LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Batsadi, Sekao sa Lona se Ruta Eng?
    Tora ya Tebelo—1999 | July 1
    • Batsadi, Sekao sa Lona se Ruta Eng?

      “Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang, lo bo lo tswelele lo tsamaya mo loratong.”—BAEFESO 5:1, 2.

      1. Jehofa o ne a neela banyalani ba ntlha ba batho ditaelo tsa mofuta ofe?

      JEHOFA ke Mosimolodi wa thulaganyo ya lelapa. Malapa otlhe a nnile gone ka ene ka gonne ke ene yo o ileng a tlhoma lelapa la ntlha a ba a dira gore banyalani ba ntlha ba nne le kgono ya go tshola bana. (Baefeso 3:14, 15) O ile a neela Adame le Efa ditaelo tsa motheo malebana le maikarabelo a bone le go ba neela tshono e e lekaneng go tsaya dikgato ka bobone go a diragatsa. (Genesise 1:28-30; 2:15-22) Morago ga gore Adame le Efa ba leofe, maemo a malapa a neng a tshwanelwa ke go lebana le one a ne a raraana. Le fa go ntse jalo, ka lorato Jehofa o ile a neela batlhanka ba gagwe ditaelo tse di neng di ka ba thusa go lepalepana le maemo ao.

      2. (a) Jehofa o ile a dirisa eng go nonotsha kgakololo ya gagwe e e kwadilweng le ditaelo tsa gagwe tse di sa kwalwang? (b) Ke potso efe e batsadi ba tshwanetseng go ipotsa yone?

      2 E re ka Jehofa e le Mokaedi wa rona yo Mogolo, ga a re neela fela ditaelo tse di malebana le se re tshwanetseng go se dira le se re sa tshwanelang go se dira. Mo metlheng ya bogologolo o ile a kopanya ditaelo tse di kwadilweng le tse di neetsweng ka molomo a dirisa baperesiti le baporofeti le ditlhogo tsa malapa. O dirisa bomang gompieno go re ruta ditaelo tseo tse di neelwang ka molomo? Bagolwane ba Bakeresete le batsadi. Fa o le motsadi, a o dira seabe sa gago go ruta lelapa la gago ditsela tsa ga Jehofa?—Diane 6:20-23.

      3. Ditlhogo tsa malapa di ka ithuta eng mo go Jehofa malebana le go ruta ka tsela e e molemo?

      3 Thuto e e ntseng jalo e tshwanetse ya neelwa jang mo lelapeng? Jehofa o re tlhomela sekao. O re tlhalosetsa sentle gore se se siameng le se se sa siamang ke sefe, mme o pelotshweu go boaboeletsa seno. (Ekesodo 20:4, 5; Duteronome 4:23, 24; 5:8, 9; 6:14, 15; Jošua 24:19, 20) O dirisa dipotso tse di dirang gore motho a akanye. (Jobe 38:4, 8, 31) O dirisa dipapiso le dikao tsa batho ba mmatota go re ama maikutlo le go bopa dipelo tsa rona. (Genesise 15:5; Daniele 3:1-29) Batsadi, a fa lo ruta bana ba lona lo leka go etsa sekao seno?

      4. Re ithuta eng mo go Jehofa malebana le go otlhaya, mme ke eng fa go otlhaya go le botlhokwa?

      4 Jehofa o tlhomame mo go se se siameng, mme gone, o tlhaloganya matswela a go se itekanele. Ka jalo, pele ga a otlhaya batho ba ba sa itekanelang, o a ba ruta e bile o boaboeletsa ditlhagiso le dikgakololo tsa gagwe. (Genesise 19:15, 16; Jeremia 7:23-26) Fa a otlhaya, o dira jalo sentle, ga a feteletse. (Pesalema 103:10, 11; Isaia 28:26-29) Fa e le gore re dira jalo ka bana ba rona, seo ke bosupi jwa gore re itse Jehofa, mme go tla nna motlhofo gore le bone ba mo itse.—Jeremia 22:16; 1 Johane 4:8.

      5. Batsadi ba ka ithuta eng mo go Jehofa malebana le go reetsa?

      5 Selo se se molemo ke gore, Jehofa o a reetsa e re ka e le Rre yo o lorato wa selegodimo. Ga a nnele go ntsha ditaelo fela. O re kgothaletsa gore re mo tshololele dipelo tsa rona. (Pesalema 62:8) Mme fa re mo tlhalosetsa maikutlo a rona ka tsela e e sa tlhamalalang sentle, ga a re galefele ka go re garuma go tswa legodimong. O re ruta ka bopelotelele. Ka gone, a bo kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo e tshwanela jang ne: “Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang”! (Baefeso 4:31–5:1) A bo Jehofa a tlhomela batsadi sekao se se molemo jang ne fa ba ntse ba leka go laya bana ba bone! Ke sekao se se re amang pelo se se re dirang gore re batle go tsamaya mo tseleng ya gagwe ya botshelo.

      Kafa Sekao se Tlhotlheletsang ka Teng

      6. Boikutlo le sekao sa batsadi di ka tlhotlheletsa bana ba bone jang?

      6 Mo godimo ga go laya bana ka molomo, sekao se na le tlhotlheletso e kgolo thata. E ka ne batsadi ba a rata kana nnyaa, bana ba bone ba ile go ba etsa. Go ka itumedisa batsadi—ka dinako tse dingwe ga ba garola pelo—fa ba utlwa bana ba bone ba bua dilo tse bone ka bobone ba ileng ba di bua. Fa boitshwaro le maikutlo a batsadi a supa gore ba na le kanaanelo e kgolo ka dilo tsa semoya, seo se nna le tlhotlheletso e e molemo mo baneng.—Diane 20:7.

      7. Jefetha o ile a tlhomela morwadie sekao se se ntseng jang, mme ka matswela afe?

      7 Tsela e sekao sa batsadi se nang le tlhotlheletso ka yone e tlhalosiwa sentle mo Baebeleng. Jefetha, yo Jehofa a ileng a mo dirisa go etelela Baiseraele pele mo go fenyeng Baamone, le ene e ne e le rre. Pego ya tsela e Jefetha a ileng a araba kgosi ya Amone ka yone e supa gore o tshwanetse a bo a ne a aga a bala hisitori ya tsela e Jehofa a ileng a dirisana le Baiseraele ka yone. O ne a ka nopola hisitori eo a se na bothata, e bile o ne a bontsha tumelo e e nonofileng mo go Jehofa. Ga go pelaelo gore sekao sa gagwe se ile sa thusa morwadie go nna le tumelo le moya wa go intsha setlhabelo o a ileng a o bontsha fa a ne a tsenela tirelo ya botshelo jotlhe ya go ineela go Jehofa e le mosadi yo o sa nyalwang.—Baatlhodi 11:14-27, 34-40; bapisa Jošua 1:8.

      8. (a) Batsadi ba ga Samuele ba ile ba bontsha boikutlo bofe jo bo molemo? (b) Seo se ile sa solegela Samuele molemo jang?

      8 Samuele o ne a nna sekao se se molemo fa e sa le ngwana a ba a ikanyega go Modimo mo botshelong jotlhe jwa gagwe jwa go nna moporofeti. A o ka rata gore bana ba gago ba nne jaaka ene? Sekaseka sekao se batsadi ba ga Samuele e bong, Elekana le Hana ba ileng ba mo tlhomela sone. Le mororo lelapa la bone le ne le tle le nne le mathata, ka metlha ba ne ba ya kwa Shilo go ya go obamela teng, kwa motlaagana o o boitshepo o neng o tlhomilwe teng. (1 Samuele 1:3-8, 21) Ela tlhoko maikutlo a a tswang pelong a Hana a ileng a rapela ka one. (1 Samuele 1:9-13) Ela tlhoko kafa boobabedi ba ileng ba ikutlwa ka teng ka botlhokwa jwa go diragatsa selo sepe fela se ba neng ba se solofeditse Modimo. (1 Samuele 1:22-28) Ga go pelaelo gore sekao sa bone se se molemo se ile sa thusa Samuele go nna le dinonofo tse di neng tsa mo thusa go latela tsela e e siameng—le fa batho ba a neng a tshela le bone ba ba neng ba ipolela gore ba direla Jehofa ba ne ba sa bontshe go tlotla ditsela tsa Modimo. Moragonyana, Jehofa o ne a neela Samuele maikarabelo a go nna moporofeti wa Gagwe.—1 Samuele 2:11, 12; 3:1-21.

      9. (a) Ke tlhotlheletso efe ya mo gae e e ileng ya ama Timotheo ka tsela e e molemo? (b) Timotheo o ile a nna motho yo o ntseng jang?

      9 A o ka rata gore morwao a tshwane le Timotheo, yo o ileng a nna mopati wa ga moaposetoloi Paulo e sa le lekawana? Rraagwe Timotheo e ne e se modumedi, mme gone mmaagwe le nkokoagwe ba ile ba mo tlhomela sekao se se molemo mo go anaaneleng dilo tsa semoya. Ga go pelaelo gore seno se ile sa thaela Timotheo motheo o o molemo mo botshelong jwa gagwe jwa Bokeresete. Re bolelelwa gore mmaagwe e bong Yunise le nkokoagwe e bong Loise ba ne ba na le “tumelo . . . e e se nang boitimokanyo bope.” Mo botshelong jwa bone jwa Bokeresete, ba ne ba sa itire se ba seng sone; ba ne ba tshela tumalanong le se ba neng ba ipolela gore ba a se dumela mme ba ruta Timotheo yo mmotlana go dira fela jalo. Timotheo o ile a itshupa e le motho yo o ka tshepiwang le gore tota o ne a amega ka boitekanelo jwa batho ba bangwe.—2 Timotheo 1:5; Bafilipi 2:20-22.

      10. (a) Ke dikao dife tse e seng tsa mo lelapeng tse di ka amang bana ba rona? (b) Re tshwanetse go itshwara jang fa tlhotlheletso e e ntseng jalo e bonala mo puong kana mo mokgweng wa bana ba rona?

      10 Bana ba rona ga ba amiwe fela ke dikao tsa mo gae. Go na le bana ba ba tsenang sekolo le bone, barutabana ba tiro ya bone e leng go bopa megopolonyana ya bone, batho ba ba dumelang thata gore batho botlhe ba tshwanetse go tshela go ya ka ditlwaelo tse di nweleletseng tsa setso kana tsa setšhaba, bagaka ba metshameko ba ba tlotlomadiwang thata ka katlego ya bone le balaodi ba setšhaba ba go buiwang thata ka boitsholo jwa bone mo dikgannyeng. Gape dimilionemilione tsa bana di ile tsa bona bosetlhogo jo bo bakwang ke dintwa. A re tshwanetse go gakgamala fa re bona dilo tseno di tlhotlheletsa puo kana mokgwa wa bana ba rona? Re itshwara jang fa go direga jalo? A go ba garuma ka tšhakgalo kana go ba laya re menne phatla go rarabolola bothata? Go na le gore re tseele bana ba rona dikgato ka mafega, a go ne go ka se nne botoka go ipotsa jaana, ‘A go na le sengwe se nka ithutang sone go tswa mo tseleng e Jehofa a dirisanang le rona ka yone se se ka nthusang go bona gore ke lebane jang le seemo seno?’—Bapisa Baroma 2:4.

      11. Fa batsadi ba dira diphoso, seno se ka ama boikutlo jwa bana jang?

      11 Ke boammaaruri gore, ga se ka metlha batsadi ba ba sa itekanelang ba ka dirisanang le maemo ka tsela e e molemo. Ba tla dira diphoso. Fa bana ba lemoga seo, a seo se tla dira gore ba se ka ba tlhola ba tlotla batsadi ba bone? Go ka nna jalo, segolobogolo fa batsadi ba leka go bipa diphoso tseo tsa bone ka go ba gatelela ka tsela e e makgwakgwa. Mme gone, dilo di ka nna ka tsela e sele fa batsadi ba ka nna boikokobetso mme ba dumela diphoso tsa bone. Ka tsela eno, ba ka tlhomela bana ba bone sekao se se molemo, ba le bone ba tlhokang go ithuta go dira se se tshwanang.—Jakobe 4:6.

      Se Sekao sa Rona Se ka Se Rutang

      12, 13. (a) Bana ba tshwanetse go ithuta eng malebana le lorato, mme ba ka rutiwa seno jang ka tsela e e molemo? (b) Ke eng fa go le botlhokwa gore bana ba ithute kaga lorato?

      12 Go na le dithuto tse di botlhokwa tse di ka rutwang bana ka tsela e e molemo fa tao ya molomo e ka pataganngwa le sekao se se molemo. Akanya ka di sekae.

      13 Go bontsha lorato lo e seng lwa bogagapa: Nngwe ya dithuto tse di botlhokwa tse di ka nonotshiwang ka sekao ke bokao jwa lorato. “Re a rata, ka gonne [Modimo] o ne wa re rata pele.” (1 Johane 4:19) Ke Motswedi wa lorato e bile ke sekao se segolo sa lone. Lorato lono lo lo laolwang ke melaometheo, e bong a·gaʹpe, lo umakwa mo Baebeleng ka makgetlo a a fetang 100. Ke nonofo e e tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri. (Johane 13:35) Batho ba tshwanetse go rata Modimo le Jesu Keresete ka lorato lo lo ntseng jalo e bile bone ka bobone ba tshwanetse go ratana jalo—le e leng go rata batho ba re ka tswang re ikutlwa re sa ba beye sebete go le kalo. (Mathaio 5:44, 45; 1 Johane 5:3) Lorato lo lo ntseng jalo lo tshwanetse lwa nna mo dipelong tsa rona mme lwa bonala mo botshelong jwa rona pele ga re ka lo ruta bana ba rona. Ditiro di bua go feta mafoko. Mo lelapeng bana ba tshwanetse go bona le go utlwa lorato le dinonofo tse di amanang le lone tse di jaaka, go kgatlhegelwa. Fa go sa dirwe jalo, ngwana ga a ne a gola sentle mo mmeleng, mo tlhaloganyong le mo maikutlong. Gape bana ba tshwanetse go bona tsela e Bakeresetekabone ba e seng ba lelapa ba ka bontshiwang lorato le go kgatlhegelwa ka yone.—Baroma 12:10; 1 Petere 3:8.

      14. (a) Bana ba ka rutiwa jang go dira tiro e e duleng diatla e e kgotsofatsang? (b) Seno se ka dirwa jang go ya ka maemo a lelapa la lona?

      14 Go ithuta go bereka: Tiro ke selo sa botlhokwa mo botshelong. Gore motho a ikutlwe a le botlhokwa, o tshwanetse go ithuta go dira tiro e e duleng diatla. (Moreri 2:24; 2 Bathesalonika 3:10) Fa ngwana a newa ditiro tse a sa di tlhalosediwang sentle mme a bo a omanngwa fa a sa di dira sentle, go ka nna ga direga gore a se ka a itse go dira tiro e e duleng diatla. Mme fa bana ba ithuta ditiro ka go di bereka le batsadi ba bone e bile ba akgolwa ka tsela e e tshwanetseng, ba ka itse go dira tiro e e kgotsofatsang. Fa batsadi ba tlhoma sekao e bile ba tlhalosa dilo sentle, bana ga ba ne ba ithuta fela tsela e tiro e ka dirwang ka yone, mme gape ba ka ithuta le tsela ya go fenya mathata, go itshokela tiro go fitlha e wediwa le go ntsha mabaka le go dira ditshwetso. Ka tsela eno ba ka thusiwa go lemoga gore Jehofa le ene o a bereka, gore o dira tiro e e duleng diatla le gore Jesu o etsa Rraagwe. (Genesise 1:31; Diane 8:27-31; Johane 5:17) Fa lelapa le itshedisa ka temothuo kana le na le kgwebo, bangwe mo lelapeng ba ka bereka mmogo. Kana mmè a ka ruta morwawe kana morwadie go apaya le go phepafatsa dilo morago ga dijo. Rre yo o sa berekeleng mo gae a ka nna a rulaganya gore a dire ditiro dingwe tsa legae le bana ba gagwe. A bo go le molemo jang ne gore batsadi ba se lebelele fela gore tiro e dirwe ka nako eo, go na le moo, ba rutele bana botshelo jwa kamoso!

      15. Dithuto tse di malebana le tumelo di ka rutiwa ka ditsela dife? Tshwantsha.

      15 Go boloka tumelo mo pitlaganong: Tumelo le yone ke selo se se botlhokwa thata mo botshelong jwa rona. Fa lelapa le ithuta ka tumelo mo thutong ya lone ya lelapa bana ba ka ithuta tsela ya go e tlhalosa. Ba ka nna ba simolola go lemoga le dilo tse di ka dirang gore tumelo e gole mo dipelong tsa bone. Mme fa ba bona batsadi ba bone ba bontsha tumelo e e sa reketleng fa ba lebane le diteko, seo se ka nna le tlhotlheletso e kgolo mo botshelong jotlhe jwa bone. Moithuti mongwe wa Baebele wa kwa Panama o ile a tshosediwa ke monna wa gagwe ka gore o tla mo leleka mo gae fa a sa tlogele go direla Jehofa. Le fa go ntse jalo, o ne a nna a ya Holong ya Bogosi e e fa gaufi a tsamaya sekgala sa dikilometara di le 16 ka maoto mme go tswa foo a bo a tsamaya dikilometara tse dingwe tse 30 ka bese. Ba lelapa la gagwe ba le 20 ba ile ba amogela tsela ya boammaaruri ka ntlha ya go kgothadiwa ke sekao seo sa gagwe.

      Go Tlhoma Sekao mo Mmalong wa Baebele wa Letsatsi le Letsatsi

      16. Ke eng fa go buelelwa gore lelapa le nne le mmalo wa Baebele wa letsatsi le letsatsi?

      16 Nngwe ya ditlwaelo tse lelapa lepe fela le ka itlhomelang yone—tlwaelo e e ka solegelang batsadi molemo le go ba thusa go nna sekao se bana ba ka se etsang—ke ya go nna le thulaganyo ya go bala Baebele ka metlha. Fa go kgonega, balang Baebele letsatsi le letsatsi. Selo sa botlhokwa ga se gore lo badile go le kana kang. Sa botlhokwa thata ke gore lo e bala ka metlha go le kana kang le mokgwa o lo e balang ka one. Mo baneng, mmalo wa Baebele o ka okediwa ka go reetsa dikhasete tsa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela fa di le teng ka segalona. Go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi go re thusa go nna re akantse ka megopolo ya Modimo. Mme fa malapa a nna le mmalo o o ntseng jalo wa Baebele, e seng fela motho a le nosi, seo se ka thusa lelapa lotlhe go tsamaya mo ditseleng tsa ga Jehofa. Tlwaelo e e ntseng jalo ke yone e re ileng ra e kgothalediwa kwa Dikopanong Tsa Kgaolo Tsa “Tsela ya Modimo ya Botshelo” mo terameng ya Malapa—A go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi e Nne Tsela ya Lona ya Botshelo!—Pesalema 1:1-3.

      17. Mmalo wa Baebele wa lelapa le go tshwara dikwalo dingwe tsa konokono ka tlhogo go ka thusa jang mo go lateleng kgakololo e e mo go Baefeso 6:4?

      17 Go bala Baebele lo le lelapa go dumalana le se moaposetoloi Paulo a ileng a se bua mo lekwalong lwa gagwe le le tlhotlheleditsweng le le neng le ya kwa Bakereseteng ba Baefeso, le le reng: “Borrabana, lo se ka lwa bo lo sera bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Seo se kaya eng? ‘Taolo ya mogopolo’ totatota e kaya “go tsenya mogopolo mo”; ka jalo borre ba Bakeresete ba kgothalediwa gore ba tsenye mogopolo wa ga Jehofa Modimo mo baneng ba bone—go thusa bana go itse megopolo ya Modimo. Go kgothaletsa bana go tshwara dikwalo tsa konokono ka tlhogo go ka ba thusa go atlega mo go seno. Maikaelelo ke go dira gore megopolo ya ga Jehofa e kaele bana mo tseleng ya bone ya go akanya e le gore dikeletso le boitshwaro jwa bone di bontshe gore ba latela melao ya bomodimo e ka ne batsadi ba na le bone kana nnyaa. Baebele ke yone e e ka thayang motheo o o ntseng jalo wa go akanya.—Duteronome 6:6, 7.

      18. Fa go balwa Baebele, go ka tlhokega eng gore (a) lo e tlhaloganye sentle? (b) lo solegelwe molemo ke kgakololo ya yone? (c) lo tsibogele se e se buang malebana le maikaelelo a ga Jehofa? (d) lo solegelwe molemo ke se e se buang malebana le maikutlo le ditiro tsa batho?

      18 Ke boammaaruri gore, re tshwanetse go tlhaloganya se Baebele e se bolelang fa e le gore re batla gore e ame botshelo jwa rona. Mo go ba le bantsi, seno se ka tlhoka gore ba bale dikarolo dingwe tsa yone makgetlo a le mmalwa. Re ka nna ra tlhoka go leba bokao jwa mafoko mangwe a yone mo dikishinaring kana mo Insight on the Scriptures gore re a tlhaloganye sentle. Fa lokwalo longwe lo na le kgakololo kana taelo, ipheng nako ya go tlotla kaga maemo a motlha wa rona a a ka dirang gore e tshwanele. Go tswa foo o ka nna wa botsa, ‘Go dirisa kgakololo eno go ka re solegela molemo jang?’ (Isaia 48:17, 18) Fa lokwalo lo bua ka karolo nngwe ya boikaelelo jwa ga Jehofa, botsa, ‘Kgang eno e ama botshelo jwa rona jang?’ Gongwe lo bala pego e e buang ka boikutlo le ditiro tsa batho bangwe. Ba ne ba lebana le dikgwetlho dife mo botshelong? Ba ne ba lebana jang le tsone? Sekao sa bone se ka re solegela molemo jang? Ka metlha ipheng nako ya go tlotla kaga gore pego eo e na le bokao bofe mo botshelong jwa rona gompieno.—Baroma 15:4; 1 Bakorintha 10:11.

      19. Ka go nna baetsi ba Modimo re tla bo re neela bana ba rona eng?

      19 A bo eo e le tsela e e molemo jang ne ya go dira gore megopolo ya Modimo e nwelele mo ditlhaloganyong le mo dipelong tsa rona! Ka gone, ruri re tla thusiwa go nna “baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.” (Baefeso 5:1) Mme re tla nna sekao se ruri se ka tshwanelwang ke go etsiwa ke bana ba rona.

      A o A Gakologelwa?

      ◻ Batsadi ba ka solegelwa molemo jang ke sekao sa ga Jehofa?

      ◻ Ke eng fa batsadi ba tshwanetse go pataganya go laya bana ka molomo le go ba tlhomela sekao se se molemo?

      ◻ Ke dithuto dife tse go leng molemo thata gore batsadi ba di rute ka go tlhoma sekao?

      ◻ Mmalo wa Baebele wa lelapa o ka re solegela molemo jang ka botlalo?

  • Ithuteng Lefoko la Modimo ka Metlha lo le Lelapa
    Tora ya Tebelo—1999 | July 1
    • Ithuteng Lefoko la Modimo ka Metlha lo le Lelapa

      “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.”—MATHAIO 4:4.

      1. Baebele ya reng malebana le boikarabelo jwa ditlhogo tsa malapa jwa go ruta bana ditsela tsa ga Jehofa?

      JEHOFA MODIMO o ile a gakolola ditlhogo tsa malapa gangwe le gape ka maikarabelo a bone a go ruta bana ba bone. Thuto e e ntseng jalo e ka etleeletsa bana botshelo jwa gone jaanong e bile gape e tla ba thusa go ipaakanyetsa le botshelo jo bo tlang. Moengele yo o emelang Modimo o ile a lemotsha Aborahame maikarabelo a a neng a na le one a go ruta lelapa la gagwe e le gore ba ke ba “boloke tsela ya ga Jehofa.” (Genesise 18:19) Batsadi ba Baiseraele ba ile ba laelwa gore ba tlhalosetse bana ba bone kafa Modimo a ileng a golola Iseraele ka teng go tswa kwa Egepeto le kafa a ileng a ba neela Molao wa gagwe ka teng kwa Thabeng ya Sinai kwa Horeba. (Ekesodo 13:8, 9; Duteronome 4:9, 10; 11:18-21) Ditlhogo tsa malapa tsa Bakeresete di gakololwa gore di godisetse bana ba tsone “mo tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Tota le fa e le motsadi a le mongwe fela yo o direlang Jehofa, motsadi yoo o tshwanetse go leka go ruta bana ditsela tsa ga Jehofa.—2 Timotheo 1:5; 3:14, 15.

      2. A thuto ya lelapa e a tlhokega fa lelapa le se na bana mo gae? Tlhalosa.

      2 Seno ga se bolele gore thuto ya lelapa ya Lefoko la Modimo e tshwanetse go tshwarwa fela mo malapeng a go nang le bana mo go one. Fa monna le mosadi ba nna le thuto ya lelapa le fa ba se na bana mo lapeng, seo se supa gore ba anaanela dilo tsa semoya.—Baefeso 5:25, 26.

      3. Ke eng fa go le botlhokwa gore thuto e tshwarwe ka metlha?

      3 Gore lo solegelwe molemo thata, thuto e tshwanetse ya tshwarwa ka metlha, go dumalana le thuto eno e Jehofa a ileng a e ruta Baiseraele mo nageng: ‘Motho ga a tshele ka dijo di le tsosi, fa e se gore, motho o tshela ka sengwe le sengwe se se tswang mo molomong wa ga Jehofa.’ (Duteronome 8:3) Go ikaegile ka maemo a lelapa, malapa mangwe a ka rulaganya go nna le thuto ya beke le beke; a mangwe a ka nna le dinako tse dikhutshwane tsa go ithuta letsatsi le letsatsi. Le fa lo ka tlhopha thulaganyo efe, se letleng gore go nne le dinako tse thuto e sa tshwarweng ka tsone. E ‘rekeleng nako.’ Go reka nako ka tsela e e ntseng jalo ke selo se se ka lo solegelang molemo thata mo isagweng. Go ama botshelo jwa ba lelapa la gago.—Baefeso 5:15-17; Bafilipi 3:16.

      Mekgele E e Ka Gopolwang

      4, 5. (a) Ka go dirisa Moshe, Jehofa o ile a tlhomela batsadi mokgele ofe o o botlhokwa fa ba ruta bana ba bone? (b) Seo se akaretsa eng gompieno?

      4 Fa o tshwara thuto ya lelapa, go ka nna molemo thata fa o ka itlhomela mekgele mengwe. Akanya ka mengwe ya yone.

      5 Mo thutong nngwe le nngwe, nonotsha lorato lwa lona ka Jehofa Modimo. Fa Baiseraele ba ne ba kgobokane fa dipoeng tsa Moabe pele ga ba tsena ka Naga e e Solofeditsweng, Moshe o ile a lebisa tlhokomelo ya bone mo go se moragonyana Jesu Keresete a neng a se bitsa “taolo e kgolo thata mo Molaong.” E ne e le efe? “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo ya gago yotlhe fela.” (Mathaio 22:36, 37; Duteronome 6:5) Moshe o ile a kgothaletsa Baiseraele go nwetsa seno mo dipelong tsa bone le gore ba se rute bana ba bone. Seo se ne se tla tlhoka gore ba o boaboeletse, ba ba lemotsha mabaka a go bo ba tshwanetse go rata Jehofa, ba itebaganya le mekgwa le boitshwaro tse di ka ba kgoreletsang go bontsha lorato lo lo ntseng jalo le go bontsha gore ba rata Jehofa mo botshelong jwa bone. A bana ba rona le bone ba tlhoka thuto e e ntseng jalo? Ee! Mme gape le bone ba tlhoka ‘go rupisa dipelo tsa bone,’ ke gore, go tlosa sepe fela se se ka kgoreletsang lorato lwa bone go Modimo. (Duteronome 10:12, 16; Jeremia 4:4) Dingwe tsa dikgoreletsi tseo e ka nna keletso ya dilo tsa lefatshe le go senka ditshono tsa go inaakanya le ditiro tsa lone. (1 Johane 2:15, 16) Lorato lwa rona ka Jehofa lo tshwanetse go tuka, re lo bontshe, mme lo re tlhotlheletse go dira dilo tse di itumedisang Rraarona wa selegodimo. (1 Johane 5:3) Gore thuto ya lelapa la gago e nne le melemo ya lobaka lo loleele, nako le nako fa lo nna le yone o e tshware ka tsela e e tla nonotshang lorato lono.

      6. (a) Go ruta kitso e e tlhomameng go tlhoka eng? (b) Dikwalo di gatelela jang botlhokwa jwa kitso e e tlhomameng?

      6 Ruta kitso e e tlhomameng ya se Modimo a se batlang. Seo se akaretsa eng? Ga se akaretse fela go kgona go bala karabo go tswa mo makasineng kana mo bukeng. Gantsi go akaretsa gore lo tlotle lo tlhomamisa gore mafoko le dintlha tsa konokono di tlhaloganngwa sentle. Kitso e e tlhomameng ke selo se se botlhokwa thata mo go thuseng motho go apara botho jo bosha, go tlhoma mogopolo mo dilong tse di botlhokwa thata fa o lepalepana le mathata a botshelo, mme ka gone, e re thusa go dira dilo tse ruri di itumedisang Modimo.—Bafilipi 1:9-11; Bakolosa 1:9, 10; 3:10.

      7. (a) Ke dipotso dife tse di ka dirisiwang go thusa lelapa go dirisa dilo tse le di ithutang? (b) Dikwalo di gatelela jang botlhokwa jwa mokgele oo?

      7 Dira gore lo dirise se lo se ithutang. O akantse ka mokgele ono, ka nako ya thuto nngwe le nngwe ya lelapa, botsa jaana: ‘Kgang eno e tshwanetse go ama botshelo jwa rona jang? A e re tlhoka gore re dire phetogo nngwe mo go se re se dirang gone jaanong? Ke eng fa re tshwanetse go batla go dira diphetogo?’ (Diane 2:10-15; 9:10; Isaia 48:17, 18) Fa ba lelapa ba leka ka natla go dirisa dilo tse ba di ithutang, seo e ka nna selo se se botlhokwa thata se se ka ba thusang go gola semoyeng.

      Go Dirisa Didirisiwa Tsa go Ithuta ka Tsela e e Molemo

      8. Setlhopha sa motlhanka se re abetse didirisiwa dife tsa go ithuta Baebele?

      8 “Motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” o re tlametse ka didirisiwa tse dintsi tse re ka di dirisang go ithuta. Tora ya Tebelo e e diretsweng go dirisiwa le Baebele e gone ka dipuo di le 131. Go na le dibuka tsa go ithuta Baebele ka dipuo di le 153, diboroutšhara ka dipuo di le 284, dikhasete ka tse 61, dikhasete tsa dibidio ka tse 41 tota le e leng thulaganyo ya khomputara e e ka dirisiwang go dira dipatlisiso tsa Baebele ka yone ka dipuo di le 9!—Mathaio 24:45-47.

      9. Re ka dirisa jang kgakololo e e mo dikwalong e e umakilweng mo serapeng seno fa re tshwere thuto ya lelapa ya Tora ya Tebelo?

      9 Malapa a le mantsi a dirisa nako ya thuto ya lelapa go ipaakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo ya phuthego. A bo seo se ka thusa thata jang ne! Tora ya Tebelo e tshotse dijo tsa konokono tsa semoya tse di diretsweng go nonotsha batho ba ga Jehofa lefatshe ka bophara. Fa lo ithuta Tora ya Tebelo lo le lelapa, se baleng dirapa le go araba dipotso tse di gatisitsweng fela. Tlhagafalelang go e tlhaloganya sentle. Ipheng nako ya go leba ditemana tse di umakilweng mme di sa nopolwa. Kgothaletsa ba lelapa go tlhalosa gore di amana jang le se go buiwang ka sone mo serapeng se lo se sekasekang. Dira gore e lo ame dipelo.—Diane 4:7, 23; Ditiro 17:11.

      10. Go ka dirwa eng gore bana ba nne le seabe mo thutong le gore ba e itumelele?

      10 Fa lo na le bana mo lelapeng, ke eng se o ka se dirang gore thuto ya lona e se ka ya nna seomodiro fela go na le moo e nne nako e e agang, e e kgatlhang le e e itumedisang? Leka go dira gore mongwe le mongwe a nne le seabe ka tsela e e tshwanetseng e le gore go tlhongwe mogopolo mo go se se ithutiwang. Fa go kgonega, rulaganyang gore ngwana mongwe le mongwe a nne le Baebele ya gagwe le makasine o o ithutiwang. Go etsa lorato lo Jesu a ileng a lo bontsha, motsadi a ka nna a baya ngwana wa gagwe yo monnye go bapa le ene gongwe e bile a mmaya letsogo mo magetleng. (Bapisa Mareko 10:13-16.) Tlhogo ya lelapa e ka nna ya kopa ngwana gore a tlhalose setshwantsho se se tlhagang mo thutong e e ithutiwang. Ngwana yo monnye a ka abelwa go sa le gale gore a bale temana e e rileng. Yo mogolwane a ka abelwa go tlhalosa gore ba ka dirisa dintlha tse di ithutiwang ka ditsela dife.

      11. Ke didirisiwa dife tse dingwe tse re tlametsweng ka tsone, mme fa lo na le tsone, lo ka di dirisa jang ka tsela e e mosola mo thutong ya lona ya lelapa?

      11 Le mororo lo ka tswa lo dirisa Tora ya Tebelo go nna yone ya konokono mo thutong ya lona, se lebaleng didirisiwa tse dingwe tsa go ithuta tse di leng gone ka dipuo tse dintsi. Fa go tlhokega tshedimosetso e e oketsegileng kana tlhaloso ya lefoko lengwe la Baebele, Insight on the Scriptures e ka nna ya lo thusa. Dipotso tse dingwe di ka arabiwa ka go leba Watch Tower Publications Index kana ka go dirisa thulaganyo ya khomputara ya go dira dipatlisiso e Mokgatlho o e dirileng. Go ithuta go dirisa didirisiwa tseno fa e le gore di teng ka puo ya lona, e ka nna selo se se ka lo solegelang molemo thata mo thutong ya lona ya lelapa. Gore bana ba bannye ba kgatlhege, gape lo ka nna lwa beela karolo e nngwe ya thuto ya lona nako ya go lebelela nngwe ya dibidio tsa Mokgatlho tse di rutang kana go reetsa bontlhanngwe jwa khasete ya terama mme go tswa foo lo bo lo tlotla ka yone. Go dirisa didirisiwa tseno ka tsela e e molemo go ka thusa gore thuto ya lelapa e nne monate le gore e solegele lelapa lotlhe molemo.

      Lepalepana le Maemo a Lelapa la Gago

      12. Thuto ya lelapa e ka nna le seabe jang mo go rarabololeng mathata a a tlhagang mo lelapeng?

      12 E ka nna ya bo e le gore ka metlha lelapa la gago le ithuta thuto ya Tora ya Tebelo ya beke eo. Mme gone, ela tlhoko mathata a masha a a tlhagang mo lelapeng. Fa mmè a sa bereke, a ka nna a kgona go ipha nako le bana letsatsi le letsatsi fa ba tswa sekolong. Maemo a mangwe a ka rarabololwa ka yone nako eo; a mangwe a ka tlhoka gore a rarabololwe ka tsela e e tseneletseng. Fa go tlhaga maemo mangwe mo lelapeng a a tlhokang go rarabololwa, se a tlhokomologe. (Diane 27:12) Seno se ka akaretsa mathata mangwe, e seng fela a kwa sekolong. Tlhopha dintlha tse di tshwanetseng mme o itsise lelapa go sa le gale gore lo tlile go ithuta eng.

      13. Ke eng fa motlotlo wa lelapa o o malebana le tsela ya go lepalepana le khumanego o ka nna mosola?

      13 Ka sekai, karolo e kgolo ya lefatshe e ganyaotswe ke khumanego; ka jalo, mo mafelong a mantsi go ka nna ga tlhokega gore go tlotlwe ka tsela ya go lepalepana le yone. A lelapa la gago le ka solegelwa molemo ke thuto ya lelapa e go dirwang gore e tsamaelane le maemo a botshelo a lo rakanang le one le melaometheo ya Baebele?—Diane 21:5; Moreri 9:11; Bahebera 13:5, 6, 18.

      14. Ke maemo afe a a ka nnang a dira gore go nne molemo gore lelapa le sekaseke pono ya ga Jehofa malebana le thubakanyo, ntwa, le boitlhaodi jwa Bokeresete?

      14 Kgang e nngwe e e ka tlhokang go tlotlwa ke thubakanyo. Rotlhe re tlhoka gore re nwetse tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone mo ditlhaloganyong le mo dipelong tsa rona. (Genesise 6:13; Pesalema 11:5) Thuto ya lelapa e e malebana le kgang eno e ka thusa gore lo tlotle ka ditsela tsa go lebana le bakgerisi kwa sekolong, gore a go siame go ithuta mekgwa ya go lwa le kafa go ka tlhophiwang boitlosobodutu jo bo siameng ka teng. Thubakanyo e aname thata; mo e batlang e le naga nngwe le nngwe e aparetswe e ka ne ke dintwa tsa selegae, dikgogakgogano tsa sepolotiki kana tsa semorafe kana ke dintwa tsa digongwana. Ka ntlha ya seno, lelapa la gago le ka tlhoka gore lo tlotle ka ditsela tsa go nna le boitshwaro jwa Bokeresete fa lo ntse lo dikaganyeditswe ke makgamu a a lwantshanang.—Isaia 2:2-4; Johane 17:16.

      15. Bana ba ka rutwa jang dilo tse di malebana le tlhakanelodikobo le lenyalo?

      15 Fa bana ba ntse ba gola, ba tlhoka go rutwa malebana le tlhakanelodikobo le lenyalo, go ya ka dingwaga tsa bone. Mo dingwaong dingwe batsadi ga ba ke ba tlotla le bana ba bone ka tlhakanelodikobo. Ka ntlha ya go tlhoka kitso, bana ba ka nna ba utlwa megopolo e e sokameng go tswa mo basheng ba bangwe mme matswela ya nna a a sa itumediseng. A go ka se nne molemo go etsa Jehofa yo o re neelang kgakololo e e tlhamaletseng mme e le e e molemo malebana le kgang eno mo Baebeleng? Kgakololo ya bomodimo e tla thusa bana ba rona go itlotla le go tshwara batho ba bong bo sele ka seriti. (Diane 5:18-20; Bakolosa 3:5; 1 Bathesalonika 4:3-8) Tota le fa lo setse lo kile lwa tlotla ka dilo tseno, se okaoke go dira jalo gape. Go botlhokwa gore o di boaboeletse fa maemo a masha a ntse a tlhaga.

      16. (a) Mo malapeng a a farologaneng, thuto ya lelapa e tshwarwa leng? (b) Lo ile lwa rarabolola jang dilo tse di lo kgoreletsang go tshwara thuto ya lelapa ka metlha?

      16 Lo ka tshwara thuto ya lelapa leng? Malapa a le mantsi a etsa malapa a Bethele a lefatshe ka bophara ka go tshwara thuto ya lelapa Mantaga maitseboa. Ga go a nna jalo ka a mangwe. Kwa Argentina, lelapa la batho ba le 11 go akaretsa le bana ba le 9 ka metlha le tsoga ka ura ya botlhano mo mosong mongwe le mongwe go tshwara thuto ya lelapa. Ka ntlha ya dinako tsa bone tse di sa tshwaneng tsa mmereko, nako eno ke yone fela e e ba tshwanetseng. Go ne go se motlhofo, mme gone, go ne ga nwetsa mo megopolong le mo dipelong tsa bana botlhokwa jwa thuto ya lelapa. Kwa Philippines mogolwane mongwe o ne a tshwara thuto ya lelapa ka metlha le mosadi le bana ba gagwe ba bararo fa ba ntse ba gola. Gape mo gare ga beke batsadi ba ne ba tshwarela mongwe le mongwe wa bana thuto ya motho ka namana e le gore mongwe le mongwe wa bone a dire gore boammaaruri e nne jwa gagwe. Kwa United States, kgaitsadi mongwe yo monna wa gagwe e seng Mosupi moso mongwe le mongwe o isa bana ba gagwe kwa bese ya sekolo e emelwang teng. Fa ba ntse ba letetse bese, ba fetsa metsotso e ka nna lesome mmogo ba bala le go tlotla ka dintlha dingwe tse di tshwanetseng tsa Dikwalo, go tswa foo mmè o rapela thapelo e khutshwane pele ga bana ba palama bese. Kwa Democratic Republic of Congo, mosadi mongwe yo monna wa gagwe a mo tlogetseng o tshwanelwa ke go dira ka natla go ithuta ka gonne a sa rutega. Morwawe yo o setseng a godile o thusa ka go etela lelapa beke nngwe le nngwe go etelela pele thuto ya ga mmaagwe le bomonnawe. Mmaagwe o tlhoma sekao se se molemo ka go baakanyetsa ka tlhoafalo. A go na le maemo mangwe mo lelapeng la lona a a dirang gore go nne thata go tshwara thuto ya lelapa ka metlha? Se ineeleng. Ka tlhoafalo kopang Jehofa gore a segofatse maiteko a lo a dirang go nna le thuto ya Baebele ya ka metlha.—Mareko 11:23, 24.

      Maduo a Boitshoko

      17. (a) Go tlhokega eng gore lo tshware thuto ya lelapa ka metlha? (b) Ke tiragalo efe e e bontshang gore go botlhokwa gore lelapa le ithute ditsela tsa ga Jehofa ka metlha?

      17 Go tlhokega gore lo rulaganye dilo. Lo nne le boitshoko. Mme gone, melemo ya go nna le thuto ya lelapa ya ka metlha e megolo thata. (Diane 22:6; 3 Johane 4) Franz le Hilda kwa Jeremane ba ne ba godisa lelapa la bana ba le 11. Dingwaga moragonyana, morwadiabone Magdalena o ile a re: “Gompieno selo se ke se tsayang se le botlhokwa thata ke gore go ne go se na letsatsi le le fetang fela re sa ithuta sepe sa semoya.” Ka nako ya fa moya wa boratanaga o ne o anama thata mo pusong ya ga Adolf Hitler, rraagwe Magdalena o ne a dirisa Baebele go baakanyetsa lelapa la gagwe diteko tse a neng a lemoga gore di ne di tlile go ba wela. Fa go ntse go ya, bana ba babotlana ba lelapa ba ne ba tsewa mme ba isiwa kwa dikolong tsa diganana; ba bangwe mo lelapeng ba ne ba tshwarwa mme ba isiwa kwa dikgolegelong le kwa dikampeng tsa pogisetso. Bangwe ba ne ba bolawa. Botlhe ba ile ba se ka ba reketla tumelo—e seng fela mo nakong eo ya dipogiso tse di setlhogo, go na le moo, ba ba neng ba sala ba ile ba dira jalo le mo dingwageng tse di neng tsa latela.

      18. Maiteko a batsadi ba ba nosi a ile a duelwa jang?

      18 Batsadi ba le bantsi ba ba nosi, le ba balekane ba bone e seng badumedi mmogo le bone, ba neela bana ba bone thuto ya ka metlha ya Baebele. Mmè mongwe yo o nosi wa motlholagadi wa kwa India o ile a dira ka natla go dira gore bana ba gagwe ba babedi ba rate Jehofa. Le fa go ntse jalo, o ile a utlwa botlhoko thata fa morwawe a ne a emisa go tlhola a kopanela le batho ba ga Jehofa. O ile a lopa Jehofa gore a mo itshwarele makoa a gagwe mo go godiseng morwa yono. Mme gone, tota morwa yono o ne a sa lebala dilo tse a di ithutileng. Morago ga dingwaga tse di fetang lesome o ile a boa, a gatela pele sentle thata semoyeng mme a nna mogolwane mo phuthegong. Gone jaanong ene le mosadi wa gagwe ke badiredi ba nako e e tletseng ba babulatsela. A bo batsadi ba ba sekegelang tsebe kgakololo ya ga Jehofa le phuthego ya gagwe ya gore ba nne le thulaganyo ya go ruta malapa a bone Baebele ba itumela thata jang ne! A o dira jalo mo lelapeng la gago?

      A o Ka Tlhalosa?

      ◻ Ke eng fa thuto ya lelapa ya ka metlha e le botlhokwa?

      ◻ Mekgele ya rona e tshwanetse go nna efe mo thutong nngwe le nngwe ya lelapa?

      ◻ Re neilwe didirisiwa dife tsa go ruta?

      ◻ Thuto e ka dirwa jang gore e tshwanele maemo a lelapa?

      [Setshwantsho mo go tsebe 15]

      Mekgele e e tlhamaletseng e ka nonotsha thuto ya lona ya lelapa

  • Malapa, Bakang Modimo lo le Karolo ya Phuthego ya Gagwe
    Tora ya Tebelo—1999 | July 1
    • Malapa, Bakang Modimo lo le Karolo ya Phuthego ya Gagwe

      “Ke tlaa baka Jehofa mo diphuthegong.”—PESALEMA 26:12.

      1. Mo godimo ga go ithuta le go rapela kwa gae, ke eng gape se e leng karolo e e botlhokwa thata mo kobamelong ya boammaaruri?

      KOBAMELO ya ga Jehofa ga e akaretse fela go rapela le go ithuta Baebele kwa gae, e akaretsa le ditiro tse di amanang le phuthego ya Modimo. Iseraele wa bogologolo o ne a laelwa go “phutha batho, banna le basadi, banyana,” go tla go ithuta molao wa Modimo gore ba tsamaye mo tseleng ya gagwe. (Duteronome 31:12; Jošua 8:35) Bagolo le “makau a na le basetsana” ba ne ba kgothalediwa go nna le seabe mo go bakeng leina la ga Jehofa. (Pesalema 148:12, 13) Go latelwa thulaganyo e e ntseng jalo le mo phuthegong ya Bokeresete. Mo Diholong Tsa Bogosi lefatshe ka bophara, banna, basadi le bana ba nna le seabe ba gololesegile mo dithutong tse bareetsi ba nnang le seabe mo go tsone mme bontsi jwa bone ba itumelela go akgela mo go tsone.—Bahebera 10:23-25.

      2. (a) Ke eng fa go baakanyetsa e le selo se se botlhokwa thata mo go thuseng bana go itumelela dipokano? (b) Ke sekao sa ga mang se se leng botlhokwa?

      2 Ke boammaaruri gore, go thusa bana go latela thulaganyo e e molemo ya ditiro tsa phuthego e ka nna kgwetlho. Fa bana bangwe ba ba tlang dipokanong le batsadi ba bone go bonala ba sa di itumelele, bothata bo ka tswa bo bakwa ke eng? Ke boammaaruri gore bontsi jwa bana ga ba kgone go reetsa ka lobaka lo loleele mme go ka nna motlhofo gore ba lape pelo. Go baakanyetsa go ka thusa go rarabolola bothata jono. Fa bana ba sa baakanyetsa, ba ka se nne le seabe mo dipokanong ka tsela e e molemo. (Diane 15:23) Fa ba sa baakanyetse ba ka se kgone go gatela pele semoyeng ka tsela e e kgotsofatsang. (1 Timotheo 4:12, 15) Ke eng se lo ka se dirang? Sa ntlha, batsadi ba tshwanetse go ipotsa gore a bone ka bobone ba baakanyetsa dipokano. Sekao sa bone se ka nna le tlhotlheletso e kgolo. (Luke 6:40) Selo se sengwe se se botlhokwa thata ke gore lo dire dithulaganyo tsa thuto ya lelapa ka kelotlhoko.

      Go Aga Pelo

      3. Ka nako ya thuto ya lelapa, ke eng fa go tshwanetse ga dirwa maiteko a a kgethegileng go aga dipelo, mme seno se tlhoka eng?

      3 Thuto ya lelapa ga e a tshwanela go nna nako fela ya go tlatsa ditlhaloganyo ka kitso, go na le moo, e tshwanetse gape ya nna nako ya go aga dipelo. Seno se akaretsa go lemoga mathata a ba lelapa ba lebanang le one le go ba kgatlhegela botlhe ka lorato. Jehofa “ke motlhatlhobi wa pelo.”—1 Ditirafalo 29:17, NW.

      4. (a) Go nna motho “yo o seng botlhale” go kaya eng? (b) Go ‘bapala pelo’ go akaretsa eng?

      4 Jehofa o lemoga eng fa a tlhatlhoba dipelo tsa bana ba rona? Bontsi jwa bone ba ka bolela gore ba rata Modimo, mme re ba akgolela seo. Le fa go ntse jalo, motho yo o sa ntseng a le monnye kana a sa le mosha mo go ithuteng ka Jehofa ga a na maitemogelo a a lekaneng ka ditsela tsa ga Jehofa. Ka go bo a se na maitemogelo, a ka nna a bo a le “yo o seng botlhale” jaaka Baebele e bolela. E ka nna ya bo e se gore maitlhomo otlhe a gagwe a bosula, mme gone, go tsaya nako gore motho a dire gore pelo ya gagwe e nne mo boemong jo tota bo ka itumedisang Modimo. Seno se akaretsa gore motho a dumalanye dikeletso, dilo tse a di ratang, maikutlo le mekgele ya gagwe mo botshelong le se Modimo a se ratang go ya ka selekanyo se motho yo o sa itekanelang a ka kgonang ka sone. Fa motho a aga motho wa gagwe yo o kwa teng ka tsela e e ntseng jalo ya bomodimo, o a bo a ‘bapala pelo.’—Diane 9:4, NW; 19:8, NW.

      5, 6. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang go ‘bapala pelo’?

      5 A batsadi ba ka thusa bana ba bone go ‘bapala pelo’? Ke boammaaruri gore ga go na motho yo o ka kgonang go dira gore pelo ya motho yo mongwe e nne molemo. Mongwe le mongwe wa rona o bopilwe a na le tshwanelo ya go itlhophela, mme gantsi go ikaegile ka dilo tse re itetlang go akanya ka tsone. Le fa go ntse jalo, batsadi ba ka dirisa temogo go dira gore bana ba tlhalose maikutlo a bone, go lemoga se se mo dipelong tsa bone le gore ke kae mo ba tlhokang go thusiwa teng. Dirisa dipotso tse di jaaka, ‘O ikutlwa jang ka seno?’ le ‘Ke eng se tota o neng o ka rata go se dira?’ Go tswa foo, reetsa ka bopelotelele. Se galefe. (Diane 20:5) Go botlhokwa thata gore o nne pelonomi, o ba akanyetse le go ba bontsha lorato fa e le gore o batla go ba ama dipelo.

      6 Go nonotsha dinonofo tsa bone tse di molemo, gangwe le gape tlotla le bone ka maungo a moya—lengwe le lengwe la one—mme lo leke go a tlhagolela lotlhe mo lelapeng. (Bagalatia 5:22, 23) Aga lorato ka Jehofa le ka Jesu Keresete, e seng go bua fela gore re tshwanetse go ba rata, go na le moo, lo tlotle ka mabaka a go bo re ba rata le kafa re ka bontshang lorato loo ka teng. (2 Bakorintha 5:14, 15) Nonotsha keletso ya go dira se se siameng ka go tlhalosa melemo ya gone. Aga keletso ya go tila dikakanyo, puo le boitshwaro jo bo sa siamang, ka go tlotla ka matswela a a sa siamang a dilo tse di ntseng jalo. (Amose 5:15; 3 Johane 11) Bontsha kafa megopolo, puo le boitshwaro—e ka ne ke tse di siameng kana tse di sa siamang—di ka amang kamano ya motho le Jehofa ka teng.

      7. Go ka dirwa eng go thusa bana go lepalepana le mathata le go dira ditshwetso ka tsela e e tla ba bolokang ba na le botsala le Jehofa?

      7 Fa ngwana a na le bothata kana a tlhoka go dira tshwetso e e botlhokwa, re ka mmotsa jaana: ‘O akanya gore Jehofa o leba seno jang? O itse eng ka Jehofa se se dirang gore o bue jalo? A o ile wa mmolelela seno ka thapelo?’ Simolola go sa le gale ka mo o ka kgonang ka teng go thusa bana ba gago go nna le mokgwa wa botshelo o mo go one ba lekang ka tlhoafalo go itse thato ya Modimo mme go tswa foo ba bo ba e dira. Fa ba ntse ba nna le kamano ya botsala le Jehofa, ba tla itumelela go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe. (Pesalema 119:34, 35) Seno se tla dira gore ba anaanele tshiamelo ya go kopanela le phuthego ya Modimo wa boammaaruri.

      Go Baakanyetsa Dipokano Tsa Phuthego

      8. (a) Ke eng se se ka re thusang go akaretsa dilo tsotlhe tse di tlhokang go neelwa tlhokomelo mo thutong ya rona ya lelapa? (b) Thuto eno e botlhokwa go le kana kang?

      8 Go na le dilo di le dintsi tse di tlhokang go elwa tlhoko ka nako ya thuto ya lelapa. O ka di akaretsa jang tsotlhe? Ga go kgonege gore o ka dira dilo tsotlhe ka nako e le nngwe. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa thusiwa ke go dira lenaane la dilo tseo. (Diane 21:5) Gangwe le gape le sekaseke mme o akanyetse dilo tse di ka tlhokang go elwa tlhoko thata. Kgatlhegela kgatelopele ya mongwe le le mongwe mo lelapeng. Thulaganyo eno ya thuto ya lelapa ke karolo e e botlhokwa thata ya thuto ya Bokeresete, e re etleeletsa botshelo jwa gone jaanong le jo bo sa khutleng jo bo tlang.—1 Timotheo 4:8.

      9. Ke mekgele efe malebana le go baakanyetsa dipokano e re ka lekang go e latela ka nako ya dithuto tsa rona tsa lelapa?

      9 A thuto ya lona ya lelapa e akaretsa go baakanyetsa dipokano tsa phuthego? Go na le dilo di le mmalwa tse lo ka di dirang kgato ka kgato fa lo ntse lo ithuta mmogo. Dingwe tsa tsone di ka lo tlhoka dibeke, dikgwedi kana le e leng dingwaga gore lo kgone go di swetsa. Akanyetsa mekgele eno: (1) mongwe le mongwe mo lelapeng a ipaakanyetse go akgela mo dipokanong tsa phuthego; (2) mongwe le mongwe a leke go akgela ka mafoko a gagwe; (3) go akaretsa ditemana mo dikakgelong; le (4) go sekaseka dintlha tse di ithutiwang ka maikaelelo a go di dirisa ka namana. Dilo tseno tsotlhe di ka thusa motho go dira gore boammaaruri e nne jwa gagwe.—Pesalema 25:4, 5.

      10. (a) Ke eng se re ka se dirang go ela tlhoko pokano nngwe le nngwe ya phuthego? (b) Ke eng fa seno se le mosola?

      10 Tota le fa ka metlha thuto ya lona ya lelapa e ka akaretsa go ithuta Tora ya Tebelo ya beke eo, se tlhokomologe botlhokwa jwa go baakanyetsa Thuto ya Buka ya Phuthego, Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Pokano ya Tirelo o le nosi kana lo le lelapa. Dilo tseno le tsone di botlhokwa thata mo thulaganyong ya rona ya go ithuta go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa. Gangwe le gape lo ka nna lwa kgona go baakanyetsa dipokano lo le lelapa. Ka go ithuta mmogo botswerere jwa lona jwa go ithuta bo tla tokafala. Ka ntlha ya seo, dipokano ka botsone di tla lo solegela molemo thata. Gareng ga dilo tse dingwe, tlotlang ka melemo ya go baakanyetsa dipokano tseno ka metlha le botlhokwa jwa go ipha nako e e tlhomameng ya gone.—Baefeso 5:15-17.

      11, 12. Go baakanyetsa dipina tse di tlileng go opelwa ke phuthego go ka re solegela molemo jang, mme seno se ka dirwa jang?

      11 Kwa Dikopanong Tsa “Tsela ya Modimo ya Botshelo,” re ile ra kgothalediwa go ipaakanyetsa karolo e nngwe gape ya dipokano tsa rona—go opela. A lo setse lo dirile jalo? Go dira jalo go tla nwetsa boammaaruri jwa Baebele mo ditlhaloganyong le mo dipelong tsa rona mme gape go tla re thusa go itumelela dipokano tsa phuthego.

      12 Go ipaakanyetsa go go akaretsang go bala le go tlotla ka bokao jwa mafoko a dingwe tsa dipina tse di tlileng go opelwa go ka re thusa go opela go tswa pelong. Kwa Iseraele wa bogologolo, diletswa tsa mmino di ne di dirisiwa thata mo kobamelong. (1 Ditirafalo 25:1; Pesalema 28:7) A mongwe mo lelapeng la lona o itse go tshameka seletswa sa mmino? Ke eng fa lo sa dirise seletswa seo go ikatisetsa go opela nngwe ya dipina tsa Bogosi tsa beke eo mme lo bo lo opela pina eo lo le lelapa. Se sengwe se lo ka se dirang ke go dirisa dipina tse di rekotilweng. Mo dinageng dingwe bakaulengwe ba rona ba kgona go opela monate kwantle ga go thusiwa ke diletswa. Fa ba tsamaya mo tseleng kana ba ya masimo gantsi ba itumelela go opela dipina tse di tlileng go opelwa kwa dipokanong mo bekeng eo.—Baefeso 5:19.

      Go Ipaakanyetsa Tirelo ya Tshimo lo le Lelapa

      13, 14. Ke eng fa metlotlo ya lelapa e e thusang dipelo tsa rona go ipaakanyetsa bodiredi jwa tshimo e le botlhokwa?

      13 Go neela batho ba bangwe bosupi kaga Jehofa le maikaelelo a gagwe ke selo se se botlhokwa thata mo botshelong jwa rona. (Isaia 43:10-12; Mathaio 24:14) E ka ne re basha kana re godile, re itumelela tiro eno thata mme re bona melemo e megolo thata mo go yone fa re e ipaakanyetsa. Re ka dira seno jang re le lelapa?

      14 Fela jaaka mo dilong tsotlhe tse di amanang le kobamelo ya rona, go botlhokwa gore re baakanye dipelo tsa rona. Ga re a tshwanela go tlotla fela ka se re tlileng go se dira, go na le moo, re tshwanetse go tlotla le ka mabaka a go bo re tlile go se dira. Mo motlheng wa ga Kgosi Jehoshafate batho ba ne ba rutwa molao wa Modimo, le fa go ntse jalo, Baebele e re bolelela gore ba ne ba “ise ba itlhotlhomise dipelo.” Seno se ne sa dira gore ba nne mo kotsing ya go ka wela mo dithaelong tse di neng di ka nna tsa ba faposa mo kobamelong ya boammaaruri. (2 Ditirafalo 20:33; 21:11) Mokgele wa rona ga se fela go bega diura tse re di dirisitseng mo tirelong ya tshimo, e bile ga se fela go tsamaisetsa batho dikgatiso. Bodiredi jwa rona e tshwanetse go nna tsela ya go bontsha lorato lwa rona ka Jehofa le batho ba ba batlang go nna le tshono ya go tlhopha botshelo. (Bahebera 13:15) Ke tiro e mo go yone re leng “badirimmogo le Modimo.” (1 Bakorintha 3:9) A tshiamelo ruri! Fa re ntse re nna le seabe mo bodireding, re dira jalo ka go dirisana mmogo le baengele ba ba boitshepo. (Tshenolo 14:6, 7) Ke nako efe e e molemo go gaisa e re ka e dirisetsang go nonotsha kanaanelo ya rona ka seno ka yone go na le mo metlotlong ya rona ya lelapa, e ka ne e le ka nako ya thuto ya rona ya beke le beke kana fa re tlotla ka temana e e tshwanelang go tswa go Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe!

      15. Re ka ipaakanyetsa tirelo ya tshimo leng re le lelapa?

      15 A gangwe le gape o tle o dirise nako ya thuto ya lona ya lelapa go thusa ba lelapa la gago go ipaakanyetsa tirelo ya tshimo ya beke eo? Go dira jalo go ka lo solegela molemo thata. (2 Timotheo 2:15) Go ka thusa go dira gore ba tseye tirelo ya bone e le botlhokwa le gore ba bone matswela. Gangwe le gape lo ka dirisa nako yotlhe ya go ithuta go ipaakanyetsa jalo. Gantsi lo ka tlotla ka dilo tse di amanang le bodiredi jwa tshimo mo metlotlong e mekhutshwane kwa bofelong jwa thuto ya lelapa kana nako nngwe mo gare ga beke.

      16. Tlhalosa botlhokwa jwa nngwe le nngwe ya dilo tse di thathamisitsweng mo serapeng.

      16 Dithulaganyo tseo tsa lelapa di ka akaretsa dilo dingwe tse di ka dirwang tse di jaaka tseno: (1) Baakanyetsang puisano e e boaboeleditsweng sentle go akaretsa le lokwalo lo lo tla balwang go tswa mo Baebeleng fa tshono e letla. (2) Fa go kgonega, leka gore mongwe le mongwe a nne le kgetsana ya gagwe ya tshimo, Baebele, buka ya dintlha, pene kana phensele, dipampitshana le dikgatiso tse dingwe tse di lebegang sentle. Ga go tlhokege gore kgetsana ya tshimo e nne e e turang, mme gone, e tshwanetse go lebega sentle. (3) Tlotlang ka ga gore lo ka neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo kae le gore lo ka dira seo jang. Dirang karolo nngwe le nngwe ya ditaelo tseno fa lo nna le dipaka tsa go bereka mmogo mo tirelong ya tshimo. Ba neele dikakantsho tse di ka thusang, mme o se ka wa ba gakolola mo dilong di le dintsi thata.

      17, 18. (a) Ke go ipaakanyetsa ga mofuta ofe go re ka go dirang re le lelapa go go ka re thusang go nna le matswela mo bodireding jwa tshimo? (b) Ke karolo efe ya go baakanyetsa gono e e ka dirwang beke nngwe le nngwe?

      17 Karolo e kgolo ya tiro e Jesu Keresete a ileng a e abela balatedi ba gagwe ke ya go dira barutwa. (Mathaio 28:19, 20) Go dira batho barutwa ga go akaretse fela go rera. Go re tlhoka gore re rute. Thuto ya lelapa la gago e ka lo thusa jang go nna le matswela mo go seno?

      18 Lo le lelapa, tlotlang ka ga gore ke bomang ba go ka nnang molemo go boela kwa go bone. Bangwe ba bone ba ka tswa ba amogetse dikgatiso; bangwe ba ka tswa ba ile ba reetsa fela. Go ka tswa go ile ga kopanwa le bone mo tirong ya ntlo le ntlo kana ka bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo kwa marekisetsong kana kwa sekolong. Mma Lefoko la Modimo le lo kaele. (Pesalema 25:9; Esekiele 9:4) Tlotlang ka ga gore mongwe le mongwe wa lona o tla rata go etela mang mo bekeng eo. Go tla buiwa eng le ene? Motlotlo wa lelapa o ka thusa mongwe le mongwe mo lelapeng go ipaakanyetsa. Kwalang dikwalo tse lo ka ratang go di bala le batho ba ba kgatlhegang le dintlha tse di tshwanelang go tswa mo boroutšhareng ya Modimo o Batla Gore re Direng? kana buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Se lekeng go akaretsa dilo di le dintsi mo loetong lo le longwe. Tlogela mong wa ntlo ka potso e e tla arabiwang mo loetong lo lo latelang. Ke eng fa lo sa dire gore mo lelapeng la lona lo nne le thulaganyo ya beke le beke ya go rulaganya gore mongwe le mongwe wa lona o tla dira maeto afe a go boela, gore o tla a dira leng, le gore o solofetse go fitlhelela eng ka one. Go dira jalo go tla thusa gore bodiredi jwa tshimo jwa lelapa lotlhe bo nne le matswela.

      Tswelela Pele o ba Ruta Tsela ya ga Jehofa

      19. Gore ba lelapa ba tswelele pele ba tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa, ba tshwanetse go ikutlwa jang, mme ke eng se se ka ba thusang mo kgannyeng eno?

      19 Go nna tlhogo ya lelapa mo lefatsheng leno le le boikepo ke kgwetlho. Satane le badimona ba gagwe ba leka go senya bomoya jwa batlhanka ba ga Jehofa. (1 Petere 5:8) Mo godimo ga moo, gompieno lona batsadi lo na le mathata a le mantsi, segolobogolo lona batsadi ba ba nosi. Ga go motlhofo go bona nako ya go dira dilo tsotlhe tse o neng o ka rata go di dira. Mme gone go botlhokwa gore o dire maiteko, tota le e leng le fa o ka kgona go dirisa kakantsho e le nngwe fela ka nako, mme ka iketlo o bo o tokafatsa thulaganyo ya lona ya thuto ya lelapa. Go itumedisa tota go bona baratwa ba gago ba tsamaya ka boikanyegi mo tseleng ya ga Jehofa. Ba lelapa ba tshwanetse go itumelela go nna gone mo dipokanong tsa phuthego le go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo e le gore ba tsamaye ka katlego mo tseleng ya ga Jehofa. Gore go nne jalo, ba tshwanetse go ipaakanyetsa—ba ipaakanyetsa ka tsela e e agang pelo le e e etleeletsang mongwe le mongwe wa bone go nna le seabe ka tsela e e nang le matswela.

      20. Ke eng se se ka thusang batsadi ba bantsi go nna le boitumelo jo bo tlhalosiwang mo go 3 Johane 4?

      20 Moaposetoloi Johane o ile a kwala jaana malebana le batho ba a ileng a ba thusa semoyeng: “Ga go na lebaka le legolo la go bontsha ditebogo le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.” (3 Johane 4) Dithuto tsa malapa tse di tshwarwang ka maikaelelo a a molemo le ditlhogo tsa malapa tse di thusang ba malapa a tsone ka dilo tse ba di tlhokang ka bopelonomi le ka tsela e e molemo di ka dira go le gontsi go thusa lelapa go bona boitumelo joo. Fa batsadi ba godisa kanaanelo ya ba malapa a bone ya tsela ya Modimo ya botshelo, ba tla ba thusa go itumelela tsela ya botshelo e e di gaisang tsotlhe.—Pesalema 19:7-11.

      A o Ka Tlhalosa?

      ◻ Ke eng fa go baakanyetsa dipokano go le botlhokwa thata mo baneng ba rona?

      ◻ Batsadi ba ka thusa bana ba bone go ‘bapala pelo’ jang?

      ◻ Thuto ya rona ya lelapa e ka thusa jang mo go baakanyetseng dipokano tsotlhe?

      ◻ Go ipaakanyetsa tirelo ya tshimo re le lelapa go ka re thusa jang go nna le matswela?

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela