“Modimo o re Ratile mo go Kalo”
“Fa Modimo o re ratile mo go kalo, le rona re tshwanetse go ratana.”—1 JOHANE 4:11.
1. Ke ka ntlha yang fa dimilione tsa batho di tla bo di kopane mo Diholong tsa Bogosi le mo mafelong a mangwe a go kopanelwang mo go one go dikologa lefatshe ka March 23 fa letsatsi le sena go phirima?
KA Sontaga, March 23, 1997, fa letsatsi le sena go phirima, kwantle ga pelaelo batho ba ba fetang 13 000 000 mo lefatsheng lotlhe ba tla bo ba kopane mo Diholong tsa Bogosi le kwa mafelong a mangwe ao Basupi ba ga Jehofa ba a dirisetsang go kopanela mo go one. Ka ntlha yang? Gonne dipelo tsa bone di amilwe ke pontsho e kgolo thata ya lorato lwa Modimo mo bathong. Jesu Keresete o ne a lebisa tlhokomelo mo pontshong e kgolo thata eo ya lorato lwa Modimo, ka go bua jaana: “Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.
2. Ke dipotso dife tse go tla re tswelang molemo fa rotlhe re di ipotsa malebana le tsela e re arabelang ka yone mo loratong lwa Modimo?
2 Fa re akanya ka kelotlhoko ka lorato lo Modimo a lo bontshitseng, re dira sentle go ipotsa jaana, ‘A ruri ke anaanela se Modimo o se dirileng? A tsela e ke tshelang ka yone e supa gore ke a se anaanela?’
“Modimo o Lorato”
3. (a) Ke ka ntlha yang fa go bontsha lorato e se selo se se sa tlwaelegang mo Modimong? (b) Ke jang maatla le botlhale di bontshiwang mo ditirong tsa gagwe tsa popo?
3 Go bontsha lorato ka bogone ga se selo se se sa tlwaelegang mo Modimong gonne “Modimo o lorato.” (1 Johane 4:8) Lorato ke nonofo ya gagwe e kgolo. Fa a ne a baakanya lefatshe gore batho ba nne mo go lone, a goletsa dithaba e bile a phuthela metsi kwa matsheng le kwa mawatleng o ne a bontsha maatla ka tsela e e gakgamatsang. (Genesise 1:9, 10) Fa Modimo o ne o dirisa modikologo wa metsi le modikologo wa okosejene, fa a ne a tlhama ditshedinyana tse dinnye tse di senang palo le mefutafuta ya dimela go dira gore dikhemikale tsa lefatshe di nne dilo tse batho ba ka kgonang go di ja gore ba tshele, fa a ne a dira nako ya mo mebeleng ya rona gore e tsamaisane le boleele jwa malatsi le jwa dikgwedi mo polaneteng eno ya Lefatshe, seno se ne se bontsha botlhale jo bogolo. (Dipesalema 104:24; Jeremia 10:12) Lefa go ntse jalo, selo se segolo thata se re se bonang mo popong ke lorato lwa Modimo.
4. Ke sesupo sefe sa lorato lwa Modimo se rotlhe re tshwanetseng go se bona le go se anaanela mo popong?
4 Magalapa a rona a re bolelela ka lorato lwa Modimo fa re ngatha loungo lo lo matute, lo lo buduleng sentle lo lo sa direlwang fela go re boloka re tshela mme gape e le go re itumedisa. Matlho a rona a bona bosupi jo bo ka se ganediweng jwa lone fa re bona phirimo e ntle ya letsatsi, magodimo a a tletseng dinaledi bosigo go apogile sentle, mefuta e e farologaneng le mebala e mentlentle ya dithunya, medumo ya diphologotswana, le monyenyo o o lorato wa ditsala. Dinko tsa rona di dira gore re lemoge lorato lono fa re dupelela monkgo o o monate wa dithunya tsa dikgakologo. Ditsebe tsa rona di a lo utlwa fa re reeditse mosumo wa diphororo tsa metsi, melodi ya dinonyane, le mantswe a bao re ba ratang. Re a lo utlwa fa yo re mo ratang a re tlamparela ka lorato. Diphologolo dingwe di neilwe bokgoni jwa go bona, go utlwa, kana go dupelela dilo tse batho ba ka se di kgoneng. Mme lefa go ntse jalo, batho ba dirilwe mo setshwanong sa Modimo, ba kgona go utlwa lorato lwa Modimo ka tsela e go senang le fa e le phologolo epe e e ka kgonang go le utlwa.—Genesise 1:27.
5. Jehofa o ne a supa jang lorato lo logolo mo go Atame le Efa?
5 Fa Jehofa Modimo a ne a bopa batho ba ntlha, Atame le Efa, o ne a ba bontsha lorato lwa gagwe mo dilong tsotlhe. O ne a lemile tshimo, paradaise, mme a dira gore ditlhare tsa mefuta yotlhe di mele mo go yone. O ne a dirile noka gore e di nosetse mme a dira gore e nne le dinonyane le diphologolo tse di kgatlhang. O ne a naya Atame le Efa tseno tsotlhe gore e nne legae la bone. (Genesise 2:8-10, 19) Jehofa o ne a dirisana le bone jaaka bana ba gagwe, e le karolo ya lelapa la gagwe la lobopo lotlhe. (Luke 3:38) Rre wa selegodimo wa batho bano ba ntlha o ne a ba naya tiro e e kgotsofatsang ya go atolosetsa Paradaise mo lefatsheng lotlhe gore e tshwane le Etene. Lefatshe lotlhe le ne le tshwanetse go tlala ka bana ba bone.—Genesise 1:28.
6. (a) O ikutlwa jang ka tsela ya botsuolodi e e tserweng ke Atame le Efa? (b) Ke eng se se ka bontshang gore re ithutile sengwe mo go se se diragetseng kwa Etene le gore re solegetswe molemo ke go itse ka sone?
6 Lefa go ntse jalo, ka bonakonyana fela morago ga foo, Atame le Efa ba ne ba lebana le teko ya kutlo, teko ya boikanyego jo bo nitameng. La ntlha a le mongwe mme morago ga moo yo mongwe o ne a palelwa ke go bontsha kanaanelo ka lorato loo ba neng ba lo neilwe. Se ba se dirileng se ne se tshosa. Ba ne ba se na seipato! Go ne ga felela ka gore ba latlhegelwe ke kamano ya bone le Modimo, ba ne ba lelekwa mo lelapeng la gagwe, mme ba ntshiwa mo Etene. Rona gompieno re santse re utlwa ditlamorago tsa boleo jwa bone. (Genesise 2:16, 17; 3:1-6, 16-19, 24; Baroma 5:12) A mme re ithutile sengwe ka se se diragetseng? Rona re arabela jang mo loratong lwa Modimo? A ditshwetso tse re di dirang letsatsi le letsatsi di supa gore re anaanela lorato lwa gagwe?—1 Johane 5:3.
7. Go sa kgathalesege se Atame le Efa ba se dirileng, Jehofa o bontshitse jang lorato mo baneng ba bone?
7 Le eleng go tlhoka kanaanelo mo gogolo thata mo batsadi ba rona ba ntlha ba batho ba go bontshitseng mo go sotlhe se Modimo o ba diretseng sone ga go a kganela lorato lwa Modimo. Ka ntlha ya go bo a ne a utlwela batho ba ba neng ba ise ba tsalwe ka nako eo botlhoko—go akaretsa le rona ba re tshelang gompieno—Modimo o ne wa letla Atame le Efa go nna le lelapa pele ga ba swa. (Genesise 5:1-5; Mathaio 5:44, 45) Fa a ka bo a sa dira jalo, go ka bo go sa tsalwa ope wa rona. Ka go tswelela a senola thato ya gagwe, Jehofa gape o ne a rulaganyetsa motheo wa tsholofelo ya botlhe ba eleng bana ba ga Atame ba ba tla dumelang. (Genesise 3:15; 22:18; Isaia 9:6, 7) Thulaganyo ya gagwe e ne e akaretsa sengwe se ka sone batho ba ditšhaba tsotlhe ba neng ba ka bona gape se se neng se latlhilwe ke Atame, e bong, botshelo jo bo itekanetseng e le maloko a a amogelwang a lelapa la Modimo la lobopo lotlhe. O ne a dira seno ka go rulaganyetsa thekololo.
Thekololo ka Ntlha Yang?
8. Ke ka ntlha yang fa Modimo o sa ka wa laola fela gore lefa Atame le Efa ba ne ba tshwanetse go swa, go se ke ga nna le ope wa bana ba bone ba ba utlwang yo o tshwanetseng go swa?
8 A mme go ne go tlhokega gore go duelwe tlhwatlhwa ya thekololo e le botshelo jwa motho? A Modimo o ne o ka se ka wa laola fela gore lefa Atame le Efa ba tshwanetse go swa ka ntlha ya botsuolodi jwa bone, bana botlhe ba bone ba ba neng ba tla utlwa Modimo ba tshelele ruri? Go tswa mo ponong e e lekanyeditsweng ya batho, seno se ka bonala se utlwala. Lefa go ntse jalo, Jehofa “o rata tshiamo le tshiamiso.” (Pesalema 33:5) Atame le Efa ba ne ba nna le bana fela morago ga gore ba leofe; ka jalo ga go na ope wa bana bao yo o tsetsweng a itekanetse. (Pesalema 51:5) Botlhe ba ne ba ruile boleo, mme kotlhao ya boleo ke loso. Fa Jehofa a ka bo a ne a itlhokomolositse se, seo se ne se tla tlhoma sekao se se ntseng jang mo malokong a lelapa la gagwe la lobopo lotlhe? O ne a ka se itlhokomolose melao ya gagwe ya tshiamo. O ne a tlotla ditekanyetso tsa tshiamiso. Ga go na ope yo o neng a ka nna le lebaka le le utlwalang la go tshwaya tsela e Modimo o dirang dilo ka yone phoso.—Baroma 3:21-23.
9. Go ya ka molao wa tshiamiso wa bomodimo, go ne go tlhokega thekololo ya mofuta ofe?
9 Ka gone, motheo o o siameng o ne o ka dirwa jang go golola bana ba ga Atame ba ba neng ba tla bontsha gore ba rata go utlwa Jehofa? Fa motho yo o itekanetseng a ne a tshwanetse go swa loso lwa go intsha setlhabelo, tshiamiso e ne e tla dira gore boleng jwa botshelo joo jo bo itekanetseng bo bipe maleo a bao ba neng ba tla amogela thekololo ka tumelo. E re ka boleo jwa motho a le mongwe, Atame, bo ne jwa dira gore lelapa lotlhe la batho e nne baleofi, go tshologa ga madi a motho yo mongwe yo o itekanetseng, e le a boleng jo bo lekanang, go ne go ka lekanya dilekanyo tsa tshiamiso. (1 Timotheo 2:5, 6) Mme motho yoo o ne a ka bonwa kae?
Tlhwatlhwa E ne E le Bogolo bo Kanakang?
10. Ke ka ntlha yang fa bana ba ga Atame ba ne ba sa kgone go ntsha thekololo e e neng e tlhokega?
10 Mo baneng ba ga Atame wa moleofi, go ne go se na ope yo o neng a ka ntsha se se neng se tlhokega e le go reka ditebelelo tsa botshelo tseo Atame a neng a di latlhile. “Ga go na ope yo o ka rekololang ngwana wa ga rraagwe ka gope, le fa e le go mo ntshetsa serekololo go se naya Modimo. (Gonne thekololo ya mowa wa bone e topo e thata, e na le go tlhobogwa ka bosakhutleng;) gore a tle a nne a tshele ka metlha yotlhe, gore a se ka a bona go bola.” (Pesalema 49:7-9) Go na le go tlogela batho ba se na tsholofelo epe, Jehofa ka boene ka boutlwelobotlhoko o ne a dira paakanyetso nngwe.
11. Ke ka tsela efe Jehofa a neng a ntsha botshelo jwa motho jo bo itekanetseng jo bo neng bo tlhokega go nna thekololo e e batlegang?
11 Jehofa ga a ka a romela moengele mo lefatsheng go itira e kare o a swa ka go latsa fela mmele o o apesitsweng nama mme ene a ntse a tshela e le moya. Go na le moo, ka go dira kgakgamatso eo e leng Modimo fela, Mmopi, yo o ka kgonang go e dira, o ne a tsenya moya wa botshelo le botho jwa morwawe wa selegodimo mo popelong ya mosadi, Maria morwadie Heli, wa morafe wa Juda. Maatla a a dirang a Modimo, moya wa gagwe o o boitshepo, o ne wa sireletsa go gola ga ngwana mo sebopelong sa ga mmaagwe, mme o ne a tsalwa e le motho yo o itekanetseng. (Luke 1:35; 1 Petere 2:22) Yono jaanong o ne a na le tlhwatlhwa e e neng e tlhokega go ntsha thekololo e e tla kgotsofatsang ka botlalo ditlhokafalo tsa tshiamiso ya bomodimo.—Bahebere 10:5.
12. (a) Jesu ke “Morwa yo o tsetsweng a le esi” wa Modimo ka kgopolo efe? (b) Lebaka la go bo Modimo o ne wa mo romela go ntsha thekololo le bontsha lorato lwa Gagwe ka rona jang?
12 Ke ofe wa dimilione tsa barwa ba selegodimo yo Jehofa a neng a mo naya kabelo eno? Ke yo o tlhalositsweng mo Dikwalong e le “Morwa one yo o tsetsweng a le esi.” (1 Johane 4:9) Polelwana eno e dirisiwa go tlhalosa, e seng se a nnileng sone fa a ne a tsalwa e le motho, mme se a neng a le sone pele ga moo kwa legodimong. Ke ene fela yo Jehofa a mo bopileng ka tlhamalalo a sa thusiwe ke ope. Ke Leitibolo la popo yotlhe. Ke ene yo Modimo o neng o mo dirisa go dira gore dibopiwa tse dingwe tsotlhe di nne gone. Baengele ke barwa ba Modimo, fela jaaka Atame e ne e le morwa Modimo. Mme Jesu o tlhalosiwa a na le “kgalalelo ya yo o tsetsweng a le esi a tswa kwa go Rara.” Go bolelwa ka ene gore o ne a nna “mo sehubeng sa ga Rara.” (Johane 1:14, 18) Kamano ya gagwe le Rraagwe ke e e gaufiufi, e e botsalano, le e e lorato. O rata batho fela jaaka Rraagwe a ba rata. Diane 8:30, 31 e tlhalosa kafa Rraagwe a ikutlwang ka gone ka Morwa yono le kafa Morwa a ikutlwang ka gone ka batho: “Ke le natefelo ya gagwe [Jehofa] ka malatsi otlhe, ke ntse ke itumela ka metlha yotlhe fa pele ga gagwe . . . natefelo ya me [Jesu, Tlhogo ya Tiro ya ga Jehofa, mothofatso ya botlhale] le yone e le mo baneng ba batho.” E ne e le Morwa yono yo o botlhokwatlhokwa yo Modimo o neng wa mo romela mo lefatsheng go ntsha thekololo. Ka jalo a bo polelwana ya ga Jesu e na le bokao jang ne e e reng: “Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi”!—Johane 3:16.
13, 14. Pego ya Baebele ya fa Aberahame a ne a leka go neela ka Isake e tshwanetse ya re thusa go anaanela eng ka se Jehofa a se dirileng? (1 Johane 4:10)
13 Go re thusa go tlhaloganya ka selekanyo se se rileng gore seno se bolela eng, bogologolo pele Jesu a tla mo lefatsheng, Modimo o ne wa laela Aberahame, mo e ka nnang ka dingwaga tse 3890 tse di fetileng wa re: “Tsaya morwao jaana, morwao yo o esi, yo o mo ratang, e bong Isake, o ye kwa lefatsheng la Moria, o mo dire tshupelo ya phiso gone, mo thabeng nngwe e ke tlaa e go bolelelang.” (Genesise 22:1, 2) Ka tumelo, Aberahame o ne a utlwa. Ipeye mo boemong jwa ga Aberahame. Go ne go tla nna jang fa e ne e le morwao yo o esi fela yo o mo ratang thata? O ne o tla ikutlwa jang fa o ratha dikgong tse o neng o ya go dira setlhabelo ka tsone, o tsamaya malatsi a le mmalwa o ya kwa lefatsheng la Moria, o bo o baya morwao mo godimo ga sebeso?
14 Ke ka ntlha yang fa motsadi yo o kutlwelobotlhoko a ikutlwa ka tsela eo? Genesise 1:27 e re Modimo o ne wa bopa motho mo setshwanong sa One. Maikutlo a rona a lorato le a kutlwelobotlhoko a bontsha lorato lwa ga Jehofa le kutlwelobotlhoko ka tsela e e lekanyeditsweng thata. Mo kgannyeng ya ga Aberahame, Modimo o ne wa tsenelela, e le gore Isake a se ke a dirwa setlhabelo. (Genesise 22:12, 13; Bahebere 11:17-19) Lefa go ntse jalo, Jehofa ene ga a ka a tlogela go ntsha thekololo, lefa go ne go bolela gore ene le Morwawe ba duele mo gogolo. Seno ga se a dirwa ka ntlha ya go bo Modimo o ne o patelesega, mme go na le moo e le go supa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo bogolo thata. A re bo anaanela ka botlalo?—Bahebere 2:9.
Se e Dirang Gore se Kgonege
15. Thekololo e amile jang matshelo le eleng mo tsamaisong eno ya dilo?
15 Thulaganyo eo e e lorato e e dirilweng ke Modimo e ama thata matshelo a bao ba e amogelang ka tumelo. Pele ba ne ba tlhobogane le Modimo ka ntlha ya boleo. Jaaka fa Lefoko la gagwe le bolela, e ne e le ‘baba mo pelong tsa bone, mo tirong tsa bone tse di bosula.’ (Bakolosa 1:21-23) Mme ba ne ba “letlanngwa le Modimo ka loso lwa Morwa wa one.” (Baroma 5:8-10) Morago ga go fetola tsela ya bone ya botshelo mme ba amogela boitshwarelo jo Modimo o bo nayang batho ba ba bontshang tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete, ba newa segakolodi se se phepha.—Bahebere 9:14; 1 Petere 3:21.
16. Letsomanyane le neelwa masego afe ka ntlha ya tumelo ya lone mo thekololong?
16 Jehofa o neile palo e nnye ya bano, ba letsomanyane, lesego le le sa ba tshwanelang la gore ba nne le Morwawe mo Bogosing jwa selegodimo, ka boikaelelo jwa go diragatsa boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka lefatshe. (Luke 12:32) Bano ba tserwe mo bathong “ba ditso tsotlhe, le ba dipuo tsotlhe, le ba batho botlhe, le ba merafe yotlhe . . . gore ba nne bogosi jwa Modimo wa rona le baperesiti ba one; mme ba busa mo lefatsheng.” (Tshenolo 5:9, 10) Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela bano jaana: “Mme lo amogetse mowa wa bongwana, o re bitsang ka one re re: ‘Aba,’ ke go re: ‘Rara.’ Mowa ka osi o supa le mowa wa rona fa re le bana ba Modimo. Mme fa re le bana, foo re baruaboswa; re baruaboswa ba Modimo, re baruaboswa mmogo le Keresete.” (Baroma 8:15-17) Fa ba amogelwa ke Modimo jaaka barwa ba gagwe, ba newa kamano e e itumedisang e e latlhilweng ke Atame; mme barwa bano ba tlile go newa ditshiamelo tse di oketsegileng tsa go direla kwa legodimong—selo se Atame a iseng a ko a nne le sone. Ke sone se moaposetoloi Johane a rileng: “Bonang ka fa lorato lo ntseng ka teng lo Rara o re ratileng ka lone, fa e bo ne ne fano re bidiwa bana ba Modimo”! (1 Johane 3:1) Mo go bano Modimo ga o a bontsha fela lorato lwa molaomotheo (a·gaʹpe) mme gape o bontshitse lorato lo lo pepetletsang (phi·liʹa), lo e leng sebofo se se nnang gone mo gare ga ditsala tsa boammaaruri.—Johane 16:27.
17. (a) Ke tshono efe e e neilweng botlhe ba ba bontshang tumelo mo thekololong? (b) ‘Kgololesego ya kgalalelo ya bana ba Modimo’ e tla kaya eng mo go bone?
17 Mo go ba bangwe gape—botlhe ba ba dumelang mo thulaganyong e e lorato ya Modimo ya botshelo ka Jesu Keresete—Jehofa o bula tshono ya go nna le kamano e e botlhokwa e e latlhilweng ke Atame. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Tlhologelelo ya lobopo [popo ya batho ba ba tswang mo go Atame] e lebeletse go senolwa ga bana ba Modimo [se se rayang gore ba emetse nako eo go tla bonalang sentle gore bana ba Modimo bao eleng baruaboswa mmogo le Keresete ba Bogosi jwa selegodimo ba tseela batho kgato e e tlhomameng]. Gonne lobopo lo ne lo beilwe mo taolong ya boithamako [ba tsaletswe mo boleong ba lebeletse go swa, e bile go ne go sena tsela e ba ka ikgololang ka yone], e seng ka go rata ga lona, mme e le ka ntlha ya one o o lo beileng mo taolong, ka tsholofelo [e ba e neilweng ke Modimo] ya go re, lobopo le lone lo tlaa gololwa mo botlhankeng jwa go bola, lo isiwa mo kgololesegong ya kgalalelo ya bana ba Modimo.” (Baroma 8:19-21) Kgololesego eo e tla kaya eng? Gore ba golotswe mo dikgoleng tsa boleo le loso. Ba tla itekanela mo mogopolong le mo mmeleng, Paradaise e tla nna legae la bone, mme ba tla nna le botshelo jo bo sa khutleng jo ba tla itumelelang go itekanela mo go jone le go bontsha kanaanelo ya bone mo go Jehofa, Modimo o o osi fela wa boammaaruri. Mme go tlile jang gore gotlhe gono go kgonege? Ka setlhabelo sa thekololo sa Morwa yo o tsetsweng a le esi fela wa Modimo.
18. Re tla bo re dira eng ka March 23 fa letsatsi le sena go phirima, mme ka ntlha yang?
18 Ka Nisane 14, ka 33 C.E., Jesu o ne a tlhoma Segopotso sa loso lwa gagwe mo ntlwaneng e e kwa godimo kwa Jerusalema. Go ketekwa ga loso lwa gagwe ngwaga le ngwaga e nnile tiragalo ya botlhokwa mo matshelong a Bakeresete botlhe ba boammaaruri. Jesu ka boene o ne a laela jaana: “Dirang mo, lo nkgopole ka gone.” (Luke 22:19) Ka 1997, Segopotso se tla tshwarwa fa letsatsi le sena go phirima ka March 23 (e le fa Nisane 14 e simolola). Ka letsatsi leo ga gona sepe se se botlhokwa go feta go nna gone mo tiragalong eo ya Segopotso.
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Modimo o bontshitse lorato lo logolo ka ditsela dife mo bathong?
◻ Ke ka ntlha yang fa go ne go tlhokega botshelo jwa motho yo o itekanetseng go rekolola bana ba ga Atame?
◻ Jehofa o ne a ntsha thekololo ka tlhwatlhwa e kanakang?
◻ Thekololo e dirile gore go kgonege eng?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Modimo o ntshitse Morwaone yo o tsetsweng a le esi