LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Dikitsiso
    Tirelo ya Bogosi—1999 | January
    • Dikitsiso

      ◼ Mpho ya buka ka January: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R15,00 kana Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo ka moneelo wa R7,50. February: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng ka moneelo wa R5,00 tsa khabara e e thata le R3,75 tsa khabara e e seng thata kana dibuka dipe fela tsa bogologolo tsa ditsebe di le 192 tse lo nang le tsone mo setokong ka moneelo wa R1,00. March: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R5,00 tsa khabara e e thata le R3,75 tsa khabara e e seng thata kana dibuka dipe fela tsa bogologolo tsa ditsebe di le 192 tse lo nang le tsone mo setokong ka moneelo wa R1,00. Go tla dirwa maiteko a a kgethegileng a go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele ka buka ya Kitso. April: Dikhopi tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Dira gore o nne o ntse o na le boroutšhara jwa Re Direng go bo neela batho ba ba kgatlhegang mme o leke go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele.

      ◼ Baboledi botlhe ba ba kolobeditsweng ba ba leng teng kwa Pokanong ya Tirelo ya beke ya January 18 ba tla newa dikarata tsa Advance Medical Directive/Release le di-Identity Card tsa bana ba bone.

      ◼ Go simologa ka February, mme e seng morago ga March 1, puo e ntšha ya phatlalatsa ya balebedi ba potologo e tla nna “Modimo ke wa Mmatota go le Kana Kang mo go Wena?”

      ◼ Diphuthego di tshwanetse go dira dithulaganyo tsa go keteka Segopotso sa monongwaga ka Labone, April 1, fa letsatsi le sena go phirima. Le fa gone puo e ka simolola pelenyana, go tsamaisiwa ga ditshwantshetso tsa Segopotso ga go a tshwanela go simolola pele ga letsatsi le phirima. Botsang metswedi ya dikgang ya lefelo la lona gore letsatsi le tla phirima leng mo lefelong la lona. Le fa gone re rata gore phuthego nngwe le nngwe e tshware mokete wa yone wa Segopotso, ga se gantsi go ka kgonegang gore go dirwe jalo. Koo diphuthego di le mmalwa di dirisang Holo e le nngwe ya Bogosi gone, gongwe phuthego e le nngwe kana go feta di ka batla lefelo le lengwe go le dirisa mo maitseboeng ao. Fa go kgonega, re akantsha gore bobotlana go nne le metsotso e le 40 fa gare ga fa phuthego e nngwe e tswa, mme go tsena e nngwe gore go nne le nako ya go dumedisa baeng, go kgothatsa ba ba sa tswang go kgatlhega, le go solegelwa molemo ka botlalo ke tiragalo eno. Gape go tshwanetswe ga akanyediwa mathata a pharakano le a go emisa dikoloi, go akaretsa le go pagolola le go pagamisa bapalami. Setlhopha sa bagolwane se tshwanetse sa swetsa gore ke dithulaganyo dife tse di tla dirang sentle mo lefelong la lona.

      ◼ Puo e e kgethegileng ya phatlalatsa ya nako ya Segopotso ya 1999 e tla neelwa ka Sontaga, April 18. Setlhogo sa puo eno e tla nna “Botsalano Jwa Boammaaruri le Modimo le Moagelani.” Lo tla romelelwa aotlelaene. Diphuthego tse di tla bong di na le molebedi wa potologo, kopano ya potologo kana kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe mo mafelobekeng ao di tla nna le puo e e kgethegileng ya phatlalatsa mo bekeng e e latelang. Ga go na phuthego epe e e tshwanetseng go nna le puo e e kgethegileng ya phatlalatsa pele ga April 18, 1999.

      ◼ Mokgatlho o rata go leboga botlhe ba ba neng ba tsiboga ka bonako jaana ka go ntshetsa bakaulengwe ba rona dilwana tsa thuso ka bopelotshweu mo nakong ya dikgaruru tsa dipolotiki kwa Lesotho ngogola.

      April 10, 1999 e tla nna Letsatsi la rona le le kgethegileng la Dimakasine. Mo nakong e e fetileng ba le bantsi ba ile ba itumelela go nna le seabe mo tirong ya Letsatsi le le kgethegileng la Dimakasine. Ke ka ntlha yang fa o sa simolole go rulaganya gone jaanong gore o nne le seabe ka botlalo monongwaga? Diphuthego di tshwanetse go romela diotara tse di kgethegileng tsa dimakasine ka bonako jo bo kgonegang.

  • Phetogo mo Diureng Tse di Tlhokwang mo Babulatseleng
    Tirelo ya Bogosi—1999 | January
    • Phetogo mo Diureng Tse di Tlhokwang mo Babulatseleng

      1 Rotlhe re itumelela go nna le babulatsela ba ka metlha le ba ba thusang ba ba dirang ka natla mo phuthegong. Le e leng mo tshimong e nnye le e e dirwang gantsintsi, babulatsela ba re tlhometse sekao se se molemo sa go tlhoafala mo tirelong ya bone ya Bogosi. Ba kgothaleditse baboledi botlhe go nna ba tshwaregile mo go senkeng ba ba ‘sekametseng sentle mo botshelong.’—Dit. 13:48.

      2 Mokgatlho o lemogile mathata a a ntseng a oketsega a babulatsela ba lebanang le one, segolobogolo malebana le go bona tiro ya go itshedisa e e sa tseyeng nako yotlhe, e e tla ba kgontshang go tlhokomela dilo tse ba di tlhokang ka tshwanelo gore ba nne ba le mo tirelong ya nako e e tletseng. Maemo a gompieno a tsa ikonomi kwa dinageng di le dintsi le one a dirile gore go nne thata le go feta gore ba bangwe ba tsenele tiro ya bobulatsela, le fa ba eletsa go dira jalo ka pelo yotlhe. Mo dikgweding tsa bosheng jaana, go ile ga sekasekwa mabaka ano le a mangwe ka kelotlhoko.

      3 Ka gone, ka ntlha ya se se boletsweng fa godimo, Mokgatlho o fokoditse diura tse di tlhokwang mo babulatseleng ba ka metlha le ba ba thusang. Go tloga fela mo tshimologong ya 1999, babulatsela ba ka metlha ba tla tlhokwa go bereka diura di le 70 kgwedi le kgwedi, kana palogotlhe ya diura di le 840 ka ngwaga. Diura tse di tla tlhokwang mo babulatseleng ba ba thusang kgwedi le kgwedi e tla nna di le 50. Diura tsa babulatsela ba ba kgethegileng le barongwa tsone ga di na go fetoga, ka gonne Mokgatlho o ba thusa go tlhokomela dilo tse ba di tlhokang tsa nama. Ka jalo, ba tla kgona go tlhoma mogopolo ka botlalo mo tirong ya bone ya go rera le go dira barutwa.

      4 Go solofelwa gore phetogo eno mo diureng tse di tlhokwang e tla thusa babulatsela ba le bantsi go tshwarelela mo tshiamelong eno e e botlhokwatlhokwa ya tirelo. Gape e tshwanetse ya bulela baboledi ba le bantsi tsela ya gore ba tsenele tiro ya bobulatsela jwa ka metlha le jo bo thusang. A bo seno se tshwanetse go itshupa e le tshegofatso jang ne mo go mongwe le mongwe mo phuthegong!

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela