LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 6/15 ts. 9-12
  • Bopelotelele—Ke Eng fa bo Bonwa Sewelo Jaana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bopelotelele—Ke Eng fa bo Bonwa Sewelo Jaana?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikai Tsa Batho ba ba Neng ba se Pelotelele
  • Dilo Tse di Dirang Gore Go bo Go Sena Bopelotelele
  • Bopelotelele—Lebaka La go Bo bo Le Botlhokwa Jaana
  • Dikai Tse di Kgothatsang
  • Maduo a Bopelotelele
  • Tswelela o le Pelotelele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • A O Ka Nna Pelotelele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Etsa Bopelotelele Jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Ithute Bopelotelele mo go Jehofa le Jesu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 6/15 ts. 9-12

Bopelotelele—Ke Eng fa bo Bonwa Sewelo Jaana?

EMILIO o ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo60.a O ne a tshwanelwa ke go tla kwa Oahu ka tiro e e hutsafatsang—ya go fitlha morwawe yo mogolo. Fa Emilio a ntse a tsamaya mo seterateng se se sa tsamayeng dikoloi thata se se mo thoteng a ntse a buisana le ditsala dingwe tsa gagwe, o ne a tshosiwa ke koloi nngwe e e neng e tla e tabogile thata e tswa mo jarateng e ntse e furaletse. O ne a batla a thulwa ke koloi eno, mme e re ka Emilio a ne a galefile e bile a se pelotelele, o ne a goeletsa mokgweetsi a bo a itaya koloi ka seatla sa gagwe. Go tswa foo ba ne ba ngangisana. Go lebega gore mokgweetsi o ne a kgarametsa Emilio, yo o neng a wa a bo a thubaganya tlhogo ya gagwe mo godimo ga bopapatho jo bo thata jo bo kafa thoko ga tsela. Mo malatsing a sekaenyana morago ga moo, Emilio o ne a tlhokafala ka gonne o ne a gobetse mo tlhogong. A bo e ne e le phelelo e e hutsafatsang jang ne!

Re tshela mo lefatsheng le bopelotelele e leng nonofo e e bonwang sewelo fela. Bakgweetsi ba le bantsintsi ba dikoloi ba kgweetsa ka lobelo lo logolo thata. Ba bangwe bone ba kgweetsa ka tsela e e diphatsa thata fa morago ga dikoloi tse di tsamayang ka lobelo lo lo beilweng—ba kgweetsa ba le gaufi thata. Lefa go ntse jalo bakgweetsi ba bangwe ba tlola mela ya tsela kgapetsakgapetsa ka gonne ba sa batle gore ba sale koloi e nngwe morago. Mo gae, ba lelapa ba ka nna ba bontsha go galefa fela thata le go gakatsega. Tota le e leng Bakeresete ba bangwe ba ka nna ba shakgala thata ka ntlha ya makoa kana diphoso tsa bakaulengwe ba bone ba semoya.

Ke eng fa bopelotelele bo bonwa sewelo jaana? A go ntse go le jalo ka metlha? Ke ka ntlha yang fa go le thata jaana gore motho a nne pelotelele mo motlheng wa rona?

Dikai Tsa Batho ba ba Neng ba se Pelotelele

Baebele e bolela ka mosadi mongwe yo o neng a se ka a emela gore a buisane le monna wa gagwe pele a dira tshwetso e e masisi. Leina la gagwe e ne e le Efa. O ne a se ka a letela Adame, a ja leungo le le neng le ileditswe, gongwe lebaka le lengwe la go dira jalo e ne e le go tlhoka bopelotelele. (Genesise 3:1-6) Re ka reng ka monna wa gagwe? Le ene o ka tswa a ile a bontsha gore o ne a se pelotelele ka go latela Efa mo go direng boleo go na le gore a kope thuso pele kana kaelo mo go Rraagwe wa selegodimo, Jehofa. Bohula jwa bone, jo gongwe bo neng bo kopane le go bo ba se pelotelele jo bo neng jwa ba wetsa mo boleong, bo ne jwa nna le diphelelo tse di neng di tla re bolaya rotlhe. Gape re tsere boswa mo go bone jwa gore re nne re dira boleo, go akaretsa le go nna boikgodiso le go sa nne pelotelele.—Baroma 5:12.

Mo e ka nnang dingwaga di le 2 500 fa batsadi ba rona ba ntlha ba sena go leofa, batho ba ba itlhophetsweng ke Modimo, e bong Baiseraele, ba ne ba tswelela pele ba itshupa fa ba sena tumelo, e bile ba se pelotelele. Le mororo Jehofa a ne a sa tswa go ba golola mo bokgobeng kwa Egepeto ka dikgakgamatso, ba ne ba “lebala ditiro tsa gagwe” ka bonako mme ba ne “ba se ka ba lebelela kgakololo ya gagwe.” (Pesalema 106:7-14) Gangwe le gape ba ne ba dira phoso e e masisi ka gonne ba ne ba se pelotelele. Ba ne ba dira namane ya gouta ba bo ba e obamela; ba ne ba ngongoregela dijo tse Jehofa a neng a ba neile tsone tsa mana; mme ba bantsi ba bone ba ile ba bo ba tsuologela moemedi wa ga Jehofa yo o neng a tlhomilwe ke Modimo e bong Moshe. Eleruri, go bo ba ne ba se pelotelele go ne ga ba leretse bohutsana le masetlapelo.

Kgosi ya Iseraele ya ntlha ya motho e bong Saulo, e ne ya latlhegelwa ke sebaka sa gore bomorwa yone ba e tlhatlhame mo bogosing. Ka ntlha yang? Ka gonne e ne ya palelwa ke go letela moperofeti Samuele, yo o neng a tshwanetse gore a direle Jehofa setlhabelo. E re ka Saulo a ne a tshaba batho o ne a isa setlhabelo pele ga ga Samuele. A o ko o akanye gore Saulo o ka tswa a ne a ikutlwa jang fa Samuele a ne a tla fela fa a sena go fetsa go isa setlhabelo seo! A bo a ka bo a ne a letile go se gonene fela!—1 Samuele 13:6-14.

A bo Efa a ka bo a ne a letetse Adame mo boemong jwa gore a tseye leungo leo ka bonako! A bo Baiseraele ba ka bo ba ne ba gakologetswe gore ba letele Jehofa gore a ba gakolole! Ee, bopelotelele bo ka bo bo ba thusitse mmogo le rona gore re gololesege mo bohutsaneng jo bo kana kana le botlhoko.

Dilo Tse di Dirang Gore Go bo Go Sena Bopelotelele

Baebele e re thusa gore re bone selo se segolo se se dirang gore go bo go sena bopelotelele gompieno. Timotheo wa Bobedi kgaolo 3 e tlhalosa gore kokomana ya rona e tshela mo “dipak[eng] tse di tlhokofatsang.” E bolela gore batho “ba tlaa nna baithati, le barati ba madi, le babelafadi, le baipegi . . . ba se na boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope.” (Ditemana 2, 3) Boikutlo jo bo ntseng jalo jo bo bohula le jwa boithati bo mo dipelong le mo megopolong ya batho ba le bantsi, mme bo dira gore batho botlhe ba thatafalelwe ke go nna pelotelele, tota le e leng Bakeresete ba boammaaruri. Fa re bona batho ba lefatshe ba kgweetsa ka lobelo lo logolo kana ba tsena kwa pele ga batho ba bangwe mo meleng kana ba re goeletsa ka matlhapa, bopelotelele jwa rona bo ka lekwa fela thata. Re ka nna ra raelesega gore re ba etse kana re ipusolosetse, ka go dira jalo re bo re wela mo boemong jwa bone jwa go ikgogomosa ka bopelotshetlha.

Ka dinako tse dingwe re dirwa ke ditshwetso tsa rona tse di phoso gore re se ka ra nna pelotelele. Ela tlhoko kafa Kgosi e e botlhale Solomone a neng a bapisa go akanya ka bonako, mo go phoso ka teng le mokgwa wa go sa nne pelotelele, wa go galefa: “Mme yo o pelotelele mo moweng o molemo bogolo go yo o boikgodiso mo moweng. O se ka wa potlaka mo moweng wa gago go nna bogale; gonne bogale bo nna mo sehubeng sa dieleele.” (Moreri 7:8, 9) Fa re ipha nako gore re bone boemo ka botlalo, ka tsela e e tlhomameng pele re ka tsaya kgato epe fela, re tla nna batho ba ba tlhaloganyang botoka, ba ba utlwelang ba bangwe botlhoko botoka, re bo re nna pelotelele mo go bone thata. Mo letlhakoreng le lengwe, fa re na le moya wa boikgodiso, wa boithati go ka re dira gore re se akanye sentle, re se nne pelotelele le gore re nne setlhogo, fela jaaka Baiseraele ba ba neng ba ngongoregetse ruri, ba le ditlhogodithata ba ba neng ba tlhokofatsa Moshe.—Dipalo 20:2-5, 10.

Selo se sengwe se se dirang gore go sa nne pelotelele ga lefatshe leno go oketsege ke maemo a lone a go senang tsholofelo ka one, a a bakilweng ke gore batho ba ikgogone mo go Jehofa. Dafite o ne a tlhalosa kafa go leng botlhokwa ka teng gore motho a ikanye Jehofa: “Mowa wa me, wena o lebelele mo Modimong fela; gonne tebelelo ya me e mo go one fela.” (Pesalema 62:5) Batho ba le bantsi ba ba sa itseng Jehofa ba na le pono e nnyennyane fela, e e senang tsholofelo, ka jalo ba leka gore ba ijese monate ka mo ba ka kgonang ka teng le ka botlalo pele ba swa. Fela jaaka rraabone wa semoya e bong Satane Diabolo, gantsi ga ba tshwenyege gore dilo tse ba di dirang di ka nna tsa gobatsa batho ba bangwe go le kana kang.—Johane 8:44; 1 Johane 5:19.

Ga go gakgamatse go bo bopelotelele bo bonwa sewelo jaana gompieno. Tsamaiso eno ya dilo e e bosula, e e tletseng bopelotshetlha, modimo wa yone e leng Satane, le mekgwa ya boleo ya nama ya rona e e bokoa di dira gore mongwe le mongwe a thatafalelwe ke gore a nne pelotelele, tota le e leng batho ba ba peloephepa. Lefa go ntse jalo, Baebele e re rotloetsa gore re “nne pelotelele,” segolobogolo re nne pelotelele mabapi le go wediwa ga maikaelelo a Modimo. (Jakobe 5:8) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana gore re nne pelotelele? Go ka re leretse maduo afe?

Bopelotelele—Lebaka La go Bo bo Le Botlhokwa Jaana

“Gape batho ba ba direlang ke ba ba emang pele ba leta.” Mafoko ao a ne a bolelwa ke mmoki wa Moesemane e bong John Milton mo dingwageng tse di fetang makgolo a mararo tse di fetileng mo lebokong la gagwe la “On His Blindness.” Mo tshimologong ya leboko leno, o ne a bolela gore o ne a tshwenyegile e bile a amegile mo maikutlong ka a ne a akanya gore o palelwa ke go direla Modimo ka botlalo ka gonne a ne a foufala a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo40. Mme fela jaaka go bontshitswe mo moleng wa bofelo wa leboko o o umakilweng fa godimo, o ne a simolola go lemoga gore motho o ka obamela Modimo ka go itshokela tlalelo ka bopelotelele mme ka thethebalo a ntse a batla sebaka se se ka nnang teng sa gore a mo direle. Milton o ne a bona kafa go leng botlhokwa ka gone go ikanya Modimo ka bopelotelele.

Bontsi jwa rona bo ka nna jwa bo bo bona sentle mo matlhong, mme rotlhe re na le ditlhaelo tse di ka re dirang gore re galefe kana re tlhobaele. Re ka bona bopelotelele le go nna le jone jang?

Dikai Tse di Kgothatsang

Baebele e re neela dikai tse di molemo di le mmalwa tsa batho ba ba neng ba le pelotelele. Bopelotelele jwa ga Jehofa bo dira gore dimilionemilione tsa batho di tle di kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng. (2 Petere 3:9, 15) Jesu o etsa bopelotelele jo bo molemolemo jwa ga Rraagwe ka botlalo fa a re laletsa ka bopelonomi gore re tseye jokwe ya gagwe mme re tla “bonela mewa ya [rona] tapologo.” (Mathaio 11:28-30) Fa re tlhatlhanya ka dikai tsa ga Jehofa le Jesu go tla re thusa gore re nne pelotelele thata.

Motho mongwe yo go neng go lebega a na le lebaka le le utlwalang la gore a galefe, a nne setlhogo, kana a ipusolosetse e ne e le morwa Jakobe e bong Josefa. Barwarraagwe ba ne ba mo tshwere ka tsela e e sa siamang tota, ba mo logela leano la go mmolaya mme kgabagare ba bo ba mo rekisa e le lekgoba. Kwa Egepeto, go sa kgathalesege tirelo ya ga Josefa e e neng e laolwa ke segakolodi, e e ikanyegang e a neng a e direla Potifare, o ne a bonwa molato ka tsela e e sa tshwanelang a bo a tsenngwa mo kgolegelong. O ne a itshokela ditlalelo tsa gagwe tsotlhe, gongwe a ne a tlhaloganya gore diteko tse di ntseng jalo di ne di tla thusa gore di wetse maikaelelo a ga Jehofa. (Genesise 45:5) E re ka Josefa a ne a na le tumelo e bile a ikanya Jehofa gape a ne a le boikokobetso le go tlhaloganya, o ne a ka kgona gore a nne pelotelele le e leng kafa tlase ga maemo a a raelang tota.

Thuso e nngwe e e botlhokwa ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa. Ka sekai, fa re nna bogale ka bonako e bile re bua ka bogale, re ka rapelela moya o o boitshepo gore o re thuse e le gore re nne le leungo la one. Fa re tlhatlhanya ka leungo lengwe le lengwe la maungo ano, a a jaaka boitshoko le boikgapo, go tla re thusa gore re bone gore di amana thata jang le bopelotelele.—Bagalatia 5:22, 23.

Maduo a Bopelotelele

Fa re le pelotelele re tla bona melemo e mentsi. Bopelotelele bo nonotsha botho jwa rona e bile bo re sireletsa gore re se dire ditiro tsa boeleele. Ke mang mo go rona yo a iseng a ko a dire diphoso tse di utlwisang botlhoko ka gonne re ne ra itlhaganelela gore re tseye kgato ya go baakanya maemo a a thata kana a a gatelelang? Re ka nna ra tswa re buile lefoko le le seng monate kana ra itshwara ka mokgwa o o senang maitseo. Re ka tswa re letlile gore tiragalo e potlana fela e gole e tsose ntwa fela e kgolo e e sa feleng le mongwe yo re mo ratang thata. Ka maswabi re ka nna ra bo re ile ra akanya gore, ‘Fa ke ka bo ke ile ka leta go sekaenyana,’ morago ga gore re galefe, re tshwenyege le gore re utlwe botlhoko. Go nna pelotelele go ka re sireletsa mo mefuteng yotlhe ya dilo tse di hutsafatsang. Ntlha eo fela e dira gore re nne le kagiso e kgolo mo matshelong a rona, re tlhomame le gore re kgotsofale.—Bafilipi 4:5-7.

Gape fa re le pelotelele go ka re thusa gore re nne le pelo e e ritibetseng, e e ikanyegang. Seno se ka dira gore re nne le botsogo jo bo botoka mo mmeleng, mo maikutlong le gore re itekanele semoyeng. (Diane 14:30) Fa motho a sa ithibe gore a se nne bogale jo bo tukang o ka lwala thata mo maikutlong le mo mmeleng le go swa tota. Mo letlhakoreng le lengwe, fa re le pelotelele re ka nna le boikutlo jo bo siameng ka ba bangwe, segolobogolo mo bakaulengweng ba rona ba semoya le ba lelapa la rona. Go tswa foo re tla nna batho ba ba ratang go akanyetsa ba bangwe le go ba thusa go na le go ba rumola kana go ba tshwaya diphoso. Seo se tla dira gore go nne motlhofo mo go ba bangwe gore ba itsalanye le rona e bile go ba natefelela.

Bagolwane mo phuthegong ya Bokeresete ba tlhoka thatathata gore ba nne pelotelele. Ka dinako tse dingwe, Bakeresetekabone ba tlisa mathata a a masisi mo go bone. Batho bano ba ba peloephepa ba ka nna ba bo ba tsietsega, ba shakgetse, kana ba tshwenyegile mo maikutlong, fa bagolwane bone ba ka nna ba bo ba lapile kana ba iteega tsebe ka ntlha ya mathata a bone ka namana kana a lelapa. Lefa go ntse jalo, a bo go le botlhokwa jang ne gore bagolwane ba nne pelotelele mo maemong a a ntseng jalo a a ka ba tsenyang mo tekong! Ka tsela eno ba ka ruta ka “boikokobetso” le “go tshwara letsomane ka tsela e e bonolo.” (2 Timotheo 2:24, 25; Ditiro 20:28, 29, NW) Matshelo a batho a a tlhwatlhwakgolo a mo kotsing. A bo phuthego e segofaditswe ka bagolwane ba ba pelonomi, ba ba lorato le ba ba pelotelele jang ne!

Ditlhogo tsa malapa di tshwanetse tsa tshwara ba malapa a bone ka bopelotelele, ka go ba tlhaloganya le ka bopelonomi. Gape ba tshwanetse ba lebelela le go kgothatsa ba lelapa botlhe gore ba nne le dinonofo tseno tse di tshwanang. (Mathaio 7:12) Seno se tla thusa thata gore mo gae go nne le lorato lo lo tukang le kagiso e kgolo.

Fa badiredi ba Bakeresete ba nna pelotelele fa ba le mo bodireding jwa tshimo go tla ba thusa gore ba ipelele tirelo eno ka botlalo. Ba tla kgona go itshoka fa ba sotlwa ka tsela epe fela le go ganediwa mo ba ka kopanang le gone. Mo boemong jwa gore badiredi ba ba pelonomi ba ngangisane le baagisani ba ba galefileng, ba tla kgona go ba araba ka tsela e e bonolo kana ba ba tlogela ba ntse ba didimetse, fa ba dira jalo ba tla tswelela pele ba na le kagiso e bile ba itumetse. (Mathaio 10:12, 13) Mo godimo ga moo, fa Bakeresete ba tshwara mongwe le mongwe ka bopelotelele le ka bopelonomi, batho ba sekadinku ba tla gogelwa ke molaetsa wa Bogosi. Jehofa o ile a segofatsa maiteko a go nna pelotelele mo lefatsheng lotlhe, jaaka makgolo a dikete a batho ba ba ikokobeditseng ba ba batlang boammaaruri ba ntse ba ologela mo phuthegong e e lorato ya ga Jehofa ngwaga le ngwaga.

Eleruri, go nna pelotelele go tla re leretse maduo a a molemo. Re tla tila dikotsi le mathata a le mantsi a a bakiwang ke go dira dilo ka tsela ya boeleele kana ke go itlhaganelela go bua bobe. Re tla itumela, re ritibale, mme gongwe re itekanele mo botsogong ka tsela e e botoka. Re tla itumela thata re bo re nna le kagiso e e oketsegileng mo bodireding jwa rona, mo phuthegong le mo gae. Mme se se botlhokwa thata, re tla ipelela kamano e e gaufi thata le Modimo. Ka jalo letela Jehofa. Nna pelotelele!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Leina le fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

O pelotelele go le kana kang mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela