eo a neng a ntse a e itumelela. (Diane 15:8, 29; 1 Bakorintha 6:9, 10; Tshenolō 21:8) Mo godimo ga moo, fa a letla gore dilo tse di bonalang e nne tsa botlhokwa thata go feta dilo tsa semoya, kagiso ya gagwe le Modimo e nna mo kotsing tota.—Mathaio 6:24; 1 Yohane 2:15-17.
5. Ke eng se se kopanyelediwang mo go batleng kagiso?
5 Kafa letlhakoreng le lengwe Paulo o ne a bolela jaana: “Maikutlō a mōea ke botshelō le kagishō.” Kagiso ke nngwe ya maungo a moya, mme fa re tlwaetsa dipelo tsa rona go anaanela dilo tsa semoya, re rapelela moya wa Modimo gore o re thuse mo go seno, he re tla tila “maikutlō a nama.” (Bagalatia 5:22-24). Kagiso e amanngwa le tshiamo mo go 1 Petere 3:10-12. (Baroma 5:1) Petere o bolela gore go latelela kagiso go akaretsa ‘go fapoga bosula le go dira molemo.’ Moya wa Modimo o ka re thusa gore re ‘tlhoafalele se se molemo’ mme ka gone ra boloka kagiso ya rona le Modimo.—1 Timotheo 6:11, 12.
6. Bongwe jwa maikarabelo ao bagolwane ba nang le one mo go boneng gore phuthego e nna le kagiso ke bofe?
6 Go latelela kagiso ke selo se segolo se bagolwane ba phuthego ba amegileng thata ka sone. Ka sekai, fa mongwe a leka go dira dilo tse di senyang, bagolwane ba na le boikarabelo jwa go sireletsa phuthego ka go leka go kgalemela moleofi yono. Fa a amogela kgalemelo, o tla bona kagiso ya gagwe gape. (Bahebera 12:11) Fa go sa nna jalo, a ka nna a tshwanela go latlhelwa kwa ntle gore phuthego e nne le kamano ya kagiso le Jehofa.—1 Bakorintha 5:1-5.
Go Nna le Kagiso le Bakaulengwe ba Rona
7. Ke dilo dife tse di supang “maikutlō a nama” tseo moaposetoloi Paulo a tlhagisang Bakorintha kaga tsone?
7 “Maikutlō a nama” a ka senya eseng fela kagiso ya rona le Modimo mme gape le kamano ya rona e e molemo le Bakeresete ba bangwe. Paulo o ne a kwalela Bakorintha jaana: “Gonne le gompiyeno lo sa le ba senama: gonne ereka go na le lehuha le kgañ mo go lona, a ga lo ba senama, me lo sepela kaha mokgweñ oa botho?” (1 Bakorintha 3:3) Lefufa le kgang ke dilo tse di kgatlhanong tota le kagiso.
8. (a) Ke eng seo se ka diragalelang motho yo o tsosang lefufa le dikgotlhang mo phuthegong? (b) Kagiso ya rona le Modimo e ikaegile ka eng?
8 Go senya kagiso ya phuthego ka go dira gore go nne le mafufa le dikgang go masisi tota. Moaposetoloi Johane o ne a tlhagisa jaana fa a ne a bua ka nonofo e e amanang le kagiso jaaka loungo lwa moya: “Ha motho a re, Ke rata Modimo, me a ila mogagabō, o maaka: gonne eo o sa rateñ mogagabō eo o mmonañ ka matlhō, ga a kake a rata Modimo o a e señ a o bone.” (1 Yohane 4:20) Ka tsela e e tshwanang, fa motho a dira gore go nne le mafufa kana dikgang fa gare ga bakaulengwe, a eleruri a ka nna le kagiso le Modimo? Eleruri nnyaa! Re kgothadiwa jaana: “Lo itekanediwè; lo gomodiwè; lo nnè pelo ñwe hèla; tshelañ mo kagishoñ: me Modimo oa loratō le kagishō o tla nna le lona.” (2 Bakorintha 13:11) Ee, fa re tswelela go tshedisana ka kagiso, he Modimo wa lorato le kagiso o tla nna le rona.
9. Re itse jang gore Bakeresete ka dinako tse dingwe ba ka nna ba nna le go tlhoka kutlwano mmogo le dikgotlang?
9 Seno ga se reye gore ga go kitla go nna le go tlhoka kutlwano mo gare ga Bakeresete. Mo dibekeng tse di neng tsa latela Pentekosete, go ne ga nna le kgotlhang mo phuthegong eo e ntšha ya Bokeresete mabapi le go abiwa ga dijo ga letsatsi le letsatsi. (Ditihō 6:1) Ka nako nngwe kgotlhang e e neng ya tsoga fa gare ga Paulo le Barenabase e ne ya felela ka “kgañ e e botlhoko.” (Ditihō 15:39) Paulo o ne a tshwanela go fa Euodia le Sentuke kgakololo, bao kwantle ga pelaelo e neng e le bokgaitsadi ba ba molemo ba ba tlhaga, gore ba “nnè pelo ñwe hèla mo Moreneñ.” (Bafilipi 4:2) Ga go gakgamatse go bo Jesu a ne a naya kgakololo e e akaretsang tota ya kafa go ka rarabololwang dilo tseo di kgoreletsang kagiso mo gare ga Bakeresete mme a otlelela botlhokwa jwa go rarabolola mathata a a ntseng jalo ka bonako! (Mathaio 5:23-25; 18:15-17) O ne a ka se ka a naya kgakololo eno fa a ne a sa bonela kwa pele gore balatedi ba gagwe ba ne ba tlile go nna le mathata.
10. Ke maemo afe ao ka dinako dingwe a nnang gone mo phuthegong, mme seno se naya botlhe ba ba kopanyelediwang boikarabelo bofe?
10 He, gompieno go a kgonega gore motho a ka kgopisiwa ke Mokeresete ka ene yo o buileng lefoko lengwe ka tsela e e sa tshwanelang kana a tsaya gore o mo lebetse kwa tlase. Mokgwa mongwe wa motho yo mongwe o ka tshwenya yo mongwe tota. Botho bo ka nna jwa se ka jwa tsamaisana. Mongwe a ka nna a gana tshwetso ya bagolwane. Mogolwane mongwe mo setlhopheng sa bagolwane a ka nna a gagamalela maikutlo a gagwe mme a leka go fekeetsa ba bangwe. Lemororo dilo tseno di diragala, re tshwanetse go batla kagiso le go e latelela. Se se seng motlhofo ke go rarabolola mathata ano ka tsela ya Bokeresete gore go tle go nne le ‘tumalano ya kagiso.’—Baefesia 4:3.
11. Ke dilo dife tseo Jehofa a di baakantseng go re thusa gore re nne le kagiso fa gare ga rona?
11 Bibela e bolela jaana: “A go goletsègè Yehofa eo o kgatlhwañ ke go kōkōtlègèla ga motlhanka oa gagwè.” (Pesalema 35:27) Ee, Jehofa o batla gore re nne re le mo kagisong. Ke gone ka moo a re baakanyeditseng dilo di le pedi tse di tlhomologileng go re thusa go nna le kagiso mo gare ga rona mmogo le ene. Nngwe ya tsone ke moya o o boitshepo, oo kagiso e leng loungo lwa one, mmogo le dinonofo tse dingwe gape tse di amanang le yone tse di lereng kagiso, jaaka bopelotelele, bopelonomi, bonolo, le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) E nngwe ke botlhale jwa bomodimo, joo re balang jaana ka jone: “Botlhale yo bo cwañ kwa godimo bo simologa bo le boitshèkō, hoñ bo nne kagishō, bo bonōlō, bo rapèlèsège ka boheho, bo tletse kutlwèlō botlhoko le mauñō a a molemō.”—Yakobe 3:17, 18.
12. Ke eng seo re tshwanetseng go se dira fa e le gore kagiso ya rona le bakaulengwe ba rona e ile ya senyega?
12 Ka gone, fa kagiso ya rona le ba bangwe e kgoreletsega, re tshwanetse go rapelela botlhale jo bo tswang kwa godimo gore bo re bontshe gore re ka dira jang, mme re tshwanetse go kopa moya o o boitshepo gore o re nonotshe gore re dire se se siameng. (Luke 11:13; Yakobe 1:5; 1 Yohane 3:22) Tumalanong le thapelo ya rona, re ka leba mo motsweding wa botlhale jwa bomodimo, eleng Bibela gore e re kaele mmogo le go leba dibuka tse di leng gone tsa Bibela go bona kgakololo ya kafa Dikwalo di ka dirisiwang ka gone. (2 Timotheo 3:16) Gape re ka nna ra batla kgakololo mo bagolwaneng ba phuthego. Kgato ya bofelo e ka nna go latela kaelo e e mo go Isaia 54:13 e e bolelang jaana: “Bana ba gago botlhe ba tla rutwa ke Yehofa; kagishō ea bana ba gago e tla nna kgolo.” Seno se kaya gore kagiso ya rona e ikaegile ka go dirisa dilo tseo Jehofa a di re rutang.
“Go Itumela Ba Ba Ratang Kagiso”
13, 14. (a) Ke eng seo se kaiwang ke mafoko a ga Jesu a a reng “go rata kagiso”? (b) Re ka nna badirakagiso jang?
13 Jesu o ne a bua jaana mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng: “Go segō ba ba letlanyañ kagiso, gonne ba tla bidiwa bomorwa Modimo.” (Mathaio 5:9) “Ba ba letlanyañ” fano ga go reye motho yo ka tlholego fela a leng bonolo. Modirakagiso o na le botswerere jwa go dira gore kagiso e nne gone fa e kgoreletsega. Lefa go le jalo, se se botlhokwa go feta seo ke gore modirakagiso o leka thata gore a tile go senya kagiso. ‘Kagiso e laola mo pelong ya gagwe.’ (Bakolosa 3:15) Fa batlhanka ba Modimo ba leka thata go nna badirakagiso, mathata a ba nang le one fa gare ga bone a tla fokotsega.
14 Go nna modirakagiso go raya gore motho a lemoge gore o na le makoa. Ka sekai, Mokeresete mongwe a ka tswa a le bogale ka tsela e e feteletseng kana a amega motlhofo fela le go kgopisega motlhofo. Fa a tshwenyegile thata, maikutlo a gagwe a ka nna a dira gore a lebale melaometheo ya Bibela. Seno ke selo seo se ka lebelelwang mo bathong ba ba sa itekanelang. (Baroma 7:21-23) Lefa go le jalo, bobaba, dikgotlhang, le dikgakalo ke dilo tseo di balelwang jaaka ditiro tsa nama. (Bagalatia 5:19-21) Fa re iphitlhela re na le ditshekamelo tse di ntseng jalo—kana fa ba bangwe ba di re bontsha gore re na le tsone—re tshwanetse go rapela ka tlhoafalo le ka metlha yotlhe gore moya wa ga Jehofa o re tsenye pelo ya boikgapo le bonolo. Eleruri, mongwe le mongwe o tshwanetse a gagamalela gore a nne le dinonofo tse di ntseng jalo gore di nne bontlhanngwe jwa botho jwa gagwe.—Baefesia 4:23, 24; Bakolosa 3:10, 15.
15. Botlhale jo bo tswang kwa godimo bo farologana jang le botlhogoethata jwa botlhokatlhaloganyo?
15 Ka dipaka tse dingwe, phuthego kana setlhopha sa bagolwane se ka tshwenyega ka ntlha ya mongwe yo o tlhogoethata, yo ka metlha a gagamalelang go dira dilo ka tsela ya gagwe. Gone ke boammaaruri, fa go na le sengwe se se amang molao wa Modimo, Mokeresete o tshwanetse go tlhomama mo mogopolong wa gagwe, le e leng gone go sa obege. Mme fa re akanya gore re na le mogopolo mongwe o o ka solegelang ba bangwe molemo, ga go phoso epe fa re ka bua fela re tlhamaletse, fa fela gone re tlhalosa mabaka a rona. Lefa go ntse jalo, ga re a tshwanela go nna jaaka batho ba lefatshe “ba ba sekeng ba dumalana le ope ka gope.” (2 Timotheo 3:1-4, NW) Botlhale jo bo tswang kwa godimo bo na le kagiso, bo dira ka tlhaloganyo. Batho bao ditiro tsa bone di supang gore ke ba ba tlhogoethata ba ba sa obegeng ba tshwanetse go reetsa kgakololo e Paulo a e neetseng go Bafilipi ya ‘go sa dire sepe ka go ipelafatsa.’—Bafilipi 2:3.
16. Kgakololo ya ga Paulo e e mo bukeng ya Bafilipi e re thusa jang go fenya moya wa boipelafatso?
16 Mo go lone lokwalo loo, Paulo o re kgothaletsa gore, ‘ka tsela ya boikokobetso,’ re tshwanetse ka bopeloephepa re ‘kae gore ba bangwe baa re feta.’ Seno se farologane gotlhelele le boipelafatso. Mokeresete yo o godileng ga a ke a akanya go pateletsa batho megopolo ya gagwe, go iphimola molato, kana go tshwenyega ka maemo a gagwe le thata e a nang le yone. Seno se tla bo se farologane le kgothatso ya ga Paulo ya gore ‘motho a se tlhokomele dilo tse e leng tsa gagwe, mme a tlhokomele gape le tsa ba bangwe.’—Bafilipi 2:4; 1 Petere 5:2, 3, 6.
Mafoko a Kagiso
17. Ke tiriso efe e e phoso ya loleme eo e ka senyang kagiso ya phuthego?
17 Motho yo o eletsang thata gore go nne le kagiso o tlhokomela thatathata kafa a dirisang loleme lwa gagwe ka gone. Jakobe o ne a kwala jaana: “Loleme le lōna ke tokololō e pōtlana, me lo bolèlè dilō tse dikgolo ka go ipelahatsa. Bōnañ, sekgwa se segolo yañ se se chuywañ ka molelō o le monnyennye.” (Yakobe 3:5) Ditshebo tse di jalang kgotlhang, go kgala ba bangwe ka go ba seba, mafoko a a tlhabang le a kgalefo, go balabala le go ngongorega, le dikgalaletso tsa lefela tse di direlwang go bona molemo mongwe—dilo tseno tsotlhe ke ditiro tsa nama tseo di senyang kagiso ya batho ba Modimo.—1 Bakorintha 10:10; 2 Bakorintha 12:20; 1 Timotheo 5:13; Yude 16.
18. (a) Fa e le gore mongwe o ile a dirisa loleme ka tsela e e sa tshwanelang a sa ikaelela, ke tsela efe e e tshwanetseng eo mongwe le mongwe yo o kopanyelediwang mo kgannyeng eo a tshwanetseng go e tsaya? (b) Fa bogale bo ka dira gore mongwe a bue mafoko mangwe a a tlhabang, Bakeresete ba ba godileng ba itshwara ka tsela efe?
18 Gone ke boammaaruri, Jakobe o ne a re: “Loleme lōna, ga go na motho opè eo o ka lo tantshañ.” (Yakobe 3:8) Bakeresete ba ba godileng le bone ka dinako tse dingwe ba bua dilo tseo e reng morago ba di ikotlhaele ruriruri. Rotlhe re na le tsholofelo ya gore ba bangwe ba tla re itshwarela fa re dirile diphoso tse di ntseng jalo fela jaaka le rona re ba itshwarela. (Mathaio 6:12) Ka dinako tse dingwe motho yo o kgomogang ka bogale a ka nna a bua mafoko a a tlhabang. Mme jaanong, modirakagiso o tla gakologelwa gore “phetolō e e bonōlō e thibosa bogale: me lehoko ye le tlhokohatsañ le tle le tlhotlheletse bogale.” (Diane 15:1) Gantsi, se a ka se dirang fela ke go hemela kwa teng le go itshwara gore a se iphetolele ka mafoko a mangwe gape a a bogale. Morago ga moo, fa mongwe le mongwe a sena go wela dibete, motho yo o pelontle wa modirakagiso o tla itlhokomolosa dilo tse motho yo mongwe a di buileng ka ntlha ya go bo a ne a galefile ka nako eo. Mme Mokeresete yo o boikokobetso ene o tla lemoga kafa a tshwanetseng go ikopa maitshwarelo ka gone mme a leke go fedisa kutlobotlhoko lefa e ka nna efe e a e bakileng. Fa motho ka bopeloephepa a ka kgona go bua a re, “Ke swabetse se ke se dirileng,” seo se supa gore o nonofile sentle mo boitsholong.
19. Ke eng seo re se ithutang mo go Paulo le Jesu malebana le tsela eo kgakololo e tshwanetseng go neelwa ka yone?
19 Loleme lo ka nna lwa dirisediwa go gakolola ba bangwe. Paulo o ne a kgalemela Petere mo ponong ya mongwe le mongwe fa a sena go itshwara ka tsela e e phoso kwa Antioka. Mme Jesu o ne a naya diphuthego tse supa kgakololo e e nonofileng. (Bagalatia 2:11-14; Tshenolō dikgaolo 2, 3) Fa re tlhatlhoba dikai tseno, re lemoga gore kgakololo ga e a tshwanela go neelwa ka tsela e e motlhofo fela thata mo e leng gore go sala go sa tlhaloganngwe gore tota e itebagantse le eng. Lefa go ntse jalo, Jesu le Paulo ba ne ba se peloethata kana setlhogo. Ba ne ba sa ntshe kgakololo e e ntseng jalo ka go bo ba ne ba batla go goromeletsa ditlalelo tsa bone mo go ba bangwe. Ba ne ba leka ka bopeloephepa go thusa bakaulengwe ba bone. Fa motho yo o nayang kgakololo a lemoga gore ga a kgone go laola loleme lwa gagwe ka botlalo, a ka bona go le botoka gore a kgwe moya le go wela dibete go sekae pele a bua sepe gape. Fa a ka se ka a dira jalo, a ka nna a bua mafoko a a tlhabang mme a tloga a dira bothata jo bo fetang jo a reng o leka go bo rarabolola.—Diane 12:18.
20. Ke eng seo se tshwanetseng go laola sengwe le sengwe seo re se buang le bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi kana seo re se buang kaga bone?
20 Jaaka go setse go umakilwe, kagiso le lorato di atamalane fela thata jaaka maungo a moya. Fa seo re se buang le bakaulengwe ba rona—kana kaga bone—ka metlha yotlhe se bontsha gore re a ba rata, he seo se tla thusa gore go nne le kagiso mo phuthegong. (Yohane 15:12, 13) Puo ya rona e tshwanetse go nna “ntlè ka metlha eotlhe, e lokilwe ka lecwai.” (Bakolosa 4:6) Re ka re e tshwanetse go nna le moutlwalo o o monate, e le e e rategang mo pelong. Jesu o ne a gakolola jaana: “Nnañ le lecwai mo go lona, me lo agisanyè.”—Mareko 9:50.
‘Lo Tlhoafaleng’
21. Ke eng seo se bonwang mo bathong ba Modimo fa ba le kwa dipokanong tsa bone tsa beke le beke le ka nako ya dikopano tsa bone tsa potologo le dikgaolo?
21 Mopesalema o ne a kwala jaana: “Bōnañ, go molemō yañ, ha bana ba monna ba aga mmōgō ka pelo ñwe hèla.” (Pesalema 133:1) Ee tota, re itumelela go nna mmogo le bakaulengwe ba rona, segolobogolo kwa dipokanong tsa rona tsa beke le beke le ka nako ya dikopano tse dinnye le dikopano tse dikgolo. Mo dinakong tse di ntseng jalo kagiso ya rona e bonala sentle le eleng mo bathong ba ba ka kwa ntle.
22. (a) Ke kagiso efe ya lefela eo merafe e tla akanyang gore e e bone, mme seo se gogela kwa go eng? (b) Ke kagiso efe ya mmatota eo kgolagano ya Modimo e tla isang kwa go yone?
22 Go ise go e kae merafe e tla akanya gore e bone kagiso e e sa tlisiwang ke Jehofa. Mme e tla re e santse e re, “Kagishō le thagamō,” tshenyego ya tshoganetso e tla tlela botlhe ba ba sa agisanang le Modimo. (1 Bathesalonia 5:3) Morago ga moo, Kgosana e kgolo ya Kagiso e tla fodisa batho botlhe mo maemong a a tlhokofatsang a a lerilweng ke go latlhegelwa ke kagiso le Modimo mo go neng ga diragalela motho kwa tshimologong. (Isaia 9:6, 7; Tshenolō 22:1, 2) Go tswa foo, kgolagano ya Modimo ya kagiso e tla felela ka thetebalo mo lefatsheng lotlhe. Le eleng tsone diphologolo tsa naga di tla ikhutsa go tlhola di le mo bobabeng.—Pesalema 37:10, 11; 72:3-7; Isaia 11:1-9; Tshenolō 21:3, 4.
23. Fa re itumelela go nna le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le lesha la kagiso, ke eng seo re tshwanetseng go se dira gone jaanong?
23 Abo eo e tla bo e le nako e e molemolemo jang ne! A o lebeletse go tla ga nako eo ka tlhoafalo? Fa go ntse jalo, ‘latela kagiso le batho botlhe.’ Nna le kagiso gone jaanong le bakaulengwe ba gago, mme segolobogolo le Jehofa. Ee, “ereka lo lebeletse dilō tse, lo tlhōahaleleñ gore lo tlè lo hitlhèlwè lo le mo kagishoñ lo sena selabe, lo sena molato, mo matlhoñ a ōna.”—Bahebera 12:14; 2 Petere 3:14.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke eng seo se ka senyang kagiso eo re nang le yone le Jehofa?
◻ Ke go sa utlwane ga mofuta ofe goo go ka tlhokang gore go rarabololwe mo phuthegong?
◻ Jehofa o re baakanyeditse eng go re thusa gore re batle kagiso re bo re e latelele?
◻ Ke maikutlo afe a senama ao a ka senyang kagiso ya phuthego, mme re ka lwa kgatlhanong le one jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Kagiso e kgolo gareng ga bao ba rutwang ke Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Abo bakaulengwe bao ba dirang ka kutlwano ba na le kagiso e e itumedisang jang ne!