LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • A ka Metlha O a Utlwisisa?
    Tora ya Tebelo—1987 | April 1
    • A ka Metlha O a Utlwisisa?

      MOSIMANE yo mogolo o ne a gaketse fela thata. O ne a gakaletse monnawe wa mosimane. Mme o ne a gakaditswe ke eng? Monnawe o ne a amogetswe mme ene a sa amogelwa. Fa kgakalo ya gagwe e ntse e gola, motho yo o tlwaelaneng nae yo o botlhale o ne a mo gakolola gore a laole go utlwa botlhoko ga gagwe. Eseng jalo go ne go tla diragala sengwe se se bosula. Mme monna a tlhokomologa tlhagiso e e molemo. Go na le moo, ka mo go utlwisang botlhoko a bolaya monnawe wa mosimane.

      Monna yoo e ne e le Kaine, morwa wa ntlha wa batsadi ba rona, Adame le Efa. Kaine o ne a bolaya monnawe wa mosimane Abele fa Jehofa a ne a amogela setlhabelo sa ga Abele mme a gana sa ga Kaine. Motho yo o botlhale yo o tlwaelaneng nae e ne e se ope fela fa e se Jehofa Modimo, yo a neng a neela kgakololo e e lorato eo Kaine a neng a e gana. Ka baka leo, polao e ne ya simologa mo lelapeng la motho le le senang maitemogelo, mme Kaine o ne a atlholelwa go tshela botshelo jotlhe jwa gagwe jo boleele jaaka setlhobogwa. A phelelo e e hutsafatsang ya go retelelwa ke go utlwisisa kgakololo!​—Genesise 4:3-16.

      Makgolokgolo a dingwaga morago ga Kaine, Kgosi Dafide wa Iseraele o ne a akahala le Bathesheba, mosadi wa ga Uria wa Mohita, mme mosadi o ne a ithwala. Dafide o ne a leka go dirisana le bothata ka go kgoromeletsa Uria go ya go mosadi wa gagwe. Fa Uria a gana, Dafide a rulaganyetsa gore a bolawe mo tlhabanong mme morago a nyala Bathesheba, go mo tidisa go bolawa jaaka seaka. Moperofeti wa Modimo o ne a tla kwa go Dafide mme a mo tlhokomedisa bomasisi jwa se a neng a se dirile. Ka bofefo fela Dafide a utlwisisa kgakololo. Ka gone, lemororo a ne a bogisiwa ke matswela a tlolo eo botshelo jotlhe jwa gagwe, Jehofa o ne a amogela boikotlhao jwa gagwe jo bo tswang pelong.​—2 Samuele 11:1-12:14.

      Dikai tse pedi tseno tsa ditiragalo di bontsha botlhokwa jwa go reetsa kgakololo. Go ka dira pharologanyo gareng ga katlego le thetelelo, boitumelo le kutlo-botlhoko, le eleng botshelo le loso. Ga go gakgamatse go bo Bibela e re: “Tsela ea lesilo e siame mo matlhoñ a yeōna: me eo o botlhale o tla a reetse kgakololō.” (Diane 12:15) Lefa go le jalo, ga go motlhofo go reetsa kgakololo. Ka ntlha yang fa go ntse jalo? Re ka tlhagolela jang boikutlo jo bo ntle jwa ga Kgosi Dafide mo ntlheng e mme ra tila sekao se se maswe sa ga Kaine?

      Boikokobetso bo a Thusa

      Gantsi thata batho ba palelwa ke go reetsa kgakololo ka go bo ba sa dumalane le boammaaruri jwa gore ba tlhoka thuso. Kana fa e le gore ba a dumela, ga ba kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang ba tshwanetse go amogela kgakololo go tswa mothong yo. Tota, seno ke boikgogomoso, mme go sekaseka mabaka go sekae go ka re thusa go bo fenya. Ka sekai, Paulo o ne a re: “Botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo.” (Baroma 3:23) Seo se re bolelela gore mongwe le mongwe o tlhoka kgakololo nako le nako. Gape se re bolelela gore le eleng bone ba ba re gakololang ba na le ditlhaelo. Ga go ope yo o senang natso. Jalo se letlelele gore ditlhaelo tsa motho yo mongwe tse di lemotshegang di go thibele go amogela thuso epe fela e a ka neng a le mo boemong jwa go e neela.

      Jesu o ne a gatelela tlhokafalo ya go lwa le boikgogomoso fa a ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ha le sa shokologe, loa nna yaka banyana, ga lo ketla lo tsèna mo bogosiñ yoa legodimo ka gopè.” (Mathaio 18:3) Bana ba ba nnyennyane ba ikutlwa ba bolokesegile fa batsadi ba bone ba ba gakolola le go ba kaela. A o ikutlwa ka tsela e e tshwanang fa mongwe a go gakolola, o lemoga gore kgakololo eo e supa lorato le go amega ga motho yoo kaga gago? (Bahebera 12:6) Kgosi Dafide, yoo go ineela ga gagwe go amogela kgakololo ka boikokobetso go neng ga mo thusa gore Jehofa a amogele boikotlhao jwa gagwe, o ne a kgorometsega go kwala jaana: “A mosiami a ntiteè, e tla bo e le pelonomi hèla; a a nkōmanyè, e tla bo e le yaka ha loukwane lo thèlwa mo tlhogoñ ea me.”​—Pesalema 141:5.

      Boikutlo jo bo ntseng jaana jwa pelonolo bo ka re thusa fa kgakololo eo re e amogelang e ama dikarolo tse di senang melao e e tlhomameng. Ka sekai, fa re gakololwa gore go ipaakanya ga rona kana mokgwa wa rona wa go apara o kgopisa bangwe mo phuthegong, go ka tlhoka boikokobetso tota go utlwisisa. Lefa go ntse jalo, go dira jalo e tla bo e le go latela kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e reng: “A go se nne motho opè eo o ipatlèlañ molemō hèla, me a moñwe le moñwe a batlèlè oa ga gabō molemō.”​—1 Bakorintha 10:24.

      Ka mo go itumedisang, Jehofa o re neetse Bibela, e e tletseng ka kgakololo e e molemo. Ebile tota, lefoko “kgakololō” le fitlhelwa ka mefuta e e farologanyeng ya lone go feta makgetlo a le 170 mo go yone. Gape, o re neela badisa ba ba lorato go re thusa go dirisa kgakololo eno. Thulaganyo ya lelapa ke mpho e nngwe go tswa go Jehofa ya go re thusa ka lorato ka kgakololo go tswa batsading bao ba tlhokomelang maikarabelo a bone. A ka metlha re reetseng kgakololo e e ntseng jalo ka boikokobetso.

      ‘Nnang Bonako go Utlwa’

      Yakobe 1:19 e re tlhagisa ka gore: “Me a moñwe le moñwe a nnè bonakō go utlwa, le bonya go bua, le bonya go tlala bogale.” Seno se boammaaruri tota bogolo jang fa re amogela kgakololo. Ka ntlha yang? Selo santlha, a ga go boammaaruri gore gantsi re lemoga ditlhaelo tsa rona, le gore ga go nke go re gakgamatsa fa tsala e e tshwenyegileng e re di lemosa mme e re neela kgakololo? Ruri go tlhofofalela botlhe ba ba amegang fa ka bofefo re lemoga se a batlang go se bua mme ka boikokobetso re amogela thuso e e lorato.

      Fa tsala e re atamela ka kgakololo, re tshwanetse go gakologelwa gore o ka nna a bo a sa wela dibete. Ga go motlhofo go neela kgakololo. Gongwe mongwe yo o tla go neelang kgakololo o a bo a sa bolo go akanyetsa mafoko kana katamelo e a tla e dirisang. Mogolwane o ka simolola motlotlo ka go re akgolela karolo nngwe ya tirelo ya Bokeresete eo re ntseng re dira sentle mo go yone. Mme ga re a tshwanela go belaela maikaelelo a gagwe fa a tswelela go re neela kgakololo. Motho yo o neelang kgakololo o ka simolola go bua eseng ka tlhamalalo, a leka go sa latlhelele fela kana go sa tlhabe ka mafoko. Go lemoga ga rona mo re ka kgonang go utlwisisa ka bonako go tla thusa mogakolodi mo tirong ya gagwe e e thata mme gongwe go re falotse mo go utlweng botlhoko.

      Fa gongwe mogakolodi o ka dirisa sekai kana setshwantsho go re thusa go utlwisisa. Lekawana lengwe le ne le ise le dire phoso e e masisi, mme o ne a tsamaela go ya go e dira. Mme fa monna yo o godileng wa Mokeresete a seka-seka mabaka le ene, o ne a tsaya rula e e neng e le mo godimo ga lomati lwa bokwalelo. O ne a mmotsa fa a ntse a oba rula ka diatla tsa gagwe a re: “Fa ke kona rula jaana, a ke santse ke ka sega tsela e e tlhamaletseng ka yone?” Lekawana le ne la utlwisisa. O ne a ntse a sokamisa melao go e dumalanya le dikeletso tsa gagwe. Setshwantsho se ne sa mo thusa go latela tlhagiso e e botlhale e e mo go Diane 19:20 e e reng: “Utlwa kgakololō, u cholè thutō.”

      Lemoga Kgakololo e e sa Tlhamalalang

      Temogo e e ntseng jaana e ka re thusa go solegelwa molemo ke kgakololo e e sa tlhamalalang, le eleng kwantle ga go tsenelela ga mongwe o sele. Seno se ne sa diragala mo kgannyeng ya lekawana lengwe mo Portugal. O ne a ithuta Bibela mme a ithekela buka ya Bosha jwa Gago​—Go Iponela Molemo mo go Jone. Malatsinyana a sekae fela morago, o ne a lemotsha gore o ne a setse a badile buka makgetlho a ka nna mararo le gore e ne e mo thusitse. Ka tsela efe? Mosha o ne a bua jaana:

      “Ke ne ke sena tsholofelo epe ya isagwe, mme kgaolo 2 [“Lebaka Leo O ka Lebang Bokamoso ka Tsholofelo ka Lone”] e nthusitse go itse se ke se tshelelang. Gape, ke setse ke na le dingwaga tse dintsi jaanong ke phaphamisa dirwe tsa me tsa tsalo; ga go na yo o kileng a mpolelela gore selo seno ga se itumedise Modimo le gore se a nkgobatsa. Morago ga go bala kgaolo 5 [“Go Phaphamisa Dirwe tsa Bonna le Bosadi le Bosodoma”], ke ne ka dira phetso ya go emisa tlwaelo eno. Kgaolo 7 [“Diaparo tsa Gago le Tebego di Bua​—Ka Wena”] e nthusitse go tlotla tebego ya me, mme jaaka o ka bona, ke setse ke kgaotse moriri wa me.”

      O ne a tswelela jaana: “Ke na le dingwaga di le dintsi ke ntse ke goga. Kgaolo 15 [“Diokobatsi​—Sekopololo sa Botshelo Tota?”] e nkgopolotse mo ntlheng eo. Ke rapetse Jehofa, mme fa e sale ka Sontaga ga ke e se ke ko ke goge sekerete e nngwe. Kana ke setse ke na le lobaka ke ntse ke tlhakanela dikobo le kgarebe ya me, mme kgaolo 18 [“A Boitsholo jo Bontle jwa Bonna le Bosadi bo a Utlwala?”] e ntlhokomedisitse pono ya Modimo mo kgaolong eno. Ke setse ke buisantse le ene ka kgang eno, mme o dirile phetso ya go fedisa botsalano ja rona.”

      Abo go itumedisa jang ne go bona diphetogo tse di ntseng jaana mo nakong e khutshwane mo go kalo mo botshelong jwa motho yo monana! Ke eng se se dirileng gore go kgonagale? Ke lebaka la go bo a ne a lemoga seo a neng a se bala jaaka kgakololo eo e neng e lebagane le ene ka sebele.

      Go Utlwa Kgakololo go Lere Masego

      Kgakololo​—e ka ne e tla go rona e sa tlhamalala ka Bibela kana dibuka tsa Bibela, kana ka tlhamalalo ka tsala—​e ka nna le mosola. Seno se bonala mo boitemogelong jwa rre yo o neng a kopa thuso mo banneng ba ba godileng semoyeng mo phuthegong ya ga gabo ka gonne morwawe yo o dingwaga tse 18 o ne a sa arabele sentle mo maitekong a gagwe a go mo otlhaya. Bagolwane ba Bakeresete ba ne ka lorato ba seka-seka mabaka le rre, yo o neng a le tlhaga go direla Modimo mme go bonala a ne a tlhoka tekatekanyo mo go dirisaneng le ba lapa la gagwe.

      O ne a balelwa mafoko a ga Paulo a a reng: “Le lona borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.” (Baefesia 6:4) Rre o ne a kopiwa go ikgakolola gore: A tsela e a lekileng go kgothatsa morwawe ka yone e ne e rumotse mosimane yoo, lemororo a ne a na le boikaelelo jo bontle ka yone? A e nnile kgang ya gore morwa a tshwane le rraagwe ka go tlhagafalela dipokano tsa Bokeresete le tirelo kwantle ga go nwetsa lorato lwa dilo tseno mo pelong ya gagwe? A o thusitse morwawe go ‘ithuta le go boifa Jehofa Modimo wa gagwe’?​—Duteronome 31:12, 13.

      Rre o ne a reetsa kgakololo eo le go e dirisa. Diphelelo e nnile dife? Morwawe wa dingwaga tse 18 jaanong o tla dipokanong tsa Bokeresete, mme rraagwe o tshwara thuto ya Bibela ya beke le beke le ene. Mme jaaka rre a ne a akgela, “Jaanong re na le botsalano jo bo botoka thata jwa rre le morwa.” Ee, rre le morwa ka bobedi ba ne ba utlwisisa kgakololo.

      Ga go belaesege gore rotlhe re dira diphoso re bile re tlhoka kgakololo nako le nako. (Diane 24:6) Fa re utlwisisa re bile re dirisa kgakololo e e botlhale, .re tla ipelela masego a mantsi. Gareng ga one e tla nna lesego le le botlhokwa go a feta otlhe eleng: go tlhagolela le go tshegetsa botsalano jo bo duleng diatla jwa botho le Rre wa rona yo o lorato wa selegodimo, Jehofa. Ka gone, re tla boeletsa gape mafoko a ga Kgosi Dafide a a reng: “Ke tla baka Yehofa, eo o nneileñ kgakololō.”​—Pesalema 16:7.

  • “Tiragalo e e Kgatlhisang Thata”
    Tora ya Tebelo—1987 | April 1
    • “Tiragalo e e Kgatlhisang Thata”

      MO SELEMONG sa 1984, lekawana le le tswang Fora, Gerard, o ne a simolola loeto lwa dikgwedi tse thataro la go bona mafatshe—a tsamaya ka baesekele go kgabaganya United States le Canada. O ne a kgatlhiwa thata ke go bona thaba ya Rocky Mountains, a itumedisiwa ke diparaka tse di senang modumo ope, mme pono e ntle e a neng a e bona mo Montmagny. Quebec, le Canada e ne ya mo kgatlha go feta tsotlhe; e ne ya fetola tsela ya gagwe ya botshelo.

      Ka Sontaga, September 16, Gerard o ne a tsamaya ka baesekele go kgabaganya Montmagny fa a bona dikara tse dintsi di tlhomagane di emisitswe fa thoko ga tsela. Morago, a bona makgolo-kgolo a batho a bereka go dikologa lefelo la kago. “Go diragalang?” A botsa mongwe wa babereki yo o neng a laola dikoloi. Lemororo monna a ne a tshwaregile, o ne a ipha nako go tlhalosetsa Gerard gore babereki bano botlhe e ne e le Basupi ba ga Jehofa ba dirisa mafelo-beke a bone go aga holo ya dipokano tsa bone tsa bodumedi Gerard o ne a sa itse gore o ne a gorogile mo nakong ya bofelo e go neng go dirwa ka natla mo go yone ya go agiwa ga Holo ya Bogosi e e agilweng mo malatsing a mabedi. O ne a kgatlhiwa ke gotlhe mo a neng a go bona le go go utlwa. Bosigong joo o ne a kwala mo bukaneng ya gagwe ya tsatsi le letsatsi a re: “Mo maitseboeng ke ne ka kopana le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba agile ntlo mo malatsing a mabedi. Ba ne ba feta 1 000. Tiragalo e e kgatlhisang thata eleruri.”

      Ka bokhutshwane morago ga moo Gerard o ne a boela kwa Fora. Dingwaga tse pedi morago, ka July 26, 1986, o ne a kwalela lekwalo kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa mo Montmagny. O ne a kwala jaana:

      ‘A lo santse lo gakologelwa lo buisana le ra-baesekele mongwe wa Mofora mo letsatsing la bobedi la tiro ya lona ya go aga Holo ya Bogosi? Mo letsatsing leo molaodi wa dikoloi o ne a jala peo. Dikgwedi di sekae morago Basupi ba ne ba nketela mo Fora, mme ke ne ka dumalana go ithuta Bibela le bone. Ereka ke tswa mo lelapeng le le gagametseng la Bakatoliki, go ithuta go ne go se motlhofo. Mme Jehofa o ne a ungwisa peo. Ke kolobeditswe dibeke tse pedi tse di fetileng kwa kopanong mo Nantes. Ke lebogela Jehofa go bo a ntetleletse go bona boammaaruri, ebile ke itumelela sotlhe se mokaulengwe yoo a nthutileng sone mo Sontageng eo, ka September 16, 1984. Ke romela ditumediso tsa bokaulengwe go tswa moeting yo o bonang mafatshe yo o sokologetseng mo boammaaruring.’

      Abo phuthego ya Montmagny e ne ya ikutlwa e itumetse jang ne morago ga go balelwa lekwalo le le tswang kwa go Gerard mo Holong ya bone ya Bogosi! Botlhe ba ba neng ba thusa mo go agiweng ga Holo ba ne ba itemogela boammaaruri jwa mafoko a ga Solomone a a reng: “Latlhèla diyō tsa gago mo metsiñ: gonne u tla di bōna moragō ga malatsi a le mantsi.” (Moreri 11:1) Ee, diphelelo tse di molemo tsa tiro ya go aga Diholo tsa Bogosi di tsaya nako di bile di fitlhelela kgakala ka ditsela tse dintsi.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela